Mmino—A O Ka Nna le Matshosetsi?
‘TOTA mmino o ne o ka nna le matshosetsi jang?’ o ne o ka botsa jalo. ‘Le gone, mmino ke modumo fela.’ Ke boammaaruri, fela medumo e ka re tlhotlheletsa thata-thata. Ke mang yo o sa tsibogeleng mokgosi mo tidimalong ya bosigo? Mme go tweng ka setshego se se tshelanang? Fa leloko lengwe la bareetsi le thwanya ka setshego, boidiidi jotlhe ka gale bo thwanya ka setshego se se sa thibegeng.
Mmino O Na le Nonofo
Jaanong a medumo eo e nne mmino. Go ya le gore ke pina kgotsa mmino ofe, ka bonako maoto a tla be a betsa-betsa lefatshe, mebele e tshikinngwa, menwana e thwantswa, mantswe a dumiswa. Babogedi botlhe ba ka amega! Ka eng? Ka modumo wa mmino.
Go tshwantsha: Ka nako nngwe Dafide, yo o umakilweng galenyana, o ne a direla jaaka seopedi mo lelapeng la ga Kgosi Saulo. Lekawana leno le ne le le “secwiriri mo go letseñ” harepa. Mme mmino wa gagwe o thusitse go okobatsa Saulo yo o neng a tshwenyegile.—1 Samuele 16:18-23.
Mmino o kgobera maikutlo. Boidiidi bo ka ema jaaka fa setlhopha sa ‘jazz’ se simolola go letsa pina e e itsegeng Barati ba mmino wa tlelasike ba ka gapega maikutlo fa ba reetsa 1812 Overture ya ga Tchaikovsky. Ka medumo ya dintwa, dikanono di thunya le ditshipi tsa phenyo di lela, ba setse ba ipona fela ba le koo. Ee, mmino o na le nonofo.
Ka makgolo a dingwaga, bora-dipolotiki le babusi ba dirisitse nonofo eo go akga dipelo tsa batho. Ka tsela efe? Ka dipina tsa setšhaba le dipina tsa boratanaga. Abo Hitler le lekoko la bo-Nazi ba dirisitse pina ya Deutschland, Deutschland über alles (Jeremane, Jeremane, o okametse botlhe) go gogela bontsintsi mo tseleng e e isang losong le timelong jang ne! Mo go gakgamatsang, pina eno e ne e thailwe mo mminong wa tlelasike o o tlhamilweng ke Haydn. Fa Ma-Britani ba ne ba e araba, ba ne ba opela “Modimo Sireletsa Kgosi” ka mafega. Gape Hitler ka boene o ne a rata thata le mmino wa ga Wagner.
Nonofo e e tlhotlheletsang ya mmino e ne ya elwa tlhoko mo metlheng ya Bibela. Pego e e mo go Ekesodo e re itsise gore erile Moshe a le kwa Thabeng ya Horebe a amogela matlapana a Molao mo go Jehofa, Baiseraele ba fela pelo mme ba laola mogoloa Moshe, ebong Arone, go ba direla modingwana o mongwe—sefikantswe sa namane e e setilweng. Ke fa ba isetsa modimo ono wa sesetwa ditshupelo mo moletlong wa bodumedi. Mme go ne ga latela eng? “Me batho ba dulèla go ya le go nwa, me ba itse go nanoga ba tshameka.”—Ekesodo 32:1-6.
Erile Moshe le Joshua ba fologa mo thabeng, ke fa ba utlwa mokgosi mo bothibelelong jwa Baiseraele. Joshua o ne a akanya fa e ne e le modumo wa ntwa. Mme Moshe o ne a ranola modumo oo sentle. E ne e le kopelo, e seng kaga ntwa e kgolo e e lwelweng ka botswerere kgotsa go fenngwa. E ne e le “modumō oa ba ba ōpèlañ hèla.” Ka modumo o o sa tlwaelegang Moshe o ne a kgona go kaya gore mmino o ne o na le kgolagano le bosula bongwe. E ne e le bofe? Batho ba ne ba opela ebile ba bina ba dikologa namane ya gauta. Ba ne ba tlhakanela mo kobamelong e e senang boithibo ya modimo wa setshwantsho ebile ba opela mmogo le go bina. Mmino o ne o eteleditswe pele mo kobamelong ya bone ya maaka le e e se nang boitshwaro.—Ekesodo 32:7-25.
Tiragalo eo e neela Bakeresete dithuto dingwe gompieno. Go selo se le sengwe, mmino o ka go ama. Lefatshe la gompieno le sekametse thata mo mminong. Mme a go a tshwanela gore mmino o o kgoberang maikutlo le mmino o mongwe o o itsegeng, wa mantswe a a tsosang keletso ya dikobo ebile o tlhotlheletsa boitsholo jo bo maswe jalo, o lediwe mo dikokoanong tsa Basupi ba ga Jehofa? Seo ga se a tshwanna go dirwa! Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa sesha jaana, go nnile le tlwaelo ya go iteseletsa mo ntlheng eno, tota le bagolwane le batsadi bangwe ba o etleeletsa. O mongwe wa mmino ono o tlotlomaditse boitsholo jo bo maswe, borabele, ditagi le e leng tirisa-badimo.
A se se raya gore mmino ka boone o na le tlhotlheletso e e sokameng? Le e seng. Jaaka go kailwe fa godimo, mmino o ne o dirisetswa kobamelo e e boitshepo ya ga Jehofa. Mme Jesu, mo setshwantshong sa gagwe sa go boa ga morwa wa sesenyi, o buile ka ga keteko ya ga rraagwe ka “kopèlō le pinō.”—Luke 15:25.
A Mmino o ka Anamisa Thuto Nngwe?
Mo dinakong tsa rona tsa gompieno mmino o na le kgatelelo e kgolo mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Mo masomeng a se kae a dingwaga a a fetileng, kgwebo ya lefatshe ka bophara e ne ya atologa mo go neng ga gololwa dimilione tse di makgolo tsa direkoto le dikhasete ngwaga le ngwaga. Lefa mo lekgolong la dingwaga le le fetileng go reetsa baletsi ka namana kgotsa go nna le seabe mo go tsone e ne e le yone fela kamano le mmino, mme ebile e ne e le ka sewelo, gompieno go reediwa ga mmino ke tiragalo ya letsatsi lengwe le lengwe. Ka jalo potso e a tlhagisiwa—a mmino o ka anamisa thuto nngwe? A mmino o ka tlhotlheletsa kakanyo ya motho kgotsa mokgwa wa gagwe wa go tshela?
Tshedimosetso ya ka bonako e bonwa mo phatlalatsong ya radio le thelebishene mo kgwebong. Diphatlalatso tse dintsi tsa kgwebo di na le mmino wa tsone. Ka gone, ka thuso ya mmino, leina la sebuelelwa seo le epelwa mo megopolong—le e leng ya bana le ya masea.
Kwa Iseraele wa bogologolo, mmino o ne o diriswa ka tsela e e tshwanang mme o dirisediwa boikaelelo jo bo tlotlegang bogolo. Dipesalema di ne di opelwa le mmino, mo kwantle ga pelaelo go thusitseng batho mo go tshwareng tema eo ka tlhogo. Ka sekai, pego ya Bibela e re bolelela gore kwa kgakolong ya tempele ya ga Solomone, diopedi tsa Balefi di ne di kokoantswe mme ba bangwe le bone “ba na le disemebala, le disaletere le diharepe . . . ba na le baperesiti ba le lekgolo le mashome a mabedi ba ba letsañ dinaka; hèla ea re baletsi ba dinaka le baopedi ba nntse yaka motho a le moñwe hèla, ba diha gore go utlwalè modumō o le moñwe hèla mo go bakeñ le mo go lebogeñ Yehofa.” Fano, mmino o ne o tlhotlheletsa le go aga. O ne o tlotlomatsa Jehofa.—2 Ditihalō 5:12, 13.
E ka tswa mo pokanong eo ba ne ba opela le go letsa Pesalema 136, mme ruri mmino oo o ne o ka ba thusa go gakologelwa mafoko a yone. Seno se bontsha ntlha eno—gore mmino o ka fetisa molaetsa. O ka thusa gape mo go bueleleng sengwe kgotsa thuto nngwe kgotsa mokgwa mongwe wa go tshela, go sa kgathalesege gore a mmino o na le mafoko kgotsa nyaa. Se ke boammaaruri gompieno go sa kgathalesege gore re bua ka mmino wa tlelasike kgotsa ka mmino wa segompieno.
Ka sekai, Encyclopaedia Britannica, mo kanelong ya yone kaga botshelo jwa ga Ludwig van Beethoven, “yo ka bophara a tsewang jaaka motlhami yo mogolo yo o kileng a tshela,” e re: “O gaisitse botlhe ba ba nnileng teng pele ga gagwe mo go senoleng nonofo ya mmino ya go fetisa thuto nngwe ya botshelo kwa ntle ga thuso ya mafoko ape ka botlalo.” Pastoral Symphony ya gagwe e e itsegeng thata ke sekao sa seno. E lemosa sentle kaga lorato lwa ga Beethoven lwa tlhago. Ee, mmino o ka re tlhotlheletsa le go ama maikutlo a rona.
Tsaya jaaka sekao se sengwe dipina tsa motlhami wa Mo-Austria Gustav Mahler, yo ga jaana a tlotlometseng gare ga barati ba mmino wa tlelasike. Rra-mmino mongwe a re motlhami yo o ne a “tshwenyega ka ga loso,” a bo a tlhalosa “keletso e e tswetseng pele ya go lemoga bokao bongwe mo botshelong e e neng ya tsena mo botshelong le mo mminong tsa ga Mahler.” Fa mokwadi yo a bua kaga Symphony No. 1 ya gagwe, o tlhalosa diteng tsa yone ka go re: “Boitumelo jwa botshelo bo kgoreletswa ke go tshwenyega kaga loso.” O tswelapele ka go re: “Symphony No. 2 e simolola ka go tshwenyega ka ga loso . . . e bo e tsholetsega ka tumelo ya Bakeresete mo go sa sweng ga moya. . . . Seabe sa bodumedi mo dipineng tse se tlhokomelesega thata.” Jaanong he go tlhaga potso, A go tlhakana tlhogo ga ga Mahler ka bodumedi, go tshwenyega ga gagwe le methapo e e sa iketlang di ne di ka ama moreetsi?
Ntlha e nngwe ke ya The Rite of Spring ya ga Stravinsky. Mmino o wa ‘ballet’ o emela keteko ya boheitane e mo go yone lekgarebana le binang le bo le swela go nametsa modimo wa dikgakologo. Keteko e, jaaka moakgedi mongwe a kwadile, “e bontshwa fano ka mmino o o lemogwang ka bonakonako ka moribo wa one o o nonofileng—kgogelo e e tlhakanyang tlhogo le e e gatelelang ya mefuta ya medumo.” Matswela a a gakgamatsa ebile le gone a a boifisa. Tota-tota, “e tlhalositswe gore e tla amoga Ma-Yuropa maitsetsepelo mo setsong sa mmino.”
Ka jalo, le e leng mmino wa tlelasike o tshwanetse go go dira gore o iketle go se go ne ne mme o ipotse jaana, A kamano e e feteletseng le mofuta mongwe wa mmino e ka nkhutsafatsa kgotsa ya intumedisa ka tsela e e feteletseng? A thuto ya motlhami yoo e tla ntsena gongwe e bo e ama go akanya ga me ka fa go sa tshwanelang? Eleruri, fa mmino wa gagwe o sa nyenyefatse tumelo mo Mmoping le mo ditirong tsa Gagwe tse dikgolo, tlhotlheletso ya motlhami e ka nne ya nna mo magareng kgotsa e e tshwanetseng. Mme gape, go a kgonega go reetsa mmino ntle le go itse se motlhami a neng a se akantse. Mo boemong jo bo ntseng jalo bokao jwa teng, fa e le gore bo teng, bo tla ikaega segolo ka kgopolo ya moreetsi.
Jaanong, a melao e e ka dirisiwa mo mminong wa segompieno? A mmino wa segompieno o a aga kgotsa o senya maitsholo? A o ka ntsha boitshwaro jo bontle le bomoya jwa Mokeresete kotsi? Setlhogo se se latelang se tla re tlhalosetsa dipotso tseno le tse dingwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Mmino o ka dirisediwa maikaelelo a a bosula
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
A Mmino wa Bone Otlhe o a Aga?
MAHLER
WAGNER
STRAVINSKY