Kganetsano ya Bogosi e Tsholeditswe!
“A lo ko lo ōpeleleñ Yehofa sehela se sesha. . . . Buañ mo merahiñ, lo re, Yehofa oa busa.”—PESALEMA 96:1, 10.
1. (a) Ke pina efe e e neng ya tshwanelwa ke go opelwa e le lwantlha ka 1914, mme ka ntlha yang? (b) Ke go gatakwa gofe mo Jesu a supetseng go gone go Luke 21:24?
MAFOKO a pina “Metlha ya Baditšhaba e fedile, le dikgosi tsa yone di feletswe ke nako ya tsone,”a a ne a ka opelwa ka tshwanelo e le lwantlha le go ka dirisiwa go tloga ka 1914. Ka October 1 ka 1914 Ntwa ya Lefatshe I e ne e setse e feditse dikgwedi tse pedi e ntse e gaketse. Mafoko ao a Metlha ya Baditšhaba a ne a amana le polelelo pele ya ga Jesu Keresete ya gore Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga le tempele ya one di ne di tla senngwa leng. Tshenyego eo e diragetse ka 70 C.E. Mo go Luke 21:24 Jesu o tsopotswe a re: “Me ba tla wa [Bajuda] ka bogale yoa chaka, ba tla isiwa e le dichwarwa mo merahiñ eotlhe; me Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.” Morago ka nako ya ga Kgosi Dafide wa Iseraele motse wa Jerusalema o ne wa dirwa motse-mogolo wa bogosi jwa tshwantshetso jwa Modimo. Ka gone Jerusalema o ne a tshwantshetsa bogosi jwa tshwantshetso jwa ga Jehofa Modimo ka kgosi ya gagwe e e tloditsweng godimo ga morafe wa Iseraele o o ipusang. Ka jalo, tumalanong le seno, mafoko a ga Jesu go Luke 21:24 a ne a lebisitse go go katakwa kana go gatakelwa fatshe ga bogosi jwa tshwantshetso jwa Modimo.
2. (a) Go gatakwa go ne ga simolola lwantlha leng, mme jang? (b) Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Bomesia bo ne jwa seka jwa tlhomiwa morago ga tshenyego ya Jerusalema ka 70 C.E.?
2 Go gatakiwa moo go diragetse lwantlha leng? Eseng ka ngwaga wa 70 C.E., dingwaga tse 37 morago ga Jesu a sena go neela polelelo pele ya gagwe. Ka ngwaga oo motse o o agilweng sesha wa Jerusalema o ne wa senngwa, ka nako e e le ka masole a Roma. Mme go gatakiwa mo Jesu o go boleletseng pele e ne e le tswelediso-pele ya go gatakiwa mo go neng ga simolola ka tshenyo ya ntlha ya Jerusalema ke Bababelona ka ngwaga wa 607 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Makgolo a dingwaga morago, fa Baroma ba ne ba senya Jerusalema oo agilweng sesha ka 70 C.E., nako e e tletseng ya “metlha ea Badichaba” e ne e ise e fitlhe botlalong jwa yone. Jesu o itsitse lebaka le go le pele, mme ka jalo ga a ka a bolela gore tshenyego e e tlang ya Jerusalema oo agilweng sesha ke Baroma tla latelwa ka bofefo fela ke go tlhongwa ga Bogosi jwa tota kana jwa tshwantshetso jwa Modimo mo diatleng tsa ga Mesia, Keresete. Go na le moo, Bogosi jwa tshwantshetso jwa Modimo jaaka bo emetswe ke Jerusalema wa motlha wa gagwe bo ne bo tla tswelela go gatakiwa ke merafe e e sa rupang go fitlhelela “metlha ea Badichaba” e e tshwailweng e felago ya kafa nakong e e beilweng ya Modimo.
3. (a) Re ka bala jang boleele le bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba? (b) Ke kganetsano efe e e botlhokwa bogolo e e neng ya tsholediwa ka 1914?
3 Re retologela go polelelo pele ya ga Daniele jaanong, kgaolo 4, mme re bona gore palo ya “metlha” e tla nna bosupa. Dingwaga tse di gone mo motlheng mongwe le mongwe di tla lekana le palo ya malatsi a ngwaga wa Sejuda wa polelelo pele e leng malatsi a a 360. Letsatsi lengwe le lengwe le ne le tla emela ngwaga, go ya kafa merafe ya Baditšhaba e balang nako ka teng. Ka gone fa go balwa jaana, “metlha e shupa” e ne e tla lekana le dingwaga tse 2 520. (Bapisa Daniele 4:16, 23, 25, 32.) Ereka di sale di simologa fa Bababelona ba ne ba thankgola bogosi jwa tshwantshetso jwa Modimo kwa Jerusalema ka 607 B.C.E., boaphelong jwa ngwaga oo, di ne di na le go fela ka ngwaga wa 1914 wa Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, mo karolong ya bofelo ya ngwaga oo. Ka lobaka lo lo tshwailweng loo lwa nako Ntwa ya Lefatshe I e ne ya simologa. Lefa seo se kgatlhisa thata, selo se se botlhokwa go se nyalanya le bowelo jwa “metlha ea Badichaba,” ka ngwaga oo o kgautlhantsweng ke ntwa ke seno: Bogosi jwa tshwantshetso jwa semoya jwa Modimo mo diatleng tsa Morwawe yo o tloditsweng, Jesu Keresete, bo ne jwa simolola koo kwa magodimong. Lebaka la go bo seo se ganediwa ke baeteledipele ba bodumedi ba La-Bodumedi le ba bangwe go go dira “kganetsano” e e botlhokwa jo bogolo. Mme re tshwanetse go lebana le yone!
Kganetsano e ba Tlotlomaditse
4. Ke bafe ba ba neng ba tlotlomadiwa ke ditiragalo tsa lefatshe?
4 Ka jalo, re tshwanetse pele ra botsa: E ne e le bafe bao, dingwaga pele ga moo, ba neng ba supela go lefatshe lotlhe gore “metlha ea Badichaba” e ne e tla khutla boaphelong jwa ngwaga wa 1914? E ne e le Diithuti tsa Bibela tsa Merafe-yotlhe, ba dirisa dikgatiso tsa makasine wa Tora ya Tebelo le dibuka tse dingwe tsa Watch Tower Bible and Tract Society. Gompieno ba itsiwe lefatshe ka bophara jaaka Basupi ba ga Jehofa. A ditiragalo tsa lefatshe di ile tsa ba tlotlomatsa? Ee!
5. (a) Ke karabo efe e e neetsweng bao ba ganetsang go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo? (b) Tiragatso ya ga Luke 21:25-27 e tshegetsa jang kafa ditiragalong bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914?
5 Ereka bontsi jwa batho gompieno ba sa tsee-tsia go balwa ga nako ya Modimo, mme ereka La-Bodumedi ka makgolo a lone a maloko le ditumelo le ganetsa tlhomamo ya nako eno, a baganetsi bao ba ba fetang Basupi ba ga Jehofa ka palo e kgolo ba ile ba fenya kgang eno ya moruthutha mabapi le go tlhongwa ga Bogosi jwa Modimo ka Keresete kwa magodimong ka 1914 C.E.? Tiragatso ya polelelo pele ya ga Jesu mabapi le seo se tla tshwayang “bokhutlō yoa lehatshe,” kana “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo” (NW), e goeletsa ka kgoo e kgolo e re Nnyaa! Dingwaga tse di masome marataro le boroba bobedi morago ga 1914 re bona boemo jwa dilo jo bo boleletsweng pele ke Jesu mo go Luke 21:25-27, ka mantswe a a latelang: “Go tla nna . . . le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa. Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa Motho a tla ka leru, ka nonohō, le ka kgalalèlō e kgolo.” Ka mo go tshwanelang he, go khutla ga Metlha ya Baditšhaba boaphelong jwa ngwaga wa 1914 go santse go eme mo seemong sa ditiragalo jaaka boammaaruri jwa motheo jwa Bogosi jo re tshwanetseng go bo ngaparela gompieno.
6. Ke ka ntlha yang fa barutwa ba segompieno ba ga Jesu ba ipela go na le go tlhakanela mo pitlaganong ya merafe?
6 A mongwe le mongwe o tshwanetse go idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di bonwang di tla mo lefatsheng? A Jesu ka boene o ne a bolela gore mongwe le mongwe o tla ikutlwa jalo? Legoka! Ka go bo Jesu ka boene o ne a beela kwa thoko barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, a bolela jaana morago ga moo, “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” (Luke 21:28) Go ya ka Mathaio 24:32, 33, Jesu o ne gape a re: “Me yana ithuteñ ka setlhare sa mofeige sechwanchō sa ōna: e re ha kala ea ōna e setse e le nana, me e kukunya makakaba, lo bo lo itse ha selemō se atametse; Le lona hèla yalo, e tla re lo bōna dilō cotlhe tse, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ.” (Bona gape Mareko 13:28, 29.) Ereka jaana ba na le tshupo e e bonalang ka maemo le ditiragalo tsa lefatshe gore thekololo ya bone e gaufi, fela fa mejakong ya bone jaaka go ka bolelwa, baa ipela le go sa abalane mo pitlaganong ya merafe ya Baditšhaba.
Batshegetsi ba Bogosi ba ba Ikanyegang
7, 8. (a) “Bonnake” ba semoya ba ga Keresete ba ile ba ema ka kae, mme ka ntlha yang? (b) Ke tlamego efe e bano ba ileng ba e sikara?
7 Bano gompieno ba ema fa kae mo kganetsanong ya Bogosi? Masalela a segompieno kana barutwa ba ga Keresete ba ba sa leng gone, bao a ba bitsang “bonnake” ba semoya ebile ba solofela go abalana le ene mo Bogosing jwa selegodimo jwa gagwe, ba tshegetsa ka boikanyegi Bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete wa gagwe. (Mathaio 25:40) Ba lemoga gore ditshupo tsa metlha di boammaaruri, gore Bogosi jo bo saleng bo rapeletswe bo ne jwa tlhomiwa mme jwa simolola go dira kwa bofelong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Ba lemoga gore ke nako jaanong gore ba bolelele mongwe le mongwe gore fa e sale ka 1914 goromente yoo yo o fetang motho ka maatla, wa selegodimo, o a busa le gore o tla tlisa tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe kwa bokhutlong jwa yone mme ka jalo a diragatse kgalaletso e kgolo ya go tlotlomatsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa Mogodimodimo. Go magetleng a bone go diragatsa polelelo pele ya ga Jesu:
8 “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.
“Dinku” di Ema fa Kae
9. “Bonnake” ba ga Keresete ba diragaditse jang taolo ya polelelo pele, mme ka matswela afe?
9 Polelelo pele eo ya ga Jesu e dira jaaka taolo go barutwa ba ba tloditsweng ka moya ba Kgosi ya dikgosi, Jesu Keresete, yo jaanong a busang. Ka kutlo ba setse ba tsweledisitse thero ya molaetsa wa Bogosi mo mafatsheng a le 205 le ditlhaketlhake tsa mawatle. Gape, molaetsa o o galalelang o fitlhisiwa go batho ka dipuo tse 174, go sa akarediwe le dipuo tsa dimumu. Kwantle le pelaelo, banni ba bantsi ba bangwe ba lefatshe ba sa ntse ba tla fitlhelelwa ka didirisiwa tsotlhe tsa segompieno tsa tlhaeletsanyo, gore pele ga “bokhutlō” mo e ka nnang ‘lefatshe lotlhe le le agilweng,’ le bone ‘bosupi.’
10, 11. (a) Ke jang thero ya Bogosi e tsholeditseng kganetsano? (b) Jesu o reng fa a simolola karolo ya bofelo ya “seshupō”?
10 Lefa go ntse jalo, karabelo ya thero ya lefatshe ka bophara e setse e nnile eng mabapi le Bogosi—ee, go sa kgathalege kganetso le pogiso e Jesu a boletseng gore e tla diragala jaaka karalo ya “seshupō” sa “go tla” ga gagwe mo Bogosing jwa selegodimo le sa “bokhutlō yoa lehatshe”? Go nnile le kgaogano e e botlhoko gareng ga banni ba lefatshe ka bao eleng ba Bogosi le ba ba kgatlhanong le jone. Jesu o boleletse pele ka kgaogano eno mo polelelong peleng ya gagwe ya “seshupō,” mme ke karolo e e feleletsang ya polelelo pele ya gagwe jaaka e begilwe ke moaposetoloi Mathaio. Jesu o ne a simolola setshwantsho seno sa bofelo sa polelelo pele ya gagwe ka go re:
11 “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè, sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma. Hoñ Kgosi e tla raea ba ba kaha cogoñ ya eōna ye legolo, e re, Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.”—Mathaio 25:31-34.
12. Ke mo boperofeting bofe Jesu a tsereng mafoko “Morwa Motho,” mme seno se re bolelela eng kaga Bogosi?
12 Re lemoga gore fa Jesu a ne a simolola setshwantsho seo sa polelelo pele, o ne a adima tlhaloso ya “Morwa Motho” mo go Daniele 7:13, 14, koo re balang ka gore: “Me, bōnañ, ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho, me a tla hèla kwa go eo mogologolo, me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”
13. (a) Ka go bona sentle ga gagwe kwa magodimong, ke kanoko efe e Kgosi e e dirang mo lefatsheng la rona? (b) Ke eng seo se supang gore Kgolagano ya Merafe e ne e se pontsho ya Bogosi jwa Modimo?
13 Batho le ditlhopha tsa merafe ba ntse ba phuthelwa fa pele ga Kgosi eno e busang fa e sale kwa bowelong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Go tswa boemong jwa gagwe jwa selegodimo Kgosi e ka ba kanoka botlhe jaaka kgolokwe ya rona ya lefatshe e dikologa mo aseng ya yone. O itse gore Ntwa ya Lefatshe I e ne e sa lowe ka ntlha ya puso ya Bogosi jwa gagwe. Nnyaa! Ka go bo morago ga ntwa eo e tshosang e sena go fela Kgolagano ya Merafe e ne ya tlhomiwa kwa Versailles kwa Fora, mme Kgolagano ya Lekgotla la Dikereke tsa ga Keresete mo Amerika le ne la lebisa go lone jaaka “pontsho ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Mme fa e le gore go ne go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Kgolagano ya Merafe e ne ya kgophelwa kwa thoko go sa tlhole e dira ke Ntwa ya Lefatshe II, mme ke ka ntlhayang le ile la tlhatlhamiwa ke Merafe e e Kopaneng?
14. (a) Ke potso efe ya botho e jaanong e lebaganeng le mongwe le mongwe wa rona? (b) Ke jang mongwe a ka bonang kamogelo ya Kgosi? (c) Ke ka ditsela dife tse di tlhamaletseng tseo “dinku” di tshegetsang “bonnake” ba ga Kgosi?
14 Ke gone kafa merafe e e farologaneng ya sepolotiki e ileng ya itshupa gore e ema fa kae mo kganetsanong ya Bogosi, eo ba sa leng ba lebagana le yone fa e sale go tloga ka 1914. Mme potso ya botho e e lebaneng le mongwe le mongwe wa rona ke e, ‘Ke eme fa kae ka bonna, mo kganetsanong ya Bogosi?’ A boemo jwa gago bo tshwana le joo jwa “dinku” tsa tshwantshetso tse di phuthelwang kafa letsogong ja moja la Kgosi e e busang, Jesu Keresete? Kgosi eno ya modisa e re bolelela kafa motho o ka lejwang a tshwanela go kgaoganyetswa kafa kamogelong ya bomodimo go fapaana le batho ba seka-dipodi. Ke ka go dira molemo go bao ba ba setseng mo lefatsheng ba “bonnake” ba semoya ba Kgosi e e busang, bao ba leng mo moleng le ene wa go nna mo setilong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo. Go dira dilo tse di ntseng jalo tse di molemo go raya gore ba amogela bosupi jwa Bogosi jo bo dirwang ke “bonnake” ba semoya ba Kgosi. Ba bo tshegetse ka gotlhe ka mo ba ka kgonang, ba sa tlhabelwe ke ditlhong baboledi bano ba mafoko a a molemo a Bogosi le eleng fa bano ba latlhelwa mo dikgolegelong, mme ba leka go ba thusa go tswa mo go tswalelweng mo go ntseng jalo, jaaka go ne ga nna koo morago ga ntwa ka ngwaga wa 1919. Se se botlhokwa bogolo go feta moo, ka tlhamalalo ba kopanela le masalela a a tloditsweng mo go rereng “mahoko a a molemō a, a bogosi,” fela jaaka Jesu a boleletse pele go Mathaio 24:14. Ba dira seno phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.
15. (a) Tuelo ya “dinku” e farologana jang le ya “bonnake” ba ga Jesu? (b) Seno se nyalanajang le boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo? (c) Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa selegodimo bo tlhokega go diragatsa boikaelelo jono?
15 Batho ka bongwe bao ba seka-dinku ba tla segofadiwa ka go lalediwa ke Kgosi go “[rua] bogosi yo [ba] bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègo ea lehatshe.” (Mathaio 25:34) Seno ga se supe gore ba tla swa mme ba bone tsogo ya botshelo jwa selegodimo le “bonnake” ba semoya ba Kgosi. Ga a ba bitse “bonnake” ba gagwe. Ke batho ba ba farologantsweng go merafe e e phuthelwang fa pele ga setulo sa gagwe sa bogosi. Ba lebeletse pele go segofadiwa ke Bogosi jwa ga Jesu Keresete le “bonnake” ba semoya ba gagwe. Ka jalo seo ba se ruang ke sebaka sa Bogosi, se se mo lefatsheng koo Paradaise e tla tsosolosiwang go dikologa kgolokwe yotlhe. Fa Jehofa Modimo a ne a dira lefatshe la rona o ne a ikaeletse gore le nne paradaise gongwe le gongwe, mme o ne a baya monna le mosadi mo lefatsheng go le dira jalo, ba simolola kwa tshimong ya Edena, kana Paradaise ya Boitumelo. Go wela ga ga Adame mo sebeng le mo losong ga go a ka ga fenya boikaelelo jwa Modimo. (Isaia 55:11) Ka bofefo fela o ne a dira paakanyo ya go busetsa Paradaise ya lefatshe lotlhe ka Bogosi jwa selegodimo, jo mo go jone Morwawe yo o ikanyegang a tla nnang Mmusi, kana Kgosi. E ne e tshwanetse go nna goromente wa selegodimo fa e le gore o sa ntse a tla phatlakanya go nna gone ga mosimolodi wa sebe le tsietso, Satane Diabolo, sebopiwa sa moya se se maatla.—Genesise 3:15.
16. (a) Ke ka tsela efe ba seka-dinku ba tla segofadiwang ka mo go kgethegileng? (b) Ke leng “dipodi” di tla yang “mo pecoñ e e sa khutleñ”?
16 Batho ba seka-dinku ba tla rua Paradaise eno e e leng sebaka sa Bogosi jwa selegodimo. “Boidiidi yo bogolo” jwa bone ba tla dira jalo kwantle go go swa le go sa tlhoke tsogo ya baswi go boela botshelong mo lefatsheng. (Tshenolō 7:9; 21:4) Abo e tla nna tsela e e gakgamatsang jang go bone go tsenngwa jaaka “basiami” mo “botsheloñ yo bo sa khutleñ”! Ba tla iponela fa botlhe ba seka-dipodi mo lefatsheng ba tla bo ba bobolelwa go ya “mo pecoñ e e sa khutleñ.” (Mathaio 25:41-46) Seno e tla a bo e le ka nako ya “sepitla se segolo,” seo se tla fitlhelelang tlhora ya sone e e botlhoko kwa “ntweñ ya letsatsi le legolo ya Modimo Mothataeotlhe” mo botlhabanelong jwa Hara-magedona. (Tshenolō 7:14; 16:14-16) Ka nako eo “dipodi” tsa bofelo tse di hutsitsweng di tla nyelediwa ruri ka bosakhutleng mo botshelong jwa lefatshe.
17. (a) Ke potso efe e e botlhokwa e o lebaganeng le yone jaanong? (b) Tshegetso ya gago ya pelo yotlhe ya Bogosi e tla raya go abalana ga gago mo ditshiamelong dife?
17 Ka ditebelelo tse di ntseng jalo tse di sa tshwaneng tse di beilweng pele ga banni ba lefatshe, potso eke e botlhokwa jo bogolo thata, ‘O eme kae mo kganetsanong mo Bogosi?’ O batla go tshwantshiwa le bomang—le “dinku” tse di amogelwang kana le “dipodi” tse di hutsitsweng? Bao kwa ntle go tika tiko ba tsayang boemo jwa bone go tshegetsa Bogosi ga ba ne ba rua Paradise ya lefatshe fela mme ba tla nna le karolo e e itumedisang thata ya go tlotlomatsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa, Modimo wa medimo le Kgosi ya dikgosi.—Pesalema 136:2; Daniele 2:47.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona pina ya sekgoa ya setlhogo “Our King is Marching On,” ditsebe 162, 163, mo kopelong ya Hymns of the Millennial Dawn, kgatiso ya 1905.
Mabapi le kganetsano ya Bogosi, o ka araba jang tse di latelang:
Ke lobaka le le kae lo lo akarediwang ke Metlha ya Baditšhaba ya ga Luke 21:24?
Go ya ka Luke 21:25-27, ke ditiragalo dife tse di tshwayang bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba?
Tumalanong le Luke 21:28, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshwara jang mo khuduegong ya gompieno ya lefatshe?
Ke tumalanong le eng “Morwa Motho” a tlhalosiwang mo dipolelopeleng, mme ke kgato efe e e tlhamaletseng e e tlhokafalang mo kgorong ya gagwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Mafoko ano a Hymns of the Millenial Dawn ka sekgoa a simolotse go dira fa e sale ka 1914