Go Ikapesa Ka Lorato Re bo Re Lo Aparela Ruri
1. Re tshwanetse go ikapesa ka eng, mme teko e kgolo ya sone e tla tla leng?
EREKA lorato e le “sebōhō sa boitekanèlō,” ke nonofo e e botlhokwa-tlhokwa eo re tshwanetseng go e ikapesa re sa itimokanye. Re tshwanetse go e aparela ruri ka bopelo-e-phepa jotlhe. Ga se letsela leo le fitlhang botho jwa moleapari. Mafoko a a tlhotlheleditsweng a ile a bolokelwa go re gakolola gompieno: “A loratō [lwa lona] lo nnè hèla lo sena boitimokanyō. . . . Mo go rateñ bakauleñwe lo nnè lo ratanè ka loratō lo lo pepetletsañ.” (Baroma 12:9, 10) Teko e kgolo thata ya bommaanete jwa lorato lwa rona, ebong “sebōhō” seno, e sa ntse e tla tla—mo isagweng e fa gaufi.
2. A lorato lo ka bonwa fela kwantle go sepe sa kwa tshimologong?
2 Jaanong he, ke nako e e siametseng gore re tlhagolele lorato loo. Dikgato tsotlhe tse di gogelang mo go fitlheleleng nonofo eo di tshwanetse go tsewa jaanong. Ke ka moo moaposetoloi Paulo a feleletsang go buelela ga gagwe dilo tse di farologaneng tseo barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba ineetseng le go kolobediwa ba tlhokang go di dira, ka go re: “Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” (Bakolosa 3:14) Ka jalo “dilō cotlhe tse” ke eng tse re tshwanetseng go apara lorato mo godimo ga tsone?
Go Fenya Dilo tse di Kgaoganyang
3. Go ya ka Bakolosa 3:9-13, ke dikgato dife tse di tlhokwang go tsewa tebang le go bona lorato?
3 Morago koo mo metlheng ya baaposetoloi Paulo le Johane go ne go na le dikarolo tseo di neng di ka baka go kgaogana. Mme mabaka a a kileng a bo a utlwala ao a ne a tshwanetse go tlhokomologiwa, a tlhoke mosola le botlhokwa jwa one. Bakeresete botlhe e ne e le phuthego e le nngwe, karolo e le nngwe e e tshwaraganeng e eteletswe ke Tlhogo ya semoya e le nngwe, ebong Jesu Keresete. Mabaka otlhe a senama a a neng a ka baka dikgaogano a ne a tshwanetse go kgaphelwa fa thoko. Mabaka a semoya a a bofaganyang a ne a tshwanetse go tseelwa kwa pele-pele. Go dumalana le seno, moaposetoloi Paulo o ne a tswelela ka go re: “Ka lo apotse motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apere motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ; Mo go sa kakeñ ga diha le Bogerika le Boyuda gōna, bogwèra le bokgola, botho seeñ le Bosethia, botlhanka le boñwana yoa motse; me Keresete ke èna boyotlhe, o bile o mo go botlhe hèla. Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe.”—Bakolosa 3:9-13.
4. Ke ka ntlhayang fa go ne go na le tlhokafalo ya gore go dirisanwe mmogo ke phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga, mme ke mo motheong ofe dilo tse di rileng di neng tsa tlhokomologiwa?
4 Mo godimo ga dipharologanyo tsotlhe tse di umakilweng fa godimo mo morafeng le gore o ne o le wa bodumedi bofe, maemo a gago mo setšhabeng, lotso le mmala, go ne go na le mathata a go tshedisana sentle mo phuthegong. Go ne go tlhokafala go utlwisisana le go iphapaanyana mongwe mo go yo mongwe. Ka gonne lefa dilo tseo di ne di kgathalesega mo bathong ba senama, eleruri di ne di sa kgathalesege go Modimo le Morwa wa gagwe Jesu Keresete, yo o swetseng setho sotlhe ka nako ya fa dipharologano tseno di ne di godile thata ebile di ne di santse di le teng. Legale, banna ba ba sa kgathaleng ba ne ba ka nna ba tlhotlhelediwa ke boikutlo jwa bone jwa bopelo-tshweu gore ba tlhokomologe dipharologanyo tseo ba dira jalo go ya ka se ba se itlwaeditseng ka gale. Ba ka ne ba dirile jalo fela ka ntlha ya maitsholo-mantle, nyaa, bogolo ka ntlha ya setho fela. Lefa go ntse jalo, lorato lwa sebele lo lo senang bogagapa lo ka ne lo ne lo tlhaela.
5. Ke go pota ka kwa dilo dife tsa batho fela, tse Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go di tlhokomologa tse di kgaoganyang, mme ka gone ba bontshe gore ba mo kutlwanong le mang?
5 Ka ntlha ya moo rona balatedi ba ba ineetseng le go kolobediwa ba Yo o ntshitseng botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng a bo ntshetsa batho ba mefuta yotlhe, re tshwanetse go pota ka kwa ga ditlwaelo tse dintle, go siama, go nna molemo, go nna maitseo, go utlwela ba bangwe botlhoko; re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato lo lo phepa, lo lo seng bogagapa jaaka loungo lwa moya wa ga Jehofa Modimo. Loungo lono lo batla gore ba bangwe ba tswelwe molemo ba bo ba atlanegelwe. Lo itumelela go tlatseletsa tswelelong pele ya semoya le mo boitumelong jwa ba bangwe. Lo supa gore re bofagane le Modimo, yo e leng lorato lo lo mothofaditsweng. Lorato lono lo na le maatla a a gogelang. Tumalanong le seno 1 Yohane 4:19 e re: “Rea rata, ka go bo o re ratile pele.”
6. Maloko a “lecomane le le leñwe hèla” a kgatlhegelana ka eng, mme loungo lwa moya wa Modimo ga lo a ikaega ka eng?
6 Ka jalo, ditokololo tse di farologaneng tse e leng “lecomane le le leñwe hèla” le le disiwang ke “modisa a le moñwe hèla” di bontshana lorato, lo ba bofaganya thata lo bo lo tlosa tlhotlheletso e e kgaoganyang ya ditsela tsa go tshela tse di farologanyeng tsa maloko a “lecomane le le leñwe hèla.” Ba a kgatlhegelana ka go bo ba ikapesitse ka “motho eo mosha.” Botlhe ba na le “mōea o le moñwe hèla” o o tswang mo Motsweding wa bomodimo o le mongwe, ebong Modimo le Monei-Botshelo wa botlhe. Loungo lwa moya wa gagwe lo lo omosang pelo ke lorato, e seng le le ikaegileng ka dikgatlhego tsa bonna le bosadi kana keletso ya bogagapa e e bohelepe, mme e theilwe mo kanaanelong ya boikutlo jwa pelo jwa dinonofo tsa bomodimo tsa “motho eo mosha.” Ka bo yone e dira jaaka “sebōhō sa boitekanèlō,” e boloka tirisano mmogo le tshwaragano.
Ba Bofaganetse Tiro e e Kgethegileng
7. Fa e sale go tloga ka 1914 go na le tlhokafalo ya eng mo letlhakoreng la Basupi ba ga Jehofa, mme seno e le mo boemong jwa tiro efe?
7 Mo nakong eno mo “[bokhutlong] yoa lehatshe” fa e sale ka 1914, go na le tlhokafalo ya go dira mmogo mo letlhakoreng la Basupi ba ga Jehofa, bao e seng karolo ya tsamaiso eno ya dilo. Go mo magetleng a bone go neela bosupi jwa lefatshe ka bophara ka tiragalo e e botlhokwa thata mo ditiragalong tsotlhe tsa motho. (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Boemo bo tshwanetse go nna le sebopego se se tlhomologileng seo moaposetoloi Paulo a se umakang mo nakong ya gagwe. Fa a ne a biletsa tlhokomelong go seno go Bakolosa 1:23, o ne a re: “Mo cholohèloñ ea Mahoko a a Molemō a lo a utlwileñ, a a rerecweñ lobopō lotlhe tlhatse ga legodimo; a nna Paulo ke dihilweñ modihedi oa aōna.” Mme jaanong, go lona lotlhe badihedi ba mafoko a a molemo gompieno, go tweng ka thero mo lobopong lotlhe ya mafoko a a molemo a re a boloketsweng mo motlheng wa rona o o botlhokwa-tlhokwa?
8. Re bona go diragadiwa ga ponatshegelo efe gompieno e e bontshitsweng ke Johane mo go Tshenolō 14:6-12?
8 Re bona gompieno tiragatso ya ponatshegelo e e neng e filwe moaposetoloi Johane, eo a e tlhalositseng go Tshenolō 14:6-12 ka mantswe ano: “Me ka bōna moengele eo moñwe a hoha gare ga legodimo, a na le Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a bolèlèla ba ba agileñ mo lehatshiñ, le chaba ñwe le ñwe, le locō, le puō, le batho; Me a bua ka lencwe ye legolo, a re, Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nakō ea katlholō ea ōna e tsile: me lo ōbamèlè ōna o o dihileñ legodimo, le lehatshe, le lewatlè, le mecwedi ea metse. Me moengele eo moñwe, e le oa bobedi, a tla moragō ga eouō, a re, Babelona o mogolo o ole, o ole, o o dihileñ gore merahe eotlhe e nosiwè boyalwa yoa bogale yo bo cosicweñ ke kgokahalō ea gagwè. Me moengele eo moñwe, e le oa boraro, a tla moragō ga bōnè, a bua ka lencwe ye legolo a re, Ha motho leha e le mañ a ōbamèla sebatana le sechwanchō sa shōna, me a iteseletsa go chwaiwa mo phatleñ, kgotsa mo seatleñ, Le èna o tla nwa boyalwa yoa bogale yoa Modimo, yo bo baakancweñ bo sa tlhakañwa le sepè, bo le mo senweloñ sa chakgalō ea ōna; me o tla tlhokohadiwa ka molelō le sulefura, ha pele ga baengele ba ba boitshèpō, le ha pele ga Kwana: Me mosi oa tlhokohaco ea bōnè o tlhatloga ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae; me ga ba na tapologō motshegare le bosigo, eboñ bōnè ba ba ōbametseñ sebatana le sechwanchō sa shōna, le botlhe ba ba iteseletsañ go chwaiwa lochwaō loa leina ya shōna. Bopelotelele yoa baitshepi ke yōna youō, eboñ yoa ba ba bolokañ ditaōlo tsa Modimo, le tumèlō mo go Yesu.”
9. E ne e le leng Basupi ba ga Jehofa ba boneng go diragadiwa ga ponatshegelo ya ga moaposetoloi Johane, mme ke ka ntlhayang fa ba ne ba gololesegile go bolela mafoko a a molemo gongwe le gongwe?
9 A masalela a a tloditsweng a a neng a tshwantshediwa ke moaposetoloi Johane a bone setshwani sa segompieno sa moengele a fofa mo legodimong ka “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” a a neng a tla phatlaladiwa go banni botlhe ba lefatshe, ee, go morafe mongwe le mongwe, le lotso, puo le batho go sa kgathalesege mmala wa bone? Ee, go tloga selemong sa ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919 go ya pele. Ene e le gone polelo-pele ya taolo ya ga Jesu mo go Mathaio 24:14 e simolotseng go diragadiwa. A masalela a a falotseng ka nako eo a ne a na le “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” go a bolela mo lobopong lotlhe le le tlase ga legodimo? Eleruri! E ne e le mafoko a a itumedisang go bone go a bolela ka ga Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka Keresete mo magodimong jaaka jo bo diragetseng kwa bokhutlong jwa Metlha ya Badichaba ka 1914. Mme abo e ne e le mafoko a a itumedisang a a kgatlhisang jang ne go masalela a Baiseraele ba semoya go itsisiwe ditiragalo tsa morago ga ntwa go re mogateledi wa bone bogolo e leng Babelona o Mogolo, o ne a ole, a latlhegetswe ke maatla a gagwe godimo ga Basupi ba ga Jehofa! Ba ne jaanong ba gololesegile go bolela karolo eno e botlhokwa ya mafoko a a molemo go batho botlhe ba ba mo bokgobeng jwa bodumedi, go ba bolelela go tswa go Babelona o Mogolo le go ba thusa go dira jalo.—Tshenolō 18:4.
10. Bao ba intshitseng go Babelona o Mogolo ba ile ba kopanela le bomang, mme ba tsene mo sebofong sefe?
10 “Boidiidi yo bogolo” jwa ba e leng barati ba kgololesego ba setse ba arabetse “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” mme ba tsere kgato ka nako e e tshwanetseng ya boikuelo jwa go tswa mo mmusong wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka wa Se-Babelona. Ba phuthaganetse ka fa letlhakoreng la masalela a Baiseraele ba semoya ba ba golotsweng. Ka gone ba ile ba kopanela le phuthego ya ga Jehofa e e bonalang ebile ka bo bone ba nnile Basupi ba ga Jehofa. Ba tsene ka mo ga re ga “sebōhō sa boitekanèlō” lorato lo e leng loungo la moya wa ga Jehofa Modimo.—Bakolosa 3:14; Bagalatia 5:22.
11. Lorato lo lo bontshitsweng ke La-Bodumedi ke la ga mang, mme ke leng Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo ba tla dirisang mafoko a ga Tshenolō 19:1, 2?
11 Karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo ke mo go bidiwang La-Bodumedi. Go sa kgathalesege leina la gagwe ga a diragatse Bokeresete jwa boammaaruri, mme makgolo a didikadike tsa maloko a gagwe ga baa tshwaraganngwa mmogo ka “sebōhō sa boitekanèlō,” jaaka go supa go kgaogana ga gagwe ka makgolo a makoko le makgotla a bodumedi jwa gagwe. Lorato lo La-Bodumedi a ikapesitseng ka lone ke lorato la dinyatsi tsa Babelona o Mogolo, maloko a sepolotiki le a loago a lefatshe leno, ao a dirileng boaka jwa sedumedi le one. E tla nna boipelo jo bogolo eleruri, fa e tla bo e se go wa fela, mme e leng tshenyego e e feletseng ya Babelona o Mogolo, go akareletsa le La-Bodumedi, mo go tla diragalang ka nako e e leng ya Modimo fa a tla bo a baakanya dikgetsi le ene. Ka jalo basupi ba gagwe ka boitumelo ba tla dirisa mafoko a ga Tshenolō 19:1, 2: “Haleloya! Poloka, le kgalalèlō, le thata, ke tsa Modimo oa rona: Gonne dikatlholō tsa ōna di boamarure le tshiamō; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileñ sa bodisa lehatshe ka kgokahalō ea shōna, me o leheditse madi a batlhanka ba ōna mo seatleñ sa shōna.” Tshenyego ya gagwe ka molelo ke e e sa khutleng, “le ka bosaeeñkae.”—Tshenolō 19:3.
12. Go fitlhelela tshenyego ya Babelona o Mogolo boemo bo biletsa Basupi ba ga Jehofa go bontsha nonofo efe, mme ke mofuta ofe wa tlhabano o ba tshwanetseng go o bontsha kgatlhanong le masomosomo a a kgatlhanong le lesedi?
12 Jaanong jaana, ka nako ya fa Babelona o Mogolo a santse a letleletswe ke Jehofa go tswela pele, seemo sa lefatshe sa bao “ba bolokañ ditaolō tsa Modimo, le tumèlō mo go Yesu” se ba tlama go bontsha “bopelotelele.” (Tshenolō 14:12) Ba na le lebaka la go dirisa mafoko a ga Jesu mo go bone mo polelelo-peleng ya gagwe ya “bokhutlō yoa lehatshe,” mo go Mathaio 24:13, e leng: “Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” Mafoko ao a ne a latela ka bofefo fela mafoko a a fa godimo a ga Jesu a a reng: “Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.” (Mathaio 24:12) Lorato mo letlhakoreng la Basupi ba ga Jehofa le tla ba kgonisa go itshoka go ya bokhutlong jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo. Ka bogolo joo ba bontshang lorato gareng ga bone le tebang go bao ba batlang go tla mo botsalanong le Jehofa Modimo “sebōhō sa boitekanèlō” se tla nonofa bogolo. Ka jalo tswelelang pele, lona basupi ba ga Jehofa, ka bosupi jwa lefatshe ka bophara jwa Bogosi mo mafatsheng a a 205 ao le setseng le dira mo go one, le mo mafatsheng a mangwe ao le tla tswelelang pele mo go one! Ke nako ya gore re dire ka kutlwano go tlhabantsha mmaba. Re tshwanetse go kopanya ditlhopha mme re tlhabane ka kutlwano kgatlhanong le masomosomo a lefifi la lefatshe leno.
13. Ke boemedi bofe jo bo dirisiwang ke Modimo jo bo tlhokang gore ka metlha re bo eme nokeng ka boikanyegi?
13 Mo e ka nnang lekgolo la dingwaga jaanong Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, U.S.A., e nnile boemedi jo bo kopanyang jo Jehofa a bo dirisitseng mo boemong jwa basupi ba gagwe. E nnile sedirisiwa se se maatla bogolo sa setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” a se dirisitseng go neela Basupi ba ga Jehofa “diyō” tsa bone tsa semoya “ka dipaka tse e leñ cōna.” (Mathaio 24:45-47) Lesego la ga Jehofa mo go one le bonala mo makaleng a a 95 go kgabaganya lefatshe. O tswelela pele go tshwanela tshegetso ya rona e e boikanyegi le tshwaragano ya rona fa fela Jehofa Modimo a sa ntse a itumelela go o dirisa. Abo re kolota sedirisiwa seo jang ne!
Go Kitlanela Ruri ka Lorato
14. Ke mofuta ofe wa seaparo o re tshwanetseng go o aparela ruri-ruri, mme ka jalo ke nonofo efe e batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e bontsha gore ke basupi ba gagwe?
14 Satane Diabolo le lefatshe la gagwe le le letlhoo ba tla tswelela pele go leka go re kgaoganya, mme lorato lo e leng loungo lo logolo lwa moya wa Modimo lo tla tswelela pele go itshupa lo itekanetse jaaka “sebōhō.” Mo go apareng ga rona “motho eo mosha,” re ikapesa ka lorato, jaaka moaposetoloi Paulo a re boleletse go dira jalo, mme re tshwanetse ra tswelela pele re le aparetse ruri-ruri jaaka karolo ya botho eo e mo tshwanong ya Modimo. Fa a ne a neela ditaelo tsa bofelo go barutwa ba gagwe, Morwa Modimo o ne a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratane; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Abo mafoko ao a ne a tshwanela jang ne go tswa go Morwa Modimo, ka go bo Rraagwe wa selegodimo, Jehofa, e le botho jwa lorato, mme re tshwanetse go go dira gore go itsiwe ke batho botlhe gore re basupi ba Gagwe ba boammaaruri ka go tlhagolela loungo lwa moya wa Gagwe, lo e leng lorato!
15. Mo go bontsheng ga bone lorato go Modimo, ke go bomang gape bao Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go ba rata?
15 Go tsamaisana le lorato lwa rona go Jehofa, re tshwanetse go rata basupi-karona. Mo go phepafatseng seno, 1 Yohane 4:20, 21 e re gakolola jaana: “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone. Me taolō e re e chotse mo go èna, go re, eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.”
16. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba ka se khutlise go ratana, mme ke ka ntlhayang fa lorato lo se kitla lo tlosiwa mo lefatsheng?
16 Ka go fa sekao sa molao-motheo oo, Basupi ba ga Jehofa gompieno, go sa kgathalesege gore a ke ba ba itshenketsweng ka moya ba barua-boswa ba Kgosi Jesu Keresete kana gore ke ba “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” ka tsholofelo ya bone ya Paradaise ya selefatshe, ka bopelo-e-phepa ba a ratana. Re ka se tswelele go rata jang bao e leng barati ba ga Jehofa Modimo le Morwawe yo o rategang Jesu Keresete? Re a ba rata ebile ke ka ntlha ya seno re tlangwang mmogo ke “sebōhō sa boitekanèlō” seno. Go sa kgathalesege sotlhe seo Satane Diabolo le lefatshe la gagwe le le boikepo ba ka gakalelang go se dira go senya loungo lono lwa moya wa ga Jehofa, lorato ga lo kitla lo tlosiwa mo lefatsheng. Bao ba tswelelang ka go aparela ruri-ruri lorato go fitlha mo bokhutlong jwa tshenyo ya tsamaiso eno ya dilo ya bodiabolo ba tla sirelediwa ke Modimo wa bone o o ikanyegang go kgabaganya “sepitla se segolo” seo lefatshe leno le eseng le ke le se bone. (Mathaio 24:21; Bagalatia 5:22) Ka tsela eno ke barati ba Modimo fela le ba lelapa la gagwe, phuthego ya gagwe, ba tla falolang le go tsena mo lefatsheng le le phepafaditsweng le le tla fetolelwang mo Paradaiseng e e galalelang. Paradaise eo ga e kitla e tlosiwa mme e tla nnela ruri ebile e tla ntlafadiwa ke batho ba ba nang le lorato. Lorato lo tla bona phenyo ka bosakhutleng kgalalelong ya Motswedi wa bomodimo wa lorato, Jehofa Modimo.
A O Etse Tlhoko?
◻ Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba kgona go dirisana mmogo jang go sa kgathalesege matshelo a bone a a farologaneng?
◻ Lorato lo ama jang ditlhopha tse pedi tse di bopang “lecomane le le leñwe hèla,” la Bakeresete gompieno?
◻ Tshenolō 14:6-12 e diragadiwa jang gompieno?
◻ Modimo o dirisitse boemedi bofe mo go thuseng batho ba gagwe?
◻ Go ya ka Bakolosa 3:14, o tshwanetse wa bo o ikemiseditse go dira eng?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ka go kaelwa ke baengele . . .
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
. . . Basupi ba ga Jehofa gompieno ba na le “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a [bolela]”