LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 5/1 ts. 29
  • “Tshokologo e e Itumedisang” mo Abidjan

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tshokologo e e Itumedisang” mo Abidjan
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 5/1 ts. 29

“Tshokologo e e Itumedisang” mo Abidjan

“TSHOKOLOGO eno ke e e itumedisang thata mo Ivory Coast,” go boletse jalo A. D. Schroeder, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, jaaka a ne a bula thulaganyo ya kgakolo ya kago ya lekala le lesha kwa Abidjan. Baeng ba ba 500 ba ba neng ba le teng ka February 27, 1982, ba ne ba na le lebaka je le nonofileng la go ikutlwa jalo. Eseng fela gore kago e e ntle e ntšha ka boyone e ne e le lebaka la go ipela mme gape go ne go phepafetse gore Jehofa o segofaditse maiteko a bone mo tirong ya borongwa kwa Ivory Coast le Upper Volta.

Ka 1971 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tlhoma lekala kwa Abidjan go okamela tiro ya go rera mo mafatsheng a mabedi ao. Le ne le na le ofisi le manno a batho ba le bane, kwa matlhatlaganyaneng a boraro a ntlwana e nnye. Tiro e ne ya tsamaya ka bofefo jo bogolo mo e leng gore nako e ise e ye kae ofisi e potlana eno e ne e ka se tlhole e tshegetsa tiro e e gone. Ka jalo, ka 1978, setsha sengwe kwa Deux Plateaux, kgaolo e e tlhabologang dimmaele di roba bobedi go tswa kwa bogareng jwa toropo, se ne sa bonwa go tla go dirwa lekala teng.

Kago e ne ya simolola ka June 1, 1980. Baithaopi go tswa diphuthegong tse di lesome le borataro kwa Abidjan di ne tsa dira mo e ka nnang tiro yotlhe. Sontaga mongwe le mongwe diphuthego di le nne di ne di tle di romele baithaopi ba le masome mabedi le botlhano e nngwe le nngwe, go akarediwa le bommabana ba belege bana, go dira kwa kagong. Kwa bofelong, se sa dira dioura di le 30 000, kana dioura tse di lekanang le tsa batho ba le lesome le bone ba dira dioura tse di masome mane ka beke ngwaga yotlhe. Basupi bangwe ba le babedi ba ba nang le boitemogelo ka kago ba ne ba tla ba tswa kwa Fora mme ba fetse ngwaga ba thusa mo kagong. Seno, ga mmogo le didirisiwa dingwe tse di ntshitsweng ekane mahala kana ke bakaulengwe le batho ba ba kgatlhegelang ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase, go ne ga go dira gore go kgonagale gore kago e agiwe ka halofo ya tlhotlhwa e e neng e ka nna kwa tlase thata go ya ka diphopholetso tsa dikonteraka tsa batho.

Jaanong a re eteleng kago ka bofefo. (Lebisa setshwantshong se se fa godimo.) Fela mo teng ga kgoro e tona, re tlhatloga ka ditepise gabedi, re feta mafelo a magolo a go jetsweng ditlhatshana tsa selemo le dithunya, mme re bo re tsena mo teng ga phasiki ya bodilo jo bo rethefaditsweng ka majana a a kgabisang. Kwa mojeng ke Holo ya Bogosi e kgolo e go nnang batho ba le makgolo a mabedi. Kwa molemeng go na le diofisi di le tharo le matlo a borobalo a le mararo. Kwa godimo go na le matlo a a oketsegileng a borobalo a le matlhano, matlhatswetso, kitsi, le ntlo ya bojelo le ntlwana ya bobolokelo jwa dibuka e e yang kwa lefelong le le jadilweng ditlhatshana le le mo godimo ga Holo ya Bogosi. Kwa tlase go na le lephata la thomelo-dibuka, ntlo ya babetli le karatšhe.

Baeti ba thulaganyo ya kgakolo, ba bantsi ba apere diaparo tse di mebala-bala tsa segabone, ba ne ba itumetse thata. Ba ne ba tletse ka boitumelo le kanaanelo, eseng fela mo kagong e ntle e ntšha eno, bogolo jalo, kgalaletsong le tlotlo e e e tlisang Modimong o o itumetseng, Jehofa, yo o neng a dira kgolo. Eleruri, e ne e le “tshokologo e e itumedisang thata.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela