Lorato jaaka “Sebōhō” Lo Itshupa lo le “Boitekanèlō”
1. Jehofa a ka bapisiwa le mothudi jang, mme lelapa le lengwe le lengwe le mo kolota leina la lone ka tsela efe?
MOTHUDI yo mogolo mo lobopong lotlhe, ebong Jehofa Modimo Mothatayotlhe, o kgona go thula “sebōhō” se se tla bofelang ruri. Ditlamo tsa malapa, tota le a a mo lefatsheng di kgona go tia thata; ebile Jehofa Modimo o kaiwa e le “Rara . . . Èna eo ditshika [malapa] cotlhe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ di bidiwañ ka èna.” (Baefesia 3:14, 15) Fa e sale ka nako ya Morwalela wa kgolokwe mo metlheng ya ga Noa tlhogo ya lotso, lelapa lengwe le lengwe la batho le tswa mo monneng yoo yo o ikanyegang yo Modimo o neng wa mo kaya a tshwanela go sirelediwa mmogo le lelapa la gagwe mo morwaleleng o o khurumeditseng lefatshe oo. Ka ntlha ya lebaka le, lelapa lengwe le lengwe la batho le le leng mo lefatsheng jaanong le kolota Noa ‘leina’ la lone, go raya gore fa le tshela le bo le bidiwa ka leina. Mo nakong e e fetileng, Jehofa Modimo o kile a neela batho bangwe ba ba mo lefatsheng maina a a rileng, mme ga a ise a ke a neele malapa a batho maina ka tlhamalalo. Lefa go le jalo a mo kolota maina a one, ka go bo a ka bo a sa ka a nna teng jaaka malapa a a nang le maina, fa e ne e se ka ene jaaka Monei-Botshelo wa lobopo lotlhe.—Genesise 5:1, 2, 32.
2. Motsuolodi yo o tsuololetseng lelapa la Modimo o ile a nna rra-lelapa lengwe jang, mme ka jalo go matshwanedi gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse potso efe?
2 Batho ba bile ba ikaroganya le lelapa la lobopo lotlhe la Rraarona wa selegodimo. Seno se ne sa tlhotlhelediwa ke motsuolodi yo o fetang motho ka maatla yo o tsuololetseng lelapa la Modimo la baengele kwa magodimong, motsuolodi yo o neng a bidiwa Satane Diabolo. Ka go ikokoanyetsa balatedi kwa magodimong go ka twe o ne a nna rre, mme maloko a lelapa la gagwe ga a bofaganngwe ke lorato. Mo nakong nngwe Jesu Keresete, ebong leloko la lelapa la lobopo lotlhe lwa ga Jehofa le le ikanyegang ka go tlhomologa, o boleletse baganetsi ba e neng e le Bajuda a re: “Ha Modimo e ka bo e le Rra eno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tsile ke cwa kwa Modimoñ; . . . Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:42, 44) Ka lebaka leno mongwe le mongwe gompieno o tshwanetse go ipotsa: Fa go ntse jaana, ‘rre’ ke mang?
3. Boemo jwa ga Satane fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I bo farologana jang le jwa pele ga ntwa eno, mme ke thapelo efe bogolo e e tlhokang go arabiwa mo boemong jwa bangaparedi ba phuthego ya Modimo?
3 Fa Satane a sena go tsuolola o ne a lelekiwa mo lelapeng la lobopo lotlhe la ga Jehofa Modimo, mme ya re morago badimona ba gagwe le bone ba lelekiwa e le gore ke rraabo. Kwa tshimong ya Edena o ne a itlhagisa mo bathong jaaka Moraedi, mme tota le morago ga moo o ne a letlelelwa go tsamaya-tsamaya mo lefatsheng a eta a buelela boikepo le go ganetsa boammaaruri. (Yobe 1:7; 2:2) Mme jaanong fa e sale ka “ntwa” e e boleletsweng pele ya fa Bogosi jwa Modimo bo sena go tsalwa kwa legodimong, morago ga bokhutlo jwa “metlha ea Badichaba” ka 1914, Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba lelekilwe kwa legodimong gore ba seke ba dirisana ka gope le baengele ba legodimo mme ba latlhelwa mo lefatsheng. Ga ba kitla ba tlhola ba tsena gape mo magodimong a baengele. Ka jalo re ka tlhaloganya sentle fa Satane a shakgalela phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa le maloko a yone a a ikanyegang. (Tshenolō 12:1-12; Luke 21:24) Ka gone, jaanong ke nako e e botlhokwa bogolo ya gore thapelo e e lorato ya ga moaposetoloi Paulo jaaka e begilwe go Bakolosa 1:2, e arabelwe bangaparedi ba ba ikanyegang ba phuthego ya ga Jehofa mono lefatsheng, e leng: “Tshegōhacō e nnè le lona, le kagishō e e cwañ Modimoñ Rra oa rona.” Thapelo eno ya gore go nne le kagiso mo go bone ga e ka ke ya arabelwa fa bone ba sa bofagana. Kagiso e tlhoka gore go nne le tirisano mmogo mo teng ga phuthego e e bonalang ya Modimo o o neelang kagiso, ee, tshwaragano ya maloko a phuthego mongwe go yo mongwe.
4. Basupi ba ga Jehofa ba ba bofaganeng ba mo lebogela eng, mme ba tshwanetse go nna ba sepela mo go eng?
4 Gore ba bone kutlwano ya phuthego e e tlisang kagiso e e kgethololang phuthego ya Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara gompieno ba ka dira seo maloko a phuthego ya kwa Kolosa a neng a boleletswe go se dira, “lo nntse lo ntshetsa Rara malebogō, èna eo o re chwaneditseñ, gore re nnè baabedwi ba boshwa yoa baitshepi mo lesediñ.” (Bakolosa 1:12) Re tlhoka go nna re tsamaya mo leseding le le oketsegang, mme “mo metlheñ [eno] ea bohèlō” ya tsamaiso e kgologolo eno ya dilo re tshwanetse ra iteka ka natla gore re nne re ‘tshwanediwe’ tshedimosetso e nngwe gape mmogo le sengwe le sengwe se e tla nnang boswa jwa rona mo tsamaisong e ntšha.—2 Timotheo 3:1.
Ba Bofagane jaaka “Lecomane le le Leñwe Hèla”
5. Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tswa mo go eng go sa kgathalesege dilo tsotlhe tse di neng di ka ba kgaoganya, mme ke ka ntlhayang fa “lecomane le le leñwe hèla” la “modisa a le moñwe hèla” le ngaparelane?
5 Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tswa mo malapeng a mantsi thata a batho go na le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka ntlha ya seno, ba tswa mo ditsong tsotlhe tsa setho, mo mebaleng yotlhe ya letlalo le mo maemong otlhe a botshelo. Dilo tse dikgolo tseno e ka bo e le tsone tse di kgaoganyang Basupi ba ga Jehofa. Mme ga go a nna jalo! Ba lemoga gore ba na le motswedi o le mongwefela wa botshelo jwa bone le wa lesedi la boammaaruri, go sa kgathalesege lotso, mmala, puo, bomorafe le maemo mo setšhabeng. Mo Basuping ba ga Jehofa ba motlha ono wa bofelo go na le masalela a Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba ba nang le ditebelelo tsa selegodimo mmogo le “boidiidi yo bogolo” jwa bao Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, a ba biditseng “dinku di sele.” (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9-17; Mathaio 25:31-46) Lefa go ntse jalo, polelelo-pele ya ga Jesu Keresete ya sekgala-seleele ga e a palelwa, lefa e ne e re: “Me di tla nna lecomane le le leñwe hèla le modisa a le moñwe hèla.” Modisa yo o Molemo o bontshitse matsetseleko a gagwe mo go bolokeng balatedi ba gagwe ba seka-dinku ba ba ratang kagiso e le “lecomane le le leñwe hèla,” go sa kgathalesege ditsholofelo tsa bone tse di farologaneng ka isagwe. Ka kutlwano botlhe ba rata “modisa [wa bone] a le moñwe hèla,” yo ka lorato a ba intsheditseng setlhabelo ka botshelo jwa gagwe jwa botho, ebile ba a ikanyega mo go ene.
6. Ke ka ntlhayang fa masalela a a nang le tsholofelo ya selegodimo a se ka a ikgogona mo go anamiseng boammaaruri jwa Bibela jo bo amanang le “dinku di sele”?
6 “Boamarure” jwa Bibela joo dinku tsotlhe gompieno di bo ratang thata jaana bo bolela mo gontsi ka tsholofelo ya Paradaise ya “boidiidi yo bogolo” jo bo ntseng bo gola jwa “dinku di sele” tsa Modisa. Ka jalo, masalela a semoya jaaka barati ba “boamarure” jotlhe jwa Lefoko la Modimo ga ba pelotshetlha mo e leng gore ba ka tima “dinku di sele” sepe se se molemo mme ka lorato ba ile ba anamisa tsholofelo e e molemo eno ya selefatshe mo lefatsheng lotlhe, bogolo jang fa e sale ka ngwaga wa 1935. Masalela a itse gore jaanong ba tshela mo metlheng “ea cosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo wa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō, ba ba saleñ ba leeō le kwa tshimologoñ ea lehatshe.” (Ditihō 3:21) Go masalela, go senolwa ga boammaaruri jono e nnile karolo ya “boshwa [jwa bone] yoa baitshepi mo lesediñ.” Fa e sa le makasine ono, ebong Tora ya Tebelo, o simololwa go gatisiwa ka July 1879, e nnile sedirisiwa sa Modimo sa go tsosolosa tsholofelo e e molemo eno ya Paradaise mo bathong ba ba rekolotsweng. Dikgatiso tse dingwe tsa Watch Tower Bible and Tract Society di ne tsa kopanela tsotlhe mo go nonotsheng le mo go tlhomamiseng tsholofelo eo “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo e itumelelang thata jaana gompieno, ba ntse ba anaanela masalela ka lorato.
7. Ka 1935, masalela a a tloditsweng a itsisitse tsholofelo efe ka lorato ntle le ya bone, mme ke ka ntlhayang fa ba ile ba letlelela gore bao ba nang le tsholofelo e nngwe eno ba kolobediwe?
7 Go fitlha ka dikgakologo tsa 1935 basupi ba ba ineetseng le go kolobediwa ba ga Jehofa ka tumelo ya boammaaruri ba ne ba ntse ba solofela ka “cholohèlō e le nwe hèla” e ba neng ba e solofeditswe mo go Baefesia 4:4-6 jaana: “Go mmele o le moñwe hèla, le Mōea o le moñwe hèla, hèla jaaka le lona lo biledicwe cholohèlō e le ñwe hèla ea go bidiwa ga lona; Go Morèna a le moñwe hèla, le tumèlō e le ñwe hèla, kolobeco e le ñwe hèla, Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe.” Mme ka ngwaga o o sa lebalesegeng oo wa 1935, kwa kopanong e e neng e tshwanretswe kwa Washington, D.C., “boidiidi yo bogolo” jaaka bo bonwa mo go Tshenolō 7:9-17, bo ne jwa tlhaolwa e le “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo tse di umakiwang go Yohane 10:16. Masalela a a tloditsweng a a neng a solofetse “cholohèlō e le ñwe hèla” e e santseng e le teng ba ne ba ipela thata kaga go phatsimela pele mo ga lesedi mo Dikwalong tse di Boitshepo mme ba itshiamisetsa go phutha ba “dinku di sele” ka pelo yotlhe. Ga ba a ka ba ikutlwa gore “dinku di sele” di ne di tlontlolola “kolobeco e le ñwe hèla” fa ba ne ba inwa mo metsing, ka go bo kolobetso eo ya “dinku di sele” le yone e ne e le tshwantshetso ya boineelo jwa bone go Jehofa Modimo ka Keresete fela jaaka ya masalela a a tloditsweng. Lorato loo ba ikapesitseng ka lone jaanong le ne la tsharologa gore le akaretse “dinku di sele” tse di rategang tsa Modisa yo e leng wa bone.
8. Mo Iseraeleng wa bogologolo, ke lorato lwa bomang lo lo ka bapisiwang le lorato lo lo gone gareng ga ditlhopha tse pedi tse e leng tsa “lecomane le le leñwe hèla”?
8 Go ratana go ne ga tsalega mme ga nonofa mo dinkung tsotlhe tsa “lecomane le le leñwe hèla” le le disiwang ke Dafide yo Mogolwane, Jesu Keresete. Sebofo seno sa lorato se tshwana le lorato lole lo lo sa robegeng ebile lo sa swe lwa motlhophelwa-bogosi yo o tloditsweng ebong Dafide wa lotso lwa Juda mo go Jonathane yo o rategang ebile a se bogagapa, e le morwa wa ga kgosi Saulo yo o neng a busa ka nako eo. (2 Samuele 1:25-27) Pele fela fa ba tloga ba kgaoganela ruri, “Yonathane a ikanisa Dafide gapè, ka ntlha ya loratō lo o mo ratañ ka lōna: gonne o ne a mo rata yaka a ithata.” (1 Samuele 20:17) Erile Dafide a utlwalela ka loso lwa ga Jonathane le rraagwe mo tlhabanong, a patelesega go ntsha pina ya khutsafalo e e neng ya felelela ka mafoko a: “Ke mo tlaleloñ kaga gago Yonathana, mogolole: mo go nna, u nntse u le natehō thata: loratō loa gago mo go nna lo no lo gakgamatsa, lo heta loratō loa basadi.” (2 Samuele 1:26) Go ratana ga bone e ne e le “sebōhō sa boitekanèlō.” Ba arogantswe fela ke loso.
9. “Dinku di sele” di ne di tshwantshediwa ke mang ka nako eo, mme ditlhopha tse pedi tseno kwa bofelong di tla kgaogana jang, ebile go ratana ga bone go sa ngotlege?
9 Jonathane o ne a tshwantshetsa “dinku di sele” tsa nako eno. Nako nngwe mo isagweng morago ga ntwa “ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona setlhopha sa ga Jonathane se se falolang se tla kgaoganngwa le masalela a setlhopha sa ga Dafide. (Tshenolō 16:14, 16) E tla bo e le fela ka go bo maselala a a rategang a tla tsewa ke loso, ekete ba “cholediwa . . . mo maruñ, [ba] ea go kgatlhantsha Morèna mo loapiñ,” ka go tsosediwa mo moyeng ba tswa mo losong ka ponyo ya leitlho. (1 Bathesalonia 4:17) Ba tla tswelapele ba rata “dinku di sele” tse di tla bong di tlogetswe mo lefatsheng. Totatota, lorato lwa bone ka nako eo le tla bontshwa ka maatla go fetisisa!
“Se Segolo mo Boraruñ Yo Ke Loratō”
10, 11. Ke ka ntlhayang fa tumelo le tsholofelo di se dikgolo jaaka lorato, jaaka go supilwe go 1 Bakorintha 13:13?
10 Seno se re gakolola mafoko a ga Paulo kwa bokhutlong jwa tlhaloso ya gagwe e ntle mo go 1 Bakorintha 13, e leng: “Me yana go sala tumèlō, le cholohèlō, le loratō, boraro yo; me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.” (1 Bakorintha 13:13) Go ntse jalo jang? Akanyetsa pele se se builweng mo go Bahebera 11:1: “Tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” Eleruri he, dilo tseo di solofelwa fela fa di sa ntse di sa ‘bonwe.’ Ka sekai tsaya Aberahame. O bontshitse tumelo mo go Jehofa Modimo le mo kgonong ya Gagwe ya go tsosa baswi. Ka jalo ka boikanyo o ne a emela dilo tseo a sa di bonang pele ga loso lwa gagwe. Ka jalo Basupi ba ga Jehofa gompieno, ka ntlha ya tumelo e e nonofileng mo go Ene, ba solofela dilo tseo di iseng di bonwe mme ka jalo baa di leta. Fa ba bona “dilō tse di sholohèlwañ” ka nako ya tsona, tumelo le tsholofelo ya bone kaga dilo tseo e a fela, ka go bo di diragaditswe. Seno se supiwa ke seo Paulo a tswelang pele go se bua mo go Baroma 8:24, 25, kwa re balang jaana:
11 “Gonne re bolokilwe ke cholohèlō: me cholohèlō e e bonyweñ ga se cholohèlō; gonne emañ eo o ka sholohèlañ se o setseñ a se bonye? Me ha re sholohèla se re sa se boneñ, hoñ re a se lebèlèla ka bopelotelele.”
12. Basupi ba ga Jehofa ba bone “cosholoshō ea dilō cotlhe” ka tsela efe, jaaka go umakiwa go Ditihō 3:21, mme ka jalo fa nako e ntse e ya ke dinonofo dife tse di tla khutlang mme e e tla nnelang ruri ke efe?
12 Ka mo go tshwanang, fa e sale ka ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919 Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ba bone “metlha ea cosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo oa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō, ba ba saleñ ba leeō le kwa tshimologoñ ea lehatshe.” Ba bone phuthego e e bonalang ya ga Jehofa e tokafala mo kgobatsong e e kotsi ya Ntwa ya Lefatshe I ba bo ba agiwa gape. E obamela Jehofa Modimo gape, mo paradaiseng ya semoya gone mono lefatsheng. (Isaia, kgaolo 35) Ba bile ba gololwa mo go Babelona yo Mogolo, ebong mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 18:1-4) Dilo tse dintsi tse di boleletsweng pele mo go Tshenolō, ebong buka ya bofelo ya Bibela, di diragaditswe kana di santse di diragadiwa. Ka gone tumelo le tsholofelo tse di thailweng mo tumelong eo ya Bibela di diragatsa boikaelelo jwa tsone, mme fa fela boikaelelo jwa tsone bo setse bo diragaditswe ka botlalo, di tla khutla. Ee, go siame, mme go tweng ka lorato? Le setse ebile le tla salela ruri. Lemororo lefatshe le kgaogane ebile dilo tsa lefatshe di le gaufi le go nyerologa ka ntlha ya mogote o mogolo, “sebōhō” se se thailweng mo loratong lwa Modimo ga se ne se nyerologa. Se santse se bofagantse Modimo le phuthego ya gagwe e e amogelwang gape se bofagantse masalela a “lecomanyane” le “boidiidi yo bogolo” jo bo amogelesegang jwa “dinku di sele.” Se itshupa se le “boitekanèlō.” Lorato jaaka “sebōhō” ke loungo lwa moya wa Modimo.
13. Ke ka ntlhayang fa lorato lo se kitla lo swa?
13 Modimo ke lorato lo lo mothofaditsweng; mme ereka Modimo o se kitla oo swa, lorato ga lo ketla lo swa. Go builwe sentle fa go twe, “Modimo [ke] loratō.”
14. Ke boammaaruri bofe jo bo ka boelediwang gape mabapi le maatla a lorato a go bofaganya?
14 Fa e le kaga maatla a lorato a go bofaganya, boammaaruri jo bo tlhotlheleditsweng jono jo bo mo go 1 Yohane 4:8, 16 bo ka boelediwa fano mme jwa godisiwa gape ka go re: “Modimo [ke] loratō; me eo o nnetseñ rure mo loratoñ o nnetse rure mo Modimoñ, le Modimo o nnetse rure mo go èna.”
15. Fa Modimo a ne a bopa motho, o ne a tlhotlhelediwa ke eng, mme ke ka ntlhayang fa motho a ka anaanela le go arabela sentle mo maatleng ao a a tlhotlheletsang?
15 Ka moo, fa Modimo o ne o bopa dibopiwa tsa ntlha tsa batho mo lefatsheng, o ne a tlhotlhelediwa ke lorato. Jaaka Genesise 1:27 e bega seno: “Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tota, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo.” Ga se gore monna wa ntlha o ne a tshwana le Modimo ka mmele, mme fela o ne a filwe dinonofo tseo Modimo a nang le tsone, mme dinonofo tseno tsa tlhaloganyo, tsa semoya le tsa pelo di mo farologanya le dibopiwa tse di kwa tlase tse di mo lefatsheng. Ka lebaka leno sebopiwa seno sa motho yo o filweng dinonofo tseno o ne a ka anaanela gore Mmopi o mo rata jang a bo a arabela lorato loo ka tsela e e tshwanetseng, jaaka morwa go rraagwe. Ba ne ba bofagane jaaka lelapa koo ereka go tlhomamisiwa ke fa ba ne ba bua ka metlha go sa kgathalesege gore Rre o ne a sa bonalele morwa wa selefatshe, ka gonne ga go motho ope yo o ka bonang Modimo mme a tshela. Ntlha eno Modimo o ne wa e bolelela Moshe moragonyana: “Gonne motho ga a ketla a mpōna a ba a tshela.” (Ekesodo 33:20) Molao ono ga o a ka wa fetolwa, ka go bo morago ga dingwaga tse di fetang makgolo a a lesome le botlhano moaposetoloi Johane o ne a kwalela Bakeresete-ka-ene jaana: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè; Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, eo o mo sehubeñ sa ga Rara, ke èna eo o o boletseñ.”—Yohane 1:18.
16. Johane le barutwa-ka-ene ba ile ba arabela lorato lwa Modimo lwa borre ka eng, mme “sebōhō sa loratō” se itshupile e le eng mabapi le masalela a a tloditsweng le “dinku di sele”?
16 Ereka moaposetoloi Johane e ne e le morwa wa Modimo yo o tsetsweng ka moya, o ne a le mo botsalanong jwa lelapa le Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe, “eo o tsecweñ a le esi,” Jesu Keresete. Johane le Bakeresete-ka-ene ba ne ba arabela lorato lwa Modimo lwa borre ka lorato lwa bongwana. Lorato loo e ne e le “sebōhō” se se ba bofaganyang le Rraabone wa selegodimo yo o sa bonaleng. Gape lo ne le kgomaraganya ba ba itshenketsweng ka moya mmogo jaaka barwa ba semoya ba Modimo le jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete. Fa re sekaseka “sebōhō” seo gompieno re bona gore se itshupile se le “boitekanèlō,” gonne maloko a masalela a a tloditsweng a ngaparelane a sa kgaogane jaaka baobamedi mmogo le basupi mmogo ba ga Jehofa Modimo. Lorato lono lo ba boloka mo lelapeng la Modimo le mo bokaulengweng jwa Bokeresete. Ka mo go lemotshegang, baobamedi-ka-bone mo tempeleng ya Modimo, ebong “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa ga Keresete, le bone ba bontsha lorato lo lo sa kgaogeng loo lo lo bofaganyang Basupi ba ga Jehofa gompieno ka boitekanelo jo bo kalo. Re iketleeleleditse, a re kopaneleng mo go tlhatswegeng pelo ga ga moaposetoloi Paulo ga gore ga go kitla go nna le “sebopiwa señwe se sele, . . . go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—Baroma 8:38, 39.
O Di Araba Jang?
◻ Lelapa lengwe le lengwe le kolota leina la lone go Modimo jang?
◻ Ntlha eo e tshwanetse go ama botlhe bao ba leng mo phuthegong ya Bokeresete jang?
◻ Jonathane o ne a tshwantshetsa bomang?
◻ Ke ka ntlhayang fa lorato lo gaisa tumelo le tsholofelo?
◻ Lorato lo re bofaganya le Modimo jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Lorato lo lo boteng gareng ga ga Dafide le Jonathane lo no lo tshwantshetsa lorato magareng a batlodiwa le “dinku di sele”