Lorato “Sebōhō sa Boitekanèlō”
“Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—BAKOLOSA 3:14.
1. Ke ka ntlhayang fa taolo e e mo go Bakolosa 3:14 e le e e gwetlhang gompieno?
MO LEFATSHENG le le tletseng ka letlhoo, le le le kgaoganeng, taolo e Basupi ba ga Jehofa ba e laelwang mo Lefokong le le kwadilweng la Modimo mo go Bakolosa 3:14 eleruri ke e e gwetlhang. E lebega ekete ga e kgonege, le e seng ka go bo e ba laela jaana: “Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” Lefa go ntse jalo, taolo eo e e tlhotlheleditsweng e a diragadiwa, e mo galaletsa.
2. Makoko a La-Bodumedi a lebega a bofagantswe ke eng, mme seno se dira La-Bodumedi karolo ya eng?
2 Ga go ne go ganediwa gore lorato jaaka sebofo sa boitekanelo ga le teng mo go La-Bodumedi, ka go bo a kgaogane ka makgolo-kgolo a makoko a bodumedi a a tlhabanang le dikereke tse di nang le ditumelo tsa bodumedi le ditlwaelo tse di farologaneng. Go lemosega gore dilo tse bogolo go lebegang di bofaganya ditsamaiso tsa dikereke tsa La-Bodumedi ke letlhoo la bone le kganetso ya bone tebang le phuthego ya Bokeresete ya batho ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa, ba e leng basupi ba gagwe gompieno. (Isaia 43:10, 12) Fa makgotla a bodumedi a La-Bodumedi a bontsha letlhoo le kganetso tse di ntseng jalo, o itira karolo e e botlhokwa ya lefatshe le le busiwang ke Satane Diabolo, ebong “modimo oa lehatshe yeno.” (2 Bakorintha 4:4) Seno se ntse fela jaaka Mosimolodi wa Bokeresete a boletse. Fa Jesu a ne a neela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang polelo ya gagwe ya bofelo fa Judase Isekariota wa mooki a sena go tsamaya, o rile: “Dilō tse kea di lo laolèla, gore lo ratanè. Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”—Yohane 15:17-19.
3. Go tlhaga potso efe mabapi le setlhopha se se ilwang ke lefatshe?
3 Ka ntlha ya mafoko a a ga Jesu, go a utlwala fa go tlhaga potso eno, Ke setlhopha sefe sa bodumedi gompieno seo lefatshe, go kopanyeletsa le La-Bodumedi, le se tlhoileng ebile le se leba ka leitlho le le maswe? Ditiragalo tsa batho di thusa mmatlisisi ope yo o ikanyegang gore a ba tlhaole a sa fose, bogolo jang fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe I.
4. Taolo ya ga Paulo mo go Bakolosa 3:14 e lebile go bomang, mme Rraabone botlhe ke mang?
4 Mafoko a a simololang a lokwalo lwa ga moaposetoloi Paulo go Bakolosa a lemosa Basupi ba ga Jehofa gompieno gore taolo eno ya gagwe e laelwa bone ka tlhamalalo: “Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” Re bala jaana: “Ke nna Paulo, moaposetoloi oa ga Keresete Yesu ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokauleñwe oa rona; Re kwalèla baitshepi le bakauleñwe ba ba ikanyegañ mo go Keresete, ba ba kwa Kolosa: ka re, Tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e e cwañ Modimoñ Rra oa rona.” (Bakolosa 1:1, 2) Jaanong he, Rre wa selegodimo wa Bakeresete botlhe bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa motseng wa Kolosa, kwa Asia Minor, e ne e le mang? E ne e le Rraagwe Moetapele wa bone wa semoya, Jesu Keresete, ebile Rraagwe ke Modimo “Mogodimodimo, [a] okame lehatshe yeotlhe” yo “leina ya [gagwe] e leñ YEHOFA.”—Pesalema 83:18.
5. Bao Paulo a ba kwaletseng lokwalo lwa gagwe ba tshwanetse ba bo ba obamela mang, mme seno se tshwantshitswe jang ke Jesu le moaposetoloi Johane?
5 Ahee, jalo bao Paulo a ba kwaletseng lokwalo lwa gagwe ba tshwanetse go nna baobamedi ba ga Jehofa Modimo, fela jaaka Jesu Keresete! Mo thabeng ya thaelo Jesu o ne a gana fa Diabolo a mo solofetsa lefatshe lotlhe fa fela Jesu a ne a ka khubama a mo obamela. Jesu ka bofefo o ne a leleka Moraedi mme a tsopola taolo e e tlhotlheleditsweng e e reng: “U obamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Mathaio 4:8-11; Luke 4:8; Duteronome 6:4, 5, 13) Barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go mo etsa mo go obameleng Modimo oo a ntseng a o obamela ka dinako tsotlhe, e leng Jehofa. (Yohane 20:17) Go tsamaisana le seno, erile moaposetoloi Johane a wela fa fatshe go obamela moengele yo o neng a mo tlisetsa Tshenolo, moengele o ne a gana ka go re: “Obamèla Modimo: gonne chupō ea ga Yesu ke mōea oa thutō.”—Tshenolō 19:10; 1:1.
6. Taolo e e mo go Tshenolō 18:4, 5 e ne ya potlaka thata fa La-Bodumedi le sena go dira eng, mme ke bomang ba ba tsereng taolo e tsia, mme ka matswela afe?
6 Fa Babelona o Mogolo, ebong mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, a sena go itirela rekoto e e tlontlololang Modimo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, taolo ya bomodimo e e mo go Tshenolō 18:4, 5 e ne ya potlaka thata go feta ka nako ya tokololo ya December 1880 ya makasine wa Tora ya Tebelo kana pele ga moo, e e reng: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”a Bao ba neng ba batla go nna “batho” ba ga Jehofa Modimo ba ne ba utlwa taolo eo ka go tswa mo go Babelona o Mogolo mme ba kopanela mmogo gore ba fitlhelele kutlwano ya Bokeresete, ebong go tlhagolela lorato loo e leng “sebōhō sa boitekanèlō.” Ba ne ba tsaya-tsia mafoko a ga moaposetoloi a a mo go 1 Bakorintha 14:33 ka masisi a a reng: “Gonne Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” Ka jalo, fa re leba diphuthego tse di fetang dikete tse di masome a mane le boraro tsa basupi ba ga Jehofa gompieno, re patelesega go goeletsa mafoko a Pesalema 133:
“Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla. Go chwana yaka loukwane lo lo tlhōkègañ lo le mo tlhogoñ, loa rèpèlèlèla le kwa diteduñ, eboñ ditedu tsa ga Arone; loa ba loa hologèla le kwa dipeelediñ tsa diaparo tsa gagwè; Go chwana yaka monyo oa Heremona, o o hologèlañ mo dithabeñ tsa Siona: gonne Yehofa o laoletse tshegōhacō gōna, eboñ botshelo ka bosakhutleñ.”—Pesalema 133:1-3.
7. Gompieno ke bomang ba ba tlamegileng go boloka kutlwano eno, mme Modimo o ile a sireletsa basupi ba gagwe mo Ntweng ya Lefatshe I ka boikaelelo bofe?
7 Fela jaaka phuthego ya kwa Kolosa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o go tweng ke wa Bokeresete, basupi ba segompieno ba ga Jehofa le bone ba tlamegile go boloka kutlwano eno e e eletsegang ya phuthego mo lefatsheng leno le le kgaoganeng. Go ntse jalo bogolo jang fa e sale bokhutlo jwa “metlha ea Badichaba” ka ngwaga o o neng o senyakilwe ke ntwa wa 1914! (Luke 21:24) Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e le matshosetsi a magolo go Basupi ba ga Jehofa jaaka phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete. Mme ka ntlha ya go rerwa ga ‘mafoko a a molemo ano a bogosi mo lefatsheng jotlhe go nna tshupo mo merafeng yotlhe’ Modimo Mothatayotlhe ga a ka a letlelela gore baba ba ba ipopileng ba La-Bodumedi le mo boheitaneng ba nyeletse basupi ba gagwe botlhe ba ba tloditsweng mo lefatsheng. (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Mo ngwageng wa ntlha wa morago ga wa ntwa wa 1919 C.E. Jehofa Modimo o ne a ba golola mo ditlamong tsa bone mme a ba romela mo tirong ya go rerela merafe yotlhe.
8. Ereka Satane a paletswe ke go roba pofagano eno ya Bokeresete ka ditsela tse di ka kwa ntle, o ne a dira eng gape e le go leka go dira jalo?
8 Satane Diabolo o ne a paletswe ke go nyeletsa Basupi ba ga Jehofa ka ditsela tse di ka kwa ntle mmogo le makgotla a gagwe, mme go tloga ka nako eo ga a bolo go gakalela go roba popagano ya bone ka tsela ya bonokopela, ka go epa kafa teng ga phuthego. Tiro eo e boleletswe pele mo go Tshenolō 12:17, ka mafoko ano: “Me kgōgèla ea nna bogale le mosadi, ea heta e ea go tlhasèla ba ba setseñ ba losika loa gagwè, ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.”
Botho jo Motho a Tshwanetseng go Amega ka Jone
9. Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba itisa mo go tshwaediweng ke eng, mme Pesalema 91 e reng kaga seno?
9 Letlhoo le le apesitseng lefatshe le le boikepo le a anama, fela jaaka Jesu Keresete ka boene a boleletse pele mo boperofeting jwa gagwe ka “bokhutlō yoa lehatshe,” ka go re: “Me baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tla coga, me ba tla timetsa batho ba le bantsi. Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala. Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:3, 11-13) Moya wa letlhoo o tshwaetsa tota, mme ka jalo le e leng maloko a phuthego e e bonalang ya ga Jehofa Modimo a tshwanetse go itisa mo go tshwaediweng. Gore re ka dira seno jang mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o supa ka go re: “Èna eo o agileñ mo heloñ ha go sa itsiweñ ga Mogodimodimo, o tla nnèla rure ha tlhatse ga moruti oa Mothataeotlhe. Ke tla bua kaga Yehofa, ke re, Ke èna botshabèlō yoa me, le kagō ea me ea phemèlō: Modimo oa me, o ke o ikantseñ. Ga u ketla u boiha se se rèrañ bosigo, leha e le mocwi o o thōkgōsèlañ motshegare; Leha e le kgogodi e e tsamaeañ mo hihiñ; leha e le tshenyo e e shwahatsañ motshegare o mogolo. Go ka wa batho ba le makgolo a le shomè kaha tlhakoriñ loa gago; le ba makgolo a le lekgolo kaha lecogoñ ya gago ye legolo; me wèna, ga go ketla go gu atamèla. Ha e se ka matlho a gago aosi hèla u tla leba, me u bōna teheco ea baikepi.”—Pesalema 91:1, 2, 5-8.
10. Re tla tila jang botho jo bo ka dirang gore re lebege jaaka batho ba lefatshe, mme Modimo o re leba jang phapaanong le lefatshe le le suleng?
10 Re tlhomamisediwa tshireletso ya bomodimo, mme re tshwanetse go nna mo maemong a a tlhomilweng ao a tsamaelanang le yone. Fa re tila botsalano jo bo bolayang moya le lefatshe le le lwalang, re tla bo re sa ikapese ka botho jo bo tla re dirang gore re tshwane le batho ba lefatshe. Re tla bo re sa ikapese ka letlhoo la lefatshe. Phapaang ya letlhoo ke lorato, lorato lwa go rata Jehofa le Keresete wa gagwe le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Botho jo bo supang nonofo eno ke botho joo moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng a re bolelelang go bo apara jaaka barutwa ba ga Jesu Keresete. Fa re dira seno re tla bo re ikitsise ba bangwe re le badihedi ba Modimo ka ‘lorato lo lo sa itimokanyeng.’ (2 Bakorintha 6:4-10) Lorato lono lo tlhaga go Modimo, mme fa re na le lone go raya gore re tsalane le ene ka go hularela ga rona lefatshe mabapi le go tsamaisana le lona gotlhelele. Modimo o bona lefatshe le sule gape le bao e leng ba lone ba sule; ruri ga ba tshele mo go ene. Mo ponong ya Modimo rona barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba ineetseng le go kolobediwa re a tshela; ee, re tshela jaaka karolo ya phuthego ya Gagwe, moo lorato lo bonwang teng. Ka gone mafoko a 1 Yohane 3:14 gaa fetelela fa e re raya e re: “Rea itse ha re dule mo loshuñ, re ile go tsèna mo botsheloñ ka go bo re rata bakauleñwe. Eo o sa rateñ o nntse mo loshuñ hèla.”
11. Lorato lo re amogela mo baneng bafe ba motho?
11 Re a bona he gore lorato lo re amogela mo baneng ba motho bao Jesu Keresete, ebong Morwa Modimo, e leng mogoloa rona. Nonofo eno ya Bokeresete ke moitlamo kana seaparo, seo re bontshang kana re supang ka sone gore tota re eng, re sa itimokanye. Ke serwalo seo Lefoko la Modimo le reng re tshwanetse go se tlhagolela le go se dirisa.
12. Ke dikgato dife tse di tshwanetsweng go tsewa go fitlhelela lorato loo, a mme dilo tse di bopang dikgato tseo di tshwanetse gore morago di latlhiwe?
12 Go a utlwala gore go na le dikgato tse di rileng tse morutwa yoo kutlo a tlhokang go di tsaya gore a tle a fitlhelele mofuta o wa mmannete wa lorato. Petere wa Bobedi 1:5-8 e raya bao ba ipeetseng sekgele se se galalelang sa botshelo jwa bomodimo jwa selegodimo, e re: “E, ka ntlha ea gōna mouō, le lona lo ko lo oketse ka tlhōahalō, ke go re, mo tumeloñ ea lona lo tsenyè kicō; Le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō; le mo boikgapoñ yoa lona lo tsenyè pelotelele; le mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihōmodimo; Le mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè go rata bakauleñwe: le mo go rateñ bakauleñwe lo tsenyè loratō. Gonne ha dilō tse e le tsa lona, me ha di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.” Dilo di le mmalwa tse di okediwang ga di a tshwanela go latlhiwa morago ga go fitlhelela nonofo eno ya serwalo sa lorato. Nnyaa, mme tumelo, molemo, kitso, boikgapo, pelotelele, poihomodimo le lorato lwa bakaulengwe di tshwanetse go sala e ntse e le dikarolo tsa konokono tsa botho jwa rona jo bo itekanedisitsweng ka botlalo. Di tshwanetse go totafala gammogo le lorato. Fa go ntse jalo bao ba nang le dipopego tse di ntseng jalo tsa botho jo bo nnetseng ruri ba tla amogela sekgele mo diatleng tsa Modimo ka nako e e leng ya gagwe.
13. Paulo o oketsa dikgato tseo tsa pele mo go Bakolosa 3:12-14 jang?
13 Jaaka koketso ya dilo tseo re tlhokang go di dira ka borona gore re tle re bone tuelo e e tshwanetseng, ka mo go tshwanetseng fano go ka nna ga umakiwa dinonofo tseo moaposetoloi Paulo a reng re tshwanetse go di apara jaaka tshupo ya botho jwa rona. Pele ga fa Paulo a supa gore sebofo sa boitekanelo ke eng, a re: “Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:12-14.
Phaapang le Bao Ba sa Bofaganang
14. Maloko a phuthego ya Bokeresete pele e ne e le batho ba mofuta ofe pele ga fa a dirisa dikgakololo tsa baaposetoloi?
14 Ditaolo tseo tsa baaposetoloi di bontsha gore maloko a phuthego ya Bokeresete a tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe. Pele e ne e le ba lefatshe le le senang bomodimo le le le senang lorato, ka dinonofo tsotlhe tsa lona tsa bodiabolo. Ka jalo e ne e le batho ba mofuta ofe ka nako eo? Mo go 1 Bakorintha 6:9-11 moaposetoloi Paulo o tlhalosa seno ka go re: “Kgotsa a ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, go le magodu, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo. Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa, loa itshepisiwa, loa siamisiwa mo ineñ ya Morèna Yesu Keresete, le mo Moeeñ oa Modimo oa rona.”
15. Ke ka ntlhayang fa batho ba lefatshe ba sena “sebōhō” se se nnelang ruri?
15 Batho ba lefatshe ba ba tlhalosiwang fa godimo ba ne ba tla ketefalelwa ke go bofaganngwa ke sengwe se e seng sa bogagapa, se se itshekileng e le sebofo se se itekanetseng se se sa robegeng. Eleruri ga ba na “sebōhō sa boitekanèlō.” Ka ntlha ya moo, mokgatlho wa batho o o kwa ntle mo lefatsheng le legologolo ga o a bofagana. Ka nakonyana dilo tse ba di kgatlhegelang botlhe di ka ba bofaganya. Mme fa nako e ntse e ya, fa dilo tseno tse ba di kgatlhegelang botlhe di tlosiwa, batho ba lefatshe ga ba sa tlhole ba kgatlhegelana. Dibofo di a nyerologa. Ka jalo kwa bofelelong, ba itshokelana fela ka go bo e le batho mmogo ba ba ka se tilegeng mo setšhabeng.
16. Fa batho ba lefatshe ba gololesegile mo dilong tseo di ba bofaganyang ka nakwana, ba boela mo go eng, mme ka ntlha yang?
16 Bomorafe! Borata-naga! Makoko a bodumedi! Lotso! Dilo tse di kgoberang maikutlo tseno, fa di goteditswe gore di bo di fegedise batho, di ka tlatsa ba ba kopanyelediwang ka boikutlo jwa tiro le tlamego. Mme lefa go le jalo, batho e nna e nna bone bao e leng baithati. Ka jalo, fa ba se mo tirong, e le gore ba gololesegile go itlhapedisa go ya kafa dithatong tsa bone tsa botho, ba tla itshenola gore e ntse e le bone batho bale ba ba itirelang molemo ka nosi. Lefa batho ba ba tsamaisanang le lefatshe leno ba ka nna ba akgolelwa ditirelo tsa lefatshe tse di tlhomologileng, kana go ineela ka botlalo mo boikaelelong bongwe jwa lefatshe, ebile go ka twe ba tshwanelwa ke tlotlo le kgalaletso tsa selegodimo, go ya ka ditekanyetso tsa Bibela ga ba kake ba balelwa ba tshwanela lefelo mo Bogosing jwa selegodimo jwa ga Jehofa Modimo gore ba buse le Keresete.
17. Bogosi jwa Modimo bo senka eng mo go bao ba bo batlang pele, mme ba thusiwa jang gore ba dire jalo?
17 Bogosi jwa Modimo ga bo tsamaisane le lefatshe leno le ba ba le emeng nokeng. Ereka lefatshe le le laolwang ke Satane leno le paletswe mo go maswe jaana mo go kopanyeng baema-nokeng ba lone, Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo senka gore Bakeresete ba ba ineetseng le go kolobediwa bao ba bo batlang pele ba gatele gongwe le go direla gongwe. Bogosi jono ke kuno ya lorato lwa Modimo. Boikutlo jwa mmuso oo wa selegodimo ke lorato fela, segolo-bogolo go rata Modimo le go ila mmaba wa gagwe yo mogolo, Satane, le lefatshe leo a leng “modimo” wa lone. Go sa kgathalesege maiteko a ga Satane a go senya, lorato lono lo lo tswang go Jehofa Modimo, ebong Rre wa selegodimo, lo ntse lo le “sebōhō sa boitekanèlō” mo go botlhe bao ba ngaparelang phuthego ya gagwe e e bonalang ya lefatshe, ee, mo lelapeng lotlhe la Modimo kwa legodimong le mo lefatsheng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo tsebeng 6, tokololo eno e ne e tshotse setlhogo se se reng “Babelona o Mogolo.”
A O A Gakologelwa?
◻ Bakeresete ba boammaaruri ba dira ka kutlwano jang, phapaanong le La-Bodumedi?
◻ Satane o leka jang go roba kutlwano ya rona ya Bokeresete?
◻ Go sa kgathalesege letlhoo la lefatshe re ka ‘apara lorato’ jang?
◻ Lorato lo ka re bofa mmogo go gaisa ditlamo tse di bofaganyang mo lefatsheng jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bakeresete ke karolo ya bana ba motho ba ba lorato ba Jesu Keresete e leng mogoloa bone