Go Lemoga Dikgang
Pheretlhego mo Bodumeding
Go tsenelela ga masole a Iseraele mo Lebanone go bakile dipuo tse dintsi kaga se se tlhotlheletsang letlhoo le go bonalang le mekamekile Botlhaba Gare. Dennis Braithwaite wa The Toronto Sun o etse tlhoko ka go re: “Poitshego e kgolo ke gore Maiseraele le Mapalasetina, bao e leng batho ba setso se le sengwe, tota ba tshwanetse ba bo ba lwela kgaolo eo e leng legae la bone boo-babedi ebile ba ka kgonang go tshedisana sentle mo go lone ka kagiso.” Go ya kafa ponong ya ga Braithwaite, “sotlhe se se ba kgaoganyang ke bodumedi; se sengwe ke go itshiamisa, ditsia-badimo, le maaka. . . . A go tlosiwe go tlhagafalela bodumedi mo tseleng, he Ma-Arabia le Bajuda ba tla bo ba lwelang?”
Mme mokwala-dikgang yo o etse tlhoko gore letlhoo la bodumedi ga le kwa Botlhaba Gare fela: “Tlhokomela botseno jwa kwa Northern Ireland, koo ditlhopha tse pedi tsa bodumedi jwa Bokeresete di dirileng gore batho ba ba tshwanang, ba ba buang puo e le nngwe ba bile ba tsaletswe golo go le gongwe ba iphitlhele ba le mo polaanong e e akabatsang batswa-kwa. Ba IRA le ba Ulster Defence League ba dirwa ke eng gore ba tlhabane jaana le go bolaya ba bangwe jaana fa e se bodumedi? Fa ba botsolotswa mo thelebisheneng, ga o ka ke wa ba farologanya.”
Braithwaite o ne a tswelela ka go re “bodumedi ke tsela e nngwe ya bomorafe, kgang ya gore ‘bone’ le ‘rona,’ . . . ke matshosetsi a magolo go gaisa ape mo isagweng ya batho.” A ga go bonale ekete temogo eno ya gore bodumedi ke “matshosetsi” e tla golela pele mme e re kwa bofelelong e dire gore bo ikgotlele motshitshi mo merafeng? Polelelo-pele ya Bibela e bolela gore merafe ya bosole e tla tloga e retologela bodumedi mme e bo senye jaaka mosadi wa seaka yo o sa bolong go ba rokotsa.—Tshenolō 17:1, 2, 5, 15, 16.
Bodumedi Bo A Nyelela
Tlhotlhomiso ya bosheng jaana e e tlisitsweng kwa ntlong-kgolo ya Lekgotla la Bomorafe la Dikereke kwa New York e senotse maduo a tlhatlhobiso e kgolo ya bodumedi jwa kwa Amerika. Mongwe wa baokamedi ba tlhotlhomiso eno, ebong Professor William Newman wa Yunibesithi ya Connecticut, o rile “kokomana ya gompieno e e tsenang mo bogoding ka kakaretso e dirisa bodumedi go le gonnye.” O boletse gape gore Ma-Amerika ka kakaretso “ga ba kgatlhwe ke bodumedi mo go kalo.” Mme pego ya The New York Times kaga tlhotlhomiso eno e ne ya oketsa jaana: “Palo ya bakereki go tloga ka 1971 go fitlha ka 1980 e paletswe ke go lepalepana le go gola ga palo ya batho, mo go retolotseng mokgwa wa go gola ga kereke mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di fetileng.” Palo e e kafa tlase ga sephatlo sa bagodi botlhe jaanong ke ba kereke kana ba sinagoge nngwe.
Ka gone go “kgala” mo go perofetilweng ke Bibela ga kemo-nokeng ya bodumedi go tswela-pele, fela jaaka metsi a noka ya Euferatese a ne a kgala gore a baakanyetse tsela ya go senngwa ga Babelona wa bogologolo. Gompieno, “Babelona o Mogolo,” ebong mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, le one gape o kgalelwa ke “metsi,” mo go tshwantshetsang matswela a a tshwanang.—Tshenolō 16:12; 17:1, 5, 15, 16.
“Bakeresete” ba ba Kotsi
Moruti wa kereke ya Lutere ya Fora Michel Viot fa a ne a kwala mo koranteng ya letsatsi le letsatsi ya Paris Le Monde o ne a tlhomamisa ka gore, “Lefa ke le moruti ebile ke le moithuti yo o matlhagatlhaga wa Bibela, ga ke ise ke bone tshenolo lefa e le e nnye mo Dikwalong tse di Boitshepo mabapi le peo-marumo-fatshe le kagiso ya merafe-rafe. Lefa e le gore ke kile ka bala gore go ntsha tšhaka go na le mokgobo mo mabakeng otlhe, . . . mme ereka molao o letleletse go tshola dibetsa, Mokeresete ga a ka ke a phaila fela maitlhomo a go tlisa kagiso ka ntwa.”
Kaelo ya mofuta o o ntseng jaana ya bodumedi e dirile gore bao ba reng ke Bakeresete ba ikemisetse go tsholeletsa badumedika-bone le ba bangwe dibetsa ba laolwa ke bo-radipolotiki. Ruri ‘moithuti yono wa Bibela’ o tla solegelwa molemo ka go tlhatlhoba gape Bibela gore a bone gore e tletse-tletse jang ‘ka tshenolo mabapi le peo-marumo-fatshe le kagiso ya merafe-rafe.’ Baperofeti Isaia le Mika ba rile: “[Ba] tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a [bone] dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4; Mika 4:3.
Fa e le kaga gore Dikwalo di letlelela “go ntsha tšhaka,” Jesu Keresete o rile “botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52) Mo letlhakoreng je lengwe, Bakeresete gone ba dirisa dibetsa tsa semoya tse di laotsweng ke Modimo.—2 Bakorintha 10:4, 5.