Phuthego ya ga Jehofa e Gatela-pele—A O Tsamaya Le Yone?
GA O kake wa bala Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika kwa ntle ga go kgatlhwa ke ntlha ya gore Bakeresete ba ne ba rulaganyeditswe kobamelo. Bogolo, ba ne ba rulaganyeditswe go rera, go phatlalatsa mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.
Raditiragalo wa segompieno H. G. Wells o boletse jaana ka Bokeresete jwa pele: “Phuthego ya teng fela e ne e le phuthego ya bareri, bogolo jwa tiro ya yone e ne e le thero.” Ee, jaaka Moaposetoloi Petere a rile: “Me a re laea [Jesu Keresete], gore re rèrèlè batho, re shupè.”—Ditiho 10:42; Mathaio 28:18, 19.
Mme go tweng ka go rera mo motlheng wa rona—mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno ya dilo? (2 Timotheo 3:1-5) Jesu o boleletse pele: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Ka jalo, he, pele ga bokhutlo jwa tsamaiso e ya dilo bo tla, tiro e kgolo ya go rera lefatshe ka bophara e tshwanetswe go dirwa. Ke phuthego efe e e e dirang?
E le ruri, go na le batho ba le bangwe ba ba rulagantsweng lefatshe ka bophara ka boikaelelo jwa go rera ka bogosi jo. Ke Basupi ba ga Jehofa. Tiro ya bone ya go rera e a atologa mo lefatsheng lotlhe, mo mafatsheng a le 206. Ka 1981 go ne go na le Basupi ba le 2 361 896 ba ba neng ba arola mo tirong e. Go raya gore go ne go na le baboledi ba bogosi ba ba fetang dikwatara tse tharo tsa sedikadike go feta mo dingwageng fela tse di lesome tse di fetileng!
Go tsamaela gongwe le go gola mo ga tiro ya go rera, Basupi ba ga Jehofa, mo dingwageng tse pedi fela tse di fetileng, ba ka ne ba feditse kana ba simolotse go aga difeketiri tse di ka nnang masome mabedi tse di ntšha go gatisa dibuka tsa Bibela. Gape, go na le kgolo e e potlakileng kwa ntlong-kgolo ya merafe-yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, kaelo e e neng e neelwa phuthego ya Bokeresete e ne e tswa kwa Jerusalema. (Ditiho 15:1, 2) Mme gompieno kaelo e e tshwanang le eo e tswa kwa Brooklyn, New York.
Mo maitseboeng a Mopitlo a le 15 ngogola koketso ya mafaratlhatlha a dikago tsa ntlo-kgolo kwa Brooklyn a ne a kgakolwa. Tse ke Dikago tsa Ofisi ya 25 Columbia Heights, tse di bonwang mo tsebeng e e latelang. Di akaretsa dikago tse di shafaditsweng le tse di sa tswang go agiwa tse di tshwaragantsweng go dira kago e le nngwe.
Maloko aa fetang dikete tse pedi a lelapa la ntlo-kgolo a Brooklyn a ne a tlile mo thulaganyong ya kgakolo, e e neng ya tshwarelwa mo holong ya kopano ya legae ka 6:45 p.m. Mme thulaganyo e ne ya gasiwa gape ka thelebishine mo Holong ya Bogosi le mo matlwaneng aa farologaneng a bojelo go solegela maloko a lelapa a a neng a phuthegile moo molemo. Gape, maloko a feta makgolo a marataro a Watchtower Farms, a a nnang dimmaele di le masome a roba bongwe kwa bokone jwa New York, ba ne ba kgona go reetsa thulaganyo ka mogala.
Thulaganyo ya kgakolo e ne ya Tlhalosa ka Katoloso
Morago ga thapelo ka Carey W. Barber, thulaganyo ya kgakolo e ne ya simolola ka kakaretso ya thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo ka John E. Barr, e bile e lebane sentle ka setlhogo sa neelo. Milton G. Henschel, modulasetilo wa maitseboa ao, o ne a laletsa Grant Suiter go tlhatlhoba “ditiragalo tsa botswelelo” jwa phuthego ya Modimo go tloga ka 1919 go fitlha ka 1935.
“Ga re lebe dilo tse ka boikgantsho, ko ntle ga go akanyetsa Jehofa.” Mokaulengwe Suiter a simolola, “mme, ka mo go fapaaneng, re akanya ka ene le go lemoga seo a itumeletseng go se dirisa go phololetsa masome ano a dingwaga, ke gore, lelapa le.” Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fudugela lwa ntlha mo Brooklyn ka 1909, lelapa la diofisi dikgolo le ne le ka nna masome mararo ka palo fela.
Suiter o ne a tlhalosa gore ka Phalane ka 1919 phuthego e ne ya simolola go gatisa makasine o mosha wa The Golden Age, o jaanong o bidiwang Awake! Mme mo ngwageng o o latelang, mo lefelong le le nnye kwa Myrtle Avenue, lelapa la ntlo-kgolo la simolola go gatisa dibuka tsa Bibela mo magatisong a lone. Ka jalo, Suiter a tlhalosa, ka ngwaga wa 1921 lelapa le ne le godile go fitlha go 107 ka palo. Ka 1923, a bolela, ba ne ba tlhagisa dibuka di le dikete tse tlhano ka letsatsi.
Go gatela-pele ga phuthego ya Modimo go ne ga tlhoka didirisiwa tse di kgolwane. Ka gone, jaaka Suiter a ne a tlhalosa, ka 1927 go ne ga agiwa legae je lesha le le okeditsweng la lelapa la ntlokgolo kwa Columbia Heights, mme ga agiwa le feketiri ya matlhatlaganyane a a robang bobedi sekgalanyana go tswa kwa 117 Adams Street.
Fa a tswelela ka rekoto ya “ditiragalo tsa botswelelo,” ga latela Lyman A. Swingle a bolela ka go gatela pele ga phuthego ya ga Jehofa go tloga ka 1936 go fitlha ka 1950. “Ka 1936 pogiso e ne e gola go dikologa lefatshe lotlhe,” a tlhalosa. “Dikampa tsa kgolegelo tsa ga Hitler di ne di agilwe.” Go tswa foo, ka go inamisa tlhogo a lebile fa banyalani ba ba godileng ba neng ba ntse teng, o ne a re: “Mokaulengwe Poetzinger le mosadi wa gagwe ba ne ba tshwarwa ka ngwaga yone eo, ba latlhelwa mo dikampeng tseo, mme ba nna mo go tsone dingwaga di le boroba bongwe.” Go sa kgathalesege pogiso e e ntseng jalo, bone le diketekete tsa ba bangwe ba ne ba tswelela pele le phuthego ya Modimo.
“Dingwaga tseno e ne e le tsa tsietsi,” Swingle o ne a tswelela. “Ka September 1, 1939, Hitler a romela masole a gagwe mo Poland, mme Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe ya simologa.” Matshwenyego gape a ne a gola le mo United States. “Ditiro tsa borukhutlhi di ne tsa simolola go kgabaganya naga eo,” a anela. “Diholo tsa Bogosi di sekae tsa rona di ne tsa tshujwa ka molelo. Dikoloi tsa rona ka bontsi di ne tsa senngwa. . . . Le fa go le jalo, go sa kgathalesege mathata a otlhe, ka 1940 re ne ra nna le koketsego ya 40 lekgolong ya baboledi!” Ka nako ya ntwa, a bolela, phuthego e ne ya oketsega go menagane sebedi—go tloga mo baboleding ba bogosi ba le 71 500 go fitlha go ba ba ka fetang ba le 141 000.
“Ka 1946,” Swingle a tswelela, “kopano ya ntlha ya morago ga ntwa e ne ya tshwarelwa kwa Cleveland, Ohio—batho ba le dikete tse di masome a roba bobedi ba nna gone.” Koo ga anamisiwa gore dikago tse dingwe di tla agiwa kwa Columbia Heights le gore bakaulengwe ba ka ema nokeng thulaganyo ya kago ka go ntsha meneelo ya bone. “Re ne ra tlhoma kago ya matlhatlaganyane a le lesome [koketso ya legae le le neng le ntse le le teng], mme a ne a le magolo tota,” Swingle a bolela, “re ne re gopotse gore ga re ne re tlhola re aga gape mo Brooklyn. Re ne ra aga gape kago ya matlhatlaganyane a a robang bongwe go oketsa feketiri ya 117 Adams Street. Dikago tseno di ne tsa kgakolwa ka 1950.”
Fa a digela, Mokaulengwe Swingle o ne a tlhalosa a re: “1950—Kopano ya ntlha ya Yankee Stadium—malatsi a roba bobedi. Bakaulengwe go tswa kwa mafatsheng a le masome marataro le bosupa ba ne ba tla. Palo ya ba ba neng ba le teng: 123 707.” E le ruri nako ya kgolo! “Go tloga ka 1936 go fitlha ka 1950 re ne ra tlhatloga go tswa go baboledi ba le 50 000 go fitlha go 373 430—ra gola ga supa le sephatlo go menagane mo dingwageng tse di lesome le botlhano tseo!” Mme tota ke mang yo o tshwanelwang ke malebogo? Kwa bofelong Swingle o ne a tsopola mafoko a ga Nehemia a a reng: “Gonne ba lemoga ha tihō e dihilwe ke Modimo oa rona.”—Nehemia 6:15, 16.
Go tswa foo, Mokaulengwe Henschel ka sebele a tlhalosa ka “ditiragalo tsa botswelelo—go tloga ka 1951 go fitlha ka 1981.” E rile a simolola mafoko a gagwe, o ne a re: “Jehofa o dira gore dilo di diragale. Jehofa o a godisa.” Mme e rile a tsopola mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng, “Gonne re badihi mmōgō le Modimo,” o ne a botsa a re: “A ga se ntlha e e kgothatsang e le ruri, go kgona go dira le Modimo mo tirong ya gagwe le go bona matswela a Jehofa a dirang gore a nne teng?”—1 Bakorintha 3:6-9.
“Bosupi bo teng,” Henschel a tswelela, “ditiragalo tsa botswelelo di supa fa Jehofa e le ene a tlhokometseng tiro . . . Re ne re tshwanelwa ke go nna le baboledi gore mafoko a a molemo a itsiwe lefatshe lotlhe. Eno ke kabelo ya rona—‘go rera mafoko a a molemo a bogosi.’” O ne jaanong a tsopola dipalo tsa kgolo e kgolo: “ka 1958 baboledi ba ne ba le 798 000. Go tswa foo, ka 1968, ga nna le badiri ba le 1 221 000. Ka 1978, ba ne ba le 2 182 000, mme ka 1981, ba ne ba le 2 361 000.”
“Gore tiro ya go rera e tle e kgonagale go ka dirwa ke badiri ba ba fetang 2 000 000,” Henschel o ne a re, “go ne go tshwanela gore go nne le didirisiwa.” Ke mang yo o neng a tla di baakanyetsa? Maloko a lelapa la ntlo-kgolo! “Morago ka 1950,” Henschel a tlhalosa, “go ne go na le maloko a lelapa a le 355.” Mme a bontsha ka gore, jaaka tlhokafalo ya dibuka tsa Bibela e ne e gola le lone lelapa la ntlo-kgolo la gola—ba ne ba le 512 ka 1960, ka 1965 ba nna 678, ka 1970 ba ne ba le 1 228, mme gompieno ba ka nna 2 600.
Gore badiri bano ba nne le borobalo go ne go tlhokafala matlo a mangwe a a oketsegileng. Henschel o ne a tlhalosa ka katoloso ka gore: E ne ya re ka Phalane ka 1960 legae je lesha la matlhatlaganyane a a lesome le bobedi kwa 107 Columbia Heights la kgakolwa. Go ne ga agiwa legae le lengwe gape le lesha kwa 119 Columbia Heights mme ya re ka May 2, 1969 la kgakolwa. Mme ka 1975 ga rekwa kago e kgolo ya Towers Hotel, e e neng ya shafadiwa go nna matlo a bonno a lelapa la maloko a a makgolo a a ferang bongwe. Mme kwa Watchtower Farms dikago tse di sha tsa bonno tsa fediwa ka 1968, 1971 le ka 1973.
Henschel o ne a tlhalosa ka dikago le go rekiwa ga difeketiri gore go tle go kgonwe go lepalepana le tlhokafalo e e golang ya dibuka tsa Bibela. Ka 1956 go ne ga agiwa kago ya matlhatlaganyane a a lesome le boraro kwa 77 Sands Street. Sekgalanyana go kgabaganya mmila (kago e nngwe ya matlhatlaganyane a a lesome) e ne ya rekwa ka 1958. Ka 1968 feketiri e ntšha ya magatisetso e e matlhatlaganyane a a lesome le motso e e tshwaraganeng e ne ya wediwa. Ga mmogo le feketiri e e kwa 117 Adams Street, tseno di kgona go dira dikago tse dikgolo tse nne mo toropong tse di lomagantsweng ka marogo a a kwa godimo. Go tswa foo, ka November 1969, dikago tsa Squibb, tse di sekgalanyana tsa rekwa. Mme, jaaka Henschel a tlhalositse, dikago tseno di kgatlhisa ka mo go kgethegileng mo thulaganyong eno ya kgakolo, e re ka Kago ya Ofisi ya 25 Columbia Heights e le karolo ya dikago-kago tseno.
Fa re ntse re le foo, katoloso e nngwe kwa Watchtower Farms e ne e tsweletse, tse di rekilweng ka 1963. Henschel o ne a tlhalosa ka moo, e rileng ka 1973, feketiri ya ntlha e neng ya wediwa koo. Mme gape ya re ka 1975 feketiri e nngwe ya bobedi e kgolwane thata ya simolola go dira.
Morago ga gore a tlhalose ka ditiragalo tse dingwe tsa botswelelo mo dingwageng tse di masome mararo tse di fetileng, go akareletsa le kopano ya 1958 ya Yankee Stadium—Polo Grounds tse di neng di tlilwe ke batho ba le 253 922, Mokaulengwe Henschel o ne a bitsa Max H. Larson le thulaganyo ya gagwe ya “Go Supa Kago.” Mokaulengwe Larson o ne a supa di-slides di le masome mane, tse di neng di supa go thubiwa ga dikarolo tsa dikago-kago tsa pele tsa Squibb le go agiwa ga kago e ntšha ya diofisi. Baboni ba ne ba bona kafa kago eno e ntšha e neng e kopantswe ka gone le feketiri e e ntseng e le gone e e neng ya shafadiwa go dirwa kago ya diofisi ya segompieno.
Larson o ne a tlhalosa: “Mo bogareng jwa 1978 tiro e ne ya simolola mo kagong ya 25 Columbia Heights go e fetola mo go nneng ya mabolokelo gore e nne kago ya diofisi ya segompieno. Go kgona tiro eno go ne go tlhokafala bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 180 go fitlha go 200.” Fa re le foo, ka September 1979 tiro ya go thuba e go setseng go boletswe ka ga yone e ne ya simologa, mme ya re ka December 1979 kago ya simologa kafa botlhaba jwa 25 Columbia Heights.
Franz O Neela Polelo Ya Kgakolo
Go wetsa thulaganyo e ya maitseboa e e tlhotlheletsang, Mokaulengwe Henschel o ne a bitsa mookamedi wa Watchtower Bible and Tract Society, Fred W. Franz. Mokaulengwe Franz o ne a simolola tiro ya go rera ya nako e e tletseng ka 1914, mme o sale a direla jaaka leloko la lelapa la ntlo-kgolo go tloga ka 1920. Ka jalo o ne a kgona go anela ka thulaganyo e e kgatlhisang se a se itemogetseng ka sebele ka ga kgatelo pele ya phuthego ya ga Jehofa.
Le fa dikago tse di weditsweng bosha kwa 25 Columbia Heights di le di ntle bogolo, Mokaulengwe Franz o gateletse gore ga di a direlwa boikaelelo jwa bogagapa bope. O ne a tlhokomedisa mantswe a Bibela mo go Mareko 7:11-13, mo e umakang monna yo o neng a na le thoto, mme mo boemong jwa go e dirisa go tlotla batsadi ba gagwe, jaaka a ne a tshwanetse go dira, o ne a batla go e dirisa mo dikgatlhegong tsa gagwe tsa bogagapa. Ka jalo a e bitsa “Korebana, ke go re, Se abecwe Modimo.”
Le fa go ntse jalo, Mokaulengwe Franz o ne a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo diofising tse disha tseno tse re di neelang Jehofa ga ba nna jalo. Mo boemong jwa seo, ba dirisa didirisiwa tse disha tseno go neela Jehofa Modimo gotlhe mo ba ka go kgonang. Ba dira ka natla, gore ba seka ba ikgotsofatsa ka tsela ya bogagapa ka go bo ba le mo dikagong tseno tse di ntle-ntle, fa e se gore tiro e dirwe ka botlalo le ka tsela e e botoka.”
Go sa kgathalesege bontle, le go nonofa ga dikago tseno tse disha, Mokaulengwe Franz o ne a tlhalosa gore re tlhoka tshireletso ya ga Jehofa, fela jaaka Bibela e bolela mo go Pesalema 127:1: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” Go ntse jalo le ka dikago tseno, Franz o ne a tlhalosa, fa Jehofa a sa di sireletse le go segofatsa tiro ya rona mo go tsone re direla lefela la lefela. Legale ditso tsa batho ba Modimo go kgabaganya dingwaga, a bolela, di supa gore Jehofa o segofatsa le go sireletsa batho ba gagwe.
E rile a wetsa polelo ya gagwe, Mokaulengwe Franz a tsopola mantswe a ga Kgosi Dafide a a reng: “Me nna ke mañ, le batho ba me ke bomañ, ha e bo ne ne hano re ntsha dilō ka pelo eotlhe, ka mokgwa o o nntseñ yaana? Gonne dilō cotlhe di cwa mo go wèna, me re gu neile mo e leñ ga gago hèla.” (1 Ditihalō 29:14) Ka jalo, ereka Jehofa e le Mong wa sengwe le sengwe mme e bile re bone dithoto tseno mo go ene, Franz o ne a re, seo re se dirang ke go di busetsa go Jehofa ka go di mo neela. Ka gone, e rile a wetsa thulaganyo e e itumedisang bogolo, e e agang semoeng ya letsatsi leo le ya maitseboa ao, o ne a re: “Ke rata go bolela gore jaanong diofisi tse disha tseno di eme jaana di neetswe Jehofa Modimo ka botlalo, le kwantle ga pelaelo.”
Letsatsi Le Le Tletseng la Masego a Semoya
Thulaganyo ya kgakolo ya maitseboa e ne e le fela pheletso, re ka re, e ne e tshwana fela le letswai je le natetshang letsatsi le le kgethegileng la ditiro. Moso o ne wa simolola fela jaaka malatsi otlhe a tiro mo ntlo-kgolong kwa Brooklyn, ka puisano ya temana ya letsatsi ya Bibela e e simololang ka 7 a.m., mme go bo go latela sefitlholo. Mme he, ka 8 a.m., bontsi jwa lelapa—bao ba dirang mo legaeng le mo dikago-kagong tsa feketiri—ba simolola loeto lwa kago ya Diofisi tsa 25 Columbia Heights. Le fa go ntse jalo, bao ba berekang mo meagong ya diofisi, ba ne ba ya ditirong tsa gale tse ba di abetsweng. Go ne ga ntshiwa bukana ya ditsebe tse di masome mabedi ya thulaganyo go supa se se tla bong se dirwa mo letsatsing leo le ka ga loeto. Ba ba neng ba le mo loetong ba ne ba bona eng?
Ka go latela thulaganyo, ba ne ba ralala mola o montle o mosha wa 24 Columbia Heights mme ba fetela kwa Lephateng la Tirelo mo matlhatlaganyaneng one ano a boraro. Mono go nna dipego tsa balebedi ba potologo di le 325 tse di amogelwang ka beke le beke mo didesekeng tse di lesome tsa tirelo. Mo matlhatlaganyaneng a bobedi, baeti ba ne ba bona Lephata la Tshimo le la Pioneer Desk. Go tswa mo desekeng eno, ba ne ba lemotshiwa fa palo ya 5 578 ya babulatsela ba basha ba ne ba tlhophiwa ngogola ka 1981.
E rile ba ya kwa matlhatlaganyaneng a bolesome le bobedi, baeti ba ne ba etela ofisi ya bao ba tlhokomelang tiriso ya tsa madi mo Mokgatlhong. Mo matlhatlaganyaneng a bolesome le motso ba ne ba bona Lephata la Cost Accounting, kwa go kanokiwang teng ditshenyegelo tsa tsamaiso ya Mokgatlho, jaaka go dirwa le go romelwa ga dibuka. Mo matlhatlaganyaneng a bolesome ba ne ba etela Diofisi tsa Khuduthamaga, le ntlwana ya bophuthegelo jwa Setlhopha se se Laolang. Lephata la Art le ne la bonwa mo matlhatlaganyaneng a boroba bongwe, go akarediwa le go supiwa ga methale ya go tshwantsha e e dirisiwang ke ba tiro ya diatla bao ba dirang ditshwantsho mo dikgatisong tsa Mokgatlho.
Ba ne ba ema gape fa matlhatlaganyaneng a boroba bobedi a Lephata la Kwalo ya Dibuka, kwa dimakasine, dibuka le dikgatiso tse dingwe tsa Mokgatlho di kwalwang teng. Mo boemong jwa go dirisa metšhine e e thaepang, bontsi jwa bakwadi ba dirisa ‘dikhomputara’ ka tlhamalalo. Tse di gokelelwa mo segatising seo, fa se dirisiwa se kgonang go thaepa mafoko a le 700 ka motsotso a seo se kwalwang. Mo bogaufing, mo moagong otlhe, go tla nna le megala e le 149 go dirisetswa ditiro tse di farologanyeng tsa ofisi le metšhine e e gatisang e le 20.
Baeti ba ne ba tswelela ba ya kwa matlhatlaganyaneng a bosupa le kwa Lephateng la Photocomposition. Fano ba ile ba bolelelwa ka fa mokwalo o o tswang kwa Lephateng la Kwalo ya Dibuka o rulaganngwang ka teng mo lefelong la thulaganyetso ya ditlhaka go dirwa tsebe ya bofelo ya mokwalo o o batlegang. Go tswa foo, mo Lephateng la Graphics fa gaufi, ba ile ba bona kafa mokwalo o o kwadilweng, le ditshwantsho, di dirwang ka ditsela tse di farologanyeng tsa go dira dinepe go nna filimi. Ka gone he filimi e baakanyediwa go nna jaaka poleiti mme e romelwe kwa feketiring gore go dirwe magatiso a dipoleiti a ‘offset.’ Gape mo matlhatlaganyaneng ano a bosupa lelapa le ne la etela Lephata la Sepanishe le Lephata la Proofreading. Go tswa foo, mo matlhatlaganyaneng a borataro mo lefelong la Data Processing, teng ba bone tsamaiso e kgolo ya ‘dikhomputara’ e e bolokang le go baya sentle boikitsiso jotlhe jo bo tswang mo megaleng yotlhe ya moago wa diofisi.
Le fa go ne go setse go bonwe mo go ntsi, go ne go sa ntse go tla tsaya lobaka pele ga go ka engwa gore go jewe dijo tsa motshegare tse di iphakelwang kwa legaeng ka 11:45 a.m. Go tswa foo baeti ba leba kwa Lephateng la Kwalelelano le Lephata la Tlhokomelo ya Dibuka tsa Madi kwa matlhatlaganyaneng a botlhano. Go tswa foo ba kgabaganya ka borogo (bo ka bonwa mo setshwantshong mo tsebeng ya 9) jo bo tshwaraganyang Kago ya Ofisi ya 25 Columbia Heights le dikago tse di ka kwa ntlheng e nngwe ya mmila. Mo karolong eno ba ne ba etela Ofisi ya Kago, Sekolo sa Gileade, le Lephata le le dirang Dibokoso, le Lephata la Pente le tiriso ya Ditshipi tse di agang, Lephata la Mekgabisa, la Thokaganyo ya Dibuka le la Tlhokomelo ya Didirisiwa.
Bontsi bo ne jwa kgatlhwa ke lefelo la Recording Studios, kwa go gatisiwang metshameko ya dikopano, mmalo wa Bibela le dipina mo theiping. Go tswa foo go ne ga kgatlhisa thata go bona Lephata la Tape Duplication le tsweletse ka tiro ya lone. Go ntshiwa dikhasete tsa ditheipi di le dikete di le lesome le botlhano letsatsi le letsatsi—fa e sale lephata le le tlhongwa ka 1978 go setse go ntshitswe di feta didikadike tse di robang bongwe! Legale go ne go sa ntse go na le ntlwana ya Electronics, Lephata la mokwalo wa Difofu, Ofisi ya Kago, Ofisi ya Ditogamaano, Ofisi ya Dikopano, Lephata la Ditshwantsho, Ofisi ya Lephata la Badiri, Lephata la Karatšhe le la Thomelo ya Dibuka tse ba neng ba tshwanetse go di bona pele ga ba ya dijong tsa motshegare.
A loeto lo lo tletseng, lo lo jesang monate la dioura tse tharo le sephatlo! Gore tota phuthego ya ga Jehofa e gatela pele go ile ga bonwa ke botlhe. Morago ga go ja, lelapa le na la emelela go etela dikagokago tsa feketiri. Badiri ba feketiri ba ne ba theogetse mo dikabelong tsa bone tsa tiro ka 12:30 p.m. go supegetsa maloko a mangwe a lelapa tiriso ya didirisiwa tse di dirisiwang go gatisa le go rokaganya dibuka tsa Bibela. Se se ileng sa kgatlha bogolo ke metšhine ya ‘offset’ e mesha e megolo e e gatisang dibuka—e le metlhano e ne e le gone ka nako ya loeto, e mengwe e meraro e tshwanetse go goroga monongwaga. O mogolo go feta, o o gatisang Bibela, o boleele jwa difiti di le 109 (dimitara di le 33)!
Morago ga loeto Iwa dioura tse tharo tsa feketiri, lelapa le ne la boela gae, le lapile mme le itumetse ka masego a a bonalang a ga Jehofa mo katolosong. Ka 4 p.m. botlhe ba phuthegela kwa mafelong a bone a gale kwa matlong a bojelo a marataro go ipelela dijo tse di kgethegileng. Go tswa foo, morago ga go huba maoto, botlhe ba ne ba ipelela thulaganyo ya kgakolo e e kgothatsang thata.
Go Tshegetsa Phuthego e e Tswelelang ya ga Jehofa
Mo dinageng tse dingwe ka bontsi, batho ba ga Jehofa ba itemogela moya o o tshwanang wa boipelo le matlhagatlhaga jaaka ba bona bosupi jwa gore Jehofa o segofatsa maiteko a bone go godisa didirisiwa tsa bone go phatlalatsa mafoko a a molemo a bogosi jwa gagwe. Mo dinageng ka go tlhomagana dikago tse disha tsa makala di sa tswa go wediwa kana di santse di ntse di agiwa.
Ee, kago e yotlhe le katoloso mo lefatsheng ka bophara di tlhoka madi. Le fa Basupi ba ga Jehofa le ka motlha ba ise ba ko ba ntshe dikwalo go kopa meneelo, bao ba kgatlhegelang go ka thusa ka madi go atolosa dikgatlhego tsa bogosi jwa ga Jehofa ba ka dira jalo ka go romela meneelo kwa ofising ya Lekala la Watch Tower Society e e mo nageng ya gagabo. Mo United States meneelo e e ntseng jalo e ka romelwa kwa Watch Tower Society, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201. Meneelo e e ntseng jalo e a amogelwa ka boitumelo jo bogolo e le ruri.
Batho ba ga Jehofa ba na le thomo e e papametseng ya go rera mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo mo lefatsheng jotlhe je le agilweng pele ga bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14) Ga re itse gore ke bokgakaleng jo bo kae, jo Modimo o batlang gore tiro ya gagwe e bo fitlhelele. Mme o ka nna le tsholofelo ya gore, go sa kgathalesege se isagwe e tla se tlisang, phuthego ya ga Jehofa e tla gatela pele e dira se A se laolelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Matlhatlaganyane a pele a Squibb a jaanong e leng e Basupi ba ga Jehofa. Diofisi tsa Kago ya 25 Columbia Heights di mo mojeng
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Legae la 124 Columbia Heights ka 1950
Feketiri ya 117 Adams Street ka 1950
[Ditshwantsho mo go tsebe 11]
107 Columbia Heights
Kago ya “Towers”
119 Columbia Heights
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Matlhatlaganyane a feketiri a dikago tse nne tse dikgolo mo Brooklyn
Watchtower Farms le difeketiri tsa magatisetso le dikago tse go nniwang mo go tsone
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fred Franz a neela puo ya kgakolo