LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/1 ts. 16-22
  • O Kaela Botshelo jwa Gago Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Kaela Botshelo jwa Gago Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Segakolodi Sa Gago—Ke Eng?
  • Dipono Tse Di Feteletseng
  • Kaelo ya Modimo E E Lekalekaneng, E E Thusang
  • Bakeresete Ga Se ba ba Senang Molao
  • O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Solegelwa-Molemo Ke Segakolodi Se O Se Filweng Ke Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A o Ikanya Segakolodi sa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/1 ts. 16-22

O Kaela Botshelo jwa Gago Jang?

“Go segō bōnè ba ba itekanetseñ mo tseleñ, ba sepela mo molaoñ oa ga Yehofa.”—Pesalema 119:1.

1. Ditiragalo di supa gore se se botlhokwa mo boitumelong ke eng?

‘GO TLHOKANG go nna le botshelo jo bo itumetseng?’ Batho ba bantsi ba ka arabela ka go umaka dilo tse di bonalang, jaaka dijo, diaparo le fa ba ka nnang teng, kana boitloso-bodutu bongwe le menate. Le fa go le jalo ditiragalo di supa gore mo go botlhokwa bogolo mo boitumelong jwa gago ke pono ya gago ka botshelo le tsela ya gago ya botshelo. Jaaka o dirisana le mohiri wa gago, balekane ba gago le lelapa—a o tla bua boammaaruri? a o tla tsaya se e seng sa gago? a o tla kopanela mo tirong kana boitloso-bodutung jo bo belaetsang?

2. Batho ba bangwe ba kaela matshelo a bone jang, mme se se gogela mo dipotsong dife?

2 Mo go direng diphetso mo dipotsong tseno, bangwe ba batla ditaolo tse di gagametseng ekane ba di itse kana ba batla go batlisisa ka tsone fa go tlhokafala. Ba bangwe ba dira se ba “ikutlwang” gore se siame go ya ka segakolodi sa bone. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa sekamela go botsa, Ereka Bibela e na le mo go ntsi go go bolela ka ga “segakolodi,” ke eng sone? Se bereka jang? A se na le karolo e e botlhokwa-tlhokwa mo go direng ga rona diphetso le go boneng boitumelo? Re ka kgona jang go bolela, jaaka moaposetoloi Paulo: “Ke nntse ka nna ka tshela ka pelo e e molemō ha pele ga Modimo, nakō e sa nntse e le eno?”—Ditiho 23:1.

Segakolodi Sa Gago—Ke Eng?

3, 4. “Segakolodi” ke eng, ke mang yo o nang le sone?

3 Batho ka bontsi ba akanya fa segakolodi e le boikutlo jwa kakaretso ya go lemoga se se molemo le se se bosula. Le fa go le jalo, re na le motswedi o o tlhamaletseng wa boikitsiso ka ga sone—Lefoko la Modimo. Bibela e re thusa gore re lemoge gore segakolodi ke mosupi yo o kafa teng. Ke ka gone Paulo a rileng: “Segakolodi sa me se shupa yaka nna mo Moeeñ o o Boitshèpō.” (Baroma 9:1) O ne a dirisa lefoko la Segerika la syneiʹdesis, le le rayang, ka sebele, moitsi-kawena. Ka jalo segakolodi ke nonofo ya go iteba le go ikatlhola ka bowena, go ntsha bosupi ka ga gago.

4 Segakolodi ga se fela tlhabologo ya loago, ka go bo Bibela e bontsha gore Modimo o ne a se tsenya mo bathong ba babedi ba ntlha. (Genesise 3:7, 8) E rile a tlhalosa ka go ikarabelela ga Bajuda le Baditšhaba, Paulo a kwala: “Gonne e re ha Badichaba ba ba senañ molaō ka tèmalō ea tlhōlègō, bōnè bauō, ereka ba sena molaō, go bo go le molaō bōnè ka bosi; Ka ba shupa tihō ea molaō o o kwadilweñ mo dipeduñ tsa bōnè; segakolodi sa bōnè le shōna se shupa naō, le megopolō ea bōnè mo teñ ga bōnè e ba nee molato, kgotsa e ba golole.” (Baroma 2:14, 15) Ee, le eleng batho ba ba senang molao o o kwadilweng wa Modimo ba ile ba leba dilo tse di tshwanang jaaka go bolaya, go utswa le manyalo a losika gore di phoso. Re ka bona gape go tswa ditemaneng tse gore segakolodi ke modiri mmogo le pelo le tlhaloganyo (“megopolō”).

5. Ke tsela nngwe efe e segakolodi sa gago se dirang ka yone?

5 Tiro ya segakolodi eo re tlwaelaneng nayo thata ke katlholo e se e ntshang ‘morago ga tiragalo,’ morago ga tiro e e phoso. Fa re fetsa ka gore re dirile phoso kana ka fa go sa tshwanelang, segakolodi sa rona se re baya molato le go re atlhola. (Bapisa 2 Samuele 24:10; 1 Yohane 3:20.) Fa re arabela mo go sone, boemo jo jwa segakolodi bo ka re suteletsa le go re thusa go tila go boelela phoso gape. Se ka nna sa dira gore re ikotlhae, go ikopa maitshwarelo kana fa re kgona re leke go baakanya phoso.—Pesalema 32:3, 5; Mathaio 5:23, 24; Luke 19:1-8.

6. Ke jang gape segakolodi sa gago se berekang?

6 Segakolodi sa rona se ka dira ka tsela e nngwe. Le fa bangwe ba re segakolodi se se molemo ke se se didimetseng, fa re lebane le phetso kana bothata, segakolodi sa rona se tshwanetse gore se bue le gore kgotla go dira se se siameng. Re bona sekao se se molemo ka Josefe fa a ne a gana dithaelo tsa mosadi wa ga Potifere. Le fa Modimo o ne o ise o kwale molao o o thibelang boaka, segakolodi sa ga Josefe se ne sa mo tlhotlheletsa go gana boitsholo jo bo maswe. (Genesise 39:1-9) Fa e le gore, pele ga re ka tsaya kgato, re ka reetsa segakolodi sa rona, re ka nna ra tila go nna le segakolodi se se tlaletsweng se se tshwenyegileng.

7. Re eletsa go tlhomamisang mo thutong eno?

7 Potso e a sala: Segakolodi se tshwanetse go nna le tlhotlheletso e e kanakang? A o dumela gore bontsi jwa dikgang tsa boitshwaro le tsa botho di tshwanetse go direlwa diphetso mo motheong wa segakolodi? Kana go tlhokafala ditaolo? Re tlhoka go itse. Gape, a go na le diphatsa tse go tlhokafalang gore re di tlhokomele? Lefoko la Modimo le supang, le le tlhalosang gore “lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō”?—2 Timotheo 3:16.

Dipono Tse Di Feteletseng

8. Ke diphetelelo dife tse pedi tse go ileng ga lebiwa boitsholo go tswa go tsone?

8 Thulano magareng a ditaolo le segakolodi e tswa goo-lowe. Mo setlhogong “Casuistry” buka ya Encyclopaedia Britannica (kgatiso ya bo-11) e tlhalosa gore boitsholo “ka dinako tse dingwe bo ile jwa lebiwa e le molao wa ka fa ntle, ka dinako tse dingwe jaaka boikutlo jwa mo teng. . . . Badumedi ba molao ba beile ikanyo ya bone mo taolong kana kakanyo; fa ba ba dumelang mo boikutlong bone bogolo ba leba mo dinonofong tsa tlholego—segakolodi, tlhaloganyo kana maikutlo.” Diphetelelo mo maemong ano ka bobedi di ne di le teng ka nako ya ga Jesu le baaposetoloi fa ba le mo lefatsheng. Re ka anaanela ga botoka tekatekano e e thusang ya Bibela le botlhale jwa bomodimo ka go elatlhoko seemo ka nako eo.

9, 10. (a) Bafarasai ba ne ba bontsha jang boemo jo bongwe jo bo feteletseng? (b) Ka mo go fapaaneng, ke boemo bofe jo bo neng bo tlwaelegile gareng ga Bagerika le Baroma?

9 Bafarasai ba Bajuda ka matlhagatlhaga ba ne ba buelela ditaolo. Ba sa kgotsofalele molao wa ga Moshe, ba ne ba dira ditaolo tse dintsi kana “dipolèlō tsa batho hèla” tse di dirileng melao ya Modimo lehela. Kwa ntle fela ga go dira ditaolo tse di neng di potile ka kwa se Modimo o neng o se tlhoka, pono ya bone ya peo-molao e ne ya ba kgothaletsa go leba gore tshiamo e ka tla fela ka go itse le go boloka melao e ya batho.—Mathaio 15:1-20; 23:1-5; Luke 18:9-12.

10 “Mo letlhakoreng le lengwe go ne go eme Gerika wa bogologolo,” go akgela jalo moithuti Samuel H. Butcher. “Gareng ga Bagerika . . . go ne go sena tsamaiso epe ya thuto ya motheo le go boloka, go ne go sena mekwalo ya ditaolo tse di okametseng ka boitsholo, e e kileng ya kwalwa ka mmannete. . . . Ditaolo tse di sa farologaneng di ne di ketefatsa kgato.” Fa e le ka ga Baroma, Encyclopaedia Britannica e re: “Cicero le Seneca ba ne ba tsaya tlhaloganyo jaaka mokaedi wa bone. Ba ne ba atlhola bothata bongwe le bongwe go ya ka maemo a jone, ba lebeletse thata moya go na le lokwalo.” Botlhale jo jwa Segerika le jwa Seroma bo ne bo tlwaelegile thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga. A bo ne bo tla ikuela mo Bakereseteng? Paulo o ne a kwala: “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana yo e leñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ . . . le kaha ditlhakeñ tsa kicō ea lehatshe, me e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8; Ditiho 17:18-21.

11. Ke jang diphetelelo tse pedi tseno di ileng tsa supega morago mo ditiragalong?

11 Mo makgolong a dingwaga a a latelang, le gone, go ne go ntse go na le babueledi ba diphetelelo tsa matlhakore a mabedi, le eleng gareng ga batho ba ba bidiwang Bakeresete. Ba-Jesuits ba ne ba itsiwe ka go otlelela boitsholo jo bo theilweng mo melaong e e senang palo ya Kereke. Morago ga Phetogo, Boganetsa-Bokatoliki bo ne jwa gatelela bothoka-bongwe le segakolodi, tse di gogetseng mo ponong ya bosheng e e itsiweng jaaka “maemo a boitsholo,” e e tumisitsweng ke Dr. Joseph Fletcher wa kereke ya Episcopal. The National Observer e a bega: “Dr. Fletcher o ntsheditse kwa ntle kgang-kgolo ya maikutlo a a farologaneng ka ga kgololesego le boikarabelo jwa motho-ka-mongwe, e ikaegile ka lorato lwa bokaulengwe lwa boitsholo, leo o boletseng gore lo tla golola batho ba segompieno mo melaong le mo ditaolong, tse di gagametseng tsa bogologolo tse di tshwanang le ‘Melao e e Some.’ . . . Lorato e le lone fela mokaedi, he, go senya dimpa, go kopanela dikobo pele ga lenyalo, tlhalo, . . . le diphoso tse dingwe tse di tlwaelegileng di a amogelesega ka fa boitsholong go ya ka Dr. Fletcher mo maemong mangwe.”

12. Ke kotsi efe e re lebaneng nayo e re tshwanetseng go e tila?

12 Ka mo go utlwalang, batho ba sekamela mo diphetelelong—ba ka ne ba kaelwa ke ditaolo kana segakolodi. Bangwe ba ba bonang bokoa jwa phetelelo e nngwe ba fetela thata ka ko phetelelong e nngwe fela jaaka seakgaakgegane se se ubulegang go tswa kwa godimo thata kafa mojeng se ya ka ko molemeng thata. Ka sekai, ka nako ya “Middle Ages” seakgaakgegane se ne sa ubulega go tswa go Ba-Jesuits ba boikutlo jwa mogopolo wa ditaolo go tla mo kotlelelong ya kgololesego le segakolodi ya Ba-Diphetogo. Gape, o ka bo o itse ka batsadi ba ba neng ba gagametse ka mo go feteletseng mo go godiseng bana ba bone. Mme fa bana bano ba gola, ba bo ba ipusolosetsa ka go fetelela thata letlhakoreng le lengwe je le fapaaneng, ka go letlelela bana ba bone go itirela boithatelo kana sengwe le sengwe se ba se ratang, ka matswela a a hutsafatsang. Re ka bona boammaaruri jwa Bibela fa e akgela e re: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23.

Kaelo ya Modimo E E Lekalekaneng, E E Thusang

13. Ke thuso efe e Bibela e re neelang yone ka boitsholo le ka segakolodi?

13 Jehofa o baakanyeditse Bakeresete thuso e e lekalekaneng mo Dikwalong gore re tle re kgone go tila: (1) go otlelela ka se-molao ditaolo ka mo go feteletseng, mo go ka gogelang mo ponong e e gagametseng go sekae ya botshelo le kobamelo, kana (2) go gatelela kgololesego ya segakolodi ka mo go feteletseng, se se gogetseng bangwe mo dikakanyong tsa batho tseo di ba fang le seipato sa go dira phoso. Go gopa tekatekano ya Lefoko la Modimo le go solegelwa molemo ke kaelo ya lone, re tlhoka boikutlo jwa ga Dafide: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; u nthutè ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè; gonne ke wèna Modimo oa polokō ea me.”—Pesalema 25:4, 5.

14, 15. Re ka ithutang mo Dikwalong tsa Segereika tsa Bokeresete ka pono ya Bajuda ya Molao le ya Modimo?

14 Bibela e senola go sa amogeleng ga ga Jesu megopolo ya bakwadi le Bafarisai e e neng e sekametse mo ditaolong. Bajuda ba sekae ba ba neng ba sa rate go dirisa nonofo ya bone e ba e filweng ke Modimo ya go akanya ba ka ne ba ile ba rata ditaelo tsa gore ba ka tlhapa mabogo go ema fa kae, ‘tiro’ ke eng ka sabata,a ke dijalo dife tse di tshwanetsweng ke go ntshiwa ditsabosome, jalo le jalo. Katamelo e e ntseng jalo e ne ya felela ka gore go nne le ditaolo tse di imelang, tse go neng go tlhokafala gore di tlhalosiwe goyagoile le go faposa tlhokomelo mo moyeng le mo boketeng jwa boleng jwa Dikwalo. Jesu o ne a bolelela baeteledi pele ba bodumedi a re: “Lo tlo lo kgèthe sa boshomè sa ditlhatshana tsa menta, le anise, le kumina, me lo tlogetse dilō tsa molaō tse di boima bogolo di sa dihwa, eboñ tshiamishō, le kutlwèlō botlhoko, le boikañō.”—Mathaio 23:23; Mareko 7:3, 4.

15 Molao wa ga Moshe o ne o tlatseletsa bomoyeng, boitsholong le boitekanelong jwa Bajuda, gape o ba supegetsa gore ba tlhoka Mesia jaaka e le baleofi. (Bagalatia 3:19, 23-25; Baroma 7:7-14) Ka go bo e ne e le boemo jwa boitekanelo, go ne go sena Moiseraele ope yo o neng a ka re o o boloka kwantle ga go tlhoka molato mme ka gone a nne ka segakolodi se phepa. (Bahebera 9:9, 10) Ka jalo, le fa molao ono e ne e le wa bomodimo, fa fela boikaelelo jwa Modimo ka ga one bo ne bo fedile, o ne wa tlosiwa mo tseleng. He, mo boemong jwa go dirisana le batho ba Leina la one mo motheong wa molao o o kwadilweng, Modimo o ne o tla ‘tsenya melao ya gagwe mo megopolong le mo dipelong tsa bone.’—Yeremia 31:33; Bahebera 10:16; 2 Bakorintha 3:5-11.

16. Ke thuto efe e e neelwang fano ka (a) batho ba ba ikgagamaleditseng ditaolo, le ka (b) rona le pono ya rona ka ditaolo?

16 Ka go gakologelwa seno, batho bao gompieno ba okamelang kana ba ba tshwaraganyang ditiro tsa ba bangwe ba tshwanetse go tlhokomela gore ba se rwese ba bangwe morwalo ka melao e e sa tlhokafaleng ya batho. Tshekamelo ya go dira jalo e ka nna kgolo go bao ba ikgagamaleditseng dilo thata kana ba ba ditaolo di thata mme ka gone ba ikutlwang gore ba bangwe ba tshwanetse gore ba lebe dilo jaaka ba di leba. Le fa go ntse jalo, Paulo, o ne a kwalela Bakeresete a re: “Me e be e se, go re, re na le borèna mo tumeloñ ea lona, me re bakokotletsi ba boitumèlō yoa lona: gonne lo eme ka tumèlō.” (2 Bakorintha 1:24) Se se amanang le seno, Bakeresete ka kakaretso ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le go batla mongwe yo o nang le thata go dira ditaolo mo kgannyeng nngwe le nngwe. Mo boemong, re tshwanetse, go gola ka kitso ya seo Lefoko la Modimo le se bolelang gore re tle re kgone go rutuntsha digakolodi tsa rona le dinonofo tsa go akanya.—Bahebera 5:14.

17. Ke kgatlhanong le pono efe gape e e fosagetseng e re tshwanetseng go e tila?

17 Kotsi e nngwe, legale, ke go fetelela kwa letlhakoreng le lengwe le le fapaaneng, go ikutlwa gore Mokeresete mongwe le mongwe o gololesegile go dira sengwe le sengwe se segakolodi sa gagwe se mo letlang go se dira. Bangwe mo bosheng jaana ba ne ba tsosa kgang ka ga se, ba re “Bokeresete ga se bodumedi jwa ditaolo” mme ba lebisa go dintlha tse di tshwanang jaaka tse: “Gonne lona, ba ga echo, lo biledicwe kgololesègō; me lo se ka loa hetola kgololesègō ea lona sebaka sa nama go itihèla; me lo nnè batlhanka, moñwe oa eo moñwe, mo loratoñ. Gonne molaō otlhe o dihadiwa mo lehokuñ le le leñwe hèla, eboñ mo go ye, go re, U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Bagalatia 5:13, 14) Go boammaaruri gore Bakeresete ga ba ka fa tlase ga molao wa ga Moshe kana melao mengwe e e atlabetseng ya bomodimo. Le fa go le jalo re tshwanetse go itlhokomela ‘gore opè a se ka a re hora ka bohatshwa jwa puo (“puo e e gogelang e e borethe le puo e e bohelepa,” Amplified Bible),’ ka go bo tlhatlhobiso ya boammaaruri ya Bibela e supa gore e baakanyetsa ka melao mengwe kana ditaolo go rona.—Bakolosa 2:4.

Bakeresete Ga Se ba ba Senang Molao

18, 19. Bakeresete ba eme fa kae mabapi le melao le ditaolo tsa Bibela?

18 Paulo o ne a kwalela Bakorintha gore monna yo o molato wa boaka o ne a tshwanetse go lelekwa. O ne a tswelela ka gore baobamedi ba medimo ya disetwa, bagokahadi, basodoma, magodu, baikgagapeledi, matagwa, bakgadi le ba ba bohula “ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 5:1, 6, 7, 11-13; 6:9-11) Re bala gape gore Bakeresete ba tshwanetse ‘go ithiba mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng le mo boakeng’ le gore ba go tweng bakaulengwe mme e le ba ba godisang dithuto tsa maaka ba tshwanetse go ganwa. (Ditiho 15:28, 29; Tito 3:10; 2 Yohane 9-11) Ka mo go papametseng, melao e a kopanyelediwa fano. Modiri wa dibe tse di ntseng jalo ga a ka ke a nna Mokeresete wa boammaaruri. Mme fa e le gore motlhanka wa Modimo o ka tswelela ka go sa ikotlhae a dira dibe tseno, o tshwanetse go kgaolwa.

19 Re bona gape ditaolo tsa Bibela ka ga dikgang tse di leng melato e e sa kgaolelweng. Ka sekai, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba iseng ba nyale gore ba nyale “mo Moreneñ hèla,” mme a laela gape a re “ha moñwe a gana go diha, le gōna a se ka a ya.” (1 Bakorintha 7:39; 2 Bathesalonia 3:10) Mongwe a ka nna a akanya a re, ‘E reka Ke se ka ke ka lelekwa ka go tlola kgakololo eo, se e tshwanetse ya bo e se ditaolo tse di masisi.’ A go akanya mo go seng botlhale! Modimo o leba ditaolo tseno di le masisi. A Paulo ga a ka a bolelela Bathesalonia go ‘ela tlhoko’ le go “se nne bokopanō” le batho ba ba ditshwakga ba ka bomo ba tlolang taolo ya gore ba dire?—2 Bathesalonia 3:14, 15.b

20, 21. Re ka ithutang ka dikaelo tsa phuthego, mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka tsone?’

20 Ditaolo dingwe di molemong wa phuthego ka mo go tlhamaletseng. Ka motlhala, mo dinakong tse di fetileng Bakeresete bangwe ba ne ba ka bua ka diteme. Paulo o ne a kaela gore ka nako e e rileng go bue fela ba le ba bedi kana ba le bararo, mme ba fane sebaka, le gore go nne le moranodi—ditaolo tse di neng di godisa kagiso le thulaganyo. (1 Bakorintha 14:26-33) Ka mo go tshwanang, bagolwane ba phuthego gompieno ba ka nna ba ntsha ditaolo tsa gore go se engwe fa dikgorong tsa Holo ya Bogosi, le go sa ipolokele ditulo ka mo go sa tlhokafaleng, kana go paka dikoloi ka go akanyetsa baagelani le pabalelo. Ditaolo tseno tsa phuthego ga se tse di seng kafa dikwalong ka go bo di na le boikaelelo bo le bongwe (kagiso le thulaganyo e ntle) fela jaaka kgakololo ya ga Paulo ka ga diteme. Se se tshwanang le seno ke kgakololo ya Bibela: “Utlwañ ba ba lo laolañ.” (Bahebera 13:17) E reka go tila ga rona dibe tse di ntseng jaaka go bua maaka kana go utswa go kopanyeletsa go utlwa Modimo, temana eno e tshwanetse ya bo e lebisitse go utlwa ga rona kaelo ya bagolwane ka ga dikgang tsa phuthego. Nyaa le fa e le gore go bokete fa e le gore ga ba go dire ka tlhomo ya melao leha e le ka go “rena mo go ba lo ba chwaecweñ.”—1 Petere 5:3.

21 ‘Ditaolo’ tse dingwe kana ditsela tsa go dira dilo di solegela letsomane lotlhe molemo lefatshe ka bophara. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba kopiwa gore ba tsise dipego tsa bone tsa go neela bosupi. (Bapisa Ditiho 2:41, 42; 8:14) Motho yo o akgegelang kwa phetelelong ya kgololesego ya botho o ka nna a se dumalane le thulaganyo e. Le fa go le jalo akanya ka molemo o o dirilweng ka ntlha ya go bo ba ba okametseng letsomane ba ile ba kgona go bona mo dipegong gore bosupi jwa bogosi bo neilwe go ya bokgakaleng bofe, kwa go tlhokafalang thuso gone, le gore ke leng barutwa ba basha ba ka tlhongwang go nna phuthego gone. A ga re a ka ra ipelela go bala ka ga pego ya lefatshe lotlhe? (Esekiele 9:11; Mareko 6:30; Ditiho 14:21-23; 15:3; 19:1-6) Ka go ikanya gore Modimo o kaela batho ba gagwe, re ka bontsha moya wa kemo-nokeng le tshwaragano.

22. Ke ka ntlhayang re tshwanetse go tswelela re ithuta ka kgang ya segakolodi?

22 Go pota ka kwa melao kana ditaolo tse di tlhamaletseng, Dikwalo di na le melao-metheo e e thusang e Bakeresete ba ba botlhale ba ka e dirisang e le gore ba nne “ba ba itekanetseñ mo tseleñ.” (Pesalema 119:1) Melao-metheo e botlhokwa segolo go thusa go dumalanya segakolodi sa rona le go akanya ga Modimo. Mme seo se rayang ‘mo dikgannyeng tsa segakolodi’? Bangwe ba ne ba nna le boikutlo jwa gore, ‘Fa e le sengwe se se ikaegileng ka segakolodi sa me, seo ke se dirang ke kgang ya botho ka mo go feletseng.’ A re tlhatlhobeng kgang mo setlhogong se se latelang le go ithutela pele gore ke jang re ka rutuntshang segakolodi sa rona go iponela molemo o mogolo mo go sone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona “Dipotso tse di Tswang Go Babadi” mo tsebeng ya 30.

b Bona The Watchtower ya September 1, 1981, ditsebe 20, 21; March 15, 1982, tsebe 31.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Segakolodi sa gago ke eng, mme se ka go thusa ka ditsela dife?

◻ Ke diphetelelo dife tse pedi ka ga boitsholo tse di nnileng teng?

◻ Bibela e re thusa jang go nna le pono e e siameng ka ga kaelo ya boitsholo?

◻ Re tlhoka go nna le pono efe ya Dikwalo ka ga melao kana ditaolo?

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Batho bao ba ba taolo e thata mo go bone ba tshwanetse go tila tshekamelo ya go dira le go tlhomela ba bangwe ditaolo tse dintsi

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Bangwe ba ile ba itsietsa ka go ikutlwa gore Mokeresete o gololesegile go dira sengwe le sengwe se segakolodi sa gagwe se se letlelelang

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mo dikgannyeng tsa boitsholo, batho gantsi ba ne ba fetelela go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe

TSHWANELO MAIKUTLO SEGAKOLODI

MELAO DITAOLO TAOLO

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela