Re Ka ‘ltshoka goya Bokhutlong’
“Yo o itshokang ka bopelotelele go ya bokhutlong, o tla bolokwa.”—MATHAIO 24:13, “THE EMPHATIC DIAGLOTT”.
1. (a) Go rona jaaka batho ka bongwe, “bokhutlō” jo bo umakilweng ke Jesu e ka nna eng, jaaka go begilwe go Mathaio 24:13? (b) Ke eng se se tlhokafalelang poloko?
JESU KERESETE, mo boperofeting jo bogolo mabapi le “go tla” ga gagwe, o ne a dira tlhaloso eno e tlhotlheletsang tsholofelo: “Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:3, 13) Go rona jaaka batho ka bongwe, “bokhutlō” e ka nna ya nna “bokhutlō yoa lehatshe” kana loso lwa rona, gongwe morago ga teko ya lobaka lo loleele e e bokete. Lefa go le jalo, go bona poloko mo bofelong, go itshoka ka boikanyegi go botlhokwa-tlhokwa.—1 Petere 1:8, 9.
2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore lefa re sa itekanela, re ka bona poloko? (b) Re tla akanyetsa eng jaanong?
2 Jesu o ne a baakanyetsa ka sekao se se itekanetseng sa go itshoka. (Bahebera 12:1-3) Mme jaaka batho ba ba sa itekanelang re ka ikanyega go Modimo go sa kgathalege pogo e e mahehe le pogiso ‘ka ntlha ya tshiamo.’ (Mathaio 5:10) Ee, ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa re ka bona poloko go ya botshelong jo bo sa khutleng ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete.—Yohane 3:16; 1 Yohane 2:1, 2.
3 Moaposetoloi Paulo, lefa e ne e le motho yo o sa itekanelang, o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa go itshoka go ya polokong. Ka go akanyetsa karolo ya boiphemelo jwa gagwe jo bo begilweng go 2 Bakorintha 11:23-27, re ithutile gore ka ditiro le ka dipogo o ne a ‘tlhomologile bogolo’ jaaka ‘modihedi wa ga Keresete’ go feta “baaposetoloi ba bagolo” ba kwa Korintha. Jaaka re tla bona, o ne gape a ba feta jaaka ‘modihedi wa ga Keresete’ mo maetong, mo dikotsing le ka mathata a a farologaneng.
Maeto a a Bodiphatsa go Tsweledisa Mafoko a a Molemo
4. Ke maeto a mofuta ofe a moaposetoloi Paulo a neng a lebisitse go one fa a ne a re “ke le mo diketoñ gantsi”?
4 Ke nntse ke le mo diketoñ gantsi: Paulo o ne a eta gantsi-ntsi go bolela mafoko a a molemo, a feta kgakala-kgakala baganetsi ba gagwe kwa Korintha mo ntlheng eno. (2Co 11 Ditemana 23, 26) Tota, o ne a lebane le dikotsi tse di neng di tlwaelegile go batsamai mo lefatsheng la Roma. Mme maeto a gagwe a ne a ya kgakala le go lapisa tota. Maeto a gagwe a ne a mo isa mo metseng e e jaaka Antioka wa Pisidia, Ikonio, Lusetera, Derebe, Filipi, Thesalonika, Berea, Athena le Korintha.—Ditihō 13:14–14:26; 16:11–18:17.
5. Ke eng se se dirileng gore maeto a ga Paulo a nne boima le go nna diphatsa, mme o ne a ka itshokela maeto a a bokete a a ntseng jalo jang?
5 Maeto a moaposetoloi a ne a le bokete thata a bile a le kotsi ka go bo a ne a ‘ilwa ke batho ka ntlha ya leina la ga Keresete.’ (Mathaio 10:22) Lefa go ntse jalo, Jehofa o neile Paulo nonofo le kgothalo tse di tlhokafalang mo maetong a gagwe a a bokete. (Isaia 40:28-31) Eleruri, Jaaka modihedi yo o senatla, moaposetoloi o ne a tlhomela basupi ba segompieno ba ga Jehofa sekao se se molemo go godisa dikgatlhego tsa Bogosi.—Mathaio 6:33.
Go Itshokela Dikotsi tse Dintsí ka Boikanyegi
6. Ke go nna mo kotsing gofe “mo dinokeng” mo moaposetoloi a ka neng a ne a lebisitse go gone?
6 Ka nna mo poitshegong mo dinokeng (Temana 26, NW): Ereka go ne go na le marogo a se makae, eleruri, botshelo jwa ga Paulo bo tshwanetse gantsi jwa bo bo ile jwa nna mo kotsing ya fa a ne a leka go tshela dinoka tse di penologang. Ka sekai, ka nako ya loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa le go boa ga gagwe, o ne a feta ka Pisidia, koo dinoka tse di phothoselang mo dithabeng di neng tsa nna matshosetsi a magolo. (Ditihō 13:13, 14; 14:21, 24) Go itshoka ga ga Paulo tlase ga maemo a a ntseng jalo Basupi ba ga Jehofa—bogolo jang barongwa le badihedi ba bangwe ba ba kwa dikgaolong tse di kwa thoko—ba ka iponela kgomotso.
7. (a) Ke go nna mo kosting “mo dinokwaneñ” gofe mo Paulo a ka neng a ne a thalana le gone? (b) Basupi ja ba ka ithokela dikotsi tse di tshwanang jang gompioeno?
7 Ka nna mo poitshegoñ ea dinokwane: Setshwantsho sa ga Jesu ka Mosamaria yo o molemo se bontsha gore motsamai wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a ka “wèla mo dinokwaneñ; me tsa mo rutla diaparō, tsa mo itaea, tsa tsamaea tsa mo tlogèla a le gauhi le go shwa.” (Luke 10:25-37) Dikebekwa di ne di le dintsi mo dikgaolong tse dintsi tse Paulo a neng a feta ka tsone. Ka motlhala, fa ene le Barenabase ba ne ba etela kwa bokone go tswa kwa Perega go ya Antioka wa Pisidia, ba ne ba feta mo mokgatšheng wa dithaba o o neng o tletse dikebekwa. (Ditihō 13:13, 14) Dinokwane tse di ntseng jalo tse di kotsi di ne di lalela ba ba neng ba feta mo dikgweng mme kwantle go tikatiko di ba tlhasele. Go bonala fa Paulo ka boene, a ne a tlhaselwa ke dinokwane. Basupi ba segompieno ba ga Jehofa ba ka lebana le dikotsi tse di tshwanang mme ba tlhoka go nna podi-matseba. Lefa go ntse jalo, fela jaaka moaposetoloi, ba ka itshoka ka boikanyegi, kwantle go go ineela mo poifong mme ba nna le tsholofelo gore Jehofa o tla ba sireletsa.—Bapisa Pesalema 56:4.
8. Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba gagabo ba ne ba tlhoile Paulo le eleng go batla go mmolaya?
8 Le mo poitshegoñ ea ba ga echo: Paulo o ne a rera ka Mesia yo o bapotsweng le go tsosiwa, yo o neng a ganwa ke batho ba gagabo ka kakaretso. (1 Bakorintha 1:22-24; 2:2) Gape, o ne a ruta gore motho o tla go balelwa a le tshiamo eseng ka ditiro tsa Molao wa ga Moshe, mme eleng ka tumelo mo go Jesu Keresete. (Baroma 3:20; 5:18-21; 6:14) Ka jalo, Bajuda ka ene ba ne ba tsaya Paulo jaaka motenegi, ba mo tlhoile, ba mmetsa le eleng go batla go mmolaya. (Ditihō 9:23-25) Bao eleng ba gagabo gape ba ne ba lebega ba tennwe ke gore o ne a gapela Baditshaba bangwe mo Bokereseteng ntswa Bajuda ba ne ba batla go ba sokololela mo bodumeding jwa bone.—Mathaio 23:15; Ditihō 17:1-10.
9. Ke go nna “mo poitshegoñ ea Badichaba” gofe mo moaposetoloi a neng a lebana le gone, a mme dikotsi tse di ntseng jalo di ne tsa mo didimatsa?
9 Le mo poitshegoñ ea Badichaba: Baditšhaba kana batho ba merafe, le bone gape ba ne ba bogisa Paulo. (Ditihō 19:11-41) Tota, baba ba gagwe ba Bajuda ka dinako dingwe ba ne ba tlhotlheletsa Baditšhaba go tsaya kgato e e thubakanyang kgatlhanong le moaposetoloi. (Ditihō 14:1-7, 19, 20) Lefa go ntse jalo, dikotsi tse di ntseng jalo go tswa Bajudeng le mo Baditšhabeng ga di a ka tsa didimatsa mmoledi yoo yo o sa boifeng wa Bogosi. Ka mo go tshwanang, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba ba bogisiwang gompieno ba rerela ba gagabo le ba bangwe ka go sa boife.—Ditihō 17:30; bapisa Pesalema 59:1-4.
10. Paulo o ne a le mo kotsing jang “mo motsiñ”?
10 Mo poitshegoñ mo motsiñ: Ka ditsela dingwe tse di farologaneng Paulo o ne a bogisiwa mo metseng e e jaaka Damaseko, Jerusalema, Lusetera le Efeso. (Ditihō 9:23-30; 14:19; 19:29-31) Baganetsi ba Baditšhaba kwa Filipi ba ne ba re Paulo le Silase ba ne ba ‘tshwenya motse wa bone.’ Ka ntlha ya gona moo, baefangele bao ba ne ba welwa ke tlhaselo ya digopa tsa batho ba betswa le go latlhelwa mo kgolegelong. (Ditihō 16:16-24) Mme seno ga se a ka sa emisa baboledi bao ba Bogosi, fela jaaka thubakanyo e e tshwanang e sa didimatsa Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya rona.
11. Dikotsi tse di neng di ka nna gone “mo nageñ” e ne e le dife?
11 Mo potshegoñ mo nageñ: Moaposetoloi o ne a sa lekanyetsa tiro ya gagwe le metsamao ya gagwe mo dikgaolong tse di tletseng ka batho le tse di nang le ditsela tse di tsamaiwang thata. Maeto a gagwe gape a ne a mo tsamaisa mo dikgaolong tse di senang batho ba bantsi, le eleng gareng ga “dikgwa.” (Today’s English Version) Koo go ka bolawa ke tlala, go tlhaselwa ke matsubutsubu, go timela, le go tlhaselwa ke dibatana tsa naga le go lalelwa ke dikebekwa e ne e le dikotsi tse dikgolo tse Paulo a lebaneng le tsone ka bopelokgale.
12. Ke dikotsi dife tsa “mo lewatleñ” tse Paulo o neng a lebana le tsone, a mme tseno di ne tsa mo faposa mo go tswelediseng bodihedi jwa gagwe?
12 Mo poitshegoñ mo lewatleñ: Fa tiro mo go anamiseng mafoko a a molemo kana go thusa badumedi-ka-ene e ne e biletsa go tsamaya mo “mawatleng a magolo” (TEV) go ne go na le dikotsi tsa ditsuatsue tse di maswe, ga mmogo le kgonego ya go thubega ga sekepe. Lefa go ntse jalo, Paulo ga a ka a letlelela diphatsa tse di ntseng jalo go mo faposa mo go tswelediseng bodihedi jwa gagwe, le eleng fela jaaka bantsi ba Basupi ba ga Jehofa mo motlheng wa rona ka bopelokgale ba itshokela dikotsi tse di tshwanang fa ba eta ka ntlha ya go godisa dikgatlhego tsa Bogosi.
Bodiphatseng jwa “Bakauleñwe ba e Señ Bōnè”
13, 14. (a) “Bakauleñwe ba e señ bōnè” e ne e le bomang? (b) Ke ka ntlha yang fa “bakauleñwe ba e señ bōnè” ba ne ba le kotsi bogolo? (c) Basupi ba ga Jehofa ba thatafaditswe jang semoeng go iphemela kgatlhanong le “bakauleñwe ba e señ bōnè” ba ba ka kukunelang mo diphuthegong?
13 Mo poitshegoñ mo go bakauleñwe ba e señ bōnè: Se se neng se le kotsi go di feta tsotlhe, ebile kwantle le pelaelo se neng se le teko go Paulo, e ne e le “bakauleñwe ba e señ bōnè” ba ba boferefere kana “bakaulengwe ba maitiro.” (The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures) Batho ba ba ntseng jalo ba nnile ba fitlhelwa gareng ga balatedi ba ga Keresete fa e sale ka nako ya ga Judase Isekariota wa mooki. Mo motlheng wa ga Paulo “bakauleñwe ba e señ bōnè” bano ba ka ne ba ne ba akareletsa “baaposetoloi ba bagolo” ba Korintha. “Bakauleñwe ba e señ bōnè” ba ne ba le diphatsa bogolo ka jaana ka bonokwane ba ne ba itira ditsala fa tota e ne e le baoki ba ba sa ikanyegeng. Banna ba ba ntseng jalo ba ne ba leka go bona Paulo molato.—2 Bakorintha 11:5, 12-14; bapisa Daniele 6:4, 5.
14 Gareng ga “bakaulengwe ba maitiro” e ne e le bao ba ba tlhagafetseng mo ‘diphuthegong tsa Galatia’. Mme Paulo ga a ka le ka motlha a ineela mo banneng ba ba ntseng jalo, “go re boamarure yoa Mahoko a a Molemō bo nnèlè rure” le badumedi ka ene. (Bagalatia 1:1, 2; 2:4, 5; bapisa Yude 3, 4.) Jaaka Jehofa a thusitse Paulo, O thatafaditse basupi ba Gagwe ba segompieno mo semoeng gore “boamarure yoa Mahoko a a Molemō” bo tswelele le bone. Mo mekwalong e e ntseng jalo jaaka dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa bomodimo tse di yang kwa badumeding ba Korintha le Galatia, ba fitlhela thuso ya semoya e e tlhokafalang go iphemela kgatlhanong le “bakauleñwe ba e señ bōnè” bao ba ka kukunelang mo diphuthegong.
Go Itshokela Mathata mo ‘Tirelong e e Boitshepo’
15. Paulo o ne a lebisitse go eng fa a ne a re o ne a ‘tlhomologile bogolo’ jaaka modihedi wa ga Keresete “mo tihoñ le mo tapisegoñ”?
15 Ke le mo tihoñ le mo tapisegoñ: Se se latelang Paulo o tsopola mathata a a mo dirileng ‘go tlhomologa bogolo’ jaaka ‘modihedi wa ga Keresete’ go feta baganetsi ba gagwe. (2Co 11 Ditemana 23, 27) “Mo tihoñ le mo tapisegoñ” tse di umakiwang fano di ka kopanyeletsa karolo ya tiro ya diatla e e lapisang bogolo e Paulo a neng a e dira go itshetsa ka yone mo bodiheding. (Ditihō 18:1-4; 1 Bakorintha 4:11, 12; 2 Bathesalonia 3:7, 8) Mme sengwe le sengwe se moaposetoloi a se dirileng se ne se ikgarile mo tirelong ya ga Jehofa. Ka jalo, ‘tiro le tapisego’ tseno kwantle le pelaelo di akareletsa maiteko a gagwe le letsapa tse di nnileng gone ka ntlha ya maeto a a botlhoko, go tlhaselwa ke dikgoreletsi, go tlhaelelwa le mathata a mangwe a a neng a itshokelwa mo ‘tirelong e e boitshepo’ go Jehofa.—Baroma 12:1.
16. Ke eng se se bakileng gore Paulo a nne mo “ditishoñ gantsi”?
16 Mo ditishoñ gantsi: Ka ntlha ya keletso ya ga Paulo go tila go baya morwalo wa tsa madi gape godimo ga bao a neng a ba rerela mafoko a a molemo, o ne a dira ka diatla “bosigo le motshegare,” gongwe ka dinako tse dingwe a latlhegelwa ke boroko gantsi-ntsi. (1 Bathesalonia 2:9) Tota, seno sotlhe se ne se amana le tiro ya moaposetoloi jaaka ‘modihedi wa ga Keresete.’ Go sa ‘robale ga gagwe masigo’ ga go a ka ga tla ka ntlha ya tlhobaelo ya dilo tse di bonalang, ka go bo Jehofa a tlhomamisega gore batlhanka ba gagwe ba na le tsone. (Mathaio 6:25-34) Mme mangwe a masigo a a neng a sa a robale ao a ka ne a ile a senngwa mo thapelong kana mo kamegong e e boteng ka badumedi-ka-ene. (Bapisa Luke 6:12-16; 2 Bakorintha 11:28, 29.) Mo lekgetlong le lengwe o ne a go bona go tlhokafala go bua le bakaulengwe ba ba phuthegileng “go ea bosigo gare,” ee, le eleng bosigo jotlhe go ‘fitlha masa a sa.’ (Ditihō 20:7-12) Gape, go sa robala masigo moo go tshwanetse ga bo go mo tliseditse tapisego mo mmeleng, dikotsi le mathata a mangwe a a neng a itshokelwa fa moaposetoloi a ne a dira bodihedi jwa gagwe.
17. Ke leng moaposetoloi a ka neng a ne a nna “mo tlaleñ le mo lenyoreñ”?
17 Mo tlaleñ le mo lenyoreñ: Paulo o ka bo a itemogetse ‘tlala le lenyora’ fa a ne a tsamaya mo dikgaolong tse go senang sepe kana mo dikarolong tse di sekaka tse di fisang. Ka dinako tse dingwe o ka bo a ile a bolawa ke tlala le lenyora ka go bo a ne a ikaegile ka batho ba a sa ba itseng kana ka dipaakanyetso tse di neng di ka nna gone tse a neng a ka di bona ka ditiro tsa diatla tsa gagwe mo dikgaolong tse di sa tlwaelegang. Lefa go le jalo, Jehofa ka metlha o ne a bona gore Paulo a falole, lefa dipaakanyetso tseo di ne di le dipotlana ka dinako tse dingwe. Ka mo go tshwanang, “Modimo oa kgomoco eotlhe” o baakanyetsa ka tshediso go batlhanka ba gagwe ba gompieno.—Pesalema 37:25; Luke 11:2, 3.
18. “Mo go itimeñ diyō gantsi” go ka lebisa go eng?
18 Mo go itimeñ diyō gantsi: Fano (2Co 11 temana 27) Paulo o ka ne a ne a ikaeletse go bontsha pharologano magareng a ‘tlala le lenyora’ le e seng la ka bomo le go ‘itima dijo [tota-tota, “go ikgamola ka tlala”] gantsi’ ga ka bomo. Mo makgetlong a a rileng o ka ne a ikgamotse ka tlala ka bomo, jaaka fa a ne a ineetse mo thapelong kana a tsweletse ka dikgang tsa semoya tse di bokete. (Bapisa Ditihō 13:3; 14:23.) Mme fa e le gore o ne a tsopola mathata fela fano, o ne a raya go tlhoka dijo e seng ka bomo, gongwe ka ntlha ya bolwetsi, jaaka mala a mahibidu, kana go tlhaelelwa fa a ntse a le mo bodiheding. (Bapisa 2 Bakorintha 6:5.) Tota, fa Paulo a ne a simolola maeto a a rileng a gagwe a bodihedi o ka ne a lemogile gore dijo le metsi di ne di tla tlhaela kana di tla bo di seo. Mme ga a ka a letla seno go mo faposa go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele.—Bafilipi 4:12.
19. Ke tlase ga maemo afe Paulo a ka neng a ne a itshokela go nna “mo seramiñ le mo bosaikategeñ”?
19 Mo seramiñ le mo bosaikategeñ: Mathata a serame le “bosaikategeñ,” kana go “sa apara,” le one gape a ne a itshokelwa ke moaposetoloi. (The New English Bible) Mme ga se gore o ne a sa “tswala” ka ntlha ya botshwakga. Paulo o ne a dira go baakanyetsa ka ditlhokafalo tsa gagwe. (1 Bakorintha 4:11, 12; bapisa Ditihō 20:33, 34.) ‘Serame le bosaikategang’ e ne e le mathata a moaposetoloi a neng a a itshokela fa a ne a sa apara ka mo go lekanetseng ka nako ya pogiso, fa a ne a tsamaya mo boemong jwa loapi jo bo sa itumediseng kana fa a ne a le bodlheding tlase ga maemo a a bokete.
‘Itshoke go ya Bokhutlong’!
20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa o ka se re Paulo e ne e le namane e tona ya senatla? (b) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ka tshwantshiwa le moaposetoloi Paulo jang?
20 Re sa tswa go akanyetsa dingwe tsa ditiro tsa moaposetoloi Paulo, dipogo, maeto, dikotsi le mathata, mongwe o ka nna a mo leba jaaka namane e tona ya senatla. Lefa go ntse jalo, fela jaaka mongwe le mongwe wa rona, e ne e le motho yo o sa itekanelang. (Baroma 7:21-25) Tota, baganetsi ba gagwe kwa Korintha ba ne ba mo nyatsa, ba re: “Dikwalō tsa gagwè di boima, di thata; me ha a le ha sebele sa gagwè, o ba a le bokōa, le puō ea gagwè e be e se epè.” (2 Bakorintha 10:10) Gape, Paulo o ne a na le “mutlwa mo nameñ”—go lebega e ne e le botlhoko jwa matlho.—2 Bakorintha 12:7; Ditihō 23:1-5; Bagalatia 4:15; 6:11.
21 Ka mo go tshwanang, jaaka basupi ba segompieno ba ga Jehofa, ga re a itekanela, lefa le mororo, rona jaaka Paulo, re tlhoafaletse ka natla e kgolo go itumedisa Modimo. (1 Bakorintha 9:24-27) Lefatshe le a re nyatsa, jaaka bangwe ba ne ba dira mo moaposetoloing, lemororo re bontsha kamego e e boteng mo molemong wa bomoya jwa batho ka rona. (Mathaio 22:39) Jaaka Paulo, bontsi jwa rona re na le matlhoko a a rileng. Mme seno se re dira gore re ikaege bogolo ka nonofo ya Modimo, mme mo makoeng a rona maatla a gagwe a bonala bogolo gareng ga bao re ba rerelang.—2 Bakorintha 12:7-10.
22. (a) Fa re bilediwa go boga ‘ka ntlha ya tshiamo,’ Jehofa o re gomotsa jang? (b) Ke jang fela re ka ‘itshokang go ya bokhutlong’?
22 Ga go na pelaelo ya gore maatla a a tswang godimo a ne a tshegetsa Paulo go fitlhelela losong lwa gagwe jaaka yo o sa itekanelang mme e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. (2 Bakorintha 4:7; 2 Timotheo 4:6-8) Ka mo go tshwanang, ke ka nonofo ya Modimo fela re ka ‘itshokang go ya bokhutlong’ jwa tsamaiso eno ya dilo kana go ya losong lwa rona ka boikanyegi. (Pesalema 29:11; Mathaio 10:28; 24:3, 13; Mareko 13:13) Fa re bilediwa go boga ‘ka ntlha ya tshiamo,’ re gomodiwa thata ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa, ditsholofetso tsa gagwe tse di rategang le dikarabo tsa gagwe tsa dithapelo tsa rona. Dilo tse di ntseng jalo di re dira gore re nne le tsholofelo ya gore “Modimo oa kgomoco eotlhe” o na le rona. Jaaka moaposetoloi Paulo re ka nna ra “akabadiwa, leha go nntse yalo e be e se mo go re tlhobosañ. Rea khukhèlwa, leha go nntse yalo ga rea latlhwa; re thubanyediwa ha hatshe, leha go nntse yalo ga rea senyèga.” (2 Bakorintha 4:8, 9) Modimo wa rona o re fa maatla go bolela mafoko a a molemo ka botlhoka poifo fa re lebagane le pogiso le bothata. Mme eleruri, ka nonofo ya ga Jehofa re ka ‘itshoka go ya bokhutlong.’
A jaanong o ka araba dipotso tseno?
◻ Go ra a eng go ‘itshoka go ya bokhutlong’?
◻ Ke maeto a mofuta ofe a moaposetoloi Paulo o neng a lebisa go one fa a ne a bua ka “mo diketoñ gantsi”?
◻ Moaposetoloi o ne a le mo diphatseng tsa “bakauleñwe ba e señ bōnè” jang, mme ke jang basupi ba segompieno ba ga Jehofa ba thatafaditsweng semoeng kgatlhanong le ba ba ntseng jalo?
◻ Ke tlase ga maeto afe Paulo a ileng a nna “mo tlaleñ le mo lenyoreñ,” ga mmogo le “mo seramiñ le mo bosaikategeñ”?
◻ Ereka re sa itekanela fela jaaka Paulo a ne a ntse, go ka kgonegala jang ‘go itshoka go ya bokhutlong’?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Mo maetong a gagwe a bodihedi Paulo ganetsi o ne a nna mo kotsing ya dinokwane
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Paulo o ne a le mo kotsing ya Baditšhaba, jaaka kwa Lusetera