LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 6/15 ts. 9-14
  • “Modimo oa Kgomoco Eotlhe” O Na Le Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Modimo oa Kgomoco Eotlhe” O Na Le Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rekote ya go Itshoka ka Boikanyegi
  • ‘Ka bontsi jwa Ditiro le Dikgolegelo’
  • Ga a Fenngwa ke Dititeo le Go Rata go Swa
  • Go Thubega ga Sekepe le Dikotsi tsa kwa Lewatleng
  • Modimo wa Rona o Baakanyetsa ka Kgomotso e e sa Reketleng
  • Re Ka ‘ltshoka goya Bokhutlong’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go Tlhakanela Kgomotso e Jehofa a e Nayang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 6/15 ts. 9-14

“Modimo oa Kgomoco Eotlhe” O Na Le Rona

“A go bakwè . . . Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona.”—2 BAKORINTHA 1:3, 4.

1, 2. Mo go 2 Bakorintha 1:3-7, ke eng seo moaposetoloi Paulo a se buileng ka kgomotso mo dinakong tsa pitlagano?

JEHOFA ke “Modimo oa kgomoco eotlhe.” Moaposetoloi Paulo o itsile seno go tswa boitemogelong jwa gagwe jwa botho. Ka gone, go kgothatsa Bakeresete-ka-ene, o ile a kwala mantswe ano a a omosang pelo:

2 “A go bakwè . . . Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ ea rona, . . . Me leha rona re le mo pitlaganoñ, e be e le gore lona lo bōnè kgomoco le polokō; kgotsa leha re gomodiwa, e be e le gore lo bōnè kgomoco, e e dihwañ mo go lona mo go ichokeleñ dipogishō tse le rona re di bogañ: Me cholohèlō ea rona kaga lona e nitame: ka re itse, go re yaka lo tlhakanetse le rona dipogishō, lo nntse yalo le mo kgomocoñ.”—2 Bakorintha 1:3-7.

3. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a itsile Jehofa jaaka “Modimo oa kgomoco eotlhe”? (b) Ke mo motheong ofe Basupi ba bangwe ba ka gomotsegang le go kgothatsega go itshokela pitlagano?

3 Ee, Paulo o itsile Jehofa e le “Modimo oa kgomoco eotlhe.” O ile a itemogela kgomotso ya ga Rraagwe wa selegodimo le ditirisano tsa mautlwelo botlhoko a a manana le ene, bogolo jang fa a ne a bogisiwa ‘ka ntlha ya tshiamo. (Bapisa Mathaio 5:10.) Ka gone, moaposetoloi o ne a ka kgona go gomotsa ba bangwe le go ba kgothatsa go itshokela pitlagano. Ruri-ruri, ka sekao sa bone sa boikanyegi le mafoko a bone a ikanyo mo go Jehofa, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa bao ba itshoketseng pitlagano ba baakanyetsa ka kgothatso e e suteletsang badumedi ka bone go nna ba ikanyega go Modimo. Mme mo go itshokeleng dipogo Paulo o ne a le sekao.

Rekote ya go Itshoka ka Boikanyegi

4, 5. (a) Ke leng Paulo a kwadileng Bakorintha wa Bobedi? (b) Paulo o ne a lekana le “baaposetoloi ba bagolo” ba Korintha jang, mme ke jang a neng a le mogolo go ba feta?

4 Mo e ka nnang ka 55 C.E. Paulo o ne a kwalela lokwalo lwa gagwe lwa bobedi lo lo tlhotlheleditsweng go Bakeresete ba motse wa Korintha. Koo o ne a ganediwa ke bao a ba biditseng ka go ba sotla a re ke “baaposetoloi ba bagolo.” O ne a ganelela boemo jwa gagwe jwa boaposetoloi ka bopelokgale, eseng ka ntlha ya gagwe, mme “kaga Modimo,” go raya go boloka phuthego e e leng ya ga Jehofa. (2 Bakorintha 11:5, 12-14; 12:11; 5:12, 13) Moaposetoloi o ne a bontsha gore o ne a lekana le baganetsi ba gagwe ka bo-losika mme ka jalo a supa gore o ne a le mogolo mo go bone ka ditiro, dipogo, mesepele, diphatsa le mathata jaaka ‘modihedi wa ga Keresete.’ O ne a kwala jaana:

5 “A ke badihedi [baganetsi ba gagwe] ba ga Keresete? nna bogola; ke bua yaka eo o sa ikutlweñ; ka bontsi yoa ditihō, le ka go tsèna mo matluñ a kgolegèlō gantsi, le ka dithupa tse di hetañ selekanyō, le ka go shwa gantsi. ke kgwathisicwe gatlhano ke Bayuda, ke nntse ke bèwa dithupa di le mashomè manè a a siañ thupa e le ñwe hèla. Ke iteilwe ka dithobane gararo, ka kgobotlediwa ka mayè gañwe hèla, ka thubègèlwa ke shepa gararo, ka lala gañwe hèla ka ba ka tlhōla mo boteñeñ yoa lewatlè; Ke nntse ke le mo diketoñ gantsi, ka nna mo poitshegoñ ea dinokwane, le mo poitshegoñ ea ba ga echo, le mo poitshegoñ ea Badichaba, mo poitshegoñ mo motsiñ, mo poitshegoñ mo nageñ, mo poitshegoñ mo lewatleñ, mo poitshegoñ mo go bakauleñwe ba e señ bōnè; Ke le mo tihoñ le mo tapisegoñ, mo ditishoñ gantsi, mo tlaleñ le mo lenyoreñ, mo go itimeñ diyō gantsi, mo seramiñ le mo bosaikategeñ.”—2 Bakorintha 11:21-27.

6. (a) Re bona kae rekote ya dikarolo dingwe tsa botshelo jwa Bokereste jwa ga Paulo pele a kwala Bakorintha wa Bobedi? (b) Re tla solegelwa molemo jang ke go akanyetsa rekote ya go itshoka ka boikanyegi ya ga Paulo?

6 Buka ya Bibela ya Ditihō tsa Baaposetoloi (9:3 go ya go mo e ka nnang 20:4) e umaka dikarolo dingwe tse di tlhomologileng tsa botshelo jwa ga Paulo go tswa nakong ya fa a nna Mokeresete go fitlhela a kwala Bakorintha wa Bobedi. Jaanong a re akanyetseng rekote ya gagwe ya go itshoka ka boikanyegi. Kwantle le pelaelo seno se tla re kgothaletsa go itshokela pitlagano ka tsholefelo ya gore “Modimo oa kgomoco eotlhe” o na le rona.

‘Ka bontsi jwa Ditiro le Dikgolegelo’

7. (a) Paulo o ne a raya tiro efe fa a re ka “bontsi yoa ditihō”? (b) Go ya ka mafoko a moaposetoloi go “bagolwane” ba phuthego ya Efeso, o tsweledisitse bodihedi jwa gagwe jang? (c) Ke eng se se goteditseng Paulo mo ditirong tsa gagwe tsa bonatla tsa mafoko a a molemo le dikgatlhego tsa Bogosi?

7 Ka bontsi yoa ditihō: Jaaka mmoledi wa “mahoko a a molemō,” Paulo o ne a “dira ka natla thata” go feta baganetsi ba gagwe. (2 Bakorintha 11:23, Today’s English Version) Tota, ka boene o ne a arola mo tirong ya go rera ka lobaka lo loleele ebile gantsi mo dikgaolong tse di bokete thata. Ka motlhala, kwa Efeso, koo go neng go obamelwa modimo wa sesadi wa boheitane Diana (Artemis, NW) ebile Paulo a ne a tlhaselwa ke dinokwane, maiteko a gagwe mo bodiheding le mo boemong jwa badumedi ka ene a ne a le magolo thata, ka dinako tse dingwe le eleng go ngomola pelo. Mme matswela e ne ya nna loungo lwa moya lo lo siameng. Moragonyana, o ne ka tshwanelo a ka re go “bagolwane” ba phuthego ya Efeso: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo, Ke shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Ditihō 20:17, 20, 21, 31; 19:1-41) Ka jalo he, pele ga banna bano ba jaanong e neng e le bagolwane ba ne ba nna Bakeresete, moaposetoloi Paulo o ne a ba rutile boammaarure jwa motheo jwa Bokeresete mo tirong ya go rera ya ‘ntlo le ntlo.’ E ne e le go dira ga Lefoko la ga Jehofa le moya wa gagwe o o boitshepo mo pelong ya ga Paulo mo go mo goteditseng go dira ka natla e kgolo mo go phatlalatseng mafoko a a molemo le go godisa dikgatlhego tsa Bogosi. (Isaia 61:1, 2; Baroma 10:8-10) Ka go natlafala mo go ntseng jalo mo tirong moaposetoloi o ne a tlhomela Bakeresete ba lekgolo la bo20 sekao se se gaisang.

8. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a ka re o ne a “tsèna mo matluñ a kgolegelō gantsi” go feta “baaposetoloi ba bagolo”? (b) Kwantle le pelaelo, ke go eng Paulo le Silase ba ileng ba bona kgomotso fa ba ne ba le mo kgolegelong kwa Filipi, mme ba ne ba dira eng fa ba ne ba gololwa ka thoromo ya lefatshe? (c) Ke kgothatso efe e e ka bonwang mo maitemogelong a ga Paulo fa a ne a le mo kgolegelong kwa Filipi?

8 Le ka go tsèna mo matluñ a kgolegèlō gantsi: Clement wa Roma, fa a ne a kwala boaphelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o bolela gore Paulo o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka makgetlo a supa. Pele ga go kwalwa ga Bakorintha wa Bobedi o ne a setse a le mo kgolegelong makgetlo a mantsi go feta “baaposetoloi ba bagolo.” Rekote ya Ditihō e bolela ka go latlhelwa mo kgolegelong gongwe mo go ntseng jalo–mo motseng wa Makedonia wa Filipi. Ka phepafalo Paulo le Silase ba ne ba itumeletse go boga ‘ka ntlha ya tshiamo’ ka go bo fa ba ne ba le kgolegelong ba ne ba rapela Modimo le go mo galaletsa ka dipina. Ba ne ba bona kgomotso ka go akanyetsa Dikwalo ga mmogo le go lemoga gore Modimo o ne a utlwa dithapelo tsa bone le go di araba. (Pesalema 65:2; 119:52) Fa ba ne ba gololwa ka thoromo ya lefatshe, ga ba a ka ba itlhaganelela go tswa, mme bogolo, “ba bua lehoko ya Morèna [Jehofa] naè [modisa-kgolegelo] le botlhe ba ba mo tluñ ea gagwè.” Matswela? Ebu, modisa-kgolegelo le batho bantlo ya gagwe ba ne ba nna Bakeresete! (Ditihō 16:16-40) Eleruri, tiragalo eno e kgothatsa basupi ba ga Jehofa gompieno ba ba mo kgolegelong go amogela pogiso ka boipelo jwa bomodimo, go rapela, go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le go bua ka lone ka bopelokgale!—Ditihō 4:29-31.

Ga a Fenngwa ke Dititeo le Go Rata go Swa

9. Ke eng seo se supiwang ke mafoko “dithupa tse di hetañ selekanyō”?

9 Le ka dithupa tse di hetañ selekanyō: Paulo o ne a beditswe mo go botlhoko. Go bolelwa gape gore o ne ka makgetlo a mantsi a nna “gaufi le loso.” (Temana 23, The Twentieth Century New Testament) Se se ka nna sa akantsha gore e ne e tle e re fa a ne a ntse a betswa dithupa di nne botlhoko thata mo a neng a ka swa.

10. (a) Paulo o ne a itemogela jang go “shwa gantsi”? (b) Ke eng seo se lebegang se ile sa tshegetsa moaposetoloi fa a ne a le “gaufi le loso”?

10 Le ka go shwa gantsi: Seno ga se ne fela se supela go go betswa gongwe mo go rileng. Go le pele mo lokwalong lo lo tshwanang Paulo o ne a re: “Re nntse re tsamaea re rwele go shwa ga Yesu mo mmediñ ka galè.” (2 Bakorintha 4:10, 11) Moaposetoloi o ne a le mo bodiphatseng jo bo neng bo bopela botshelo kana le eleng mo botlhokong jwa loso kwa Damaseko, Antioka wa Pisidia, Ikonio, Lusetera, Thesalonika le Berea. (Ditihō 9:23-25; 13:49-51; 14:1-6, 19, 20; 17:1, 5-9, 13, 14) Tota, o ka nna a bo a ile a bewa mpepeneneng mo dikotsing tse di ka lereng loso tsa metshameko ya Roma, ka ntlha ya go bolela ga gagwe gore o “lole le dibatana kwa Efeso.” (1 Bakorintha 15:32; bapisa Ditihō 19:23-41; 2 Bakorintha 1:8-11.) Ereka mo makgetlong a mantsi botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo diphatseng jalo, moaposetoloi o ne ka tlhomamisego a ka re: “Kea shwa ka malatsi aotlhe.” (1 Bakorintha 15:31) Kwantle le pelaelo, thuso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa le tumelo ya ga Paulo mo ditsholofetsong tse di rategang tsa Modimo di ne tsa nonotsha moaposetoloi fa ka makgetlo a mantsi a ne a le “gaufi le loso.”—2 Bakorintha 1:20-22.

11. Go betswa ga ga Paulo ke Bajuda e ne e le ga mofuta ofe?

11 Ke kgwathisicwe gatlhano ke Bayuda, ke nntse ke bèwa dithupa di le mashomè manè a a siañ thupa e le ñwe hèla: Paulo o supile gore go kgwathisiwa gatlhano mo a go itemogetseng ‘ka ntlha ya tshiamo’ go ne ga dirwa ke Bajuda, gongwe mo disinagogeng tsa bone. (Temana 24; Mathaio 10:17) Molao wa ga Moshe o ne wa baakanyetsa ka go kgwathisiwa ka thupa kana ka sekwete, ka baatlhodi ba tlhomamisa gore ke dithupa tse kae tse di tshwanelang molato. Mme kotlhao ka bopelotlhomogi e ne e lekanyeditswe go dithupa tse 40, mme Bajuda ba ne ba di fokoletsa mo go 39 gore ba tle ba tile go tlola tekanyetso ya molao ka phoso. (Duteronome 25:1-3) Go betswa mo go ntseng jalo go ne go le botlhoko thata. Mme “Modimo oa kgomoco eotlhe” o nonotshitse Paulo go itshokela tshwaro eno ka boikanyegi.

12. (a) Ka mo go phepafetseng, ke tshwaro efe e moaposetoloi a neng a lebisa go yone ka gore “ke iteilwe ka dithobane gararo”? (b) Ke ka thuso efe go betswa ‘ka ntlha ya tshiamo’ go ka itshokelwang?

12 Ke iteilwe ka dithobane gararo: Ka phepafalo go betswa gararo mono mo go botlhoko go ne ga diragadiwa ke maotlana a Roma a a tshotseng dithobane. (Temana 25) Go betswa mono ka thobane go ne go dirwa morago ga fa yo o tlhasetsweng a sena go apolwa diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle. Jaaka moagi wa Roma, Paulo o ne ka molao a nteetswe kwa thoko mo go betsweng mo go ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, seo ga se a ka sa mmoloka ene le Silase mo go amogeleng ‘dithupa tse dintsi’ pele ga kgolegelo ya bone jaaka baboledi ba mafoko a a molemo kwa Filipi. (Ditihō 16:19-24, 33, 35-40) Go betswa mo go ntseng jalo go ne go ka nna botlhoko mo go maswe, mme ka thuso ya moya wa Modimo Paulo ka boikanyegi o ne a itshokela go tshwarwa makgwakgwa mono ‘ka ntlha ya tshiamo.’ Mme ka tshegetso e e tshwanang ya bomodimo, Bakeresete ba bantsi ba segompieno ba ile ba boloka bothokgami go Modimo go sa kgathalege go gobololwa ga mmele mo go tshwanang.

13. Paulo o ne a kgobotlediwa kae ka maje, a mme seo se ile sa emisa bodihedi jwa gagwe?

13 Ka kgobotlediwa ka mayè gañwe hèla: Kwa Lusetera Bajuda ba ba belwang ke tumelo ba ne ba “kgobotletsa Paulo ka mayè, me ba mo gōgèla kwa ntlè ga motse, ba ithaea, ba re, o shule.” Tota, go kgobotlediwa ka maje mo go ntseng jalo go ne go na le boikaelelo jwa go bolaya. (Bapisa Lefitiko 20:2; Ditihō 7:58-60.) “Me ea re barutwa ba sa nntse ba mo dikanyeditse, a coga, me a tsèna mo motsiñ,” go simolola maeto a bodihedi jwa gagwe fela mo letsatsing le le latelang.—Ditihō 14:19-22.

Go Thubega ga Sekepe le Dikotsi tsa kwa Lewatleng

14. Ke maitemogelo afe a go thubegelwa ke sekepe a Paulo a a umakileng, mme a ne a nna le matswela afe mo maemong a gagwe ka ntlha ya mafoko a a molemo?

14 Ka thubègèlwa ke shepa gararo: Buka ya Ditihō e bega ka go thubega ga sekepe gangwe fela, mme moo go neng ga diragala morago ga Paulo a sena go kwalela Bakorintha. Go diragetse fa Paulo a ne a le mo tseleng go ya kwa Roma. (Ditihō, kgaolo 27) Lefa go ntse jalo, pele ga seno moaposetoloi o ne gantsi a tle a tsamae ka mekorwana ya mawatle, mme go ne go tlwaelegile gore dikepe di thubege ka nako ya maeto a mawatle. Ka jalo, lefa Dikwalo di sa baakanyetse ka botlalo ka go thubega ga shepa gararo mo go tsopotsweng fano, go phepafetse gore dipharagobe tsa maeto a mawatle mo Mediterranean ga di a ka tsa thibela Paulo go tsweledisa maeto a gagwe ka ntlha ya mafoko a a molemo.

15. (a) Paolo o ne a raya eng fa ane a re “ka lala gañwe hèla ka ba ka tlhōla mo boteñeñ yoa lewatlō”? (b) Ke jang “Modimo oa kgomoco eotlhe” a neng a thusa Paulo mo kgannyeng e e fa godimo, mme seo se tshwanetse go re fa tsholofelo efe?

15 Ka lala gañwe hèla ka ba ka tlhōla mo boteñeñ yoa lewatlè: Tota, moaposetoloi ga a bolele gore ka dikgakgamatso o ne a itshokela go nna mo botennye jwa metsi dioura tse 24. Jaaka a ne a thubegetswe ke sekepe, o ka ne a ile a senya dioura tseo tse di diphatsa gongwe a leka go thuma mo metsing a a kgaphaselang kana a leka go ngaparela dikota tse di kokobetseng kana dikametlwana tsa sekepe se se thubegileng. Lefa e le gore o ne a pagame dikgong, boitemogelo jono jo bo gamarisang (jo bo sa umakiweng gope mo Dikwalong) bo ne jwa biletsa go itshoka ka bopelokgale go fitlhelela moaposetoloi a namolwa kana a thumela mo lefatsheng. Eleruri, Paulo o ne a ‘goela kwa go Jehofa mo tlalelong ya gagwe mme Modimo wa mo swatola mo pitlaganong ya gagwe.’ (Bapisa Pesalema 107:23-31.) “Modimo oa kgomoco eotlhe” o o tshwanang o ka araba dithapelo tsa rona gape.—Bapisa 1 Yohane 5:13-15.

Modimo wa Rona o Baakanyetsa ka Kgomotso e e sa Reketleng

16, 17. Ke ka ntlha yang go ka bolelwa gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa ke thuso e e botlhokwa bogolo fa re boga ‘ka ntlha ya tshiamo’?

16 Re bone metswedi mengwe ya kgomotso e e thusitseng Paulo go nna a ikanyega go Jehofa go sa kgathalege pitlagano. Eno e tlhoka go otlelelwa, ka go bo e tla thusa basupi ba segompieno ba ga Jehofa go itshokela dipogo ka ‘ntlha ya tshiamo.’

17 Thuso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa e botlhokwa bogolo. Bogolo jang ka nako ya pitlagano re tshwanetse go rapelela moya, re ineele go kaelo ya one le go bontsha maungo a one. (Luke 11:13; Pesalema 143:10; Bagalatia 5:22, 23) Moya wa ga Jehofa fa o dira mo dipelong tsa rona o dira gore re lemoge lorato lwa gagwe, mme tlhomamisetso eno ya kgomotso e tla re thusa go itshokela pitlagano.—Baroma 5:3-5; 8:35-39; 2 Bathesalonia 3:5.

18. Jaaka Bakeresete, tumelo mo ditsholofetsong tse di rategang tsa Modimo e ka re gomotsa jang ka nako ya pitlagano?

18 Tumelo mo ditsholofetsong tse di rategang tsa Modimo, jaaka di tlhomilwe mo Dikwalong, le tsone gape di tla re gomotsa. (Baroma 15:4) Gakologelwa, “ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele [Jesu Keresete] a ichokèla mokgōrō.” (Bahebera 12:1, 2) Le eleng fa re tshwanetse go boga go ya ntlheng ya go nna “gaufi le loso,” go na le tebelelo e e gakgamatsang ya tsogo le botshelo jo bo sa feleng mo thulaganyong e ntšha ya Modimo, e ka ne tsholofelo ya rona ke ya selegodimo kana ya selefatshe. (Mathaio 10:28; Luke 23:43; Yohane 5:28, 29; 17:3; 1 Bakorintha 15:53; 2 Petere 3:13) Abo pitlagano e le ‘motlhofo le go ema ka lobakanyana’ fa re na le bosaengkae ponong!—2 Bakorintha 4:16-18.

19. Thapelo e re tlisetsa kgomotso jang gareng ga dipitlagano?

19 Go re baakanyetsa ga Modimo ka kagiso ya mogopolo le nonofo mo karabelong ya dithapelo tsa rona le gone gape ke motswedi o mogolo wa kgomotso ka nako ya pitlagano. (Bona Luke 22:32; Ditihō 4:23-31; Yakobe 5:16-18.) Jesu ka tlhoafalo o ne a rapela le go kokotlelela Jehofa, “eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, me [a] . . . utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwè.” Ee, Jehofa o ne a romela moengele go nonotsha Jesu ka nako ya teko. (Bahebera 5:7; Luke 22:43) Eleruri, fa re bone gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona gareng ga dipitlagano, re a gomotsega.

20. Se se latelang re tla akanyetsa ditsela dingwe dife tseo ka tsone Paulo a gaisitseng “baaposetoloi ba bagolo” ba Korintha?

20 Fa ka tlhoafalo re gakaletse go itshoka ka boikanyegi jaaka basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa, “Modimo oa kgomoco eotlhe” o tla nna le rona, le eleng fela jaaka a ne a dira ka moaposetoloi Paulo. Go tlo go fitlha jaana, re akanyeditse ka ditiro le dipogo tsa ga Paulo. Mme go iphemela ga gagwe jaaka ‘modihedi wa ga Keresete’ go bontsha gore gape o ne a gaisa “baaposetoloi ba bagolo” ba Korintha mo maetong, mo diphatseng le mo mathateng. Re ka ithuta eng ka maitemogelo ano?

A o akologelwa dintlha tseno?

◻ Ke ka ntlha yang ta moaposetoloi Paulo a ne a itse Jehofa e le “Modimo oa kgomoco eotlhe”?

◻ Bakeresete bao ba itshoketseng pitlagano baka kgothatsa badumedi-ka bone jang go nna ba ikanyega go Jehofa?

◻ Ke tiro efe e e neng e akarelediwa mo ‘bontsing jwa ditiro’ tsa moaposetoloi?

◻ Ra ka solegelwa molemo jang ke maitemogelo a ga Paulo a le mo kgolegelong?

◻ Ke ditsela dingwe dife tseo ka tsone Jehofa Modimo a baakanyetsang ka kgomotso e e sa reketleng?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Paulo ka dinako tse dingwe o ne a latlhelwa mo kgolegelong, jakka go ne ga diragala ka ene le Silase kwa Filipi

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Makgetlo a ka nna mane mo tirong ya gagwe ya bodihedi Paulo o ne a thubegewa ke sekepe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela