‘Re Lo Eleletsa Botsogo!’
ENE ya nna ka mafoko ao setlhopha se se laolang sa Bakeresete sa lekgolo la ntlha la dingwaga se neng sa tswala lekwalo le le yang diphuthegong. Tlhaloso ya Segerika eo ba neng ba e dirisa e ne e na le mogopolo wa gore, ‘Lo natlafadiwe, tsogang sentle, lo nne boitekanelo.’—Ditihō 15:29, (NW).
Lemororo ‘Re lo eleletsa botsogo’ a ne a direla jaaka seo re se bitsang mafoko a a tswalang a lekwalo, a ama sengwe seo se rategang mo go rona rotlhe—botsogo jwa rona. Go tswa bogologolong batho ba ntse ba senka botsogo jo bo botoka. Lefa go ntse jalo a o etsetlhoko kafa ba le bantsi gompieno ba bonalang ba amegileng ka mo go feteletseng ka ga jone? A o kile wa ipotsa gore ke eng se se tekatekanyo mo Bakereseteng?
Seo se Amang Dipono tsa Botsogo
Tlhatlogo e e kanakana ya kgatlhego mo botsogong e ka bontsha kafa batho ba akantseng thata ka go swa ga bone. Loso lo tla ka bofefo jo bogolo! (Pesalema 90:10) O ka tlhaloganya gore ke eng fa go ntse jalo, fa motho a ikutlwa gore botshelo jwa gagwe jwa jaanong ke jone jotlhe jo bo gone, o ka nna a dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go tila maemo a a lereng bolwetsi mme a ka potlakisa bogaufi jwa loso.
Gape, dipono tsa botsogo di amiwa ke go sa ikanyeng mo go anameng mo “makgotleng a a tlhomilweng,” go akaretsa le tsamaiso ya tsa kalafi e e tlwaelegileng. Go sa ikanyeng mo go dira gore batho ba le bantsi ba belaele boleng jwa dijo tse di tlhagisiwang ka kgwebo. Ka go bo ba utlwaletse kaga go koafatsa botsogo mo go dirwang ke “dijo tse di tshwarang logaba” tse di ntsi tse di tlhotlhilweng go feta selekanyo ka metswako ya dikhemikale, dimilione di ikgethela go lekanyetsa bogolo jwa dijo tse di tlhotlhilweng tse ba di jang. Ba le bantsi ba na le maikutlo a a thata kaga “dijo tsa tlholego” mo ba felelang ba sa je lefa e le sepe gotlhelele. Ba bangwe, ka go itse kaga dikotsi tseo di etsang kgolagalo mo botsalong ka ntlha ya “thalidomide,” ba tlhobaela kaga diokobatsi. Ba belaela go re go ka nna le malwetsi a ka fa thoko a diokobatsi tseo difeme tsa melemo ya kalafi di di etleetsang ka thata mme ebile di abiwa ke dingaka di sekae tse di tshwaregileng kwantle ga tlhokomelo epe e e kelotlhoko mo go tsone.
Matswela a seno sotlhe ke go re batho ba ntse ba ikemela ba le nosi ka mo go oketsegileng mo dikgannyeng tsa botsogo. O ka ne o dumalana go re mogolo mongwe le mongwe o tshwanetse a itirela diphetso tsa botsogo, tseo di ikaegileng ka boikitsiso jo bo ikanyegang ka ga ditlhopho tse di farologaneng. A mme go na le dikotsi tseo re tshwanetseng go di akanyetsa? A Bibela e ka re thusa mo dikgannyeng tsa botsogo?
Bokeresete Bo Siametse Botsogo jwa Gago
Lekwalo la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga le ne la tlhalosa gore Bakeresete ba tshwanetse ‘ba ithibe mo boakeng le mo mading.’ (Ditihō 15:28, 29) Seno se a utlwala le eleng go ya ka boemo jwa tsa botsogo. Boaka bo baya motho kotsing ya malwetsi a dikobo le boithwalo jo bo sa batlegeng. Tshelo ya madi e ile ya leretse diketekete malwetsi a “hepatitis” le a a tshwanang le a mogare o gantsi o leng bolau thata o o neng wa tsena Mopapa John Paul II.
Akanya gape, ka botsogo jo bo botoka jo bo tlang ka go dirisa kgakololo ya Bibela e e amanang le botagwa le go goga motsoko. Ngaka Joel Posner o ne a bega gore 60 lekgolong ya madi aa senngwang mo United States go tlhokomela tsa botsogo ke a malwetsi a a amanang le tiriso ya tagi le motsoko.—Diane 20:1; 2 Bakorintha 7:1.a
Bibela e sireletsa botsogo jwa rona ka ditsela tse dingwe gape. O ka utlwisisa gore seno se ntse jalo fa o akanyetsa seo e se bolelang ka ga go nna phepa. (Ekesodo 30:17-21; Duteronome 23:12-14) Le eleng o ne moya o o golang mo Mokereseteng fa a ntse a ithuta Bibela o ka tokafatsa botsogo jwa gagwe. Ka go nna a nna bonolo, bopelonomi le lorato, o tshela ka kagiso le ba bangwe ka mo go oketsegileng, mme seno se sireletsa botsogo jwa gagwe. (Diane 14:30) Gape, go sisimoga botshelo ga Mokeresete go mo tlhotlheletsa gore a nne le tlhaloganyo ya go itlhokomela go tila go ipaya kotsing. Ka sekai, o ka nna a tlhagafaletse go dirisa mabanta a itshireletso a kara go feta ba bantsi. (Ditihō 17:24, 25, 28) Ngaka K. L. White, mothusa mookamedi wa lekalana la boitseanape jwa botsogo la Rockefeller Foundation, o ne a bolela gore dikgang tse di ntseng jalo tsa “mokgwa wa botshelo le boitshwaro jwa botho, ke mabaka a magolo a a tlhotlheletsang botsogo jwa batho.”
Mme ebile go na le kgakololo eno ya Bibela: “A u bonye dinotshe? u yè hèla mo go gu lekanyèn; u ka tla ua di kgora bobe, me ua di tlhatsa. Ga go molemō go ya dinotshe bobe.” (Diane 25:16, 27) Lefa go ka nna melemo efe e e amanang le go loka ka dinotshe mme o sa dirise sukiri, kgakololo eo e baakanyetsa taolo ka botsogo jo bo molemo: A tekanyetso e nne konokono ya tsela ya go ja ga gago. Fa motho a ka ja dijo tse di farologaneng mme a tila go ja ka mo go feteletseng, ga mmogo le go sa je sejo sengwe ka go se feteletsa, o tla roba melemo ya botsogo. Ditlhaloso ka ga dinotshe di na le molemo o montsi kaga maiteko a botsogo.
Dikotla, Diminerale le Ditlhare
Kotlo e e tokafaditsweng e ile ya tlatseletsa botsogong jo bo botoka. Sekopololo e ne ya nna go lemogiwa ga ditlhokafalo tsa rona tsa dikotla le diminerale. Ka sekai, malwetsi a a bakwang ke tlhaelo a beri-beri, a mala (pellagra), a marinini le a digoro a ka alafiwa kana a tilwa ka go ja dijo tse di lekalekaneng tse di nang le divitamin B, C le D tse di lekaneng. Gape, jaaka dingaka di ile tsa nna tsa kopanela mo patlisisong ya tsa dikotla, go nnile le dipego tse di boletseng ka ga malwetsi ao a bonalang a arabela dilekanyong tse dikgolo tsa dikotla tse di rileng le diminerale tseo di abiwang ka kaelo ya ba tsa kalafi.
Lefa go le jalo batho ba le bantsi ba itshimololetse ka bo bone go nwa dilekanyo tse dikgolo tsa dithuso mo dijong, jaaka ekete go nnile le tlhaelo e e masisi ka bontsi. Bangwe ba ba salang go ikalafa mo go ntseng jalo morago ba ile ba ikutlwa ka go re, ‘Fa go le gonnye go siame, jalo mo go oketsegileng go botoka,’ mme, ‘Dikotla le dimenerale di ka se ke di go utlwisi botlhoko ka jaana mmele wa gago o tla tlosa dipe fela tse di setseng.’ Go ne go ntse jalo gore fa o metsa bogolo jwa dikotla tse di rileng di ka nna tsa ‘hetela mo mpeng, mme di ye go latlhelwa kwa ntle,’ phelelo e nna fela maswe a mmele a a tlhwatlhwa kgolo. (Mathaio 15:17) Mme ha o dirisa dikotla dingwe tse di rileng le diminerale di le dintsi, di ka khutlela go nna le kotlo epe mme di simolole go dira jaaka diokobatsi, le eleng go nna tshefi e e gobatsang.
Ka go dirisa dilekanyo tse di feteletseng tsa dikotla tse di rileng, batho bangwe ba ile ba senya ditokololo dingwe tsa mmele, kana go di koafatsa thata. Go fa sekai, monna mongwe mo Britain o ne a nwa matute a le mantsi a digwete le vitamin A mme a swa ka ntlha ya go re di mo tlapele (hypervitaminosis). Bana ba bantsi le bone, ba ile ba gobadiwa ke dikotla tse dintsintsi tseo ba neng ba di abelwa ke batsadi ba bone bao ba neng ba le pelo-e-phepa mme ba sa rutwa sentle kaga kotlo. Fa e le ka diminerale, ngaka nngwe ya tsa matlho o tlhalosa seo a se itemogetseng ka bo ene: “Ke tshwenyegile ka ga ba bantsi bao ba nang le go dirisa dilekanyo tse dikgolo tsa calcium, copper, zinc le chromium. Ke simolola go fitlhela maemo a bofofu mo go bomorwa-rre le bokgaitsadiake ba dingwaga tsa bo 20 go ya go 30.” Gakologelwa kgakolo e e botlhale ya Bibela ka ga dinotshe. Ekane e le seokobatsi se se itiretsweng kana e le vitamin ya tlholego, minerale kana setlhare, mo go ntsi go ka go utlwisa botlhoko.
Ee, go tshwanetse ga nna le tlhokomelo le mo ditlhareng gape. Ka phepafalo melemo mengwe ya ditlhare e na le mosola; ka sekai “digitalis le quinine,” ke tse di tswang mo “ditlhareng.” Kanoko nngwe kwa Kenya e ne ya bontsha go re “bobotlana 50 lekgolong ya melemo ya ditlhare e e dirisiwang ke dingaka tsa setswana e na le mosola wa mmannete wa tsa kalafi.” Mme gone seo se raya gore tse dintsi ga di na mosola ope o o itsegeng. Mme lebaka la go bo Jehofa a dirile go re “morōgō” o nne dijo tsa motho tsa tlholego ga go reye go re ditlhare tsotlhe ga di kotsi. Motsoko le motokwane ke “ditlhare.”—Genesise 1:29, 30.
Mme ditlhare tseo di bonalang di thusa motho mongwe di ka nna kotsi go yo mongwe. Molebedi mongwe yo o etang mo Ohio o ne a nna le botlhoko jwa mala. Ditsala tseo di neng di tshwenyegile di ne tsa mo kgothaletsa go dirisa kalafi ya ditlhare. Fa bothata bo ntse bo ganelela o ne a ya ko ngakeng ya tsa kalafi eo ditekeletso tsa gagwe tse di atlabetseng di neng tsa fitlhela fa go na le matlapana a santlhokwe. Ngaka e ne ya bona gape gore madi a modihedi a ne a sa kgone go ka rema; fa a ne a ka segwa ke sengwe o ne a ka dutla madi go fitlhelela a swa. Fa ngaka e sena go itse ka kalafi ya setlhare, a bolela go re se ne se itsege jaaka se se lereng mathata a go rema ga madi. Fa a sena go khutlisa go dirisa setlhare seo bothata jwa madi jwa nyelela.
Go Neela Dikakantsho
Go a tlhaloganyesega gore motho yo o batlang go thusa tsala e e lwalang kana wa losika o ka nna a akantsha sengwe seo a ikutlwang gore se ne sa mo thusa kana a utlwaletse gore se ka dira sengwe. Fa gongwe e ka nna ya nna bopelonomi jwa Bokeresete go dira jalo, jaaka ka moaposetoloi Paulo fa a ne a gakolola Timotheo yo mmotlana go sa dirise metsi a a tlwaelegileng fa e se go re a ‘nwe bojalwanyana jwa mofine ka ntlha ya mala a gagwe, le makoa a gagwe a mantsi.’—1 Timotheo 5:23.
Motho yo ka metlha a akantshang ka diokobatsi, dikotla, diminerale kana ditlhare o tshwanetse ‘a ikela tlhoko leha go le jalo, segolo fa a tlhaela kitso e e tletseng ka tsa botsogo le go dira ga ditokololo tsa mmele. O tshwanetse a ipotsa a re: A tota ke na le mabaka? Leha seokobatsi, vitamin, minerale kana setlhare se ka ne se bonala se nthusitse, a ke itse fa e le go re a se ka gobatsa mongwe o sele? Fa se ne se ka dira jalo, a ke ne ke ka ikarabela ka bontlha bongwe le go nna molato ka tsela nngwe? Kana le eleng fa seo ke se akantshang se sena kgobatso epe ka go sa dire ga sone, a e ka bo e le nna yo ke diileng motho go bona kalafi e e tsweletseng go fitlhelela boemo jwa gagwe bo befa kana bo nna bodiphatsa?—Bapisa 1 Timotheo 5:22.
Bangwe ba ile ba nna le kgatlhego e e sa tlwaelegang kaga selekanyo se se rileng sa botsogo. Jaaka sekai se se feteletseng, mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a fitlhela lokwalo lo lo tswang kwa tsaleng ya gagwe yo o neng a rekisa dikotla le latlhetswe kafa tlase ga lebati la gagwe. Bontlha bongwe jwa lone bo re: ‘Go na le lebaka je le botlhale le je le gakgamatsang la gore ke eng fa didirisiwa tse di thusang (selwana) seo di na le matswela. Go tshwana fela le “boammaaruri” fa bo bapisiwa le “Babelona o Mogolo.” Fa gongwe ga ke itse le eleng gone gore bangwe ba bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba ile ba bona boammaaruri jang. Ba tlhokomologa Diane 18:13 le fa maikaelelo a rona rotlhe e le go ba thusa.’
Go re bangwe, lefa lebaka e ka nna lefe, ba ka godisa tlhagafalo ya bodumedi ka ga dikgang tsa botsogo go wela mo go reng go a tlhokafala ka Bakeresete botlhe go nna le kelotlhoko ya go re ba seka ba tlhoka tekatekano.
Dipotso tse Dingwe
Bakeresete ba ka lebogela go bo re na le kgakololo ya Lefoko la Modimo, ka jaana ka ditsela tse di farologanyeng le re thusa go ipoloka re itekanetse. Mme go na le dikarolo tse dingwe tsa botsogo tse di tlhokang tlhokomelo, jaaka: Ke ka tlhomamisa jang go re ke kalafi efe e ke tshwanetseng go e amogela? Go tweng ka metlhala e e sa tlwaelegang ya phodiso kana kalafi? A go na le dikotsi dingwe tsa semoya go epe ya tseno? Pono ya gago ka bogosi jwa Modimo e tshwanetse ya ama jang go akanya ga gago ka ga botsogo? Setlhogo se se latelang se tla akanyetsa dintlha tseno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona kgaolo ya “Better Health and Longer Life—How?” mo bukeng ya Happiness—How to Find It, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.