Go Senngwa Ga ‘Helo Ga Boitshepo’—Go Rayang Gompieno
“DIKAGO TSA KEREKE LE DITEMPELE GO KGABAGANYA LEFATSHE Dl NE TSA SENNGWA KA TLHASELO E E THUBAKANYANG KGATLHANONG LE BODUMEDI!”
A BO bontsi jwa batho bo ka tshoga jang fa e ka re letsatsi lengwe ditlhogo tse di ntseng jalo tsa tlhaga mo kgasong ya dikgang! Lefa go le jalo seo ga se kgonego fela; ga se ka ke sa tilwa!
Seno se ka nna jang? Ka go bo polelelo-pele ya Bibela e bontsha ka botlalo gore seno ke se se tla tlogang se diragala mo lefatsheng le lengwe le le lengwe. Ka sekai, polelelo-pele ya ga Mathaio kgaolo 24 e umaka go swafadiwa ga ‘helo ga boitshepo.’ Lefa seno se ile sa nna le tiragatso mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, se tla nna le tiragatso e kgolo mo motlheng wa rona.
Polelelo-pele eo e ne e neetswe lwa ntlha mabapi le Jerusalema le tempele ya gagwe e e magasigasi, e e neng e dirisiwa ke Bajuda mo kobamelong ya bone. Mo lobakeng longwe fa Jesu Keresete a ne a bua le barutwa ba gagwe o ne a re ka dikago tseo tsa tempele: “A ga lo bone dilō cotlhe tse? Amarure kea lo raea, Ga go ketla go lesiwa lencwè lepè ha, le tlhatlhaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.”—Mathaio 24:2.
Ke ka ntlha yang Modimo o ne o tla tlisa katlholo e e botlhoko mo go kalo mo tempeleng eo e e “boitshepo” ya lekgolo la ntlha la dingwaga le tsamaiso ya sedumedi e e neng e e emela? Ke ka go bo Bajuda ba ne ba fetoga batenegi. Ba ne ba latlhile melao ya Modimo e ba neng ba e filwe ka Moshe. Se sengwe gape, ba ne ba ganne baemedi ba Modimo bao ba neng ba rometswe go ba tlhagisa, le eleng go tsholola madi a bone. Ke ka gone Jesu o neng a re: “Yerusalema wè! Yerusalema wè! eo o bolaeañ baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweñ kwa go ena! . . . Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.”—Mathaio 23:37, 38.
‘Tshabelang Kwa Dithabeng’
Go bao ba neng ba obamela Modimo ka bopelo e phepa, Jesu o ne a ba raya mantswe ano: “Me ke gōna e tla reñ lo bōna se se makgapha a a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō,—a eo o balañ a tlhaloganyè,—Hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ: Eo o mo godimo ga ntlo, a a se hologele go ntsha dilwana tse di mo tluñ ea gagwè. Le èna eo o kwa masimo, a se ka a boèla go tsaea kobō ea gagwè. A bo go tla bo go latlhèga ba ba imana, le ba ba amusañ mo metlheñ euō!”—Mathaio 24:15-19.
Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go potlaka mo go kalo gore ba “tshabèlè kwa dithabeñ?” O ne a re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshadiwa.”—Mathaio 24:21, 22.
Mme tota Jesu o ne a rayang fa a ne a bua ka gore “se se makgapha a a shwahatsañ, . . . se eme mo heloñ ga boitshèpō”? O ne a raya eng fa a re “sepitla se segolo,” mme gape le ka “motho” yo o neng a tla bolokwa? Ke ka ntlha yang fa se tla “khutshahadiwa” “ka ntlha ea baitshenkedwi”?
Tiragatso ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
Ke eng seo se neng sa felela e le tiragatso ya tota ya polelelo-pele eno mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Selo sa ntlha, elatlhoko, tlhagiso e e potlakileng ya go tshabela kwa dithabeng ha “lo bōna se se makgapha a a shwahatsañ, . . . se eme mo heloñ ga boitshèpō.”
Moswahatsi yono yo o makgapha e ne e le eng? Ditiragalo di re bolelela gore seo tota se sentseng Jerusalema ke eng: E ne e le masole a Mmuso wa Roma. Fa masole ao la ntlha a ne a bonala ka mabetwa-e-pelo go dikaganyetsa Jerusalema, seo e ne e le tshupo gore motho yo o ‘tlhaloganyang’ a tswe mo kgaolong eo. Mme seno se ne sa diragala ka ngwaga wa 66 CE. Go tswa foo, masole a Roma tlase ga General Cestius Gallus a dikaganyetsa Jerusalema le eleng go tlhasela lorako lwa tempele, ba e nyenyefatsa. Ga motlhofo fela ba ko ba ile ba gapa motse otlhe.
Ka jalo, masole a Roma a ne a eme fa “motsiñ o o boitshèpō.” (Bapisa Mathaio 4:5; 27:53.) Le eleng Bajuda ba batenegi ba ne ba tsaya Jerusalema le ditikologo tsa yone di le “boitshèpō.” Go nna gone ga masole ao “mo heloñ ga boitshèpō” mono go ne go le makgapha mo Bajudeng.
Mme, go tswa foo, ka lebaka lengwe le bo-raditiragalo ba sa le tlhaloganyeng, General Gallus o ne a ntsha masole a gagwe mme a bowa ka morago. Seo e ne e le tshupo e Jesu a e boleletseng pele. Nako e ne e gorogile go balatedi ba gagwe, “baitshenkedwi,” go simolola go tshaba. Ka go lemoga botlhokwa jwa metlha, ka bofefo ba ne ba tswa mo Jerusalema le Judea yotlhe, fela jaaka Jesu a ne a kaetse. Ra-dititragalo Eusebius o bolela gore ba ne ba tshaba ba kgabaganya Noka ya Joredane go ya kwa lotshitshing lwa Pella kwa kgaolong ya dithaba ya Gileade.
Go Senngwa ga Jerusalema
Dingwaga di sekae moragonyana, ka 70 CE, masole a Roma tlase ga ga General Titus a ne a boela mo Judea mme a dikaganyetsa Jerusalema. Mme legale ka nako eo “baitshenkedwi” botlhe, Bakeresete, ba ne ba setse ba dule mo ‘motseng o o boitshepo.’ Ka gone, fa Baroma ba ne ba dikaganyetsa Jerusalema ka nako eo, go ne go sa tlhole go na le sebaka sa ope go tshaba go ka iphalotsa.—Luke 19:43, 44.
Morago ga seduledi se se khutshwane sa dikgwedi tse nne le malatsi a le masome mabedi le botlhano, masole a Roma a ne a nyeletsa motse le tempele. Ra-ditiragalo Josephus, mmoni wa tiragalo, o kaela palo ya ba ba suleng mo go 1 100 000 le ditshwarwa di le 97 000. Dipalo tseo di ne di le dikgolo ka go bo Bajuda ba ba boikanyologi ba ne ba seka ba tsaya-tsia tlhagiso ya ga Jesu ya gore ba tshabe. Ba ne ba dira se se fapaaneng. Ka nako ya moletlo wa bodumedi ba ne ba thelesegela mo Jerusalema mme ba kabelelwa botlhe fa Baroma ka tshoganyetso ba ne ba dikaganyetsa motse.
Lebaka la go bo Bakeresete ba “baitshenkedwi” ba ne ba sa tlhole ba le mo Jerusalema go ne go raya gore Modimo o ne o se ketla o amega ka polokego ya bone. Ba ne ba setse ba falotse. Ka gone Modimo o ne a ka letlelela Baroma go tsena mo Jerusalema mme ka bofefo ba diragatse katlholo ya Gagwe kgatlhanong le motse. Ka jalo ka ntlha ya go bo Bakeresete ba ba itshenketsweng ba ne ba setse ba dule mo Jerusalema, malatsi ao a pitlagano a ne a tla bowelong jwa one ka bofefo, a ne a “khutsahadiwa.” Seno se ne sa letlelela “motho” mongwe go falola, 97 000.
“Sepitla se segolo seo” ka 70 CE e ne e le petso e e botlhoko thata e e kileng ya wela Jerusalema. Se ne sa khutlisetsa ruri motse o o agilweng wa Sejuda, tempele ya one le tsamaiso ya bodumedi e e neng e o dikologile.
Mme tiragalo eo ya bogologolo e re ama jang rona bao re tshelang mo lekgolong leno la masome a mabedi la dingwaga? Go le go golo thata.