Bogosi le ‘Helo ga Boitshepo’
“Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō ba tla tlañ. Me ke gōna e tla reñ lo bōna se se makgapha a a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō,—a eo o balañ a tlhaloganyè,—Hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ.”—Mathaio 24:14-16.
1. Baboledi ba ba tlhagafetseng ba bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ba kgatlhegelang gompieno?
A O MONGWE yo o ntseng a arola mo go rereng ka tlhoafalo “mahoko a a molemō a, a bogosi”? Fa go ntse jalo, o lebeletse ka tlhologelelo go ‘tla ga bokhutlo.’ Ka gone, o ntse gape o kgatlhegela thata go tlhaloganya se se kaiwang ke “se se makgapha a a shwahatsañ” gompieno le go ‘ema ga sone fa helong ga boitshepo.’ O tla rata go itse go dira ga motlha wa segompieno ga seo moperofeti Daniele a neng a se bua kaga dilo tseno le kafa wena gompieno, o ka nnang gareng ga bao ba bonang poloko ka gore ba “tshabèlè kwa dithabeñ.”—Mathaio 24:3-16.
2. (a) Dingwe tsa dikwalo tseo di re thusang go kgetholola “baitshepi” ba polelelo-pele ya ga Daniele ke dife? (b) Ke setlhopha sefe se sengwe se se tswang go bonala bosheng jaana, mme ke dikgatlhego dife tse di tshwanang tseo ditlhopha tseno tse pedi di nang le tsone?
2 Polelelo-pele ya ga Daniele e na le mo gontsi mo e go bolelang kaga “baitshepi” ba ba ruang bogosi. (Daniele 7:27) Bano ba bopa setlhophanyana sa Bakeresete ba go ‘tsalwa sesha,’ Baiseraele ba semoya, bao ba bolokileng bothokgami mo ditlhaselong tsa ga Satane, ka gone ba itshupa ba tshwanelegela go nna le lefelo mo bogosing jwa magodimo. (Yohane 3:3; Luke 12:32) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba ba santseng ba setse ba basupi ba ba tloditsweng ba Modimo ba ile ba kopana mmogo le “boidiidi yo bogolo yoa . . . morahe moñwe le moñwe,” joo bo solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. A o mongwe wa sengwe sa ditlhopha tseno? Fa go ntse jalo, o na le tshiamelo jaanong ya go ka ‘direla Modimo tirelo e e boitshepo’ mo motlaaganeng wa selefatshe wa tempele ya gagwe ya semoya. Eno ke tirelo e e itshepileng, e e direlwang mo “heloñ ga boitshèpō” moo go tshwanang fela le motlaagana wa tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema wa bogologolo.—Tshenolo 7:4, 9, 15; Baroma 12:1, 2.
3, 4. (a) Ke ‘Bo-Jerusalema’ bafe ba bararo bao ga jaanong ba tlang tlhokomelong ya rona? (b) Lefoko la Modimo le tlhalosa nngwe le nngwe ya ‘Bo-Jerusalema’ bano jang?
3 Ka ntlha ya botenegi jwa Bajuda, bao ba neng ba bolaya le Morwa Modimo, Jerusalema wa selefatshe o ne a latlhiwa, a itlhotlhorwa ke Modimo. (Mathaio 23:37, 38) Lefa go ntse jalo, Jerusalema yo o botoka thata o ne a tswelela ka go amogelwa ke Jehofa. Bagalatia 4:26 e mmitsa “Yerusalema o o kwa godimo.” Ke “mosadi” wa ga Jehofa, phuthego ya gagwe ya selegodimo ya sekamosadi. E ne ya nna Jerusalema yono yo o neng a tlhagisa Morwa wa semoya wa Modimo, Jesu Keresete, yoo, ka ngwaga wa 33 CE, a neng a ntsha “botshelō [moya] yoa gagwè go nna thèkololō” a bo ntshetsa batho.—Mathaio 20:28.
4 Morago ga tsogo ya ga Jesu ya semoya, o ne a golelediwa kafa letsogong je legolo la ga Rraagwe wa selegodimo. Ka motlha o o beilweng, ka 1914 CE, Jehofa o ne a mo tlhoma mo bogosing jwa gagwe, joo Bahebera 12:22 e bo kopanyang gape le leina Jerusalema, e bo bitsa “Yerusalema oa selegodimo.” Mo lobakeng lwa teng, bogosi jono, bo tla senya tsamaiso e e boikepo ya ga Satane le go tsosolosa paradaise mo lefatsheng ja rona.—Mathaio 6:9, 10.
Go Swahatsa ‘Helo ga Boitshepo’
5. (a) Jesu o ne a reng kaga Jerusalema wa selefatshe? (b) Seno se ne sa gogela potsong efe le polelelo-pele?
5 A rotlhe re buleng Dibibela tsa rona jaanong go Mathaio kgaolo 23. Gone moo temaneng ya 38 o tla elatlhoko tlhaloso ya ga Jesu ya gore ‘ntlo ya Jerusalema e tlogetswe e ropehetse hela.’ Go tswa foo, go barutwa ba gagwe ba ba gakgametseng, Jesu o bua mafoko a Mathaio 24, temana 2, malebana le tempele ele ya Jerusalema wa selefatshe: “Amarure kea lo raea, Ga go ketla go lesiwa lencwè lepè ha, le tlhatlhaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.” Seno se gogela potsong ya barutwa ba bane go Jesu mo temaneng 3: “Re bolèlèlè, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Go tswa foo Jesu o bolela boperofeti jwa gagwe jo bo itsegeng thata jo bo tswelelang go ya go fitlha kwa bokhutlong jwa Mathaio, kgaolo 25.
6, 7. (a) Tiragatsong ya polelelo-pele, ke eng se jaanong se neng sa bopelwa? (b) “Se se makgapha” se ne sa bonwa jang jaaka ‘se se emeng ha helong ga boitshepo’?
6 Seo se neng sa kgatlhisa barutwa ba ga Jesu morago koo ka 33 CE e ne e le bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuda, e e neng e ikgarile mo Jerusalema wa selefatshe le tempele ya one, tsamaiso ya bodumedi e e neng e nnile ya botenegi. Mme go sa tlhokomelege botenegi jwa gagwe, Jerusalema o ne a tswelela ka go itsiwe jaaka ‘motse o o boitshepo,’ le eleng morago ga go swa ga ga Jesu. (Mathaio 27:53) Tiragatsong ya polelelo-pele ya ga Jesu, masetla-pelo a ne a ntsifala mo Jerusalema le Judea le mo merafeng e mengwe e e gaufi. Go tswa foo, ka 66 CE, mephato ya Baroma kafa tlase ga ga General Gallus e ne ya tlhasela Jerusalema. Fela jaaka Jesu a ne a boleletse-pele (go ya ka Luke 21:20), Jerusalema o ne a ‘dikiwa ke dintwa.’ Jaaka go tlhalositswe ke ra-ditiragalo Josephus, tseno di ne tsa ba tsa tsena mo motseng ka medimo ya disetwa mme tsa simolola go nyenyehatsa lobota lwa tempele.
7 Dintwa tseo tsa Baroma ruri di ne di eme ha “heloñ ga boitshèpō.” Di ne di ipaakanyeditse go shwahatsa ‘motse oo wa ga Jehofa,’ motse o o neng o na le makgolo kgolo a dingwaga o amana le kobamelo ya ga Jehofa. (Pesalema 101:8) “Makgapha a a shwahatsañ,” ruri, mo ponong ya Bajuda ba batenegi le Bakereseteng ba Bajuda! Lefa go ntse jalo, ke Bakeresete fela bao ba neng ba lemoga gore jono e ne e le boemo joo Jesu a neng a boleletse-pele ka jone. Go ne go sa bopelwa fela ‘motse o o boitshepo’ le tempele ya one ya kobamelo mme e leng gape Bakeresete ba ba neng ba le moteng ba ba neng ba ikanyega go Jehofa le lefokong la gagwe la boammaaruri. Bano ba ne ba tla falola jang?
8. Jehofa o ne a tsenya letsogo jang mo dilong, mme ka diphelelo dife?
8 Ka kgakgamatso Jehofa o ne a tsenya letsogo mo ditiragalong. Ka tshoganetso masole a Roma a ne a boela morago, a bulela Bakeresete phatlha go utlwa boperofeti jwa ga Jesu. Mme ruri ba utlwa, ‘ba tshabela kwa dithabeng’ tsa Gileada! Morago, ka 70 CE, “se se makgapha” sa boa gape. Mo dikgweding di le nne fela, masole a Roma tlase ga General Titus a swahatsa Jerusalema, a dira gore se go tweng ke ‘helo ga boitshepo’ ga one go nne thotobolo fela. Bajuda ba ba ka fetang sedikadike ba ne ba swa mo matlhotlhapelong ao, ka bafalodi ba sekae fela. (Daniele 9:26) Mme Bajuda ba Bakeresete bone ba ne ba bolokesegile! Ka ntlhayang? Ka jaana ba ile ba utlwa lefoko la boperofeti la boammaaruri jaaka le ne le builwe ke Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete.—Mareko 13:1, 2, 14.
Setshwani sa Segompieno
9. Ke ka ntlhayang fa ditiragalo tseo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di tshwanetse go re kgatlhisa gompieno?
9 Ditiragalo tseo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di na le bokao jo bo botlhokwatlhokwa mo go rona gompieno. Jang jalo? Ka jaana di na le setshwani se se gakgamatsang thata mo lekgolong leno la dingwaga la masome a mabedi. Ke mo motlheng wa rona oo polelelo-pele e kgolo ya ga Jesu e tlang mo mogatleng wa yone, tiragatso e e kgaolang lefatshe pelo! Lefa go ntse jalo, mo gompienong ga se motse fela wa Jerusalema le lefatshe ja Judea se se kopanyediwang, mme eleng lefatshe lotlhe je le agilweng, ka metse ya lone e e masome a a diketekete, ka makgolo-kgolo a lone a meraferafe le ditso le batho ba lone ba ba didikadike tse 4 400—tsamaiso ya dilo yotlhe ya lefatshe.
10. (a) Ke lobaka lofe lwa nako lo lo neng lwa fela ka 1914, mme jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go na le ‘tatlhego mo lehatsheng’ e e sekeng e nne?
10 Le e leng bo-raditiragalo ba lefatshe ba ile ba elatlhoko gore ngwaga wa 1914 CE o ne wa lere diphetogo tse di tshwayang motlha. E le ruri, “metlha ea Badichaba” e ne ya fela ka ngwaga oo. (Luke 21:24-28) Jehofa o ne a se kitla a tlhola a dumelela magosi a Baditšhaba go busa ka go rata. Jalo he polelelo-pele ka ga Morena Jesu e ne ya diragadiwa: “Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: [“Yerusalema oa selegodimo,” bogosi jwa bomesia], a go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” (Pesalema 110:2) Ka kutlo, kgosi e e tlhomilweng mo setilong e ne ya piriganya Satane le masomo a badimona ba gagwe kwa legodimong go tla tikologong ya lefatshe. Jalo, ka ‘lobaka lo lokhutshwane,’ ke ‘tatlhego mo lehatsheng.’ (Tshenolo 12:7-12) Jaanong, go tloga ka 1914 go ya pele, polelelo-pele e kgolo ya ga Jesu ya Mathaio dikgaolo 24 le 25 e bona tirafatso.
11. Ke eng se wena ka bowena o se iponetseng ka tiragatso ya polelelo-pele ya ga Jesu e kgolo?
11 A jaana rotlhe ga re a iponela ka matlho “seshupō . . . sa bokhutlō yoa lehatshe”? A rona ka borona ga re a bona dintwa tse dikgolo, ditlala, dikgogodi tsa bolwetsi, dithoromo tsa lehatshe le “dilō tse di rerisañ ha di bōnwa” tseo Jesu a neng a bolelela-pele ka ga tsone? A ga re a iponela pogiso ya Bakeresete, le go arola mo go rereng “mahoko a a molemō a, a bogosi . . . mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe”? E le ruri bontsi jwa rona re bone! (Mathaio 24:3-14; Luke 21:10-12) Mme go ka tweng ka mafoko a ga Jesu go Mathaio 24:15, 16, ka ga “se se makgapha a a shwahatsañ”?
Tiragatso ya Kgolokwe
12. “Sepitla se segolo” se tla farologana jang le tshenyego ya Jerusalema?
12 Tiragatso ya polelelo-pele eno ya lekgolo la ntlha la dingwaga e baakanyetsa motlhala wa seo re ka nnang ra se lebelela mo gompienong. Mme go na le ditlhaloso dingwe tse di sa tshwaneng fela thata ka go opa kgomo lonaka. Ka sekai, go ditemana 21 le 22 Jesu o re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.” “Sepitla se segolo” sa makgaola kgang ga sena go lekanyediwa fela go Jerusalema kana motseng mongwe o sele. Se tla nna namane e tona ya sebetso seo se kileng sa itaya lefatshe la rona, mme se tla apesa kgolokwe yotlhe ka bogolo jwa sone.—Yeremia 25:30-33; Mathaio 24:30.
13. Phapaanong le “motho opè” yo o neng a falola tshenyego ya Jerusalema, “motho opè” yo o tla bolokwang mo ‘sepitleng se segolo’ ke ofe?
13 Mme gape, “motho opè” yo o tla falolang ga e na go nna batenegi ba sekae ba Bajuda, ba ba neng ba tla felela botshwarong, jaaka fa go ne go senngwa Jerusalema wa selefatshe. Go na le moo, e tla nna “motho opè” wa “baitshenkedwi,” bao mo lefatsheng ba emelang “Yerusalema oa selegodimo,” gammogo le “motho opè” ebong ditsala tsa bone tsa “boidiidi yo bogolo” go tswa mo merafeng yotlhe, bao Tshenolō 7:14 e tlhalosang ka bone e re: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Re tshwanetse he ra tlhaloganya jang Mathaio 24:15, 16, mo tiragatsong ya yone ya motlha wa segompieno?
“A eo o Balañ a Tlhaloganyè”
14, 15. Dingwe tsa dilo tseo ‘yo o balang a ka di tlhaloganyang’ fa a tlhatlhoba Daniele dikgaolo 7 le 8 ke dife?
14 Jesu fano o lebisa go “moperofeti Daniele,” mme o oketsa ka go re: “A eo o balañ a tlhaloganyè.” E ne e le “ka ñwaga oa ntlha oa ga Beleshasare kgosi ea Babelona” fa Daniele a ne a bontshiwa ponatshegelo ya mongwe yo o leng Mogologolo, Jehofa Modimo, le go atlhola ga gagwe merafe ya lefatshe ka bogosi jwa ga Mesia. Seno se ne se tshwanetse go nna fa ‘lobaka lo hitlhile lwa baitshepi go rua bogosi.’—Daniele 7:1, 9-14, 21, 22, 27.
15 Daniele o ne a bona ponatshegelo e nngwe gape mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Beleshasare. Fano, mo go Daniele 8:3-9, moperofeti o dirisa puo ya tshwantshetso fa a tlhalosa tatelano ya “ditshedi” le “dinaka” tse di thata tseo di golang mo ditlhogong tsa “ditshedi” tseo. Daniele 8:20-25 e re thusa go kgetholola tseno jaaka mebuso ya lefatshe ya dingwaga tse 2 500 tse di fetileng, eo e neng ya simolola ka Media le Peresia, go tswa foo Gerika, Roma mme kgabagare—jaaka ‘lonakana lo lo neng lwa gola go fitlhela nonofo ya lona e nna kgolo’—Mmuso wa Britani, oo moragonyana o neng wa kopanela le repaboliki ya Amerika. Jaana ga tlhongwa maatla a lefatshe a a pataganyeng.
16. (a) ‘Lobaka lo lo neng lwa hitlha’ ke lofe, mme ke eng seo se neng sa latela mo boitemogelong jwa “baitshepi”? (b) Ke ka ntlhayang fa ditokololo tsa June 1938 tsa The Watchtower di ne di le botlhokwa mo bathong ba Modimo?
16 Ka 1918 CE “lobaka loa hitlha” lwa “baitshepi” go amogela bogosi. Go tloga ka ngwaga wa 1919 “baitshepi” ba ba neng ba santse ba setse mo lefatsheng ba ne ba rulaganyediwa go neela polelo ya kgolokwe ka bogosi jo bo tlhomilweng jwa ga Mesia. (Mathaio 24:14) Ke e re go tswa foo ba bo ba itsiwe lefatshe ka bophara jaaka “Basupi ba ga Jehofa” mme le “boidiidi yo bogolo” jwa badirika-bone jwa simolola go kopanela le bone. (Isaia 43:10, 12; Tshenolo 7:9) Lefa go ntse jalo, ka bo-1930 maru a mantsho a pogiso a kokoana. Jehofa o ne a tlama batho ba gagwe go kopana le matshosetsi ano ka go ba rulaganya sesha ka bolegodimo. Ditokololo tsa Tora Ya Tebelo tsa June 1 le 15, 1938, di ne tsa nna le ditlhogo ka “Phuthego” e e neng ya neela batho ba Modimo sebopego sa bolegodimo seo se neng se tla direla jaaka motheo wa tiro ya bone mo ntweng ya lefatshe ya bobedi.—Isaia 60:17.
17. Daniele 8:10, 11 e ne ya diragadiwa tebang le bomang gompieno?
17 E ne e le ka Ntwa ya Lefatshe II fa Daniele 8:10, 11 e bona tiragatso. “Lenakana” le ne la dipela Jehofa Modimo, ‘kgosana ya bontsintsi.’ Mme “bontsintsi” jono ke eng? A ke bontsintsi jwa baineedi ba matshwititshwiti a ditlhopha tsa sedumedi tsa La-Bodumedi? Nnya. Bano ga ba ‘ilwe,’ ka jaana ba itirile karolo ya lefatshe la ga Satane. (Mathaio 24:9; Yohane 15:18-20) Daniele fano o lebisa go mophato o mmotlana thata, o o tshwanang fela le setlhopha sa batlhabani sa ga Gideone seo se neng se le se botlana thata fa se bapisiwa le ditlhophatlhopha tsa Midiana. (Baatlhodi 7:8, 12) Ke masalela a a mo lefatsheng a “bontsintsi” jwa “baitshepi” ba ba 144 000 ba ba tla busang le Kwana, Keresete Jesu, mo Thabeng ya Siona ya “Yerusalema oa selegodimo.”—Tshenolo 14:1-5.
Go nna ha “Heloñ ga Boitshèpō”
18. (a) Dikwalo di bontsha kae gore ‘helo ga boitshepo’ go fa kae? (b) Go ya ka Daniele 8:12, ke eng se se diragalang mo lefelong leno?
18 Gompieno ba ba santseng ba setse bano ba ntse mo “heloñ ga boitshèpō,” mme ba emetse “Yerusalema oa selegodimo” le thulaganyo ya gagwe ya tempele mo lefatsheng. Daniele e tlhalosa seno (mo temaneng 11) jaaka “bonnō yoa [ga Jehofa] helō ga eōna ga boitshèpō” mono mo ‘sebeong sa dinao,’ tsa Gagwe, mo lefatsheng. (Isaia 66:1) A re: “Ea e [Jehofa] tlosetsa chupèlō ea phishō ea ka metlha eotlhe, le bonnō yoa helō ga eōna ga boitshèpō yoa digèlwa ha hatshe. Me ea neèlwa bontsintsi, le eōna chupèlō ea phishō ea ka metlha eotlhe ea e neèlwa ka ntlha ea tlolō; me ea digèla boamarure ha hatshe, ea diha se e se ratañ, me ea tlhōgōnōhala.” (Daniele 8:11, 12) Seno se ne sa diragadiwa jang?
19. (a) Ke eng seo re se tlhaloganyang fano ka ‘tlolo ya lonakana’? (b) Le ne la nna la ‘digela boammaaruri ha hatshe’ jang?
19 Mme kana, ke eng seo e neng ya nna boitemogelo jwa baithuti ba Bibela ba ba ikanyegang—Basupi ba ga Jehofa—ka Ntwa ya Lefatshe II? Pogiso e e gotetseng! Seno se ne se tshwana le “tlolō,” boiteko jwa go swahatsa setlhopha sa Modimo sa ‘helo ga boitshepo,’ mme jalo go tlosiwe “chupèlō ea phishō” mo go Jehofa ebong kobamelo ya ka metlha ya phatlalatsa. Go ne ga simologa mo dinageng tsa Bo-Nazi le Bo-Fascist. Mme ka bonakonyana ‘boammaaruri bo ne jwa digelwa ha hatshe’ fa gotlhe go busiwang ke ‘lonakana lo lo neng lwa gola go fitlhela nonofo ya lona e nna kgolo.’ “Bontsintsi” jwa baboledi ba bogosi le tiro ya bone ya go rera ka boammaaruri jwa bogosi e ne ya thibelwa mo re ka reng kakaretsong yotlhe ya British Commonwealth. E ne ya re fa merafe eno e tsenya banna ba yone mo bosoleng ya gana go nteela kwantle bareri ba Basupi ba ga Jehofa; ya seka ya bontsha tlotlo epe mo go tlhophiweng ga bone ga bolegodimo jaaka badihedi ba Modimo. Tlhaselo ya digopa le dikgobololo tse dingwe di ne tsa koegelwa mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo United States.
20. (a) Daniele 8:14 e re neela tlhomamisetso efe? (b) Ke jang ‘helo ga boitshepo go neng ga tswa go fentse’? (c) Jaaka fa Ntwa ya Lefatshe II e tla bokhutlong go ne ga nna le ditiragalo dife mo phuthegong ya ga Jehofa?
20 Lefa go ntse jalo, go ya ka Daniele 8:13, 14, morago ga lobaka lwa ‘malatsi a le bothousanda ba le makgolo a mabedi le makgolo a le mararo’ (dingwaga tse thataro, dikgwedi tse nne le malatsi a le masome a mabedi), ‘helo ga boitshepo’ go ne go tla “ntlahadiwa,” kana go tla “tswa go fentse” (New English Bible). Ruri, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa mo go botlhoko ka ntlha ya go ganelela ga bone mo go ‘utlweng Modimo bogolo go batho.’ (Ditiho 5:29) Mme mo dikgweding tsa morago tsa Ntwa ya Lefatshe II ba ne ba boa ba tiisetsa tlhomamiso ya bone go goletsa puso ya ga Jehofa le go ineela mo go yone moteng ga phuthego ya bone. Jalo, thulaganyo-sesha ya tiro le sebopego sa tsamaiso e e laolang di ne tsa simolodisiwa ka 1944. The Watchtower ya October 15, 1944, e ne ya nna le setlhogo “Go Rulaganyediwa Tiro ya Makgaolakgang.” Setlhogo seno le tse dingwe tseo di neng di remeletse mo tirelong tsa lobaka lo lo tshwanang di ne tsa bontsha gore ‘helo ga boitshepo’ go ne gape go ‘ntlahaditswe’ go ya kafa ponong ya ga Jehofa.a
21. Go tla fano, bogosi bo ne bo fentse jang?
21 Boiteko jo bo tshabisang jwa mmaba go swahatsa le go senya ‘helo ga boitshepo’ go ne go paletswe gotlhelele. “Baitshepi” ba ba neng ba santse ba setse mo lefatsheng, gammogo le ditsala tsa bone tsa “boidiidi yo bogolo,” ba ne ba fentse. Bogosi jwa Mogodimodimo, Jehofa, le jwa ga Keresete wa gagwe, bo ne bo fentse! Ke eng seo se neng se tla latela, go ya ka lentswe la boperofeti la ga Jehofa? Re tla tloga re bona.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng ka Daniele dikgaolo 7 le 8 bona The Watchtower, December 1, 1971, ditsebe 711-728.
O ‘TLHALOGANYANG’ KA—
Daniele 7:22: “lobaka loa hitlha”?
Daniele 7:27: “baitshepi,” “bogosi”?
Daniele 8:9: “loñwe loa cōna . . . lonakana”?
Daniele 8:10: ‘bontsintsi jwa legodimo’?
Daniele 8:11: ‘kgosana ya bontsintsi’?
Daniele 8:12: “ea digèla boamarure ha hatshe”?
Daniele 8:14, NEB: “Helo ga Boitshepo go tla tswa go fentse”?
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Ka 1965 Chancellor Konrad Adenauer wa Jeremane o ne a bolela ka go re: “Ke tlelwa ke megopolo le dipono mo tlhaloganyong ya me, . . . megopolo ya pele ga 1914 fa go ne go na le kagiso ya mmannete, tidimalo le polokesego mo lefatsheng jeno—motlha o re neng re sa itse poifo. . . . Polokesego le tidimalo di nyeletse mo matshelong a batho e sale ka 1914.”
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Ka 1980 tona-kgolo ya pele ya Britani Harold Macmillan o ne a tlhalosa a re: “Sengwe le sengwe se ne se tokafalela pele. Leno ke lefatshe jeo ke neng ka tsalelwa mo go lone. . . . Ka tshoganetso, go sa lebelelwa, moso mongwe wa 1914 gotlhe go ne ga tla bokhutlong.”