Batshegetsi ba Boammaruri jwa Bogosi ba Kopana Mmogo
BATHO ba ga Jehofa ke batshegetsi ba boammaaruri jwa bogosi. Ba bo kgatlhegela fela thata. Mo godimo ga moo, ka metlha ba a ipela fa ba lalediwa go nngwe ya kokoano tse di kgethegileng tse di rulagantsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower, ka go bo ba itse gore e tla nna paka ya bolekane, kgothatso le kgakololo e e molemo. Dikopano tsa Kgaolo tsa 1982 tsa “Boammaaruri jwa Bogosi” eleruri di supa seno.
Go Gateletswe Boammaruri jwa Bogosi
Fa ba ne ba phuthegela le go nna fatshe mo thulaganyong e e bulang ya Labone mo tshokologong, tsholofelo e ne ya gola jaaka baphuthegi ba ne ba lebelela thulaganyo e e gatisitsweng mme ba elatlhoko ditlhogo tse di botlhokwa tse di tla tlotliwang. Tota, tshokologo eo yotlhe “Boammaaruri” bo ne bo tla tlhalosiwa—eseng fela boammaaruri kakaretso, mme bogolo, “Boammaaruri jwa Bogosi,” jo bo akareditseng maikaelelo a ga Jehofa Modimo ka motho, lefatshe, lobopo lotlhe le Leina la Gagwe le le tlotlegang.
Ka jalo kgatelelo e ne ya beiwa mo go itseng boammaaruri le go dira ka botlalo tumalanong le kitso eo. Go boammaaruri, go a tlhokafala go ikamogelela kitso e e tlhomameng ka dithuto tsa tshimologo tsa Bibela, mme boikaelelo ke go kgonisa baobamedi ba ga Jehofa go ruta tseno ka botswerere jaaka ba kopana le batho mo tirong ya thero ya ntlo le ntlo. Abo go le botlhokwa, gape, go lemoga gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri a le esi, motswedi tota wa boammaaruri jotlhe, le gore o ganediwa ke baba ba ba boikepo ba ba sa bonaleng ba ba dirisang maano a boferefere gore batho ba hularele Modimo le tshiamo! Bareetsi bogolo ba ne ba anaanela go ithuta ka ditiro tsa bokukunedi, tsa ka iketlo tse di dirisiwang ke Diabolo le baemedi ba gagwe jaaka ba senka go gogola tumelo ya rona.
Gore meya eno e e bosula e ka tlhabantshiwa jang mme ga fenngwa go ne ga tlhokomedisiwa ka tshwanelo mo thulaganyong. Re tshwanetse go lemoga rotlhe gore mmaba o batla go godisa moya wa boitaodi, bo-nna, mme gape go re thaisa ka boitsholo jo bo sa siamang jwa bonna le bosadi. Re tshwanetse go itse le go rata Modimo le go tlhoa dilo tse a di tlhoileng. Fa re sikere leina ja gagwe, he ga re a tshwanela go tlisa kgobo eleruri leineng ja gagwe kana mo phuthegong ya gagwe ya basupi ba ba ikanyegang. Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse ra ithusa ka nonofo ya gagwe ka thapelo e e tlhoafetseng, ebile re tshwanetse ra ikatamalanya le phuthego ya gagwe e e bonalang e e sireletsang.
Puo ya setlhogo ya kopano e ne ya supela kganetsanong ya botlhokwa e mongwe le mongwe a tshwanetseng go ne jaana kana nako e e tlang a ikaya gore o eme fa kae. Tlhopho ekane ke Satane, masomosomo a gagwe a badimona le mekgatlho yotlhe ya gagwe ya lefatshe ka maaka a yone kana Jehofa Mmusi wa Mothatayotlhe le ditsholofetso tsa gagwe tse di molemo-lemo tse di tla diragadiwang ke bogosi jwa gagwe. Tharabololo ya kganetsano eo e gaufi thata. Ga gona motho ope yo o ka nnang taola ya sejaro. Kgato e e potlakileng le e e tlhamaletseng e ka re tlhomamisetsa tshireletso le masego a a tswang go Jehofa.
Badiredi ba Boammaaruri jwa Bogosi
Seo e ne e le setlhogo sa thulaganyo ya Labotlhano, mme eleruri se ne sa thusa mongwe le mongwe go lemoga gore thato ya ga Jehofa ke gore re nne badiredi ba bogosi jwa gagwe, re bolela ka bogosi joo ka ntlo le ntlo ebile ka gone re tshwanelegisa ba bangwe go kopanela le rona mo tshiamelong eo ya bodiredi. Ka ntlha ya potlako ya nako e re tshelang mo go yone, go go dira botlhokwa go rona rotlhe go batla ditsela le diphatlha tseo re ka oketsang seabe sa rona mo tirelong eno ya Modimo, ekane ka nakwana kana jaaka baboledi ba nako e e tletseng. Dipontsho dingwe di bontshitse ka fa kakanyetso e e tlhoafetseng e ka neelwang go tlhokafalo ya go atolosa ‘tirelo e e itshepileng’ ya rona jaaka batho-ka-esi le ditlhopha tsa malapa.—Baroma 12:1.
Erile mo tshokologong eno badiredi botlhe ba ga Jehofa ba tlhagisiwa gore baba ba ba tshwanetsweng go elwatlhoko ga se fela ba ba tlwaelegileng bao ba ba ‘kwa ntle’ mme ba ba ipolelang gore ke ba rona mme le fa go le jalo ka boferefere ba batla go koafatsa tumelo le tirelo ya rona. Sebui se ne sa re: “Ba ba ntsha mogopolo wa gore, ereka Jehofa a le Modimo o o lorato mo go kalo, seo a se batlang fela ke gore re nne batho ba ba molemo, re tlhokomele ba bangwe ka dilo tse di bonalang le go rata baagelani ba rona.” Dipono tse di tshwanang le tse di ka nna kotsi, ka go bo di sa tsee-tsia taolo e e tlhometsweng mongwe le mongwe wa balatedi ba ga Keresete, e leng: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.”—Mathaio 28:19.
Bangwe ba tsosa kgang gore a jaana phuthego e a tlhokafala ebile ba iphaka gore sotlhe se motho o tshwanetseng go se dira ke go ipalela Bibela. Go nna diteme-pedi mo go maswe ga bone mo boemong jono go bonwa fa bano ba tswelela ka go itlhomela phuthego ya bone le go latela tsela e ba e itlhometseng ya go ithuta, e e ikaegileng mo botlhaleng jwa batho.
Fa re lebane le dikgang tse di ntseng jalo tse di sa tlhamalalang ebile di ganetsana, kgakololo ya Dikwalo tse di Boitshepo e phepafetse: Ba tlogeleng. Kgaoganang le bone. Tswelelang pele ka tirelo ya lona e e tlhokegang. (Mathaio 15:14; Baroma 16:17, 18) Go ganetsana phatlalatsa le bao ba tlisang dikgaogano e tla bo e le go bontsha tlhaelo ya katlholo e e molemo. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go dira karolo ya gagwe mo go thuseng mo ntlong ya tumelo go boloka boikutlo jo bo siameng tebang le bao ba tlontlololang Jehofa, phuthego ya gagwe le batho ba gagwe ba ba rulagantsweng. Go bolelwa ga bogosi go tla digelwa ka katlego, ka go bo Keresete Jesu o ne a solofetsa go nna le batlhanka ba gagwe ka “metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 28:20.
Motshameko o o neng wa tshamekwa ka Labotlhano o tlogetse batho ba sekae ba sa itsheka dikeledi. Abo ba ile ba tlhotlhelediwa ke go ela tlhoko seabe seo bana ba ba lailweng sentle ba ka nnang le sone mo go thuseng ba ba sa kgatlhegeng go ikakanya sesha le go lemoga bomosola jwa go amogela le go latela kgakololo ya Modimo!
Tshelang Ka Melao-metheo ya Boammaaruri
Seo e ne e le setlhogo sa thulaganyo ya Matlhatso, setlhogo se se neng sa otlelela tiriso e e feletseng ya dilo tsotlhe tse re di ithutileng mo kopanong eno. Jaaka batshegetsi ba boammaaruri jwa bogosi, re tshwanetse go tshela ka melao-metheo ya boammaaruri joo.
Morago ga kakanyetso ya temana ya letsatsi, re ne ra ipelela dibui tse tharo tse di latelanang tse di neng tsa tlhalosa dipatlafalo tsa Modimo tsa basha le bagodi, bana le batsadi. Go tsamaisa dikgang tsa lelapa tumalanong le melaometheo ya ga Jehofa go ne ga bonwa go atlega. Lorato, molemo o o kwa pele-pele wa Bakeresete ba boammaaruri, o go dira gore go kgonagale ka bana le batsadi go dirisana ka kutlwano.—Yohane 13:34, 35.
Ka dipolelo le ka dipontsho re ne ra amogela dikgakololo tse di mo nakong ka ga bodiphatsa jwa moya wa boitaolo. O buletse mathata a le mantsi le makete ebile a tshwanetse go kgatlhantshiwa ka go ngaparela ka go tia melaong-metheo ya Bibela. Ka jalo, go ile ga gagamadiwa dikarolo tse dintsi tsa matshelo a rona a Bokeresete. Lefa se se tlhoma ditekanyetso mo go rona, go ne ga lemogiwa gore ka tsela eno maemo a mantsi a a lekang a ne a tilwa kana a tshwarwa ka botlhale.
Kgang e nngwe e e neng ya bona tlhokomelo e e kgethegileng ke ya mmino. Re ithutile gore mmino o ka tsholetsa maikutlo kana wa boduhatsa. O dirisitswe go tlhagolela Bosatane le boitsholo jo bo sa siamang. Ka gone, Mokeresete, o tshwanetse a nne matseba ka ga seo a se reetsang fela jaaka a tshwanetse go elatlhoko se a se lebang mo ditshwantshong tsa TV.
Dithulaganyo tsa Matlhatso di ne tsa digelwa ka puo e e kgatlhisang ya “Boammaaruri jo bo Isang kwa Paradaiseng ya Lefatshe.” Sebui se ne sa re gopotsa ka gore Keresete Jesu o ne a lebisa go bogosi le paradaise ya lefatshe. Ka motlhala, Keresete o ne a supa fa pele ga ga Pilatwe gore O ne a le kgosi eleruri a bile a ne a rometswe go tla go supa ka ga boammaaruri. Go tswa foo, morago ga sesinyi se se neng se kaleditswe mo koteng mo letlhakoreng ja gagwe se sena go re, “Yesu, a u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago,” Jesu a araba ka go re: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” (Luke 23:42, 43; Yohane 18:36, 37) Mme bao ba ratang Modimo le tshiamo gompieno, abo tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo paradaiseng ya lefatshe e tlhomamisega jang ne!
Ngaparelang Boammaaruring jwa Boperofeti
Sebui sa pele mo mosong wa Sontaga se ne sa tlhalosa gore gompieno re lebagane le maemo a a tshwanang le ao a neng a lebagane Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Go ne go na le bao ba ba neng ba batla go boela kwa ditlhakeng tsa lehumanyana, ditlhaka tsa tshimologo tse di kopanyeletsang botlhalenyana jwa batho le dikganetsano tsa mafoko—dilo tse di sa ageleleng le fa e le go dirisana ka gope le go bona poloko. (Bagalatia 4:9) Dikotsi tsa motlha wa gompieno di akaretsa go leseletsa keletso ya dilo tse di fetang se se tlhokafalang mo botshelong go re tlamparela le go gapa megopolo ya rona le nako; go batla boitloso-bodutu jwa lefatshe, gantsi bo se phepa ebile bo o ja nako; go tshameka ka boitsholo jo bo sa siamang jwa bonna le bosadi ka dikotsi tsa jone tse di ntsi. Botshelo jo bosakhutleng bo ikaegile ka go ngaparela ga rona ka go tia boammaaruring le tseleng ya boammaaruri. Bangwe ba batshegetsi ba boammaaruri jwa bogosi ba ba saleng ba nna matlhagatlhaga nako e telele ba ne ba botsolotswa go sologela botlhe ba ba neng ba le teng molemo. Maitemogelo a bone a bontshitse gore go ka kgonagala go nna o ikanyega go Jehofa le melao-metheong ya gagwe le eleng ka nako ya diteko le mathata.
Morago go ne ga latela polelo ya setlhogo se se reng ‘Ba Ba Ikemisitseng ka Thulaganyo ya Ntwa,’ e e tserweng mo lokwalong lwa 1 Ditihalo 12:38. Jaaka sebui se ne se ikepetse mo ntlheng ya gore Bakeresete ba mo ntweng ebile ba tshwanetse go itshupa ba ikanyega jaaka masole a ga Jesu Keresete, ba itshokela bothata le go boloka kutlwano mo ditlhopheng tsa bone, mokgosi wa tlhabano o o phepafetseng o ne wa ntshiwa. Fa e sale go ikwadisa ga rona mo sesoleng sa Morena, bogolo jang ka nako ya boineelo jwa rona le kolobetso, tiro nngwe le nngwe e sele ya botshelo e tshwanetse go nna kafa tlase ga tirelo ya rona ya Molaodi wa Masole yo mogolo wa ga Jehofa, Jesu Keresete. Jaaka Moeteledi-pele le Molaodi wa rona re tshwanetse ra gakologelwa gore leina le le boitshepo la Modimo le Modiri wa rona le a kopanyelediwa mo ntweng eno.
Ereka jaana ya rona e le ntwa ya semoya, ditlhabano tsa rona le tsone ke tsa semoya mme “di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata,” tse di jaaka matlhalenyana a lefela a batho, dilo tse di kgatlhanong le boammaaruri jwa Lefoko, dithuto tsa boferefere tsa badimona le maikuelo a go kgoba kgetsi le go eteletsa boiketlo jwa rona kwa pele-pele ga tirelo ya ga Jehofa. (2 Bakorintha 10:4) Fela jaaka sebui ka botlhale se ne sa ela tlhoko: “Eleruri ga re ka ke ra belaela Ra-masole Mogolo wa ga Jehofa gore ka botlalo o ka sikara tiro ya go tlhokomela bao ba ikwadisitseng mo bosoleng jwa gagwe! Fa re kgweleanngwa ebile re na le ditlhobaelo ka ditlhokafalo tsa dilo tse di bonalang, a ga se kgakololo e e potlakileng go latlhela mekgweleo ya rona mo go Jehofa le Keresete?” Go kopana mmogo ga rona mo ntweng go raya gore re dirisana ka mo go atamalaneng le phuthego e e bonalang e le yosi e Jehofa o e dirisang gompieno. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tlhomelela sentle le go nna matlhagatlhaga mo go emeng nokeng tlhabano e e kaelwang ke Moeteledi pele, Keresete.
Thulaganyo ya mo mosong e ne go tswa foo ya wediwa ka motshameko o mongwe o o gwetlhang maikutlo. O ne o supa tirelo e e seng boboi ya moprofeti Jeremia jaaka a ne a bolela ka dingwaga tse dintsi molaetsa o o sa rategeng mo bontsing-ntsing jwa ba gagabo, go akaretsa le kgosi, dikgosana le baperofeti ba maaka. Jaaka re ne re bona kafa Jeremia ka mo go sa etsaetsegeng a lebane le matshosetsi le tlhaselo fa a ne a ntse a kgothaletsa ba bangwe go nna ba ikanyega mo go Jehofa, a e ne e se kgakololo e e maatla gore batho ba ga Jehofa gompieno ba bilediwa go nna boikanyegi ka metlha mo go boleleleng lefatshe lotlhe le le kafa tlase ga ga Satane molaetsa wa dikatlholo tsa ga Jehofa tse di atamelang ka bofefo thata, molaetsa o ruri o sa rategeng? Lefa go ntse jalo, re na le boipelo jwa go itse gore, ka ntlha ya tirelo ya rona e e ikanyegang, matshwititshwiti a tla bolokwa mo kokomaneng e e atlhotsweng ebile ba tla itemogela polokesego le go falolela mo tsamaisong e ntšha ya dilo ya Modimo.
Puo ya phatlalatsa ka setlhogo “Boammaaruri jo Bo Ka Go Gololang” e ne e rulaganyeditswe go simolola mo tshokologong. Go ne ga nna le bontsintsi jwa bareetsi ba ba tlhwaileng tsebe fa sebui se tlhalosa ntlha ka ntlha go supa gore babusi ba lefatshe leno le banna ba ba tlotlegang ga ba ka ke ba fedisa le fa e le lehuma, bothubaki kana tlhoka-polokesego. O ne a tswelela a supa mo Dikwalong tse di Boitshepo gore Jehofa, Modimo Mothatayotlhe, o solofeditse, ebile o tla kgona go dira, seno sotlhe le tse dingwe tse dintsi-ntsi. Jehofa o tla tlosa sotlhe se se bakang bohutsana le dikeledi, gape a fedisa bolwetse, botlhoko le loso lo lo nnileng gone ka go le rua ga rona mo moleofing Adame. Go feta foo, O tla busetsa matshwititshwiti a batho ba ba suleng mo botshelong bao ba tla fiwang sebaka sa go tshela gape ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise.
Go tswa foo, go ne ga nna le poeletso e khutshwane ya letlotlo la dijo tsa semoya tse di kgotsofatsang tse Jehofa a neng a di re tsholela mo Kopanong eno ya Kgaolo ya “Boammaaruri jwa Bogosi.” Eleruri, senwelo sa rona sa lesego go tswa go Jehofa se ne se penologa! Mme ka matswela afe? Go tswa foo re ne re ipaakanyeditse polelo e e tswalang e e neng ya re kgothaletsa rotlhe go tswelela ka go bolela ka boammaaruri jwa bogosi fa fela Jehofa a butse tsela. Re a itse gore re mo tseleng e e leng yone. Go tlositswe banyatsi, bangongoregi le ba ba itaolang gareng ga rona. Jaanong Jehofa o re segofatsa ka koketsego, jaaka re ka bona ka dipego tse di tswang tikologong ya lefatshe. Baboledi ba ba oketsegileng ba senya dioura tse dintsi mo tirelong ya tshimo. Ba le bantsi ka mo go oketsegileng ba tsenelela bobulatsela jo bo thusang le tirelo ya nako e e tletseng ya bobulatsela. Dithuto tsa magae tsa Bibela tse di tshwarelwang mo magaeng a ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng di oketsegile ka mo go gakgamatsang. Ga go na pelaelo kaga kaelo e e utlwalang e e neelwang ka moya wa Modimo le ka phuthego ya gagwe.
Jaaka re ne re tswa mafelong a kopano mme re leba kwa diphuthegong tsa rona kwa gae, a re ne re sa phophome ka kgotsofalo ya go itse gore Jehofa le Kgosi ya gagwe, Keresete Jesu, ba ne ba na le rona? A ga re a tlhatswega pelo gore ba ne ba re fa ka bopelotshweu ka jalo gore re tlhomelelwe go tswelela pele ka kutlwano ka go bolela mafoko a a molemo jaaka batshegetsi ba boammaaruri jwa bogosi? Pako yotlhe le kgalalelo di ya go Modimo yo o letlotlo la tshiamo le boammaaruri!
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Bana ba Bakeresete ba ka tlhotlheletsa!
Go Boammaruri! Leina la Modimo ke Jehofa
Moganetsi wa pele o supela Leina
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Jeremia o betswa ke baganetsi
. . . mo disaneng
. . . a ntshiwa mo moleting
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Tshwaelo ya badiredi ka kolobetso
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Manno a a kgethetsweng bagodi
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Lephata la dijo le le beilweng sentle