LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 3/15 ts. 16-23
  • Re ka ‘Ipela ka Malatsi Otlhe a Rona’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ka ‘Ipela ka Malatsi Otlhe a Rona’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitumelo mo Lapeng
  • Go Nna o Itumetse Ntle le Badirabosula
  • A ke o Itumele fa Mmaba a Welwa ke Bosula?
  • Pelo e e Itumetseng ke Lesego
  • Go Ipela mo ‘Tirong e e Boitshepo’
  • Direla Jehofa ka Pelo e e Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Direla Jehofa ka Boipelo Jwa Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Itumeleng mo go Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Boitumelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Rona e e Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 3/15 ts. 16-23

Re ka ‘Ipela ka Malatsi Otlhe a Rona’

“A u ko u re kgorisè boutlwèlō botlhoko yoa gago go le ka moshō, gore re tlè re itumèlè, re ipelè ka malatsi aotlhe a rona.”—Pesalema 90:14.

1. Jehofa o bontsha jang gore o batla batho ba gagwe ba itumela?

JEHOFA MODIMO o batla batho botlhe ba gagwe ba itumela. O itse gore boitumelo jo bo mo pelong bo botlhokwa-tlhokwa gore go nniwe ka thitibalo le ka boitekanelo. (Diane 17:22) Ka mo go tshwanang, Jehofa jaaka Modimo yo o bopelonomi jo bo lorato, o baakanyeditse kaelo eo e tla tlhotlheletsang maikutlo a a itumedisang fa e dirisiwa mo botshelong.

2. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba mmannete ba ka nna le tsholofelo fa ba rapelela boitumelo?

2 Fa ba lebane le dikgagamalo tsa go tshela mo tsamaisong ya dilo e e sa reng Modimo sepe, Basupi ba ga Jehofa, jaaka Bakeresete ba mmannete, ba ka rapelela boitumelo. Ke loungo lwa moya wa Modimo o o boitshepo, mme o abela batho ba gagwe ba ba ikanyegang le ba ba ineetseng moya oo fa ba o lopa. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Le bone ba ka tlhalosa sentle maikutlo a a tshwanang le ano, ao a builweng ka thapelo ke moperofeti wa Modimo Moshe: “A u ko u re kgorisè boutlwèlō botlhoko yoa gago go le ka moshō, gore re tlè re itumèlè, re ipelè ka malatsi aotlhe a rona.” (Pesalema 90:4) Ba ba ikantseng Jehofa ba ka nna le tsholofelo ya gore o tla araba mekokotlelo eo e e tlhoafetseng.—1 Yohane 5:13-15.

3. Gore re ka ‘ipela ka malatsi otlhe a rona,’ ke mabaka a fe a mabedi a konokono a a nang le go tlhokomelwa?

3 Mme gone, gammogo le thapelo re tshwanetse go gakologelwa mabaka a le mabedi a konokono fa e le gore re tla ‘ipela ka malatsi otlhe a rona.’ Ano a ne a tlhalosiwa fa batho ba Modimo ba metlheng ya bogologolo ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba tla welwa ke phutso fa ba ne ba sa ‘reetse lentswe la ga Jehofa . . . ka go tshegetsa ditaolo tsa gagwe,’ mme ebile ba sa ‘direle Jehofa ka boitumelo le ka boipelo jwa pelo.’ (Duteronome 28:45-47) Ka jalo, fa re batla go itumela mo botshelong jotlhe jwa rona, re tshwanetse ra (1) utlwa Jehofa le go mo (2) direla ka boitumelo.

4. (a) Ke eng seo Jehofa a se baakanyetsang gore batho ba gagwe ba tle ba mo direle ka pelo e e itumetseng? (b) Ke mafoko a fe a a botlhale ao re ka a akanyetsang, go felela ka eng?

4 Jehofa o baakanyetsa batho ba gagwe tlhotlheletso le thuso e ba e tlhokang go mo direla ka pelo e e itumetseng. Mme gape, o baakanyetsa ka bopelontle dikaelo tse di ikanyegang tseo di etleetsang boitumelo. Ka sekai, tlhokomela kafa mafoko a a botlhale a a akareditsweng mo dikarolong dingwe tsa buka ya Bibela ya Diane a ka tlhagisang boitumelo jo bogolo. Ee ruri, fa kgakololo e e ntseng jalo e dirisiwa mo botshelong e ka re dira gore re “ipelè ka malatsi aotlhe a rona.”

Boitumelo mo Lapeng

5. (a) Ke eng seo Jehofa a se lebelelang mo batsading? (b) Mabapi le kutlo, ke phelelo efe eo bana ba ka nnang le yone mo lelapeng?

5 Gore boitumelo jwa lelapa bo bonwe le go tshegediwa, go utlwa Modimo go a tlhokafala, go tlhagafalela kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la gagwe. Ka motlhala, Jehofa o lebelela gore batsadi ba dire bojotlhe jwa bone mo go thapiseng bana ba bone. Rre e tshwanetse ya nna ene yo o etelelang pele mo go seno, mme mmè le ene o tshwanetse go tlhakanela ka tlhoafalo. (Diane 22:6; 31:1) Mme go tweng ka bana? Mme kana, ngwana yo o “shotlañ rragwè, le . . . eo o nyatsañ go utlwa mmagwè” e le ruri ga a ne a siamelwa ke dilo mme o tla leretse batsadi ba gagwe kutlo-botlhoko, e seng boitumelo. (Diane 30:17; 17:21) Mo letlhakoreng je lengwe, barwa le barwadi bao ka kutlo ba amogelang kotlhao e e neelwang ke batsadi ba ba nang le bomodimo ba bo ba tshela go ya ka melao-metheo ya Dikwalo ba tlisetsa lelapa boitumelo le tlotlo.—Diane 10:1; 15:20; 23:15, 16.

6, 7. (a) Ke kgakololo e fe e e neelwang go Diane 23:22-25, mme matswela e nna a fe fa e latelwa? (b) Kgakololo ya “rèka boamarure, me u se ka ua bo rekisa” e raya eng?

6 Batsadi ba ba nang le bomodimo bao ba godisetsang bana ba bone mo tseleng eo e ba tlhotlheletsang go sala tsela ya tshiamo morago ba na le lebaka la mmannete la go itumela. Malebana le seno re bolelwa jaana mo Dikwalong: “Reetsa rrago eo o gu tsetseñ, u bo u se ka ua nyatsa mmago ha a cohetse. Rèka boamarure, me u se ka ua bo rekisa; E, le botlhale, le thutō, le tlhaloganyō. Rragwè mosiami o tla ipela thata: le eo o tsalañ ñwana eo o botlhale o tla bōna boitumèlō kaga gagwè. A bo rrago le mmago ba itumèlè, le eo o gu belegeñ a a ipelè thata.”—Diane 23:22-25.

7 Ngwana yo o botlhale o tla sekegela tsebe tao ya ga rraagwe ya semoya mme ebile ga a ne a kgathologa se se buiwang ke mmaagwe yo o nang le poifomodimo, lefa gongwe a ka ne a tsofetse. Tota gone, mogolo yo o nang le tlhaloganyo o santse a ka ithuta sengwe mo batsading ba gagwe ba ba setseng ba godile. Kgakololo ya “rèka boamarure, me u se ka ua bo rekisa” ka phepafalo e raya go kgomarela mo melao-metheong ya boammaaruri go nna mogogi wa botshelo jwa gago. Ngwana yo o ratang tshiamo ga a ne a ananya boammaaruri ka menate, dikhumo kana tlotlo. Mme ruriruri lelapa leo botlhe ba lone ba kgomarelang mo go Jehofa le tla nna le boitumelo jo bo nnelang ruri.—Duteronome 10:20, 21.

Go Nna o Itumetse Ntle le Badirabosula

8, 9. Jaaka fa go bontshitswe go Diane 2:10-14, ke jang go dirisa botlhale jwa bomodimo go ka re sireletsang mo badira-bosuleng?

8 Go utlwa kgakololo ya ga Jehofa go re thusa go nna re ntse re itumetse tlase ga maemo a a farologaneng. Ka sekai, ka go dirisa botlhale jwa bomodimo, re ka sirelediwa mo badira-bosuleng. Dikwalo di tlhalosa ka go re: “Gonne botlhale bo tla gu tsèna mo peduñ, le kicō e tla nna monate mo moeeñ oa gago; Tlhalemaleye e tla gu tlhodumèla, tlhaloganyō e tla gu boloka: Go gu golola mo tseleñ ea boshula, mo banneñ ba ba buañ dilō tsa leshōkō; Ba ba tlogèlañ ditsela tsa thōkgamō, gore ba tsamaeè mo ditseleñ tsa lehihi; Ba ba itumèlañ go diha boshula, ba ipela mo leshokoñ ya boshula.”—Diane 2:10-14.

9 Jehofa o amogela bao ba tswelang botlhale jwa boammaaruri pelo le go letla gore bo tlhotlheletse dipelo tsa bone. Ka botlhale ba tila go kopanela le mongwe yo o “buañ dilō tsa leshōkō,” ke go re, dilo tse di fapaaneng le se se boammaaruri le se se tshiamo. Kgono e e tshwanetseng ya go akanya le temogo e e boammaaruri di neela tshireletso kgatlhanong le bao ba latlhang botlhale jwa bomodimo, bao ba natefelelwang ke ditiro tse di bosula le go senka go bodisa ba bangwe.—Bapisa Diane 4:16.

10. Ke jang tlolo ya motho yo o bosula e mo direlang seru?

10 Modirabosula o ka nna a ‘itumela go dira bosula,’ mme ke mang yo o nang le boitumelo jwa mmannete? Seane se sengwe se araba ka go re: “Mo tloloñ ea motho eo o boshula go na le seru: me mosiami èna, oa ōpèla a itumèla.” (Diane 29:6) Ee, tlolo ya motho yo o bosula e mo direla seru. Sebe se sengwe se ka gogela kwa go se sengwe, mme o ka tlelwa ke mahutsana a sa lebelela. Ka sekai, o ka loga boherehere jwa go tsietsa yo mongwe, mme maano a gagwe a tsietso a mmoele. Kwa Israeleng wa bogologolo, mosupi wa kako o ne a ka batla gore motho wa batho yo o senang molato a bolawe ka go ntsha bosupi jwa kako. Mme mologi-maano ka boene o ne a bolawa fa boherehere jwa morero wa gagwe bo ne bo ka upololwa.—Duteronome 19:16-21.

11. Ke ka ntlhayang fa motho yo o ratang tshiamo a ka opelang ka go itumela?

11 Abo mosiami a siamelwa ke dilo jang ne! Ga a ke a loga maano ape kgatlhanong le wa gagabo kana go dira boleo. Ka jalo, o tila go ka raelelwa mo tlolong mme ga a nne le matshwenyego ao a tlisiwang ke go dira bosula kana tehetso e e nnang gone ka ntlha ya go sukololwa jaaka modirabosula. Jalo motho yo o ratang tshiamo o a “ōpèla a itumèla.” Lebaka ke gore, ga a tshwenngwe ke segakolodi se se molato. Mme gape, o ipelela kamogelo ya Modimo, “gonne eo o logwadi ke mohedisa pelo mo go Yehofa: me leōma ya gagwè le na le eo o thōkgameñ.”—Diane 3:32.

A ke o Itumele fa Mmaba a Welwa ke Bosula?

12 .Mokeresete o tshwanetse go itshwara jang fa mmaba a welwa ke bosula? Ka ntlhayang?

12 Lefa go le jalo, Mokeresete o tshwanetse go itshwara jang fa mmaba a welwa ke bosula? “U se ka ua itumèlèla mmaba oa gago ha a wa, me a pelo ea gago e se ipele ha a ribegediwa,” go bolela jalo seane se sengwe. Mme ka ntlhayang? “Yehofa o ka tla a go bōna, me ga mo kgopa, me a haposa bogale yoa gagwè mo go èna.” (Diane 24:17, 18) Seno se latofatsa seo se ka bidiwang boipelo jwa bopelo-e-tlhoi jwa fa mmaba a welwa ke bomadimabe bongwe. Ereka go tla bo go le phoso go eleletsa mmaba bosula fela ka ntlha ya kgotsofalo ya botho, motho yo o itumelang he o tla tshwanelwa ke go ikarabela mo go Jehofa ka ntlha ya boleo joo. Ka gone, Modimo o ka bona se se mo pelong mme jalo o itse fa e le gore a kafa sephiring re itumelela bosula jo bo wetseng motho. Ka jalo, moya o o sa siamang oo, lefa o ka fitlhegela batho-ka-rona, o phepafetse mo go Jehofa, yo o reng: “Pusholoshō ke ea me, ke tla lehetsa.” (Duteronome 32:35; Bahebera 10:30) Ka fa go tshwanetseng, Modimo o ka nna a otlhaya yo o itumelelang bosula jo bo wetseng motho ka tsela nngwe.—Bapisa Diane 17:5.

13. Ke eng se se kaiwang ke Diane 11:10?

13 Mo letlhakoreng je lengwe, re bolelelwa jaana: “Ea re go nna molemō mo mosiamiñ motse o itumèle: me mogañ moikepi o nyèlèlañ, go nne tudueco.” (Diane 11:10) Seno se na le go tlhaloganngwa jang? Mme kana, gantsi batho ba ba siameng ba a ratega ebile ba itumedisa ba ga bone. Mme ga go ope yo o ipelelang ‘baikepi.’ Motho yo o selalome o itshwenya nama ya gagwe. (Diane 11:17) Mme ebile, fa baikepi baa swa ga se gantsi batho ba ba lelela, mme tota-tota ga go na go nna le khutsahalelo epe mogang Jehofa a senyang badira bosula. Go na le moo, go tla nna le boipelo ka jaana ba tla bo ba tlogile mo ponong. A re itsaya ka tsela eo e tla tlatseletsang boipelong kana ‘boitumelong’ jwa ba bangwe?

Pelo e e Itumetseng ke Lesego

14. Jaaka fa go setswe go builwe, go utlwa Jehofa go re kgonisa jang gore re “ipelè ka malatsi aotlhe a rona”?

14 Go utlwa Jehofa go re kgonisa gore “re ipelè ka malatsi aotlhe a rona.” Fela jaaka go setswe go etswe tlhoko, fa kgakololo ya bomodimo e dirisiwa mo botshelong kamano ya batsadi le bana e nna e e itumetseng. Go amogela kaelo ya Modimo go re sireletsa mo tlhotlheletsong e e bosula ya badirabosula le go re itumedisa. Mme gape, go tsamaisana le ditao tsa ga Jehofa go re thiba mo go godiseng boikutlo jo bo sa siamang tebang le botlhoka-lesego bope jwa baikepi, mme ka gone re kgona go nna re itumetse. Ee, ka go utlwa Jehofa Modimo re tla nna le pelo e e itumetseng. Seno ka bosone ke lesego.

15. Go na le go dumelela “boimèlèsègō” gore bo “inamise” pelo ya rona ka bohutsana, re tshwanetse ra dirang, mme ka ntlhayang?

15 Kgosi e e botlhale Solomone o ne a re: “Pelo e e nntseñ mokete e sesa sehatlhōgō: me mōea o phatlolwe ke bohutsana yoa pelo.” (Diane 15:13) Ee ruri, maikutlo a boipelo le bohutsana a supega mo sehatlhogong sa motho. Legale, go na le ditlhobaelo di le dintsi mo botshelong mme tseo di ka re hutsahatsa thata. “Boimèlèsègō mo peduñ ea motho bo tlo bo inamise: me lehoko ye le molemō le e ipedise,“ go bua jalo seane se sengwe. (Diane 12:25) Jalo go na le go letla gore “boimèlèsègō” bo “inamise” dipelo tsa rona ka bohutsana, abo go tla bo go le botlhale jang ne go atamalana le Jehofa ka go tlhatlhanya ka sesigo seo sa dilo tse di molemo, Lefoko la gagwe je le tlhotlheleditsweng! E le ruri, seno se ka busetsa boitumelo mo pelong e e hutsahetseng ntswa e le tshiamo.

16. (a) Ke jang mafoko a a molemo a ‘nontshang marapo’? (b) Lefa “pelo e e nntseñ mokete [e le] kalahō,” re tshwanetse ra leba jang letlhapelo la boeleele?

16 Solomone gape o ne a re: “Lesedi ya matlhō le itumedisa pelo: le mahoko a a molemō a nontsha marapō.” (Diane 15:30) Mafoko a a molemo a “nontsha marapō,” ke go re, aa tlatsa ka moko. Ka gone mmele otlhe o a tlhagafadiwa, mme pelo e e tletseng boipelo e supega fa matlho a phatsima lesedi. Ere ntswa bohutsana jwa mogopolo, kana “mōea o o phatlogileñ,” o na le phelelo e e bosula mo mmeleng, “pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō.” (Diane 17:22) Mme lefa go ntse jalo, pelo ga e a tshwanela go leselediwa mo letlhapelong la boeleele, ka jaana Solomone o “buile kaga ditshègō, [a] re, Ke botsènwa: le kaga mokete, [a] re, O dihan?” (Moreri 2:2) Lefa go ntse jalo, motho ruri o solegelwa molemo ke pelo e e itumelelang go dira thato ya Modimo.

17, 18. (a) Ke ka ntlhayang fa tsala e e ikanyegang e ka tshwantshiwa le ‘setlolo le dinkgisa monate tse di itumedisang pelo’? (b) Jesu Keresete o nnile jang Tsala ya selogodimo e e buang ka tlhamalalo? (c) Ke potso efe ya botho e e tsosiwang?

17 Fa se supela sengweng gape se se felelang ka boitumelo, seane se sengwe se re: “Setlōlō le dinkgisa monate, di itumedisa pelo: monate oa tsala ea motho o o cwañ kgakololoñ e e leñ eōna, o diha hèla yalo.” (Diane 27:9) Fela jaaka setlolo se thoba le senkgisa monate se lere boipelo ka ntlha ya lonko lo lo monate, tsala e e ikanyegang e e ntshang kgakololo ka boitlhomo jwa go thusa e itumedisa pelo ya yo o e amogelang. Go na le lonko lo lo monate mo botsalanong jo bo ntseng jalo, ka go bo bao ba buang ka tlhamalalo ba ka thusana go tokafatsa, go dira dipaakanyo le go ithatafatsa mo dikarolong tsa botshelo moo ba leng bokoa teng. E le ruri, go nna le tsala e e molemo yo e e akanyang le go bua e sa potele go ka lere boitumelo.

18 Jesu Keresete yo o galaleditsweng ke Tsala ya selegodimo e e buang e sa potele e e neng ya lebisa melaetsa go diphuthego tse supa tseo di umakilweng mo go Tshenolo, dikgaolo tsa bobedi le boraro. Kakgolo e ne ya neelwa fa go ne go tshwanela, mme ga nna jalo le ka tlhagiso. Ka motlhala, phuthego ya Efeso e ne e sa tlhole e na le lorato lo lo tlhoafetseng lwa Bokeresete mo go Jehofa jaaka e ne e na nalo kwa tshimologong ya yone. Mme Jesu o ne a senka go gotetsa lorato loo gape. (Tshenolo 2:1-7) Mokeresete mongwe le mongwe wa Moefeso yo o neng a akanyetsa kgakololo eo ya Tsala ya selegodimo ka thapelo mme a bo a tsaya dikgato tsa go baakanya o ne a ka tswelela a direla Jehofa ka pelo e e itumetseng. A wena ka bowena o bona moo o tlhokang go tsaya dikgato tse di ka alafang gore o tle o supe lorato lwa gago mo Modimong ka tirelo e e tokafaditsweng ya ga Jehofa?

Go Ipela mo ‘Tirong e e Boitshepo’

19. Ke ka ntlhayang fa motho mongwe le mongwe yo o ineetseng mo go Jehofa a tshwanetse go abalana le ba bangwe “mahoko a a molemō” ka metlha?

19 Potso e nngwe ke e reng: A o tshwaregile ka pelo yotlhe, ka metlha, le ka boitumelo o le ‘modiredi wa mahoko a a molemo a Modimo’? (Baroma 15:16) Ga go na tiro epe e nngwe ya motlha ono e e ka e emang pele. Ebu, kana ke yone lebaka-legolo la go nna gone ga phuthego ya Bokeresete! (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Jalo motho mongwe le mongwe yo o ineetseng go Jehofa o tshwanetse go abalana “mahoko a a molemō” le ba bangwe ka metlha. Mme ebile baboledi ba ba tlhagafetseng ba bogosi gantsi ba nna le maitemogelo a a ntseng jalo a a duelang le masego mo tirelong ya ga Jehofa mo ba tlhotlhelediwang go ‘itumela.’—Pesalema 90:14; Malaki 3:10.

20. Gangwe le gape, ke jang baboledi ba ba tlhoafetseng ba ba nang le maikarabelo a a boima a Dikwalo ba okeditseng boitumelo jwa bone mo tirelong ya ga Jehofa?

20 Baboledi ba ba tlhoafetseng ba phuthego ba ba nang le maikarabelo a a boima a Dikwalo ba nna gangwe le gape ba ntse ba oketsa boitumelo jwa bone ka go tokafatsa boleng jwa tirelo ya bone go Jehofa. Mme gape, malapa mangwe a Bakeresete a ile a bona kgotsofalo ya mmannete mo go direleng koo tlhokafalo ya baboledi ba bogosi e leng kgolo. Ba bangwe ba ile ba ipelela tiro ya go neela bosupi ka nako e e tletseng mo dikgweding tse di rileng tsa ngwaga, fa bangwe gape ba ile ba kgona go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya nako e e tletseng. Ka maiteko a a ntseng jalo a a tlhoafetseng, a pelo yotlhe, Jehofa o itumela tota.—Mareko 12:29, 30.

21. Baalogi ba Sekolo sa Bibela sa Gilead ba na le lebaka lefe la go itumela?

21 Go na le Bakeresete ba le bantsi ba banna le basadi bao ba alogileng mo Sekolong sa Bibela sa Gilead sa Watchtower, mme ba itumelela go dirisa dinonofo tsa bone mo go direleng Jehofa mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Ba ipelela go bo ba le badiredi ba nako e e tletseng bao ba ka kgonang go thusa ba le bantsi go ithuta ka ga Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe a mantlentle. Ka motlhala, morago ga go fetsa dingwaga tse di ka fetang masome a mabedi jaaka morongwa kwa Bophirima jwa Afrika mo mogoteng, mongwe wa bone o ne a kwala a re: “A ke ikutlwa gore jaanong ke nako ya go tlogelela ba bashanyana go tsweledisa? Nnya, fa ke bona masego le kgolo ya phuthego ya ga Jehofa go ntira gore ke ikutlwe jaaka Kalebe, morago ga a sena go bolokiwa go ralala naga go feta dingwaga di le masome a mane le botlhano, a ntse a le mo loetong go ya Lefatsheng la Tsholofetso. O ne a re: ‘Gompieno ke sa ntse ke le thata, hela jaaka mo letsatsing je Moshe o na a nthoma ka jona, jaaka thata ya me e ne e ntse jale, thata ya me e ntse hela jalo le jaana.’ (Yoshue 14:11) Go sa tlhokomelege maemo a a sa siamang le mathata, dingwaga tse di fetileng tseno di nnile tsa thapiso e e molemo-lemo le go baakanyediwa isagwe.”

22. Tirelo ya Bethele ke eng, mme mosadi mongwe yo o nnileng le tshiamelo eno o ne a itlhalosa jang?

22 Tshiamelo e nngwe e e itumedisang, eo e bulegetseng botlhe ba ba tshwanelegang, ke ya go direla kwa Bethele. Eno e kopanyeletsa tiro e e amanang ka tlhamalalo le go gatisiwa ga dibuka tsa Bibela le tsweletso ya dikgatlhego tsa bogosi. Bao ka gone ba nnang le tshiamelo ba direla e ka ne e le jaaka bontlhanngwe jwa badiri ba Bethele ba Mokgatlho wa Watch Tower kwa New York State, kana le malapa a a ntseng jalo mo mafelong a diofisi tsa makala lefatsheng ka bophara. Mosadi mongwe, yo o neng a simolola tirelo ya gagwe ya nako e e tletseng mo Switzerland ka January 1924 mme jaanong a direla jaaka leloko la lelapa la Bethele mo Federal Republic of Germany, o ne a kwala a re: “Ke rata go lebogela Jehofa molemo otlhe wa gagwe tebang le nna, jaaka a ntetlile go dirisa botshelo jo bo itumetseng le jo bo humileng dipaka tse di ntle-ntle mo tirelong ya gagwe.” Ee, o itumela mo tirelong ya ga Jehofa.

23. O ka supa jang ka Dikwalo gore bao ba eteletsang tirelo ya Modimo kwa pele mo botshelong ba na le lebaka la go itumela?

23 E le ruri, bao ba ileng ba eteletsa tirelo ya ga Jehofa kwa pele mo botshelong ba nnile ba nna le lebaka la go itumela ka metlha. Gone ee, matshelo a bone ga se gore a nnile a sena mathata a a tlwaelegileng a batho gotlhelele. Mme Jehofa o nnile a ba tshegetsa mo ditekong tsotlhe tsa bone. (1 Bakorintha 10:13; 2 Bakorintha 4:8, 9) Ba ile ba atlega sentle ka jaana ‘boitumelo jwa ga Jehofa e nnile thata ya bone.’ (Nehemia 8:10) Akanyetsa seno: Moshe o ne a “itshenkèla go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo” mme a go segohalediwa ka ditshiamelo tse di molemo thata. (Bahebera 11:23-29) Ruthe wa Moaba o ne a hularela batho ba gagabo le medimo ya gagwe, a ikgethela go direla Jehofa, mme a go duelelwa ka go nna mogologolwane wa sesadi wa ga Jesu Keresete. (Ruthe 1:14-17; 4:13-17; Mathaio 1:1, 5). Ka ntlha ya go amega ga bone ka kobamelo e e boitshepo ya boammaaruri le go nna ga bone ka metlha kwa tempeleng, ka bobedi jwa bone, Simeone yo o neng a le pelontle le mosadimogolo Ana ba ne ba nna le boitumelo jwa go bona lesea Jesu koo.—Luke 2:25-38.

24. Re ka ‘ipela ka malatsi otlhe a rona’ mo motheong ofe?

24 Jalo re ka nna le tsholofelo ya gore ditshiamelo tse di molemo thata le masego di tla nna tsa rona fa re eteletsa kobamelo ya ga Jehofa le tirelo kwa pele mo botshelong jwa rona. (Mathaio 6:33) Mme le fa go kopanwa le mathata fa go ntse go dirwa seno, re itse gore Jehofa o ‘dihisanya dilo tsotlhe mmogo go direla ba ba ratang Modimo molemo.’ (Baroma 8:28) Ka gone, ekete re ka fetsa mogopolo gore re tla utlwa Rraarona wa selegodimo le go mo direla ka pelo e e itumetseng. Ruri, fa re na le lorato lo lo feletseng mo go Jehofa, re na le lebaka je le utlwalang ja gore re “itumèlè, re ipelè ka malatsi aotlhe a rona.”—Pesalema 90:14.

A o ka Gakologelwa?

◻ Gore re “ipelè ka malatsi aotlhe a rona,” ke mabaka afe a mabedi a konokono a a tshwanetseng go gakologelwa?

◻ Ke eng seo batsadi le bana ba tshwanetseng go se dira gore go tle go nne boitumelo mo lapeng?

◻ Bakeresete ba ka nna ba ntse ba itumetse jang go sa kgathalege ditiro tsa badirabosula?

◻ Pelo e e itumetseng ke lesego jang?

◻ Dingwe tsa ditshiamelo tse di itumedisang mo tirelong ya ga Jehofa ke dife, mme jalo ke eng seo re tshwanetseng go fetsa maikutlo go se dira?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Gore go nne boitumelo jwa lelapa jo bo nnelang ruri, batsadi le bana ba tshwanetse ba latela kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Boitumologo bo ka tseelwa sebaka ke boitumelo fa re dira thato ya ga Jehofa ka boikanyego

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba lobaka lo lo fetileng le lwa jaanong ba nnile ba nna le lebaka la go ‘ipela ka malatsi otlhe a bone’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela