LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 3/15 ts. 32
  • E Botlhokwa go Gaisa Go ya Kerekeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Botlhokwa go Gaisa Go ya Kerekeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 3/15 ts. 32

E Botlhokwa go Gaisa Go ya Kerekeng

Ke eng seo? Go ya ka monna yo o nnang kwa Italy, ke go bala makasine wa Tora ya Tebelo. O ne a kwala:

“Ke ne ka amogela mpho ya peeletso ya makasine wa lona wa Tora ya Tebelo go tswa go mongwe wa batho ba lona ebile ka bala dikaelo fela jaaka di goroga.

“Eleruri ke tshwanetse go le leboga ka ntlha ya ditlhogo tse di kgatlhisang tse di mo makasineng ono. Lefa bo le boteng, boikitsiso bo tlhalositswe sentle ebile, mo godimo ga tsotlhe, kwa ntle le pelaelo bakwadi ba ngaparetse mokwalo wa Bibela.

“Lefa ka nako nngwe ke ne ke tle ke boaboetse fela thapelo ya Mmopi wa me ka bofefo fela fa ke ne ke tsoga mosong, jaanong ke bala sengwe sa ditlhogo tsa makasine wa lona mme go tswa foo ke bo ke tlhatlhanya ka diteng tsa one.

“Ke molemi wa mohumanegi yo o nnang a le nosi, mme fa ke sale ke itse Basupi ba ga Jehofa ke lebega ke na le ditsala tse dintsi. Fa ba tswa Asti ba nketetse go tshwana fela jaaka ekete ke etetswe ke baaposetoloi. Ke tshwanetse go dumela gore ke ithutile mo go ntsi ka Bibela mo dikgweding di sekae tse di fetileng go na le dingwaga tsa ke tsena kereke tse di masome matlhano.”

Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka dithuto tsa Bibela, re ikutlwa re tlhomamisega gore le wena o tla anaanela Tora ya Tebelo. O ka ikamogelela dikaelo di le masome mabedi le bone di rometswe kwa legaeng ja gago, mo ngwageng e e tlang ka R4,00.

Tswee-tswee nthomeleleng Tora ya Tebelo. Ke romela le R4,00.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela