LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/15 ts. 20-25
  • Kaelo e e Utlwalang mo Basheng ba Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kaelo e e Utlwalang mo Basheng ba Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhale le Kitso
  • Bokebekwa ga bo Duele
  • Baya Jehofa Kwa Pele
  • Dithaelo tsa Boitsholo
  • Tiro le Boikgodiso
  • Ba-lelapa la Gaeno
  • Buka ya Bibela ya bo 20—Diane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Bapala Botlhale Mme o Amogele Kotlhao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Diane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Go Ithuta go Boifa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/15 ts. 20-25

Kaelo e e Utlwalang mo Basheng ba Gompieno

“Utlwa, morwaaka, me u amogèlè dipolèlō tsa me. . . . Ke gu rutile mo tseleñ ea botlhale.”—Diane 4:10, 11.

1, 2. (a) Ke dipotso dife tse di lebisitsweng batho ba banana? (b) Dikarabo tse di ikanyegang di ka bonwa kae?

JAAKA motho yo monana, a o amegile kaga isagwe ya gago? A fa gongwe lefatshe le bonala le go boifisa? A o ka rata go itse gore o ka dirisanya jang le mathata a botshelo le gore o ka bona kaelo e e ikanyegang kae le botlhale jo bo utlwalang?

2 O ka bona thuso e e ntseng jalo mo bukeng ya bogologolo eo e solofetsang go naya “motho oa lekau kicō le pharologanyō.” Buka eo ke efe? Ke buka ya DIANE, mo Bibeleng. Fa o le motho yo monana, o tshwanetse wa bala buka eo ya Bibela, ka jaana e ka go thusa gore o itumele le gore o atlege. Fa o le mogolo, segolo bogolo fa o le motsadi, buka eo e ka go thusa mo go boneng kafa o ka thusang bana ba gago ka teng ga botoka kana ditsala tsa gago tse di potlana. Dikgaolo tsa ntlha tse di herang bongwe tsa Diane di baakanyetsa ka kgakololo e e tswang go rre yo o lorato go morwawe. A re: “Utlwa, morwaaka, me u amogèlè dipolèlō tsa me . . . Ke go rutile mo tseleñ ea botlhale.”—Diane 1:1-4; 4:10, 11

3. Ke boikitsiso bofe, Jo bo nang le mosola mo basheng, joo buka ya Diane e bo baakanyetsang?

3 Legale, ga se mongwe le mongwe yo o batlang thuso e e ntseng jalo. Batho bangwe ba ipatlela go dira dilo ka tsela ya bone. Ga ba batle kgakololo—lefa e le ya Modimo. Mme Diane e re: “Motho eo o botlhale a utlwè, a totahalè mo go ithuteñ.” (Diane 1:5) Buka eno e bontsha kafa motho a ka nnang le botshelo jo bo itumetseng thata. E bua ka molao wa boitsholo. E bontsha matswela a a itumedisang a go tshela ka tshiamo. E ka go thusa go dira diphetso tse di botlhale. E bontsha gore botlhale le kitso di tla go fa boipelo le gore go nnela kgakala le batho ba ba lereng mathata go ka boloka botshelo jwa gago. Buka ya Diane e baakanyetsa ka kaelo e e botswerere, ka bobedi ya lona batho ba banana le bagolo ba lona.

Botlhale le Kitso

4, 5. (a) Botlhale bo bonwa jang? (b) Ke ka ntlhayang fa batho ba le bantsi ba se na go reetsa? (c) Ke tsela efe e o gopolang gore ke ya botlhale? Ka ntlhayang?

4 Modimo ene yo o bopileng dilo tsotlhe o bile ke motswedi wa botlhale. O batla gore tsela ya gagwe ya botlhale e itsewe. O dira gore e bolelwe “mo mmileñ” gore mongwe le mongwe a tle a utlwe. Mme batho ka bontsi ga ba batle go utlwa. Ba le bantsi ga ba rate motswedi o bo tswang kwa go one. Diane e re: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō: me masilo a nyatsa botlhale le thutō.”—Diane 1:20; 9:10; 1:7.

5 Batho ba le bantsi ga ba batle go utlwa Modimo. Ba rata dilo kafa di ntseng ka teng, ntswa “go boiha Yehofa [e le] go ila boshula.” (Diane 8:13) Go boifa Jehofa go tla ba kganela mo go direng dilo tseo di mo itumololang. Tsela e e botlhale ke go ithuta ditsela tsa gagwe le melao-metheo le go mo utlwa go feta lefa e le ope o sele. Seno se tla go kganela mo go direng dilo tseo di tla go tlhabisang ditlhong, di go utlwisa botlhoko, di go ngomola pelo, kana le eleng go go bolaya.

6. O tshwanetse wa dirang gore o tle o bone botlhale?

6 Lefa botlhale bo ka bonwa ke mongwe le mongwe, o tshwanetse wa dira maiteko go bo bona. O tshwanetse go bo batla, o bo lwele le go bo somarela. Seno se tlhoka nako le boiteko. Go tla bo go le molemo go ipotsa ka go re: ‘Tota-tota ke dirang ka botshelo jwa me? Mekgele ya me ke efe? A ke senya nako e ntsi mo dilong tse e seng tsa sepe, kana a ke dirisa nako eo ke santseng ke na le yone jaaka mosha jaana go epolola kitso le botlhale?’ Botlhale bo feta majana a a tlhokegang ka tlhwatlhwa, mme ebile “dilō cotlhe tse motho o ka di eletsañ ga di na go chwantshiwa le yōna.” (Diane 8:1, 5, 6, 11) A o leka go bo epolola fela jaaka o ka dira le ka selefera, kana khumo nngwe e e hitlhegileng? Diane e re: “Ha u [bo batla] yaka e ka bo e le selefera, ha u [bo] hukuletsa yaka e ka bo e le dikhumō tse di shubegileñ; Hoñ u tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bōna kicō ea Modimo. Gonne Yehofa o aba botlhale; kicō e cwa mo molomuñ oa gagwè, le tlhaloganyō.” A o tsenya boiteko jo bo kalo mo go ithuteng kaga Lefoko la Modimo?—Diane 2:4-6.

7. (a) Ke eng se o ka se dirang go tlhofofatsa thuto le go ithuta? (b) Ke ka ntlhayang fa seno se busetsa?

7 O ka nna wa bo o akanya ka gore: ‘Mme ga ke rate go ithuta—go bala go lapisa pelo mo go maswe!’ Mme gone fa o ntse o bala ka mo go oketsegileng, go nna go tlhofofalela kwa pele. Fa o ntse o tsweletse ka go ithuta, go nna go ntse go tlhofofala. O nna o ntse o gokaganya boikitsiso jo bosha le dilo tse o setseng o di itse, mme o nna o ntse o di tlhaloganya ga botoka. Fa o ntse o dira boiteko, Modimo o a go segofatsa. Fa kitso ya gago le tlhaloganyo di ntse di gola, o tla bona boipelo jo bogolo mo go ithuteng, mme ebile dilo tse o di ithutang mo Lefokong la Modimo di tla go sireletsa mo lefatsheng la gompieno. Dilo tseno ga se go go tshasa botoro fela mo matlhong. Ke bommatota, boammaaruri, jaaka fa Diane e re: “Gonne botlhale bo tla gu tsèna mo peduñ, le kicō e tla nna monate mo moeeñ oa gago; Tlhalemaleye e tla gu tlhodumèla, tlhaloganyō e tla gu boloka: Go gu golola mo tseleñ ea boshula, mo banneñ ba ba buañ dilō tsa leshōkō; Ba ba tlogèlañ ditsela tsa thōkgamō, gore ba tsamaeè mo ditseleñ tsa lehihi.”—Diane 2:10-13.

Bokebekwa ga bo Duele

8, 9. Ke mathata afe, a a tshabelelang metse-megolo ya gompieno, ao Diane e buang ka one, mme ke kgakololo efe e e botlhale eo e e ntshang mabapi le seno?

8 Buka eno ya ga (Diane) e dirisana le mathata le dithaelo tseo di tshabelelang basha thata e seng fela mo metlheng ya Bibela mme gape le gompieno. Mo metseng-megolo ya gompieno go na le bokebekwa, thubakanyo, basha ba ditsotsi le batho bao ba tlhaselang banana. Ke ditlhagiso dife tseo buka eno ya bogologolo e di ntshang tseo di tla go sireletsang mo mathateng a a ntseng jalo?

9 E tlhagisa kgatlhanong le go kopanyelediwa le batho ba mofuta o o sa tshwanelang. E re: “Morwaaka, ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla. Ha ba re, A re tsamaeè mmōgō, . . . Re tla hitlhèla thoto eotlhe e e tlhōkègañ, re tla tlatsa matlo a rona ka thopō: U tla tlhakanèla kgetse le rona; re tla diha le kgetsana ea madi e le ñwe hèla: Morwaaka, u se ka ua tsamaea nabō mo tseleñ; thiba lonaō loa gago, gore lo se ka loa tsèna mo tselaneñ ea bōnè: Gonne dinaō tsa bōnè di sianèla boshula, ba itlhaganèlèla go cholola madi.”—Diane 1:10-16.

10. Ke eng seo Diane e se bolelang kaga tsela ya baikepi, mme ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa?

10 Fa o ka kopana le batho bao ba dirang bokebekwa, o tshwanetse go tshaba. Solomone o ne a kwala a re: “U se ka ua nna pelotshètlha kaga batho ba ba boshula, le gōna u se ka ua eletsa go nna nabō: Gonne pelo ea bōnè e akanya go patika, le melomo ea bōnè e bua bosenyi hèla.” (Diane 24:1, 2) Gakologelwa gore: Bokebekwa ga bo duele. Lefa motho ope a ka se go tshware, Modimo o a bona. Abo go tla bo go le boeleele jang ne go latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng ka dipoelo di sekae fela tse di sa siamang! Diane e tlhagisa basha, ga mmogo le batho ba ba godileng: “U se ka ua tsèna mo tseleñ ea baikepi, u se ka ua tsamaea mo mekgweñ ea batho ba ba boshula. E thibogèlè, u se ka ua heta ka eōna; u e hapogè, me u hetèlè koñ. . . . Tlosa lonaō loa gago lo cwè mo boshuleñ.”—Diane 4:14, 15, 27.

Baya Jehofa Kwa Pele

11. Ke masego a fe a o tla a amogelang ka go tsamaya ka bothokgami le ka go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa?

11 Tsela ya boikepo e fapaane ka mo go nonofileng le tsela ya botlhale. Diane e bolela gore Jehofa ke “thèbè” ya bao ba tsamayang mo bothokgaming le gore o tla ‘dibela tsela ya baitshepi ba gagwe.’ (Diane 2:7, 8) O tlhoma tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng fa pele ga bao ba dirang tshiamo. “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna.” (Diane 2:21) Ka go baya Jehofa kwa pele, o tla segofadiwa ka mo go golo. “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago: Yalo mabolokèlō a gago a tla tlala letlōtlō, le dithatholèlō tsa gago di tla penologa boyalwa yo bosha.”—Diane 3:9, 10.

12. Ke dikai dife tsa batho ba banana bao ba beileng Jehofa kwa pele tseo re nang le tsone, mme ke dituelo dife tseo ba di ipelelang?

12 Batho ba le bantsi ba banana gompieno ba dira seno e le ruri. Ba baya Jehofa kwa pele mo matshelong a bone. Ba senya bosha jwa bone mo tirelong ya nako e e tletseng, ba dira jaaka bareri ba babulatsela kana ba direla kwa magaeng a Bethele koo ba tlhagisang Dibibela le dibuka tseo di thusang ba bangwe go ithuta kaga Modimo. Ba botse fa e le gore a Jehofa o ba segofaditse. Go tswa dipelong tsa bone ba tla go bolelela gore o dirile mo gontsi thata le gore kafa semoyeng ba na le mo gontsi go na le balekane ba bone ba banana bao ba ileng ba dira khumo ya dilo tse di bonalang mokgele wa bone.—Diane 10:9; 15:16.

Dithaelo tsa Boitsholo

13, 14. (a) Ke keletso efe e nngwe eo Satane a e dirisitseng? (b) A bothata jono bo masisi thata mo motseng wa gaeno gompieno?

13 Babapatsi ba dirisa morobalo go rekisa dilwana tsa bone. Satane o ile a dirisa thobalo e e sa tshwanelang go raela batlhanka ba Modimo. Ka sekai, diketekete tsa Baiseraele, bao ba neng ba feditse dingwaga tse ditelele mo nageng mme labofelo ba goroga gaufi le Lefatshe la Tsholofetso, ba ne ba wela mo boakeng mme ba latlhegelwa ke matshelo a bone.—Dipalo 25:1-9.

14 Batho bao ba sa batleng gore basha ba tlhagisiwe kaga kotsi eno ba itira ekete ga ba bone maemo a lefatshe la gompieno. Dimakasine tse di boatla, dibaesekopo tse di seng phepa, mabenkele a dilo tsa morobalo, dikgang tsa dikobo le kakahalo di bonwa fela mo diseterateng tsa rona. Dikgaolo di sekae tsa ntlha tsa Diane di tshotse tlhagiso e e nonofileng kgatlhanong le dithaelo tse di ntseng jalo tsa boitsholo jo bo sa siamang.

15. Ke tlhagiso efe eo Diane e e ntshang mabapi le boitsholo jo bo sa siamang?

15 Di bolela ka mosadi wa boitsholo jo bo sa siamang yo o raelang basha ba ba seng botlhale. Re bala jaana: “Gonne dipounama tsa mosadi eo o leñ o sele di rōtha sedinotshe, magalapa a gagwè a bolèta bogolo go loukwane: Me bokhutlō yoa gagwè bo botlhoko yaka loñana, bo bogale yaka chaka e e magale mabedi. Dinaō tsa gagwè di hologèla mo loshuñ; dikgatō tsa gagwè di ea go chwara Bobipō. . . . Katosetsa tsela ea gago kgakala naè, u se ka ua atamèla moyakō oa ntlo ea gagwè. U ka tla ua naea ba sele tlotlō ea gago, le dinyaga tsa gago, ua di abèla tse di bolalome.’’—Diane 5:3-14; 2:16-19; 6:27-29, 32.

16. Ke eng seo se ka diragalelang motho yo o sa akofeng a tshaba dikgogelo tsa boitsholo Jo bo sa siamang gone fela foo?

16 E bile gape e bolela ka lekau le le “sa tlhalehañ,” le le “senañ tlhaloganyō,” le le reetsang megopolo ya boherehere e e gogelang mme ka ditlhong le latlhegelwa ke boikgapo jotlhe. “A mo kgola ka go haka ga dipounama tsa gagwè. A mo sala moragō ka bonakō, yaka kgomo e ea go tlhaywa, . . . [a] sa itse ha e le tatlhègō ea botshelō.” Ga se ene fela yo o neng a gogelwa ka kwantle ga kamogelo ya ga Jehofa go ya kwa losong, ka jaana “ba ba bolailweñ ke èna ke bontsi yo bogolo.”—Diane 7:6-27.

17. Go ya kafa Jehofa a bonang ka teng, boaka bo masisi go le kana kang?

17 Lefa ditlhagiso tseno di lebisitswe go makau, di ntse di dira ka mo go tshwanang mo basading ba meroba. Lefa e ka nna eng se se akanngwang ke batho kaga phelelo ya boaka, pono ya ga Jehofa e phepafetse. Ke tsela ya loso. E ka go ntshetsa ka kwantle ga paradaise ya selefatshe eo Modimo a tla e tsosolosang. “Kgotsa a ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10; Baefesia 5:5.

18. (a) A kgakololo ya Bibela mabapi le boitsholo jo bo sa siamang jwa dikobo ke mokgweleo? Ke eng fa o araba jalo? (b) Ke kgakololo efe e e molemo eo Diane e e neelang mo kgannyeng eno?

18 Ope a seka a gopola gore go dirisa kgakololo e e botlhale ya Bibela kaga boitsholo jwa bonna le bosadi ke mokgweleo. Go raya go ngotlega ga tlhalano, magae a se makae a a thubegileng, go ngotlega ga bana ba diganana, go ngotlega ga diaka, go ngotlega ga dikhuhego, malapa a a itumetseng le matshelo a a itumedisang ka mo go oketsegileng. Ka puo e ntle ya go boka Diane e haka tsela eno e e botlhale. E re motho a seka a batla boipelo mo mmileng, lefa e le mo mothong yo o senang boitsholo kana mo bathong ba ba farologaneng, ka gone a gasamisa motswedi wa gagwe ka kwantle. E haka gore fa o nyetse, o ipele mo molekaneng wa gago, go na le gore o ithaelele mo boitsholong jo bo sa siamang le ba bangwe. Motho ofe le ofe yo o bokoa o ka ineela mo kgotelong ya bonna le bosadi, mme tsela ya Mokeresete wa boammaaruri ke go ikeha mo go tlhakaneleng le ope dikobo go fitlhela a nyala mme he a go ipelele le molekane yo eleng wa gagwe wa lenyalo.—Diane 5:15-23.

Tiro le Boikgodiso

19. Ke kgakololo efe eo Diane e e neelang mabapi le tiro?

19 Diane e re thusa mo ditseleng tse dingwe gape. E haka sengwe seo se sa kgatlhiseng banana ba le bantsi—go nna modiri yo o senatla. Seno se dira mo sekolong, mo tirong, kana mo tirelong ya nako e e tletseng ya Bokeresete. E gakolola e re: “Ea kwa choshwaneñ, . . . u akanyè mekgwa ea eōna, me u tlhalehè.” Jaaka tshoswane e e tlhagafetseng, Mokeresete o nna le go dira tiro ya letsatsi ka boikanyegi kwantle ga gore mogolwane wa tiro a bo a ntse a mo disitse.—Diane 6:6-11; Baefesia 6:5; Tito 2:9, 10; Bahebera 6:10-12.

20. (a) Ke eng se sengwe gape se Jehofa a se ilang? (b) ka dirisa kgakololo eno Jang mo botshelong jwa gago sebele?

20 Gape, go botlhokwa gore o seka wa ipegela godimo kana go nna letshwenyo. “Go na le dilō di le thataro tse Yehofa o di ilañ; E, di shupa tse di mo hedisañ pelo: ke tse, Matlhō a a kadileñ, loleme lo lo akañ, le diatla tse di chololañ madi a motho a a senañ molato; Pelo e e logañ ditlhatlhanyō tsa boikèpō, dinaō tse di boheho go sianèla kwa bosenyiñ: Moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka, le eo o yalañ kgotlhañ mo baneñ ba monna.”—Diane 6:16-19.

Ba-lelapa la Gaeno

21. Ke kgakololo efe eo Diane e e go neelang mabapi le batsadi, mme ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa?

21 O seka wa itebatsa thuso e o e bonang mo go balelapa la gaeno. Diane e re: “Morwaaka tshegetsa taolō ea ga rrago, me u se ka ua latlha molaō oa ga mmago. . . . Motlhañ u tsamaeañ di tla gu gōga; motlhañ u rōbalañ di tla gu tlhodumèla, me motlhañ u kubugañ di tla bua nau.” (Diane 6:20-22) Seno se ntse jalo segolo fa batsadi ba gago e le batlhanka ba Modimo. Mme lefa e se badumedi ba setse ba nnile ba bona dilo di le dintsi tse o iseng o di bone, mme kaelo ya bone e ka go kganela mo mathateng a le mantsi thata.

22. (a) Ke eng seo se ka bolelwang kaga botlhokwa jwa go ipobola mo batsading ba gago fa o santse o le motlheng wa bokau kana bokgarebe? (b) Ke eng seo o ka se ithutang mo go Bahebera 12:11 le Diane 4:10-13?

22 Le ka motlha o seka wa letla motlha wa bokau kana bokgarebe—lobaka lwa fa gare ga go nna ngwana le go nna mogolo—lo go dire gore o itomologanye le batsadi ba gago, jaaka batho ba le bantsi ba banana ba dirile. O ka nna wa akanya gore batsadi ba gago ga baa inaakanya le tlhabologo, kana gore “ba kwa morago.” Mme ba ka go thusa gore o boloke tekatekano mo lobakeng lono lwa phetogo. Bua nabo. Leka go ba dira gore ba reetse mathata a gago. Ga ba batle go go kgopa kana go go pitlaganya mo tseleng ya botshelo, mme ba batla go go tlhofofaletsa tsela. Gone go ntse jalo gore batho ba banana ba tle ba batle go dira dilo ka tsela ya bone mme ebile gantsi ba ganana le kgakololo; mme gone go ikokobetsa ga bone go tla imolola sengwe le sengwe. Motho yo o boikokobetso o itse gore o dira diphoso, mme ebile o anaanela maiteko a ba bangwe a go mo thusa. Diane e re: “Kgalemèla [gakolola] motho eo o botlhale, mo o tla gu rata.”—Diane 9:8, 9; Bahebera 12:11; Diane 4:10-13.

23. Wena fa o bona, dintlha tse dikgolo tsa thuto eno ke dife?

23 Ka jalo, botlhale jwa bomodimo bo ka bonwa ke batho ba banana gompieno. Lefa o sa tlhalefa thata o ka ithuta le go tlhaloganya. Botlhale bo ikuela mo go wena. Bo bua ka “dilō tse di gaisañ mo go heteletseñ” mme “dilō cotlhe tse motho o ka di eletsañ ga di na go chwantshiwa le yōna.” (Diane 8:6, 11) Go bapala kitso le go oketsa botlhale, o tshwanetse wa ithuta le go epolola, jaaka fa o ka dira ka khumo e e sa tlwaelegang. “Eo o [bonang botlhale] o bōna botshelō, me o tla bōna botsalanō mo go Yehofa.”—Diane 8:35.

Fa o sena go bala setlhogo seno, o ka nna wa eletsa gape go bala Diane, dikgaolo 1 go ya go 9, ka jaana se thaetswe moo.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

A O Gakologelwa Dintlha Tseno?

◻ Ke thuso efe e buka ya Diane e e neelang basha ba gompieno?

◻ Ke ka ntlhayang fa batho ka bontsi jaana ba gana thuso eo?

◻ Ke phelelo efe eo go nna gone ga botlhale go tshwanetseng ga nna le yone mo botshelong jwa gago?

◻ Diane e tlhagisa kgatlhanong le thaelo efe e e tshabelelang metsemegolo ya gompieno?

◻ Ke ka ntlhayang fa kgakololo ya Bibela mabapi le boitsholo jwa kafa dikobong e se mokgweleo?

◻ Ke thuso efe eo batho ba banana ba ka e bonang mo go ba-malapa a bone?

[Lebokoso mo go tsebe 22]

KITSO, BOTLHALE LE TLHALOGANYO

Buka ya Diane e na le mo gontsi mo e go bolelang kaga mafoko ano a mararo. A farologana jang?

KITSO ke go tlwaelana le mabaka, moo o ka neng o go ithutile mo go ithuteng ga gago, kelotlhoko kana boitemogelong jwa botho. Motho yo o botlhale o “boloka kicō” mme o na le letlotlo la yone go ka e dirisa.—Diane 10:14.

BOTLHALE bo kopanya kitso le katlholo e e utlwalang. Ke kgono ya go ka dirisa kitso ka tsela e e atlegileng, go rarabolola mathata le go tila dikotsi. Bo kaya bophara jwa kitso. le boteng jwa tlhaloganyo tseo di neelang kutlwalo le phepafalo ya katlholo. Fa o ne o na le kitso mme o sa itse kafa o ka e dirisang ka teng, o ka tlhaela botlhale. “Botlhale ke selō se segolo,” ka jaana kwantle ga jone kitso e ka se nne le mosola o o kalo kalo.—Diane 4:7.

TLHALOGANYO e jaanong O nang le yone gore go na le pharologanyo magareng a kitso le botlhale—o ka tlhaola kana wa atlhola fa gare ga tsone. O ka nna wa latela tsela eo Modimo a e laotseng, mme fa o tlhaloganya lebaka la yone, boikaelelo jo bo molemo jo e bo direlang le melemo e e e lereng, boikemisetso jwa gago bo nnela thata kwa pele. Diane e na le boikitsiso jo bo dirang go go thusa gore o tlhaloganye e seng fela gore tsela e e siameng kana e e sa siamang ke efe mme gape gore ke ka ntlhayang fa seno se le boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela