LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/15 ts. 19
  • A Bana ba Batla Ditaolo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bana ba Batla Ditaolo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e Mentsintsi Jaana?
    Tsogang!—2006
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A Tota Melao ya mo Lelapeng e a Tlhokega?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/15 ts. 19

A Bana ba Batla Ditaolo?

“GO SA kgathalege gore ngwana o ka tlhola a lebega jaaka yo o godileng mo tlhaloganyong,” go bolela jalo Dr. Harry Mendelsohn, mookamedi wa tsa kalafi ya lelapa kwa Sepateleng sa Montefiore sa New York le kwa Medical Center, “ene o santse a le ngwana.” Mme ditaolo di santse di ntse di tlhokafala. O ne a tlhalosa a re: “Motsadi o tshwanetse a ikarabela. Lelapa ga se puso ya batho ka batho, lefa boiteko jwa ngwana mongwe le mongwe bo tshwanetse go kgothalediwa. Mme kgabagare diphetso tsotlhe di tshwanetse tsa ikaega ka batsadi. Ditaolo di tshwanetse tsa ntshiwa, di tshwanetse tsa tlhamaladiwa le go boaboelediwa. Bana ga ba tshwanela go nna le boikarabelo jwa go itlhomela ditaolo.”—Daily News ya New York, September 13, 1981.

“Bana ba ka go tsietsa fela thata,” go bua jalo motsamaisi wa lephata la basha. “Ba latola gore ga ba batle ditaolo, mme fa o batlisisa tota, o bona ka go sele. Kgang-kgolo ke gore ba akanya gore ditaolo tse di utlwalang ke sesupo sa lorato.”

A bana ba a dumalana? Tseno ke dingwe tsa dilo tse ba di buang go tswa go “Ditaolo tsa Batsadi ka Basimane ba Sekolo sa Tshimego”:

“Re tshose go le gonnye. Gagamatsa o bo o tlhomame fa o ntsha kotlhao. Re supegetse gore yo mogolo ke mang. Go re fa maikutlo a gore re bolokesegile fa re itse gore re tshegeditswe ka mo go nonofileng.

“Re tshubele lebone; re bontshe tsela. Re bolele gore Modimo ga oa swa, ga oa robala, kana mo boikhutsong. Re tlhoka go dumela mo sengweng se segolwane le go re feta ka nonofo.

“Fa o ka re tshwara re bua maaka, re utswa kana re dira bosetlhogo, re itsise gore ke ka ntlhayang fa seo re se dirileng se neng se le phoso. Fa re tlhoka go otlhaiwa, go dire, mme re itsise gore o santse o re rata.

“Re ganetse. Se leseletse sengwe le sengwe mme o seka wa boifisiwa ke matshosetsi a rona a gore re tla tlogela sekolo kana legae. Tsepama. Ga se gore bana ba a bo ba batla sengwe le sengwe se ba se kopang.”

Seno sotlhe se tlhalositswe sentle mo polelwaneng e khutshwane ya motsadi yo o fetang batsadi botlhe ka botlhale, yo mogolo mo batsamaising botlhe ba tsa matshelo a bana, Jehofa Modimo. Mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Bibela, ga twe: “Lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Mmopi ga a tlhaloganye fela se bana ba se tlhokang mme gape seo batsadi ba se tlhokang. E kane o le mosha kana motsadi, tlhokomela dintlha tse di thusang mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela