LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/15 ts. 8-12
  • Makoa Ao A Ka Fenngwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Makoa Ao A Ka Fenngwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithuso tse di Baakantsweng tsa Bomodimo
  • Bothata bo Okediwa Ke Eng?
  • Go Fenya Letlhapelo
  • Go Latlha Motsoko
  • Go Tlhabantsha Phaphamiso ya Dirwe tsa Bonna le Bosadi
  • Ngaparela Maemong a Bibela
  • Amogela Thuso ya Modimo go Fenya Diphoso tsa Mo Sephiring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Nka Fenya Jang Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Go Itshwaratshwara Dirwe tsa Tlhakanelo-Dikobo—Go Masisi Go Le Kana Kang?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/15 ts. 8-12

Makoa Ao A Ka Fenngwa

GO NA le mathata a le mararo, go feta a mangwe, ao a bonalang a tshwentse basha ba segompieno gammogo le bagodi ba le bantsi. Ke afe? Botlhapelwa, go goga le phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi (e e itseweng gape jaaka go ikgobolola kana boikgotsofatso jwa dirwe tsa bonna le bosadi ka bojosi).

Mekgwa eno e ikuela mo makoeng a nama, mme ebile ditikologo tsa segompieno di go ketefatsa segolo bogolo gore di ka fenngwa. Ka motlhala, dino le disekerete ke tse di ntseng di bapadiwa ka mo go ikuelang go ya bokgakaleng jo bogolo. Lorato lwa dikobo lo tlhotlhelediwa ke lekhubu je legolo la dibuka tsa morobalo, dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishene. Mme seno legale ga se reye gore mathata ano kana makoa a ka se fenngwe.

Dithuso tse di Baakantsweng tsa Bomodimo

Mabapi le seno go tla thusa go akanyetsa sekao sa ga moaposetoloi Paulo. Lefa a ne a le moaposetoloi wa Mokeresete, o ne a ipolela gore o ne a palelwa ke go dira dilo tseo a neng a batla go di dira mme ebile a dira dilo tseo a neng a sa batle go di dira. (Baroma 7:14-25) Lefa go ntse jalo, o ne a bua gape a re: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (1 Bakorintha 9:27) Tota, o ne a kgona go raya Bajuda-ka-ene a re: “Ba ga echo, ke nntse ka nna ka tshela ka pelo e e molemō ha pele ga Modimo, nakō e sa nntse e le eno.”—Ditiho 23:1; 22:3.

Ke dithuso dife tsa bomodimo tse di baakanyeditsweng tse di leng gone gompieno go re thusa mo go ‘ikgobeng mmele’? Re ka thusiwa jang go “tshela ka pelo [segakolodi] e e molemō” mabapi le makoa a a tshwanang le botlhapelwa, go tshwakgolwa ke motsoko le phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi?

Lefoko la Modimo, Bibela e e Boitshepo, ke thuso e nngwe e e tlhokafalang. Go e bala ka metlha, ee, ka malatsi otlhe, mme segolo dikarolo tseo di etsang Dipesalema, buka ya ga Diane le Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, di ka tswa thuso e kgolo thata. Ruri go ntse jalo gore ‘motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme e leng ka boammaaruri jo bo tswang mo molomong wa Modimo’ mme e le jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Gagwe, Dikwalo tse di Boitshepo.—Mathaio 4:4.

Re bona nonofo ya semoya mo go baleng Lefoko la Modimo le mo dikgatisong tsa Bokeresete tseo di re thusang go le tlhaloganya le go le dirisa. Tseno di re neela pono e e botoka ya gore ke eng se se itumedisang Mmopi, Jehofa Modimo. Mme ebile, re bona tlhotlheletso e e molemo mo ditaong tsa tshiamo le dikaong tsa tlhagiso tse di kwadilweng mo Lefokong la Modimo. Ka gone re thusiwa go rata—le go dira—se se molemo le se se siameng, fa re ntse re ila, ee, re bihela, se se bosula, kana boikepo.—Pesalema 97:10; Baroma 12:9.

Go Rapela Modimo ke thuso e nngwe e kgolo. Bakeresete ba nnile gangwe le gape ba supela thusong e kgolo ya thapelo mo go tlhabantsheng makoa a bone. Seno se ne sa nna jalo ka mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a na le bothata jwa go kgaogana le mokgwa wa go goga motsoko wa sekerete. Fa a sena go utlwa thuto nngwe e ntle ya Bibela kaga thapelo, o ne a ya gae, a rapela Jehofa Modimo ka tlhoafalo go mo thusa go fenya mokgwa oo, mme fa e sale go tswa foo a seka a tlhola a nna le bothata ka gone. (Bafilipi 4:6, 7) Fa re lopa Modimo ka bopeloephepa, gore a re itshwarele go bo re fositse mo tseleng nngwe e e rileng, re ikutlwa re imologa mme re thusiwa go simolola kgaratlho ya rona sesha.

Moya wa Modimo o o boitshepo, kana maatla a a dirang, le one ke thuso. Re a o bona fa re o rapelela. Jesu o ne a re: “Ha lona, lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.” (Luke 11:13; Sekaria 4:6) Fa re ineela mo tlhotlheletsong ya one, re tla thusega, ka jaana leungo lwa moya le akaretsa boikgapo, jo bo tlhokafalang mo go dirisanyeng le mathata a a ntseng a tlhasela.—Bagalatia 5:22, 23.

Bakeresete ba ba godileng le bone ba ka nna motswedi wa thuso. Seno se bile se ntse jalo segolo bogolo ka ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya, jaaka ka bagolwane ba phuthego. Ka go ipobola mo mogolwaneng, re ka thusiwa thata mo kgaratlhong ya rona. Mme ba bangwe le bone ba ka thusa. “Basadi bagolo” le bone ba ka nna ba thusa basadi ba meroba. (Tito 2:3-5) Ka sekai, mooki mongwe yo o neng jaanong a sa tlhola a bereka mme a ile a goga thata mo botshelong jotlhe jwa gagwe o ne a ikemisetsa go khutlisa go goga gore a tle a tshwanelegele kolobetso. O ne a tlhoma letsatsi le le rileng le go bolelela ditsala tsa gagwe tse di gaufi tsa Bokeresete gore o ne a ikaeletseng. Jalo, letsatsi le letsatsi mongwe wa badumedi-ka-ene bano ba mo founela kana go mo etela go mo neela tshegetso kafa boitsholong. Phelelo ya nna gore fa beke e ya go fela a bo a fentse keletso ya gagwe ya disekerete ka mo go feletseng.

Jalo, he, re etse tlhoko dikarolo di le nne tsa konokono mo go thuseng: (1) go bala le go ithuta Lefoko la Modimo, gammogo le dibuka tsa Bokeresete; (2) go nnela ruri mo thapelong; (3) go ineela mo tlhotlheletsong ya moya wa Modimo o o boitshepo; le go (4) inaakanya le thuso ya Bakeresete ba ba godileng. Batho ba le bantsi-ntsi ba ile ba thusiwa thata mo kgaratlhong ya bone go fenya makoa a bone ka ditsela tseno. Mme gone, bangwe ba nna le bothata jo bo oketsegileng ka mo gogolo go na le ba bangwe. A mme go santse go na le dithuso tse dingwe tseo ba ka di dirisang ka katlego?

Bothata bo Okediwa Ke Eng?

Ke eng fa bangwe ba na le bothata jo bo oketsegileng go na le ba bangwe mo go fenyeng makoa a a rileng? Kwantle ga pelaelo, go na le kgang ya go sa gola mo semoyeng. Leha e le mang yo o palelwang ke go dirisa dithuso tseo di umakilweng kwa pelenyana, kana yo o di dirisang ka tsela ya go ikgolola fela, o tla felela fela ka go nna le bothata jo bo oketsegileng mo go fenyeng makoa a gagwe.

Ba-losika ba pele ke lebaka le lengwe. Bangwe go bonala fa ba ile ba bapala makoa a a rileng go tswa batsading ba bone, kana le eleng go bagagabo-mogolo, fela jaaka motho a ka nna le go ka lwala bolwetsi jo bo rileng, jaaka jwa sukiri (diabetes). Jalo fa go tla mo makoeng go bonala ekete “borra bana ba yele bogoto yoa difine, me mènō a bana a dilahetse.”—Esekiele 18:2.

Gape go na le kgang ya gore ke ka makgetlo a le kae kana gore motho o ile a tlhagafalela go sala tsela e e sa siamang eo go le kana kang. Seno se kaya mo go golo gore motho o tseneletse go le kana kang mo go tshwakgolweng ke selo. Go tshwantshetsa seno: Motho yo o gogang halofo fela ya pakete ya disekerete ka letsatsi ke gantsi a ka se keng a nne le bothata jo bontsi go khutlisa tlwaelo eo go na le yo o gogang dipakete tse tharo ka letsatsi, mogogi yo o padileng.

Ditikologo le tsone di ka nna le seabe mo bothateng. Ka motlhala, mosadi o ka nna a batla go khutlisa go goga, mme monna wa gagwe le bana ba gagwe ba dingwaga tsa bolesome ba ka nna ba bo ba goga botlhe. Go ka mo ketefalela fela thata go kgaogana le mokgwa oo go na le ka mosadi yo balelapa la gagwe ba se kileng ba dirisa motsoko. Ka mo go tshwanang, fa e rile pele ga go bona kitso ya Dikwalo motho a bo a kile a nna thata le mokgwa wa go akanya megopolo e e seng phepa, go ka mo ketefalela ka mo go oketsegileng go utlwa kgothatso e e mo go Bafilipi 4:8 ya go nna le megopolo e e tlotlegang, mme segolo bogolo fa a kile a tshwanelwa ke go bereka le batho bao metlotlo ya bone e neng e le boatla.

Go Fenya Letlhapelo

Ke kgato efe e nngwe e e ka tsewang ke motho yo o bonalang a na le bothata jo bo lebegang bo ka se kgonwe ka gope ka bokoa jwa gagwe? Go na le seo se itsegeng jaaka matsapa a mmele. Se se ka nna sa bidiwa molao-motheo wa phapaano ya molao-motheo wa tirisano ya mmele le tlhaloganyo. Molao-motheo wa tirisano ya mmele le tlhaloganyo ke gore mmele le tlhaloganyo di dingwe fela mme jalo tlhaloganyo le maikutlo (psyche) di ama mmele (soma). Mme se se fapaaneng le sone se boammaaruri; seemo sa mmele se ama tlhaloganyo. Ka gone balwetsi ba kankere gantsi ba nna le bohutsana jwa mogopolo. Ka mo go tshwanang, batlhalefedi ba tsa dikotla bangwe ba dumela gore ka go oketsa boitekanelo jwa mmele ka mekgwa e e tshwanetseng ya go ja, motho o ka siamelwa ga botoka go fenya keletso epe fela ya tagi.

Mo tekeletsong nngwe, dipeba di ne tsa fiwa metsi fela a a phepa le a mangwe a a nang le tagi. Dipeba tse dingwe di ne tsa nwa metsi a a nang le tagi thata-thata, mme tse dingwe tsa nwa go le gonnye fela mme peba e nngwe ya seka ya nwa gotlhelele. E ne ya re fa dipeba di fiwa dijo tseo di neng di na le di “vitamin” le diminerala tse dintsi, tsa fokotsa thata-thata go nwa metsi a a nang le tagi. Mme e ne ya re fa di fiwa dijo tseo di neng di tlhaela thata dikotla tse di tlhokafalang, dipeba tsotlhe tsa simolola go nwa dilekanyo tse dikgolo tsa metsi a a nang le tagi. Balekeletsi, bao gareng ga bone go neng go na le babatlisisi ba tsa kalafi ba bagolo, ba ne ba fitlha phetsong ya gore go na le kamano e e tlhomameng magareng a go ka tshwakgolwa ke tagi le go sa je ka tshwanelo; gape le gore dipharologano tsa sebopego sa mmele di ne di ikarabelela mo selekanyong se se farologaneng seo dipeba tse di farologaneng di neng tsa nwa ka sone metsi a a nang le tagi.

Diphitlhelelo tseno di ile tsa dirisiwa ka matswela a a molemo fa di ne di dirisiwa ke bangwe ba tsa kitso ya kalafi fa ba ne ba dirisana le matlhapelwa. Lefa go ntse jalo, dingaka di ne tsa gatelela tsa re gore kotlo epe fela e tswelele motho o tshwanetse a bo a na le keletso e e peloephepa go fenya tshwakgogo ya tagi, ka jaana e tla bo e le phoso go tlhokomologa karolo ya boitsholo mo tlhapelong. Ga ba dumalane le bao ba batlang re dumela gore botlhapelwa ke bothata jwa kalafi ka mo go feletseng. Ga ba nne le eleng go itebatsa lebaka la gore gone tota go ne ga nna le molato kana tlhokomologo mo letlhakoreng ja bao ba neng ba tshwakgolwa ke tagi, lefa e kane lebaka la popego ya mmele kana kotlo di nnile le sebaka mo phelelong.

Bao ba eletsang go tshela matshelo a bomodimo ke bone segolo ba amegileng ka pono ya Modimo ka kgobololo ya tagi. Lefoko la Gagwe le le boitshepo ga le tlogele pelaelo epe ya gore go tlabuela mo go sa lekanelang mo dinong tsa tagi go tshwanetse ga bihelwa ke bao ba eletsang kamogelo ya bomodimo. (Diane 23:29-35; 1 Bakorintha 6:9, 10) Seno se neelana ka tlhotlheletso e e sa lekanngweng mo go fenyeng bokoa jwa mofuta ono.

Go Latlha Motsoko

Ngaka nngwe e ne e tshwakgotswe ke motsoko mme gangwe le gape ya nna ya leka go kgaogana le one. Mme a seka a atlega go fitlhela a fetsa ka gore a nne Mokeresete. Go ne go se motlhofo go khutlisa go goga, mme go se bokete thata-thata. (2 Bakorintha 7:1) Lefa go ntse jalo, ngaka e nngwe, morwarra ngaka eno ka sebele, o ne a lebane le bothata jo bo tshwanang. Mo go ene, go fenya mokgwa ono go ne ga batla boiteko jo bo kwa godimo thata, ka jaana a ne a le mogogi yo o padileng. Lemororo a ile a atlega labofelo, o ne a bolela gore go kgaogana le mokgwa oo go ne ga mmaya gaufi le lebitla ka go ipolaya.

Batlhalefedi ba tsa dikotla bangwe ba dumela gore kotlo e e tshwanetseng e ka thusa motho go kgaogana le mokgwa wa go goga motsoko. Ba dumela gore gantsi bao ba tshwakgotsweng ke motsoko ba bolawa ke ditshika tsa tlhogo, madi ga a tsamaye sentle kana ba fetilwe ke bokima mme gore ka go alafa mathata ano go nna le sebaka se se molemo sa go fenya tshwakgogo.

Matsapa a mangwe a mmele (a a itseweng jaaka “Kgato ka Kgato”) ke ka go goga disekerete ka mawisi a a rileng. Lantlha, mogogi o dirisa lewisi le le tlosang 25 lekgolong ya bokgakga (nicotine). Go tswa foo mo dibekeng tse pedi o dirisa le lengwe le le tlosang 50 lekgolong; morago gape, le le, tlosang 75 lekgolong; mme, labofelo, le le tlosang 90 lekgolong. Go bolelwa fa morago ga moo motho a ka seke a nne le bothata jwa go khutlisa gotlhelele.

Go Tlhabantsha Phaphamiso ya Dirwe tsa Bonna le Bosadi

Bothata jo bongwe jo bo tshwenyang ba le bantsi, segolo basha, ke go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi, go ikgobolola kana boikgotsofatso jwa dirwe tsa bonna le bosadi ka bojosi. Gone, Bibela ga e umake phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi ka leina. Lefa go ntse jalo, ereka jaana gantsi e amana le maikutlo a kafa dikobong, ruri e kgalwa ke dikwala tsotlhe tseo di buang kgatlhanong le kakanyo e e ntseng jalo le tiro. Ka sekai, akanyetsa Baroma 13:14; Bagalatia 5:19, 24; Baefesia 5:3-5; 1 Bathesalonia 4:3-5; 1 Petere 2:11.

Ga se boikaelelo jwa rona fano go bua ka kgang ya kganetsano ya gore tota phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi e ka nna kgobatso go le kana kang mo mmeleng. Mme gone, ruri ke mo go kgatlhisang go bo moswi Alexis Carrel, moithuta-matshelo yo o itsegeng e le mogapa-sekgele sa Nobel, a neng a tlhalosa mo bukeng ya gagwe Man, the Unknown: “Go itsege sentle fa diphetelelo tsa kafa dikobong di thibela tlhagafalo ya tlhaloganyo,” le gore boikgapo bo a tlhokafala gore motho a tle a dirise dinonofo tsa gagwe tsa tlhaloganyo ka botlalo. Mo go thuseng, ke matsapa afe a mmele a a ka lekwang?

Gantsi bao ba tsenelelang gangwe le gape mo phaphamisong ya dirwe tsa bonna le bosadi ke bao ba tshwenngwang thata ke ditshika tsa tlhogo kana ke go tlhobaela boroko. Go ya kafa ba ka tokafatsang boitekanelo jwa bone jwa mmele, ba nonotshe dltshika tsa bone le go tokafatsa go robala ga bone, ba tla thusiwa gape fa ke go ikgapa mo kgannyeng eno.

Go ja ka selekano le gone ke thuso e nngwe e kgolo. Encyclopaedia Britannica (kgatiso ya 1959) mo setlhogong “Anaphrodisiacs” e re: “Go tila dijo tse di nang le nama le matswai a a natetshang, mme segolo dino tse di tagang, go botlhokwa.” Bangwe ba ka nna ba bo ba sa dumalane le mafoko ano. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalege dintlha tse di ntshitsweng, motho o ka nna a thusiwa ka go leka matsapa ano a mmele.

Ngaparela Maemong a Bibela

Gompieno, go feta lefa e le leng pele, lotso lwa motho lo nnile le bothata jwa go tshela go ya ka maemo a tshiamo a a fitlhelwang mo Bibeleng. Kwantle ga pelaelo, gareng ga mabaka ao a ikarabelelang go seno ke se motho a se amuleng le kwa motho a goletseng teng le ditikologo. Mme seo se sa tshwanelang go tlhokomologiwa ke lebaka la gore Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba bololetse go atlahatsa lotso lwa motho. (Tshenolo 12:12) Mme, ka thuso ya Modimo le ka go ngaparela mo maemong a Bibela, motho o ka ganela le mmaba ka katlego.—Yakobe 4:7.

Matsapa a mmele a nnile ka dinako tse dingwe a baakanyetsa thuso ya go dirisana le mathata a botlhapelwa, go tshwakgolwa ke motsoko le phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi. Lefa go le jalo, dikalafi-dikgolo ke dithuso tsa semoya, go akareletsa le go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete, go nnela ruri mo thapelong, go ineela mo tlhotlheletsong ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa le go amogela thuso ya Bakeresete ba ba godileng. Ka thuso e e ntseng jalo makoa a a tlhokofatsang moya ruri a ka fenngwa.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

A O A Kgaratlha?

O tshwanetse go dirang fa o tla go lemoga gore o tshwanetse go fenya letlhapelo, motsoko kana phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi? Bona fa e le gore a o ka bapala mo gontsi go e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa dithuso tseno tse di baakanyeditsweng tsa bomodimo:

1. Bala Lefoko la Modimo ka metlha, o iponela nonofo mo go lone.

2. Rapela Modimo ka malatsi otlhe, o senka kgomotso ya gagwe le thuso.

3. Kopa Modimo moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a a dirang.

4. Itseele thuso e e tswang go Bakeresete ba ba godileng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela