Pono e e Botlhale ka Thutego
BIBELA e gakolola batsadi gore ba ‘godisetse bana mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.’ (Baefesia 6:4) Thapiso e e ntseng jalo e botlhokwa-tlhokwa fela thata go na le thutego fela ya lefatshe.
Rre mongwe wa Nigeria le ene o dumela seno. O bolela ka go re: “Ke ne ke buisana ka metlha le banake ka dilo tsa semoya, go akaretsa le temana ya letsatsi. Ke ne ke batla go ba thusa gore ba rate Jehofa le go utlwa kgakololo ya gagwe. Ke ne ke batla gape go ba neela tumelo e e nonofileng.
“Ke ne ke itse ka ditlhotlheletso tse e seng tsa Bokeresete tseo ba neng ba lebane le tsone kwa sekolong. Ka jalo ka seka ka ba kwadisa mo “boarding school.” Ke ne ke batla ba tla gae ka malatsi otlhe gore ke tle ke tswelele ka go ba thapisa go ya kafa Dikwalong. Ke gakologelwa motlha mongwe, sekolo se sena go tswa, morwadiake a mpolelela gore monna mongwe wa mohumi o ne a mo laleditse go mo etela. Ke ne ka ya go bona monna yoo mme ka fitlhela gore o ne a na le megopolo ya boitsholo jo bo sa siamang tebang le ene. Ke ne ka itumela thata go bo a ne a se kwa “boarding school,” koo a ka bong a ne a le kgakala le gore ke ka mo kaela sepe.
“Gape, ke ne ka tlhoma bobulatsela [go rera ka nako e e tletseng] jaaka mokgele wa bana, mme ba le bararo mo go bone ba ikwadisa jaaka babulatsela ka bonakonyana fela fa ba sena go fetsa sekolo. E ne ya re fa Michael a santse a le mo sekolong, a bontsha keletso ya go nna ra-melemo ya kalafi jaaka nna. Ke ne ka mmolelela gore o ne a gopotse ka thutego e e molemo, mme fela gore, fa a ne a ka ya kwa yunivesithing, o ne a tla bo a ipeile mo kotsing ya go tsenelela thata mo tsamaisong ya selefatshe. Bona, ke etse tlhoko kafa baithuti ba ba tswang yunivesithing ba ileng ba nna le mekgwa e e sa eletsegeng. Bangwe ba bone ba ile ba nna boikgodiso le go latlhegelwa ke go anaanela Modimo le tirelo ya gagwe.
“Ka mo go phepafetseng Michael o ne a akanya thata kaga dilo tseno ka jaana, dingwaganyana moragonyana, o ne a gana dipaka tsa go ka ya yunivesithing mme, ya re go na le moo, a ikwadisa jaaka mmulatsela. Ene le mosadi wa gagwe, Eunice, yo le ene a neng a simolotse go bulatsela fa a sena go fetsa sekolo, jaanong ba direla mo Bethele [ofising ya lekala la Watchtower Society] mo Lagos.”
Christian yo mmotlana le ene, o ne a ile a rutwa boammaaruri ke batsadi ba gagwe mme a bile a ile a tlhotlhelediwa thata ke bagagabo-mogolo bao e neng e le babulatsela. Fa a sena go fetsa sekolo se segolwane, ene ka boene a bulatsela ka dikgwedi di le mmalwanyana a bo a bontsha keletso ya go dira seno selo sa botshelo jotlhe jwa gagwe.
Lefa go ntse jalo, rraagwe o ne a akanya gore go ne go le botlhokwa gore a nne le kitso nngwe ya yunivesithi gore a tle a nne le isagwe e e bolokesegileng. Jalo a gatelela gore Christian a ikwadise mo thutong ya yunivesithi ya dingwaga tse tlhano.
Christian he o ne a tla dirang? Gone, segakolodi sa gagwe se ne sa mo gogela mo go utlweng rraagwe, jaaka Bibela e laela. (Baefesia 6:1) Mme o ne a tsaya dikgato gore a sireletse bomoya jwa gagwe fa a ntse a le mo yunivesithing. Tota, e ne ya re go bona gore thuto ya gagwe e ne e sa je nako yotlhe, a ikwadisa jaaka mmulatsela.
Rraagwe lantlha o ne a sa batle seno, mme kgabagare a ineela. Christian o ne a sobokanya maikutlo a gagwe fa a ne a re go rraagwe: “Ke anaanela thata sotlhe se o se ntiretseng mme ke batla go go utlwa. Ke sone se ke neng ka dumalana go ya yunivesithing, mme ke ikaeletse go diragatsa tumalano eo. Lefa go ntse jalo, ke bile ke ineetse mo go Jehofa, moo go rayang gore ke tshwanetse ka baya dikgatlhego tsa gagwe kwa pele. Ke dumela gore go bulatsela ke mo gongwe ga ditsela tse di molemo-lemo tsa go dira seo.”—Mathaio 6:33; Moreri 12:1.
Mo mabakeng a mabedi a a fa godimo, batho ba banana bano ba ne ba segofadiwa. Mme Bakeresete ka kakaretso ba tshwanetse ba leba thutego jang? Bala setlhogo sa rona se se latelang.