Kafa Re Tla Fiwang Tse Re Di Tlhokang
“MORAGO ga dingwaga tse 30 tsa tshwaragano ya merafe yotlhe, palo ya batho ba ba bolawang ke tlala e nna e tlhatlogela-pele” go buile jalo moeteledipele wa “Food and Agriculture Organization” (FAO). O ne a dumalana ka gore “molawana o o neng wa latelwa go fitlhela jaanong o paletswe.”
Ka boikutlo jwa jaanong jwa go iteba o le nosi jwa merafe, ga go na maiteko ape a merafe yotlhe a a ka dirang e le ruri mo go rarabololeng bothata jwa go baakanyetsa ka ditlhokafalo tsa konokono tsa batho botlhe. Go na le sengwe se se oketsegileng se se tlhokafalang. Ke sefe? Batho ba le bantsi ba ba akanyang ba weditse ka gore se se tlhokafalang ke:
Puso ya Lefatshe Lotlhe
Go tshwanetse ga nna le puso ya lefatshe lotlhe e e nang le thata le nonofo ya go laola didirisiwa tsa lefatshe le go rulaganyetsa kabo e e tshwanetseng ya dithoto, go tlhomamisetsa gore ope a seka a tlhoka sepe. A puso e e ntseng jalo ya lefatshe e ka kgonagala? Maiteko a mabedi a go ka dira puso ya lefatshe lotlhe, Kgolagano ya Merafe le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, a ile a palelwa labofelo ke go rarabolola mathata a a dirilweng ke bogagapa jwa bomorafe.
Jalo ke kae koo puso ya lefatshe lotlhe e e ka tswelelang e ka bonwang teng? Ka phepafalo, e tshwanetse ya tswa ka kwantle ga tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe. A mme go na le thata e e ntseng jalo ee nang le kgono ya go rulaganyetsa puso ya lefatshe lotlhe? Ee, go na le nngwe e e itsegeng ka go amega thata ka molemo wa batho. Thata eo ke Modimo.
Mo lekgolong leno la dingwaga la bomasome a mabedi la ‘ke tla dumela ke bonye, seno se ka utlwala e se sa mmannete. A ke selo sa mmatota go solofela mo pusong ya lefatshe lotlhe ka Modimo? A go na le bosupi bongwe jwa gore a le ene Modimo o na le kgatlhego epe ya go nna mmusi wa lefatshe lotlhe? Mme fa go ntse jalo, a go busa ga gagwe go ka nna botoka bope go na le go busa ga batho mo go tsereng nako e e kana-kana?
Tsholofelo ya Mmatota
Mo megopolong ya batho ba le bantsi—le eleng ya ba le bantsi ba ba dumelang mo Modimong—dilo tsa bodumedi di bonala ka mokgwa mongwe di farologane le tsa “botshelo jo bo tlwaelegileng.” Ka sekai, gone go siame fela go bua ka go ya ga bone kwa legodimong fa ba swa. Mme ba ikutlwa gore ga se selo sa mmatota go lebelela gore a Modimo o ka dira sengwe mono lefatsheng, se se tshwanang le go busa lefatshe tota-tota. A o ikutlwa jalo?
A o kile wa akanyetsa gore re ikaegile go le kana kang ka melao ya Modimo le eleng ga jaanong? Phefo e re e hemang, pula, letsatsi, sengwe le sengwe se se kgonagatsang botshelo se laolwa ke seo gantsi se bidiwang melao ya tlholego, e tota-tota e leng melao ya Modimo. E kane batho ba ipolela gore ba dumela mo Modimong kana nnya, ba ikaegile ka mo go feletseng mo Modimong. (Mathaio 5:45; Ditiho 14:17) A go tshwanetse ga gakgamatsa gore fa Modimo, ene yo melao ya gagwe e laolang phefo, pula le letsatsi, o bile gape o tlhoma melao go laola dikgang tsa batho?
Ntle le moo, a o ne o itse gore, mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a kgetha batho, a ba rulaganya jaaka morafe le go ba baakanyetsa puso eo go yone a neng a le Kgosi? Morafe oo e ne e le Iseraele, mme mongwe wa baperofeti ba teng o ne a re moragonyana a kwala a re: “Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona; ena o tla re boloka.”—Isaia 33:22.
Puso ya Modimo le Diphelelo tsa Yone
Go ne ga nna jang ka Baiseraele? Fa fela ba ne ba ntse ba boloka molao wa Modimo, ba ne ba tswelela ka ditsela tsotlhe. Morago ga dingwaga tse di masome a mane le botlhano tsa go busa ga Modimo, mongwe wa baeteledipele ba bone o ne a bega a re: “Ga se ka ga tlhaèla sepè sa se se molemō se Yehofa o na a se buile le ntlo ea Iseraela; ga dihala gotlhe hèla.”—Yoshue 21:45.
Boitemogelo jwa Baiseraele bo ne jwa bontsha gore ke mo go utlwalang sentle go bua ka puso ya Modimo. Fela jaaka a ile a busa morafenyana ole wa Botlhaba Gare ka tlhamalalo, o ka kgona go busa lefatshe lotlhe. A o tla dira jalo?
Dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng moaposetoloi wa Mokeresete Johane o ne a utlwa sengwe seo se neelanang ka lebaka je le nonofileng go rona go nna le ikanyo ya gore Modimo o tla tsaya kgato ka setho. Johane o ne a fiwa ponatshegelo ya dilo tse di tla tlang, mme mo bogareng jwa ponatshegelo eo o ne a utlwa mokgosi wa boitumelo o o reng: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Go tswa foo Johane a utlwa tlhaloso e e amang pelo: “Re gu ntshetsa malebogō Morèna Modimo, Mothataeotlhe, . . . ka e le ha u itsetse thata ea gago e kgolo, me ua busa.”—Tshenolo 11:15, 17.
Ponatshegelo eno—e e neng e tlhotlheleditswe ke Modimo ka boene—e ne ya bolelelapele ka go tsaya ga Modimo “bogosi yoa lehatshe.” Ee, o tla nna mmusi wa lefatshe, mme “Keresete oa gagwè,” Jesu, o tla nna molaodi wa gagwe yo o tlhomilweng. Ka gone re na le tlhomamisetso e e nonofileng ya gore Jehofa Modimo o tla nna le puso ya lefatshe lotlhe.
Puso eno ya lefatshe lotlhe ka Modimo ke yone kgang-kgolo ya Bibela. Jesu o ne a re ruta go bo rapelela mo Thapelong ya Morena fa a ne a re: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Jehofa Modimo o ne a supa ka melomo ya baperofeti ba le bantsi fa bogosi jono e le jone fela tsela eo mathata a lefatshe jeno a a ikepetseng kwa teng a tla rarabololelwang ruri. A bo tla atlega ka mo go oketsegileng go na le mebuso ya batho? Mme kana, ako o akanyetse seno.
Metsi a a Nowang: Jehofa Modimo ke Mmopi wa lefatshe. O tlhaloganya sebopego sa lone ka botlalo. O ne a senolela moperofeti Amose gore “ke eo o bitsañ metse a lewatlè me a a thèle mo godimo ga lehatshe.” (Amose 9:6) O tlhaloganya seemo sa metsi a polanete eno ka botlalo mme ebile o ka a laola ka mo go feletseng.
Nakong ya fa a santse a busa Iseraele wa bogologolo ka tlhamalalo, o ne a solofetsa a re: “Yehofa o tla gu bulèla polokèlō ea gagwè e e molemō, eboñ legodimo, go nesa pula ea lehatshe ya gago mo lobakeñ loa eōna.” (Duteronome 28:12) Go ya fela ka go ikanyega ga batho ba gagwe, o ne a diragatsa tsholofetso eo. Mme ebile o ntse ka mo go tshwanang a ka kgona go tshepisa gore go tla nna le bontsintsi jwa metsi go botlhe ba ba mo pusong ya gagwe ya lefatshe lotlhe.
Dijo tse di Jewang: Batlhalefedi ba dilo ba bolela gore sengwe sa dikgoreletsi tse dikgolo mo go otleng ba ba bolawang ke tlala ke thibedi ya bomorafe. Puso ya Modimo ya lefatshe lotlhe e na le nonofo ya go rutlolola dithibedi tseo. Moperofeti yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala a re: “[Modimo] o tla . . . kgalemèla merahe e e thata e e kwa kgakala; me ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè.”—Mika 4:3.
A selo se se ntseng jalo se ka kgonagala? Ee ruri. Tota, se a diragala gone fela jaanong! Go na le mokgatlho wa batho ba ba dimilione ka palo go dikologa lefatshe bao ba setseng ba ineetse mo bogosing jwa Modimo. Ga ba sa tlhole ba leba dilo ka tsela e tshesane, ya bomorafe kana ya lotso, mme ba lebana jaaka bana ba monna, ba dira mmogo go dira thato ya Modimo. Go nna gone ga setlhopha seno sa batho ke bosupi jwa go tlhomamisega ga puso ya Modimo ya lefatshe lotlhe. Ke bomang? Re bua ka Basupi ba ga Jehofa.
Jehofa Modimo o solofeditse gore o tla segofatsa lefatshe mme le tla nna le letlotlo. O ne a bua jaana ka molomo wa moperofeti: “Lehatshe le ntshitse totahalō ea yeōna.” “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.” (Pesalema 67:6; 72:16) Ee, fa go busa bogosi jwa Modimo lefatshe lotlhe ga go na go nna le sekgoreletsi sepe mo tlhokafalong eno ya konokono gore di ka ntshiwa.
Diaparo le Bonno: Jesu o ne a bontsha kamego e e lorato ya Modimo ka molemo wa sebele mo mmeleng wa batlhanka ba gagwe fa a ne a re: “Akanyañ dithunya tsa mashōma a naga, kaha di golañ ka gōna: ga di dihe, ga di otlhe: Leha go nntse yalo kea lo raea, le e leñ èna Solomone, mo kgalaleloñ eotlhe ea gagwè, o ne a sa kgabe yaka señwe sa cōna tseuō. Me ha Modimo o apesa yalo boyañ yoa naga, . . . a ga o ketla o apesa lona bogolo yañ?”—Mathaio 6:28-30.
Ee, Modimo o tlhokomela batlhanka ba gagwe le eleng ga jaanong. Basupi ba ga Jehofa ba ka supela boammaaruri jwa seno. Ruri, he, e tla re fa puso ya gagwe ya lefatshe lotlhe e busa lefatshe leno ka karetso, ga go na go nna le go tlhaela gope ga sengwe se se tlhokafalang go re itumedisa.
A O Tla Nna Mongwe wa Teng?
A puso eno ya lefatshe lotlhe e utlwala e ikuela? Ruri, motho leha e le mang yo o nang le tlhaloganyo o ka rata go nna mo tsamaisong e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, selo sa ntlha, re tshwanetse ra ithuta motheo wa tsamaiso-puso. Ono o setse o gatisitswe mo Bibeleng e e Boitshepo. Re tshwanetse ra ithuta melao e e tshwanetsweng ya utlwiwa gore re tle re tshele mo pusong ya Modimo.
Seno se ka kopanyeletsa diphetogo mo matshelong a rona. Go iteba o le nosi mo e leng karolo e kgolo thata ya tsamaiso eno ya dilo ga go na sebaka mo thulaganyong ya Modimo. Babusiwa ba bogosi jwa Modimo ba tshwanetse ba mo rata ka sebele, mme gape ba bo ba rate mogabone jaaka ba ithata. Mme ebile, go tswelela ka ditlwaelo tse di tshwanang le go aka, go utswa, boitsholo jo bo sa siamang, tsietso, botagwa le go tshwakgolwa ke diokobatsi go tla re tshwanolola go bona botshelo mo pusong eo.—Mathaio 22:37-39; 1 Bakorintha 6:9, 10.
A go ka busetsa sengwe? Ee, ruri. Ke Jehofa Modimo fela yo o itseng kafa botshelo bo ka nnang molemo ka teng mo polaneteng eno fa go na le mofuta o o siameng wa puso. O neetse ditshupo dingwe mo Bibeleng. Bao ga jaanong ba direlang Modimo ka bopeloephepa ba setse ba bile ba ikutlwela boitumelo bongwe le kagiso ya mogopolo tseo di tla nnang gone ka nako eo.
Go ya ka bosupi jotlhe jo bo gone, go ise go ye kae bao ba nnang babusiwa ba bogosi jwa Modimo ba tla nna le go iponela le go ipelela dilo tse tsotlhe. Ee, ditiragalo tse di nnang gone e le tiragatsong ya polelopele ya Bibela gompieno di supa gore bogosi jwa Modimo bo atametse le go tloga bo tsaya marapo mo dipusong tsa lefatshe leno tse di kgaoganeng, tse di sa atlegeng. (Luke 21:25-28, 31; Daniele 2:44) A o ka rata go nna mongwe wa teng? Ke ka ntlhayang fa o sa itebalebele mo go oketsegileng ka bowena? Ithute go nna le tsholofelo mo go Jehofa Modimo le mo pusong ya gagwe ya lefatshe lotlhe, tharabololo e le yosi mo mathateng a motlha wa rona.