Dilo Tse Re Di Tlhokang—A Mebuso E Ka Di Re Fa?
DIJO tse di lekaneng go jewa, metsi a a itshekileng go ka nowa, diaparo tse di siametseng go ka aparwa le ntlo ya go nnwa—tseno ke ditlhokafalo tsa konokono tsa botshelo. Mo lefatsheng lotlhe, tsamaisong lefa e ka nna efe ya itsholelo, batho ba legalegela tsone ditlhokafalo tseno tsa konokono.
A o senya bontsi jwa nako ya gago o leka go di bona? A puso e e busang mo lefatsheng la gaeno e baakanyetsa ka ditsela tse di lekanetseng go ka di bona? Mabapi le seno, rekoto ya lefatshe lotlhe ya mebuso ke efe?
Dijo tse di Jewang
“Bobotlana batho ba le 450 million—gongwe ebile ba ka tshwara bilione—ba tlhaelelwa ke dijo tse di tlhokafalang go tshedisa motho.”—Scientific American.
“Diphetogo mo dijong ka kakaretso mo U.S. mo lekgolong leno la dingwaga di feletse e le lekhubu la mmopamo . . . leo le ka senyang boitekanelo ka go nna lone lebaka la kukunelo ya kgagamalo ya ditshika le malwetsi a a sa foleng.”—Bosupi jwa dingaka, baithuta-dikotla le bomaitseanape ba “US Senate Select Committee.”
Metsi a a Nowang
“Go feta sephatlo sa batho ba Mafatshe a a Humanegileng ga ba na metsi a a siametseng go nowa.”—Earthscan, jaaka e tsopotswe go World Press Review.
“Noka [ya Rhine, motswedi wa metsi a a nowang ke baagi ba Yuropa ba le 18 million] e elela ka leswe la batho ba le 60 million . . . Ka 1973, 55 lekgolong ya metsi a a leswe e ne ya seka ya tlhatswiwa kana a tlhatswiwa go le gonnye fela pele ga a tshololelwa mo nokeng.”—World Health (makasine wa World Health Organization).
“Metsi a a mo mmung mo karolong e kgolo ya [United States] a gomagomediwa ke go kgotlelwa ke dikhemikhale tse di bolayang.”—The New York Times.
Diaparo le Bonno
Go dikologa lefatshe “go na le batho ba le 800 million ba ba senang matlo.”—El Tiempo, Colombia.
Mo lefatsheng lengwe la Amerika Borwa le le lebegang le iketlile “ba ba ka fetang sephatlo sa [palo ya batho] . . . ga ba na diaparo tse di itekanetseng, ba nna mo matlong a a tlhomolang pelo ba bile ba tlhaelelwa ke metsi a a nowang.”—El Espectador, Colombia.
Ke eng fa Ditlhaelo tseno di Tsweletse?
Mebuso e neela mabaka a le mantsi kaga ditlhaelo tseno. Iponele fa e le gore a aa utlwala.
1. Mmopamo o montsi go kaiwa o tlisiwa ke botlhoka-kitso. Tota batho ga ba itse dijo tse ba tshwanetseng ba di ja.
2. Mengwe ya re go na le dijo tse di lekaneng mo lefatsheng mme fela, jaaka pego ya dikgang e bontsha, “tlhaelo ya dipalangwa, mme e seng ya dijo, ke lengwe la mabaka a magolo a leuba le mmopamo mo Mafatsheng a a sa Tlhabologang.”
3. Lephata la “Food and Agriculture Organization” (FAO) le bolela gore ditumalano tse di bonya le melawana ya itshireletso di ema-pele go ka amana ga mafatshe a a tlhabologang le dimmaraka tsa mafatshe a a tlhabologileng.
4. Merafe e le mentsi e iphitlhela e lebane le go ikgethela magareng a go reka dibetsa le go baakanyetsa bahumanegi dijo tse ba di tlhokang. Madi a a senngwang ngwaga le ngwaga mo dibetseng tsa lefatshe “e ka nna a a lekaneng go ka kgorisa ditlhokafalo tsa konokono tsa Mafatshe a a sa Tlhabologang go fitlha ka ngwaga wa 2000 . . . Fa go ka bolokiwa matsana a sekae fela mo go a ditlhabani go ka kgonagala gore go nne le metsi a a nowang—sedirisiwa se se tlhokafalang thata sa botshelo—go batho ba le 1 200 million. Madi a a senngwang mo go ageng le go tlhokomeleng “submarine” e le nngwefela ya segompieno, a ka aga magae a a itekanetseng a le 450 000.”—El Tiempo.
Lebaka la Konokono
O ka nna wa dumalana gore mathata a a fa godimo a tlatseletsa mathateng a go baakanyetsa ditlhokafalo tsa batho. Mme gammogo le one go na le sengwe sa konokono ka mo go oketsegileng: Tsamaiso eno ya dilo e kgothaletsa mongwe le mongwe go iteba fela a le nosi. Batho ‘ba lebile bokwapele.’ Dikgatlhego tsa papadi di kgotlela tikologo go lelekisitswe poelo fela. Makgotla a tsa loago a disitse ditshiamelo tsa one fela ka bolefufa mme ebile ga aa ikemisetsa go intsha ditlhabelo go thusa ba ba tlhokileng lesego. Merafe e sireletsa bolaodi jwa yone ka matlho a mahibidu le go etleetsa dikgatlhego tsa yone, go sa kgathalesege gore go boga mang.
Go phepafetse gore tshwaragano ya merafe yotlhe ya boleng jo bo kwa godimo e a tlhokafala gore ditlhokafalo tsa konokono tsa batho botlhe ba tle ba di neelwe. Mo tsamaisong ya dilo ya jaanong ga go ope fa e se fela yo o lorang yo o ka akanyang gore tshwaragano e e ntseng jalo e tla tsamaya e nna teng. Wena, o bona jang?
A go Na le Tharabololo?
Ee, e teng. Mme e tswa motsweding o ba le bantsi ba sa o boneng ka sepe. Ebile o ka nna wa go gakgamatsa.