“Kgolo e e Boitshegang” Ya Bogosi mo JAPANE
“KA PONYO ya leitlho lesedi la dikgakgamatso le ne la benya la ba la tsabakela moteng ga seling ya ntlwana ya me ya kgolegelo . . . . Go tswa foo ka utlwa modumo o mogolo thata jaaka ekete dithaba tsotlhe di ne di gosomana ka nako e le nngwe. Ka bofefo fela ntlwana ya kgolegelo ya bo e bipilwe ke lefifi je lentsho-ntsho. Ke ne ka sotlhometsa tlhogo ya me kafa tlase ga materase a me a a fa gaufi, go falola seo se neng se lebega ekete ke kese e ntsho.”
Bomo ya atomiki e ne e sa tswa go thunya mo Hiroshima, mo Japane, August 6, 1945. Monna yo o neng a falola a ba a nna le go tlhalosa boitemogelo o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go boloka bothokgami jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Setlhophanyana sa Basupi se ne se tlhagafetse kwa Japane pele le ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi. Dingwaga tse nne morago ga ntwa, barongwa ba Sekolo sa Gileade ba ne ba goroga. Ka bofefo fela ba kopana le Basupi ba se kae bao ba neng ba itshokela masula a ntwa ka boikanyego. Ka gone, gape-gape, matlhogela a boammaaruri jwa bogosi a simolola go kukunya thata mo lefatsheng leo.
Ka 1949 go ne go na le batho ba lefelo leo ba le bararo, ga mmogo le barongwa, bao ba neng ba bega tiro ya go rera. Mo dingwageng tse di lesome le bone tse di latelang moago wa matlhatlaganyane a mabedi o o dirilweng ka dikgong kwa Tokyo o ne wa direla jaaka ofisi ya lekala. Go tswa foo, ka December 1962, moago ono o ne wa rutlololwa mme mo boemong jwa one ga agiwa kago e ntšha ya lekala ya matlhatlaganyane a supa. Ka nako ya kgakolo ya yone ka November 1963 palo ya baboledi ba bogosi e ne e tlodile 3 000 mo Japane.
Dikgolō tse di molemo di ne tsa tswelela, di dira gore go nne le didirisiwa tse dikgolwane tsa magatisetso a dibuka tsa Bibela. Ka jalo dingwaga tse di kafa tlase ga lesome moragonyana, ka 1972, madirelo a masha a magolo a magatisetso le dikago-kago tsa Bethele di ne tsa fediwa kwa Numazu, dimmaele tse di masome a supa le botlhano (120 km) borwa-bophirima jwa Tokyo. Ka nako e palo ya baboledi ba bogosi e ne ya gola go feta 14 000. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang dingwaga tse di fetang botlhano fela palo ya baboledi e ne ya menagana mo e ka nnang gararo, go feta 41 000. Ka ntlha ya koketsego eno e e kgatlhisang dikago tseno tse disha tse di agilweng kwa Numazu di ne di le di nnyennye thata, lefa di ne tsa okediwa ka bofefo fela morago ga go simololwa go agiwa. Ka jalo go ya bofelong jwa bo-1970 thulaganyo e nngwe e ntšha ya katoloso e ne ya laolelwa ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
Mme ke eng se se dirileng gore go nne le kgolo e e bofefo jalo? Palo ya badiredi ba nako e e tletseng (babulatsela) kwa Japane ele ruri ke lebaka la botlhokwa. Mo dingwageng tsa bosheng a le mongwe mo go ba bararo wa bao ba arolang mo tirelong ya go rera o dira jalo jaaka modiredi wa nako e e tletseng (mmulatsela)!
Didirisiwa Tse Di Ntšha Tsa Lekala
E ne e le ka January 1979 fa tiro e ne e simololwa mo dikagong tsa lekala le lesha. Go ne ga rekiwa setsha sa diekere di le lesome le boroba bobedi mo Ebina, kwa Japane, sa didirisiwa tseno tse disha gotlhelele. Kago jaanong e setse e fedile, mme feketiri ya magatisetso e ntšha, diofisi, Holo ya Bogosi, legae la Bethele, ntlwana ya Bethele, karatšhe le ntlwana ya babetli di feta didirisiwa tsa kwa Numazu go menagane gararo!
Baeti ba ba etelang didirisiwa gantsi ba hakgamadiwa ke go bona gore ditiro tsotlhe tsa go dira dibuka, Dibibela le dimakasine di dirwa mo ntlong e le nngwe. Kwa Japane go gatisa le go hapa dibuka ka tlwaelo go dirwa ke dikhamphane tse dinnye, tseo bontsi jwa tsone bo sa feteng le eleng kamore e e fa pele ga ntlo ya motho. Ka jalo o ka bona gore ke ka ntlha yang fa se baeti ba se bonang fano ba se tsaya jaaka se se jesang kgakge.
Baeti bangwe ba bile ba hakgamala thata go lemoga gore badiri ba feketiri le ba diofisi ba nna fela gone koo kwa mafelong a dikago. Ba nna ka mo go itumedisang mo dikagong tse di tshwaraganyang tse di bidiwang legae la Bethele. Lefa legae leno le ka nniwa ke batho ba feta 350, jaanong go na le maloko a lelapa la Bethele a ka nna 200. Ka jalo go na le phatlha e kgolo ya katoloso e e oketsegileng.
Mo feketiring go dirisiwa tsamaiso e e tlhabologileng ya khomputara go ntsha ditsebe tsa “phototypeset.” Go tswa foo di tsewa senepe mme filimi e dirisediwa go dira magatisetso a dipoleiti tsa “offset.” Ka gone tiriso yotlhe ya monoso e ne ya tlogelwa. Dithulaganyo tsa khomputara tse di dirilweng gore di emele monoso di ne tsa tlhamiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Mme, legale, tseno di ne di diretswe ka tlhamalalo ditlhokafalo tsa dikgatiso tsa Watch Tower. Lemororo go ne go tsaya dioura tse dintsi go dira tsebe e le nngwe ya kgatiso e le nngwe ka monoso, tsamaiso ya khomputara e dira seno mo metsotsong e se mekae.
Mo e ka nnang dingwaga tse pedi tse di fetileng motšhine wa mebala e mene wa “rotary offset press” o ne wa tsenngwa go emela ditlhaka tsa dikgatiso tsa menoso. Mo dikgweding di ka nna lesome le boroba bobedi, diotoro tsa dimakasine di ne tsa oketsega ka 33 lekgolong. Motšhine wa “offset press” o ntsha dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! di feta didikadike tse pedi ka kgwedi. Mo godimo ga moo, o gatisa dibuka tse di fetang 200 000 le Dibibela ka kgwedi, ga mmogo le dipampitshana le dikgatiso tse dingwe tse di kgethegileng. Lefa go le jalo, bosheng jaana, motšhine wa mebala e mene wa bobedi wa “rotary offset press” o ne wa tsenngwa gore go tle go kgonagale go lepa-lepana le koketsego ya tlhokafalo ya dibuka tsa Bibela.
Dibibela le dibuka tse di kolokotegang mo magitisetsong di rokaganngwa mo marokaganyetsong a segompieno. Go nna le marokaganyetso a rona mo dingwageng tseno tse pedi tse di fetileng e nnile lesego eleruri. Re ne re a tle re amogele Yearbook of Jehovah’s Witnesses ka Se-Japane go tswa Brooklyn, New York, nako nngwe ka February kana March. Mme fa re sale re e tlhagisa fano, Yearbook e ne ya amogelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba Japane pele ga ngwaga o simolola. Bogolo e nnile tshiamelo e kgolo jang go gatisa le go rokaganya New World Translation of the Holy Scriptures ya Se-Japane e feletse mono Japane.
Kgakolo ya Lekala le Lesha
Abo e nnile boipelo jang ne ka May 15 ngogola go nna teng mo kgakolong ya didirisiwa tseno tse di sa tswang go fela bosheng tsa lekala! Go ne go na le balalediwa ba le 1 675 bao ba neng ba laleleditswe thulaganyo eno e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe mo lekaleng. Fred Franz le Lloyd Barry, boo-babedi e le maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tswa kwa Brooklyn, New York, go tla pakeng e.
Mokaulengwe Barry e ne e le mongwe wa barongwa ba ba neng ba tla mo Japane ka 1949, mme o ne a direla fa go fitlha ka 1975 fa a ne a lalediwa go nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Jaaka bontlhanngwe jwa konokono jwa thulaganyo ya kgakolo, Barry o ne a botsolotsa baalogi-ka-ene ba le lesome le bone ba setlhopha sa lesome le motso ba Sekolo sa Gileade. Abo go ne go kgothatsa jang go utlwa mongwe le mongwe wa bakgalajwe bano, ba mongwe le mongwe a nang le go feta masome a mararo a dingwaga mo tirelong ya borongwa mo Japane!
E ne e le boipelo jo bo oketsegileng go barongwa bano go kopanela mo thulaganyong eno e e kgethegileng le batho bao ba ba thusitseng go bona kitso ya maikaelelo a Modimo masome a dingwaga pelenyana. Jaaka mosadi wa ga Mokaulengwe Barry, Melba, a ne a tlhalosa: “Mo letsatsing la ntlha la me la go rera mo Japane, mo go e nngwe ya matlo a ntlha a ke neng ka tsena mo go one, ke ne ka buisana le motho mongwe yo o teng mo thulaganyong eno ya kgakolo.” Motho yono o ntse a direla ka boikanyego mo tirong ya go rera go feta dingwaga tse di masome a mararo.
Mo dingwageng tse di fetang masome a mararo tse di fetileng mongwe wa barongwa o ne a ithuta le Isamu Sugiura, yo jaanong e leng leloko la komiti ya lekala mo Japane. Sugiura o ne a bitsa sebui-segolo sa letsatsi leo, Mokaulengwe Fred Franz, mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society. A le gaufi le bowelo jwa polelo ya gagwe ya kgakolo, Franz o ne a botsa a re: “Le batla go dira eng ka didirisiwa tseno?” Toshio Honma, mookamedi wa lekala la Japane, o ne a kaya gore di neelwe Jehofa Modimo go direla maikaelelo a gagwe. Go kaya moo go ne ga dumelanwa mme bareetsi botlhe ba supa ka go opa diatla.
Letsatsi le le latelang ga tshwarwa pokano e e kgethegileng kwa Oimachi Race Track kwa Tokyo. E ne ya gokaganngwa le ditoropo tse dingwe tsa Japane tse di masome mabedi ka mogala. Lefa e rile ka April tlhora ya babaki ba bogosi ba le 68 593 e ne ya fitlhelelwa kwa Japane batho ba ba neng ba utlwa thulaganyo eno e e kgethegileng ba ne ba le 113 633 ka Sontaga, May 16. Go gola mo gongwe mo go ka nnang teng go sutšwa gape ke palo ya Segopotso ngogola mo Japane—e ne e le batho ba le 173 344, koketsego ya 28 522 go feta ngwagatlola.
Lefa go ne ga nna le tlhobogo le tshenyego e kgolo ka ntlha ya go thunya ga bomo ya atomiki mo Hiroshima ka 1945 boitumelo le tsholofelo di ne tsa pata kgolo e e senang bolekane ya go bolelwa ga bogosi go kgabaganya Japane. Fa e le thato ya ga Jehofa, ke thapelo ya rona e e tlhoafetseng gore go nne le dikete-kete tse dintsi-ntsi tse di oketsegileng tse di tla fitlhelelwang mme di tlisiwe mo thulaganyong ya gagwe go amogela botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Ebina ya kgakolwa May 15, 1982
LEGAE LA BETHELE
HOLO YA BOGOSI
DIOFISI
FEKETIRI
NTLWANA YA BABETLI
KARATŠHE
NTLWANA YA BETHELE
[Setshwantsho]
Papiso ya dikago tsa lekala kwa Japane le dikgaolo tsa ditsha
Numazu 1972-1981
Tokyo 1963-1972
Tokyo 1949-1962
[Kerafa mo go tsebe 13]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
NGWAGA PALO YA BABOLEDI
APRIL
1982 68,593
1981 60,267
1979 48,078
1974 22,612
1969 6,861
1959 1,272
1949 9
[Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]
Tebego ya didirisiwa tse disha tsa lekala kwa Ebina. Dikago tse dikgolo tse di mo godimo ke legae la Bethele le diofisi, ka karolo ya feketiri ka fa mojeng
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Tebego ya kwa morago ya legae Bethele