LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/1 ts. 9
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Keta-pele ya Bibela e Akanyediwe Gape?
  • Pono ya Baruti ka Jona
  • Thuto Ka Boikokobetso
  • O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jona o Ithuta ka Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/1 ts. 9

Go Lemoga Dikgang

A Keta-pele ya Bibela e Akanyediwe Gape?

Fa e ne e leka go tlhalosa gore ke eng Today’s English Version e dirisa sereto Morena mo boemong jwa leina la sebele la Modimo Jehofa, Keta-pele ya thanolo eo e re: “Ka go latela mokgwa wa bogologolo, o o simolotsweng ke thanolo ya pele ya Dikwalo tsa Sehebera (ya Septuagint) . . . , leina le le tlhomologileng la Modimo la Sehebera (leo gantsi le ranolwang Jehofa kana Jahweh), mo thanolong eno le emetswe ke ‘MORENA.’”

Lefa go ntse jalo, bagatisi ba thanolo eno, Mokgatlho wa Bibela wa Amerika, e ne ya re bosheng jaana ba neelwa matswela a patlisiso a a neng a supa gore “thanolo ya ntlha ya Dikwalo tsa Sehebera (ya Septuagint)” e ne e na le ditlhaka tse nne (Tetragrammaton) le gore mokgwa wa go dirisa Kyrios (Morena) mo boemong jwa leina la Modimo la sebele o simolotse fela kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga CE. Mo lekwalong la lone fa le arabela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, Lephata la Tlhotlhomiso la Mokgatlho wa Bibela wa Amerika le ne la dumela gore: “Diphitlhelelo tsa bosheng tsa mokwalo di bontshitse go re ditlhaka tse nne (Tetragrammaton) . . . di ne di dirisiwa mo mekwalong mengwe ya Segerika. . . . Mo leseding la dikakantsho tsa gago re itumelela go bo re tla tlhatlhoba mafoko a rona mo Keta-peleng mabapi le go dirisiwa ga ga Jahweh mo Testamenteng e Kgologolo. Mafoko a rona a jaanong ga a iphake gore mekwalo yotlhe ya bogologolo ya Septuagint e dirisa Kyrios. Lefa go ntse jalo, paakanyo nngwe e ka ne e ka tlhokafala mabapi le mekwalo e e bonweng ya bosheng le dithuto tsa ba kanoko.”

Batho ba ba nang le tlotlo e kgolo ya leina la Molimo la sebele le lefelo la lone le le tshwanetseng mo Bibeleng ba tla kgatlhegela go bona paakanyo eno fa e tlhaga mo kgatisong e e latelang ya Today’s English Version.

Pono ya Baruti ka Jona

Radithuto tsa bodumedi wa mo-Finnish, Timo Veijola o ne a re, buka ya ga Jona “le ka motlha e se tsewe jaaka pego ya ditiragalo.” Ka nako ya potsolotso mo thulaganyong ya Se-Finnish, Dr. Veijola o ne a tlhomamisa fa buka ya ga Jona “e le teng mo ditiragalong fela jaaka ‘Gulliver’s Travels’ kana ‘Don Quixote.’ Fa e le ka ga polelo, tota yone e sokame fa go tla mo go reng ditlhaloso tsa yone tse dikgolo e bo e le tse di fapogileng e bile di sa utlwale.”

Maikutlo a radithuto tsa sedumedi yono a bapa jang le a ga Jesu Keresete, yo o neng a iponela maitemogelo a ga Jona pele ga go nna ga gagwe motho? A o ile a leba tiragalo ya ga Jona gore e “sokame,” jaaka e e sa ‘utlwaleng’? Bosupi jwa ga Jesu jwa go iponela ka matlho bo bonala mo boperofeting jwa gagwe: “Yaka Yona a kile a nna mo mpeñ ea leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo; Morwa Motho le èna o tla nna mo peduñ ea lehatshe ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo. Banna ba Ninefe ba tla èma mo tshekoñ, ba èma le losika lo ba le sekisa: ka go bo bōnè ba ikwatlhaile ka thèrō ea ga Yona.” (Mathaio 12:40, 41) Tsogo ya ga Jesu Keresete e ne e tshwanela go nna ya mmannete fela jaaka poloko ya ga Jona mo mpeng ya tlhapi. Mme kokomana e e neng ya utlwa thero ya ga Jona e tshwanetse ya bo e ne e le ya mmannete fela jaaka e e neng e utlwa thero ya ga Jesu.

Fela jaaka Dr. Veijola, yo o neng a nna le seabe mo go ranoleng Bibela e ntšha ya Se-Finnish, boradithuto tsa bodumedi ba le bantsi ba segompieno le baruti ba belaela boammaaruri jwa boitemogelo jwa ga Jona. Ka gone tshokamo ga se pego ya ga Jona mme ke baruti bao ba ranolang le go ruta Bibela ntswa ba sa e dumele gore ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.

Thuto Ka Boikokobetso

Pele fela a tlogela tiro jaaka mookamedi wa Yunivesithi ya Motse wa New York, moswi Robert J. Kibbee o ne a gakolola baalogi ba Kholetšhe ya Brooklyn gore ba nne boikokobetso le go nna pelotlhomogi ebile “lo lekanyetse dikatlholo tsa lona go ya ka selekanyo sa kitso ya lona.” O ne a oketsa ka gore: “Se ke se ithutileng mo botshelong ke gore go na le boikgodiso bo le bontsi, boeleele le botlhokomologi mo lefatsheng. Mme se se ka nolofatsang masula ao a a senyang ke boikokobetso, kanaanelo ya tharaano, le pelo-tlhomogi.”

Ele ruri, ke kgakololo e e molemo, eseng fela go baalogi ba baithuti mme go batho ba dingwaga tsotlhe! Se se ntse jalo bogolo ponong ya poa-poelo ya kgakololo ya Lefoko la Modimo ka botlhokwa jwa boikokobetso. Bakeresete gape ba a gakololwa gore “lo le pelonamagadi, le boikokobeco.” (1 Petere 3:8) Mme Diane 29:23 e tlhalosa ka gore: “Boikgodishō yoa motho bo tla mo isa tlhatse: me eo o mōea o o kgōbaletseñ o tla bōna tlotlō.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela