LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/1 ts. 4-8
  • A Modimo O Boloka Nako?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo O Boloka Nako?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang O Na le go Tshwenyega Ka Nako?
  • Go Lekola Tshupa-Nako ya Modimo
  • Pono ya Rona ya Nako e Amiwa Ke Tumelo
  • Thuso go Nna Yo O Tshwenyegileng ka Nako
  • Ikanye Jehofa—Modimo wa “Metlha le Dipaka”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Jehofa—Modimo wa Metlha le Dipaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ngwaga wa 2000 o Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tsogang!—1998
  • Dinako Le Dipaka Di Laolwa Ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/1 ts. 4-8

A Modimo O Boloka Nako?

JAAKA Modiri wa Ntlha wa ditiragalo, Jehofa Modimo ke mmopi wa nako. Ntlha eno e ka lemogiwa fa go balwa buka ya ntlha ya Bibela. Mo go Genesise 1:1, 14 re a bala: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe. Me Modimo oa re, A go nnè masedi mo phuthologoñ ea legodimo go harologanya motshegare le bosigo; me a nnè go nna dichupō, le go nna dipaka, le go nna malatsi le dinyaga.”

Ka gone Jehofa o ne a tlhoma mosepele wa ditshupa-nako tse di kgolo—lefatshe le dikologa mo aseng ya lona, ngwedi e dikologa lefatshe, mme tsotlhe di dikologa letsatsi go re neela malatsi, dikgwedi le dipaka. Dikgolokwe tseno tsa selegodimo di re thusa go itse gore ke nako mang, kwa ntle ga go re lopa sepe kana go re fa boikarabelo jwa go laola metsamao ya tsone kana diphetogo.

Ke Ka Ntlha Yang O Na le go Tshwenyega Ka Nako?

Jehofa o tshwenyega ka nako mme o batla le rona re nna jalo. Re dirilwe go nna jalo. Mme ga se botlhe ba batlhanka ba Modimo ba ba bontshitseng botlhale fa ba dirisa nako. Bangwe ba ile ba tlhokomologa go godisa tsitsibogo e e lekaneng mo go bone ka lenaneo la Modimo la ditiragalo.

Ka sekai, mo lekgolong la bosupa la dingwaga BCE batho ba Modimo ba ba ikgethetsweng ba ne ba sena seipato sa go sa itse gore nako e ne e le mang. Moperofeti Jeremia o ne a kwala ka go re: “E, mogolodi mo loapiñ o itse metlha ea ōna e e laocweñ; le lephoi, le peolane, le kokolohutwe, di tle di tlhokomèle metlha ea go tla ga cōna; me batho ba me ga ba itse molaō oa ga Yehofa.” (Yeremia 8:7) Ka tlholego diphologolo di itse gore ke nako efe di tshwanetseng go arabela diphetogong tsa dipaka. Mme Baiseraele, go sa kgathalesege boikuelo jwa kgafetsa-kgafetsa mo megopolong ya bone le dipelong, ba ne ba sa batle go itse gore e ne e le nako ya Modimo ya katlholo mo go bone, kana, bogolo go moo, ba ne ba sena sepe.

Go tweng ka rona gompieno? A re itse gore ke nako mang? Jehofa o nnile ka metlha a nna le nako e e laotsweng go bontsha thato ya gagwe le katlholo. Mo mafokong a ga Paulo go Baathena, o ne a re: “Ke gōna, metlha ea botlhōka kicō, Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe; Ka o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ.” (Ditiho 17:30, 31) A o dumela gore re gaufi le ‘letsatsi leo la katlholo’? Kana a o akanya gore nako e sa ntse e le kgakala?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga nako e ne ya goroga gore monna yo Modimo o neng o tla mo dirisa go atlhola lefatshe a bonale. Kgorogo ya gagwe e ne e le botlhokwa mo tshupa-nakong ya Modimo, jaaka Bibela e bolela: “Me e rile motlha o o tletseñ o hitlha, Modimo oa roma Morwa ōna, a belegwe ke mosadi, a tsalecwe mo molaoñ.” (Bagalatia 4:4) Ka nako e e leng yone Morwa Modimo o ne a goroga, Jesu Keresete.

Go tla ga ga Keresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne ga tshwaya lobaka lwa go atlholwa ga motse wa Jerusalema. Ka ngwaga wa 33 CE Jesu o ne a tlhagisa banni bao kaga tshenyego e e tlang ka masole a mmaba. O ne a re: “Me ba tla gu piriganyetsa ha hatshe, le bana ba gago ba le mo teñ ga gago; me ga ba ketla ba tlogèla mo go wèna lencwè lepè le tlhatlaganye le ye leñwe; ka gonne u nu u sa itse motlha oa go lekolwa ga gago.” (Luke 19:44) Dingwaga tse di masome mararo le bosupa moragonyana boperofeti joo bo ne jwa nna boammaaruri. Fa o ne o ka bo o ne o tshela ka nako eo, a o ka bo o ne wa itse gore e ne e le nako mang? A o ka bo o itsile gore e ne e le nako ya Modimo go romela Morwawe mo lefatsheng le go ntsha katlholo kgatlhanong le Jerusalema?

O ka bo o itsile seno jang? Ka mo go tshwanang, o ka itse jang gore ke nako mang gompieno? O ka bolela jang gore a re gaufi le ‘letsatsi la katlholo’ le le boleletsweng pele kana nnyaa?

Go Lekola Tshupa-Nako ya Modimo

Fela jaaka re tlhoka go lekola tshupanako ya tse di gorogang le tse di emelelang pele ga go tsamaya ga rona ka terena kana sefofane, ka jalo re tlhoka tshupa-nako go itse gore Modimo o batla gore re dire eng le leng. Bibela e direla jaaka tshupa-nako ya Modimo. Ka go lekola Buka eno re ka itse thulaganyetso ya kgorogo ya ditiragalo tse di amang batho. Ka sekai, Bajuda botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipaakanyeditse go tla ga ga Keresete. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore, ka moperofeti wa gagwe Daniele, Modimo o ne o sa le o boleletse pele gore Mesia, kana Keresete, o tla goroga ka ngwaga wa 29 CE. (Daniele 9:24-27) Tota, Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao ba neng ba itse ka boperofeti jwa ga Daniele ba ne ba emetse ponalo ya gagwe mo ngwageng one oo. (Luke 3:1, 2, 15) Moithuti wa Sejuda Abba Hillel Silver o ne a kwala: “Mesia o ne a solofetswe tikologong ya kwatara ya bobedi ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.”

Mme le gompieno go ka twe go ntse jalo. Ka go dirisa tshupa-nako ya Bibela re ka lemoga gore jaanong ke nako ya go nna teng mo go sa bonaleng ga ga Keresete jaaka Kgosi.a Ka gone, go tla ga gagwe go tla go diragatsa katlholo ya Modimo mo baikeping le ‘letsatsi la go atlhola lefatshe ka tshiamo’ la gagwe la dingwaga tse di 1 000 di gaufi thata.—Ditiho 17:31; Daniele 4:10-17; Mathaio 24:7-31; Luke 21:24; Tshenolo 20:4-15.

Pono ya Rona ya Nako e Amiwa Ke Tumelo

Makgolong a dingwaga aa lesome le boroba bongwe a a fetileng bape ba ba neng ba palelwa ke go lemoga tshupanako ya Modimo mme ba felela pelo nako e e laotsweng ya ga Jehofa ka go goroga ga Morwawe ba ne ba latlhegelwa ke masego a a hakgamatsang. Ka mo go tshwanang le gompieno, fa re nna-nnetsa le go botsa re re, “Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae?” le rona re tla latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo ka go tlhoka go itse gore ke nako mang. (2 Petere 3:4) Ka ntlha ya tikologo ya bone, moya ono wa go kgarakgatshega o ne wa foka godimo ga phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Efeso mme o ne o le kotsi thata mo tumelong ya bone. A o bona tumelo ya gago e koafala ka ntlha ya go felela pelo thulaganyetso ya tshupa-nako ya Modimo? Re ka ithutang mo kgakololong ya ga moaposetoloi Paulo go Baefesia?

Bagerika ba e neng e se Bakeresete kwa Efeso ba ne ba sa dumele gore nako e tsamaya ka tsela e e tlhamaletseng. Dikolo tsa matlhale a Segerika di ne di ruta pono ya gore nako e a dikologa. Ditiragalo di a ipoapoeletsa, go raya gore, botshelo bo ka boaboelediwa ka ditikologo tse di sa feleng. Fa motho a ne a ka senya nako ya gagwe mo tikologong e nngwe ya botshelo, o ne a ka e bona yotlhe gape mo poeletsong e nngwe ya botshelo. Kakanyo ya mofuta ono e ka ne e ne ya hepisa Bakeresete ba Efeso go nna le maikutlo a a senang sepe tebang le tshupa-nako ya ditiragalo tsa ga Jehofa, go akareletsa le katlholo.

Gape, botshelo jwa boitlhapediso bo ne bo dikaganyeditse Bakeresete ba Efeso, bo ba gatelela mo go maswe gore ba repise mo go sa tshwenyegeng ga bone ka thulaganyetso ya Modimo ya nako. Go dumela ga bone gore go tshelela jaanong ka go tshwarega mo botshelong jwa menate le jwa boikgotsofatso gore go ne go le botlhale go ne go se ketla go ba dira pharologano le diphologolo tse di senang maabane kana kamoso, fa e se fela jaanong. Fa ba ne ba batla go nna mo isagweng, ba ne ba tlhoka go gakologelwa lebaka leno la tiragalo: “Gonne mo loa go itse ka tlhōmamō, ha go se seaka, leha e le motho eo o mashwè, leha e le moiphetlhi, eo e len moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo o ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.”—Baefesia 5:5.

Mo ditemaneng tse di latelang, Paulo o tlhagisa Bakeresete bao gore ba nne ba tlhagisegile ka botlalo gore nako ke mang. Go sa nneng jalo, ba ne ba ka tsielediwa mo go akanyeng gore ba ne ba na le nako e e lekaneng go e senyetsa mo boitshwarong jo e seng jwa bokeresete mme ba itswele fela kwa ntle go go welwa ke lehuma la semoya. O ne a re: “A motho opè a se ka a lo tsietsa ka mahoko a a lolea hèla: gonne bogale yoa Modimo bo tla . . . ka ntlha ea cōna dilō tseuō. Lo nntse lo lekèla go lemoga se se kgatlhañ Morèna.” (Baefesia 5:6, 10) Ka jalo, ponong ya tshupa-nako ya Modimo, boitshwaro jwa rona bo ama isagwe ya rona.

Baefesia bao ba ne ba ka tsamaelana jang le kamogelo ya Modimo? Rona? “Ka go shwèla lobaka molemō.” Ka go ‘tlhaloganya gore go rata ga ga [Jehofa] ke eng.’ (Baefesia 5:16, 17) Seno se tshwanetswe go dirwa leng? Jaanong! Ka ntlha yang? Ka go bo gongwe re se ketla re nna le sebaka se sengwe go dira jalo. Fa e sale go tloga ka 1914 ditiragalo di le dintsi tse di boleletsweng pele mo Bibeleng tse di tshwayang seno jaaka ‘metlha ya bofelo’ di ntse di diragala, tsotlhe di tlhokomelwa ke kokomane e le nngwe, di re fa ponalo ya gore nako e itlhaganetse go feta. Ga re batle gore re fitlhelwe re sena nako ya go aga kamano e e molemo le Jehofa le Moatlhodi wa gagwe yo o tlhomilweng, a re a batla?—Mathaio 24; Mareko 13; Luke 21; 2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:10, 11.

Thuso go Nna Yo O Tshwenyegileng ka Nako

Modimo o rulaganyeditse ka setlhopha sa batho ba ba ineetseng, ba ba tloditsweng ka moya go re thusa gore re tshwenyege ka nako. “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yono o re “abèla diyo [tsa semoya] ka dipaka tse e leñ cōna” mme o re kgothatsa ka metlha gore re ‘nne re totahetse mo tirong ya Morena.’ (Mathaio 24:45; 1 Bakorintha 15:58) Ka tsela e re ka nna ba mosola mo tirelong ya Modimo jaanong le mo isagweng. Mme go tla re lopa sengwe. Nako. Rotlhe re na le nako e e lekanang go e dirisa beke le beke—dioura tse 168. O dirisa nako ya gago sentle go le kana kang? A ele ruri go bontsha gore o itse gore nako ke mang go ya kafa ponong ya Modimo?

‘Ga ke na nako,’ ba bantsi ba tla bolela. Ke ka gona o tshwanetseng go swela nako molemo mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa gago. Diitlosa-bodutu, mmino, maitapoloso, tiro ya boitshediso tsotlhe di iteisanya borathana go gapa nako ya gago. Bomatšhine ba basha, jaaka metshameko ya TV, di ka nna baji ba nako ya gago ba ba gatelelang. Lefa e le gore go ka ipedisa kana ga tlhokafala gore o senye nako mo boitloso-bodutung jo bo phepa, a botshelo jwa gago bo bontsha tekatekano e e ikanyegang ya nako ya gago mabapi le se o se itseng ka ga tshupa-nako ya Modimo?

Ke mafoko afe a mmoki a o batlang a dirisiwa mo go wena?

Ano:

“A oa re nako ea tsamaya? Ao, nnya!

Ijowe, Nako ga e tsamaye, go tsamaya rona.”

Kana ano:

“Ke tla gu baka ka malatsi aotlhe;

Me ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” —Pesalema 145:2.

Gore ke efe go ikaegile ka gore a o itse gore ke nako mang tota.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng, bona “Let Your Kingdom Come,” kgaolo 14, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

TSHUPO YA GO NNA GONE GA GA KERESETE JAAKA KGOSI YA SELEGODIMO

A o etse tlhoko tse di latelang?

Ntwa ya lefatshe lotlhe Mathaio 24:3, 7

Koketsego ya Bokebekwa Mathaio 24:12

Ditlala Mareko 13:8

Thero ya Lefatshe Lotlhe Mareko 13:10

Dithoromo tsa Mafatshe Luke 21:11

Dikgogodi tsa Bolwetse Luke 21:11

Poifo ya Isagwe Luke 21:26

Bogagapa 2 Timotheo 3:2

Lorato lwa Dikgatlhego 2 Timotheo 3:4

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Tshupa-nako ya difofane e itsise batsamai ka kgorogo le kemelelo

Tshupa-nako ya Bibela e re itsise gore ditiragalo tsa Modimo di tla diragala leng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela