Jehofa—Modimo wa Metlha le Dipaka
“Señwe le señwe se na le motlha oa shōna.”—MORERI 3:1.
1, 2. (a) Batho ba amegile ka nako ka ditsela dife? (b) Go ne go tla diragalang mo dilong tse dintsi tsa botshelo gompieno fa re ne re sena tsela epe ya go boela nako?
MO BOTSHELONG jwa letsatsi le letsatsi, re amegile thata ka nako. Ka sekai, fa nako e bontsha gore go maitseboa mme re bona letsatsi le kotlomela le loapi lo ntshofala, re itse gore bosigo bo atametse. Gape, mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, fa khalendara e bontsha gore gwetla e gaufi le go fela mme re bona themperetšhara e wela tlase beke le beke le matlhare a ditlhare a wa, re tlhomamisa gore mariga a atametse. Jalo bosupi jwa gore ke nako mang kana paka efe bo netefatsa seo dinako le dikhalendara di se re bolelelang.
2 Go sa kgone go bolela gore ke nako mang le gore ke paka efe go ne go tla fetola mo gontsi ga botshelo gompieno go nna tlhakantsuke. Ka sekai, akanya ka makgolo-kgolo a difofane tseo di lekang go kotama kwa boemela-fofaneng joo bo tlhanaselang fa e le gore go ne go sena tsela epe ya go bolela nako e le gore di ke di rulaganngwe! Kana ao ke o akanye ka dimilione tsa batho ba leka go ya tirong go ya ka thulanganyo fa e le gore ba ne ba sena tsela epe ya go bolela nako!
3. Ke mang yoo o tlhodileng metlha le dipaka?
3 Ke mang yo o tlhodileng metlha le dipaka? E ne e le Mmopi wa lobopo lotlhe, ebong Jehofa Modimo. Genesise 1:14 e tlhalosa ka gore: “Me Modimo oa re, A go nne masedi mo phuthologon ea legodimo go harologanya motshegare le bosigo; me a nnègo nna dichupō, le go nna dipaka, le go nna le malatsi le dinyaga.”
Metlha le Dipaka tse di Botlhokwa mo Gogolwane
4-6. (a) Ke eng seo se leng botlhokwa go feta go itse metlha kana dipaka tsa ditiro tsa batho fela? Ka ntlhayang? (b) Ke dipotso dife tseo re tshwanetseng go di botsa?
4 Lemororo go itse motlha kana paka go le botlhokwa mo ditirong tsa batho, go na le sengwe seo se leng botlhokwa go feta moo: Ke paka efe kana motlha ofe go ya kafa Modimo o lebang dilo ka gone? Moreri 3:1 e tlhalosa jaana: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaèlèlō boñwe le boñwe tlhatse ga legodimo bo na le motlha oa yōna.” Lefa seno se le boammaaruri go ya ka pono ya batho, se ntse jalo le eleng go feta moo go ya ka pono ya Modimo. O na le metlha le dipaka tse di tlhomameng tsa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Fa re sa dumalanye matshelo a rona le ntlha eno, jalo go rulaganya matshelo a rona gotlhe gore a dumalane le dinako kana le dikhalendara kgabagare go ka itshupa go sena mosola ope.
5 Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? Gonne Jehofa o na le boikaelelo ka lefatshe leno le ka dibopiwa tse eleng batho tse di mo go lone; fa go ne go sa nna jalo a ka bo a sa ba bopa. Fa re sa dumalanye matshelo a rona le boikaelelo joo, ga re kitla re akarelediwa mo go jone. Mme boikaelelo jwa gagwe ka tlhomamo bo tla diragadiwa go ya ka thulaganyo. O bolela jaana: “Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”—Isaia 55:11.
6 Ka gone re tshwanetse go botsa ka go re: Ke motlha ofe kana paka efe go ya ka pono ya ga Jehofa? Merafe le batho ba lefatshe leno ba tsena jang mmo lenaaneng la gagwe la nako? Eleruri, o tsena jang? A o rulagantse botshelo jwa gago tumalanong le boikaelelo jwa Modimo le lenaane la gagwe la nako?
A Lefatshe Leno le Diragatsa Boikaelelo jwa Modimo?
7. Bontsi jwa batho ba bodumedi ba na le pono efe, mme ke ka ntlhayang fa e sa utlwale?
7 Batho ba le bantsi ba akanya gore ba a akarelediwa mo boikaelelong jwa Modimo gonne ba bolela gore ba dumela mo Modimong. Lefa go ntse jalo, fa o ba kopa gore ba go bontshe go tswa mo Lefokong la sebele la Modimo gore boikaelelo joo ke bofe, ba palelwa ke go dira jalo. Ba itsamaela ka tsela ya bone, mme ba santse ba ikutlwa gore Modimo o tla ba amogela ka tsela nngwe. Babusi ba bantsi ba lefatshe ba ile ba nna le boikutlo jo bo ntseng jalo go ralala makgolo a dingwaga. Ba ile ba ikutlwa gore Modimo o ne a diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka bone, go sa kgathalesege ditiro tsa bone. Mme, le bone, ga ba kgone go bolela gore boikaelelo joo ke bofe.
8. Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale go akanya gore Mmopi o ne a ka tshegetsa babusi le batho ba lefatshe leno?
8 A Bibela e bontsha gore Modimo o ema lefatshe leno nokeng, go akareletsa le babusi le batho bao ba nang le bodumedi? A o ke o akanye ka seno: Maatla a Modimo a a boitshega. O bopile lobopo lotlhe, leo le akareletsang dimilione-milione tsa masagaripana a dinaledi, ao lengwe le lengwe la one le nang le dibilione-bilione tsa dinaledi. (Pesalema 147:4) Go feta moo, Modimo o na le botlhale jo bo senang selekanyo. Fa Modimo, ka maatla le botlhale jwa gagwe, a ne a ema merafe nokeng, a e ka bo e ile ya nna le thubakanyo, ntwa, tshiamololo, le pogo tse di kanakana ka makgolo a mantsi-ntsi jaana a dingwaga? A Modimo o ne a tla laela baeteledipele ba merafe le dimilione tsa batho ba bone go ya ntweng le go bolaya baeteledipele ba bangwe ba merafe le dimilione tsa batho ba bone bao le bone ba iphakang gore ba kaelwa ke Modimo? A seo se a utlwala?
9. Ke eng seo Lefoko la Modimo le reng e tshwanetse go nna boemo jwa semoya jwa batlhanka ba gagwe ba boammaaruri?
9 Go Bakorintha wa Ntlha 14:33 Bibela e re bolelela gore “Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” Mo godimo ga moo, Jehofa o bolelela bao eleng batho ba gagwe ba mmatota “gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” (1 Bakorintha 1:10) Fa ope mo gare ga batho ba Modimo a sa dumalane le tekanyetso eno, gotweng he? Baroma 16:17 e gakolola ka go re: “Lepañ ba ba cosañ dikgaoganō . . . tse di hapaanyeñ le thutō e lo e ithutileñ: me lo kgaoganè nabō.” Jalo dikgaogano le dintwa tsa bomorafe le tsa bodumedi ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Modimo ga a a ema merafe, baeteledipele ba bodumedi, le balatedi ba bone ba ba ntseng jalo nokeng.
10, 11. Ke dikwalo dife tseo di bontshang gore ke mang yo o emang babusi le batho ba lefatshe leno nokeng?
10 Mme tota ke mang yo o ba emang nokeng? Yohane wa Ntlha kgaolo 3, ditemana 10 go ya go 12, e bolela jaana: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. Gonne e ke eōna taeco e lo sa leñ lo e utlwa mo tshimologoñ, gore re ratanè; Re seka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.” Gape, Yohane wa Ntlha kgaolo 4 temana ya 20 ea re: “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone.” Jalo Jesu one a tlhoma molao ono go Yohane 13:35: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”
11 A o bona go tshwana gope magareng ga lorato le kutlwano tseo di tshwanetseng go nna gone mo batlhankeng ba Modimo ba boammaaruri le tsela eo baeteledipele ba lefatshe le batho ka kakaretso ba ileng ba e latela ka makgolo a dingwaga? Mo lekgolong la rona la dingwaga fela go bolawa ga batho ba bodumedi ke batho ba bangwe ba bodumedi go ile ga tsaya masome-some a dimilione a matshelo. Gantsi bao ba bolaanang e nnile ba bodumedi bo le bongwe! Seo ke bosupi jwa mmatota jwa gore Modimo ga a ba ema nokeng. Mo boemong jwa seo, jaaka Lefoko la Modimo le bontsha, yo o ba emang nokeng ga se ope fela fa e se Satane Diabolo. Ke ka ntlha eo moaposetoloi Johane a neng a ka re: “Rea itse ha re le ba Modimo, me lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Ee, Satane ke “modimo oa lehatshe yeno.” (2 Bakorintha 4:4) Ke ene a tlhotlheletsang baeteledipele le batho ba lefatshe leno bao ditiro tsa bone di bontshang gore batho bano ga e kake ya nna ba Modimo.
Boikaelelo jwa Modimo ka ba ba Boikokobetso
12, 13. Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe leno le batho?
12 Lefa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a bopa batho, o ne a ikaeletse gore lefatshe lotlhe le ne le tshwanetse go fetoga paradaise e e tshwanang le tshimo ya Edena, le agilwe ke batho ba ba itekanetseng, ba ba utlwanang, le ba ba itumetseng. (Genesise 1:26-28; 2:15; Isaia 45:18) Boikaelelo joo ga boa phimolwa ke batho ba ba botsuolodi le dibopiwa tsa moya tse di boikepo. Gape, ereka Jehofa e le Modimo wa metlha le dipaka, boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa ka motlha o o tlhophilweng oo a o tlhomileng. Ga a kitla a letlelela puso ya batho eo a sa e tshegetseng go tswelapele e lwantshana le boikaelelo jwa gagwe go feta nako e e beilweng.
13 Jesu o ne a ikanya boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe leno ka botlalo. O ne a bolelela sesenyi sele se se neng se bontsha tumelo mo go ene a re: “U tla nna le nna kwa paradaisa.” (Luke 23:43) Eo e ne e le Paradaise ya selefatshe e e tlang. Mo lekgetlong le lengwe pelenyana ga moo Jesu o ne a kile a re: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” (Mathaio 5:5) Fano, Jesu gongwe o ne a lebisitse mo ntlheng e e mo go Pesalema 37:11, e e reng: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”
14. Lefatshe le tla ruiwa ke batho ba mofuta ofe?
14 Ke bomang bano bao ba tla ruang lefatshe? Pesalema 37:34 e tlhalosa jaana: “Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwañ, u tla go bōna.” Ps 37 Ditemana 37 le 38 di oketsa ka go re: “Lepa moitekanedi, me o lebe mothōkgami: gonne bokhutlō yoa mothō eouō ke kagishō. Kaga batlodi, ba tla señwa mmōgō: bokhutlō yoa baikepi bo tla kgaolwa.” Ka gone, batho ba ba tla ruang lefatshe ba tshwanetse go itse Jehofa, ba dumele ditsholofetso tsa gagwe, mme bao ba lebiwe ke ene jaaka bathokgami le baitekanedi ka gonne ba utlwa melao ya gagwe. Jaaka Yohane wa Ntlha 2:17 e bolela: “Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”
15. Gore diphetogo tsa konokono tsa lefatshe di diragale, ke selo sefe sa botlhokwa seo se tshwanetseng go diragala?
15 Lefa go ntse jalo, gore diphetogo tse di ntseng jalo di diragale go tla tlhokafala namane e tona ya phetogo mo boemong joo dilo di leng mo go jone jaanong. Ka sekai, go ne go tla kaya go tlosiwa ga mebuso yotlhe ya lefatshe ya ga jaanong, ereka puso ya batho e sa tlisa maemo a a eletsegang le eseng. Mme Jehofa a ka kgona diphetogo tsa botlhokwa-tlhokwa tse di ntseng jalo kwantle ga pelaelo. Ka sekai, Bibela e tlhalosa jaana: “O hetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi.”—Daniele 2:21.
Go Tlosiwa ga Baganetsi
16, 17. (a) Jehofa o ne a dirisana jang le Farwe yo o neng a le kgatlhanong le boikaelelo jwa Gagwe? (b) Lefoko la ga Jehofa la boperofeti le ne la netefadiwa jang?
16 Tlhokomela seo Jehofa a ileng a se dira go babusi ba ba maatla le mebuso mo nakong e e fetileng, segolo-bogolo go bao ba ileng ba leka go itshunya nko mo maikaelelong a gagwe. Ba ile ba thubiwa le go phatlaladiwa le phefo jaaka lerolenyana fela, fela jaaka go diragetse ka dipuso tsa bone. Ka sekai, go ne go na le Farwe wa Egepeto yoo a neng a dirile batho ba Modimo makgoba. Mme Jehofa o ne a na le boikaelela ka batlhanka ba gagwe, mme o ne a romela Moshe go bolelela Farwe gore a ba golole. Mo boemong jwa seo, Farwe o ne a bolela jaana ka botlho-go-e-thata: “Yehofa e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè”? O ne a oketsa ka go re: “Ga ke itse Yehofa, gapè ga nketla ke lesa Baiseraela ba tsamaea.”—Ekesodo 5:2.
17 Jehofa o ne a fa Farwe dipaka di le dintsi gore a fetole mogopolo wa gagwe. Lefa go ntse jalo, nako le nako, jaaka Ekesodo 11:10 e bolela, Farwe ‘a thatafala pelo.’ Lefa go ntse jalo, Jehofa ke maatla a a ka se ganediweng. Fa motlha wa gagwe o o tlhomilweng o tla, o ne a betisa Farwe le mephato ya gagwe ka metsi mo Lewatleng le Lehibidu. Ekesodo 14:28 ya re: “Ga se ka ga sala leha e le eo moñwe hèla oa bōnè.” Kafa letlhakoreng le lengwe, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba sirelediwa le go gololwa. Go feta moo, seno se ne sa tla ka nako e e tlhomameng eo lefoko la ga Jehofa la boperofeti le neng le e boleletse pele, kwa bokhutlong jwa lobaka lwa dingwaga di le 400 loo a neng a buile kaga lone go Aberahame yo o ikanyegang makgolo-kgolo a dingwaga pele ga moo.
18. Jehofa o ne a dirang ka Nebukadenesare wa Babelona? Ke ntlhayang?
18 Morago ga moo go ile ga nna le Kgosi Nebukadenesare wa Babelona. O ne a ipelafatsa ka maatla a gagwe le diphitlhelelo tsa gagwe, jaaka ekete e ne e le modimo. Mme Daniele 4:31 e bolela gore “e rile lehoko le sa nntse le le mo molomuñ oa kgosi, ga hologa lencwe kwa legodimoñ, ya re, Kgosi Nebukadenesara, ke wèna eo u rèwañ: bogosi bo tlogile mo go wèna.” Jehofa o ne a mmolelela gore o ne a tla isiwa tlase jaaka diphologolo tsa naga go fitlhela, jaaka Dan 4 temana 32 e bolela, “a itse ha Mogodimodimo a busa mo bogosiñ yoa batho, me o tla a bo nee moñwe hèla eo o mo ratañ.” Seo se ne sa diragala ka motlha o o tlhomameng oo Jehofa a neng a o ikaeletse.
19. Ke ka ntlhayang fa katlholo ya ga Jehofa e e botlhoko e ne ya tlela Babelona le mmusi wa yone wa bofelo, ebong Beleshasare?
19 Kgosi ya bofelo e e neng ya busa mo Babelona e ne e le Beleshasare. Mo pusong ya gagwe, e ne e le motlha wa ga Jehofa wa gore mmuso oo o o boitshegang o we. Ka ntlha yang? Gonne Bababelona ba ne ba isitse batho ba ga Jehofa botshwaro mme ba ne ba tlhapatsa Jehofa. Daniele kgaolo ya 5 e bega gore Beleshasare o ne a direla basimegi ba gagwe ba puso ba le sekete moletlo o mogolo. Morago ga moo Beleshasare “a laola gore ba lere diyana tsa gouda le tsa selefera tse Nebukadenesare rragwè o kileñ a di gapa mo tempeleñ [ya ga Jehofa] kwa Yerusalema, . . . me kgosi le bagolwane ba eōna, le basadi ba eōna, le bagadiñwana ba eōna, ba nwèla mo go cōna.” (Daniele 5:2, 3) Tlhokomela seo ba neng ba se dira go tloga foo: “Ba nwa boyalwa yoa mofine, me ba baka medimo ea gouda, le ea selefera, le ea kgōtlhō, le ea tshipi, le ea logoñ, le ea lencwè.” (Daniele 5:4) Ka go nwela mo dilwaneng tse di boitshepo tseo di neng di dirisiwa mo kobamelong ya ga Jehofa, ba ne ba sotla le go tlhapatsa Jehofa. Ka go obamela medimo ya bone ya maaka, ba ne ba obamela Satane.
20, 21. Daniele o ne a neela Beleshasare molaetsa ofe, mme o ne wa diragadiwa jang?
20 Lefa go ntse jalo, ka nako eo fela, go ne ga diragala selo sengwe se se gakgamatsang. Menwana ya letsogo lengwe e ne ya bonwa e kwala mo loboteng lwa moshate! Go ne ga boifisa kgosi mo e leng gore “sehatlhōgō sa kgosi sa khwata, le megopolō ea eōna ea e hudua; le malokololō a dinōka tsa eōna a rèpa, le mañōlè a eōna a ntaana.” (Daniele 5:6) Go ne go sena ope wa bagakolodi ba bodumedi ba ga Beleshasare yo o neng a ka tlhaloganya mokwalo oo, jalo go ne ga bidiwa motlhanka wa ga Jehofa ebong Daniele go tla go o tlhalosa. Daniele o ne a itsise kgosi gore molaetsa oo o ne o tswa kwa go Jehofa, mme e ne e le o o reng: “Modimo o sekasekile bogosi yoa gago, me o bo khutlisitse. . . . o lekancwe mo dilekanyoñ tsa pègō, me u hitlhecwe u tlhaetse. . . . bogosi yoa gago bo kgaogancwe, me bo neilwe Bameda le Baperesia.”—Daniele 5:26-28.
21 Mo go jone bosigo joo fela, mephato ya Bameda le Baperesia e ne ya tlhasela motse oo e tsena ka dikgoro tseo di neng di tlogetswe di atlhame. Jaaka Daniele 5:30 e konela: “E rile mo bosigoñ youō hèla Beleshasare . . . a bolawa.” Go wa ga Babelona go ne ga letlelela batho ba ga Jehofa gore ba boele kwa nagagaeng ya bone ka dingwaga di le 70 tse di tlhomameng go simologa ka go isiwa ga bone botshwaro. Seo e ne e le go ya ka lenaane le le tlhomameng la nako la ga Jehofa, jaaka go bontshitswe go Yeremia 29:10.
22, 23. Jehofa o ne a dirisana jang le Kgosi Herode Ageripa I, yoo a neng a le kgatlhanong le Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
22 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Kgosi Herode Ageripa I e ne e le mmusi wa bofelo wa Palesetina, bontlhanngwe jwa Mmuso wa Roma. Herode o ne a dira le gore moaposetoloi Petere a tsenngwe mo kgolegelong, mme a bogisa Bakeresete ba bangwe. Gape o ne a dira gore moaposetoloi Jakobe a bolawe. (Ditihō 12:1, 2) Herode gape o ne a rulaganya metshameko ya dintwa tsa polaano le e mengwe gape ya boheitane. Seno sotlhe se ne sa akisa maiphako a gagwe a gore e ne e le moobamedi wa Modimo.
23 Mme, he, nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng e ne ya tla ya gore a bolaye moganetsi yono. Ditihō 12:21 go ya go 23 e re bolelela jaana: “Me ea re ka letsatsi leñwe ye le laocweñ, Herode a ikgabisa ka diaparō tsa segosi, me a dula mo setuloñ sa bogosi, me a laea batho ka puō e kgolo. Me batho ba thèla loshalaba, ba re, Ke lencwe ya modimo moñwe, ga se ya motho”! Go ne ga diragalang morago ga moo? Bibela ea re: “Me ka bonakō moengele oa Morèna a mo itaea, ka a sa nee Modimo tlotlō; me a yèwa ke diboko, a shwa.” Seno e ne e le sekai se sengwe sa fa Jehofa a ‘tlosa dikgosi,’ jaaka Daniele 2:21 e boletse.
24. Dintlha tseo tsa ditiragalo di supela eng?
24 Ditiragalo tseo tsa histori di supela gore Jehofa o na le metlha le dipaka tsa gagwe tsa maikaelelo a gagwe. Gape di bontsha gore ka tlhomamo o na le kgono le maatla a go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go fetola lefatshe leno go nna paradaise koo ‘tshiamo e tla agang gone.’—2 Petere 3:13.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa jaana go itse metlha le dipaka tsa ga Jehofa?
◻ Ke ka ntlhayang fa Modimo a sa eme babusi le batho ba lefatshe leno nokeng?
◻ Ke batho ba mofuta ofe bao ba tla ruang Paradaise e e tlang ya mo lefatsheng?
◻ Jehofa o bontshitse jang kgono ya gagwe ya go diga babusi bao ba mo ganetsang?