Ke ka Ntlha yang O Tshwanetse go Ipona Molato?
“Batho ba le bosi fela ba ba sa direng diphoso ke baswi.” Seno se nnile sa bolelwa ka batho ba ba sa itekanelang. Mme fa o akanya ka ga dikgang, ke mang yo o sekeng a nna le molato ka dinako tse dingwe? Ke mang yo o sekeng a dira diphoso?
Lefoko la Modimo, Bibela e e Boitshepo, e tlhalosa ka phepafalo gore rotlhe re a fosa, ka e bolela ka gore: “Ga go na mosiami opè mo lehatshiñ, eo o dihañ molemō, a sa leohe.” Mo Bibeleng, mafoko a Sehebera le Segerika a a ranotsweng ‘boleo’ ka tlhamalalo a raya “go fosa lotshwao”—ka mo dipatlafalo tsa Modimo di ntseng ka teng go raya o le molato.—Moreri 7:20.
Lefa go ntse jalo, gone lefa go tlwaelegile go dira phoso, go nna molato—ee, go leofa—abo go le bokete jang go go dumela! Fa o le monna le rre, a ga o bone o batla go iphemela fa go tla mo go reng o dumele mo mosading wa gago kana bana ba gago gore o phoso? Fa o le mo boemong jwa bolebedi, a ga o fitlhele o itsemeletsa go dumela mo go ba ba kwa tlase gore o phoso? Mme kana, go tshwana fela ka basadi, bana, bahiriwa le ba bangwe ba ba mo maemong a mangwe.
Ke ka Ntlha yang Re ka Seke re go Dumele
Go lebega ele tlholego ya setho go leka go iphemela. Fa re ne re le basha, abo go ne go le bokete jang ka batsadi ba rona go dira gore re dumele gore re ne re le molato mme re ikope maitshwarelo! Fa jaanong re setse re godile, re ka nna ra bontsha boikutlo jo bo tshwanang. Ka gone motho a ka nna a leka go nolofatsa gore se a se dirileng tota e ne e se molato, gore mongwe o sele e ne e le ene a molato, kana gore maemo a a sa tlwaelegang ke one a tshwanetseng go pegwa molato.
Go lebega bogolo jang go le bokete go ba ba mo maemong a boikarabelo go dumela gore ba molato. Ka ntlha yang? Kwa ntle le pelaelo mo maemong a mantsi se ke ka ntlha ya boikgodiso. Ba amegile ka seo ba bangwe ba tla se akanyang; jaaka polelo e bolela, ba batla go “intsha ditlhong.” Mme, go tswa foo gape, go palelwa ke go dumela molato go ka nna ga bo e le ka ntlha ya maikutlo a a sa bolokesegang. Motho o ka ikutlwa gore maemo a gagwe a bopelwa fa a ka dumela phoso.
Kwa ntle le pelaelo batho bangwe ba itsemeletsa go dumela gore ba kana ba ne ba le molato ka ntlha ya tefa e ba ka nnang ba e ntsha go duelela phoso ya bone. Ka gone mohiriwa wa tsa seporo o ka ne a dirile kotsi e e masisi ka ntlha ya botlhokomologi. Mme fa a dumela gore o dirile phoso, o ka nna a senyegelwa ke mmereko kana a ya le eleng kwa kgolegelong. Kana, mo kgannyeng ya ngaka, go ka nna ga pegwa tsheko ya kgobatso e e jang madi, mme go dumela molato go ka mo kopa kana khamphane ya gagwe ya itshireletso madi a mantsi thata.
Go tswa foo, gape, motho o ka nna le bothata jwa go bona dilo tota jaaka di ntse mo leseding lwa tsone. Fela jaaka Bibela e e baya, “E mañ eo o ka lemogañ ditimèlō tsa gagwè?” Mo godimo ga moo, pelo e ka nna ya tshola maikutlo a a ka re thibelang go dumela phoso ya rona. Ee, “pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, . . . e mañ eo o ka e itseñ?”—Pesalema 19:12; Yeremia 17:9.
Matswela a a sa Siamang
Pono e khutshwane ya bogagapa e ka nna ya re tlhotlheletsa go iphemela go na le go dumela gore re molato. Mme go sa kgathalesege go akanya ga rona, go gana go dumela gore re molato go na le matswela a a sa siamang. Ka motlhala, go ka gagamatsa ditirisanyo tsa rona le maloko a lelapa la rona kana le bao re ba berekelang kana bao re obamelang nabo. Ka go gana go dumela gore re molato, re ka ne re leka bopelotelele jwa ba bangwe kana re latlhegelwa ke tlotlo ya bone. Mme bogolo-segolo re dira thibedi e e tla kgoreletsang puisano e e gololesegileng.
Se se sa ntseng se le masisi bogolo ke ntlha ya gore go gana go dumela gore re molato go re kgweleanya ka segakolodi se se molato, bogolo jang fa mongwe o sele e le ene a pegwang molato ka se re se dirileng. Mme fa re ikgogona mo go dumeleng molato o le mongwe, se e ka nna mokgwa. Re ganne go dumela diphoso tse dinnye, ka bofefo re ka gana le go dumela tse dikgolo, e le go ikgobatsa. Ka ntlha ya gona moo, le eleng mo ntlheng ya sebe se se masisi segakolodi sa rona se ka nna sa baboga jaaka ekete ke ka tshipi e e molelo. (1 Timotheo 4:1, 2) Godimo ga tsotlhe, tsela e e ntseng jalo e ka fela e sentse kamano ya rona le Mmopi wa rona, Jehofa Modimo.
Dikao tsa Nako e e Fetileng
Go palelwa ke go dumela gore re molato ka go leka go lebisa phoso go ba bangwe go re baya bogolo mo setlhopheng se se nyatsegang. Ka ntlha ya botlhokakutlo ga gagwe, monna wa ntlha, Adame, o ne a pega molato mo ‘mosading yo Modimo o mo mo neileng.’ Ka mo go tshwanang, Efa a pega noga molato. Lefa go ntse jalo, Modimo ga o a ka wa amogela diipato tseno mme wa pega batho ba ntlha ba babedi molato. Go tswa foo go ne go na le Kgosi Saulo, yo o neng a palelwa ke go diragatsa katlholo ya Modimo ka botlalo kgatlhanong le Baamaleka ba ba boikepo. Fa Saulo a ne a botswa gore ka ntlha yang, o ne a pega batho ba gagwe molato. Mme Modimo wa nna wa se amogele seipato seo le sone.—Genesise 3:12-19; 1 Samuele 15:15-23.
Mo letlhakoreng le lengwe, Bibela e re fa dikao go bontsha gore re tshwanetse go dumela fa re le molato. Gareng ga tseno ke seo sa ga Juda. O ne a le molato mo ditirisanyong tsa gagwe le ngwetsi ya gagwe Tamare. Fa a ne a lebaganngwa le boikarabelo jwa gagwe jwa go mo ithwadisa, Juda o ne a dumela ka gore: “Èna o siame bogolo go nna.” (Genesise 38:26) Mme bo botlana o ne a dumela gore o ne a le molato.
Go tswa foo go ne go na le Kgosi Dafide. O ne a dira dilo tse di farologaneng go leka go bipa sebe sa gagwe le Batheshebe. Fa a ne a lebagane le moperofeti Nathane, Dafide o ne a ipolela a re: “Ke leohetse Yehofa.” (2 Samuele 12:13) Ee, Dafide ka gone o ne a dumela gore o ne a le molato wa go dira bosula.
Matswela a a Molemo
Re dira sentle go gakologelwa dikao tseno tsa bogologolo mme re dumele fa re le molato. Gareng ga dilo tse dingwe, go dira jalo go felela ka ditirisanyo tse di botoka le malapa a rona. Gape re tla dirisanya sentle le ba bagolo mo go rona ka go sa leke bopelotelele jwa bone mo go kalo. Ka mo go utlwalang, re a bolelelwa mo Dikwalong: “Ha mōea oa molaodi o gu cogologèla, u se ka ua tlogèla helō ga gago; gonne boinèlō bo ñōtla ditlolō tse dikgolo”—ee, le eleng melato e e masisi thata.—Moreri 10:4.
Gotweng fa e le gore re na le boemo jwa boikarabelo? Legale, boiketleeletso jwa go dumela gore re molato bo tla gapa tlotlo mo go ba ba kwa tlase ga rona. Go feta foo, ka boikutlo jo bo ntseng jalo re tla bo re le mo boemong jwa go dira kgatelo pele go fenya makoa a rona.
Se se botlhokwa bogolo jang gore re boloke segakolodi se se phepa le kamano e e molemo le Modimo. Ka jalo, fa re dirile phoso e e masisi, sa ntlha, a re dumeleng pele gore re leofile. Ka thapelo e e tlhoafetseng, ekete re ka batla boitshwarelo jo bo boutlwelo-botlhoko jwa Rraarona wa selegodimo ka Jesu Keresete. (Psalema 103:10-14; 1 Yohane 2:1, 2) Mme ekete gape re ka dirisa sebaka ka botlalo sa thuso ya semoya e e re atlenegetseng. (Yakobe 5:13-16) E ke tsela ya botlhale, ka go bo Lefoko la Modimo le a re bolelela: “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.”—Diane 28:13.
Dithuso go Fenya Tshekamelo
Ka mo go phepafetseng, re tlhoka thuso gore re fenye tshekamelo eno ya go gana go dumela gore re molato. Gantsi go itshega e tla nna thuso, bogolo fa molato kana phoso e se masisi mo go kalo kana bokete. Ka ntlha ya gona moo mosadi yo o molemo wa lelapa o ne a tshotse dipoleiti fa a ne a kgopiwa abo a di diga tsotlhe, a di gaila tsotlhe fela. Ka nako eo, o ne a thubega ka setshego, ka go bo go ne go bonala mo go ene gore selo se se ntseng jalo se ne se ka se ke se mo diragalele. Mme le fa go le jalo se diragetse! Ee, gantsi go itshega go tla re thusa gore re se ka ra itseela kwa godimo go feta selekano, mo e leng gone modi wa go gana ga rona go dumela gore re phoso.
Boikanyegi le kutlwelo-botlhoko gape di tsena mo kgannyeng. Fa batho ba ba rileng ba na le tshwanelo go itse gore re dirile phoso, re tshwanetse go ikemisetsa go dumela molato. Bogolojang kutlwelo-botlhoko e tshwanetse go re suteletsa go dumela fa motho yo mongwe ka tsela nngwe a tla pegwa molato mme a boge ka ntlha ya phoso ya rona. Fano mafoko a ga Jesu aa dira: “Hèla yaka lo rata batho ba lo dihèla, le lona lo ba dihèlè hèla yalo.”—Luke 6:31.
Boikokobetso gape bo tla re thusa gore re dumele molato. Fa re akanya ka ga gone, go palelwa ke go dumela molato go atamalane le boitimokanyo, a ga go jalo? Ga go moikgogomosi ope le fa e le moitimokanyi yo o tla amogelwang ke Modimo.—Diane 21:4; Yakobe 3:17.
Go boloka kamano e e atamalaneng le Jehofa e tla nna thuso e kgolo mo go iketleeletseng ga rona go dumela gore re molato. Ka ntlha yang? Ka go bo re tla sekamela go isa dikamego tsotlhe le melato ya rona go ene ka thapelo e e ikokobeditseng. Go tswa foo, re na le tsholofelo mo thusong le kutlwelo-botlhokong tsa gagwe, re tla nna le “kagisō ea Modimo’’ e e senang bolekane.—Bafilipi 4:6, 7.
Ka jalo, ereka rotlhe re fosa, a rotlhe re dumeleng diphoso tsa rona. Fa re le mo molatong, ekete ka boikokobetso re ka o dumela. He a re direng ka natla go baakanya diphoso tsa rona, go re solegela molemo le ba bangwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Dafide o ne a ipolela: “Ke leohetse Yehofa”