Go Kgaola Dikeetane
MO E KA nnang karolo nngwe le nngwe ya lefatshe, tumela-botlhodi e laola matshelo a batho ba bantsi. Fa bontsi jwa batho ba Bophirima ba dumela gore tlhako ya pitse kana leroo la mmutla di tla ba sireletsa, bontsi jwa Ma-Afrika ba ipofelela sebaga mo melaleng go itshireletsa mo meweng e e bosula. E le ka lone lebaka le le tshwanang, ba bofelela gape mogala mo dinokeng tsa masea go ba sireletsa. Merafe mengwe e dumela gore go bofelela lesatswana la tshwene mo mogaleng oo go tla dira gore ngwana a gole le go nonofa.
Batho ba kwa nokeng ba dumela mo ditlhaping-seka-batho, tse di bidiwang Mami Wata kwa Central African Republic. Tse go dumelwa di na le moriri o moleele o mosetlha, mme go dumelwa gore di hepisetsa batho go tla gaufi le metsi gore di tle di ba phamole mme di ba nwetse. Bangwe ka ntlha ya tumelo e ba ile ba itshegela mogodu. Ba tshela ditlhabelo mo metsing go kgothaletsa Mami Wata go phamola mmaba wa bone fa a tla fa lotshitshing Iwa noka mo nakong e e tlang.
Se se botlhokwa mo tumela-botlhoding ya Se-Afrika ke ngaka ya setswana le mophekodi. Ngaka ya setswana e ka latlha nzeke (marapo a tse di suleng) go bona gore isagwe e tshotseng. Mophekodi o ka ntsha moratiso go gotetsa lorato lo lo felang la molekane yo mongwe wa lenyalo. Fa tladi e ka ratha gaufinyana, go dumelwa gore mongwe yo o neng wa omana le ene o ne a ya kwa ngakeng ya setswana go mo thusa gore a ipusolosetse. Bangwe ba dumela gore ngaka ya setswana e ka fetola banna ya ba dira basadi, mme basadi ya ba dira banna, le eleng batho go nna diphologolo!
Go modumela-botlhodi, ditiragalo tse di sa lebelelwang di nna botlhodi. Fa noga kana lebodu le ka kgabaganya fa pele ga gago, itlhaganelele kwa gae ka bofefo pele ga sengwe se se maswe se diragala. Fa nonyane e ka fofela mo ntlong ya gago, mongwe o tla swa go ne foo. Fa dintša di ka lala di bokolela bosigo, mongwe o gaufi le go swa, kana o sa tswa go swa.
Go barutegi ba Ma-Afrika le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, ditumela-botlhodi tse di ntseng jalo di ka lebega di sena tlhaloganyo. Mme gotweng ka batho ba ba rutegileng ba ka kelotlhoko ba tilang go tsamaya ka fa tlase ga lere, ba tlosolosa loeto lo lo sa tlhokafaleng ka Labotlhano kgwedi e le lesome le boraro, ba laletsa moeng wa bofelo go tila go nna lesome le boraro kwa dijong tsa maitseboa kana go tlhatlhoba tepo-dinaledi ya bone mo koranteng ya moso? A le bone ga ba golegwa ke tumela-botlhodi ka dikeetane?
Mme tumela-botlhodi ke eng? Mme ke eng se se e kgonisang go laola batho?
Poifo ya Masaitseweng
Tumela-botlhodi e tlhalosiwa jaaka “tumelo kana tlwaelo e e nnang gone ka botlhoka-kitso, poifo ya masaitseweng, go ikanya maselamose kana lesego.” E tshwara batho fela goyagoile fa ba nna ba sena kitso ba bile ba e dumela. Fa modumela-botlhodi a ikamogelela kitso ya boammaruri mme a bona gore ditumelo tsa gagwe ke tsa boeleele, maatla a tumela-botlhodi mo go ene a tla bo a tsamaya. Mme motswedi o o molemo-lemo wa kitso ya go tlhabantsha tumela-botlhodi ke Bibela.
Wawa o ne a iponela seno. Morago ga go ithuta gore boemo jwa baswi ke eng, o ne a latlha poifo ya gagwe. O ne a khutlisa go dira dilo tse di batlwang ke tumela-botlhodi mme a seka a boga ka gope. Jaanong o itse gore dipoifo tsa gagwe tsa tumela-botlhodi di ne di sa tlhokafale.
Bontsi jwa Ma-Afrika ba nnile le boitemogelo jo bo tshwanang. Fa ba bala mo Bibeleng gore Modimo o bopile phologolo nngwe le nngwe ‘kafa losikeng Iwa yone,’ ba lemoga gore Mami Wata—tlhapi seka-motho ga e ka ke ya nna teng. (Genesise 1:20-27) Kwa ntle ga moo, ga go motshwara-ditlhapi ope yo o kileng a tshwara phologolo e e ntseng jalo mo ditloweng tsa gagwe mme a e supa. Ka mo go tshwanang, ba lemoga gore ngaka ya setswana ga e ka ke ya fetola motho go nna letlotse kana kwena, ereka jaana tseno di le kafa “losikeñ” lo lo sa tshwaneng gotlhelele.
Bibela gape, e bitsa dibopiwa e le tse di “senañ mogopolō.” (2 Petere 2:12) Ka jalo ke jang nonyane kana ntša e ka itseng gore mongwe o tla swa? Kana gore ke jang noga kana lebodu (kana katse e ntsho, kwa Yuropa) e ka tlisang masula go mongwe yo di ka kgabolang fa pele ga gagwe? Tota, ke jang ngaka ya setswana e ka bolelang ka isagwe fa Bibela e re ke Modimo fela yo tota o itseng ka isagwe. (Isaia 44:6-8) Mabaka a re bolelela gore ga di ka ke, le fa e le tsone dinaledi le dipolanete, tse di dibilione tsa dimmaele kgakala, gore di ka dira pharologano epe mo matshelong a bao ba dumelang tepodinaledi mo polaneteng eno ya Lefatshe.
Bangwe ba ka ganetsa ka gore, ‘mme fa noga e ne ya kgabaganya fa pele ga me, mme ya re mo malatsing a mabedi moragonyana morwaake yo mogolo a lwala!’ Legale, seo se ka diragala. Mme gotweng ka bao botlhe bana ba bone ba lwalang mme ba sa bone dinoga kana mabodu? Kana gotweng ka bao ba bonang diphologolo tseno mme ba se ke ba nne le mathata morago ga moo? E tlhalosa ka maitemogelo a batho, Bibela e bolela ka gore: “Me ba dihalèlwe botlhe ke motlha le bowèlō.” (Moreri 9:11) Ee, dilo di ka diragala fela ka bowelo. Ka ntlha ya gore motho o mo lefelong le le rileng ka nako e e sa tshwanelang, o ka nna a golafala mo setsuatsueng. Bolwetsi le dikotsi ga di diragale ka ntlha ya maano a a maswe a mmaba mongwe. Ba bantsi ba go bona go ntse jaana, ebile matshelo a bone jaanong ga a sa tlhole a laolwa ke dipoifo tsa tumela-botlhodi.
Tumelo mo Maselamoseng
Lefa go le jalo, go na le karolo e nngwe ya tumela-botlhoding e e ka sekeng e itlhokomolosiwe. Fa gongwe go bonala go na le maatla a a kopanyelediwang a a tsietsang—ba bangwe ba ka a bitsa maselamose—a a potileng ka kwa bowelo le dikotsi tse di itlelang fela. Kwa Bophirima batho ba itse gore dilo tse di makatsang di ka diragala ka nako ya kokoano ya semoya. Lekawana lengwe le ne la tlhalosa boitemogelo ka lematsana la Ouija. O ne a bolela gore ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba ntse go dikaganyetsa lematsana go bona gore go tla diragala eng, fa a ne a phamolakwa mo setilong sa gagwe mme a bataganngwa le lebota kwa motsheo.
Mo Afrika go begwa go diragala dilo tsa tsietso gape. Batho ba ganelela mo goreng ba bone tlhapi ya seka-mosadi e ba gwetlha gore ba tle mo nokeng. Kana dipego di utlwiwa ka diphologolo tse di buang ebile di iphaka gore di kile tsa nna batho. Kana malwetse a lebega a tla karabelong ya dipheko tsa ngaka ya setswana. Seno se ka tlhalosiwa jang?
Dilo dingwe tse di tsietsang ele ruri di a diragala, mme Bibela e re bolelela gore ke ka ntlha yang. Fano gape, kitso ke tsela ya go kgaola dikeetane tsa tumela-botlhodi. Go ya ka Bibela, go na le maatla a meya e e boikepo a a ka batlang gore tsietsa. Lefa go ntse jalo, ga se meya ya baswi. Mme motho o ka ganela nonofo ya yone.
Selo sa ntlha, ke bomang kana maatla ano a meya ke eng? Mo Bibeleng a bidiwa badimona, mme tshoso-e-rweleng wa bone ke Satane. Re se ka ra nyatsa mogopolo wa go nna teng ga bone. Jesu ka boene o ne a itse ka ga bone. Ba tlholegile kae? Bibela e bontsha gore e ne e le baengele ba batlhanka ba Modimo ba ba neng ba tsuolola mme ba nna baganetsi.—Mathaio 12:26-28; 2 Petere 2:4.
Bibela e bolela gape gore Satane ke “motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” (Tshenolo 12:9) Ka jalo, ga go hakgamatse gore o batla go boloka batho ba le mo dikeetaneng tsa tumela-botlhodi. A o ka dira ditiro tsa boferefere e le go leka go ba tsietsa? Ee, o ka dira. Ka motlhala, Bibela e bolela gore mongwe yo o rileng yo “go tla ga gagwè go leñ kaha go diheñ ga Satane ka thata eotlhe le ka dichupō, le ka dikgakgamaco tsa maaka. Le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlèlañ.—2 Bathesalonia 2:9, 10.
Ka gone he, fa dilo tsa boferefere di bonala di diragala, e tshwanetse go nna ka tlhotlheletso ya ga Satane le badimona ba gagwe. Le gale, Satane o na le nonofo e kgolo go feta motho le fa e ka nna mang. Mme ga re kwa ntle ga thuso, ka go bo Modimo o na le nonofo e kgolo e e fetang ya ga Satane ebile O re solofeditse ka thuso fa re e batla.
Mokwadi wa Bibela Jakobe o ne a re: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.” (Yakobe 4:7) Wawa le Ma-Afrika a mangwe ka bontsi ba amogetse taletso eno. Ba sena go amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, Bibela, le go latela ditaola tsa Modimo gore ba tshwanetse go itshwara jang, ba fitlhetse gore tumela-botlhodi ya Bo-Satane ga e na maatla mo matshelong a bone. Ba gololesegile mo dipoifong tsa bone tsa pele.
Ka jalo ke gona ka fa ba ileng ba kgaola dibaga mo melaleng ya bone le megala e e sireletsang mo baneng ba bone mme ba ile ba tshuba dilo tseno. Ga ba tshwarege mo diphekolong tsa tumela-botlhodi go kokobetsa meya ya baswi; le fa e le go boifa mereo ya dingaka tsa setswana. Ba ithiba gape mo dilong tse di boikepo jaaka boitsholo jo bo sa siamang le bothubaki.
A batho bano ba ile ba boga ka ntlha ya bopelokgale jono? Ke mo go fapaaneng! Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe a re: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:31, 32) Sebe ga e sa tlhole e le morena wa batho bano. Ba sireleditswe ke Modimo mo ditirong tse di ka diragalang tsa badimona, mme kitso ya bone e ntšha e senola bolefela jwa dipoifo tsa bone tsa tumela-botlhodi tsa pele. Boammaaruri bo kgaotse dikgole tsa bone!
Kgololesego e e ntseng jalo e gone go botlhe ba ba e eletsang. Fa o eletsa go ipelela kgololesego mo poifong jaaka Wawa jaanong. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa jaaka ba ile ba mo thusa.