LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/15 ts. 3-5
  • Dikeetane tsa Tumela-botlhodi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikeetane tsa Tumela-botlhodi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshela ka Poifo ya Baswi
  • Mme ke ka Ntlha Yang a Ile a Swa?
  • Go Kgaola Dikeetane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
  • ‘Modimo Ga Se Motlhaodi Wa Batho’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lorato Io Utlwanya Malapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/15 ts. 3-5

Dikeetane tsa Tumela-botlhodi

AO DUMELA botlhodi? Fa go ntse jalo, ga o nosi. Mmatlisisi mongwe o ne a bona fa go na le ditumela-botlhodi tse di farologaneng di feta makgolo a mane a dikete mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Lebaka la gore diotele ka bontsi ga di na matlhatlaganyane a lesome le boraro, kana batho go leka go tila go tsamaya kafa tlase ga dilere kana go letlelela dikatse tse dintsho go kgabaganya fa pele ga bone, go bontsha gore tumela-botlhodi e teng mo mafatsheng a Bophirima. Tlhotlheletso e e tshwanang e e sa itshekang ya tumela-botlhodi e a bonala mo Afrika, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha.

Mo e ka nnang dingwaga tse di masome mabedi tse di fetileng monna wa ga Wawa o ne a tlhokafala morago ga go lwala lobaka lo loleele. Malatsi a le mararo morago ga loso lwa gagwe, Wawa o ne a robala fa fatshe gaufi le bolao jwa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng a lela le go kuruetsa, fa bontsi-ntsi jwa batho bo ne bo lela, bo kuruetsa, bo bina le go nwa bo mo dikanyeditse bo le mo tebelelong ya moswi. Bontsi jwa bahutsahadi bo ne bo tapeegile mo go maswe mo eleng gore ba ne ba seka ba robala lefa e le go ya tirong. Ka ntlha yang? Ba ne ba batla go bontsha moya wa monna yo o suleng le lelapa la gagwe gore e ne e le ditsala tsa gagwe.

Go Tshela ka Poifo ya Baswi

Mo letsatsing la boraro setopo se ne sa tseelwa kwa mabitleng, mme mongwe le mongwe a ya le sone. Lekesi le ne la folosediwa tlase mmung mme ga latlhelwa matlapanyana le mangwetenyana a mmu moteng. Ka ntlha yang? “Go laela moya wa monna wa gagwe,” go bolela jalo Wawa. Go tswa foo, pele ga lebitla le ka katelwa, Wawa o ne a ikana fa pele ga mongwe le mongwe gore ka metlha yotlhe o ne a ikanyega mo monneng wa gagwe. O ne a bolela ka gore: “Fa go sa nna jalo, a moya wa gagwe o mpolae.” Go tswa foo go ya pele botshelo jwa ga Wawa bo ne bo tla bo laolwa ke poifo ya moya wa monna wa gagwe yo o suleng.

Boo-ra monna wa gagwe ba ne ba mmolelela ka metlha gore: “Fa o ka dira sengwe kirikiri [“sa boeleele,” ka puo ya Sango], moya wa gagwe o tla boa mme o tla go bolaya.” Go supa gore ele ruri o ne rata monna wa gagwe, o ne a seka a tlhapa ka botlalo dikgwedi tse tharo, a ithathetsa mmele ka letselanyana le le motlhofo fela mme a robala mo mosemeng mo bodilong jo bo leswe. Wawa o ne a dumela gore monna wa gagwe yo o suleng o ne a lebeletse kgato nngwe le nngwe e a e tsayang. Monna yo o neng a mo rata go ne go lebega a fetogile mmaba wa gagwe wa bofelo.

Merafe mengwe e batla gore motlholagadi yo o mo khutsafalong a tsamae ka thipa go tlhabantsha tlhaselo ya moya wa monna wa gagwe yo o suleng. A seka a leba mo molelong fa a o gotsa e sere kgotsa a tloga a mmona mo go one. O tsoga ka nako ya boraro kana ya bone moso mongwe le mongwe a lela le go kuruetsa go bontsha gore o sa ntse a ntse a mo rata. Mme pele dijo di ka tsholwa o tsholela ene pele ka go latlhela dingwe tsa tsone mo fatshe.

Morago ga dikgwedi tse tharo Wawa o ne a tsewa ke boo-ra monna go mo isa kwa lotshitshing lwa noka e e gaufi mme a latlhelwa mo metsing. Se e ne e le sesupo sa gore, e re ka a ile a hutsafala ka mo go kgotsofatsang, o ne a le phepa mo meweng mengwe le mengwe e e maswe. Bangwe ba re se se supa gore ga a na karolo mo losong lwa monna wa gagwe.

Mme ke ka Ntlha Yang a Ile a Swa?

Mo megopolong ya batho ba bantsi mo karolong eno ya lefatshe, ga go ope yo o itshwelang fela. Monna mongwe yo o suleng o tshwanetse a bo a bolailwe ka ntlha ya bopelo-a-tlhoi jwa batho kana nonofo e e sa tlwaelegang. Ka jalo, bomatsalaagwe Wawa ga baa ka ba mo thusa mo mathateng a gagwe. Morago fela ga loso lwa monna wa gagwe, monnawe monna wa gagwe o ne a mo goagoa a re: “O ne wa mo fa molemo gore a tle a go rate, mme o ne wa o loisa thata ebile o mmolaile!” Ba bangwe ba mo kgala ka gore: “O mo loile gore a swe.”

Morago ga kgwedi ya boraro a sena go “tlhapisiwa,” go mo garaswanya ga bone ga tswelela. O ne a patelediwa ka metlha go ba neela madi, dijo kana dino tsa tagi. Wawa wa mogolo o ne a itelela a re: “Ke nna ke tlhokang. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go isa dilo tseno go boora monna wa me?” Lefa go ntse jalo, o ne a tshaba go gana, a le mo poifong ya moya wa monna wa gagwe.

Kwa bofelong, morago ga dingwaga tse pedi tsa poifo, lobaka lwa khutsafalo ya ga Wawa la fela. O ne a fiwa sebaka sa go nyalwa ke mogolowe monna wa gagwe, mme go tswa foo bomonnawe monna wa gagwe. Fa a ne a gana ditopo tse tsotlhe, o ne a gololesegile go ka boela kwa gagabo. Mme, lefa go ntse jalo, Wawa o ne a dumela gore monna wa gagwe yo o suleng o ne a batla dipaka tsa go mo utlwisa botlhoko.

Selo se se utlwisang botlhoko ke gore dipoifo tsa ga Wawa tsotlhe di ne di sena motheo ele ruri. Ga go na “meya ya baswi” e e tla boang go gobatsa baratwa ba bone. Bibela e re bolelela gore baswi ba ‘hologela mo tuulalong.’ Tota, baswi “ga ba itse sepè, . . . Go le loratō loa bōnè. le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla.”—Pesalema 115:17; Moreri 9:5, 6.

Ka bolesego, Wawa fa e sale go tswa foo o ne a ithuta se. O a itse jaanong gore poifo ya gagwe e e boitshegang e ne e le ya boeleele, ya tumela-botlhodi e bile e sena motheo. Mme didikadike di le dintsi di sa ntse di na le dipoifo tse di ntseng jalo. Ka ntlha yang? Ke eng se se golegang batho ka dikeetane tsa ditumela-botlhodi? A dikeetane tseo di ka kgaolwa?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]

Morago ga loso lwa monna wa ga Wawa, monnawe monna wa gagwe o ne a mo goagoa a re: “O ne wa mo fa molemo gore a tle a go rate, mme o ne wa o loisa thata ebile o mmolaile!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela