LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/1 ts. 20-26
  • Tsayang-tsia ‘Ditlhagiso tse Re di Beilweng Pele’!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsayang-tsia ‘Ditlhagiso tse Re di Beilweng Pele’!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itiseng lo seka lwa Tlhaela Tumelo
  • Diphelelo tse di Maswe tsa Boitsholo jo bo Maswe
  • Lo Seka lwa Nyatsa Taolo e e Tlhomilweng ke Modimo
  • Sekao sa ga Mikaele se se Molemo-lemo
  • ‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 65—Yude
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Baratwa, . . . Lo Nnè Lo Ipolokè mo Loratoñ Loa Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • “Lo Nnè Tlhōahalō go Ganèlèla Tumèlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/1 ts. 20-26

Tsayang-tsia ‘Ditlhagiso tse Re di Beilweng Pele’!

1, 2. Lokwalo lwa ga Jude lo baakanyetsang ka tsela ya tao?

JEHOFA ke Modimo o o tlhagisang. (2 Dikgosi 17:12-15; Esekiele 3:17-21) Batho ba gagwe ba itse gore ga a eletse go bona ope a nyelediwa ka ntlha ya go latelela tsela e e gogelang kwa tshenyegong. (Esekiele 18:23, 32) Mme ele ruri Basupi ba ga Jehofa ba itumelela gore Rre wa bone wa selegodimo wa tlhagisa, o kaela le go boloka bao ba mo ratang.

2 Lekwalo le le tlhotlheleditsweng la ga Jude le baakanyetsa ka tlhagiso le kaelo. Mo setlhogong se se fetileng re ile ra ithuta gore ke ka ntlha yang Jude a ile a tlhagisa badumedi-ka-ene gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō.” Jaanong a re akanyetse ka thapelo ditlhagiso tsa gagwe tsa pele.—Baroma 15:4.

Itiseng lo seka lwa Tlhaela Tumelo

3. Jude o ne a ‘eletsa go gakolola’ badumedi-kaene ka ga eng?

3 Jude o tswelela ka tlhagiso e e amanang le tumelo, ka go re:

“Me yana ke eletsa go lo gakolola, leha dilō cotlhe lo nntse lo di itsetse rure hèla, yaka e rile Morèna a sena go golola chaba ñwe mo lehatshiñ ya Egepeto, moragō a senya ba ba se kañ ba dumèla.” (Yude 5)

Fa Bakeresete ba sa ‘nne tlhoahalo go ganelela tumelo,’ ba ka latlhegelwa ke boemo jo bo amogelesegang fa pele ga Jehofa Modimo. Go thibela seno, Jude o ne a ‘eletsa go gakolola’ badumedi-kaene ba ba mo kotsing ka dilo tseo ba kileng ba di ithuta le ka fa Modimo o ileng wa dirisanya le ba ba sa ikanyegeng ka teng mo dinakong tse di fetileng.

4. Ke jang le ka ntlha yang Jehofa a neng a “golola” Baiseraele ba ba neng ba le ditshwarwa?

4 Mo temaneng ya botlhano Jude lantlha o supa gore Jehofa Modimo o ne a “golola,” kana a boloka, Baiseraela ba ba mo botshwarweng mo dikgoleng tsa Baegepeto. Modimo o ne wa dira jalo fa ka kutlo ba sena go keteka Tlolaganyo ya ntlha. Kgololo e e gakgamatsang go tswa Egepeto e ne ya tlisiwa ke Jehofa Modimo ka ntlha ya go bo batho bao ba kileng ya nna ditshwarwa ba ne ba bontshitse tumelo.—Ekesodo 12:1-14, 31.

5. (a) Egepeto wa tshwantshetso ke eng, mme ke mo motheong wa eng Jehofa a gololang batho mo go ene? (b) Go falola labofelo, basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng?

5 Ka go tshwana, Jehofa o boloka batho go tswa Egepetong wa tshwantshetso, lefatshe la setho le le ikgogonneng mo go ena. (Tshenolo 11:8) O dira seno ka ntlha ya go re ka tumelo ba mo lemoga e le Modimo wa poloko ya bone mme Jesu Keresete jaaka Kwana ya tshwantshetso ya tlolaganyo yo madi a gagwe a ba rekang go tswa mo lefatsheng leno. (1 Bakorintha 5:7) Mme go abalana mo polokong, ekane kwa legodimong kana mo lefatsheng, mosupi yo ineetseng wa ga Jehofa o tshwanetse go nna a ikanyega go Ene mme le ka motlha a se ka a tenega mme a boela mo lefatsheng leno le le boikepo le dikgole tsa lone tsa boleo, fela jaaka Baiseraele ba ba neng ba golotswe ba ne ba sa tshwanela go boela kwa Egepeto. (Duteronome 17:16; Mathaio 24:13) Tumelo e e sa kgaotseng ea tlhokafala, ka go bo le fa a ne a “golola” batho go tswa Egepeto, Jehofa “moragō a senya ba ba sekañ ba dumèla,” ba ba neng ba batla go boela kwa Egepeto kana mo ditseleng tsa Baegepeto. (Bapisa 1 Bakorintha 10:1-12; Ekesodo 32:4-6; Dipalo 25:1-18; 21:4-9; 14:35-38.) Ka mo go tlhomamisegang, he, go bona poloko ya bofelo basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa gompieno ba tshwanetse go boloka tumelo ya bone.—Bahebera 3:12, 13.

Diphelelo tse di Maswe tsa Boitsholo jo bo Maswe

6. (a) “Boèmō yoa bonè” baengele e ne e le eng, mme “yo e leñ bonnō yoa bōnè” tota ke bofe? (b) Ke boleo jwa mofuta ofe jo bo neng jwa dirwa ke baengele bao? (c) Ke jang tsela ya sebe ya baengele ba ba tsuololang e bapisiwang le ya “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba umakilweng ke Jude?

6 Erile a neela sekao sa bobedi sa tlhagiso, Jude o ne a kwala ka go re:

“Le baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè, me ba tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè, o ba letisitse letsatsi ye legolo ya tshékō, ba le mo dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi.” (Yude 6)

Baengele ba ne ba bopilwe e le dibopiwa tsa moya, ba na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong. (Pesalema 103:20; 104:4; Bahebera 1:7) Seo e ne e le tshimologo ya bone, “boèmō jwa bōnè.” “Yo e leñ bonnō jwa bōnè,” kana kwa go neng go ikaeletswe gore ba nne teng, e ne e le kwa magodimong a a sa bonaleng. Mme baengele ba ba rileng ka mahega ba ne ba tlogela legae la bone la selegodimo le le tshwanetseng. Moaposetoloi Petere o ne a bolela go re ba ne ba ‘leohile,’ mme ya re ka bofefo fela a bo a setse a tsopola ditiragalo tsa motlha wa ga Noa. (2 Petere 2:4, 5) Se se tlhokomedisa nako ya pele ga morwalela fa “bomorwa [Alexandrine Manuscript ya lekgolo la botlhano la dingwaga ya Septuagint Version ya re “baengele”] Modimo,” go lebega e le ka go ikapesa ga bone mebele ya nama, ka go tlhoka go utlwa ba neng ba tsaya bomorwadia batho ba ba ntle go nna basadi ba bone. (Genesise 6:1, 2) E re ka jaana go ikopanya ga bone le basadi e ne e se selo sa tlholego sa dibopiwa tsa semoya, baengele bano ba ile ba leofa ka go ineela mo keletsong e e neng e le phoso gotlhelele mo go bone. (Yakobe 1:13-15) Ka mo go tshwanang, “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao Jude a neng a bua ka bone ba ne ba eletsa go nna le dikamano tsa boitsholo jo bomaswe le batho ba bong jo bo fapaaneng.

7, 8. (a) Ke eng se se diragaletseng baengele ba ba senang kutlo? (b) Ka jalo, re tshwanetse go dira eng gore re nne mo boemong jo bo bolokesegileng?

7 Seo se diragaletseng baengele ba ba sa utlweng se ne se direla jaaka tlhagiso go Bakeresete ba motlha wa ga Jude, mme se direla jaaka tlhagiso go Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno. Lefa gone baengele bao ba ne ba ka falola loso la morwalela ka go ikapola nama, ba ne ba kganelwa go boela kwa ‘boemong jwa bone’ jaaka dibopiwa tse di boitshepo tsa semoya tse di ipelelang lesedi la kgakololo ya Modimo le kamogelo. Go na le moo, ba ntse ba le mo ‘dikgolegong tsa bo sa khutleng,’ ka maatla a Modimo a a kganelang, go fitlhelela “letsatsi ye legolo ya tshèkō’’ ya bomodimo la tshenyego ya bone. Jaanong jaana, ga go na tshupo ya go re ba ka apara mebele ya nama, mme ba nna ka kontle ga tirelo ya ga Jehofa, mo lefifing la semoya le le ntsho, mo go seo se bidiwang Molete.—2 Petere 2:4.

8 Fela jaaka baengele ba ba sa utlweng ba ka se tlhoke go welwa ke tshenyego ya bone, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba lemoga go re ba ka nna fela mo boemong jwa poloko fa fela ba ‘nna tlhoahalo go ganelela tumelo.’ E le ruri, re tshwanetse, go ganela batho bao ba ka batlang go tlola melelwane ya Modimo e e neetsweng le go batla go leswefatsa nama.

9, 10. (a) Banni ba Sodoma le ba metse e e mo tikologong ba ne ba le molato wa dibe dife tsa boitsholo? (b) Ke sekao sefe sa tlhagiso se se neetsweng ke Sodoma, Gomora le metse e e mo tikologong?

9 Fa a ne a neela sekao sa boraro sa tlhagiso, Jude o ne a re:

“Hèla yaka metse ea Sodoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologoñ ea eōna, ka e ile ea etsa bōnè bauō, ea ineèla mo kgokahaloñ, ea latèla mokgwa oa nama e sele, e beilwe sekaō, ka go bediwa ka molelō o o sa khutleñ.” (Yude 7)

“Sodoma le Gomora, le metse e e mo tikologoñ ea eōna” go lebega e ne e akareletsa Adama le Seboima mme gongwe le ditoropo tse dingwe mo Kgaolong eo. Ka ntlha ya boikepo jwa banni ba yone, ka go na ga sulefura le molelo go tswa legodimong Jehofa o ne a senya metse eo kwantle ga Soara, o “mosiami Lote” a neng a tshabela teng le bomorwadie. (2 Petere 2:6-10; Genesise 14:2; 19:18-29; Duteronome 29:22, 23) Ka go dirisiwa ga mafoko “hèla yaka,” Jude go lebega a ne a bapisa se se diragaletseng metse eo le se se neng se diragalela baengele ba ba sa utlweng, ba ba neng ba dira sengwe se e seng sa tlholego sa dibopiwa tsa moya ka go tsaya basadi go nna bomogatsa-a-bone. The Jerusalem Bible fano e balega ka go re: “Boaka jwa Sodoma le Gomora le metse e mengwe e e gaufi ele ruri e ne e se jwa tlholego.” Banni ba yone ga ba ka ba dira boaka fela le basadi mme ba ne ba kgotsofatsa phasogo ya bone ka banna mme gongwe le eleng ka dibatana. (Bapisa Lefitiko 18:22-25.) Segopa sa banna le basimane mo Sodoma se ne se hasogela dikamano tsa bonna le bosadi le baeng ba ga Lote bao segopa seo se ba tsereng gore e ne e le banna, mme ba ne ba kgaosediwa fa baengele ba ba bedi ba ba etileng ba ne ba ba kalola matlho, mme ya re morago ga foo ba falotsa Lote mo motseng o o atlhotsweng.—Genesise 19:1-17.

10 Sodoma, Gomora le metse e e mo tikologong e tlhomile sekao sa tlhagiso “ka go bediwa [ke Jehofa Modimo] ka molelō o o sa khutleñ,” tshenyego ya bo sa khutleng. Bobotlana matlotla a a sheleng a Sodoma, Gomora, Adama le Seboima go akanngwa fa a le ka fa tlase ga metsi a kwa karolong ya borwa jwa Lewatle la Letswai (Le Le Suleng) kana mo kgaolong eo. Ka jalo ga go lefa e le yone kana banni ba yone se santseng se e sha. Go lebega metse eo ka bo yone, go na le banni ba yone botlhe, e ne ya nyelelediwa ruri, ka go bo go bonala ekete bobotlana batho bangwe ba ba kileng ba bo ba nna koo ba tla tsosiwa. (Mathaio 10:15; 11:24; Tshenolo 20:12, 13) Mme se se diragaletseng metse e e tlotlologileng eo ke tlhagiso e e nonofileng kgatlhanong le boitsholo jo bo maswe, e e tshwanetseng go tsewa tsia ke Basupi ba ga Jehofa gompieno.

Lo Seka lwa Nyatsa Taolo e e Tlhomilweng ke Modimo

11. Ke jang “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba ba kukunetseng mo gare ga batho ba Modimo ba bapisiwang le metse e e tlotlologileng ya Sodoma le metse e e mo tikologong?

11 Se se latelang Jude o ne a lebisa go “batho ba ba sa reñ Modimo sepe” mme o ne a re:

“Leha go nntse yalō, le bōnè ba, ba nntse yalo mo go loreñ ga bōnè, ba leshwèhatsa nama, ba nyatsa pushō, ba kgala batlotlegi.” (Yude 8)

“Leha go nntse yalo,” kana, ka mo go bonalang, ka tsela e batho ba ba tlotlologileng ba Sodoma le ba metse e e mo tikologong ba neng ba kgotlela nama ya bone ka dikamano tsa bonna le bosadi tsa bopepe le tse e seng tsa tlholego, ka jalo banna ba ba ikaeletseng go dira boikepo ba ba kukunetseng gareng ga batho ba Modimo ba ne ba leswefatsa mmele wa nama. Ba ne ba nyatsa kgakololo ya boaposetoloi ya “tshabañ boaka.”—1 Bakorintha 6:18-20.

12. (a) Ke jang batlhageledi bao ba “baikepi” ba neng ba le “mo go loreñ ga bōnè”? (b) Ke eng se se beetsweng badiri ba boitsholo jo bo maswe ba ba sa ikotlhaeng?

12 Batlhageledi bao gape ba ne ba le “mo go loreñ,” gongwe ka ntlha ya go bo ba ne ba batla go tshwarelela diponong tsa bone ka ditoro tsa boporofeti tse e seng tsone tota. (Bapisa 2 Petere 2:1; Duteronome 13:1-5.) Gape le gone, ditoro tsa bone di ka ne di ile tsa kopanyeletsa dikeletso tse di maswe tsa bonna le bosadi, kana gongwe tlhaloso eno e ka ne e raya gore dithuto tsa bone e ne e le “tsietso fela.” (JB) Mo dipakeng tsotlhe, “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao ba ne ba batla ditsela tsa go tsweledisa pele dibaka tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa bonna le bosadi mme ba akanya gore ba ka falola fela ka boitshwaro jo bomaswe. A ope wa Basupi ba ga Jehofa gompieno a seka a wela mo seraing seo! Moatlhodi-Mogolo kwa ntle le pelaelo o tla atlhola badiri ba boitsholo jo bomaswe ba ba sa ikotlhaeng.—Genesise 18:25.

13. Ke boikutlo bofe jo ‘balori’ ba boitsholo jo bo maswe ba neng ba na le jone tebang le taolo ya bomodimo e e tlhomilweng?

13 ‘Balori’ bao gape ba “nyatsa pushō, ba kgala batlotlegi.” Ka bogoma ba ne ba nyatsa taolo e e ntshitsweng ya bomodimo. (Diane 21:4; 2 Petere 2:10) Fela jaaka baengele ba ba senang kutlo, banna bao ba ne ba na le moya wa go tsuolola mme ba ne ba tshwanelwa ke katlholo e botlhoko ka ele ruri ba ne ba nyatsa Molaodi wa Lobopo le Morwa wa gagwe yo o rategang.

14. “Batlotlegi” e ne e le bomang?

14 Gape batho ba ba sa reng Modimo sepe bao ba ne ba kgala “batlotlegi” (tota-tota, ‘dikgalalelo’), ka mo go bonalang bao ba neilweng kgalalelo e rileng ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Yohane 17:22; 1 Petere 4:12-14) Legale, e re ka kgalalelo e e ntseng jalo, kana tlotlo, e dule go Modimo, go ne go se tlotla epe e e neng e tshwahetse go neelwa batho bangwe ba ba rategang mo lefatsheng ba ba ka neng ba e ipelela. Leha go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa botlhe ba tshwanetse go tlotla “kgalalèlō” e e ntseng jalo mme ba bue ka yone ka mo go tshwanetseng, mme tlotlo-kgolo e lebe go Jehofa Modimo.—1 Samuele 2:30.

15. (a) ‘Balori’ ba ba leswefatsang nama ba ne ba bua jang ka ga “batlotlegi”? (b) Re tshwanetse go dira eng fa e le gore re na le tshekamelo ya go nyatsa taolo e e ntshitsweng ke Modimo?

15 E le ruri, bao e leng bangwe ba balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ba direlang ka boikanyegi jaaka balebedi ba ba tlhophilweng ba Bakeresete ba na le kgalalelo, kana tlotlo, e ba e filweng. Basupi-ka-bone ba tshwanetse go tshwaragana le bone le go ba ema nokeng mo tirelong ya Modimo. A re se ka ra tshwana le ‘balori’ ba ba leswefatsang nama ba motlha wa ga Jude ba ba neng ba nyatsa puso ya ga Jehofa mme ba sa tlotle dikgalaletso tse di tswang go ena, mme ba kgala bao ba neng ba apesitswe ka dikgalalelo tse di ntseng jalo. (Bapisa 3 Yohane 9, 10.) Ka jalo, fa re na le e leng tshekamelo ya go nyatsa taolo e e tlhomilweng ke Modimo, ekete re ka batla thuso ya ga Jehofa ka thapelo go baakanya pono ya rona.

Sekao sa ga Mikaele se se Molemo-lemo

16. Ke pharologano efe e e neng e le gone magareng a moengele yo mogolo Mikaele le ‘balori’ ba senang tlotlo?

16 Molemong wa rona, Jude o tsopola sekao se se molemo-lemo, ka go re:

“Me Mikaele moengele eo mogolo, o rile a ganèla le diabolo a tatalalana naè kaga mmele oa ga Moshe, a boiha go mo sekisa ka go mo gobolola, me a bua, a re, A Morèna [Jehofa] a gu kgalemèlè.” (Yude 9)

A pharologanyo e kgolo magareng ga ‘balori’ ba ba senang tlotlo le Mikaele moengele yo mogolo yo o neng a nna Morena wa rona Jesu Keresete! (Bapisa Diane 8:22-31; Yohane 6:62; Bafilipi 2:5-11; 1 Bathesalonia 4:15, 16.) Mo go kgaleng ga bone batlhanka ba Modimo, ‘balori’ ba ba sa reng Modimo sepe ba ile ba itshegela mogodu o le Morwa wa ga Jehofa a se kang a go dira fa a ne a tatalala le Satane kaga mmele wa moporofeti wa Mohebera Moshe. Ga gona rekote ya pele ya Dikwalo ka ga tatalalo eno. Mme ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang Jude o ne a amogela boikitsiso jo mme a bo bega go re solegela molemo.

17. (a) Mo kganetsanong ya mmele wa ga Moshe, Mikaele o ne a seka a dira eng, mme ka ntlha yang? (b) Mikaele o ne a tlhomela jang batho ba ga Jehofa sekao sa tlotlo ya taolo ya bomodimo?

17 Ka mo go bonalang, Diabolo o ne a batla setopo sa ga Moshe go re a simololele kobamelo ya bodumedi mo go sone mme ka jalo a senye batho ba Modimo. Mme lefa go ntse jalo Mikaele ga a ka a leka go tlisa katlholo kgatlhanong le Diabolo ka go mo gobolola. Mikaele o ne “a boiha” go dira jalo ka go bo a ne a na le poifo e e tshwanetseng ya ga Jehofa. Lefa e le go leka go sianela kwa pele ga nako e e tlhomilweng ya ga Jehofa go dirisanya le Satane. (Tshenolo 12:7-9; 20:1-3, 7-10) Go na le moo, Morwa Modimo yo o rategang o ne a supa tlotlo ya Moatlhodi-Mogolo mme a mo neela tshwanelo ya go kgalemela Diabolo. Ka jalo Mikaele a raya Satane a re: “A Morèna [Jehofa] a gu kgalemèlè.” Lefa mafoko a ga Mikaele a ne a se makgwakgwa, o ile a bontsha maatla ka go thatafala ka mmele wa ga Moshe, mme Jehofa o ne a fitlhile moperofeti mo phupung e e sa itseweng. (Duteronome 34:1-6) Ele ruri, mo go se sotlhe Morwa Modimo o tlhometse batho ba ga Jehofa sekao se se molemo-lemo sa go tlotla taolo ya bomodimo. Ekete re ka se latela.

18. Ke ka ntlha yang go ka twe ba ba neng ba batla go leswefatsa nama ba ne ba tlhaela bomoya?

18 Ka mo go fapaanang le seo, Jude o ne a tswelela a re:

“Me ba, ba kgala dilō diñwe le diñwe tse ba sa di itseñ: me tse ba di itseñ ka mokgwa oa tlhōlègō, yaka dibopiwa tse di senañ tlhaloganyō, ba senyèga mo go cōna dilō tseuō.” (Yude 10)

Lefa baleswefatsi bano ba nama ba ne ba le kwa tlase-tlase thata mo go Mikaele, yo o neng a ka seke a tlise katlholo kgatlhanong le Satane ka go mo gobolola, ba ne ba sa kgale “batlotlegi” fela mme gape le “dilō diñwe le diñwe [tsa semoya] tse ba sa di itseñ” kana ba sa di tlhaloganyeng. “Ba sena Mōea” (Yude 19), ba ne ba ka se kgone go tlhaloganya dilo tsa semoya. (1 Bakorintha 2:6-16) Megopolo ya ga Jehofa, ditsela, ditirisanyo le ditiro di ne di sa itsege go “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao.

19. Ke jang “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba neng ba tshwana le “dibopiwa tse di senañ mogopolō”?

19 Ka tlotlo ya ga Jehofa Modimo, moengele yo mogolo Mikaele le fa e le baengele ba bangwe ba ba siameng ga ba kgale bao Modimo o ba neileng kgalalelo e e rileng. Mme “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bano ba dira jalo ka go bo ba ineetse ka botlalo mo dikgotelong tsa dibopiwa. Ga ba a ka ba tlhaloganya dilo tsa semoya fa e se fela seo se neng se ikuela dikgotelong tsa bone tsa nama. Ka jalo, jaaka dibopiwa tse di tshwenyegang fela ka nama, ba ne ba batla go kgotsofatsa nama ya bone e e leswefetseng. Banna bao, ba gakaletse go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tse di leswefetseng, ba ne ba ‘itshenya’ mo dibeng tsa bone tsa nama. Ka gone ba ile ba itshupa ba se botoka go na le “diphōlōhōlō hèla, tse di nañ le go chwarwa hèla le go señwa” di sena tsholofelo epe ya go tsosiwa.—2 Petere 2:9-13.

20. Ponong ya mafoko a ga Jude a a akanyeditsweng go tla go fitlha fano, ke tsela efe e basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e latela?

20 Abo go le botlhokwa jang mo Basuping ba ga Jehofa gompieno go tlhabantsha baruti ba maaka gotlhelele, ba ba tla leswefatsang nama le bao ba nyatsang taolo e e tlhomilweng ya bomodimo! Ka gone, fa kgakololo e e akanyeditsweng go tla go fitlha fa ya lokwalo la ga Jude e senola bogolo jwa phoso mo maikutlong a rona batho-ka-esi kana mo ditseleng, ekete re ka itlhaganelela go fetola tsela ya rona, ka thapelo re batla thuso ya Rraarona wa selegodimo. Mme ekete re ka solegelwa molemo thata semoyeng ka ntlha ya go tsaya-tsia ‘ditlhagiso tse re di beilweng pele.’

(Kakanyetso ya rona ya lokwalo lwa ga Yude e tla wediwa mo tokololong e e tlang ya Tora ya Tebelo)

A o ka gakologelwa dintlha tseno?

◻ Boitemogelo jwa Baiseraele ba bogologolo bo supa jang gore re tshwanetse ra nna le tumelo e e sa kgaotseng go bona poloko?

◻ Baengele ba ba sa utlweng ba re baakanyeditse sekao sefe sa tlhagiso?

◻ Sodoma, Gomora le metse e e dikologileng di neela ka tlhagiso efe go Bakeresete?

◻ Ke ka ntlhayang re sa tshwanela go tlhokomologa taolo e e tlhomilweng ya bomodimo?

◻ Ke sekao sefe sa tlotlo ya taolo se se tlhomilweng ke moengele yo mogolo Mikaele, mme ka jalo re tshwanetse go itshwara jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Fela jaaka Modimo o ne wa “golola chaba ñwe mo . . . Egepeto,” Bakeresete ba golotswe mo lefatsheng le le boikepo le. Mme tumelo e e sa kgaotseng e a tlhokafala go bona poloko ya bofelo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Se se diragaletseng Sodoma le metse e e dikologileng ke tlhagiso kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang

“Me ke gona, ereka re dikanyedicwe ke boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele. Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi.”—Bahebera 12:1, 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela