LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/1 ts. 27-29
  • pono ya gago ya madi e ka ama botshelo jwa gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • pono ya gago ya madi e ka ama botshelo jwa gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bothata jwa Bahumi le Bahumanegi
  • Ka Baka Lang Kobamelo ya Boammaaruri e Thusa
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/1 ts. 27-29

pono ya gago ya madi e ka ama botshelo jwa gago

MADI a botlhokwa go le kana-kang mo botshelong jwa gago? Kana, go na le moo, madi a kwa godimo jang mo go akanyeng ga gago? Go ba le bantsi, a tla pele mo botshelong jwa bone le mo go akanyeng ga bone ka bobedi. Ba ka ineela ka botlalo mo maitekong a go kokoanya madi. Ba bangwe ba ikepela lebitla go sa le phakela ka baka la one. Go bona madi, ba bangwe ba thukhutha, ba tsietsa, ba aka kana le eleng go bolaya.

Pono ya Mokeresete ke eng? Bibela e bontsha gore madi a na le mosola mongwe mo tsamaisong eno ya dilo, a sireletsa motho mo khumanegong le matswela a yone a a hutsafatsang. Jaaka Kgosi Solomone a ne a kwala, ‘madi ke phemelo.’ (Mor. 7:12) Go feta moo, dilo tse di bonalang di ka dirisiwa go thusa batho ba ba tlhokang.—Dit. 4:34, 35; Baef. 4:28.

Mokeresete, lefa go ntse jalo, ka botlhale o elatlhoko gore madi a se nne botlhokwa mo go ene mo eleng gore tlhaloganyo ya gagwe ya dilo tse di nang le mosola e ka sokamisiwa. Madi ga tshwanela le ka motlha a letlelelwe go nna selo-segolo mo botshelong jwa rona. Ruri e tlabo e le go tlhoka tlhaloganyo go ntsha tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng setlhabelo ka baka la dithoto.

Bothata jwa Bahumi le Bahumanegi

Kotsi ya go baya botlhokwa jo bo seong mo mading e bontshiwa mo temeng ya lekawana le le humileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Fa a botsa Jesu se a tshwanetseng go se dira go bona botshelo jo bo sa khutleng, o ne a bolelelwa: “Rekisa cotlhe tse u nañ nacō, me u abèlè bahumanegi; me u tla na le lohumō kwa legodimoñ.” Monna o ne a ikutlwa jang? “A hutsahala thata; ka a na a humile thata.” Ee, lekawana le ne le batla botshelo jo bo sa khutleng, mme madi a gagwe a ne a le botlhokwa thata mo go ene. Jesu o ne a tswelela ka go bontsha gore selo se e ne e se boemo jo bo sa tlwaelesegang. O ne a tlhalosa gore, jaaka molao wa kakaretso, “gonne go ka nna boheho kamela go tsèna ka lecoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.”—Luke 18:18-25.

Le gale, go na le bahumi ba ba tla ruang bogosi jwa Modimo. Mme se e tla nna ka baka la go inaakanya ga bone le tsela ya poloko ya bolegodimo. (Luke 18:27) Gore ba dire jalo go tlhokega gore ba se tlhole ba ikanya khumo ya bone le tlhotlheletso mme ba dirise dithoto tsa bone ka botlhale, kgalaletsong ya Modimo. Ka gone ba “na le lohumō kwa legodimoñ,” ka Mogodimodimo a tla duela ditiro tsa bone tse di molemo ka botlalo.—Math. 6:19-21; Luke 16:9.

Mohumanegi le ene o ka thatafalelwa ke go boloka pono e e tlhamaletseng ya madi. Fa a na le sebaka sa go tokafatsa seemo sa gagwe sa madi tshenyegelong ya melao-metheo ya gagwe ya Bokeresete, se e ka nna teko ya sebele go ene. Ka sekai, o ka neelwa tiro e e duelang sentle e e kopanyeletsang tiro e e lwantshang segakolodi sa gagwe. Kana, tiro e ka mo thibela go kopanela le badumedi-ka-ene ka metlha. Kwa tshimologong, madi a a okeditsweng a ka lebega jaaka karabo ya dithapelo tsa gagwe. La bofelo, oa akanya, mengwe ya merwalo ya botshelo ke a e imololwa.

Mme gopola Akane. Mo kgapong ya Jeriko, o ne a tsaya se e neng e se sa gagwe, a iteretse loso gammogo le lelapa lotlhe la gagwe. (Yosh. kgao. 7) Ka mo go tshwanang, go kapa dipaka go oketsa tse di bonalang tshenyegelong ya segakolodi sa motho sa Bokeresete go ka felela ka kgobalo e e masisi ya semoya. (1 Tim. 6:9) Madi fela ga a kitla a re solegela molemo ka tsela eo tirelo ya boikanyegi go Modimo e ka dirang ka teng.

Ka jalo he, Bakeresete ba ba mo mafatsheng a a tlhabologang ba dira botlhale go boloka pono e e lekalekaneng ya madi. Ka sekai, mo lefatsheng le lengwe morwadia mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a abelwa dituelelo tsa go ya go ithuta kwa United States. Mo nageng ya ga gabo, dituelelo tse di ne di lebiwa jaaka mpho e e nang le mosola go gaisa. Mme lelapa la fetsa ka go gana mpho. Go amogela dituelelo go ne go ka bo go tseetse mosetsana kgakala thata le legae mo dingwageng tsa gagwe tsa go gola. Go ne go ka bo go mo lebagantse le mathata a mantsi ao o neng a ka bo a tlhokile boitemogelo fela thata jwa go dirisana le one. Ka mabaka a lelapa a fetsa ka gore go direla mo go bolokeng kamano e e molemo le Modimo go ne go na le mosola thata go gaisa mesola ya tse di bonalang eo thuto ya kwa moseja e neng e ka e lere.

Mme motho o ka nna le tlhaloganyo e e siameng jang fa botshelo bo le thata jaana? Go na le dikarolo tsa lefatshe tseo kwa go tsone batho ba le bantsi-ntsi ba tshelelang mo khumanegong e kgolo. Go kgona go tshela, banna ba dira dioura di le 12 kana 16 ka letsatsi, malatsi a le marataro kana a supa ka beke. Tlase ga kgatelelo e e ntseng jaana, go ka lebega ekete madi ke botshelo. Lefoko la Modimo, lefa go ntse jalo, le ka thusa motho go tila go nna yo o sa lekalekanang tlase ga maemo a. Ka go latela kgogo ya Bibela, motho o tla tlase ga tlhokomelo e e lorato ya Modimo ka tsela e e tlhamaletseng go gaisa. Se se mo neela pabalesego.

Jesu o ne a phepafatsa se. Ka nako nngwe, o ne a bua le matshwititshwiti, bontsi jwa bao kontle ga pelaelo ba neng ba tlwaelane le khumanego. O ne a ba kgothaletsa go ‘se tlhobaelele botshelo jwa bone, ba re ba tla ja eng, ba tla nwa eng, lefa e le kaga mmele, ba re ba tla apara eng.’ Jesu o ne a tshwantsha ka dinonyane, a bontsha gore go na le Mmopi yo o lorato yo o tlamelang ditshedi tse ka ditlhokafalo tsotlhe. Ee, Mmopi yo o bile o apesa, re ka rialo, dithunya ka bontle. A lebisitse go dinonyane, Morwa Modimo o ne a tsosa potso: “Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go cōna?”—Math. 6:25-32.

Ee tota, batho ba tlhotlhwa-kgolo go gaisa dinonyane kana dithunya. Jalo Jehofa Modimo o tla tlhokomela batho, bogolo jang fa ba direla mo mafokong a ga Jesu a a latelang: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” Ee, motho o ka nna le tsholofelo mo go ikaegeng ka Jehofa bakeng sa thuso, fa fela a baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele.—Math. 6:33.

Ka Baka Lang Kobamelo ya Boammaaruri e Thusa

Ke gone ka moo molaetsa wa Bokeresete jwa boammaaruri e leng sengwe seo bahumanegi ba se tlhokang ka boammaaruri. O neelana ka thuso e e sa retelelweng mo go dirisaneng le bothata jwa bone. Eleruri go nna le kgomotso ya sebele mo go itseng gore Mmopi o tla ba thusa go tlhokomela malapa a bone fa ba tswelela ka go mo direla.

Se ga se reye gore ba ka ikaega ka batho ba bangwe go tlhokomela malapa a bone. Seo e santse e le boikarabelo jwa bone. (1 Tim. 5:8) Le gone ga se reye gore jaanong ba tla huma. Nnya, gongwe ba santse ba tla tshwanelwa ke go dira fela thata gore ba kgone go tshela. Mme ba ka ya go robala bosigo ka dipelo tse di ritibetseng, ba na le tsholofelo ya gore ka moso Jehofa o tla ba bulela tsela gore ba otle malapa a bone.—Pes. 4:8.

Ba tla tshwana le Dafide. Pele ga a nna kgosi, o ne a itemogelela mathata a mantsi. Lefa go ntse jalo, go ya bofelong jwa botshelo jwa gagwe, o ne a ka re: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.” (Pes. 37:25) Bakeresete ba le bantsi ba ka supa ntlha ya gore Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe gompieno ka tsela e e tshwanang e e gakgamatsang. Ka sekai, elatlhoko polelo ya mosadi mongwe wa Mokeresete yo o humanegileng mabapi le dilo tse di bonalang yo o neng a ipolela jaaka “motlhoki, mme ke tsetse.” Ka nako nngwe o ne a tshwanelwa ke go tshela jaaka motshabi ka baka la tiro ya barukutlhi mo nageng ya ga gabo. Go sa kgathalesege mathata, ene le bana ba gagwe ga ba ise ba ke ba tlogele kobamelo ya boammaaruri. A re: “Re kgotsofetse ka boemo jwa rona ka baka la khumo ya botshelo jwa rona jwa semoya. Ee, poifomodimo gammogo le kgotsofalo ke phenyo e kgolo.”—1 Tim. 6:6-8.

Ruri, botlhe—go kopanyeletsa le bahumanegi—ba ka ipelela masego a magolo fa ba batla bogosi jwa Modimo pele. Ka go dirisa kgakololo ya Bibela, ba ka tokafatsa botshelo jwa malapa a bone, ba tila go senya madi ka ditsela tsa bofafalele—metshameko ya madi, go goga motsoko, go nwa thata—mme ba ithuta go dirisa dikhumo tsa bone ka tsela e e molemo e e ka kgonegang. Ba ka bona botlhale jo bo tlhokegang go dirisana le mathata ka katlego. Go feta tsotlhe, ba ka lebelela ka tsholofelo nakong eo khumanego, gammogo le matlhoko otlhe a botho, di tla bong di tlositswe.—Isa. 25:6-8.

Jalo ekane re na le dithoto tse dinnye kana tse dintsi, pono e e siameng ya madi e ka thusa mo boipelong jwa botshelo. Ekane boemo jwa rona ke bofe, selo sa botlhokwa ke go baya bogosi jwa Modimo kwa pele, le go tswelela go dira se se siameng mo matlhong a gagwe. Se se ka tlhoka boitshoko mo letlhakoreng ja rona, mme se ka lere masego a magolo jaanong le mo isagweng. Ka gone he, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa Bagalatia: “A re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.”—Bagal. 6:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela