LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/15 ts. 5-8
  • A O Tsofaletse go Ithuta?—“Legoka!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tsofaletse go Ithuta?—“Legoka!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako ya Go Fetola Tsela
  • Go Dira Diphetso
  • Go Sa Kgathalesege Bolwetse
  • Ke Ka Ntlha Yang fa ba Re “Nyaa!”
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Bagodi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele
    Tsogang!—1991
  • Jehofa O Gopola Ba Ba Lwalang le Ba Ba Tsofetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/15 ts. 5-8

A O Tsofaletse go Ithuta?—“Legoka!”

A GO ka kgonagala gore o gole thata mo o ka se keng o ithute? Legale, akanyetsa dilo di sekae tse batho ba ba godileng ba ileng ba di fitlhelela. Mokwadi wa mmino Irving Berlin wa dingwaga tse di masome a robang bongwe le bobedi o ne a santse a kwala mmino mme motshameka-piano Arthur Rubinstein o ne a santse a tshameka piano ya gagwe ka dingwaga tse di masome a a robang bongwe le bone. Justice Oliver Wendell Holmes, ka dingwaga tse di masome a roba bongwe le bobedi, o ne a simolola go ithuta Segerika. Moshe e ne ya re a le dingwaga tse di masome a a robang bobedi a simolola tiro e ntšha ya go nna moeteledi pele wa morafe le sebui sa phatlalatsa. (Ekesodo 7:7) Mme moaposetoloi Johane o tshwanetse a bo a ne a le mo dingwageng tsa bomasome a a robang bongwe fa a ne a dirisiwa go kwala Dikwalo tsa gagwe tsa Boefangele tse di itsegeng thata le buka ya Tshenolo.

Nyaa, dingwaga ga di fokotse botlhaga jwa mogopolo. Go na le malwetse mangwe a a ka fokotsang go akanya ga batho ba ba godileng. Bongwe jwa one jo bogolo ke bolwetse jwa Alzheimer, jo ka dinako tse dingwe bo bidiwang tshenyego ya boboko, jo bo dirang gore go nne le tshenyego ya sebele mo bobokong. Malwetse a mangwe a ka nna a supa dikai tse di tshwanang. Mme bontsi-ntsi jwa batho ba ba godileng ga bo Iwale malwetse a a ntseng jalo. Ka bano, mongwe wa babatlisisi o rile, “Boremo jwa mogoma ga bo na botlhobogo.”

Mo ditlhatlhobong tsa kwa Univesithing ya Cambridge, kwa Ennyelane, diphitlhelelo tsa bagodi bangwe di ne tsa nna molemo fela jaaka tsa baithuti ba ba botlana. Dr. Weinberg, ngaka ya balwala-tlhaloganyo mme e bile e le motlhalefedi wa tsofalo, o bega gore, fa fela go sena bolwetse jo bo tsenelelang, mogopolo wa motho o sa ntse o na le maatla le kgono ya go ithuta go fitlha dingwageng tsa bogodi tota—bogolo jang fa batho ba ba godileng ba ipoloka ba le matlhagatlhaga mo mmeleng mme ba kopana le batho ba ba amegang ka ga bone. Dr. Weinberg wa dingwaga tse di masome a supa a re, “Isagwe ya batho ba ba godileng e ya phatsima, fa fela ba boloka kgatlhego ya go itse le keletso ya bone ya go ithuta le go gola.”

Go ba bangwe, seno ele ruri se ile sa nna jalo. Tota, mafoko a ga Dr. Weinberg a ile a supega a le boammaaruri kwa ntle ga pelaelo ka tsela e e hakgamatsang go na le jaaka a ne a solofetse.

Nako ya Go Fetola Tsela

Akanyetsa, ka sekai, Alice Okon kwa Nigeria. Morwa wa gagwe e ne e le Mokeresete wa boammaaruri, mme o ile a kgothaletsa mmaagwe go bala Bibela le go ithuta ka tsholofelo e e e neelang. Kgabagare, a dumela go ithuta Bibela, o ne a godisiwa mo tumelong, mme ka dingwaga tse di masome aa robang bobedi, a kolobediwa mo metsing go supa boikemisetso jwa gagwe go dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe go direla Modimo.

O dumela ka botlalo mafoko ano: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore le ha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Mme ka go bo jaanong a bontsha tumelo eo, o lebeletse pele ka tsholofelo botshelo jo bosakhutleng jo Modimo o bo solofeditseng. Ka dingwaga tse di masome a a robang bobedi, ele ruri o ne a sa gola mo o ka sekeng a ithute.

Go Dira Diphetso

Batho ba ba godileng ba ka dira diphetso tse di thata mme ba tshela ka matswela a tsone. Paul Inyang Atua wa dingwaga tse di masome a supa le boroba bongwe, yo le ene a nnang kwa Nigeria, o ne a lebana le phetso e e bokete go e dira. Mo botshelong jotlhe jwa gagwe o ne a batla bodumedi jo bo rutang boammaaruri jwa Bibela. Kgabagare, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba mo etela, mme o ne a itse gore o bone se a ntseng a se batla. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba se ka ba itumelela phetso ya gagwe.

Moruti wa bodumedi jo Paul a neng a ntse a kopanela le jone go le pele o ne a mo etela. Fa a bona Bibela mo tafoleng ya ntlo ya ga Paul, a e tsaya, a e bitsa buka ya bodumedi ya maaka mme a e kgagolaka ditoki-toki. Paul jaanong o ne a tshwanelwa ke go dirisanya le monna yono yo o gaketseng mme a mo ritibatse, fa ka tsela e e tshwanang a leka go sireletsa boammaaruri jwa Bibela jo a setseng a bo ithutile.

Moruti o ne a se ka a kgotsofala. O ne ka go tenega a mo tlogela mme a leka go tsosa pogiso kgatlhanong le Paul. Mo godimo ga moo, batho ba motse wa gaabo Paul ba ne ba batla go mo dira kgosi ya motse oo go mo faposa mo tumelong ya gagwe e ntšha e a e boneng. Paul o ne a gana mpho ya bone, a lemoga maikaelelo a bone.

Go tswa foo Paul o ne a tshwanelwa ke gore a tsee kgato e nngwe e e bokete gape. Bibela e re bolelela gore Mokeresete, go itumedisa Modimo, e tshwanetse ya bo e le “monna eo mosadi a le moñwe hèla.” (1 Timotheo 3:2) Ka jalo Paul o ne a tshwanelwa ke go dira dithulaganyo, tumalanong le melao-metheo ya Bokeresete, go nna monna wa mosadi a le mongwe. Se o ne a se dira. Lenyalo la gagwe le ne la kwadisiwa ka fa molaong, mme, kwa bofelong, o ne a kgona go kolobediwa.

Gakologelwa, Paul o ne a le dingwaga tse di masome a supa le boroba bongwe fa a ne a dira dipaakanyo tseno tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. A re: “Lefa diphetogo tseno tsotlhe di diragetse mo bogoding jwa me, ke leboga Jehofa go bo a ile a mpaakanyetsa sebaka sa go dirisa malatsi a me a bofelo mo tirelong ya gagwe.” Gape, Paul jaanong o na le pono e e phatsimang thata ya isagwe go feta jaaka a ne a ntse. A o ne a godile mo a ka se kang a ithuta? Eseng ka Paul Inyang Atua wa dingwaga tse di masome a supa le boroba bongwe!

Go Sa Kgathalesege Bolwetse

Bagodi ka dinako tse dingwe ba na le mathata a botsogo, mme se ga se a tshwanela go ba thibela go nna le keletso ya go itse dilo le go batla go ithuta. Moefangele wa nako e e tletseng yo o neng a bidiwa Michiyo Fujimi o ne a fitlhela fa se se le boammaaruri. Michiyo o ne a ntse a etela batho kwa karolong ya bokone ya Setlhake-tlhake sa Honshu, mo Japane, fa a ne a kopana le Rre Kato wa motsofe.

Rre Kato o ne a gapa tlhokomelo ya ga Michiyo fa a ne a re: “Modimo wa Bokeresete o batla batho ba nna le botshelo, eseng loso. A ga go jalo?” E ne e le tlhaloso e e akabatsang. Lefa go ntse jalo, puisano e ne e le bokete ka go bo monna mogolo a ne a setse e le mokaneng a sa utlwe gotlhelele. Lefa gontse jalo, o ne a kgatlhegela go bala, mme Michiyo a mo tlogelela dimakasine tsa Bibela. O ne a leka go mo thusa go ithuta Bibela, mme ga lebega ekete ga a tlhaloganye thulaganyo. Ka jalo dingwaga di le tharo, o ne a nna a mo isetsa dimakasine tsa Bibela ka metlha gore a tle a di bale. O ne a ithuta go araba dipotso dipe tse a neng a ka nna le tsone ka go dirisa pensele le pampiri.

Mo dikgweding di se kae tse di fetileng Rre Kato—jaanong a le dingwaga di le masome a roba bongwe—o ne a supa gore o na le dilo dingwe tse o batlang go buisana ka tsone. O ne a ikamogeletse kitso e e boteng ya Bibela mo go baleng ga gagwe. Setlhogo sa makasine se ne sa mo kaela gore a kopane le Basupi ba ga Jehofa, ereka ba ka mo thusa go ithuta ka fa o ka dirang thato ya Modimo. O ne a botsa a re: “Ke ka bona jang Basupi ba ga Jehofa?”

Michiyo o ne a tsholetsa monwana wa gagwe o o supang mme a itshupa fa nkong—sesupo sa Ma-Japane se se rayang “Ke nna.” Ee, e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Monna mogolo o ne a itumela mme a batla go itse kwa Holo ya Bogosi e neng e le teng. O ne a utlwile gape ka ga yone, fa a ntse a bala. Jaanong, go sa kgathalesege bosusu jwa gagwe, monna mogolo yono o ithuta Bibela ka go dirisa mokgwa wa pensele le pampiri jaaka tsela ya puisano. O bona kutlwisiso e e phepa ya boammaaruri jwa Bibela mme o kopanela le Bakereseteka-ene. A Rre Kato, wa dingwaga tse di masome a roba bongwe, o setse a godile mo a ka se ithuteng? Ele ruri ga go jalo!

Mme le eleng ene Mmaetsho Takahashi. Fa a bapisiwa le Rre Kato o ka lebega a le monnye—dingwaga tsa gagwe di masome a supa le boraro “fela!” Mme o na le bothata. Mo dingwageng tse di masome a mane le boraro tse di fetileng o ne a foufala, mme ga a ise a ke a nne le sebaka sa go ithuta Mokwalo wa Difofu. Lefa go le jalo fa a ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, o ne a supa gore o batla go ithuta ka ga Bibela, ka jalo bareri ba mafoko a a molemo ba le babedi ba ithuta le ene. Ka ntata ya bofofu jwa gagwe o ne a tshwanelwa ke go gakologelwa ka tlhogo se a se ithutileng; ka jalo, mo dingwageng tse di masome a supa le boraro, Mmaetsho Takahashi o ne a simolola go gakologelwa ka tlhogo dikarolo tse dingwe tsa Bibela.

Jaanong, o nna gone mo dipokanong ka metlha go sa kgathalesege go koafala ga gagwe le dingwaga. Mme, le fa a na le go lwadiwa ke mosepele, o tsamaile dikhilomithara di le 600 (dimmaele di le 370) gore a tle a kgone go nna teng kwa kopanong ya bodumedi. Ngwaga e e fetileng o ne a kolobediwa. A o ne a godile mo a ka sekeng a ithute? Mmaetsho Takahashi ga a ka a akanya jalo!

Ke Ka Ntlha Yang fa ba Re “Nyaa!”

Ee, fela jaaka Dr. Weinberg a rile; “Isagwe ya batho ba ba godileng e ya phatsima, fa fela ba boloka kgatlhego ya go itse le keletso ya bone ya go ithuta le go gola.” Go bao ba ba mo dingwageng tsa bone tsa bogodi ba godisang kgatlhego ya bone ya go itse ka Modimo le maikaelelo a gagwe, le keletso ya go ithuta ka ga gagwe le go gola mo tumelong, isagwe e phatsima fela thata.

Ba lemoga gore botshelo jwa bone go tla go fitlha jaanong—ekane bo mo dingwageng tsa bomasome a supa, masome a roba bobedi kana masome a roba bongwe kana go feta—e nnile mpho ya Modimo. Ba lemoga gape gore, lefa ba ka bo ba godile mme ba na le boitemogelo, go sa ntse go na le dilo tse ba ka di ithutang. Tota, ka pono ya Modimo, ga ba a tsofala mo go kalo tota. Bibela e re: “Letsatsi le le leñwe hèla mo Moreneñ le nntse yaka dinyaga di le makgolo a shomè, le dinyaga di le makgolo a shomè di nntse yaka letsatsi le le leñwe hèla.” (2 Petere 3:8) Fa go balwa jaana, monna wa dingwaga tse di masome aa robang bobedi o tshedile fela dioura di le pedi! Ka jalo, le eleng motho yo o godileng o sa ntse a ka ithuta botlhale jwa Modimo, yo o tshelang “hèla go cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ.”—Pesalema 90:2.

Gape, Modimo o baya fa pele ga botlhe, bannye le bagolo, tebelelo ya go tshela fela jaaka ene go ya mo isagweng. Jesu Keresete o ne a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) A go ka kgonagala gore o bo o godile mo o ka sekeng wa arabela mphong eno ya Modimo? Go dikologa lefatshe, banna le basadi ba ba godileng ba arabela ka gore: “Legoka!”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mo ditlhatlhobong tsa kwa Univesithing ya Cambridge, kwa Ennyelane, diphitlhelo tsa bagodi bangwe di ne tsa nna molemo fela jaaka tsa baithuti ba ba botlana

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

E le mokaneng a sa utlweng gotlhelele, lwaji Kato wa dingwaga tse di masome a roba bongwe, o ne a sa tsofala mo o neng a ka se ithute ka bodumedi jwa boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Tei Takahashi, wa dingwaga tse di masome a supa le boraro a bile a le sefofu, o abalana se a se ithutileng le ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela