LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/15 ts. 9-14
  • Mpho ya Modimo ya Tiro mo Batlhankeng ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mpho ya Modimo ya Tiro mo Batlhankeng ba Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhoka ga Motho Tiro e e Nang Le Boikaelelo
  • Modiri go Ipelela Maungo a Tiro ya Gagwe
  • Jesu le Balatedi Ba Gagwe—Badiri
  • Tiro E e Itumedisang Thata e Kwa Pele
  • Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tsela ya go Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Tiro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Dira Mmogo le Modimo—Go Dira Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/15 ts. 9-14

Mpho ya Modimo ya Tiro mo Batlhankeng ba Gagwe

“Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha.”—Yohane 17:4.

1. Ke eng seo Jesu o neng a se dira ka ga tiro ya gagwe e o neng a romilwe go e dira mo lefatsheng?

JESU KERESETE, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, ke motlhanka yo mogolo wa Mmopi wa legodimo le lefatshe. Fa Jehofa a sena go mo romela mo lefatsheng ka boikaelelo jwa go buelela bolaodi jwa Gagwe jwa lobopo lotlhe le go rekolola lefatshe la setho, Jesu o ne a nna segakgamalelo, segolo bogolo mo bathong. Seno se ne se ntse jaaka go boletswe pele go Isaia 52:13, 14: “Bonañ, motlhanka oa me o tla diha ka botlhale, o tla golediwa a ba a cholediwa, me o tla nna kwa godimo thata. Yaka batho ba le bantsi ba ne ba gu gakgamaletse, (sehatlhōgō sa gagwè se ne se senyegile bogolo go sa batho botlhe, le sechwanō sa gagwè bogolo go sa bomorwa batho,).” Tiro eno e e sa tlwaelegang o ne a e wetsa ka boikanyego, fela jaaka a ile a ipolela fa a ne a rapela Jehofa Modimo, a re: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha.” (Yohane 17:4) Ke sekao sa batlhanka-mmogo ba Modimo.

2. Re mo tshwanong ya Modimo ka sebopego sefe?

2 Banna le basadi ba na le letlhoko la go dira. Go nnile jalo ka ntlha ya tsela eo ba bopilweng ka yone. “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona,” ga bua Jehofa Modimo nakong ya fa a bopa motho jaaka motlhanka wa gagwe mo lefatsheng. (Genesise 1:26) Setshwano seno ga se reye go tshwana le Modimo ka mmele, yo eleng moya ebile a sa bonale matlhong a batho. Go na le moo, go raya gore melemo e e rileng ya Modimo e ne ya neelwa motho yo o itekanetseng, dinonofo tse di etsang tshiamiso, botlhale, lorato le tse dingwe tseo di neng di farologanya motho le diphologolo tse di kwa tlase. Gore eno ke pono e e tshwanetseng go supiwa ke Bakolosa 3:9, 10, koo batlhankammogo le Jesu Keresete ba ba ineetseng ba bolelelwang gore ba fetole botho jwa bone, ka mafoko a: “[Apolang] motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apere motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.”

3, 4. (a) Mafoko a a simololang a Bibela a bontsha fa Modimo e le eng? (b) Ke ka tsela efe a ileng a lapologa fa a sena go wetsa tiro ya gagwe ya popo?

3 Sebopego se sengwe sa ‘tshwano’ ya Modimo ke sa go nna modiri. Jehofa o na le kgololesego e e feletseng ya go dira kafa a ratang ka teng, mme seo a ratang go se dira ke tiro. Mafoko a a simololang a Bibela a mo kaya e le modiri yo o sa iponeng tsapa: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” (Genesise 1:1) Tiro eno e ne ya se ka ya mo tlogela a lapile: “Yehofa motlhodi wa dikhutlō tsa lehatshe, ga a idibale, ga a lape.”—Isaia 40:28.

4 Jalo he, go ka se reye gore o ne a tlhoka go lapologa fa a ne a ikhutsa kwa bokhutlong jwa letsatsi la popo la borataro: “Jehofa o dirile legodimo le lehatshe ka malatsi a le marataro, me e rile ka letsatsi ya bosupa a emisa go dira me a homola.” (Ekesodo 31:17, footnote ya New World Translation, 1963 ed.) Modimo ga a ka a ikhutsa mo tirong yotlhe, mme eleng fela mo tirong eno ya popo segolo bogolo. Fa a sena go e digela o ne a akanya ka yone mme a elatlhoko gore e ne e le molemo thata, e le mo maemong a gagwe a boitekanelo, mme o ne a lapolositswe le go kgotsofadiwa ke go diragatsa tiro eno ya boemo jo bo kwa godimodimo. Go bona tiro eno e ntle e digetswe e ne e le boipelo le kgotsofalo le tapologo go Jehofa Mmopi wa yone yotlhe. (Genesise 1:31; Yohane 5:17) Mo go seno sotlhe re bona gore batho, ba ba dirilweng mo setshwanong sa Modimo, ba na le letlhoko le le ka moteng e seng fela la go nna badiri mme gape la go lapolosiwa ke boikutlo jwa go bo ba diragaditse tiro e e dirilweng ka botswerere.

Go Tlhoka ga Motho Tiro e e Nang Le Boikaelelo

5. (a) Ke eng gape se Modimo a supiwang e le sone, mme seno se kaya eng? (b) Tlhaloso e nngwe ka ga go wa ga tlholego ya tiro ke efe?

5 Gape, Jehofa ke Modimo wa boikaelelo mme le ditiro tsa gagwe ke tse di nang le maikaelelo. “Yehofa o dihetse señwe le señwe kwa se dihèlañ gōna,” go akaretsa le batho. (Diane 16:4) Jalo he, go raya gore ditiro tsa motho le tsone di tshwanetse tsa nna le boikaelelo. Ngaka ya tlhaloganyo Viktor Frankl o ne a kwala a re: “Nonofo e kgolo e e tlhotlheletsang mo mothong ke ya go gagamalela go bona boikaelelo mo botshelong jwa gagwe. . . . Ga ke boife go bua ke re, ga gona sepe mo lefatsheng, seo se ka thusang motho go falola ka katlego le eleng maemo aa bosula ka mo go feteletseng, jaaka motho go itse gore botshelo jwa gagwe bo na le boikaelelo.” Mme ba le bantsi ba fitlhela go lapisa pelo go boa-boelela tiro e e tshwanang mo madirelong a selwana seo ba senang kgatlhego mo go sone kana tlotlomalo. Gone moo go na le bontlha bongwe jwa tlhaloso ya konokono ya gore ke eng fa tlholego ya go dira e latlhegile—bogolo jwa tiro ya gompieno bo palelwa ke go fitlhelela letlhoko la tlhaloganyo la boikaelelo le boikutlo jwa phitlhelelo mo bathong.

6. Ke tiro efe e e nang le boikaelelo e monna wa ntlha a neng a e neelwa go e dira?

6 Ereka sengwe le sengwe se se dirilweng ke Modimo se ne se na le boikaelelo, motho le ene o ne a diretswe boikaelelo. O ne a bopiwa le go bewa mo lefatsheng go tla go dira. Tiro e Modimo a neng a e mo neetse e ne e na le boikaelelo, e kopanyeletsa tiriso ya tlhaloganyo ya gagwe le diatla ka go tshwana ka ditsela tseo di nang le matswela. “Yehofa Modimo a tsaea monna, a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlèla.” Motho yo o itekanetseng o ne a tshwanetse gore a “laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le dikgomo, le lehatshe yeotlhe, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe” mme “phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga, le nōnyane ñwe le ñwe ea loapi, Yehofa Modimo a di bopa ka mbu; me a di isa kwa monneñ, go bōna kaha o tla di raeañ maina ka gōna; me leina ye monna o le raeañ sebopiwa señwe le señwe se se tshedileñ, ea nna yeōna leina ya shōna.”—Genesise 2:15; 1:26; 2:19.

7, 8. (a) Ke ka ntlha yang fa tiro mo tirelong ya Modimo ka tshwanelo e ka bidiwa mpho e e tswang kwa go ene? (b) Ke ka ntlha yang fa ditiro tsa go itlosa bodutu di palelwa go ka emisetsa tiro?

7 E ne e le go itumedisa motho le go mo ipedisa le go mo kgotsofatsa go bo Jehofa a ile a mo abela tiro e e tshwanetseng. Tiro e ne e tla kgorisa botshelo jwa gagwe, e tlose go lapisega gope mo go neng go ka nna gone kana go lapa pelo, mme e mo neele boikutlo jo bo kgotsofatsang jwa go nna le mosola. E ne e tla nna tiro e e nang le boikaelelo ka jaana e ne e abilwe ke Mmopi wa lefatshe le lobopo lotlhe, Modimo Mothatayotlhe wa boikaelelo. Go na le gore melemo ya bomodimo e gatelelwe kana e hupediwe kana go upaladiwa ke go sa dirisiwe, jaaka gantsi go diragala mo tirong ya boitshediso, kabelo ya tiro go tswa go Jehofa e ne ya dumelela monna wa ntlha le mosadi, Adame le Efa, itlhaloso e e gololesegileng. Le eleng morago ga go lelekwa ga motho mo tshimong ya Edena le morago ga a sena go bolelelwa gore tiro e ne e tla dirwa ka “mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago,” e ne e ntse e le molemong wa motho.—Genesise 3:19.

8 Dithuto tsa boitseanape tsa bosheng di tiisetsa boammaaruri jwa Dikwalo jwa gore motho o ne a bopetswe go dira. Di ile tsa bontsha gore bontsi jwa batho ba ba godileng ba ba nang le botsogo jo bo itekanetseng ga ba batle go ja penshene, gore go ja penshene gantsi go tlisa tapisego boemong jwa boitumelo. Babatlisisi ba dumela gore go ja penshene go dira gore batho ba ba lapisegang le ba ba tshwakgafalang ba latlhegelwe ke ikemisetso ya go tshela le go bo tota-tota go khutshwafatsa boleele jwa botshelo jwa bone. Ditiro tsa go itlosa bodutu ga di emisetse tiro ka mo go kgotsofatsang mo matshelong a batho ba ba jeleng penshene. Ditiro tsa boitloso bodutu di ka ipedisa ka dioura di se kaenyana mo bekeng e le go fetola le go ikhutsa mo tirong ya ka metlha, mme di a tle di lapise fa di dirwa ka nako e e tletseng. Di tlhaela go re dira gore re ikutlwe gore matshelo a rona a direla boikaelelong jo bo nang le mosola. Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala a re: “Pelo e ne e itumèla ka ntlha ea tihō eotlhe ea me: me se, e ne e le eōna kabèlō e ke e bonyeñ mo tihoñ ea me eotlhe hèla. Ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwè, molemō mo letsapeñ ya gagwè. Se le shōna ka se bōna ha se cwa mo seatleñ sa Modimo.” Jalo tiro mo tirelong ya Modimo ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Moreri 2:10, 24.

Modiri go Ipelela Maungo a Tiro ya Gagwe

9, 10. (a) Ke ditshwantsho dife tse di bontshang gore motho o tshwanetse go ipelela maungo a letsapa ja gagwe? (b) Ke maikuelo a bomang ao Jehofa a a utlwang?

9 Jehofa ga a batle gore motho a tingwe maungo a letsapa ja gagwe. “Molemi eo o dihañ, ke èna o chwanetseñ go nna oa ntlha go ya mauñō,” ga kwala jalo moaposetoloi Paulo. O ne a ba a tlhalosa molao-motheo ono wa bomodimo golo gongwe gape ka boleejana, ka go re: “Mañ eo o tlhōmañ tshimo ea mafine, me a se ke a ye louñō loa eōna? kgotsa mañ eo o hudisañ lecomane, me a se ke a ye mashi a lecomane? A ke bua dilō tse kaha mokgweñ oa batho? kgotsa a molaō le ōna a ga o bue yalo? Gonne go kwadilwe mo molaoñ oa ga Moshe, ga twe, U se ka ua bōha kgomo molomo ha e hola mabèlè. A ke go re, Modimo o tlamèla dikgomo hèla? Kgotsa a o bua yalo ka ntlha ea rona? E, go kwadilwe yalo ka ntlha ea rona: gonne eo o lemañ o chwanetse go lema ka cholohèlō, le eo o holañ o chwanetse go hola ka cholohèlō ea go abèlwa.”—2 Timotheo 2:6; 1 Bakorintha 9:7-10.

10 Le eleng diphologolo tse di berekang di ne di tshwanetse go nna le seabe mo maungong a letsapa ja tsone. Fa Jehofa a hemela dikgatlhego tsa phologolo e e berekang, abo ruri a tla tshegetsa tiro ya badiri ba batho! Tota-tota, o bile o supa ka phepafalo boikaelelo jwa gagwe mo go seno ka go re: “Bonañ, tuèlō ea badihi ba ba segileñ mabèlè a lona, e lo padileñ ka eōna ka tsieco, ea kua: le go gala ga ba ba robileñ, go tsenye mo ditsebeñ tsa Morèna oa mashomōshomō.”—Yakobe 5:4.

Jesu le Balatedi Ba Gagwe—Badiri

11. Jesu o ne a ikutlwa jang kaga tiro, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa pono ya gagwe ka yone?

11 Gammogo le Rragwe wa selegodimo Jehofa, Jesu ke modiri. “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha,” a bolela. (Yohane 5:17) O dira tiro e a e abetsweng ke Jehofa. O dira tiro eno ka go rata le ka boithaopo ebile o bontsha boipelo mo go e direng. O e bona e otla, e bile e kgorisa fela jaaka dijo tse di lapolosang. Tota ruri go ne go ntse jalo, ka jaana mo lobakeng longwe fa barutwa ba gagwe ba ne ba mo kgothaletsa go ja, o ne a arabela: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” (Yohane 4:34) Boipelo jwa go bo a diragaditse sengwe bo ne bo tla mo lapolosa kwa bokhutlong jwa tiro, bo nyeletsa letsapa lepe fela le go mo tlogela a kgotsofetse a bile a itumetse. Bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ba tshwanetse go gopola ka tsela le boikutlo jwa ga Keresete Jesu. E le ka ntlha yang? Ka go bo Bibela e bontsha gore Keresete o ne “a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.—1 Petere 2:21.

12, 13. (a) Ke setshwantsho sefe se se bontshang gore go tshwanetse go akgola badiri ba ba molemo, mme ke tuelo efe eo ba neng ba e fiwa? (b) Ke eng se se neng sa diragalela motlhanka yo o se kang a ungwisa? (c) Ke boikaelelo bofe jo bo direlwang ke malatsi a boikhutso?

12 Jesu o ne a bontsha ka setshwantsho gore maduo a tiro ke boipelo. Monna o ne a tloga a tsaya loeto. O ne a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba kgaoganya dilo tsa gagwe go ya ka dikgono tsa bone tse di farologanyeng. O ne a seka a ba lopa sepe se ba neng ba ka se se kgone, mme a ba lebelela go dira kafa ba ka kgonang ka teng. Morago ga go ya ka boleele a boa go tla go batla di tsa gagwe. Yo o ne a filwe ditalenta di le tlhano a tla ka tse some, yo o ne a filwe tse pedi a tla ka tse nne, mme yo o ne a neetswe talenta e le nngwe a se ka a dira sepe ka yona. Badiri ba babedi ba ba tlhaga ba ne ba duelwa ka eng? A ka lobaka la boikhutso? Nyaa, mme, go na le moo gotlhe, ka tiro e e oketsegileng! Mong o ne a akgola mongwe le mongwe wa bone, ka go re, “U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō le boikañō!” go tswa foo a re: “U nntse u le boikanō mo diloñ tse di pōtlana, ke tla gu laodisa dilō di le dintsi: tsèna mo boitumeloñ yoa morèna oa gago.” Boitumelo jwa morena bo ne bo le mo tirong eno, mme ka go e dira ka mo go oketsegileng batlhanka ba ba tlhaga ba ne ba tsena ka botlalo mo boitumelong jwa gagwe. Mme go ka tweng ka motlhanka yo o setshwakga? Phetso e ne ya nna e e reng: “Mo tseeleñ talenta euō, me lo e neè eo o nañ le ditalenta tse di shomè.”—Mathaio 25:14-30.

13 Jaanong motlhanka yo o setshwakga o ne a ka nna ka boitsemeletso. A mme o ne a itumetse? Nyaa, o ne a felela ka “selelō le phuranyō ea mènō!” Re tlhoka tiro e e nang le mosola gore re itumele. Lefa go ntse jalo, re tlhoka gape dipaka tsa boikhutso. Ka go sa tshwane le Jehofa, rea tle re lape. Mme e re morago ga lobaka la boikhutso lo sena go tsosolosa dinonofo tsa rona tsa mmele le tsa ditshika le go tlhagahatsa meya ya rona, re iketleeletse tiro e e oketsegileng—tota, re bile re tlhoafaletse go boela tirong. Seno se ntse jalo fa e se fela tiro e le e e lapisang pelo le e e boelelwang, e tlhaela boikaelelo le bokao mo modiring, fela jaaka go ntse ka bontsi jwa tiro ya boitshediso gompieno.

14. Tsela ya lorato Iwa dilo tse di bonalang e na le poelo efe e e nnelang ruri?

14 Mme gammogo le tiro e e sa kgatlheng e e lereng tlhaelo mo mokgweng wa tlholego wa go dira, ba le bantsi ba raelwa ke thato ya dilo tse di bonalang. Mme gone, ke poelo efe e e nnelang ruri e e nnang gone mo dithotong tse di bonalang tseo di bapetsweng ntswa di sa tlhokwe thata-thata? Ke jaaka ba bosha ba re, “O ka se tsamae ka tsone.” Solomone o ne a go tlhalosa ka mo go utlwalang thata fa a re: “Yaka a dule mo sebopeloñ sa ga mmagwè, o tla ba a tloga yaka a tsile a sa ikatèga, me a se ketla a tsaea sepè kaga letsapa ya gagwè, se o ka tsamaeañ ka shōna a se chotse mo seatleñ. Mo le gōna ke boshula yo bo botlhoko, go re, mo diloñ cotlhe yaka a tsile, o tla tsamaea hèla yalo: me ka a dihèla phehō oa ba a na le molemō oañ?”—Moreri 5:15, 16.

15. Bangwe ba raelwa ke dilo dife tsa lefela?

15 Bangwe ba ikopanyeletsa mo lefeleng je le senang thuso: ba dira se go tweng ke “semphete ke go fete.” Kana le eleng go gaisa ba bangwe. “Ka bōna letsapa yeotlhe le tihō ñwe le ñwe e e bocwiriri,” Solomone a bolela. “Go re, kaga mo, motho o gopolwa ka bopelotshètla ke oa ga gabō.” Kana, “Ke kgadikano ya mongwe le wa gagabo.” (Moreri 4:4, Today’s English Version) Ruri matshelo le ditiro tsa baikepi ga di na thuso di bile ke tsa lefela: “Lo tla nna yaka mooka o lekakaba ya ōna le shwabañ, le yaka tshimo e e senañ metse. Me mothata o tla nna yaka leodi, le tihō ea gagwè yaka tlhase; me go tla sha mmōgō ka bobedi, me opè ga a ketla a go tima.”—Isaia 1:30, 31.

Tiro E e Itumedisang Thata e Kwa Pele

16. Ke tiro efe e e kgorisang e e kwa pele ga batho ba ba utlwang?

16 Tiro ya batho mo lefatsheng ga e kitla e nna ka metlha yotlhe go belebetlela phefo. E tla bo e na le boikaelelo le bokao jaaka ele ya pele e e neng e abetswe batho ba ntlha mo Edena. Boikaelelo jwa ga Jehofa go dira lefatshe paradaise ya kgolokwe e e tlhokomelwang ke dibopiwa tsa batho tse di siameng bo tla diragadiwa. (Isaia 55:11) Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo tla busa lefatshe jeo le tla bong le tletse ka batho ba ba itekanetseng. Botshelo mo tsamaisong e ntšha eo ga bo kitla bo ngodiegisa kana go lapisa pelo, ka jaana go tla bo go na le mo gontsi go go dira—eseng tiro ya lefela le e senang thuso ya lefatshe jeno je legologolo eo e dirang gore beke e go theogetsweng ka yona e nne sefedisa-pelo le go dira gore batho ba bitse masimologo a yone Blue Monday. Nyaa, e tla bo e le tiro e e kgatlhang le e kgatlhisang ya go ntlahatsa lefatshe, go laolwa diphologolo ka lorato, go godisiwa bana le go ruta batho ba ba tsositsweng, go fitlhela lefatshe le tladiwa ka lotso lo lo tshiamo le maipelo a mangwe a mantsi-ntsi a a ka sekeng a bolelwe. Ke go ne he batho ba ba tlhaga ba tla ‘jang tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.’—Isaia 65:22.

17. Ke eng se se bontshang gore botshelo ga bo kitla bo nna sefedisa-pelo ka go bo re setse re ithutile gotlhe le go dira sengwe le sengwe?

17 Ga mmogo le tiro ya diatla go tla nna le marara ao a tla bolokang megopolo e e itekanetseng e tshwaregile, go dirisiwa dikgono tsa kakanyo ka botlalo. Batho ga ba kitla ba itse sengwe le sengwe, ka jaana “motho ga a kake a lemogela rure tihō e Modimo o e dihileñ go cwa tshimologoñ le go ea hèla kwa bokhutloñ.” “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhotlhomisege yañ.” (Moreri 3:11; Baroma 11:33) Ka metlha go tla bo go na le dikgwetlho tse disha le masaitsiweng ao a tla tlhotlhomisiwang le go kanokwa. Le mororo batlhanka ba ga Jehofa ba tla tshelela ruri, bosaengkae ka bo jone ga bo kitla bo lekanela seo ba tla se ithutang le sotlhe se se nang le go itsiwe ka ga lefatshe le lobopo lotlhe loo Jehofa a lo tlhodileng.

18. Ke eng se se tshwanetseng go tla pele ga go arola ga rona mo mphong ya Modimo ya tiro mo lefatsheng la paradaise?

18 Lefa gontse jalo, pele ga tiro e e itumedisang eo e ka nna ya rona, go sa ntse go na le tiro ya jaanong e re tshwanetseng ra e dira go re tlhomamisetsa gore re tsene koo le go nna bontlhabongwe jwa lefatshe leo la paradaise. Ke kgang ya botshelo kana loso gore re ithute gore tiro eo ya botlhokwa-tlhokwa ke efe.

◻ Ke ka ntlhayang fa batho ba na le letlhoko la go dira?

◻ Jehofa o ne a ikhutsa ka mokgwa ofe fa a sena go dira magodimo le lefatshe?

◻ Ke tiro efe e e nang le boikaelelo e Modimo a neng a e neela motho go e dira kwa tshimologong?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ka twe le eleng fa motho a le mo seemong sa go sa itekanelang tiro e sa ntse e mo siametse?

◻ Ke eng se se bontshang gore batho ba ne ba diretswe go ipelela maungo a letsapa ja bone?

◻ Jesu o ne a bontsha jang boikutlo jwa gagwe tebang le tiro?

◻ Ke tiro efe e ntle e e kwa pele ga batlhanka ba Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Modimo o ne a fa motho tiro e e nang le boikaelelo go e dira

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela