LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/15 ts. 3-4
  • Seo Batsofe ba se Dirang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seo Batsofe ba se Dirang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gola le Go Ithuta
  • Tsela ya go Tlhagolela Lorato Lwa go Ithuta
    Tsogang!—2004
  • A O Tsofaletse go Ithuta?—“Legoka!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Bagodi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Dingwaga tsa Bonyana—Nako E Maiteko Otlhe a Gago a Tlhokegang Thata ka Yone
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/15 ts. 3-4

Seo Batsofe ba se Dirang

MOTHUBA-LOBELO o ne a tlhoma leitlho mo mokgeleng wa gagwe mme a simolola go siana. O ne a taboga difiti di le masome a matlhano le botlhano, a tlhomela thobane ya gagwe ya “fiber” mo mmung mme a fofa godimo ga tshipi e e phakalegilweng ka botswerere, difiti di roba bongwe le kwatara go tswa fa fatshe. Tiragalo? A e ne e le lobelo lwa dikolo tse di potlana? Nyaa. Mothuba-lobelo o ne a le dingwaga tse di masome a supa, mme tse e ne e le dikgaisano tsa bathuba-lobelo ba ba lekanang ka dingwaga ba ba 600, go ne ga bega jalo, The Wall Street Journal. Mo tiragalong e e tshwanang eo, motho wa dingwaga tse di masome a supa le bosupa o ne a taboga dimithara di le 100 mo metsotswaneng e le 15,7, mme yo mongwe wa dingwaga tse di masome a supa o ne a konopela “discus” bokgakaleng jwa difiti di le masome a roba bongwe.

A go a go hakgamatsa go utlwa ka batho ba dingwaga tse di masome a supa ba ba sa ntseng ba gaisanya mo metshamekong? Go boammaaruri, ga ba ka ke ba lekana le se ba neng ba se dira fa ba ne ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bo-masome a mabedi. Mme lebaka la gore ba bangwe ba sa ntse ba ka kolopa “discus”, ba taboga dimithara di le 100 le go ka tsirimotsega ka thobane go supa sengwe se se botlhokwa. Go supa gore batho ba ba godileng ga ba a tshwanela “go kgophelwa kwa thoko” jaaka ba ba senang mosola fela ka go bo ba ile ba tshela palo e e rileng ya dingwaga. Kwantle ga go bo ba ka tlhaselwa ke bolwetse, batho ba ba godileng ba na le mo go ntsi mo mebeleng go go dira go na le jaaka ba tle ba lejwe.

A seno se boammaaruri gape ka tlhaloganyo le nonofo ya bone ya botlhale? Go raya gore, a batsofe ba ka kgona go ithuta dilo tse dintšha le go fetogela mo mekgweng e mesha ya botshelo? Ka dinako tse dingwe batho ba ba godileng ka bobone ba tle ba ipusetse kwa morago mo kgonong ya bone mo temeng e. Ba ka nna ba ikgogona mo kgwetlhong ya sengwe se sesha mme ba re, ‘Ke godile mo ke ka sekeng ke ithute,’ kana ‘Se ileng se a bo se ile.’ A mme ele ruri go ntse jalo? Ke go fitlha go dingwaga dife nonofo ya go ithuta e tsamaelang ruri?

Go Gola le Go Ithuta

Go a kgatlhisa go lemoga gore motho yo o ganang a re, ‘Ke godile mo ke ka sekeng ke ithute,’ e kile ya ne e le monana, yo o matlho a bogale yo o nyoretsweng go batla go itse. Mo tirisong mantswe ya bontsi jwa basimanyana le basetsanyana, bontsi jwa mafoko a a dirisiwang thata ke ‘Ka ntlha yang?’ ‘Kae?’ ‘Leng?’ ‘Jang?’ ‘Mang?’ Ga gona pelaelo ka keletso ya bone ya go batla go ithuta.

Ka dinako tse dingwe batsadi ba eletsa gore keletso eno e ka bo ele potlana mme bana ba bone ba khutlisa go botsa dipotso ka nakwana. Lefa go ntse jalo Bibela e lemoga botlhokwa jwa se ngwana a se ithutang mo seemong seno fa e re: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.”—Diane 22:6.

Ka bofefo ngwana o simolola go ya sekolong, mme ka dingwaga di le mmalwanyana tiro ya gagwe e kgolo letsatsi le letsatsi ke go nna le kitso e ntšha ka ga dithuto tse di farologaneng. Keletso ya gagwe ya tlholego ya go ithuta e tshegediwa go ya bokgakaleng jo bo rileng ke barutabana ba gagwe. O ithuta megopolo e mesha, maranyane a masha, mme lefatshe ka iketlo le simolola go mmulegela.

Ka bofefo fela dingwaga tsa sekolo di fedile, mme mogodi yo mmotlana o simolola go lebana le lefatshe. O simolola jaanong go ithuta ka fa o tla dirisanang le bagolo ka teng le go nna le botlhale jwa go itshedisa. Mo mabakeng a mantsi o felela a bereka tiro ya ka metlha, mme fano go ithuta go simolola go nyahala ka iketlo. Bagodi ba ba botlana ka bontsi baa nyala, ba nne le bana, ba koegelelwe ke dikgatelelo le maikarabelo, mme ka iketlo ba khutlise go humisa matshelo a bone ka go ithuta mo go sha.

Fa lelapa le gola, batsadi ba bona gore jaanong ba na le nako gape. Mme, mo mabakeng a mantsi, tsela ya go sa ithute e bo e setse e tlhomilwe. Ga ba sa tlhole ba sekametse mo go simololeng go batlisisa dilo tse dintšha jaaka fa ba sale ba botlana, kana go botsa dipotso. Kwa Japane bangwe ba bua ka ga go tsalwa mo motlheng o mongwe. Monna o ka nna a re, ‘Ke tsaletswe mo motlheng wa Meiji.’ Oo e ne e le motlha wa sepolotiki o o neng wa fela ka 1912. Ka jalo, a setse a fitlhile bobotlana dingwageng tsa bo-masome a supa, o ikutlwa gore malatsi a gagwe a go ithuta a setse a fedile mme ga a ka ke a kgona go ikamogelela megopolo e mesha mo kokomaneng eno ya gompieno, e e sa tlhaloganngweng.

A mme se e tshwanetse gore e nne lebaka? Ke boamaaruri, jaaka motho a tsofala mmele wa gagwe wa nama le one o a fetoga. Malokololo a gagwe a ka omelela, dinama tsa gagwe tsa simolola go gagamala, go bona ga gagwe ga simolola go nna bokoa mme go utlwa ga gagwe go nna thata. Mme fa e se fela a ka lwala, se se dira gore go nne fela le poelo morago, eseng go khutlisa ditiro tsotlhe. Lebaka la gore setlhopha sa batho ba ba fetang dingwaga tsa bo-masome a supa se ne sa kgona go nna le dikgaisano tsa metshameko le supa seo. A se se tshwanang se boammaaruri ka mogopolo? Kana go boammaaruri gore motho o ka gola mo a ka se keng a ithuta?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela