Go Solegelwa-Molemo Ke Segakolodi Se O Se Filweng Ke Modimo
“Molaō oa Modimo oa gagwè o mo peduñ ea gagwè; ga go dikgatō dipè tsa gagwè tse di tla rèlèlañ.”—Pesalema 37:31.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amega ka kaelo ya segakolodi sa rona? (Diane 12:15; 14:12)
LEFA Modimo o sa fa Bakeresete melao e e atlabetseng, o re baakanyeditse melao mengwe, kana ditaolo tse di tlhamaletseng, le melao-metheo e mentsi go e dirisa tumalanong le tumelo ya rona le segakolodi. Mme ke selo se sengwe go nna le segakolodi, le selo se sengwe gape go solegelwa molemo ka botlalo mo go sone. Batho ba bantsi ba ikutlwa gore fa ‘selo se sa tshwenye segakolodi sa me, go siame fela.’ A go akanya mo go ntseng jalo go siame?
2 Bibela e supa gore ka ntlha ya nama ya rona e e leofileng segakolodi sa rona se ka re tsietsa; se ka nna bokoa, sa faposiwa kana sa leswefala. Re ka lemoga ga botoka bodiphatsa jwa pono e e reng “a segakolodi sa gago se nne mokaedi wa gago” ka go akanyetsa banni ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Kereta, bao ba neng ba itsiwe e le “baaki ka galè ka galè, ba sehōlōhōlō se se mashwè, ke diyabele tse di bobodu hèla.”—Tito 1:10-12.
3. Segakolodi se ne sa nna le phelelo efe mo Bakereteng?
3 Fela jaaka batho botlhe, Bakereta ba ne ba na le digakolodi tse ba tsetsweng ka tsone. Mme ba ne ba sa solegelwe molemo ke tsone. E rile a kwalela Tito kwa Kereta, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mo go ba ba itshekileñ, dilō cotlhe di itshekile: me mo go ba ba leshwè, le ba ba sa dumeleñ, ga go sepè se se itshekileñ; me go le tlhaloganyō ea bōnè e leshwè, le segakolodi sa bōnè se leshwè.” (Tito 1:15; Baroma 2:14, 15) Bakereta ka bontsi ba ne ba na le digakolodi tse di sa direng tse di neng di sa ba thuse go dira seo e neng e le sa boitsholo kana se le phepa. (1 Timotheo 4:2) ‘Go ne go se sepe se se itshekileng’ mo Bakereteng ka bontsi. Jang jalo? Ka digakolodi tse di leswefetseng ba ne ba tsaya seemo sengwe le sengwe e le sebaka sa go dira boikepo. Ba ka ne ba ile ba re, ‘Ga go tshwenye segakolodi sa me.’ Mme go ne go tshwanetse! Lefa go ntse jalo, bangwe ba Bajuda ba Bakereta kana basokologela Sejudeng ba ne ba le kwa Jerusalema ka Pentekosete ka 33 C.E. Kitso ya bone ya semoya e ka bo e ba thusitse go tila go nna baaki, go nna maswe kana go nna dijabele. Mme ba ba amogetseng Jesu ba ne ba tswelela ba thusiwa ke go ruta ga gagwe go nna le digakolodi tse di molemo, le tse di dirang.—Ditiho 2:5, 11; Tito 1:5; 2:2-5; 3:3-7.
4, 5. Re ka ithutang ka segakolodi mo kgannyeng ya ga Paulo?
4 Segakolodi, le fa go le jalo, se ka tsietsa le eleng motho yo o atlanegetsweng ke Lefoko la Modimo mme a batla go dira se se siameng. Saulo, kana Paulo, o ne a tlwaelane le Dikwalo mme ka matlhagatlhaga a obamela go ya ka fa Molaong. Mme gone o ne a palelwa ke go tsamaelana le kgatelo-pele ya go dira ga thato ya Modimo. Morago ga Mesia a sena go goroga, a rera le go swa e le tirafatsong ya boporofeti, Paulo a tswelela ka Bojuda jwa Sefarasai fela. Segakolodi sa gagwe ga se a ka sa mo kganela go “bogisa phuthègō” le go “ubugèla barutwa ba Morèna pōpō le polaō.”—Bafilipi 3:4-6; Ditiho 9:1, 2.
5 Tse ke dikai tsa go supa gore segakolodi sa rona se ka re faposa. Ereka ka jaana re lebane le diphetso di le dintsi tse di sa akarediweng mo melaong ya Bibela e e papametseng mme e le dikgang tsa segakolodi, re tlhoka go itse gore ke jang re ka rutuntshang segakolodi sa rona go solegelwa molemo fela thata mo go sone. Go na le dintlha di le tharo tse jaanong re tla di akanyetsang.
Lefoko la Modimo Le Bontsha Eng?
6, 7. Tsela e nngwe e Lefoko la Modimo le ka re thusang ka yone ka dikgang tsa segakolodi ke efe?
6 Lefoko la Modimo le le itekanetseng le tshotse mo go ntsi go re sedimosetsa ka go akanya ga Modimo, kana melaometheo, le go ruta segakolodi sa rona. Jaaka go setse go boletswe, Josefa o ne a sena molao o o kwadilweng wa Modimo kgatlhanong le bogokahadi. Mme segakolodi sa ga Josefa se ne se rutilwe ka fa go tshwanetseng. Kwa ntle le pelaelo o ne a akanya mo ntlheng ya gore Modimo o ne a ikaeletse ka monna le mosadi (“bobedi”) go nna nama e le nngwefela, go sena motseneledi wa boraro go nna mogokahadi. Ele ruri Josefa o ne a itse sentle ka boitemogelo jwa tsala ya Modimo, Aberahame, jo bo supileng boemo jwa Modimo ka bogokahadi.—Mathaio 19:5; Genesise 2:24; 20:1-18.
7 Ka mo go tshwanang re ka solegelwa molemo. Ka sekai, re ka nna ra lebana le phetso ya go amogela taletso ya dijo kana go dira kgwebo le mongwe wa morafe o o farologaneng, lotso kana mokgwa wa go tshela. Seo ke sengwe sa phetso ya botho. Fa, e le gore, re ithutile mo Bibeleng boikutlo jwa Modimo jwa go sa tlhaole le tekatekanyo, segakolodi sa rona se se rutilweng se tla tlhabantsha letlhoo lepe fela le re ka neng re ne ra gola ka lone. Re tla dira ka fa go tshwanetseng. (Ditiho 10:34, 35; Yakobe 2:1-4) Ka jalo melao-metheo ya Bibela e ka re thusa le rona.
8. Fa re lebane le phetso ya segakolodi, re tshwanetse go dirang?
8 Fa re tlhoka go dira phetso ka ga kgang e le gore ‘re nne le segakolodi se se siameng,’ re tshwanetse go batla se Jehofa o se buang mabapi le kgang eo, go bane seo se ka e bile se tshwanetse go ama segakolodi sa rona le phetso ya rona. (1 Petere 3:16) Mo godimo ga go leba melaong e e tlhamaletseng, re tshwanetse ra kgatlhegela go itse gore a go na le melao-metheo ya Bibela e e amanang le yone. A Jesu o kile a dira kana a bua sengwe se se supang go akanya ga gagwe mo phetsong e e ntseng jalo? Re ka batlisisa mo dithusong tsa Bibela tse di buang ka kgang eno. Mme re ka nna ra bonana le Bakeresete-ka-rona ba ba ka nnang ba re thusa go bona melao-metheo ya Bibela e e dumalanang. Legale, kgato eno e seka ya tsewa ka mogopolo wa gore ba sikare boikarabelo jwa rona, le fa e le go botsa re re, ‘Fa e ne e le wena, o ne o tla dirang?’—Bagalatia 6:5.
9. Mokgele wa rona fa re dira phetso ya dikgang tsa segakolodi ke eng?
9 Mo maemong a go tshwanetsweng ga dirwa phetso ya botho, Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse go latela tsela e e tla ba tlogelang ba na le segakolodi se se phepa le se se sa tshwenyegeng fa pele ga Modimo. Ba tshwanetse go itumelela nonofo ya go ka re: “Eboñ seshupō sa segakolodi sa rona, sa go re, re tshedile mo lehatshiñ, me segolo ntlheñ ea lona, ka boitshèpō, le ka bopelo phèpa yoa Modimo.” (2 Bakorintha 1:12) Gore Mokeresete o rata Jehofa le melao-metheo ya gagwe go le kana kang go ka supiwa ke diphetso tsa gagwe mo dikgannyeng tsa segakolodi.
Ba Bangwe Ba Tla Amega Jang?
10, 11. Kgang ka ga dijo kwa Korintha wa bogologolo e supang ka ga ntlha ya bobedi ka ga dikgang tse di kopanyeletsang segakolodi?
10 Ereka Bakeresete ba batla digakolodi tsa bone gore di ba tlhotlheletse go nna baetsi ba Modimo, kamego e e lorato go ba bangwe e tshwanetse ya nna maatla a magolo a tlhotlheletso mo diphetsong tse di kopanyeletsang segakolodi. Kgang eno e ne ya tlhaga fa Paulo a ne a kwala ka dikgang tse di farologaneng tse di amanang le dijo.
11 Kwa phuthegong ya Korintha go ne ga tsoga kgang ya nama e e iseditsweng badimo ditlhabelo. E ne e tla bo e le go obamela modimo wa disetwa fa Mokeresete a ne a ka ja nama e e tlhabetsweng modimo wa disetwa kwa moletlong wa teng. Mme Paulo o ne a tlhalosa gore e ne e se boleo go ja masalela a nama e e neng e rekisiwa kwa marekisetsong a kgwebo a dijo a ka tsela nngwe a neng a amana le tempele kana kwa marekisetsong a botlhe a nama. (1 Bakorintha 8:10; 10:25; Ditiho 15:29) Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba pele ba ba neng ba obamela medimo ya disetwa ba ne ba sisimoga (ba ne ba na le digakolodi tse di bokoa) ka ga go ja nama e e ntseng jalo le fa e ne e rekisediwa botlhe mme e bile e sa amane ka gope le bodumedi. Le fa a ne a sa mpampetse digakolodi tse di bokoa, Paulo o ne a kgothatsa ba bangwe go akanyetsa bakaulengwe bano. E ne e tla bo e le go tlhoka lorato go dira sengwe se se ka kgopisang bano kana gore ba ikutlwe ba gololesegile digakolodi go abalana mo kobamelong ya medimo ya disetwa gape.
12, 13. Ke ka ntlha yang fa dipono le digakolodi tsa ba bangwe di tshwanetse go akanyediwa? Tshwantsha.
12 Paulo o ne a supa boikutlo jo rotlhe re bo tlhokang: “Ha diyō [kana sengwe fela] di kgopisa oa ga echo, ga nketla ke tlhōla ke ya nama gopè.” Fa, kgang e le e e ikaegileng ka segakolodi sa rona, mme ka gone re na le kgololesego ya go dira, re bo re tlhokomologa digakolodi tsa ba bangwe mme re ‘bolaya bakaulengwe ba rona ba Keresete o ba swetseng,’ re ka latlhegelwa ke boemo jwa rona jo bo molemo le Modimo. Paulo o ne a botsa a re: “Go itaola ga me goa bo go sekisediwañ ka segakolodi sa o sele?” (1 Bakorintha 8:3, 11-13; 10:29) Lefa e le gore motho-ka-esi o ikutlwa gore ‘ke kgang ya botho ya segakolodi,’ fa e ka senya ba bangwe e ka gogela gore motho a amogele katlholo e e botlhoko ya ga Jehofa. Se se bontsha gore ke jang go ka tsietsang go akanya gore ‘fa go ikaegile ka segakolodi sa me, go siame fela.’
13 Tsaya ka sekai boitemogelo jwa banyalani ba ba neng ba ithuta Bibela, ba tla dipokanong ba bile ba atamela go kolobediwa. Mogolwane mo phuthegong o ne a bolelela monna gore o ne a ile a ipelela setshwantsho sengwe mo baesekopong nngwe. Monna o ne a fetola ka gore, ‘Wa re eng! A o ya kwa dibaesekopong tsa bagodi fela?’a Mogolwane o ne a leka go ntsha diipato ka ga ditiro tsa gagwe, a re dingwe tsa dibaesekopo tseno (tse di lejwang di sa siama le ke lefatshe) di na le mosola fa dintlha tsa tsone tse di sa siamang di tlhokomologiwa. Mme ga lebega gore monna o ne a amega. Morago a simolola go tswelela ka bonya go na le mosadi wa gagwe. Fa mogolwane a ka bo a ile a akanyetsa ditemana tse di tshwanang jaaka Bakolosa 3:2-8, Baefesia 5:3-5 le Mathaio 7:12, di ka bo di ile tsa ama segakolodi sa gagwe le boitshwaro jwa gagwe.—1 Bakorintha 9:22, 25-27.
14, 15. Ke jang segakolodi sa setlhopha sa bagolwane se ka kopanyelediwang mo dikgannyeng tse di rileng tsa botho?
14 Go akanyetsa ba bangwe gape go kopanyeletsa go sa ba kope go amogela sengwe se se leng kgatlhanong le digakolodi tsa bone. Ka motlhala, bagolwane ba phuthego ba na le boikarabelo jwa go letlelela meletlo ya manyalo go direlwa kwa Holong ya Bogosi, go re eno e tla tsamaisiwa jang, holo e tla kgabisiwa jang, jalo le jalo.b Bagolwane mo phuthegong e nngwe ba ne ba kwala: “Mo lenyalong le lengwe baetsana botlhe ba ne ba ralela-ralela ditilo tsa balalediwa ba etla ba ipoka. Lenyalo le le latelang le ne la tshwanelwa ke go gaisa la ntlha, baetsana ba ne ba ralela-ralela ditilo tsa balalediwa ba ntse ba dikolosa dikhukhu. Le le latelang la tshwanelwa ke go nna legolo thata le go nna botoka; ba ne ba batla baetsana ba le masome a mabedi le batlhokomela modiro ba le masome a mabedi. Holo e ne e simolola go dirisiwa jaaka disorokise.”
15 A seno e ne e le ‘kgang ya segakolodi’ go dira phetso ya kwa bothokong? Nnya. Le fa e le gore digakolodi tsa babeeletsani di ka ba letla go dira sengwe se se feteletseng kana le e leng go phophoma, segakolodi sa bagolwane ba ba kopaneng ga se ka ke sa tlhokomologiwa. Le fa ba se ka ke ba batla gore go dirwe go ya kafa dikeletsong tsa bone tsa botho, mo dipelong tsa bone ba gopotse ka kagiso, kutlwano le bomoya jwa phuthego yotlhe. Mme ba tshwanetse go bontsha kamego ya go thusa batho go ‘itse ka fa ba tshwanetseng go dira ka teng mo ntlong ya Modimo, e e leng lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.’—1 Timotheo 3:15; 1 Bakorintha 10:31.
16. Fa o tshwanetse go dira phetso ka kgang e e ikaegileng ka segakolodi sa gago, o tshwanetse go akanyetsa eng?
16 Ka jalo, fa re lebane le phetso ya ‘kgang ya segakolodi,’ re tlhoka go akanya ka se, (1) Lefoko la Modimo le reng mabapi le yone, le gore (2) ke jang phetso ya rona e ka nnang ya ama kana ya kopanyeletsa ba bangwe. Lefa go le jalo, go na le ntlha e e botlhokwa ya boraro.
Rona Ka Borona Re Tla Amega Jang?
17. Ke Jang segakolodi se neng sa tlhotlheletsa mokaulengwe mongwe kwa New York?
17 Makasine wa Natural History wa August 1981 o ne o na le setlhogo ka ga batsamaisa-poso ba dibaesekele ba toropo ya New York, ba ba isang diphuthelwa tse di potlakileng le dikwalo tsa madirelo a kgwebo kwa tikologong ya toropo eo. Gareng ga dikai tsa banna ba ba ileng ba tsaya tiro ya mofuta o, re a bala: “Donald, motsamaisa-poso wa dingwaga tse 41, o kgona go otla mosadi wa gagwe le morwawe wa dingwaga tse 15 ka madi a gagwe a aa amogelang. Donald e ne e le motlhatswi wa dinepe, mme o ne a latlha tiro ya gagwe ka go bo, jaaka Mosupi wa ga Jehofa, o ne a ka se kgone go mpampetsa seabe se a nang le sone sa go dira ditshwantsho tsa batho ba ba sa aparang. Jaaka motsamaisa-poso, ga se fela go ikutlwa gore segakolodi sa gagwe se phepa mme gape o ka kgona go tlogela tiro ya gagwe ka fa o bonang go tshwanela ka teng go dirisa nako e ntsi mo go rereng.”
18. (a) Ke jang gongwe mokaulengwe yo a ka neng a ile a fitlhelela phetso ya gagwe? (b) Ke thuto efe e o ka e ithutang mo go se?
18 Go na le mabaka a a farologaneng a a dirang mo diphetsong tsa tiro (bona lebokoso le le mo tsebeng ya 26). Ka mo go tshwanang le kgang ya ga Donald, Mokeresete o ka ne a dira mo femeng e e dirang difilimi—dinepe, dibaesekopo tsa mo gae, le difilimi tse di bapatsang, dibaesekopo tsa madirelo a thekiso. Ka iketlo e simolola go tsaya ditshwantsho tsa batho ba ba sa aparang. Ka nako nngwe segakolodi sa Mokeresete se ka simolola go mo tshwenya. O ka nna a fitlhela gore ene ka boene o patelesega go kopanyelediwa mo ditshwantshong tsa batho ba ba sa aparang kana ditiro dingwe fela tse di sa tshwanelang. E ka ne e le ka go kgethololwa le feme e e dirisanyang le go tshwara ditshwantsho tsa batho ba ba sa aparang kana ka ntlha ya go kopiwa go dira se go tweng a se dire, o ka nna a fitlhela go tlhokafala gore a tlogele gore a sale a sena “mokgōbō,” se e tla bong e le kamego e e kgethegileng go batho ba ba nang kana ba ba batlang ditshiamelo mo phuthegong. Mo go batleng tiro e nngwe o ka nna a lebelela ka tsholofelo tshegofatso ya ga Jehofa. (1 Timotheo 3:2, 8-10; Baroma 13:5) Kwa ntle le pelaelo go na le Bakeresete ba le bantsi ba ba tlogetseng ditiro tse di ntseng jalo go na le gore ba letle bomaswe go ba koafatsa. (Bapisa Mathaio 5:28.) Ka jalo, fa re lebane le phetso ya segakolodi, re tshwanetse go botsa: ‘Fa ke dira selo seno kana ke gana go se dira, se tla nkama jang?’ Ele ruri ga re a tshwanela go tlhokomologa segakolodi sa rona, re se babola mme jalo re go dira motlhofo go ka dira se se maswe mo isagweng.—1 Timotheo 4:2; Yude 10; Baefesia 4:18, 19.
19, 20. (a) Ke jang segakolodi le tumelo di ka nnang tsa tlhotlheletsa tirelo ya rona? (b) E ka ne re humile kana nyaa, keletso ya rona e tshwanetse go nna eng?
19 Re akanyetsa phetso ya segakolodi e e dirilweng ke Donald, re tshwanetse go tlhokomela gore mo godimo ga go batla botsalano jo bo amogelesegang go Jehofa, o ne a eletsa go bolela ka tumelo ya gagwe ka mo go oketsegileng. Se se dumalana le go tshwaraganya ga ga Paulo segakolodi le tumelo: “Bohèlèlō yao taeō euō ke loratō lo lo cwañ mo peduñ e e itshekileñ, le segakolodi se se molemō, le tumèlō e e senañ boitimokanyō.”—1 Timotheo 1:5.
20 Go a itumedisa fa tumelo ya motho le keletso ya segakolodi se se molemo e mo susumeletsa go dira dipaakanyo gore ‘dikgato tsa gagwe di se ka tsa relela’ mme a tle a kgone go ka nna le nako e e oketsegileng le tlhokomelo go phatlalatsa “kgakololō eotlhe ea Modimo.” (Ditiho 20:26, 27) Le fa go le jalo, ke jang, re ka lebang bangwe bao maemo a bone a lebegang a ka ba fa sebaka sa go dira thero e e oketsegileng mme ba sa dire jalo? Ba ka ne ba amogela madi a mantsi mo ditirong tsa bone kana mo kgwebong ya bone mme ba lebega ba setse ba na le madi a a lekanetseng go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang mo tsamaisong eno. Mme lefa go le jalo, mo boemong jwa go ipelela tiro ya go dira barutwa jaaka babulatsela ka nako e e tletseng, ba nna ba tswelela pele ka go atolosa dikgwebo tsa bone, magae, le matlotlo.c (Bapisa Mareko 10:17-22; Luke 12:16-21.) Ga se ga rona go atlhola ba ba mo seemong se se ntseng jalo, ka go bo “moñwe le moñwe oa rona o tla ikarabèla Modimo.” Bogolo, a re letleng tumelo ya rona ka mo go senang boitimokanyi go re susumeletsa go direla Modimo ka botlalo gore re tle re kgone go nna le segakolodi se se phepa.—Baroma 14:1-4, 10-12.
Go Kaelwa Ke Segakolodi Se Se Molemo
21. Ke phelelo efe e e tlhamaletseng eo segakolodi sa rona se ka nnang le yone mo go rona?
21 Segakolodi sa Mokeresete se se rutilweng sentle le se se amegang se tla re kaela go dira se se molemo. Se ne sa dira jalo mo ntlheng ya ga Paulo. O ne a kgatlhegela ‘bakaulengwe’ ba gagwe fela thata, Bajuda-ka-ene, mo a ileng a kwala: “Segakolodi sa me se shupa yaka nna mo Moeeñ o o Boitshèpō, Ka re, ke na le bohutsana yo bogolo, le botlhoko yo bo sa kokobeleñ mo peduñ ea me.” (Baroma 9:1-3) Ee, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go abalana mafoko a a molemo a Bokeresete le bone.
22. Ke ka ntlha yang fa segakolodi se ka re susumeletsa le e leng go feta ka kwa se se ka dirwang ke ditaolo?
22 Go tshwanetse go nna jalo ka rona. Fa re anaanela mosola wa segakolodi se re se filweng ke Modimo, ga re ka ke ra sekamela mo go akanyeng fela ka ditaolo. Ditaolo di ka tlhoma dipatlafalo di sekae, kana mekgele. Mme segakolodi se se tlhotlhelediwang ke lorato le tumelo ka mo go utlwalang se tla tlhoka mo gogolo mo go rona, se re tlhotlheletsa go dira ditlhabelo tse dikgolwane le go tlhoka bogagapa. Ka tsela e e ntseng jalo e le ruri re tla solegelwa molemo ke segakolodi sa rona. Se tla re kganela mo dilong tse di ka felelang ka gore re se ka ra amogelwa ke Modimo, mme se tla re thusa ele ruri go dira dilo tse tota a di amogelang. Go ntse jalo bogolo jaaka segakolodi sa rona se re kaela gore re kgone go nna le seabe se segolwane mo go boleleng mafoko a a molemo. Go ka nna le molemo ofe o mogolwane o o ka nnang gone go na le o Paulo a o umaketseng Timotheo? O ile a re: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”—1 Timotheo 4:16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dibaesekopo mo United States tse e leng tsa bagodi fela go bonwa di sa siamela batho ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le bosupa (kwa ntle fela fa ba patilwe ke motsadi kana motlhokomedi) ka ntlha ya setlhogo kana bogolo jwa go tlhakanela dikobo, bothubaki kana matlhapa.
b Bona The Watchtower ya May 1, 1974, ditsebe 274-277.
c Phuthego ya lefelo leo e ka solegelwa molemo ke babulatsela ba ba oketsegileng. Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ba kgatlhegang ba ba mo tlaleng ya semoya ba nna mo mafelong a ba sekae ba ka yang go one ka go bo go sena dipaka tse di molemo tsa go bona tiro. A bo e le lesego jang ne fa Bakeresete ba ba nang le letlotlo la madi ba ka arabela maikuelong ano a thuso!—Ditiho 16:9, 10.
A O Ka Gakologelwa
◻ Ke ka ntiha yang go le diphatsa go ikutlwa gore ‘fa sengwe se sa tshwenye segakolodi sa me, se tshwanetse sa bo se siame?’
◻ Fa o lebagane le potso mo segakoloding sa gago, ke dintlha dife tse tharo tse o tshwanetseng go di ela tlhoko ka bomasisi?
◻ Ke boikutlo bofe jo segakolodi se tshwanetseng go nna najo mo go galaletseng ga gago Modimo phatlalatsa?
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Mabaka a go Akanyediwa mo Khirong
Fa Mokeresete a tshwanetse go dira phetso ka tiro nngwe, o tshwanetse go akanyetsa pele seo tota o tla bong a se dira. O ka nna a akanyetsa dintlha tseno tse pedi:
A tiro e e kopanyelediwang e kgalwa mo Bibeleng?
Bibela e kgala dilo tse di tshwanang le go utswa, kobamelo ya medimo ya disetwa le tiriso e e sa tshwanelang ya madi, ka gone Mokeresete o ka thatafalelwa ke go bereka tiro eo a etleetsang dilo tse di ntseng jalo ka tlhamalalo.
A go dira tiro go tla golaganya motho le tlwaelo e e kgalwang mo go tla mo dirang mothusi yo o tlhamaletseng?
Le eleng motlhokomedi wa kgoro kana moamogedi wa batho kwa bankeng ya madi a mmele kana madirelong a a dirang dibetsa tsa ntwa o amana ka tlhamalalo le tiro e e fapaaneng le Lefoko la Modimo.—Lefitiko 17:13, 14; Isaia 2:2-4.
Go feta se motho o tla bong a se dira ka kwa, dintlha dingwe tse di oketsegileng di ka nna tsa amana le kgang ka kakaretso:
A tiro ke tirelo ya botho e e seng phoso go ya ka Bibela?
Raposo o dira tiro ya go isa poso kwa magaeng le kwa madirelong a kgwebo. A Mokeresete o tla kgalwa fa mafelo a o isang poso kwa go one e le magae a se kae a magodu kana feme e e rekisang ditshwantsho tsa medimo ya disetwa?—Mathaio 5:45.
Ke go ya bokgakaleng jo bo kae motho o nang le taolo godimo ga se se dirwang?
Mokeresete yo o nang le lebenkele ga a kitla a nna le go rekisa ditshwantsho tsa medimo ya disetwa kana go rekisa boroso ya madi.
Ga a mo boemong jo bo tshwanang le jwa morekisi kwa lebenkeleng le le golo le le rekisang disekerete kana phuding ya madi mo gare ga dikete-kete tsa dilwana tse dingwe.
Ke go ya bokgakaleng jo bo kae motho o kopanyelediwang?
Mmereki yo o tsayang madi mme a tshwara disekerete fela fa gongwe o ka nna a wetsa ka gore ga a mo boemong jo bo tshwanang le jwa mmereki yo mongwe yo o di pakang mo dishelofong mo e ka nnang letsatsi lotlhe.
Motswedi wa tuelo ke eng kana kwa go duelelwang teng?
Mo lefatsheng le goromente a fileng kereke thata ya dithulaganyo tsotlhe tsa leago, motho o ka nna a amogela tšheke ya gagwe ya tuelo go tswa mo lekgotleng la bodumedi. Mme fela tiro ya gagwe ya go tlhokomela diparaka tsa botlhe ga e mo lefelong la kereke. Le fa e le gore ka boyone ke tiro ya bodumedi kana e lejwa e etleetsa kobamelo ya maaka.
Matswela ka kakaretso a go dira tiro e e rileng ke afe?
A go dira tiro go tla kgopisa ba bantsi, go tlisa “mokgōbō”? (1 Timotheo 3:2, 10) E tla ama jang segakolodi sa mmereki?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Mokeresete-ka-wena o ka go thusa go bona se Lefoko la Modimo le se bolelang ka kgang ya segakolodi
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Akanyetsa ka fa diphetso tsa gago kana ditiro di ka amang ba bangwe