Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ A go siame fela go tlola molao wa Modimo go leka go boloka botshelo, jaaka go akantshitswe mo go Mathaio 12:1-8?
Lefa batho bangwe ba ba nang le pono eo ba ile ba lebisa go Mathaio 12:1-8 go iphemela, kakanyetso e e kelotlhoko ya Dikwalo e supa gore phetso e e ntseng jalo e fosagetse.
E rile Jesu a raletse masimo, barutwa ba gagwe ba roba diako di sekae tsa mabele, jaaka go letleletswe ke Molao. (Lefitiko 19:9, 10; Duteronome 24:19-21) Bafarasai ba ne ba ba kgalela go dira se ka sabata. Baeteledi pele bano ba bodumedi ba ne ba okeditse Molao ka ditlhaloso tse dintsi, bogolo jang ka se se neng se le ‘tiro’ e e sa tshwanelang kafa molaong ka sabata. Go ya ka ditaolo tseno tsa batho, le ka megopolo ya melao e e neng e di tlhotlheletsa, se barutwa ba se dirileng ba ne ba le molato wa ditiro di le pedi, go kotula (“roba”) le go photha (“shōshōrèla” mabele). (Mathaio 12:1; Luke 6:1) Lefa go ntse jalo, Jesu o rile:
“A ga lo e se lo bale kaga se Dafide o se dihileñ yale, ka a bolailwe ke tlala, le ba o na a na nabō; Kaha . . . [a neng] a ya dinkgwè tsa chupèlō, tse di sa lètlèlèlwañ go yèwa ke èna, leha e le ke ba o nañ nabō, ha e se ke baperisiti ba le bosi hèla? Kgotsa a ga lo e se lo ko lo bale mo molaoñ, kaha baperisiti ba tleñ ba itshepolole sabata ka gōna mo tempeleñ ka letsatsi ya sabata, me ba bo ba sena molato? Me nna kea lo raea, ka re, Moñwe eo o leñ mogolo go heta tempela o hano. Me ha lo ka bo lo tlhalogantse, go re, lehoko lea reñ ha le re, Ke eletsa boutlwèlō botlhoko, eseñ setlhabèlō, lo ko lo se ka loa sekisa ba ba senañ molato. Gonne Morwa Motho ke morèna oa sabata.”—Mathaio 12:3-8.
Keresete o ne a supela go tiragalo ya fa Dafide le banna ba gagwe, ba ne ba tshaba Kgosi Saulo wa mmolai, ba ne ba ya kwa Moperisiting yo Mogolo Ahimeleke kwa Noba. Dafide o ne a tlhalosa gore kgosi e ne e mo abetse tiro nngwe ya sephiri mme a kopa senkgwe. Ahimeleke o ne a mmolelela gore, “Ga go na se e leñ senkgwè hèla mo go nna, me go na le senkgwè se se itshepileñ; ke raea ha makau rure a ithibile mo basadiñ.” O ne a raya senkgwe sa tshupo (kana, senkgwe sa tshupelo), se se neng e le sa dipapetlana tsa dinkgwe tse di lesome le bobedi tse di sa bidisiwang tse di neng di bewa ka gale ka gale mo lomating lwa motlaagana o o Boitshepo. Jaaka fa dipapetlana tse dintšha di ne di neelwa ka sabata mongwe le mongwe, tse dikgologolo di ne di tlosiwa go ‘nna tsa ga Arone le bomorwawe go di jela mo felong fa go boitshepo.’ Dafide o ne a tlhalosa gore banna ba gagwe ba ne ba itshepile, ka mantswe a mangwe a raya gore ba boitshepo, ba le mo thomong ya kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa. Ka jalo Ahimeleke “a mo naea senkgwè se se itshepileñ: . . . senkgwè sa chupō, se se tlosiwañ ha pele ga Yehofa.”—1 Samuele 21:1-6; Lefitiko 24:5-9.
Mo leseding la se sotlhe, gotweng ka pono ya gore ditaolo tsa Modimo di ka tlhokomologiwa fela ‘fa botshelo bo le mo kotsing’? Batho ba ile ba akanya ka go re: ‘Modimo o ne wa tlodisa matlho fa Dafide a ne a roba taolo e e masisi fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing; gape Jesu o ne a mpampetsa go tlola sabata mme a bolela gore o ka dira molemo mme wa boloka botshelo ka sabata.’ (Luke 6:9; Mathaio 12:11, 12) Le fa go ntse jalo, go akanya mo go ntseng jalo go itshupa go le tsietso le go fapaana le Bibela.
Ka sekai, go akanya mo go dira gore o gopole gore Dafide le barutwa ba ga Jesu ba ne ba le mo kotsing ya ‘botshelo kana loso.’ A mme go ntse jalo? Bibela ga e re Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le mo boemong jwa go ka motega ke tlala ka gore go ne go sena dijo dipe tse di neng di ka bonwa. Tota, go ya ka bagolwane ba tsa thuto ya lefatshe, Noba e ne e le fela fa bokone jwa Thota ya Lotlhware, e seng kgakala le Jerusalema le ditoropo tse dingwe tse dintsi. Go bala ka tlhamalalo kgang eno go dira gore o feleletse ka gore Dafide le banna ba gagwe ba ne ba bolailwe ke tlala tota mme ba batla dijo mo go mongwe yo ba mo ikanyang. Ka mo go tshwanang, Bibela e re bolelela gore fa barutwa ba ga Jesu ba ne “ba bolailwe ke tlala” ka sabata ba ne ba roba mme ba ja mabele mangwe. Ba tshwanetse ba bo ba letse ba jele go le maabane, mme morago ga letsatsi la sabata ba ne ba ka reka dijo mo metseng ee mo tikologong. (Yohane 4:8; Mathaio 14:15) Ka jalo, fa motho mongwe a batla go dirisa ditiragalo tseno go supa gore melao ya Modimo e ka robiwa leng, o ka nna ka mo go tshwanang a bolela gore batho ba ka tlola melao ya ga Jehofa fa ba ‘bolailwe ke tlala.’ Re itse gore moo ga go a siama.
Lefa go ntse jalo, re sa ntse re tlhoka go itse tlhaloso ya ga Mathaio 12:1-8. Jesu o ne a bipolola pono ya Bafarasai e tshesane, ya melao. Re ka lemoga seno ga botoka ka go akanyetsa kgang ya sabata, le ka go elatlhoko thata tlhaloso ya ga Jesu.
Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go dira ka sabata? A kgang e ne e le fela go ba itsa go dira? Nyaa. Go ne go ntse jalo gore dilo tsa boitshediso, tse di tshwanang jaaka go berekela dijo le diaparo, di se ke tsa ja nako yotlhe ya batho le tlhokomelo. Thulaganyo ya sabata e ne e tsweledisa kobamelo ya boammaaruri ka go tlhomamisa gore batho ba nne le nako ya kobamelo kwa ntle ga go kgorelediwa ke tiro e e tlwaelegileng. (Ekesodo 20:8-11; Isaia 58:13) Jesu o ne a kgothaletsa kutlwisiso eno go na le pono e tshesane ya Bafarasai.
O ne a bolela gore le eleng baperisiti ba ba direlang kwa tempeleng ba ne ba ka bonwa molato wa go ‘itshepolola sabata’ mme ka go dira jalo ba roba molao. Jang? Mme ka na, baperisiti ba ne ba dira ka natla ka sabata ba bolaya diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo. A e ne e le barobi ba molao? Keresete o ne a re baperisiti bao ba ne ba “sena molato.” Ditiro tsa bone kwa tempeleng, go na le go tshwenyana le kobamelo, di ne di tlatseletsa mo go yone. Fa Jesu (yo o neng a le “mogolo go heta tempela” mme kgabagare a ne a tla ntsha setlhabelo) a ne a ntse a tsamaya le barutwa ba gagwe, ba ne ba ruta Lefoko la Modimo mme ka jalo ba godisa kobamelo ya boammaaruri. Ka jalo, ba ne ba sa tlole sabata ka go roba go le gonnye fela ba a ja. Lefa e le gore, jaaka Jesu a tlhalositse, go ne go tla bo go fapaane le moya wa molao wa sabata ka go “boloka botshelō” ka go ntsha nku mo mokoleng, le fa e ne e le letsatsi la kobamelo.—Mathaio 12:5, 11; Luke 6:9.
Gape, ka fa molaong ‘go ne go sa letlelelwa ka Dafide go ja’ senkgwe sa tshupo ka go bo Molao o rile ke sa baperisiti. Le fa go le jalo moperisiti yo mogolo wa ga Jehofa o ne a se fa Dafide. Mo motheong ofe? Dinkgwe tse di ntshitsweng mo lomating lwa senkgwe sa tshupo di ne di le “boitshèpō,” eseng fela go tsewa jaaka tse di tlwaelegileng, jaaka tse di ka fiwang modiri yo o tlwaelegileng kana go jelwa monate wa maitlhapediso fela. Di ne di tshwanetswe go dirisiwa jaaka dijo tsa baperisiti, banna ba ba tshwaregileng mo tirelong ya Modimo. Ka jalo fa Dafide a ne a tla ka mo go neng go lebega ekete ke loeto lo lo kgethegileng go tswa kwa kgosing ya Modimo e e tloditsweng, mme ebile moperisiti yo mogolo a ne a tlhomamisitse gore banna ba ne ba le boitshepo, go ne go se phoso gore ba nathogane senkgwe sa tshupo. Seo se ne se le tumalanong le tiriso ya motheo e Modimo o neng o se e tlhophetse.
Tshwantsha seno le tiragalo ya fa masole a Iseraele mo ntweng ya ga Saulo ba ne ba tlola molao wa Modimo ka madi, jaaka go tlhalosiwa mo go 1 Samuele 14:32-35. Ba ne ba le mo ntweng le Bafilisitia, baba ba batho ba ga Jehofa. Ba lapile ba bile ba bolailwe ke tlala ka ba tswa ntweng, Baiseraele bangwe ba ne ba bolaya diphologolo “ba di yèla [nama] le madi a cōna.” Le fa go ka iphakwa gore seno e ne e le kgang ya go fedisa tlala e e masisi kana e ne e le seemo sa tshoganetso, go roba molao wa Modimo ka ga madi go ne go sena boitshwarelo. E ne e le go ‘leofela Jehofa’ mme go ne ga tlhokafala ditlhabelo tse di kgethegileng mo boemong jwa bao ‘ba leofetseng Jehofa ka go jela le madi.’
E ne e le boleo ka ntlha ya gore e rile Modimo o neela molao ka ga madi wa bolela gore le fa batho ba ne ba ka ja nama ya diphologolo go itshedisa ba ne ba sa tshwanela go itshedisa ka go ja madi. (Genesise 9:3, 4) O ne a seka a re go ka repisiwa mme ga robiwa molao oo fa go lebega ekete ‘botshelo bo ne bo le mo kotsing.’ Mmopi o ne a ntsha taolo ya gore madi a boitshepo. Go boloka botshelo ka madi go ne go ka se ke go dirwe ka tsela epe ya go a tsenya mo mmeleng. Mme ka Keresete go ntsha madi a gagwe setlhabelo botshelo jo bosakhutleng bo ne bo ka kgonagala.—Baefesia 1:7.
Rekoto ya Bakeresete ba pele ba ba neng ba bewa mo tekong ke bagolwane ba puso ya Roma e dumalana le seno mme e tshwantsha gore re se ka ra akanya gore molao wa Modimo o ka robiwa mo maemong a ‘botshelo kana loso.’ Ka dinako tse dingwe teko ya bone e ne e le, go ja boroso ya madi kana go swela mo lefelong la boitloso-bodutu. A Bakeresete ba ne ba tla tlola molao wa Modimo ka ga madi mme ba latlhe boemo jwa bone le ene? Kana, fa ba gateletswe go tsaya leswalo le le nnye go le fisetsa modimo wa kgosi, a ba ne ba tla roba molao wa Modimo ka ga kobamelo ya medimo ya disetwa? Ditiragalo di supa gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba gana go roba ditaolo tsa Modimo le fa botshelo jwa bone jwa jaanong bo ne bo le mo kotsing. Lefa ba ile ba latlhegelwa ke matshelo a bone ka go obamela molao wa ga Jehofa, ba ne ba na le tlhomamisetso ya botshelo jo bosakhutleng.—Mathaio 16:25, 26.
Ka ntlha ya gona moo, Dikwalo ga di neele pono ya gore ditaolo tsa bomodimo di ka robiwa mo seemong se se bokete. Go na le moo, re bolelelwa gore: “Rea itse ha re rata bana ba Modimo ka gōna mo, mogañ re ratañ Modimo, me re diha ditaolō tsa ōna.”—1 Yohane 5:2.