LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/15 ts. 14-18
  • Thutego—Se E Se Lopang, Le Se E Se Neelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thutego—Se E Se Lopang, Le Se E Se Neelang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thutego e e Leng ya Motheo
  • Dikholetšhe le Diyunivesithi
  • Se E Se Lopang
  • Pono e e Lekalekaneng
  • Dira Ditshwetso Tse di Siameng fa o Ipotsa Gore a o Tsweletse Dithuto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Thuto—E Dirisetse go Baka Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Batsadi—Lo Batlela Bana ba Lona Isagwe e e Ntseng Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Baebele e Ganana le Thuto?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/15 ts. 14-18

Thutego—Se E Se Lopang, Le Se E Se Neelang

A o rata fa bana ba gago ba ka nna le thutego e e molemo? ‘Ee tota,’ wa rialo. ‘Thutego e e molemo e siamisetsa motho botshelo jo bo botoka. Motho yo o rutegileng o na le melemo e le mentsi thata go gaisa mongwe yo o sa rutegang thata.’ Seno se ntse jalo. Batsadi ba Bakeresete, ga mmogo le ba bangwe, ba batla gore bana ba bone ba nne le thutego e e botoka kafa go ka kgonagalang ka teng.

Mme ke eng seo se akaradiwang ke “thutego e e botoka kafa go ka kgonagalang ka teng?” Mokeresete o itse gore e akaretsa thuto ya lefatshe fela le ya semoya ka mo go tshwanang. Thutego ya semoya e nna e ya le matshelo a rona, mme thutego fela ya lefatshe e tshwanetse ya ya bokgakaleng jo bo kana kang? A mosha wa Mokeresete o tshwanetse a kgotsofadiwa fela ke thutego ya selefatshe e e leng ya motheo? Kana a o tshwanetse a ya kwa kholetšheng kana yunivesithing? Eno ga se potso e e motlhofo go arajwa ka jaana, lefa thutego yotlhe e neela melemo, e bile gape e lopa sengwe. Ka tsela efe?

Thutego e e Leng ya Motheo

Thutego e simolola pele ga ngwana a ya kwa sekolong. Motsadi yo o botlhale wa Mokeresete o thapisa ngwana go tswa fela kwa bonyaneng. O tshwanetse a thapisiwa mo go eng? Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Timotheo ka go re: o ne a ile a thapisiwa “mo bonyaneñ” go itse “dikwalō tse di boitshèpō,” karolo ya Bibela e e neng e le teng ka nako eo. (2 Timotheo 3:15) Jalo he, batsadi ba ka ruta bana ba bone kaga Jehofa Modimo, Jesu Keresete, botlhokwa jwa bogosi jwa Modimo, le boammaaruri jo bongwe jwa Dikwalo, fa bana ba sa le bannye.

Fa ngwana yo monnye a kgona go ithuta dilo tseno, ka phepafalo o ntse a ka kgona go simolola go ithuta go bala le go kwala, mme ebile batsadi ba ba botlhale ba ka ipha nako go mo ruta tseno gape. Ka gone, thutego ya ngwana e tshwanetse ya simolola go sa le gale.

A seno se lopa sengwe? Se lopa madi a sekae fela, mme se lopa nako e e oketsegileng le nonofo. Lefa go ntse jalo, go na le pusetso. Ka thutego e e ntseng jalo ya go sa le gale, ngwana o ka godisa lorato lo lo mo pelong lwa ga Jehofa mme e re ka bonako fela a godise dikgono tse e leng tsa motheo tsa go ithuta.

Mo mafatsheng a le mantsi mmuso o tle o baakanyetse bana thutego ya lefatshe e e leng ya motheo fa ba tla go nna mo e ka nnang dingwaga tse thataro. Lefa thutego eno e duelelwa thata-thata ka madi a lekgetho, go ka nna ga nna le tlhwatlhwa e nngwe e e kopanyelediwang. Ditlhotlheletso tseo batsadi ba ka se di laoleng di simolola go bopa kakanyo ya ngwana. E le la ntlha mo botshelong jwa gagwe, motho yo mmotlana o kgaoganngwa le batsadi ba gagwe ka dioura di le mmalwanyana ka letsatsi. O ka nna a tlhakana le bana bao ba ileng ba seka ba rutwa ditsela tsa boammaaruri tsa Bokeresete, mme, ka jalo, batsadi ba gagwe ba nne le go tlhomamisega gore a seka a lebala thapiso ya gagwe ya ntlha-ntlha.

A go busetsa sengwe? Batsadi ba le bantsi ba akanya jalo. Kwa dikolong, bana ba bona thutego e e atologileng mo ditemeng di le dintsi tsa kitso. Ba ka nna ba simolola gape go ithuta bokgoni joo bo tla nnang mosola mo botshelong jotlhe. Mme gape, lefa ba nna mo gae, ba na le sebaka sa go bontsha lorato lwa bone go Jehofa ba le kgakala le tiso ya matlho a batsadi ba bone.

Lefa go ntse jalo, go na le tlhwatlhwa nngwe eo batsadi ba ba botlhale ba Bakeresete ba sa ikemisetsang go e duela. Ga ba gatelele bana ba bone go ithuta thata-thata mo ba lapang thata kana ba tlhaelelwang ke nako ya gore ba ka ithuta “dikwalō tse di boitshèpō” kana go direla Modimo. Ka baka lang? Ka jaana, lemororo thutego ya lefatshe e na le mosola o o rileng, ke thutego fela e e thaetsweng mo ‘dikwalong tse di boitshepo’ eo e ka ‘tlhalehisetsang motho polokong.’ (2 Timotheo 3:15) Se se botlhokwa go feta se sengwe ke sefe: thutego ya lefatshe eo e siamisetsang dilo ka dingwaganyana di sekae tsa motho a sa tshedile? kana thutego eo e baakanyetsang motho botshelo jo bo sa khutleng?

Dikholetšhe le Diyunivesithi

Mo mafatsheng a le mantsi, morago ga sekolo sa poraemari motho yo mmotlana gantsi o tswelela ka thutego ya sekontari. Fa go tla fano batsadi ba bantsi ba Bakeresete, ka go gakologelwa kafa Jesu a neng a thapisiwa ka teng go nna mmetli, ba kgothaletsa bana ba bone go bona thapiso nngwe ya tiro ya diatla. (Mareko 6:3) Ba itse gore fa basha ba gola, ba tla nna le maikarabelo, mme jaanong ke lobaka lo lo molemo go simolola go ba siamisetsa go dirisana le ano.—1 Timotheo 5:4, 8.

Bangwe ba ipotsa fa e le gore a ba ka isa bana ba bone kwa thutegong ya yunivesithi. Ka baka lang? Mo nageng e e humanegileng, thutego ya yunivesithi e ka bonala e le tsela e e botoka ya go gatela-pele. E ka bonala e lere polokesego nngwe ya tsa madi, kana le eleng go feta. Morutisi mongwe wa Nigeria o ne a re: “Borre . . . ba batla bana ba bone ba nna dingaka, maenjenere, batlhalefelakago, babala-madi e le gore ba tle ba ntshe malapa a bone kwa morago.”

Lefa go ntse jalo, a tseno e tshwanetse ya nna dilo tseo motsadi wa Mokeresete a tshwanetseng go di eteletsa kwa pele fa a rulaganyetsa thutego ya ngwana wa gagwe? Batsadi ba le bantsi ga ba akanye jalo. Ba ikgethela go senka ditsela tse dingwe tseo ba ka baakanyetsang bana ba bone botshelo. Ka baka lang? Ka jaana melemo ya thutego ya yunivesithi ga se gantsi e busetsa.

Se E Se Lopang

Nigeria Daily Times e ne ya lebisa jaana ka ditshenyegelo tsa madi: “Metse e ile ya senyegelwa . . . thata-thata; batsadi ba ile ba itima dilo tsa mantlontlo mme fa gongwe ebile e le tse di tlhokafalang thata, fa ntlheng e nngwe kafa basha ba ba berekang ditiro tse di duelang ba kgaotseng karolo e kgolo ya dituelo tsa bone, gotlhe e le go tlhomamisa gore bana ba bone, dikgotla tsa bone le bone ka bobone ba nne le seabe mo maduong a thutego e e kwa godimo.”

A go tla bo go le botlhale ka batsadi ba Bakeresete go intsha ditlhabelo tse di ntseng jalo go romela bana ba bone kwa yunivesithing? Gongwe o ka kgona kafa mading. A mme go na le tshenyegelo nngwe e e nang le go akanyediwa? Ee, gantsi go ntse jalo. Ka sekai, batsadi ba lekawana lengwe ba ne ba mo letla go ya kwa Yuropa go ya kwa yunivesithing. A go ya ga gagwe koo go ne ga mo dira gore a nne le polokesego kafa mading, kana go ntsha ba ga bone kwa morago? Nnya. Ka go tlhotlhelediwa ke “ditsala” tsa gagwe tse disha kwa yunivesithing nngwe, o ne a dirisa diokobatsi a bo a bolawa ke go di dirisa thata. Monana yo mongwe wa Mo-Afrika o ne a ya yunivesithing kwa United States. O ne a busediwa gae a belaelelwa tshenyego ya boboko, ka ntlha ya diokobatsi le bojalwa. Abo batsadi ba makawana ano ba ile ba latlhegelwa jang!

Batsadi ba bangwe ba Bakeresete le bone ba ile ba latlhegelwa ka mo go golo. Lekawana lengwe le ne la ikwadisa mo yunivesithing ya naga ya gagabo, mme e le kgakala le legae. O ne a khutlela go kopanela le Bakeresete-ka-ene a bo a khutlela go direla Jehofa. Dilo tsotlhe tse a neng a di ithutile go tswa “mo bonyaneñ” tsa mo tlogela, mme jaanong o bile o ganetsa dingwe tsa dithuto tsa Bibela.

Ka maswabi, lekawana leno ga le nosi. Go na le ba bangwe bao ba neng ba godisediwa go direla Modimo bao jaanong e leng bora-thutotlhagelelo, balatola-modimo le baganetsi ba boammaaruri jwa Bibela. A seno ke ka go bo Bibela e le phoso mme botlhale jwa segompieno bo siame? Legoka. Ke ka go bo ba nnile ba tlhaselakwa ka megopolo e e kgatlhanong le bomodimo kwa kholetšheng fa ba ntse ba kgaogane le Bakeresete ba bangwe. Ka jalo tumelo ya bone ya koafala mme labofelo ya swa. Selo se se hutsahatsang ke gore, gantsi ba tsentswe mo boemong joo ke batsadi ba bone.

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Karolo nngwe ya bokopano jo bo bosula go gaisa jotlhe mo Mokereseteng—kafa semoyeng le boitsholong—bo ile jwa fitlhelwa mo diyunivesithing. Maitemogelo a a fa godimo a bontsha seo se ka diragalang fa batho ba banana ba ba senang maitemogelo, ba ba kgaoganeng le malapa a bone, ba latlhegelang mo maemong a boitsholo jo bo sa siamang, tirisong e e sa siamang ya diokobatsi le bojalwa, phasogong, le megopolong ya sepolotiki ya tsuologo. A go nna bomorwa semang-mang mo lelapeng kana go ka nna gone ga tiro e e duelang thata go tshwanela tatlhegelo e e ka nnang gone?

Pono e e Lekalekaneng

Mme, go ka nna ga ganelwa, ga se mongwe le mongwe yo o yang kwa yunivesithing yo o latlhegelwang ke tumelo ya gagwe ya Bokeresete kana go bolawa ke diokobatsi tse dintsi. Seno se ntse jalo. Bangwe ba ba tswang yunivesithing ba ile ba nna maloko a phuthego ya Bokeresete a a eletsegang le a a dirang ka natla. Mme akanyetsa seno, go ntse go le boammaaruri gore ga se ngwana mongwe le mongwe yo o tshamekelang mo seterateng se se tletseng dikoloi yo o ka bolawang ke koloi e e fetang. Bangwe ba a nne ba gole. A mme o ka letla ngwana wa gago go tshamekela mo seterateng se se tletseng ka ntlha ya gone moo?

A seno se raya gore go phoso go ya kwa yunivesithing? Seno ke se motsadi mongwe le mongwe a tshwanetseng go se atlholela ngwana wa gagwe. Lefa go ntse jalo, ka go dira jalo, o tshwanetse a akanyetsa mabaka a a fa godimo. Go ka nna gore moithuti a tsene kholetšhe a ntse a le mo gae. Kana gongwe o ka nna le ba-losika bao ba tla tlhokomelang thata gore ditsala tsa gagwe ke dife le go mo kgothaletsa ka thata go nna a tlhagafetse mo maikarabelong a Bokeresete. Mme ka go akanyetsa maemo otlhe, a go tla bo go tshwanela nako le boiteko? A go tla mo siamisetsa go direla Modimo wa gagwe ga botoka?

Batsadi ba le bantsi ba ikutlwa gore melemo e e ka nnang gone ya thutego ya yunivesithi ga e lekane le ditatlhegelo tse di maswe-maswe tse di ka nnang gone, segolo bogolo koo bana ba tla nnang le go ya kwa motseng kana nageng eo ba senang go tsenngwa leitlho. Go na le moo, ba kaela bana ba bone tirong nngwe ya diatla. Ka sekai, fa mosha a santse a le mo sekontari, a go na le dithuto dingwe tsa ditiro tse di farologaneng tsa diatla tseo di ka mo thusang go ithuta bokgoni bongwe joo bo tla kgonisang go itshedisa fa a sena go fetsa? Mo mafatsheng mangwe go na le dikolo dingwe tsa tiro ya diatla ka mo go kgethegileng tseo gongwe di ka tsayang ngwaga fela koo go ka ithutiwang bokgoni bongwe, kana joo bo simolotsweng mo sekolong sa sekontari bo ka godisiwang thata.

Batsadi bao ba bile gape ba akanyeditse thata seo ba batlang bana ba bone ba se dira ka matshelo a bone. A ba batla gore ba tlise tlotlo mo lapeng? go huma? kana go ka kgona go tlamela batsadi fa ba setse ba tsofetse? Mo lelapeng leo le senang tumelo ya Bokeresete, mekgele e e ntseng jalo e a tlhaloganyesega. Mme ruri Mokeresete ene o na le mekgele e e kwa godimo-dimo.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka go re: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ.” (1 Timotheo 6:9) Jesu o ne a tlhagisa gape ka go re: “Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.” (Mathaio 6:24) A le wena ga o dumele gore lengwe la mabaka ao baithuti ba le bantsi ba yunivesithi ba latlhegelwang ke tumelo ya bone ke gore bontsi jwa bone ba ‘direla Dikhumo,’ kana ‘ba eletsa go huma’? Ka go palelwa ke go tsaya kgakololo ya Modimo tsia ka boikutlo jwa bone tebang le dithoto tse di bonalang, ba ipaya kotsing ya megopolo le boitshwaro jo bo senyang tumelo.

Moaposetoloi Johane o ne a re: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” (1 Yohane 2:17) Fa o dumela seo, he o tla neela ngwana wa gago thutego e thata-thata e tla mo siamisetsang go dira thato ya Modimo. Bangwe ba ka nna ba re, ‘botshelo gompieno bo thata, mme motho yo monana—segolo fa a tswa mo lelapeng le le kobo dikhutshwane—o tlhoka thuso lefa e ka nna efe.’ Seo se boammaaruri. Mme Modimo o solofeditse gore fa re batla bogosi pele mo matshelong a rona, masego otlhe a re a tlhokang re tla a okelediwa. (Mathaio 6:33) A re kopa thuso nngwe e e botoka go na le eo?

Pele ga Kgosi Dafide a nna kgosi, o ne a patelesega go tshela jaaka motshabi mo nageng. Ka jalo a itse gore go nna moitlhaedi go ne go ntse jang. Mme gone o ne a re: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.” (Pesalema 37:25) Modimo o ntse a ka kgona go re thusa jaanong fela jaaka pele mo metlheng ya ga Dafide fa re batla bogosi jwa gagwe pele mo matshelong a rona.

E le ruri, thutego e e molemo-lemo eo re ka e neelang bana ba rona e tla lekalekanngwa le thuto ya semoya le ya lefatshe. Thutego ya lefatshe e na le mosola. Mme fa go e sala morago go raya go kgaogana le dilo tsa semoya, jalo ga go busetse sepe. Mabapi le thutego ya bana ba rona, go molemo go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Lobaka lo khutshahetse, gore e tle e re . . . ba ba ipapalèlañ ka lehatshe, a ba se hetise selekanyō; gonne mokgwa oa lehatshe yeno oa heta.”—1 Bakorintha 7:29-31.

Matswela a thutego e e lekalekantsweng a dira gore batsadi botlhe ba Bakeresete ba itumele. Bana ba tia mo tumelong, ba baka Modimo le go tlotla batsadi ba bone. Bakeresete ba banana ka bontsi, ba ba godisitsweng ka tsela eno, ga jaanong ba direla jaaka bareri ba nako e e tletseng kana barongwa, mme ebile matshelo a bone a kgorisa e le ruri. Abo batsadi ba bone ba le motlotlo jang ne ka bone! Ruri ba ‘gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo mo metlheng ya bokau jwa bone,’ mme ka gone ba supa tumelo ya bone mo go Ene, go na le mo lefatsheng leno.—Moreri 12:1.

E tla re fa tsamaiso eno kgabagare e fela, batho ba banana bao ba neng ba amogela le go arabela thutegong ya bomodimo e e lekalekaneng ba tla falola, gammogo le batsadi ba bone ba ba boifang Modimo, go direla Modimo ka bosaengkae. A seno ke se o se batlelang ngwana wa gago? He mo thuse go bona thutego e e tla mo solegelang molemo ka bosakhutleng.—Yohane 17:3.

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

A melemo e e ka nnang gone ya thutego ya yunivesithi e tshwanela tatlhegelo e e ka nnang gone?

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

Batsadi, lo gopola gore bana ba lona ba tla dirang ka matshelo a bone?

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Fa go sala thuto ya lefatshe morago go raya go kgaogana le dilo tsa semoya, ruri ga go busetse

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela