LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/15 ts. 26-27
  • Kafa go ka Ipelelwang Botshelo jwa Lelapa je le Itumetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa go ka Ipelelwang Botshelo jwa Lelapa je le Itumetseng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • IKANYEGE MO MOSADING WA GAGO
  • TLOTLA MONNA WA GAGO
  • IPHE NAKO GO NNA LE BANA LE GO BA OTLHAYA
  • UTLWA BATSADI BA GAGO
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
    Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
  • Botshelo Jwa Lelapa jo bo Itumedisang Modimo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/15 ts. 26-27

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Kafa go ka Ipelelwang Botshelo jwa Lelapa je le Itumetseng

A O LEMOGILE gore Lefoko la Modimo le ka go thusa go ipelela botshelo jwa lelapa je le itumetseng? Fa kgakololo e le e baakanyetsang maloko a lelapa e dirisiwa, melemo e tla nna megolo. A o monna? Fa go ntse jalo, akanyetsa se Lefoko la Modimo le se go bolelelang.

IKANYEGE MO MOSADING WA GAGO

Bibela e a kgothatsa: “Banna, ratang basadi ba lona.” “Itumele mo mosading wa gago mme o ipele mo mosetsaneng yo o mo nyetseng. . . . O bontshetsang mosadi o sele lorato lwa gago? O eleletsang bontle jwa mosadi wa monna yo mongwe?—Baefesia 5:25, 28; Diane 5:18-20, Today’s English Version.

Fa monna a ka reetsa kgakololo e e ntseng jalo ya Bibela, go tla tlatseletsa boitumelong jwa lelapa. Gape, mosadi wa gagwe o tla kgothadiwa go dirisa kgakololo ya Bibela le ena. Basadi ba kgothalediwa go dira eng?

TLOTLA MONNA WA GAGO

Lefoko la Modimo le re: “Le mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè.” (Baefesia 5:33) Go palelwa ga basadi go utlwa kgakololo eno ke motswedi o mogolo o o dirang gore banna bangwe ba itumologele basadi ba bone. Mosadi o bontsha tlotlo ka go ema nokeng diphetso tsa monna wa gagwe le go tshwaragana le ene ka moya otlhe. Ka go diragatsa kabelo ya gagwe e a e abetsweng ke Bibela jaaka ‘mothusi le motlatsi’ wa monna wa gagwe, o go tlhofofaletsa monna wa gagwe gore a mo rate.—Genesise 2:18.

Fa bana ba tsholwa mo lelapeng, ba tla godisiwa jang? Ke kgakololo efe e Lefoko la Modimo le e neelang batsadi?

IPHE NAKO GO NNA LE BANA LE GO BA OTLHAYA

Jaaka batsadi, le tlhoka go ineela bana ba lona, go senya nako e e mosola le bone le go ba baakanyetsa tao ya Lefoko la Modimo e e phepa. (Duteronome 11:19) Bontlhanngwe jwa tao bo tshwanetse go nna ka tsela ya peo-tseleng. Bibela e tlhalosa e re, “Boeleele bo bohelecwe mo peduñ ea ñwanyana; me thupa ea koatlhaō e tla bo lèlèkèla kgakala mo go èna.” Go neela kotlhao, le fa go ka kopanyeletsa thupa, ke tshupo ya lorato lwa botsadi, jaaka Bibela e re: “Eo o mo ratañ (morwawe), o tla a mo oatlhaee go sa le galè.”—Diane 22:15; 13:24; 23:13, 14; Baefesia 6:4.

Kafa bana ba itshwarang ka teng gape go kaya mo go ntsi gore a lelapa ke je le itumetseng kana nyaa. Lefoko la Modimo le ba kgothaletsa go dira eng?

UTLWA BATSADI BA GAGO

Bibela e re: “Bana, ke boikarabelo jwa lona jwa Bokeresete go utlwa batsadi ba lona, go bo e le selo se se siameng go se dira.” Selo seno se masisi jang? Seane sa Bibela se a bontsha, ka go re: “Mongwe yo o sotlang rraagwe kana a nyatsa mmaagwe yo o godileng o tshwanetse go jewa ke manong kana matlho a gagwe a gonngwe ke mahukubu.” Fela jaaka o ka bona, go utlwa le go tlotla batsadi ba gago ke kgang e e masisi mo Modimong.—Baefesia 6:1; Diane 30:17; TEV.

A e le ruri o batla go ipelela botshelo jwa lelapa je le itumetseng? O ka nna. Ga gona sephiri sa kafa go fitlhelelwang ka gone. Mmopi wa lelapa o neetse ka motlhala, kana kaelo, go dira katlego ya botshelo jwa lelapa. Fa leloko lengwe le lengwe la lelapa le ka ithuta le go dirisa kgakololo ya Modimo, se ruri se tla tlatseletsa boitumelong jwa lelapa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela