LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/15 ts. 24-25
  • Ditshedimosetso ka ga Holo ya Bogosi ya Dunwoody

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshedimosetso ka ga Holo ya Bogosi ya Dunwoody
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/15 ts. 24-25

Ditshedimosetso ka ga Holo ya Bogosi ya Dunwoody

TOROPO ya Atlanta e ka bo e sa kgona go tshwaragana ka botlalo jo bo kalo. Rre Gardner, mookamedi wa tsa tlhatlhobiso, o ne a utlwalela ka ga thulaganyo ya rona, mme batlhatlhobi ba gagwe ba kago ba ne ba sa dire ka Matlhatso le ka Sontaga. Ka jalo a letlelela Basupi ba ba nang le dilekesense tsa kitso ya ditiro go nna bone ba ikarabelelang mo go tlhatlhobeng. Mo godimo ga moo, moitseanape wa dikago yo o kwadisitsweng ebile a na le lekesense o ne a etela setsha kgafetsa kgafetsa ka mafelo-beke go bona gore thulaganyo eo ya kago e ne e dirwa tumalanong le melao ya dikago ya kgaolo eo ka botswerere le go feta.

Diromamowa tse tharo tsa thelebishine di ne tsa romela badiri ba tsone ba dibaesekopo kwa setsheng sa kago. Mongwe wa bagasi ba dikgang o ne a kgatlhega, a nna lobaka lo loleele morago ga badiri-ka-ene ba sena go tsamaya mme a feleletsa thulaganyo ya di 23 ya gagwe ka gore: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla tla gape kamoso, mme le rona re tla boa.”

Mo mosong wa di 24, dimmaele tse di fetang lekgolo go tswa kwa Dunwoody, Mosupi o ne a tsamaya ka ntlo le ntlo. Mo matlong a le marataro a a farologaneng o ne a bolelelwa: “Ehe, le batho ba re utlwileng ka ga lona ka TV ba ba agang Holo ya Bogosi mo malatsing a le mabedi fela, kwa Atlanta.”

Monna mongwe wa mogwebi kwa Atlanta o ne a na le baeng kwa ntlong ya gagwe ka mafelo-beke ao. Ka maphakela a moso wa Matlhatso ba feta fa setsheng mme ba bona dipota di gola. Ba ne ba hakgamaditswe ke tiro mme ya re dioura dingwe le dingwe di le pedi mo letsatsing leo le je le latelang ba boela ba ya go tlhatlhoba ka tswelelo pele. Ya re kwa morago mogwebi yono a bua ka tiragalo eno kwa Philippines, Mexico le mo dikgaolong di le dintsi tsa Bophirima.

Ka di 23 kwa Lephateng la Sepodisi la Naga ya Dekalb, mogolwane wa sepodisi o ne a romelwa go ya go tlhokomela go laola metsamao ya dikoloi gaufi le Holo ya Bogosi. Ramapodisi o ne a tlhalosa gore go agiwa kereke gone koo, mme o ne a ganetsa gore ga gona kereke e e agiwang kwa kgaolong eo. A ntse a ganelela gore ramapodisi o phoso, gone legale o ne a tsamaya. Fa a goroga o ne a ema fa gare ga tsela, a thibela dikoloi, mme a hakgamala a re: “Ga ke dumele se ke se bonang! Go ne go sena sepe fa maabane!’’

Mosupi mongwe o dira mo Oteleng ya Perimeter Marriott kwa Atlanta jaaka motshodi wa dijo. Motsamaisi wa borekelo joo jwa dijo o ne a ja dijo tsa motshegare le batsadi ba gagwe ba ba etileng, mme o ne a kopa Mosupi go ba bolelela ka ga kereke e e neng ya agiwa mo malatsing a le mabedi. Rraagwe a ganela ka bofefo a re: “Legoka! Ga ke bolo go aga mme ke a itse gore ga go ka ke ga diragala!” Go tswa foo a botsa, “Le ba bodumedi bofe?’’ Fa a ne a bolelelwa gore ke Basupi ba ga Jehofa, o ile a re: “Ba ka go dira!’’ O ne a kile a okamela holo ya kopano e Basupi ba neng ba e dirisa mme a bona ka fa ba neng ba dira mmogo ka teng. “Bodumedi bongwe bo sele ga bo ka ke jwa go dira,” o ne a re, “mme Basupi ba ga Jehofa ba ka go dira.”

Dikoloi ka bontsi di ne tsa feta fa setsheng sa kago mo malatsing a mabedi go bona se se diragalang. Ba bantsi ba ile ba ema ka go eta jaanong. Ka dinako tse dingwe baagelani ba ka nna makgolo a roba bobedi ba ba kgatlhegelang go itse le bafeti-ka-tsela ba ne ba ema mo lefelong la kago. Bangwe ba bone ba bo ba ja dijo le badiri. Mo malatsing a mabedi ao lephata la dijo le ne la aba dijo tsa mahala tse di makgolo a masome mararo le botlhano.

Malatsi a se kae morago ga go agiwa ga holo, mmapatsi mongwe o ne a etela Mosupi. O ne a utlwaletse ka ga holo mo dikgannyeng tsa TV mme o ne a kgatlhegile fela thata. E ne ya mo gakolola ka “ditshoswane di le mo seolong.” Lelapa la gagwe le ne le le la bodumedi, mme o ne a kgobegile marapo ka ntlha ya bodumedi. O ne a bua a re: “Fa setlhopha sengwe sa bodumedi se ka kgona go dira mmoga ka botswerere jo bo kana mme se age kago mo mafelo-bekeng a le mangwe, ba tshwanetse ba bo ba na le sengwe se ditumelo tse dingwe di se nang le sone.” Moragonyana ene le molekane wa gagwe ba tla kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi.

Rre mongwe o ne a itumologile thata fa morwadi wa gagwe a ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme a sa batle ditlhaloso tsa gagwe gotlhelele. Mme jaanong o tlhoafaletse thata go tlotla ka ga kago ya Holo ya Bogosi ya Dunwoody mme o boleletse le morwadi wa gagwe a re, “Ke itumela thata go bo o ne o le mongwe wa bone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela