LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/15 ts. 28-31
  • Kadimano-madi le Lorato lwa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kadimano-madi le Lorato lwa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Busa Kadimo
  • Go Adima ka Morokotso
  • Dipaka tsa go Supa Lorato
  • Fa Ditsala di Adimana Dilo
    Tsogang!—1999
  • Go Adima Bakeresete Ba Bangwe Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A ke Tshwanetse go Adima Madi mo Mokaulengweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A ke Tshwanetse go Adima Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/15 ts. 28-31

Kadimano-madi le Lorato lwa Bokeresete

NAKO nngwe e e fetileng, morwadia molemi mongwe o ne a Iwala fela thata. Ele ruri o ne a tlhoka kalafi, mme molemi o ne a humanegile mo a neng a ka seke a kgone go mo isa kwa ngakeng. Mo toropong e ba neng ba nna mo go yone—fela jaaka ditoropo tse di ntsi mo nageng eo—go ne go na le moadimi-madi yo o neng a adima madi mo motheong wa se ya bogwe se tletse, se boa se tletse. O ne o adima didolara di le tlhano mme e re mo kgweding e e tlang o bo o duela didolara di le thataro. Moadimi-madi yono e ne ya re ka bofefo fela a neela molemi yono madi a a tlhokafalang, mme, legale, mo kgweding e e tlang molemi a tshwanelwa ke go simolola go duela morokotso.

O ne o ka leba thulaganyo eno jang? A go ne go tla bo go tshwanetse ka Mokeresete go adima madi ka morokotso ka mo tlase ga maemo a a ntseng jalo?

Moaposetoloi Johane o ne a bolelela Bakeresete-ka-ene gore ba se ka ba ‘ikitsa go tlhomogela pelo’ bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang. (1 Yohane 3:17) Mme molao o Modimo o o neileng Baiseraele ka papamalo o ne o re: “U se ka ua thatahatsa pelo ea gago, leha e le go huparèlèla ñwana oa ga rra eno oa sehumanegi seatla: Me rure o tla mo huporololèla seatla, rure u tla mo adima mo go lekanyeñ botlhōkwa yoa gagwè mo go se o se tlhōkañ.”—Duteronome 15:7, 8.

Ka jalo, moadimi-madi o dirile sentle go ntsha madi gore mosetsana yo o lwalang a bone kalafi. Bobotlana o ile a amogela kalafi e e tlhokafalang. Mme go ne go na le karolo e nngwe ya molao e e neng e filwe Baiseraele. E ne e re: “Batho ba me ba ba humanegileñ ba u nañ nabō, ha u ba adima madi, u se ke ua nna mo go bōnè yaka moatisi, le gōna lo se ka loa ba lōpa kokecō.” (Ekesodo 22:25) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba ka se adimane ka koketso?

Gakologelwa gore tlholegong bontsi jwa Bajuda e ne e le balemi, eseng bagwebi. Fa molemi yo o dirang mo bosweng jwa bagolwa-golwane ba gagwe a ne a adima madi, gantsi e ne e le gore o ne jaanong a tlhoka. Molao o ne o tsaya fela gore yo o neng a adima o ne a ‘humanegile.’ Ka gongwe o ile a nna le kotsi, dijalo tsa gagwe di ile tsa seka tsa tlhoga, kana ka ntlha ya mabaka mangwe a ne a tlhoka madi gore a kgone go mo fitlhisa mo nakong ya thobo e e tlang. Go batla koketso ka fa tlase ga maemo a a ntseng jalo e ne e tla bo e le go dira morokotso ka go tlhagelwa ke kotsi ga mokaulengwe-ka-wena. Go ne go se kitla go bontsha lorato, mme Baiseraele ba ne ba laetswe: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.”—Lefitiko 19:18.

Lefa Bakeresete gompieno ba se ka fa tlase ga molao oo wa bogologolo, ba sa ntse ba tlamega go bontsha lorato mongwe go yo mongwe. Jesu o ne a re: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Ka jalo, Mokeresete, gape, ga a tshwanela go batla go boelwa ka go tlhoka lesego ga mokaulengwe wa gagwe ka go batla koketso fa mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme a adima madi.

Ntlha ke gore, mo di nakong tsa mathata Bakeresete ba a thusana go feta ka kwa ga dikadimano tsa madi. Ba neelana ka dimpho. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga Paulo le Barenabase ba ne ba romelwa go isa meneelo e e tswang mo Bakereseteng ba ba kwa Asia Minor kwa bakaulengweng ba bone kwa Judea ba ba neng ba tlhasetswe ke leuba. (Ditiho 11:29, 30) Ka mo go tshwanang, gompieno, nako nngwe le nngwe fa go tlhaga dikotsi, Bakeresete ba romela dimpho go thusa bakaulengwe ba bone.

Ka moya o o tshwanang, Jesu o ne a kgothatsa: “Le eo o ratañ go adima mo go wèna, u se ka ua mo hularèla hèla.” (Mathaio 5:42) Ka gone Mokeresete o leba mathata a nakwana a mokaulengwe wa gagwe e le sebaka sa go bontsha lorato. O tshwanetse go thusa ka mo a ka kgonang ka teng, le eleng go ya bokgakaleng jwa go ntsha dimpho kana go adimana madi go sena koketso. Kwa ntle ga pelaelo, fa moadimi-madi yo o umakilweng go le pele a ne a dirisa melao-metheo ya Bokeresete, o ka bo a ile a e leba ka tsela e e tshwanang le eno.

Go Busa Kadimo

Mo go se, moadimi ga se gore ga a na tlamego. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete: “Lo se ka loa nna molato le opè, ha e se go ratana hèla.” (Baroma 13:8) Ka jalo, yo o adimileng o tshwanetse gore a tshwenyege ka tlamego ya gagwe go duela molato wa gagwe ka bofefo jo bo kgonagalang. Ga a a tshwanela go akanya gore, ka ntlha ya go bo yo o mo adimileng madi a humile go mo feta, ga go tlhokafale gore a mo duele madi ao. Ka tsela e e tshwanang ga a tshwanela go lebelela Mokeresete ka ena, jaaka ngaka kana agente, go mo direla ditiro dingwe tsa botho kwa ntle ga go ba duela.

Jesu o rile: “Me go bua ga lona ha e le E, e nnè E; ha e le Nya, e nnè Nya.” (Mathaio 5:37) Ka mantswe a mangwe, Mokeresete o tshwanetse go boloka lefoko la gagwe. Fa a adima madi mme a solofetsa go a busa, kana gongwe a nna le sekoloto, o tshwanetse go dira gotlhe mo a ka go kgonang go duela sekoloto seo. Go mo thusa mo go seno, le go tlhomamisega gore ga gona tlhoka-kutlwisisanyo mo matlhakoreng oo-mabedi, go botlhale gore go nne le pego e e kwadilweng, go supa madi a a adimilweng, le gore a tla duelwa jang, jalo le jalo.

Go Adima ka Morokotso

A ke go sa supe lorato ka metlha yotlhe go lopa morokotso? Eseng jalo ruri. Go a tlhokomelesega gore, le fa Bajuda ba ne ba ka se ke ba kope morokotso mo Baiseraeleng ka bone, go ne go farologane ka baeng. Molao o ne o rile, “Oa chaba èna, u ka mo adima ka go lōpa kokeleco.” (Duteronome 23:20) Ke ka ntlha yang go na le pharologano? Ka ntlha ya gore moeng kwa Iseraele o ne a tla bo gantsi e le mogwebi, mme kadimo ya madi eo go lebega e ne e tla bo e le ya maikaelelo a kgwebo. Ka jalo, go ne go utlwala fela gore yo o adimang madi o ne a tshwanetse go nna le seabe mo dipoelong tse di neng di tla dirwa, mme o ne a tla dira se ka go kopa morokotso.

Jesu o ne a se kgatlhanong le molaomotheo wa go adima madi ka morokotso. O ile a supa se mo go se sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe. O ne a bua ka mogolwane mongwe yo o kileng a etela kwa lefatsheng le le kgakala ka lobakanyana mme a tlogela madi a gagwe le batlhanka ba gagwe. Mme ga diragala ya re a sena go boa a laola gore batlhanka bao ba bilediwe kwa go ene, mme a fitlhela gore bontsi jwa batlhanka ba ile ba bapala ka madi ao mme ba ne ba dira poelo. Ba ile ba akgolwa. Lefa go ntse jalo, motlhanka yo mongwe, o ne a se ka a bapala ka madi; ka jalo a bo a sena poelo epe e a ka e supang. Le fa ele go tsaya madi go a baya mo bankeng—ka tsela eo a adima banka go a dirisa mo kgwebong—mme a ya go a tsaya a na le morokotso. Motlhanka yono o ne a kgalemeIwa ke morena wa gagwe.—Luke 19:11-24.

Go tweng ka gompieno? Basadi ba Bakeresete ba le babedi ba ne ba na le thulaganyo nngwe ya kgwebo. Yo mongwe o ne a tla adima yo mongwe $20 (US) letsatsi lengwe le lengwe. Yo o adimilweng o ne a tla reka dijo mme a di rekise kwa mmarakeng. Kwa bokhutlong jwa letsatsi o ne a tla nna le $25, a mo go one a neng a tla busetsa moadimi $21, mme a boloke $4 e le a gagwe. Mo nageng eo $4 ke tuelo e e tlwaelegileng ya letsatsi.

Mo karolong e nngwe ya lefatshe, monna mongwe wa Mokeresete o ne a dira kgwebo ya lelapa. Ka ntlha ya kgatelopele ya tsa boranyane, o ne a itse gore kgwebo e tla re mo bogaufing e bo e sena mosola. Mme go ne go na le sebaka sa gore o ka dira sengwe se sele. Bothata fela e le gore, o ne a tlhoka madi a a oketsegileng. Ka jalo a adima madi mo Mokereseteng-ka-ene, mme a solofetsa go duela morokotso o o rileng mo mading a a adimilweng kgwedi le kgwedi.

A dithulaganyo tseno ka bobedi di ile tsa fapaana le moya wa molao wa Modimo go Baiseraele gore ba se ke ba adima ka go dira kokeletso mongwe go yo mongwe? Le eseng! Fa motho a se mo letlhokong le le kalo-kalo, mme a eletsa go adima madi—gongwe e le ka mabaka a tsa kgwebo—ga gona lebaka la gore yo o adimang madi a seka a kopa morokotso. E tshwanetse go nna morokotso o o kae? Se se tla ikaega, gareng ga dilo tse dingwe, gore ke mofuta ofe wa kadimo ya madi o o dirwang, seo makgathi a mabedi a dumalanang go sone, le ka molao wa lefatshe. Mo thulaganyong ya ntlha e e sa tswang go umakiwa, morokotso wa 5% ka letsatsi o ka lebega o le kwa godimo. Lefa go le jalo yo o adimileng madi tota o ne a dira poelo ya 25% mme o ne a itumelela go abelana bontlhanngwe jwa yone le moadimi.

Legale, fa mathata a ka tlhaga morago, ga go bonale go utlwala gore yo o adimilweng madi a simolole go ngongorega gore morokotso o o lopilweng o kwa godimo thata, fa e le gore ka tshosologo le ka boithaopo o ile a dumalana le gone kwa tshimologong. Fano gape, go botlhale go nna le ditumalano tsa kadimo di kwadilwe, go tila tlhoka-kutlwisisanyo morago.

Dipaka tsa go Supa Lorato

Fa ditumalano tse tsa kgwebo di relela sentle, di ka nna mosola go mongwe le mongwe. Mme leno ke lefatshe le le sa tlhomamisegeng, mme dilo ka dinako tse dingwe ga di tsamae sentle. Ka sekai, go ka diragalang fa mosadi yo o umakiIweng pele yo o adimilweng $20 letsatsi le letsatsi a ka thukhuthwa? Kana a re re mo thulaganyong ya kgwebo fa gare ga banna ba babedi ga e a ka ya tsamaya sentle jaaka go ne go solofetswe mme yo o adimilweng madi ga a ka a kgona go duela morokotso o a neng a o solofeditse?

Bibela ga e neele ditaolo tsa gore mathata a a ntseng jalo a tshwanetswe go tshwarwa jang, mme tlamego e sa ntse e ntse e dira: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Fa makgathi oo-mabedi a lekalekanya kamego e e boteng ya dikgatlhego tsa mongwe le mongwe ka moya wa botlhale jo bo dirang, ba bona seemo fela jaaka sentse mme ba amogela megopolo e e ntshitsweng e e utlwalang, mathata ano a ka raraboloIwa ka tsela e e molemo.

Ele ruri, moaposetoloi Paulo ga a ka a haka gore Bakeresete ba ise bakaulengwe ba bone kwa dikgotleng tsa ditshekelo ka ntata ya tsa madi. O ile a re: “Nya, e setse e le molato hèla mo go lona, ka lo na le ditshèkisanyō. Ga lo ichokeleleñ tshiamololō bogolo? ga lo iteseleletseñ go patikwa bogolo?”—1 Bakorintha 6:7.

Mokeresete yo o mo sekolotong, e se ka ntlha ya go ‘bolaelwa ke khumo e e maswe pelo,’ ele ruri o tshwanetse go batla go duela sekoloto sa gagwe. (1 Timotheo 3:8) Bibela e re bolelela gore: “Moikepi o tla a adime, me a se ke a bose.” (Pesalema 37:21) Le fa e le gore mathata a a neng a sa lebelelwa a ne a tlhaga, o sa ntse a ntse a batla gore a seka a balelwa gareng ga ‘baikepi.’ O tshwanetse go batla go nna motho yo ‘senang molato le ope,’ kwa ntle ga lorato fela. (Baroma 13:8) Ka jalo, o tshwanetse go dira ka tlotlego mme a seka a loga diipato ka molao go tila ditlamego tsa gagwe.

Mo letlhakoreng je lengwe, yo o adimang madi o tshwanetse gore mo ditsholofelong tsa gagwe a tlhomame. O lemoga gore go adima madi go kopanyeletsa selekanyo se se rileng sa go ipaya kotsing. Ka jalo, ga a tshwanela go baya kgatelelo e e feteletseng mo go yo o adimileng madi. E ka nna ya nna gore madi ga a teng mo e leng gore a ka e dueIwe. Bakeresete ba bantsi mo maemong a a ntseng jalo ba ile ba bontsha gore ‘ga se barati ba madi’ ka go oketsa lobaka Iwa go duelwa, kana ka go amogela tsela nngwe e e botlhale le e e utlwalang ya go batla tharabololo. (1 Timotheo 3:3) Bangwe ba ile ba lebala gotlhelele ka seo ba ileng ba se kolotwa.

Go umakiwa ga mathata a a ka tlhagang mo go adimeng le go adimaneng madi go tsosa potso e nngwe gape: “A ele ruri go a tlhokafala?” Bibela ga e kgale go adima madi fa go tlhokafala. Mme ka dinako tse dingwe ga go a nna jalo. Mo makgetlong a mantsi “kgatlhègō ea matlhō” e maatla thata go feta se motho o nang le sone, mme batho ba adima madi go reka magasi-gasi a tota ba sa a tlhokeng. (1 Yohane 2:16) Kwa bofelelong madi ao a tshwanetswe gore a dueIwe. Ka jalo Bibela ka mo go tlhamaletseng e ya tlhagisa: “Moadimi ke motlhanka oa eo go adiñwañ mo go èna.”—Diane 22:7.

Lefa go ntse jalo, fa go adima le go adimiwa madi go diragala fa gare ga Bakeresete, se ka dinako tse dintsi se neela sebaka sa go bontsha dinonofo tsa Bokeresete. Ka sekai, keletso e e ikanyegang ya go diragatsa ditlamego, kamego e e boteng ka molemo wa ba bangwe le go tila lorato Iwa madi go tla thusa go tlhomamisa gore go adima madi go dirwa ka lorato lwa Bokeresete. Ka tsela e e ntseng jaana taolo ya Bibela e tla utlwiwa: “Gotlhe mo lo go dihañ, a go dihwè ka loratō.”—1 Bakorintha 16:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela