LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 6/15 ts. 25-30
  • ‘Botsogo jo bo Siameng’ le Kakanyetso-dilo ya Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Botsogo jo bo Siameng’ le Kakanyetso-dilo ya Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgetha Kalafi
  • Go Nna le Kakanyetso-dilo
  • Go Tweng ka Makwalo-tshupo?
  • Senka Thuso e e Tshwanetseng
  • Go Lekalekanya Botsogo jwa Semoya le Botsogo jwa Mmele
  • Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • ‘Re Lo Eleletsa Botsogo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Amogela Kalafi ya Bongaka?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 6/15 ts. 25-30

‘Botsogo jo bo Siameng’ le Kakanyetso-dilo ya Bokeresete

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa Filipi wa bogologolo a re: “A boiphapaanyō [kakanyetso-dilo] yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe.” Ka gone o ne a ba kgothatsa, bone le Bakeresete botlhe ha esale, go bontsha moya wa tekanyetso le tekatekano e e botlhale.—Bafilipi 4:5.

Re tlhoka go akanyetsa dilo fa go tla mo botsogong jwa rona. Ka sekai, re tshwanetse go tila go ja thata kana go feteletsa, mme ebile re tshwanetse ra nna le go itshedila mmele mo go lekanetseng le boikhutso. Boikutlo jwa rona tebang le dikalafi bo tshwanetse ka mo go tshwanang jwa ikaega ka kakanyetso, re bontsha tlhokomelo ya gore re seka ra iphitlhela re gogobilwe ke maikutlo ka ga mothale mongwe o mosha wa tsa botsogo. Kakanyetso-dilo gape ea tlhokafala mo go lekalekanyeng botsogo jwa rona jwa semoya le botsogo jwa mmele; re tshwanetse gore re “dumalanè le dilō tse di molemō” gore go tshwenyega ka tsa botsogo go seka ga kgarameletsa bogosi jwa Modimo kwa morago.—Bafilipi 1:10.

Go Kgetha Kalafi

Mo go direng phetso ka ga dikgang tsa kalafi kana botsogo, go molemo go lemoga gore dikgang tseno di ka tlhotlhelediwa ke botumo kana diphetogo. O ka nna wa bo o gakologelwa dikalafo tseo pele di neng di tumile mme jaanong di lejwa ka tsela e e farologaneng. A o sa gakologelwa nakong ele fa dingaka di ne di dirisa ekeserei go alafa dikemola, ba bua dikodu tsa bana ka mabaka a a seng a sepe kana ba abela bolwetsi leha e ka nna bofe diokobatsi tse dintšha tsa “sulfa” kana “penicillin?” Dilo di fetogile. Le mororo melemo eo e ne e ka tshwanela mabaka a a rileng, boitemogelo le patlisiso di ile tsa senola gore go na le malwetsi a kafa thoko mangwe kana di supa go re e tshwanetse ya dirisiwa ka go kgethiwa.

Fa dingaka tseo di rutilweng ka “mokgwa wa boitseanape” ebile di thapisitswe go re di itlhokomele ka ga diokobatsi tse disha kana dikalafi ba ka tlhotlhelediwa ke maikutlo a a nonofileng, a bo go ka nna motlhofo jang ka motho fela go sa lekalekane ka ga diphetogo tsa botsogo. Mme ebile dimilione di dirile jalo. Gantsi ba ile ba dirisa kalafi nngwe eo e neng e sena mosola o o kalokalo mo phodisong mme e dirisitswe ga bosula ke batho ba ba sa rutiwang. “Diphodiso” tse dingwe tseo di ileng tsa tuma di ile ka mmannete tsa seka tsa tswelela ka jaana di ne di le tsa tsietso.a Di ne di etleeditswe ke batho ba ba neng ba itumeletse fela go amoga batho ba ba lwalang madi a bone. Mme, se ebileng e le se se amang Bakeresete thatathata, dingwe tsa dikalafo tse di tumileng di bonala di ile tsa kopanyeletsa ‘dinonofo tsa boikepo’ kana tirisabadimo, eo e kgalwang ke Bibela.—Isaia 1:13; Duteronome 18:10-12.

Mme bangwe ba ka nna ba botsa ba re, ‘mme ke ka itse jang fa kalafo nngwe e ka ne e le ya tsietso?’ Seo se ka nna thata, ka jaana bontsi jwa dikalafo tsa pele tse ga jaanong mang le mang a di lemogang fa di ne di sena mosola di ne di na le maina a boitseanape. Mme ebile dibuka tseo di neng di abiwa ka ga tsone di ne di ntsha ditlhaloso tse bangwe ba neng ba fitlhela di kgatlhisa. Ke kae he, kwa re ka bonang thuso teng?b

Go Nna le Kakanyetso-dilo

Morutwa Jakobe o ne a kwala ka go re “botlhale yo bo cwañ kwa godimo . . . bo bonōlō [akanyetsa-dilo].” (Yakobe 3:17) Lefa Mokeresete e se motlhalefedi wa tsa botsogo, go leka ga gagwe ka thata go akanyetsa dilo go ka mo thusa go re a farologanye (kana a leke) mekgwa le dikalafi.

Gone, re tshwanetse ra lemoga go re go na le ditsela tse di farologaneng ka ga dikgang tsa botsogo ka bontsi; Mokeresete yo o tlhagafetseng o ka se ke a di itse tsotlhe. Mme fa a tlhoka kalafo mme a hakelwa sengwe se se rileng, o ka nna a botsa a re: ‘A kalafi e e hakilweng e bonala e utlwala, e dumalana le kitso ka ga mmele le bolwetsi? Kana a e bonala e sa tlwaelega, ebile e feteletse mo maiphakong a yone? A ke tlhotlhelediwa go amogela kalafo eno ke batho ba ba sa itseng sepe kana bao ba emetseng fela go bona poelo ya madi? Fa ke na le dipelaelo dingwe ka ga yone, a ke tshwanetse ka leta go fitlhela mabaka a a oketsegileng a itsege?’

Dipotso tseno di ka nna tsa utlwala e le tsa bonyana, mme lebaka la go bo dikalafo dingwe tse e seng tsone sentle di bo di ile tsa tuma mo nakong e e fetileng go bontsha bomosola jwa go akanyetsa dipotso tseo. Seno gape se ka tshwantshediwa ke boitemogelo jo bo letelang: Mosadi mongwe, a rutegile fela jaaka mongwe le mongwe ebile a hirilwe mo ofising, o ne a ya kwa go rakalafi mongwe yo o neng a otlelela thata ka ga kalafo e e amanang le dijo. E ne ya re moragonyana a bolelela ditsala tsa gagwe gore o ne a supegediwa “mabotlele mangwe a ditlhagala tseo di neng tsa tswa mo balwetsing bangwe,” go akareletsa le “tlhagala ya boboko.” Kakanyetso-dilo e ka go tlhotlheletsa gore o akanye ka go re: A jaana mang le mang o ka itse gore tota tlhagala ya mmannete e lebega jang, mme jalo o ne a ka lemoga jang tlhagala ya mmatota go sa kgathalege gore e ka ne go twe e “dule” jang? Gape, ereka boboko bo le mo legateng, motho o ka “ntsha” jang tlhagala ya boboko a e fetisa ka mantle kana ka tsela nngwe e sele?

Kgabagare, bontsi jwa ditlhatlhobo tse di fetileng kana dikalafo tseo di itshupileng di sena mosola di ne tsa etleediwa ka maiphako ka ga “dilo tsa dikgakgamatso,” “dinonofo tsa mmele” tse di sa tlwaelegang kana mekgwa e e sa itsegeng eo rakalafi a ileng a ‘kanoka’ ka yona, gongwe ka seakgaakgegane kana go tswa karolong nngwe ya mmele eo e neng e bonala e sa amane ka gope le seo se neng se alafiwa. Go ne go ikuelwa mo boikutlong, bosaitseweng kana le eleng mo dinonofong tsa tirisabadimo, eseng mo kakanyetsong dilo.—Bapisa Lefitiko 19:26.

Go Tweng ka Makwalo-tshupo?

Re thusiwa gape ka seno: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lefoko leñwe le leñwe: mme senokopela se tle se itebe tsamaō ya shōna sentlè.”—Diane 14:15.

Eo ke kgakololo e e molemo, ka jaana bontsi jwa rona re kile ra utlwalela ka dikalafo tseo di neng di hakilwe ke makwalo-tshupo a a etsang, ‘Dingaka di ne tsa bolelela Rre Pule gore o ne a saletswe ke malatsi a le mane fela, mme a dirisa—mme jaanong o fodile. E kane “Rre Pule” a ne a na le bolwetsi tota kana nnyaa, o ka ne o itse ka ditsietso tse dintsi tse di neng tsa supelwa ka makwalo-tshupo tsa tsietso. Seno legale ga se reye gore re tshwanetse ra nyatsa fa mogarona a re anela ka boitemogelo jwa botho. Lefa gontse jalo, mo go direng diphetso tse dikgolo tsa botsogo re tshwanetse ra dira mo go fetang fela ‘go dumela lefoko lengwe le lengwe la makwalo-tshupo.’

Ka sekai, lefa ene “Rre Pule” a ne a na le bolwetsi mme a ile a tokafala, ke ka ntlhayang? Tlhotlheletso e e nonofileng mo dikalafong tsa botsogo, go akareletsa le melemo e e tlwaelegileng, ke “phōlō ya ditoro.” Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore mo e ka nnang balwetsi ba ba 30 go ya go 40 lekgolong ba ile ba tokafala morago ga go newa dipilisi tse di sa berekeng kana dimao tsa metsi. Science Digest (September, 1981) e bega jaana: “Tumelo, tsholofelo, ikanyo, tseo e leng dikarolo tsa botlhokwa mo phōlōng ya ditoro, ka dinako tse dingwe di ka fodisa dintho, tsa fetola dikhemikhale tsa mmele, le eleng go fetola seemo sa malwetsi a a ikepetseng thata.” Ka jalo, fa o dira phetso ya gore o tshwanetse wa nna le ‘tumelo e e kana kang mo lefokong lengwe le lengwe,’ gakologelwa “phōlō ya ditoro” mme o botse, A yone kalafo ka boyone e tlhomamisitswe jaaka e e tswelelang ke patlisiso e e utlwalang le tlhatlhobiso e e atlabetseng?

Le eleng fa pego e potile kwalotshupo ka kwa, go tla bo go le molemo go akanyetsa fa e le go re kalafi ea amogelesega kafa boitsholong le kafa bodumeding. The Journal of the American Medical Association e ne ya bega ka mosadi wa dingwaga tse 28 yo o neng a na le bolwetsi jwa letlalo jwa “lupus erythematosus,” bolwetsi jo bo maswe jwa koafalo ya mmele jo bo ka lemogiwang ka ditlhatlhobo di le dintsi tsa bongaka. Fa a sena go gana bongaka, o ne a ya kwa ngakeng ya setswana yo o neng a feta a “mo ntsha diphera.” O ne a boa a sena ditshupo dipe tsa bolwetsi, ka phepefalo a fodile. Pego ya JAMA e ne ya tlhagisa potso ya go re ke jang ngaka ya setswana mo Asia e neng e ka ‘tlosa moya oo bosula’ mme e mo alafe. Go bonala fa kalafo e ne ya tswelela, mme Bakeresete ba tla itisa ka dikalafo dingwe tse ba ka neng ba ikutlwa gore di kopanyeletsa sebopego sengwe sa tirisabadimo.—Bapisa Mathaio 7:22, 23.

Senka Thuso e e Tshwanetseng

Go phepafetse gore mo mabakeng a le mantsi re tlhoka kgakololo e e botlhale ka ga dikalafi le dipotso tsa botsogo. Ke mang yo re ka ikanyang mo go ene? Dikwalo di neelana ka pono eno e e botlhale: “A u bōna monna eo o bobèbè mo tihoñ ea gagwè? èna o tla èma ha pele ga dikgosi.”—Diane 22:29.

Monna yo o ithutang selo mme a nne le botsipa jwa sona o lemogiwa jaaka yo o nang le kitso, le eleng go nna motlhalefedi wa se a se dirang. Seno se ntse jalo gape le mo maemong a botsogo. Ka gone fa o ntse o tlhotlhomisa ka se ngaka e se hakileng kana mogakolodi wa tsa botsogo, o ka nna wa ipotsa wa re: O supelwa ke eng? Karabo e ka seka ya ikaega ka mo go feletseng mo diretong tsa gagwe kana ditlhaka tse di latelang leina la gagwe. Batho ba le bantsi ba ile ba bapala direto go re ba bonale ba le botlhokwa. (Bapisa Mathaio 23:6, 7.) Bangwe bao ba ratang go bidiwa gotwe “ngaka” ba ka fodisa kana ba alafa (mahala kana ka madic) lemororo ba badile dibuka di sekae fela kana go tsena “dithuto” ka nako e khutshwanyane fela.

O ka nna wa akanyetsa gape go re: Boleng kana thapiso ya gagwe di ya bokgakaleng bofe? A o a tlotlega mo go ba ba nang le kitso, a lejwa jaaka yo o nonofileng? Morutwa Luke ka phepefalo o ne a ithutile le go bapala boitemogelo jo bo lekaneng mo e neng ya re fa Paulo a mmolela jaaka “Luke, ñaka e e ratègañ” ditshwanelego tsa gagwe di ne di tlotlega.—Bakolosa 4:14.

Le gale, le eleng batho bangwe ba ba thapisitsweng sentle mo dikgannyeng tsa botsogo ba ile ba neela kgakololo e e bosula kana kalafo. Ka ntlhayang? Fa gongwe e le ka ntlha ya go bo ba sena kgatlhego ya mmannete mo balwetsing ba bone. Ba ka nna ba bo ba ile ba nna le mogopolo mongwe ka botsogo o o haphegileng. Kana ba seka ba inaakanya le kgatelopele ya tsa bongaka mme ka jalo ba tlhaela kitso e e kgethegileng e e tlhokafalang. Fano le gone, Bibela e ka re thusa.

E re: “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle: me mo bontsiñ yoa bagakolodi a tla a tlhōmame.” (Diane 15:22) Seno se tiisetsa bomosola jwa go reetsa maikutlo a wa bobedi kana wa boraro. Balwetsi ba le bantsi ba nna le ikanyo e ntsi mo ngakeng ya bone mme ka jalo ba sa tlhokane le maikutlo a mangwe a sele go sengwe le sengwe se a se hakang. Mme go a utlwala gore go reediwe maikutlo a wa bobedi mo kganyeng e e masisi kana fa o sa wela dibete ka kgakololo e e neetsweng. Lefa gontse jalo, tlhomamisa gore o amogela maikutlo ao go mongwe yo o tshepang gore o tla go neela kgakololo e e sa sekamelang gope. Le eleng fa e ka bo e le go mongwe yo o ka tlang ka mogopolo o sele kaga bothata, e tshwanetse ya nna kgakololo e e botswerere. Ka gone ‘bontsi jwa bagakolodi’ bo tla go thusa tebang le botsogo jo bo botoka.

Go Lekalekanya Botsogo jwa Semoya le Botsogo jwa Mmele

Ka puisano eno yotlhe ya ka botsogo le kalafo, Bakeresete ba ba ineetseng ba tshwanetse go gakologelwa seno: Fela jaaka botsogo jwa rona jwa mmele bo le botlhokwa, botsogo jwa rona jwa semoya bo botlhokwa ebile ka mo go oketsegileng!

Jesu o ne a gakolola ka go re: “Se tlhobaeleñ kaga botshelō yoa lona, go re, lo tla ya eñ; leha e le kaga mmele, go re, lo tla apara eñ.” Ee, re tlhoka go itisa kgatlhanong le go tlhobaela ka mo go feteletseng ka ga dijo, diaparo kana le eleng go alafa mebele ya rona. Abo go ka hutsafatsa jang fa Mokeresete a ne a ka tshwenyega thata ka botsogo jwa gagwe jwa mmele mo a tlhokomologang botsogo jwa gagwe jwa semoya! O ka nna a wela mo seraing sa monna wa mohumi wa setshwantsho sa ga Jesu, yo Modimo o neng a mo raya a re: “Mōea ao gago o lōpiwa mo go wèna sigoñ yono; me dilō tse u di baakantseñ di tla nna tsa ga mañ [go akareletsa botsogo]?” Jesu o ne a oketsa ka go re: “Le èna eo o ikhumèlañ hèla, a sa humèla Modimo, o nntse hèla yalo.”—Luke 12:20-22.

Ke boammaaruri, re batla go tlhokomela botsogo jwa rona gore re tle re dirise matshelo a rona mo go direleng Modimo. Mme dipego go tswa mafelong a farologaneng di supa gore Bakeresete bangwe ba ile ba tshwarega ka mo go feteletseng mo botsogong jwa mmele. Jaaka ka sekai, Mosupi mongwe mo Bogare-bophirima jwa United States o ne a kwala a re: “Go bonala fa ba le bantsi ba tshwenyegile thata-thata ka botsogo. Nako le nako seno se mo megopolong ya bone [jaaka fa go supiwa ke metlotlo ya bone].” Lekwalo le ne la tlhalosa gore ba le bantsi go bonetse fa ba ile ba tshwenyega thata-thata morago ga ba sena go bolelelwa gore ba ne ba na le kankere ke batho bao ba santseng ba ithuta fela mme gone ba ikutlwa gore ba ka kgona go lemoga fa e le go re a mongwe o na le kankere mme e re morago ba kae gore go jeweng kana eng se se ka thusang dijo. Mosupi o ne a utlwa moeti go tswa California a re: “Rona [ka mekgwa eno ya botsogo] ga re tsamaelane le bao mo phuthegong ya rona ba ikgethelang go nna ba sena kitso mme ba ya kwa dingakeng tsa bone.”

Seno se a gobatsa go tswa dintlheng di le mmalwa. Dipokano tsa Bokeresete le dikopano ga se dipaka tsa go tsenelela kwa teng mo motlotlong kaga botsogo, kana tsa go leka go ka alafa ba bangwe kana go etleetsa dikalafo dingwe tse di rileng. Go na le moo, dikokoano tseno ke tsa bolekane jo bo bothito jwa semoya. Bagolwane ba tshwanetse go disa gore Holo ya Bogosi ga e nne bokopanelo jwa go buelela dikalafo tse di farologaneng tsa botsogo kana dipono, mme e fela e ntse e le lefelo la kutlwano le kobamelo ya boammaaruri.—Bapisa Yohane 2:16, 17.

Botsogo jo bo itekanetseng bo ka se kgonege mo tsamaisong ya jaanong ya dilo. Botsogo jo bo ntseng jalo bo ka se kgonege go fitlhelela tsamaiso e ntsha ya dilo e goroga. Ke gone he “monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” Mme seo e le ka go bo ba tla bo ba itshwaretswe molato wa bone le boleo jwa bone. (Isaia 33:24) Ka jalo a re se tshwenyegeng ka mo go sa tlhokafaleng ka ga botsogo jwa rona jwa jaanong, jaaka ekete re setse morago go nna le botsogo jo bo itekanetseng jwa mmele ga jaanong. Go na le moo, a re bontsheng botlhale le kakanyetso-dilo ka go tsenya mogopolo mo botsogong jwa rona jwa semoya.

Jesu o ne a supa koo re tshwanetseng ra isa tlhokomelo ya rona teng: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Ga re a tshwanela go iteseletsa go faposiwa mo kabelong eno ya bomodimo; dikganetsano ka ga botsogo di se ka tsa re theosa mo go tshegetseng Bogosi ka peloyotlhe. ‘Go batla Bogosi pele’ ke tsela e e botlhale le ya kakanyetso-dilo. E tla lere “kagishō ea Modimo” mme ka gone e nne le gona go ka tokafatsa le jone botsogo jwa rona jwa jaanong. Mme sa botlhokwa ka mo go oketsegileng, e tla felela mo letlotlong la go amogelwa ke Modimo, ka ditebelelo tsotlhe tse di hakgamatsang tse di tla diragalang ka mmannete fa thekololo ya setlhabelo sa ga Keresete e diriswa mo bathong.—Bafilipi 3:8-11; 4:6, 7; Mathaio 6:33.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Musiamo mongwe St. Louis, Missouri, o na le disupiwa tsa ditsietso tse di ntseng jalo tsa dikalafi. Di akaretsa metšhine ya marang, dipone tse di mebalabala go “alafa” balwetsi ba ba rapameng; ditlhogo tsa bone di lebile kwa bokone, didirisiwa tseo go bolelwang fa di ka ntsha “nonofo ya selegodimo” le tse dingwe tse di kopanyeletsang diphodiso kana ditlhatlhobo tseo di theilweng mo “dinonofong tsa mmele” tse di sa itsiweng.

b Ka dipaka tse dingwe, batho ba atle ba botse go Watchtower Society fa ele gore mofuta mongwe wa phodiso kana kalafo o kopanyeletsa tsietso kana tirisabadimo. Ga re mo boemong jwa go tlhatlhobisa kana go atlhola “dikalafo” tse dintsi-ntsi tse di dirisiwang lefatshe ka bophara. Mme re tshepa gore kgakololo e e mo ditlhogwaneng tse pedi e tla thusa babadi go dirisa melaometheo ya Bibela le tekatekano mo go direng phetso ya se se ka dirisiwang mo botsogong.

c Mo mafatsheng a le mantsi ke molato wa borukutlhi go alafa batho o sena lekesense.—Mathaio 22:21.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

A o ka Tshela Dingwaga tse 100?

Kanoko ka komiti ya botshelo jo boleele e ne ya tlhotlhomisa mo bathong ba le 1 000 bao ba tshedileng go fitlhelela ba le dingwaga di le 100. Ke dilo dife tseo bantsi ba bone ba neng ba tshwana ka tsone? Pampiri ya dikgang e ne ya akareletsa jaana:

“O seka wa nna bofatlha mo go sepe. Tsoga go sa le moso. Tshela botshelo jwa semoya. Nna o tshwaregile. Nna o kgotsofetse.”

Dilo tse dingwe tse di neng tsa elwatlhoko go botlhe: Gantsi ba ne ba ya go robala go sale nako. Ba ba kima ba ne ba sekae. Bontsi ba ne ba le tlhaga, e se balori fela.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Kamego e e Sa Tshwanelang ka ga Botsogo

Mo bukeng ya bosheng e e rekwang thata, Dr. Lewis Thomas, mookamedi wa Memorial Sloan-Kettering Cancer Center mo New York, o ne a elatlhoko seno:

“Jaaka batho, re ikatlile tlhogo ka Botsogo. Go na le sengwe seo se sa itshekang gotlhelele ka ga seno. Ga re bonale re senka botshelo jo bo botoka fela thata jaaka fa re a tle re leke go kganela tlhaelo, go emisa loso. Re latlhegetswe ke tsholofelo yotlhe mo mmeleng wa motho. Mogopolo o mosha o rotlhe re nang nao ke go re ga re a bopiwa sentle, go na le phoso nngwe ya kafa teng, re mo kotsing ya go ka welwa ke ditIhotlheletso tse di bobaba mo teng ga rona le go re dikologa, le botshelo jwa rona go beilwe kobo fela. Re tshela re le mo kotsing ya go ka swa nako nngwe le nngwe . . .

“Bothata ke go re, re tsiediwa ke dipolelo tsa batho . . . Mo botshelong tota, re batho ba ba itekanetseng ka mo go utlwalang. Kgakala thata le go bo re dirilwe ka go latlhelelwa fela, re dirilwe re le ditshedi tse di thata ka mo go gakgamatsang, tse di tsogileng sentle, tse di siametseng seemo lefa e ka nna sefe. Kotsi e ntšha mo molemong wa rona, fa re tswelapele go reetsa dipolelo tsotlhe, ke ya go nna morafe o o agang o tshogetse botsogo jwa one, re tshela ka maatlametlo a a feteletseng, re itshwenya go ya losong.

“Mme ga re tlhole re na le nako ya selo sa mofuta ono, kana gore re ka kgona gore se re fapose mo mathateng a mangwe a a botlhokwa ka mo go oketsegileng. Ruri, re tshwanetse ra tshwenyega ka ga gore go tshwarega ga rona mo botsogong jwa botho go ka nna ga nna sekai se se ntshang tlhogo sa botsogo jwa motho, . . . fa kafa ntle, setho sotlhe se farantlhologa.”—The Medusa and the Snail (1979), pp. 36-40.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

MICRO-DYNAMETER: E go iphakwang e ka ‘alafa bolwetsi le fa e ka nna bofe jo bo itsiweng’

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Mermet wa Mo-Swiss o ne a dirisa seakgaakgegane go alafa bolwetsi le go senka ka sone batho ba ba timetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela