“Moñwe le Moñwe mo Boemoñ yoa Gagwè”
“Me ba èma, monna moñwe le moñwe mo boemoñ yoa gagwè mo tikologoñ ea bothibèlèlō.”—Baatlhodi 7:21.
1, 2. Bapisa ditiro tsa Modimo le ditiro tsa batho.
OTLELWA ke eng mo mogopolong fa o bapisa kutlwano ya tiro ya diatla tsa Modimo le tlhakatlhakano e e mo bathong? A ga o dumalane le mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Bibela yo o rileng; “Gonne Modimo ga se Modimo wa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla”? (1 Bakorintha 14:33) Mafoko ao a ga moaposetoloi Paulo a bontsha gore Modimo o no o se kitla o ikarabelela maemo a lefatshe a a tlhakatlhakaneng jaana. Jehofa o itse go rulaganya dilo sentle mo e leng gore sengwe le sengwe se se laolwang ke melao ya gagwe se na le boemo jwa sone. Dibopiwa tsa gagwe tse di re dikologileng di supela ntlha eno. Kitso ya batho kaga lobopo e e ntseng e ata gangwe le gape e supela thulaganyo le taolo tse di sa fetogeng tse di bontshiwang mo go lone. Gongwe le gongwe kwa batho ba lebisang dithelesekoupo tsa bone teng, ba tlhokomela gore naledi le polanete nngwe le nngwe e mo boemong jwa yone, e sepela ka thulaganyo mo tselaneng ya yone.
2 Abo go farologane jang ne fa re retolosetsa tlhokomelo ya rona mo dikgannyeng tsa batho ba matswa-tseleng ba ba mo lefatsheng! Go tletse tlhakantsuke, tlhakatlhakano le dikgaisano tse di setlhogo! Batho ba makgaoganyane kaga dipolotiki, bodumedi, loago le ka ditso, mme ebile ba gateletswe ke mathata a a sa rarabologeng. Tlolo-molao e setse e tlhanasela mo e leng gore go a retela gore motlodi mongwe le mongwe a tshwarwe a bo a sekisiwe. Tota le batlhabani ba ba mo mephatong ya semorafe bao ba lebeletsweng go direla ba ikgaphile thata gantsi ba roba melao.
3. Bakeresete ba tshwantshanngwa le eng, mme ntwa ya bone ke efe?
3 Jalo ga go gakgamatse gore fela jaaka Jehofa a itshwenya ka lobopo lo lo bonalang, gape o tshwenyega le ka kagiso le tolamo e e mo baemeding ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Ereka Bakereseteka-bongwe e le batlhanka ba gagwe, ba tshwantshiwa le masole a a thapisitsweng a a mo mophatong. Moaposetoloi Paulo o kwadile gore mongwe le mongwe o tshwanetse a tshwana le “motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu.” (2 Timotheo 2:3) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a batla gore a “tlhabanè ntwa e e molemō.” (1 Timotheo 1:18) Mme ka metlha go gakologelwe gore ntwa ya rona ga se ya senama. Ke ya semoya. Re lwa le “babusi [ba ba sa bonaleng] ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.”—Baefesia 6:12.
4. Ke ka ntlhayang fa Satane a se kitla a atlega mo go tlhaseleng batlhanka ba Modimo?
4 Lefa go ntse jalo, mephato e e laolwang ke “modimo oa lehatshe yeno” e batla go boifisa batlhanka ba Modimo gore ba gatlape mme ba sie fa pele ga baba. (2 Bakorintha 4:4) Mme leano leno la baganetsi le tla retelelwa mo go botlhoko ka gonne ke Jehofa yo o tsamaisang dikgang ebile ke ene yo o ‘rutang diatla tsa rona go tlhabana.’ (Pesalema 18:34) Re kgothadiwa ke tlhomamisetso ya gore “tlhabanō ga se ea Iona, ke ea Modimo.” (2 Ditihalō 20:15) Jehofa ka Molaola-Ntwa wa gagwe yo o nonofileng, ebong Keresete Jesu, o tla kaela ntwa go fitlha e fenya. Ka gone, o tlhomamisetsa baikanyegi ba gagwe gore ga ba kitla ba swabisiwa. Ga ba kitla ba patelesega go boela morago ba tlhasetswe ke baganetsi.—Pesalema 18:25.
5. Jehofa o ile a laela Gidione eng se se fapaaneng le dikakanyo tsa batho kaga maano a ntwa?
5 Jehofa o re tlhokomedisa mengwe ya melao-metheo ya ntwa eo ‘batlhabani ba ga Keresete’ ba dirang sentle fa ba e tsaya-tsia, a dirisa pego e e tshwarisang kgakge ebile e tlhotlheleditswe kaga ntwa e e tlhabanweng mo metlheng ya baatlhodi ba Iseraele, e sale makgolokgolo a dingwaga pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. E ne e le mo motlheng wa ga Moatlhodi Gidione fa boidiidi jwa baobamedi ba badimona, “ba ririane yaka tsie ka bontsi,” ba ne ba tlhasela lefatshe la Iseraele. (Baatlhodi 6:5) Jehofa o ile a laela Gidione gore mophato wa Iseraele o tshwanetse wa tlhabana le matshosetsi a a bonalang a phikanya ano jang. Go farologana le dikakanyo tsotlhe tsa batho kaga maano a ntwa, Gidione o ne a laelwa gore a fokotse mophato wa gagwe go tloga go 32 000 go ya go 10 000, le go tloga go 10 000 go ya go 300 fela. Ka ba le mmalwa bano, Jehofa o solofeditse a re, “Ke tla lo golola.”—Baatlhodi 7:2-7.
6. Tlhalosa fa Gidione le banna ba le 300 ba ne ba tlhasela bothibelelo jwa Bamidiana.
6 Banna bano ba le 300 ba ile ba tlhomelela ka dinaka le dinkgwana tse di lolea, mme dipone di le mo teng ga dinkgwana. Mo gare ga mpa ya bosigo Gidione o ile a ba emisa go dikologa bothibelelo jwa Bamidiana le bathusi ba bone. Ba ne ba laetswe go reetsa letshwao le le neng le tla neelwa ke Gidione, mme ba bo ba simolola go theogela. Go utlwa ka boikanyegi le go tsepamela melao ya ga Gidione ya ntwa go ne go le botlhokwa-tlhokwa. Erile botlhe ba le mo maemong a bone, Gidione a ntsha letshwao la teng. Ke fa banna ba le 300 ba “letsa dinaka, ba thuba dinkgwana [tse di khurumeditseng dipone], ba tsaea dipōnè ka diatla tsa molèma, le dinaka mo diatleñ tse dikgolo go letsa ka cōna: me ba shalabanya, ba ba ba re, Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gidiona! Me ba èma, monna moñwe le moñwe mo boemoñ yoa gagwè mo tikologoñ ea bothibèlèlō: me ntwa eotlhe ea sia, me ba thèla leshalaba ba ba tshabisa.” Baba ba ripitlwa jalo.—Baatlhodi 7:19-22.
7. Go ka bodiwa dipotso dife mabapi le tiragalo eno ya Bibela?
7 Jaanong go ka bodiwa dipotso di se kae tse di botlhokwa-tlhokwa fano. Ka sekai, a Jehofa o ka bo a neile banna ba le 300 bano phenyo e kgolo jalo fa ba ka bo ba tsere ditaolo tsa gagwe tsa ntwa di se botlhokwa? Go tweng fa ba ka bo ba sa ka ba leta letshwao la ga Gidione? Fa ba ka bo ba tlhokomologile sengwe sa didirisiwa tsa ntwa tse Gidione a di ba neetseng, go ka bo go diragetseng? A ba ka bo ba atlegile fa mongwe le mongwe a ka bo a ikatlholetse gore mo tikologong ya bothibelelo jwa baba go ne go na le mafelo a mangwe a a siametseng go tlhasela bogolo go ao baa abetsweng? Mo go sotlhe seno, go na le melao-metheo e e botlhokwa-tlhokwa eo e tshwanetseng ya re goga gompieno, ereka ‘dilo tseno di ba diragaletse gore re tle re lemoge sekao sa tsone re bo re tswelwe molemo.’—1 Bakorintha 10:11.
8. Re tshwanetse ra ikanya mang kaga phenyo mo ntweng ya rona?
8 Mo ntweng ya rona ya Bokeresete ditsela tsotlhe tsa rona di tshwanetse tsa bontsha fa Jehofa e le ene Mokaedi. Re tshwanetse ra ikaega ka ene le go mo ikanya jaaka Moneedi wa phenyo. Mo letlhakoreng je lengwe, maano a a botlhale a batho, dikakanyo tse di boteng tsa batho fela, ga di ka ke tsa re tlhomamisetsa katlego. “Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me,” ga bua Jehofa jalo. (Sekaria 4:6) Jalo fa rona Bakeresete re ntse re lwa ntwa ya rona ya tsatsi le letsatsi re lwela boammaaruri le tshiamo, re tla tila dikakanyo le mekgwa ya selefatshe e e fapaaneng le melao-metheo eo Modimo o e neelang gore e goge batho ba ona. Go sekamela kafa kgakololong ya batho ba lefatshe go bontsha go koafala ga tumelo mo kgonong ya Modimo wa rona ya go re thusa mo metlheng ya tlhokafalo. Re tshwanetse ra tlhatswega pelo thata fela jaaka Jakobe Mokwadi wa Bibela (1:5): “Me ha moñwe oa Iona a tlhoka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa.”
“Ntebañ, Lo Dihè Yaka Nna”
9, 10. (a) Gompieno ke mang yo o leng Molaodi le Moeteledipele wa rona? (b) Re ka mo ‘leba’ jang, ereka a sa bonale?
9 Jaanong Keresete Jesu, ebong Gidione yo Mogolwane, ke ene yo o laolang mephato ya gagwe e e bonalang le e e sa bonaleng ka botlalo. Jehofa o mo dirisetsa go senolela batho ba gagwe maikaelelo a gagwe mmogo le dipaka tsa ditiragalo kgato ka kgato. Abo go itumedisa jang ne fa re lemoga gore Keresete Jesu o na le seabe ka botlhaga mo go kaeleng “batlhabani” ba gagwe mo lefatsheng, ka gone a ba tlhomamisetsa go nna le seabe mo phenyong ya bofelo! Fela jaaka a solofeditse, o na le bona “ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 28:20.
10 Ereka Keresete Jesu jaanong a le mo setulong sa bogosi jaaka Moeteledipele le Molaodi wa batlhabani botlhe ba ba lwelang boammaaruri le tshiamo, ka bongwe fela re ka ‘mo leba mme ra dira jaaka ene’ fela jaaka banna ba le 300 ba ile ba leba Gidione ba bo ba dira jaaka ene. (Baatlhodi 7:17) Me rona gompieno re ka ‘leba’ Keresete jang, ereka a sa bonale? Re mo ‘leba’ ka kutlwisiso ya gore re lemoga matshwao a gagwe jaaka a neelwa ka “motlhanka” wa gagwe yo o bonalang yo o tlhokomedisitsweng dikgatlhego tsotlhe tsa selefatshe tsa bogosi jwa gagwe. (Mathaio 24:45-47) Kaelo le maano a gagwe a ntwa di neelwa botlhe ba e leng “batlhabani” ba gagwe ka mosele ono o o tlhophilweng ka moya. Batlhabani bano ba ka gobala fa ba ka gatela pele ka bobone fela kana ba fela pelo ka ntlha ya go bo dilo tse ba neng ba di lebeletse di sa diragale. Go lepa dipaka tsa ditiragalo go neelwa ke Molaodi wa rona yo o sa bonaleng. Pono ya gagwe ke one motheo o o botlhokwa, e seng dipono tsa rona sebele.
Didirisiwa tse di Neetsweng ka Tsela ya Bomodimo
11. Gompieno batlhanka ba Modimo ba dirisa didirisiwa tsa mofuta mang?
11 Gidione yo Mogolwane o itse gore batlhabani ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba tlhoka didirisiwa dife. Ga re tlhoke dibetsa le diaparo tsa tlhabano tsa sebele, ka gonne ga re lwe le batho ka rona. Ntwa ya rona ke ya semoya. Ka jalo ditlhabano tsa rona “di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata; Re diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo, re gapèla megopolō eotlhe mo kgolegeloñ ea go utlwa Keresete.” (2 Bakorintha 10:4, 5) Go sa kgathalesege kganetso eo e ka tlelang batlhabani ba Bakeresete ba ba ikanyegang, ba tshwanetse ba nna matsetseleko mo go diriseng didirisiwa tse di neetsweng ka tsela ya bomodimo gore ba tle ba kgone go dira seo moaposetoloi Paulo a se dirileng, e leng ‘go bolelela batho kgakololo yotlhe ya Modimo.’—Ditihō 20:27.
12. (a) Ke ka ntlhayang fa mophatonyana wa Gidione o ile wa atlega jaana? (b) Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno ba atlega jaana?
12 Batlhabani ba ga Gidione ba ne ba tshwanetse go gata fela jaaka motho a le mongwe le go dirisa didirisiwa tsa bone gore ba tle ba fitlhelele matswela a a eleditsweng. Go thubiwa ga dinkgwana tsa letsopa di le 300, go tsholediwa ga dipone di le 300, modumo wa dinaka di le 300, le mekgosi ya mantswe a le 300 e e neng e tsogela Bamidiana go tswa ditlhakoreng tsotlhe mo bosigong jo bo didimetseng joo ruri go ba garotse thatathata! Ka mo go tshwanang, a ga se boammaaruri gore tota le jaanong go bolelwa mo go kopaneng ga bogosi jwa Modimo le pusoloso ya ona go dira gore baba ba feteletse bogolo le bodiphatsa jwa molaetsa o ba o bolelelwang? Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ka gonne phuthego yotlhe ya batho ba ga Jehofa ka boitumelo e tsamaisana le go lepiwa ga dinako tsa melaetsa ya bone e e tlhomameng e e bolelelwang lefatshe jaaka go kaelwa ke Gidione yo Mogolwane ka “motlhanka” wa gagwe yo o tlhophilweng. Mo letlhakoreng je lengwe, fa mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a dira jaaka a ithatela mabapi le gore molaetsa wa Modimo o bolelwe leng ebile jang, tota bosupi jwa lefatshe ka bophara bo ne bo ka neelwa jang? Ruri go phepafetse gore thato ya ga Jehofa ke gore “go nnè pelo e le ñwe hèla mo go [rona] kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu: Gore [re] galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.”—Baroma 15:5, 6.
13, 14. Molaetsa wa batlhanka ba ga Jehofa gompieno o nonotshiwa ke eng?
13 Nonofo e e re kopanyang ke moya wa ga Jehofa le Lefoko la gagwe, ebong Bibela. Mo go itumedisang, mongwe le mongwe wa rona gaa tswe a ya go rera tlhaloganyo e e leng ya gagwe ka molaetsa wa Bibela. Jehofa o tlametse ka dikgatiso e le dithuso tsa go tlhaloganya Bibela tse di lekanetseng sentle, gore go akanya ga rona le go ruta ga rona go dumalane. Ka gone re tila go tlhaela kutlwano mo go diphatsa mmogo le dithuto tse di ganetsanang tse dintsi-ntsi tsa La-Bodumedi le la-boheitane. Ebile ga re ikgogonele kwa morago re bo re timola molaetsa wa Modimo o o yang kwa merafeng, o gone o leng molaetsa wa tsholofelo e kgolo, mme ebile gape e le wa pusoloso le tefetso. Re tlhaloganya sentlentle gore go poroma ga lonaka go tshwanetse ga utlwala sentle go tlhomame.—1 Bakorintha 14:8.
14 Jalo abo go matshwanedi jang ne gore rotlhe re anaanele mosola wa didirisiwa tse Jehofa a di re tlamelelang ntwa ya rona ya Bokeresete! Gape, o re rutintsha sentle mo go di diriseng, gore bosupi jo bo tseneletseng thata-thata bo neelwe batho-ka-bongwe le merafe. Ga se lentswe la monosi yo o goang a le mo nageng, mme ke tlhagiso e e poromang, e e tseneletseng eo e utlwatswang go ralala lefatshe. Ka gone, ruri “Yehofa o ntsha lencwe ya gagwè ha pele ga ntwa ea gagwè.”—Yoele 2:9, 11.
“Moñwe le Moñwe mo Boemoñ yoa Gagwè”
15. Ope wa banna ba ga Gidione o ne a se kitla a tsaya dikgato dife?
15 Mabapi le banna ba le makgolo a le mararo ba ga Gidione, ope wa bone o ne a se kitla a tlhanoga a bo a eletsa go fetola boemo jwa gagwe le mongwe o sele fa a sena go abelwa boemo joo, kana tota a itlhophela felo fa a neng a tla tlhasela teng. O ne a tla bo a eteletsa katlholo ya gagwe fa pele ga ya yoo Jehofa a neng a mo dirisetsa go laola tlhaselo eno, ebong Gidione. Go ne go tla bontsha go tlhaela boingotlo le go tlhaela go leta nako ya ga Jehofa le maikemisetso a gagwe a go tlisa phetogo. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ne bo ka nyalana jang le go nna le seabe ka pelo yotlhe mo mokgosing o o reng: “Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gidiona!”?
16. Boingotlo bo tla re thusa jang mo go direng ditiro tse di re lebaneng?
16 Mo thulaganyong ya ga Jehofa ya dilo gompieno mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a nna a akantse thata-thata ka boikaelelo jwa ga Jehofa le dikgatlhego tsa kakaretso tsa bogosi jwa gagwe. Re tshwanetse ra ikanyega mo go direng tiro ya rona e re e abetsweng, go sa kgathalesege gore re mo boemong bofe mo phuthegong. (1 Bakorintha 4:2) Gape re tshwanetse ra bontsha boingotlo, joo bo sa tsamaisaneng le boikgodiso. Molao-motheo o o latelang o o rutilweng ke Keresete Jesu o ama maemo otlhe: “Me leha e le mañ eo o tla ikgodisañ, o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ o tla godisiwa.” (Mathaio 23:12) Mme Jakobe o rotloetsa ka go re: “Iñōtlahatseñ [e seng fela fa pele ga batho mme] ha pele ga Morèna, me o tla lo goletsa.”—Yakobe 4:10.
17. A Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona sebele?
17 Ka gone, re kgona go bona bokao jo bo tletseng jwa mafoko a a mo go Baatlhodi 7:21, “moñwe le moñwe mo boemoñ yoa gagwè.” Fa re ntse re direla mo phuthegong ya ga Jehofa a re kgotsofaleleng go direla gongwe le gongwe kwa a re abelang teng, mme re dire tiro eo ka boikanyegi jotlhe jwa rona. A re tlhatswegeng pelo gore Ene yo o tlhokomelang go wa ga thaganyana o kgatlhega thata-thata ka rona fa re ntse re ikanyegile mo go direng sengwe le sengwe se re se abetsweng. (Mathaio 10:29-31) O itse gore re tlhoka thapiso efe, le gore re tshwanetse tiro efe, mme ka jalo o dirisana le rona go ya ka maemo a rona. Re ka tlhomamisega gore ga re tlodisiwe matlho.—1 Petere 5:10.
18. Ke ka ntlhayang fa re ikanya Jehofa thata jaana gompieno?
18 Gompieno, batlhanka botlhe ba Modimo ba laolwa ke Gidione yo Mogolwane, ebong Keresete Jesu. Ka bongwe fela re batla go direla go tlhatswa leina la ga Jehofa, ka boingotlo re ntse re ikobela melao ya gagwe ya ntwa, “moñwe le moñwe mo boemoñ yoa gagwè.” Re ikanya gore dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa ntwa di tla tlisa phenyo kwa bokhutlong. Ebile gape re ikanya gore Jehofa o bona go utlwa ga rona ka boikanyegi mme o tla re duela ka “botshelō rure” mo thulaganyong ya gagwe e ntšha, ka go bo Lefoko la gagwe le re: “Lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea Iona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.”—1 Timotheo 6:19; 1 Bakorintha 15:58.
A O Gakologelwa Dintlha Tseno?
◻ Ke ka ntlhayang fa tsela ya ga Gidione ya tlhabano e ne e farologana jaana le dikakanyo tsa selefatshe?
◻ Ke eng se se kgonisitseng Gidione go fenya ka botlalo jalo?
◻ Jehofa o buisana le batlhanka ba gagwe jang gompieno?
◻ Gompieno ‘batlhabani ba ga Keresete’ ba tshwanetse ba nna le boikutlo bofe mabapi le dikabelo tsa bone?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 27]
Gidione le banna ba gagwe ba fentse ka katlego ka ntlha ya go utlwa ka boikanyegi le go tsepamela ditaolo tsa ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Jehofa o re neetse didirisiwa tse di botlhokwa tse re di tlhokang mo ntweng ya rona ya gompieno