Go Ikobela Thulaganyo ya Bolegodimo ka Boikanyegi
“Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla. Go chwana yaka monyō oa Heremona, o o hologèlañ mo dithabeñ tsa Siona.”—Pesalema 133:1, 3.
1. Lefoko la ga Jehofa le tlhalosa lelapa la gagwe la selefatshe la batlhanka ba ba ineetseng jang?
ABO lelapa la ba ba neetseng matshelo a bone go Motsadi a le mongwe fela, ebong Jehofa Modimo, lemororo ba gasagame le lefatshe lotlhe ba tlhalosiwa sentle jang ne fano! Ebile ruri O tlhokomela lelapa leno la lefatshe lotlhe ka tsela e ntle tota. Ka lorato o tlamela ditlhokafalo tsotlhe tsa rona.—Pesalema 145:16.
2. Go ikobela thulaganyo ya bolegodimo go kaya eng?
2 Lefa go ntse jalo, Jehofa ka go tiya o ganelela gore bana botlhe ba gagwe ba ba ineetseng ba nne le kagiso le kutlwano. (1 Bakorintha 1:10) Mme matswela a a molemo ano a tla fa batlhanka ba Modimo ba ikobela thulaganyo ya bolegodimo ka boikanyegi. Goa bo go tewa eng? Ereka bobusi jwa Modimo bo bidiwa jwa bolegodimo, go ikobela thulaganyo ya bolegodimo go raya go utlwa melao, ditaolo le melao-metheo e e tswang go Modimo.—Isaia 33:22.
3. Jesu o senotse maikutlo a gagwe kaga go ikobela taolo ya Modimo jang?
3 Sekao se sentle-ntle sa go ikobela thulaganyo ya bolegodimo ka boikanyegi ke sa ga Jesu Keresete. Kwa legodimong e ne e le “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe.” (Bakolosa 1:15) “Yehofa o na a na le nna mo tshimologoñ ea tsela ea gagwè, pele ga ditihō tsa gagwè tsa bogologolo. Ke sa le ke emisiwa kwa bosasimologeñ, kwa tlholegoñ, lehatshe le e se le be le nne. . . . Ke ne ke le ha go [Modimo], yaka motho eo e leñ tlhōgō ea tihō: ke ne ke le natehèlō ea gagwè ka malatsi aotlhe, ke nntse ke itumèla ka metlha eotlhe ha pele ga gagwè.” (Diane 8:22, 23, 30) Boitumelo jwa gagwe mo go ikobeleng taolo ya Modimo bo bonetse fa a ne a le mo lefatsheng, gonne Jesu o tlhalositse jaana: “Gonne ke hologile kwa legodimoñ, ke sa tle go diha go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 6:38) Ereka go ruta e ne e le karolo ya go dira thato ya Modimo, o na a le kelotlhoko thata gore a rute dikakanyo tsa Modimo, e seng tsa gagwe. Jesu o rile: “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ.” (Yohane 7:16) A boikutlo jo bo molemo jwa gore batlhanka botlhe ba Modimo ba bo etse ruri!
4. Tlhalosa thulaganyo ya bolegodimo ya mo motlheng wa rona.
4 Ereka Jesu a ikobetse taolo ya bolegodimo ka boikanyegi, tota le go ya losong, o ile a duelwa ka botshelo jwa selegodimo jwa bosasweng. Mo godimo ga moo, o ile a newa “taolō eotlhe . . . kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) Ke fa le ene a tlhokomedisa Bakeresete ba batlodiwa ba ba ikanyegang “dilō cotlhe tse o nañ nacō” mo lefatsheng (ebong dikgatlhego tsa selefatshe tsa Bogosi jwa gagwe). Bano Jesu o ba biditse “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Tuelo ya bone ke gore ka tsatsi lengwe ba tlhakanele puso ya selegodimo le Keresete jaaka “baperisiti” le “dikgosi” mo bogosing jwa gagwe. (Tshenolō 14:1, 4; 20:6) Gompieno, masalela a ‘motlhanka yo o boikanngo’ yono a santse a tshela mo lefatsheng. Dikabelo tsa bone di akaretsa go amogela dijo tsa semoya le go di fetisetsa mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ka paka e e leng yone. Ba mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga Paulo le badiri-ka-ene fa moaposetoloi yoo a ne a bua ka dinnete tse dintle tse Modimo o di neelang batho ba ona a re: “Modimo o di senoletse rona ka Mōea.” (1 Bakorintha 2:9, 10) Gape ba etelela pele mo tirelong ya go rera ka Bogosi e e tshwanetseng ya dirwa “mo lehatshiñ yeotlhe” pele ga bokhutlo jwa tsamaiso e e hutsitsweng eno ya dilo.—Mathaio 24:14.
Matswela a Tsela e e Phoso
5, 6. (a) Efa le Adame ba ile ba welwa ke eng ka ntlha ya go batla go itshomola mo go Jehofa? (b) Jehofa o dirisana jang le ‘diphiri tse di mo letlalong la nku’?
5 Abo go botlhokwa jang ne gore mongwe le mongwe yo o mo lelapeng la Modimo a ikanyege mo go ikobeleng dithuto le dithulaganyo tsa Mmusi yo Mogolo wa selegodimo, ebong Jehofa, mmogo le Morwawe wa Kgosi, ebong Keresete Jesu, jaaka di fetisiwa ka ‘motlhanka yo o boikanngo’ mo lefatsheng! Ereka thulaganyo ya bolegodimo e simolola ka Jehofa ka boene e bo e welelela kwa tlase, re se ka ra ba ra batla go etsa Satane Diabolo ka go itshomola mo taolong ya bolegodimo. Gakologelwa matswela a a botlhoko a a tletseng Efa ka go reetsa ditsietso tsa ga Satane tsa gore a se ka a ikobela thulaganyo ya bolegodimo. Totatota, o reile Efa a re: ‘Ikgaoganye le Modimo. Ikakanyetse ka bowena. Ikatlholele ka bowena se se molemo le se se bosula. Jalo o tla tshwana le Modimo. Ruri ga o kitla o swa.’ (Genesise 3:1-5) Seo se ka ne se utlwetse se kgatlha, mme e ne e le maaka. (Yohane 8:44) Erile monna wa gagwe a tlhakanela nae mo go latlheng go ikobela thulaganyo ya bolegodimo, ba lelekiwa mo tshimong ya Edena le mo lelapeng la Modimo la baikanyegi. Fa nako e ntse e ya, fela jaaka Jehofa a ne a tlhagisitse, katlholelo ya loso e bile ya diragadiwa mo go bone boo-babedi.—Genesise 2:17.
6 Le gompieno gape, ope fela mo bathong ba ga Jehofa yo o ineelang thuto ya boitaolo le e e ganetsang gaa etse Modimo, mme o etsa Satane Diabolo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o bona se se diragalang mo lelapeng la gagwe ebile o a atlhola. (Diane 15:3) Gaa na a itshokela batho ba seka-diphiri ba ba tla garolakang batho ba gagwe ba seka-dinku, mme ka nako e e tshwanetseng o tsaya kgato ya makgaola-kgang. (Mathaio 7:15-23) Fela jaaka rre yo o lorato, o sireletsa pabalesego ya semoya ya lelapa la gagwe.—Esekiele 34:11-16.
7. (a) Arone le Miriame ba reteletswe ke go nna ba gopotse ka eng? (b) Ka matswela afe?
7 Dikai tse dingwe tsa Bibela le tsone di tlotlomatsa kotsi ya go sa ikobele thulaganyo ya bolegodimo ka boikanyegi. Ka sekai, Miriame le Arone ba gobolotse go tsalwa ga bone le Moshe mme ba gwetlha boemo jwa gagwe mo phuthegong ya Iseraele wa bogologolo. (Dipalo 12:1, 2) Ba reteletswe ke go nna ba gopotse ntlha ya go bo Jehofa ka boene o ne a abetse Moshe bolaodi jo bo kgethegileng, jo bo neng bo supiwa ke ditiragalo tsa dikgakgamatso. Jehofa o ba gakolotse a re: “Motlhanka oa me Moshe, . . . o boikañō mo tluñ ea me eotlhe hèla: Èna ke tla buisanya naè molomo le molomo, . . . ana lo no lo sa boiheleñ go gobolola motlhanka oa me, go gobolola Moshe?” Jalo “bogale yoa ga Yehofa yoa ba tukèla.” Arone o ile a omanngwa mo go botlhoko, Miriame ene a itewa ka lepero a bo a lelekiwa mo bothibelelong jwa Iseraele ka malatsi a le supa.—Dipalo 12:7-15.
8. Kgang kaga Kgosi Saulo e bontsha eng?
8 Go bo go tla Kgosi Saulo wa Iseraele wa bogologolo yo o ganneng go leta Jehofa. Go na le go mo leta, ka boikgogomoso o ile a ntsha ditlhabelo lefa tota a ne a se moperisiti. Seipatonyana sa gagwe e ne e le gore o ne a boifa go phatlalalelwa ke batlhabani ba gagwe. Mme gone tota batlhabani bao e ne e le ba ga mang? Ba ga Saulo kana ba ga Jehofa? Moperofeti Samuele a mo raya a re: “U dihile boeleele: ga ua tshegetsa taolō ea ga Yehofa Modimo oa gago, . . . Me yanoñ bogosi yoa gago ga bo ketla bo nnèla rure.” (1 Samuele 13:13, 14) Bogosi bo ile jwa tseelwa Saulo mme jwa neelwa ‘monna yo o ntseng kafa pelong ya ga Jehofa.’ Ka jalo, Saulo o ile a latlhegelwa ke mo gontsi ka ntlha ya go sa ikobe gape le ka ntlha ya go sa ikwatlhae ka sebele fa a ne a tlhokomedisiwa kgang eno. Seno se tshwantsha gore Jehofa ruri o lemoga mekgwa ya boikgogomoso, ya boitaolo, e e seng ya bolegodimo mo gare ga batho ba gagwe.—Diane 11:2.
9. Ke ka ntlhayang fa Kgosi Usia a ile a dirwa selatlhwa?
9 Kgang ya ga Kgosi Usia wa Juda le yone e tshwana fela. Lemororo e ne e le kgosi ya batho ba ga Jehofa, o ne a sa laolelwa go direla mo boemong bope jwa seperisiti. Lefa go ntse jalo o ile a tatalalela go dira tiro ya boperisiti. Baperisiti ba ile ba gana thata ba re: “Usia, ga se ga gago go hisetsa Yehofa mashwalō, ha e se ga baperisiti bomorwa Arone hèla, ba ba lomololecweñ go hisa mashwalō: cwa mo heloñ ga boitshèpō; ka gonne u tlodile.” Ke fa Usia a bontsha go sa ikwatlhae ga gagwe ka go galefela baperisiti, a oketsa boleo jwa gagwe jwa boikgogomoso. “Me o rile a sa nntse a le bogale le baperisiti, lepero ya coga mo phatleñ ea gagwè . . . gonne Yehofa o na a mo iteile.” O ne a nna molepero go fitlha mo tsatsing la loso lwa gagwe, a le selatlhwa, “a kgaocwè mo tluñ ea ga Yehofa.”—2 Ditihalō 26:16-21.
10. Paulo o tlhalositse jang bao ba gwetlhileng go tlhophiwa ga gagwe ke Jesu?
10 Moaposetoloi Paulo o umakile bangwe bao ba gwetlhileng gore o tlhophilwe ka go kgethega ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, ebong Jesu Keresete. (2 Bakorintha 11:12) Mme Paulo o rile batho ba go nna jalo ke “baaposetoloi ba e señ bōnè, ke badihi ba ba tsietsañ, ba ba ichwantshañ le baaposetoloi ba ga Keresete hèla. Me ga se mo go ka gakgamalèlwañ: gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi.” (2 Bakorintha 11:13, 14) Banna bao ba ne ba batla go atlegisa maikaelelo a bone a bogagapa. Paulo o ne a tlhagisitse ka batho ba go nna jaana, a re: “Le mo go Iona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō. Me ke gōna disañ.” (Ditihō 20:30, 31) Paulo o ile a kopa bakaulengwe thata, go akaretsa le bao ba neng ba itshema baaposetoloi, gore ba se ka ba letlelela dikgang le tlhakatlhakano gore di senye kutlwano le go ungwa ga phuthego ya Bokeresete. Fa bape ba ne ba retelelwa ke go reetsa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ke moya, jalo ruri ba ne ba lebile tshenyegong.—Bagalatia 1:7-9.
11. Jehofa o dibela kutlwano ya lelapa la gagwe la selefatshe jang?
11 Johane mokwadi wa Bibela yo o tlhotlheleditsweng o rile: “Leha e le mañ eo o tlolèlañ pele, me a sa nnele rure mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Modimo: . . . Ha moñwe a tla mo go Iona, me a sa tle le thutō e, lo se ka loa mo cholèla mo tluñ ea Iona, le gōna lo se ka loa mo dumedisa: Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditihō tsa gagwè tse di boshula.” (2 Yohane 9-11) Ee, Jehofa o tla dibela boikutlo jo bo molemo mmogo le kutlwano ya lelapa la gagwe.
Go Nna Re Itisitse Gompieno
12. Jehofa o phuthela botlhe bao ba mo ratang kae?
12 ‘Mo metlheng eno e e tlileng kwa pele pele’ Jehofa o phuthela ba ba mo ratang mo phuthegong e e nang le kutlwano ebile e tsamaisana. Batho ba merafe yotlhe ba reetsa mokgosi o o reng, “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isaia 2:2, 3) Tlhokomela gore Jehofa o ruta batho ditsela tsa gagwe gore ba tle ba sepele mo ditselaneng tsa gagwe, e seng mo ditseleng le mo ditselaneng tse e leng tsa bone.—Yeremia 10:23, 24.
13. (a) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse ra itisa thata-thata jaanong? (b) Re tlhoka eng gore re feme maano a ga Satane?
13 Lefa go ntse jalo, Satane jaanong o “tletse bogale.” O itse gore o saletswe ke ‘lobaka lo lokhutshwane’ pele ga fa a nyelediwa. Ka jalo o “potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.” (Tshenolō 12:12; 1 Petere 5:8) Ka jalo, re tshwanetse ra nna re itisitse mo maitekong ape a modimo wa lefatshe leno, ebong Satane Diabolo, a go sukunyetsa dikganetsano le dikgaogano mo malokong a lelapa la ga Jehofa. “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ.” (Baefesia 5:15-17) Fa re sola dipaakanyetso tsa ga Jehofa tse di re atlegisang mo moyeng molemo, re tla agega, re itsheka, re tlhomelelwa sentle. Ka tsela eno re tla kgona go fema maano a a boikepo a ga Satane re bo re fenya boikaelelo jwa gagwe.—Baefesia 6:10-13.
14. Ke ka ntlhayang fa go na le kotsi e kgolo mo go ikgopoleng bogolo go tshwanelo ya rona ya go ikgopola?
14 Maikutlo a a tshwanetseng go itisiwa ke a go ikgopola bogolo go tshwanelo ya rona ya go ikgopola. (Baroma 12:3) Seo se ka bakela Mokeresete gore a dumele gore Modimo o mo romile thomo e e kgethegileng kwa ntle ga mosele o Jehofa a abang dinnete tsa gagwe le go kaela ba lelapa la gagwe ka ona. Tota-tota, o ne a tla itshema gore o mo kamanong e e kgethegileng le Jehofa e e sa neelwang mokaulengwe kana kgaitsadi ope wa lelapa leno. Mme go itomolola ga mofuta oo go ka isa kwa boeleeleng fela: “Eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi, me a shakgalèle botlhale yotlhe yo bo itekanetseñ.”—Diane 18:1.
Go Leta Jehofa
15. (a) A go matshwanedi gore setlhopha sa ga Jehofa sa “motlhanka” se neelwe dikakantsho? (b) Tshwantsha go dirisiwa ga go ikobela thulaganyo ya selegodimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga.
15 Ka dinako dingwe, bangwe ba tlhokomedisa setlhopha sa “motlhanka” dikgang tse di farologaneng tsa thuto ya motheo kana tsa go tsamaisa phuthego tseo ba bonang di tshwanetse go boelediwa. Eleruri, dikakantsho tsa go tokafatsa di matshwanedi, fela jaaka dipotso tsa go sedimosediwa. Sekai sa seno ke fa Paulo, Barenabase le ba bangwe ba ne ba romelwa “kwa Yerusalema kwa baaposetoloiñ le kwa bagolwaneñ, kaga kgañ” ya go rupa. Erile bagolwane bao ba kwa Jerusalema ba konela kgang eo, ba kaelwa ke moya o o boitshepo, ke fa ba romela bakaulengwe kwa metseng e e farologaneng ba eta “ba ba neèla melaō go e tshegetsa, eboñ e e tlhomilweñ ke baaposetoloi le bagolwane ba ba kwa Yerusalema.” Go ikobela melao eno ka boikanyegi go lerile tshegofatso ya ga Jehofa. Ka gone, “diphuthègō tsa kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.”—Ditihō 15:1–16:5.
16. (a) Go tshwanetse ga bontshiwa boikutlo bofe fa go sena go neelwa dikakantsho? (b) Paulo o gakolola gore bao ba bontshang boikutlo jo bo phoso ba tshwariwe jang?
16 Boikutlo jo bo tshwanetseng morago ga go ntsha dikakantsho ke go kgotsofalela go tlogela kgang eo mo bakaulengweng ba ba godileng ba ba tsamaisang tiro mo phuthegong ya ga Jehofa gore ba e sekaseke ba ntse ba rapela. Mme fa bao ba ntshang dikakantsho ba sa kgotsofalele seo mme ba ntse ba tswelapele ba ganetsana ka kgang eno mo diphuthegong ba ikaeletse go gapa ba bangwe gore ba ba eme nokeng, go tweng he? Seo se ne se tla baka dikgaogano, ebile se ne se ka ribegetsa tumelo ya ba bangwe. Ka jalo Paulo o gakolola jaana: “Lepañ ba ba cosañ dikgaoganō le dikgopishō tse di hapaanyeñ le thutō e lo e ithutileñ: me lo kgaoganè nabō.” Paulo gape o gakolotse Tito gore a ‘fenye baganetsi,’ a bo a oketsa ka go re: “Go na le batho . . . ba melomo ea bōnè e chwanetsweñ go thiywa; e le batho ba ba ribegetsañ ba matlo ba le mmōgō, ba ruta batho dilō tse di sa chwanelañ, . . . me o ba kgalemèlè thata ka ntlha ea gōna mouō.”—Baroma 16:17, 18; Tito 1:9-13.
17. Rona gompieno re ka etsa boikutlo jo bo molemo jwa ga Dafide jang?
17 Lefoko la Modimo le re: “Kicō ea gogomosa, me loratō loa agèlèla.” (1 Bakorintha 8:1) Jalo abo go botoka thata jang ne gore re nne re tshwaregile mo tirong e kgolo ya go bolela bogosi jo bontle jwa Modimo, re bua dilo tse di agelelang, re nitamisa tumelo ya ba bangwe le ya rona, fa re ntse re letile Jehofa ka bopelotelele gore a diragatse thato ya gagwe ka mosele wa gagwe o a o tlhophileng! (Baroma 14:19; Bafilipi 4:8, 9) Etsa Dafide fa a ne a re: “Gonne ke sholohetse [letile] mo go wèna, Yehofa: u tla araba, Yehofa, Modimo oa me.” (Pesalema 38:15) Ka metlha nna o gakologetswe ka molaomotheo o o botlhokwa o o umakilweng ke Paulo, ebong wa “gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go Iona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” (1 Bakorintha 1:10) Ereka molao-motheo ono o dirisiwa mo lelapeng la ga Jehofa go ralala lefatshe, re bona matswela a mantle. Eleruri, “go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelō ñwe hèla”!—Pesalema 133:1.
A O Ka Araba Dipotso Tseno:
◻ Jesu o tlhomile jang sekao se se molemo mo go ikobeleng thulaganyo ya bolegodimo?
◻ Go tlhaela go ikobela thulaganyo ya bolegodimo go ka baka eng?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse ra itisa thata-thata mo go Satane gompieno?
◻ Re tshwanetse ra nna le boikutlo bofe fa re dira dikakantsho?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ereka Kgosi Usia a sa ka a ikobela thulaganyo ya bolegodimo, o ile a itewa ka lepero