Potlakela go Tsaya Kgato!
1. Dipokano tsa phuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di solegela malapa molemo jang?
GOMPIENO go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di fetang 43 000 go ralala le lefatshe. Bano ba kopanela beke nngwe le nngwe mo Diholong tsa bone tsa Bogosi gore ba ithute Bibela le go kopanela dipokano tse mongwe le mongwe yo ka bopelo-e-phepa a eletsang go tokafatsa kitso ya gagwe ya Bibela a ka di tsenelang kwantle ga tefo. Malapa otlhe, le bana ba dingwaga tsotlhe, a nna gone mo dipokanong tseno kwa Holong ya Bogosi. Fano, o tla bona melemo e megolo mo godimo ga go bona dikarabo tsa dipotso tse dintsi tsa Bibela tse di sa bolong go go tshwenya. Fa lelapa lotlhe la gago le ntse le kopanela mo dipokanong tseo ka oura e le nngwe kana tse di oketsegileng beke nngwe le nngwe, lefa jaaka botlhe ba ntse ba rafa kitso ya melao-metheo ya Bibela, dilo tse di bakang totlhano le go se buisane mo lelapeng di tla nyelela ka boiketlo. (Pesalema 119:165) Go tla nna le kutlwano e kgolwane, go ikanyana mo gogolwane. A seno ga se seo tota malapa a se tlhokang?
2. Go dirisa melao-metheo ya Bibela go tla thusa mo maemong afe a a farologaneng a botshelo, mme ka ditsela dife?
2 Go ithuta le go dirisa melao-metheo ya Bibela mo botshelong jwa Iona jwa tsatsi le letsatsi go tla itshupa go lo solegela molemo mo mabakeng le mo maemong a le mantsi. Go dira jalo go tla neela moithuti kwa sekolong boikaelelo, go tokafatsa kgono ya gagwe ya go amogela tao a bo a e dirisa. Seno se tla thusa mma-lelapa go lemoga botlhokwa jwa seabe sa gagwe mo lelapeng. Go tla dira gore go nne le botsalano jo bo botoka mo gare ga bathapiwa, le gore mothapi a lemoge mosola wa mothapiwa. Mothapi le ene o tla lemoga gore, tsela eo a dirisanang le bao a ba laolang ka yone, Jehofa le ene o tla dirisana le ene jalo. Jalo kutlwisiso le tirisano-mmogo di tla refosa bohula, maikutlo a go itaola a a tletsetletseng mo lefatsheng leno le le onetseng.—Yakobe 3:17, 18.
“Ke bo Ke Nntse Ke na le Lona ka Metlha Yeotlhe”
3. Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse ba lwa ntwa efe e e thata, mme gone ka tlhomamisetso efe?
3 Jaaka ditekanyetso le ditlwaelo tsa tsamaiso eno di senyegela pele, bao ba ratang Modimo ebile ba latela Keresete ga ba kitla ba fologela kwa maemong a a maswe-maswe ao a tla tshwanelwang ke kotlhao ya bomodimo mo matshwenyegong a magolo go gaisa a metlha yotlhe. Ka bongwefela, basupi ba ba ikanyegang ba Modimo wa boammaaruri ba tla lwa ntwa e e thata ya tumelo, go sa kgathalesege maiteko a baba ba Modimo a go kukunela mo go bone le go ba tlhotlheletsa go dira bosula. (Bapisa Yude 3, 4.) Batlhanka bano ba ga Jehofa ba na le tsholofetso ya Kgosi eo jaanong e sa bonaleng ebile e tlhophilwe ke Modimo, ya go re: “Bōnañ, ke bo ke nntse ke na le Iona ka metlha yeotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 28:20.
4. Go ka lebelelwa maemo afe a a fetogileng morago ga “sepitla se segolo”?
4 Go nna le bona go fitlha mo motlheng oo gape go raya gore Jesu Keresete o tla tsenya bafalodi ba “sepitla se segolo” mo boemong jwa lefatshe jo bo fetogileng gotlhelele, ebong boemo joo puso ya ga Keresete go tswa legodimong e tla tlhomamisang gore ga ba kitla ba “utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ [mo bogosing] eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” (Isaia 11:9; Tshenolō 7:14) Basenyi ba lefatshe ka dibetsa tsotlhe tsa bone tsa nuklea tse di raraaneng ba tla bo ba seyo! Bapatiki le baaki le babolai ba tla bo ba seyo! Jesu Keresete mo pusong ya gagwe ya dingwaga di le 1 000 o tla tsamaisa baagi ba lefatshe mo tseleng e e isang boitekanelong jwa botho ka tlhomamo mme e le ka bonolo.—Tshenolō 21:4.
5. Re fitlhela tlhagiso efe ya motlha ono go Luke 21:36 le 2 Petere 3:10?
5 Ka bonako, phetogo e e tlelang ruri mo lefatsheng e tla tloga e re tlela jaanong, ka nako ya fa bontsi bo sa e lebelela, ka go bo ga baa reetsa tlhagiso ya Bibela e e reng: “Me Iona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma [ka go amogelwa] ha pele ga Morwa Motho.” (Luke 21:36) Dipuso tse di bonalang le tse di sa bonaleng tsa tsamaiso eno e e kgopo ya dilo di tla tsubutlega thata. Petere, a kwala ka tlhotlheletso, o tlhagisitse jaana: “Me letsatsi ya Morèna le tla tla yaka legodu; me mo go yeōna magodimo a tla nyèrèga ka mogote o o tukañ, le lehatshe le ditihō tse di mo go yeōna di tla lailwa ke molelō.” (2 Petere 3:10) Ee, Jehofa o tla sinosa ditogamaano tsotlhe tsa banna ba ba bosula le badimona ka botlalo fa a tlisetsa tsamaiso ya lefatshe lotlhe bokhutlo jo bo e lebaneng.
Ditshupo tsa Sefefo
6. (a) Ditshupo tsa metlha di bontsha eng kaga isagwe e e fa gaufi? (b) Kgato ya Modimo e tla senya go le kana-kang?
6 Fela jaaka ditshupo tsa mo loaping lwa sebele di tlhagisa go sa le gale kaga diphefo le sengwe se se tla senyang, ditshupo tsa metlha le tsone di bolela ka sefefo sa bofelo le ditshenyego tseo di bonalang kwa kgakajana. (Luke 12:54-56) Diphelelo tsa tiro eo ya bomodimo mo tsamaisong eno e e boikepo ya puso ya lefatshe di tla senya ka tshenyo e e kanakang? Ikatlholele ka bowena go tswa mo mafokong ano a moperofeti yo o tlhotlheleditsweng wa Modimo: “Yehofa o gakaletse merahe eotlhe, o shakgaletse ntwa eotlhe ea eōna; o e senyeditse rure, o e neetse go gailwa hèla. Leshomōshomō yeotlhe ya legodimo le tla nyèra, magodimo a tla chōpiwa yaka lokwalō lo lo chōpiwañ: leshomōshomō yeotlhe ya aōna le tla tlhotlhorèga, yaka lekakaba le tle le tlhotlhorège mo mofineñ, le yaka lekakaba le tlhotlhorèga mo mofeigeñ.”—Isaia 34:2, 4.
7. (a) Isaia 51:6 e tlhalosa bokhutlo jwa tsamaiso ya lefatshe jang? (b) Poloko le tshiamo tsa ga Jehofa di akarelediwa jang?
7 Gape fa moperofeti yo a perofesa kaga bokhutlo jwa tsamaiso yotlhe ya lefatshe, mmogo le babusi ba yone ba ba tlotlometseng jaaka dinaledi le bao ba ba tshegetsang le go ba ema nokeng, o bolela jaana go Isaia 51:6: “Choleletsañ matlhō a lona kwa magodimoñ, lo bo lo lebè lehatshe kwa tlhatse: gonne magodimo a tla kaologa yaka musi, lehatshe le yeōna le tla ōnala yaka seaparō, le ba ba agileñ mo go yeōna ba tla shwa hèla yalo: me poloka ea me [go bua Jehofa] e tla nna ka bosakhutleñ, le tshiamō ea me ga e ketla e khutlisiwa.”
Go Diragadiwa ga Katlholo
8. Dikarolo tsa molaetsa o o boifisang o o mo go Tshenolō 6:12-17 ke dife?
8 Gape Kgosi e e galaleditsweng, e leng Jesu Keresete, le ene ka moengele wa gagwe o laotse moaposetoloi Johane go kwala molaetsa ono o o boifisang: “Me e rile a kanolola sekanō sa borataro ka leba, me ga bo go le thoromō e kgolo ea lehatshe: le letsatsi ya nchohala ya nna yaka letsela ya boditsi, le kgwedi eotlhe ea nna yaka madi a mahibidu. Le dinaledi tsa legodimo tsa wèla ha hatshe, yaka mofeige o tlo o tlhotlhorege difeige tsa ōna tse di sa bucwañ, ha o udubadiwa ke phehō e kgolo. Le legodimo ya tlosiwa yaka kgampetla ea lokwalō ha e menagañwa; le dithaba cotlhe le ditlhake tsa hudusiwa mo mannoñ a cōna. Me dikgosi tsa lehatshe, le dikgōsana, le beñ ba mephatō, le bahumi, le bathata, le motlhanka moñwe le moñwe, le eo e leñ ñwana oa motse, ba iphitlha mo dikgageñ, le mo mahikeñ a dithaba; Me ba raea dithaba le mahika, ba re, Re weleñ godimo, lo re bipèlè sehatlhōgō sa eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi [Jehofa], le bogale yoa Kwana: Gonne letsatsi ye legolo ya bogale yoa bōnè le hitlhile; me go nonohile mañ go èma?” (Tshenolō 6:12-17) Ga go mmaba ope wa ga Jehofa le wa ga Keresete yo e leng Kgosi yo o tla falolang!
9. (a) Ke ditlhopha dife tseo di farologaneng tse di tla patelediwang go lemoga fa Jehofa a di atlhola? (b) Pesalema 83:17, 18 le Esekiele 39:6, 7 di re bolelela eng mabapi le lebaka la katlholo eno?
9 Bibela fano e bontsha gore bathata ba lefatshe—babusi ba merafe, le balaodi ba mephato, le bagwebi ba bahumi—le botlhe ba ba ba emang nokeng, ba ka ne ba pateleditswe kana ba ithaopile, ba tla tshwanelwa ke go lebana le katlholo ya ga Jehofa. Ga ba kitla ba nna le tsela ya go tshaba! Dithulaganyo le maiteko a bone a a bohula a go boloka tsamaiso eno e kgologolo e e boikepo di tla retelelwa. Ba tla patelesega go bona gore tshegofatso ya legodimo ga e mo go bone. Thapelo ya Pesalema 83:17, 18 e tla arabiwa, ka go bo baba bano ba Modimo ba tla ‘swabisiwa, ba nyelela.’ Mme ka ntlhayang? “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” Ee, e tla bo e le motlha wa ga Jehofa wa go diragatsa polelo ya gagwe e e boeleditsweng mo e ka nnang ga 60 ka moperofeti wa gagwe Esekiele, e leng ya gore ba “tla itse ha ke le Yehofa.”—Esekiele 39:6, 7.
Go Itumela Bao ba Falolang
10. Batho ba tla retelelwa ke go bona tshireletso kae ka nako ya pitlagano eno?
10 Gore batho ba tle ba boloke matshelo a bona mo sepitleng se segolo go gaisa mo ditiragalong tsotlhe tsa batho, ba tla taboga ba batla tshireletso. Mme kae? Ba tla bo ba sa ikanye Jehofa, mme ba ikanya mekgatlho ya bone. Ka gone, ba tla retologela go mebuso ya batho ya bopolotiki le mekgatlho ya papadi, eo e okameng lefatshe jaaka dithaba tse di kwa godimo, le jaaka ditshegetsi tsa tsamaiso eno ya dilo. Jalo ba tla bo ba leka go itiketsa, ba senka go falola bogale jwa ga Jehofa. Boperofeti jwa bomodimo bo tla diragadiwa kwantle ga thibelo. Seo se boleletsweng pele mo ditshupong tsa metlha se tla bo se ba tshwere mo tseleng, fa go kgaolelwa ruri mo tshenyegong go tla bo go wela baganetsi botlhe ba bogosi jwa Modimo.
11. Mabaka a mangwe a gore bafalodi ba itumele e tla nna afe?
11 Mme abo e tla nna motlha o o itumedisang jang ne go bakgobaladi botlhe ba lefatshe! Go tla tshwana le go tsoga mo torong e e maswe. Go tla itumela bafalodi bone bao. Lorato lwa madi, leo e leng “mocwe wa mashula mañwe le mañwe aotlhe” jaaka go tsietsa le kgaisano e e setlhogo, lo tla bo lo khumotswe. (1 Timotheo 6:10) Baagi ba tla dira mo maemong a a itumedisang mme ba tla itumelela maungo a tiro ya bone, ka go bo moperofeti wa Modimo o bolela a re: “Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè: me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.” (Mika 4:4) Akanya fela! Dilo tsotlhe tse di bakang kgagamalo le khutsafalo di tloseditswe ruri! A re itumelela tebelelo eo?
12. (a) Malaki 4:2 e solofetsa phodiso efe? (b) Modimo ka boona o tla tlosa makoa afe mo bathong?
12 Mo boemong jwa letsatsi le le fisang la puso e e maswe le kgatelelo tsa ga Satane, e leng modimo yo o etsaetsang, Jehofa wa masomosomo o solofetsa gore ‘bone bao ba boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla ba tlhabela jaaka phodiso mo diphukeng (kana marang) tsa lone.’ (Malaki 4:2) Ebile ga go ne go fodisiwa malwetsi a mmele fela, mme go tla fodisiwa gape le malwetsi a kakanyo le a boikutlo a a bakilweng ke khutsafalo e e kana-kana ya nako e e fetileng. Ka tsela efe? Ka go tlosa loso le ditshenyo tsa lone mo lelapeng la batho. Re ka tlhomamisega ka ga seno ka ntlha ya molaetsa o o gomotsang wa Modimo o o reng: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.
13. (a) Bibela e tlhalosa tsholofelo ya tsogo jang? (b) Bontsi ka nako eo bo tla amogela dipaka dife tsa “ntlha”?
13 Lefa go ntse jalo, go tweng ka dibilione tseo di suleng ebile di ntse di ‘robetse mo leroleng la lefatshe’? (Daniele 12:2) A go na le tsholofelo epe ka bone? Ee, ka go bo mo tumalanong le thuto ya ga Keresete Jesu, moaposetoloi wa gagwe yo o ikanyegang Paulo o rile: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ, . . . ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000 e tla neela bontsi jwa ba ba boang mo mabitleng bano paka ya ntlha ya go amogela kutlwisiso e e feletseng ka maikaelelo a Modimo, paka ya ntlha ya gore ka go ithatela ba dumalanye matshelo a bone le thato ya Modimo. A nako e e galalelang ya go kopana gape ka boitumelo ruri!
14. (a) Re eme mo lobakeng lofe jaanong? (b) Ditshupo tsa metlha di tshwanetse go re tlhotlheletsa jang?
14 Ruri re na le tshiamelo tota fa re eme fano gompieno mo lobakeng lo lo gaufi-ufi le bokhutlo jaana! Jaanong re dikologilwe ke ditshupo tse di supang bogaufi jwa phetogo e e feletseng. Re kgona go tlhaloganya gore Jehofa o itshwere gore a se kgoreletse go busiwa ga merafe ke banna ba ba bohula le badimona ba ba boikepo ka nako e e lekaneng gore a tle a senole gore ga ba kgone go tlisetsa botlhe kagiso le katlego le e seng. Jaanong ditshupo tsa metlha di senolela matlho a rona a a tlhaloganyang gore ga rea tshwanela go latlhegelwa le ke motsotswana. Re tshwanetse ra potlakela go tsaya dikgato tseo di tla re tshwanedisang kamogelo ya Modimo. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo ao a a boleletseng setlhopha sa bareetsi mo Athena wa bogologolo a tshwanetse go re tlhotlheletsa go tsaya kgato jaanong. O rile Modimo “o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe.” (Ditihō 17:30) Fa re dira jalo, mo motheong wa kitso ya boammaaruri, re bo re ineela go Modimo, re na le paka ya go bontsha Moatlhodi yo mogolo go botlhe gore re eme le bogosi jwa gagwe jo bo laolwang ke Keresete. Mme re tshwanetse go tsaya dikgato tseo jaanong, kwantle ga tiego, ebile puso ya ga Satane e santse e busa mo lefatsheng. Seno e tla nna teko ya molelo ya go rata boammaaruri le tshiamo tsa Modimo ga sebele.—1 Petere 1:6, 7.
15. (a) Ke dipotso dife tse o ka solegelwang molemo ke fa o di araba jaanong? (b) Jaaka go bontshitswe go Pesalema ya 146, o tla isiwa ke kgato efe kwa boitumelong jwa boammaaruri?
15 A o tla nna mo bontsing jo bo itumetseng joo jwa bafalodi? A o tla bo o setse o eme kgatlhanong le Satane le tshiamololo yotlhe mme o emetse Modimo le bogosi jwa ona ka Keresete ka boikanyegi jo bo feletseng go Modimo? A o tla bo o nnile le seabe mo go tlhagiseng dibopiwa ka wena ebile o ba neetse paka ya go ipoloka mo khutsegong ya losika lo lo kgopo? A seo e nne seabe sa gago se se segofaditsweng, mme ekete lentswe la gago le ka kopanelela ruri mo pineng ya pako ya ditebogo go Jehofa, e leng Modiri wa legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone.—Pesalema 146:1, 2, 5, 6.
A O SA GOPOLA?
◻ Ka moo go kopanela ka metlha le phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete go tlisang melemo ka gona
◻ Seo Jesu a se gakolotseng fa a konela boperofeti jwa gagwe kaga sesupo (Luke 21:36)
◻ Dikwalo tse di supang bogolo le mabaka a katlholo ya ga Jehofa
◻ Gore ke ditebelelo dife tse di itumedisang tse di tla amogelwang ke bafalodi le bao jaanong ba suleng ba le mo mabitleng
◻ Gore jaanong botlhe bao ba solofelang go falola ba tshwanetse ba tsaya kgato efe e e tlhamaletseng
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ka nako ya Hara-Magedona go tla bo go sena botshabelo jwa baikepi