LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 4/1 ts. 21-26
  • Boineelo le Tshwantshetso ya Jone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boineelo le Tshwantshetso ya Jone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TSHWANTSHETSO YA BAO BA ‘ITALETSANG KA PELO E E THAMILENG’
  • “BOIDIIDI YO BOGOLO” JWA BATSHWANTSHETSI
  • Boineelo—Go Mang? Ka Ntlhayang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Go Diragatsa Boineelo Jwa Rona “Ka Malatsi Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ba ne Ba Tsholwa e le Maloko a Setšhaba se Modimo a se Itlhophetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 4/1 ts. 21-26

Boineelo le Tshwantshetso ya Jone

1. Sesupo sa sebopego sa motho e ka nna selo se se molemo jang, jaaka fa go ne go ntse ka Bajuda ba ba pelo-e-phepa ba pele ga Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E.?

SESUPO kana tshwantshetso ya sebopego sa motho kana boemo jwa semmuso e ka nna selo se se molemo, ee, selo se se tlhokafalang. Ka sekai, fa Jerusalema a ne a le gaufi le go senngwa ka 607 B.C.E., “monna” wa tshwantshetso o ne a romelwa go tshwaya diphatla tsa Baiseraele ba ba pelontle gore ba tle ba sirelediwe mo go bolaweng. Ke fela ba sekae bao ba neng ba kgopiwa ke “dilō tse di makgapha tse di dihwañ” mo gare ga seo e neng e tshwanetse e ka bo e le motse o o boitshepo wa Modimo ba ne ba tshwaelwa poloko.—Esekiele 9:1-7.

2. Ke mabaka afe a a kgethololang ao go buisanngwang ka one go Tshenolō kgaolo 7, mme a a amana jang le poloko?

2 Gompieno “sepitla se segolo” se gaufi le go itaya lefatshe jotlhe. Jalo he Tshenolō 7:1-8 e re bolelela gore “baengele ba le banè” ba ba mo khutlong tse nne tsa lefatshe ba laetswe gore ba tshegetse dipheho tse nne gore di name di ise di foke le go tlisa namane e tona ya setsuatsue kana “sepitla” se se senyang go fitlhela palo e e tlhomilweng ya baitshenkedwi ba Modimo e neelwa lotshwao mo diphatleng. Gape, se se dumelela “boidiidi yo bogolo” nako ya go intlafatsa “mo madiñ a ga Kwana” gore ba tle ba kgethololwe jaaka ba ba tshwanelegelang go falola “sepitla se segolo” se.—Tshenolō 7:9-14; Mathaio 24:21, 22.

3, 4. Mo kgannyeng ya moperisiti yo mogolo wa Sejuda, ‘sesupo sa boineelo’ mo sehapatlhogong sa gagwe se ne se tla gopodisa eng?

3 Mo Iseraeleng wa bogologolo go ne ga tlhongwa boperisiti. Moshe o ne a diragaditse ditaelo tse di tlhomameng go tswa go Jehofa tsa go dira diaparo tse di tlhaolang moperisiti yo mogolo. Malebana le sehapatlhogo, go kwadilwe jaana: “Ba dira sematla sa serwalo ka gouda e e sa pekwang jaaka tshwantshetso [sesupo] ya boineelo jwa bone jo bo itshepileng mme ba kwala mo go sona sekwalo jaaka digajo tsa sekanela, ‘Boitshepelo Morena’ [‘Se se itshepiseditsweng Yahweh,’ The Jerusalem Bible], me ba hunela mo go sona thapo ya bobodudu go tla ba se gokelela mo sehapatlhogong kwa godimo.”a—Ekesodo 39:30, 31; 29:6; Lefitiko 8:9, The New English Bible; New World Translation.

4 ‘Tshwantshetso eno ya boineelo’ e ne e tla nna segopodiso go moperisiti yo mogolo le botlhe ba ba lebeletseng gore o ne a “itshepisitswe” kana a neetswe ke Modimo mo tirelong e e boitshepo mo boemong jwa batho ba ba ineetseng. Ene le baperisiti ka ene ba ne ba tla etelela pele mo go laeng batho le mo go ntsheng ditlhabelo tse di amogelegang tse di tlosang sebe, seo se neng se tla ba thusa go tshelela boineelo jwa bone go Modimo. Se se ne se tla tlatseletsa mo boemong jwa morafe jwa boineelo jo bo itshepileng, ka go bo ba ne ba tlhagisitswe gore fa ba ne ba ka tlogela Jehofa, le ene o ne a tla ba tlogela le go ba leseletsa mo babeng ba bone.—Duteronome 28:15, 25, 63.

5. Lemororo gompieno go sena Mojuda ope yo o bidiwang Cohen yo o ka ikgethololang fa e le wa boperisiti jo bogolo jwa ga Arone, ke ka ntlhayang fa kgang ya rona e sa tlhobogiwa?

5 Ditiragalo tse di botlhoko tsa Baiseraele di tletse ka dikotsi tseo ba ileng ba di boga ka ntlha ya go hularela ditaolo tsa Modimo le tirelo ya bone ya boineelo go ene. Morago ga tshenyego ya bobedi ya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E., moperisiti yo mogolo le tshwantshetso ya boineelo mo sehapatlhogong sa gagwe di ne tsa nyelela. Gompieno ga go na Mojuda ope yo o bidiwang ka leina loo-ra Cohen (ke gore “Moperisiti”) yo a ka ititayang sehuba a re ke moperisiti yo mogolo wa Iseraele. A mme boemo jwa rona he, ke jwa boitlhobogo? Nnya! Ka jaana fa e le kaga Morwa Modimo yo o galaleditsweng, re bala jaana: “Re chwanecwe ke moperisiti eo mogolo, eo o nntseñ yalo, a le boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi, me a goledicwe godimo ga magodimo. . . . ka go ikisa èna setlhabèlō.”—Bahebera 7:26, 27.

6, 7. A Jesu o ne a tsalelwa mo lotsong lwa seperisiti lwa Iseraele, mme o ne a ka nna moperisiti yo mogolo jang?

6 Ereka Jesu e ne e le Morwa Modimo, o ne a sa tlhoke go nna leloko la lotso lwa Lefi kana go nna wa lelapa la boperisiti lwa ga Arone e le gore a tle a nne moperisiti wa Modimo. Seo se ne se ka nna jalo go ya ka dithulaganyo tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa Modimo. Kgosi Dafide o ne a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo go bolelela-pele kaga setlogolwana se se tlhomologileng seno, yo o neng a tla nna kwa godimo ga bagologolwane ba gagwe ba segosi: “Yehofa o raea morèna oa me, a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihè baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō. Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago. Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ mo letsatsiñ ya thata ea gago: u re u le mo mekgaboñ ea boitshèpō, ua bo u na le monyō oa bokau yoa gago, o cwa sebopeloñ sa moshō. Yehofa o ikanne, me ga a ketla a ikwatlhaea, a re, U moperisiti ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.”—Pesalema 110:1-4.

7 Jalo he, le go tla motlheng ono wa rona, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ntse a le Moperisiti yo Mogolo wa segosi, yo o kwa godimo go feta baperisiti ba bagolo ba Iseraele wa bogologolo ka tshwantshetso ya bone e e bonalang ya boineelo. Ke moperisiti yo Mogolo jalo mme e seng ka go bo a le moperisiti wa Molefi mme e le ka go ikana ga ga Jehofa Modimo.

TSHWANTSHETSO YA BAO BA ‘ITALETSANG KA PELO E E THAMILENG’

8. Ke ka ntlhayang fa letsatsi le e le la “thata” ya ga Keresete, mme bao ba italetsang ka pelo e e thamileng ba tswelela jang mo ntlheng eno?

8 Barutwa ba Moperisiti yo Mogolo yoo wa segosi, e leng Keresete Jesu, jaanong ba “italetsa ka pelo e e thamileñ” mo letsatsing ja ‘thata ya gagwe.’ Ba ineela go Jehofa Modimo mo ineng ja Moperisiti yo Mogolo wa segosi yo, ba kolobediwa mo metsing ka go tshwantshetsa boineelo joo. Ba ke bone ba palo ya bone e e feletseng e tshwanetsweng ya kanelwa labofelo pele ga go itaya ga “sepitla se segolo.” Bone, gammogo le balekane ba bone ba “boidiidi yo bogolo,” “ba italetsa ka pelo e e thamileñ” fela jaaka monyo mo go tliseng molaetsa o o lapolosang wa poloko mo bathong.—Tshenolō 7:2-4, 9, 10, 14.

9. Go Baroma 12:1, 2, ke kgakololo efe eo Paulo a e neelang Bakeresete ba ba tloditsweng?

9 A kwalela barutwa ba dingwaga tse di fetileng tse 1 900, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ. Me lo se ke loa bopèga yaka lehatshe yeno; me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.”—Baroma 12:1, 2.

10, 11. (a) Jalo Paulo o lebisa topo ya gagwe go Bakeresete ba Baditšhaba kwa Roma e le tatediso ya puisano efe? (b) Thulaganyo eno e nnile pontsho e kgolo ya kutlwelo-botlhoko ya Modimo jang?

10 Topo e e tlhoafetseng e e fa godimo e tla ka bonako fela morago ga puisano ya ga Paulo ka setlhare sa tshwantshetso sa motlhware. Jaaka dikala mo setlhareng se se jadilweng sa motlhware, morafe o o ineetseng wa Iseraele e ne e le setlogolwana sa tlholego sa “tsala” ya Modimo Aberahame. Ka gone e ne e le bone ba ntlha mo go nneng “losika loa ga Aberahame” go ya ka tsholofetso eo e neng e dirilwe go ene. (Genesise 12:3; 22:17, 18; Bagalatia 3:16, 29; Yakobe 2:23) Mme ke masalelanyana fela a Bajuda ba tlholego bao ba ileng ba amogela Jesu jaaka Mesia mme ba fudusiwa mo go nneng losika lwa tlholego lwa ga Aberahame wa selefatshe go ya go nneng losika lwa semoya lwa ga Aberahame yo Mogolwane, Jehofa. (Baroma 11:5, 7) Ba bangwe ba ba setseng ba ne ba kgaolwa jaaka “dikala.” Go ba emisetsa, Modimo o no wa sokologela go bao e neng e se Bajuda kana, ka tshwantshetso, go motlhware wa naga wa tshwantshetso, go kgaola mo go one “dikala” tse di lekanetseng go di tlhomela mo setlhareng sa motlhware wa gae wa semoya seo se neng se na le dikala di le 144 000 tseo modi wa tsone e leng Aberahame yo Mogolwane, Jehofa Modimo, Motswedi wa masego otlhe.—Baroma 11:13-33; Tshenolō 14:1.

11 Jalo he e ne e le pontsho ya kutlwelobotlhoko e kgolo ya Modimo go Baroma bao le botlhe bao e neng e se Bajuda ba ba rupileng go nna bontlhanngwe jwa losika lwa semoya lwa ga Aberahame lo lo tla segofatsang ditshika tsotlhe tsa lefatshe ka bogosi jwa Modimo. (Baefesia 2:12; Bagalatia 3:26-29) Se se ne sa ba rwesa tsela ya go intsha setlhabelo. Mme e e ne e le yone fela tshiamelo eo Modimo a neng a e tshwaretse dibopiwa tsa batho ka nako eo, mme abo e ne e le tshiamelo e e kgethegileng jang ne! Kwantle ga go fetelela, moaposetoloi Paulo o ne a ba kwalela a re: “Lo ineèlè mo Modimoñ, lo le batshedi ba lo duleñ mo bashwiñ, le ditokololō tsa lona, gore e nnè dilō tse di dihañ tshiamō mo Modimoñ. Gonne boleo ga bo ketla bo na le taolō mo go lona: ka go bo ga lo mo thateñ ea molaō, [molao wa ga Moshe] lo mo thateñ ea tshegōhaco.”—Baroma 6:13, 14.

12. Ke eng seo se tla kopanyelediwang go barutwa ba ba tloditsweng ka moya ba ga Keresete fa ba bolelelwa go re, “lo ineèlè mo Modimoñ, lo le batshedi ba lo duleñ mo bashwiñ”?

12 Lefa Paulo a kwalela bao e neng e setse e le Bakeresete ba ba ineetseng, e leng “baitshepi,” ga se gore o tlodisa matlho seo ba neng ba se dirile pele mo go neeleng matshelo a bone, fa a ne a re: “Lo ineèlè mo Modimoñ, lo le batshedi ba lo duleñ mo bashwiñ.” Mme ba tshwanetse ba tshelela boineelo jo, mo tseleng e ya go intsha setlhabelo. Fa ba ne ba ka se dire jalo, he le bone, jaaka dikala tse di emiseditseng, ba ne ba tla kgaolwa. (Baroma 1:7; 11:21, 22) Lefa go le jalo, mafoko ano a a kwadilweng tlase ga tlhotlheletso a ne a tla balwa ke bao e neng e tla nna barutwa ba ga Jesu Keresete ba lobaka lo lo tlang mme a ne a tla ba neela kgothatso e e nonofileng gore ba tle ba tseye dikgato tsotlhe tse di tlhokafalelang go nna le kamano ya boineelo le ya kolobetso le Modimo, gape le go e boloka. Gore ba boloke kamano ya bone ya boineelo le modimo, fa ba setse ba na nayo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ba ntse ba tlhabanela go bopela ditokololo tsa bone tsa nama go nna ditlhabano tsa tshiamo go na le gore ba di neele mo go fenngweng ke sebe. Ba tla bo ba utlwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō, me a itse go ntshala moragō.”—Mathaio 16:24.

“BOIDIIDI YO BOGOLO” JWA BATSHWANTSHETSI

13. A go tshwanetse ka bao ba nang le tsholofelo ya selefatshe go dira boineelo go Modimo le go tshwantshetsa se ka kolobetso ya metsing?

13 Go kgabaganya lefatshe gompieno mo e ka nnang batho ba ba fetang 2 300 000 ba kopanela mo go anamiseng mafoko a a molemo a Bogosi, mme ebile bontsi jwa bano bo itlhagiseditse go kolobediwa mo metsing go supa boineelo jwa bone. Mo ketekong ya ngwaga le ngwaga ya Selalelo sa Morena, mo e ka nnang ba ba tlase go 10 000 mo go botlhe bano ba tlhakanela mo go jeng senkgwe sa tshwantshetso le beine go ipolela fa ba le barutwa ba ga Keresete ba ba nang le tsholofelo ya selegodimo. A mme botlhe ba bangwe ka tshwanelo ba dira boineelo le go tshwantshetsa se ka kolobetso ya metsing? Ruri ka mo go tlhomameng ba dira jalo, ka jaana le bone gape ba tshwanetse ba tla kamanong e e tshwanetseng le Modimo ka Modisa yo o Molemo, Keresete Jesu, e le gore ba tle ba falole “sepitla se segolo” seo se letseng fela fa pele mme ba bone boswa jaaka bontlhanngwe jwa “lehatshe ye lesha” la Modimo.—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.

14. Ke kamano efe e ntle eo ka tshwanelo e renang mo teng ga “lecomane le le leñwe hèla” la Modisa yo o Molemo, Keresete Jesu?

14 Jalo bontsi jo bogolo jwa basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ga ba na tsholofelo epe mo megopolong ya bone ya selegodimo ya go nna baruaboswa-mmogo le Jesu Keresete mo Bogosing kwa godimo. Ga ba iphake gore ke Baiseraele ba semoya ba ba tsetsweng ka moya wa ga Jehofa. Mme gone kwantle ga kgaogano ba kopanela le masalela a Baiseraele ba semoya jaaka maloko a “lecomane le le leñwe hèla” tlase ga “modisa a le moñwe hèla,” Jesu Keresete. (Yohane 10:16) Ba itumelela seno thata mme ebile se tshwanetse go ya ka Dikwalo.

15. (a) Ke bomang, gammogo le Bajuda ba tlholego, ba ba ileng ba tlogela Egepeto mme ya re labofelo ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, mme ba ne ba tsewa jaaka eng koo? (b) Ba ne ba tshwantshetsa bomang gompieno?

15 A fano re direng seo lekwalo le le go 1 Bakorintha 10:18 le re bolelelang gore re se dire, “bōnañ Iseraele kaha nameñ.” Go tlogeng ga bone Egepeta tlase ga boetapele jwa ga Moshe ga se gore botlhe bao ba ileng ba tswa e ne e le Baiseraele ba tlholego, ba ba rupileng. “Ga tlhatloga nabō gapè bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ; le macomane, le matlhape.” (Ekesodo 12:38) Fa Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng la tsholofetso, bao e ne ya nna “moeñ oa gago eo o mo teñ ga dikgōrō tsa gago,” (Ekesodo 20:10; Dipalo 35:15; Lefitiko 19:9, 10) Bontsi jo bo tlhakaneng joo jwa bogologolo bo ne bo tshwantshetsa “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, tsa gompieno.—Yohane 10:14, 16; Tshenolō 7:9-17.

16, 17. (a) “Bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” bo ile jwa kolobediwa le Baiseraele jang, fa re bua ka mokgwa wa papiso? (b) Ke bomang bao gompieno ba falotseng go tswa setshwaning sa Egepeto sa gompieno, mme ke bomang bao ba tla bogang tshenyego tlase ga maemo a a tshwanang le ao a Lewatle le Lehibidu?

16 Mo motlheng wa ga Moshe “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jwa bao e neng e se Baiseraele ba ne ba abalana maitemogelo a a tshwanang le Baiseraele ba ba rupileng, go akareletsa le kolobetso e e gakgamatsang. Kaga kolobetso eo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana go 1 Bakorintha 10:1-4: “Borra echo ba ne ba le ha tlhatse ga leru botlhe, me botlhe ba ralala lewatlè; Me botlhe ba kolobelediwa Moshe, mo leruñ le mo lewatleñ; Me botlhe ba ya diyō di le diñwe hèla tsa semōea; Me botlhe ba nwa metse a le mañwe hèla a semōea; gonne ba ne ba nwa mo lehikeñ leñwe ya semōea ye le ba setseñ moragō: me lehika yeuō e ne e le Keresete.” Ka gone, ka tsela ya papiso, Baiseraele mmogo le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” ba ne ba kolobediwa lemororo ba ile ba se ka ba thabuela mo metsing ka sebele.

17 Kolobetso eo ya kgakgamatso ka Jehofa Modimo e ne ya ba isa go Moshe jaaka moetapele yo o neng a ntshitswe ke Modimo, feela jaaka ekete ka sebele ba ne ba kolobeleditswe ene. Mme se e ne e se kolobetso ya loso, jaaka fa go ne go ntse ka Baegepeto ba ba neng ba ba lelekile. (Ekesodo 14:1-15:21) Gompieno re atamela seemo se se tshwanang. Masalela a a ikanyegang a Baiseraele ba semoya le balekane ba bone ba “boidiidi yo bogolo” ba tlogetse setshwani sa Egepeto. (Tshenolō 11:7, 8) Ba gatela gongwe go ya Thulaganyong e Ntšha ya dilo tlase ga bogosi jwa ga Keresete jwa dingwaga tse di sekete. Moshe yo Mogolwane, Morena Jesu Keresete yo o galaleditsweng, o ba eteletse pele. Ba lelekilwe ke lefatshe la baba, leo le ikemiseditseng gore ba seka ba bo ba falola. Ditshwani tsa Baegepeto di ntse di gwantela lebaleng la botlhabanelo la Modimo, Hara-Magedona, koo di tla kolobediwang ka molelo teng, e leng tshenyego. Ga go na ope wa bone yo o tla tlogelwang a sa ntse a tshela go sala a bolela matlhotlhapelo ao a a bonyeng. (Tshenolō 16:14-16; Mathaio 3:11, 12) Fela jaaka go ne go ntse mo tiragalong ya Lewatle le Lehibidu, polao ya kwa Hara-Magedona ga e kitla e akareletsa ope wa Iseraele wa semoya kana “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Moshe yo Mogolwane.

18. Go tla nna jang ka ba “boidiidi yo bogolo” fela jaaka “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” morago ga go tloga ga bone kwa Egepeto tlase ga boetapele jwa ga Moshe?

18 Ba ba ikanyegang ba “boidiidi yo bogolo” ga ba etsaetsegele kwa morago, ba le pelo-pedi ekete ba ka boela setshwaning sa Egepeto yo o na a ntaakilwe ke dipetso tlase ga Faro wa gagwe, Satane Diabolo. Matlho a bone a lebile fela kwa pele, ba nna ba ntse ba itshwaragantse le masalela a Baiseraele ba semoya, jaaka “lecomane le le leñwe hèla.” (Yohane 10:16) Fela jaaka “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” bo ile jwa falola go kgabaganya Lewatle le Lehibidu, jalo bao e leng ba “boidiidi yo bogolo” jwa motlha wa segompieno ba tla iphitlhela ba le mo dintshing tsa phalolo morago ga ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe.’

19. Ke segolo go tloga leng bao ba dirang “boidiidi yo bogolo” jwa gompieno ba ileng ba kolobediwa metsing, mme ba ile ba phepafatsa sebopego sa bone jang gore ba tle ba neele Modimo kobamelo e e itshekileng?

19 Segolo esale ka 1935 bao ga jaanong ba dirang “boidiidi yo bogolo” ba ntse ba ineela mo kolobetsong ya metsing go tshwantshetsa boineelo jwa bone jo bo tletseng go Modimo ka Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete. Ba tlhatswitse dikobo tsa bone tsa boikgethololo ba bile ba di “shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana,” Moshe yo Mogolwane. (Tshenolō 7:9-14) Ba neelana ka kobamelo e e phepa go Modimo.

20. Ba “boidiidi yo bogolo” ba obamela Jehofa kae, mme se se ile sa bolelelwa-pele jang go Sekaria 8:20-23?

20 “Boidiidi yo bogolo” jo jwa baobamedi bano ba ba phepa bo mo tempeleng ya semoya ya Modimo motshegare le bosigo. (Tshenolō 7:15-17) Ba ne ba ile ba tshwantshediwa-pele ke bao moperofeti Sekaria a ileng a ba bonela-pele ba obamela kwa tempeleng ya ga Jehofa morago ga go tsosoloswa ga yone mo Jerusalema morago ga kgololo ya Baiseraele go tswa go Babilona ka 537 B.C.E. Kaga se, re bala jaana go Sekaria 8:20-23:

“Jehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Go tla nama go dihala, go re, go tla tla dichaba, le banni ba metse e le mentsi: Me banni ba motse o moñwe ba tla ea kwa go ba o moñwe, ba re, a re itlhaganeleñ re eeñ go lōpa tlhōgōnōlōhaco mo go Yehofa, le go batla Yehofa oa mashomōshomō; le nna ke tla ea. E, dichaba di le dintsi, le merahe e e thata, e tla tla go batla Yehofa oa mashomōshomō mo Yerusalema; le go batla tlhōgōnōlōhaco ea ga Yehofa. “Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Mo metlheñ euō go tla dihala, go re, batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe, ba tla chwara. E, ba tla chwara lokoye loa eo e leñ Moyuda, ba re, Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”

21. Ke ka tsela efe eo ka yone “boidiidi yo bogolo” bo ‘tshwarang lokoje lwa yo e leng Mojuda,’ mme ke ka ntata ya eng go bo ba na le tsholofelo ya go falola “sepitla se segolo”?

21 Boikutlo jwa “batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe” ruri bo bontsha kobamelo go Modimo yo o esi yo o tshelang wa boammaaruri, Jehofa Modimo! Gompieno kobamelo e e ntseng jalo e a amogelesega go Ene ka “Moyuda” yo mogolo thata yo o kileng a nna mo lefatsheng, e leng “Kwana” yo o kileng a tswa setlhabelo, Jesu Keresete. Ka boikanyego ba etsa Jesu ka go ineela mo kolobetsong ya metsing mo tshwantshetsong e seng fela ya go itlhagisa mme gape, kaga bone, ke tshwantshetso ya boineelo jwa bone jwa pelo yotlhe go Modimo o le mongwe. Ba “chwara lokoye” lwa masalela a Bajuda ba semoya ba ba 144 000, ba phuthega mmogo le ‘batho’ bao kwa Jerusalema yo o kwa godimo, Jerusalema wa selegodimo. Mo tempeleng ya one ya semoya, e e emelwang ke masalela a a santseng a le mo lefatsheng, ba neela Modimo Mogodimodimo, Jehofa, ‘tirelo e e boitshepo,’ motshegare le bosigo. Tsholofelo ya bone ke go falola “sepitla se segolo,” go tsweledisa tirelo ya bone ya boineelo go Modimo ka bosakhutleng mo lefatsheng. Go kgethololwa ga bone ka tshwanelo jaaka batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng ka bojotlhe jwa bone le go kolobediwa go ba baya mo motlhaleng wa go dira jalo, ba tlhomamisediwa gore “Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè . . . ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:23, 24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tlhaloso “sesupo sa boineelo” e ranola lefoko la Sehebera nezer, leo Strong’s Exhaustive Concordance of the Bible e le tlhalosong ka mo go latelang: “Ka tshwanelo sengwe se se seegelwang kwa thoko, (ke gore boineelo jo bo sa bonaleng (jwa moperisiti kana Monasirita); ke ka moo go bontshwang ka moriri o o sa beolwang; gape go ka akarediwa le serwalo (segolo sa segosana):—boitshepiso, serwalo sa segosi, moriri, tomololo.”

A O KA KGONA GO ARABA DIPOTSO TSE FA GO BOELEDIWA?

◻ Go neela ga ga Jehofa ga boperisiti jo bogolo mo tirelong ya gagwe e e boitshepo go ne ga tlhokomedisiwa jang?

◻ Jesu o ne a kgona jang go nna moperisiti yo mogolo?

◻ Go ya ka Baroma 12:1, 2, ke eng seo se tshwanetsweng sa dirwa ke bao ba nnang barutwa ba ga Keresete?

◻ Kaga kolobetso, “boidiidi yo bogolo” bo bapisiwa jang le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” joo bo ileng jwa pata Baiseraele go tloga Egepeto?

◻ Malebana le kolobetso, “batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe” ba etsa Jesu jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu Keresete yo o galaleditsweng ke Moperisiti yo Mogolo wa segosi, o kwa godimo go feta baperisiti ba bagolo ba Iseraele wa bogologolo ka tshwantshetso ya bone e e bonalang ya gore ba ineetse mo tirelong e e boitshepo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela