LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 4/1 ts. 16-21
  • Boineelo—Go Mang? Ka Ntlhayang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boineelo—Go Mang? Ka Ntlhayang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “KE TSILE . . . GO DIHA GO RATA GA GAGO”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ba ne Ba Tsholwa e le Maloko a Setšhaba se Modimo a se Itlhophetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Bokao Jwa Kolobetso ya Gago
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 4/1 ts. 16-21

Boineelo—Go Mang? Ka Ntlhayang?

“Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō [morahe o o itshwaetsweng; morahe o o ineetseng], lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.”—1 Petere 2:9, New World Translation; The Jerusalem Bible; The New English Bible.

1, 2. (a) A Abraham Lincoln o ne a tsena kereke epe ya La-Bodumedi, mme gone mo puong ya gagwe ya kwa Gettysburg o ne a lebisa go morafe oo a neng a le tautona ya one jang? (b) Ke kgato efe eo e bontshang go ikanya ga morafe o mo Modimong, mme ke jang puso e e latelang mathata a lefatshe e tla nnang “ya batho”?

MO DIKEREKENG tsotlhe tsa La-Bodumedi, go ne go se epe eo e neng e ka bolela gore tautona wa bo-16 wa United States of America e ne e le leloko la yone. Mme gone, e ne ya re fa a neela puo ya gagwe e e tumileng kwa Gettysburg ka November 19, 1963, monna yoo wa go bala Bibela, Abraham Lincoln, o ne a bua mafoko a a maatla a:

“Dingwaga tse di masome a a herang bobedi le bosupa tse di fetileng borraetsho ba ne ba lere mo lefatsheng jeno, morahe o mosha, o o tsaletsweng mo Kgololesegong, o bile o ineetse mo boemong jwa gore batho botlhe ba bopilwe ka go lekalekana. . . . Mme, ka kgopolo e e atologileng, re ka se ke ra ineela—re ka se ke ra itshwaela—re ka se ke ra itshepisa—mmu o. Banna ba ba diganka, ba ba santseng ba tshela le ba ba suleng, bao ba ileng ba kgaratlha fa, ba le itshepisitse, go feta nonofo ya rona e e bokoa ya go ka oketsa kana go fokotsa kgakala. . . . Bogolo, ke ga rona ba ba tshelang go ineela mo tirong e e sa welang eo bao ba ileng ba tlhabana fano ba ileng ba e tsweledisa ka mo gogolo le ka tlotlego jaana. Ke ga rona bogolo go ineela fano mo tirong e kgolo e e santseng e setse fa pele ga rona . . .”

2 E sale puo e e sa lebalegeng eo e buiwa kwa botlhabanelong jwa kwa Gettysburg, Pennsylvania, United States ga ya ka ya tshegetsa mafoko a boiphako a a mo letlhakoreng la madi la “dollar” a a reng, “Re Ikantse mo Modimong.” Go sa tlhokomelesege boineelo jwa tautona le jwa Maamerika ape fela a a peloephepa, “puso ya batho ka batho,” e tla “nyelela mo lefatsheng.” Ka boitumelo, “go batho” seo e tla bo e se kotsi e e tla nnelang ruri, ka jaana go tla latela puso ya segosi e e kwa godimo ya Modimo ka Kgosi ya gagwe e e tlhophilweng Jesu Keresete, gore go segofadiwe baagi botlhe ba kgolokwe eno, go akareletsa le seo ga jaanong e leng lefatshe ja Amerika.

3, 4. (a) Ke “morahe” ofe he o o tla tlhagang? (b) Ke go tswa mafokong afe a ga Jehofa ao a neng a anamisediwa Iseraele a ileng a tsopolwa ke Petere kaga “morahe” o mosha o?

3 Mme he go tle morafe o mosha. Morafe oo ke ofe? Ke o o neng o lebisitswe mafoko a a latelang a a tlhotlheleditsweng: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.”—1 Petere 2:9.

4 Ka mafoko ao moaposetoloi Petere o tsopola ditlhaloso tseo di dirisitsweng ke Modimo a lebisitse bathong ba Gagwe ba ba itshenketsweng ba Iseraele bao ka nako eo ba neng ba le kwa Thabeng ya Sinai mo Arabia, jaaka fa go kwadilwe go Ekesodo 19:5, 6. Koo re bala jaana: “Me ke gōna yana, ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me, go heta dichaba cotlhe: gonne lehatshe yeotlhe ke ya me: Me lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.”

5. Mo leseding la tiriso ya Bibela, a go “itshepisa” le go “neela” di raya selo se se tshwanang?

5 Go Ekesodo 19:6 le 1 Petere 2:9, tseo di tsopotsweng fa godimo, diphetolelo tse dingwe di godisa polelwana fela e e reng “morahe o o boitshèpō” ka go le ranola ka gore “morahe o o itshepisitsweng” kana “morahe o o ineetseng.”a (Bona The Jerusalem Bible; Moffat; Knox; The New English Bible.) Go amogela le go tshela ka melao ya ga Jehofa go ne go tla seegela Baiseraele kwa thoko jaaka batho ba ba itshepisitsweng kana ba ba ineetseng. Modimo o ka “itshepisa” kana a “neela” sengwe kana motho kana setlhopha sa batho. Go tswa mo ponong ya Modimo, mafoko ano a mabedi ka motheo a ka raya selo se se tshwanang. Lefa go ntse jalo, batho ba ba sa itekanelang, lefa ba sa kgone go ka “itshepisa” sengwe, ba se kaya se phepafaletse boikaelelo jo bo itshepileng, ka tshwanelo le ka lorato ba ka “neela” sengwe, kana ba “ineela” ka bobone.

6. (a) Mo go bueng ba re, “Gotlhe mo Yehofa a go buileñ re tla go diha,” ke kgato efe eo e neng ya tsewa ke morafe wa Iseraele, motho-ka-mongwe kana ka bommogo jwa bone? (b) Ke thulaganyong efe eo Modimo a neng a ba tlisa go yone kwantle ga patelelo epe?

6 Modimo o ne a solofetsa Iseraele yo o golotsweng gore ba ne ba tla nna morafe o o boitshepo go ene, fa fela ba ne ba ka ‘reetsa lentswe ja gagwe le go tshegetsa kgolagano ya gagwe.’ Ba ne ba araba ka go re: “Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha.” Ka gone, motho-ka-mongwe le ka bommogo jwa bone, ba ne ba ineela kwantle ga go katakata go Mmoloki wa bone, Jehofa Modimo. Lefa Jehofa a ne a setse a ba itshenketse ereka e ne e le ditlogolwana tsa tlholego tsa ga Aberahame, mme ebile a ile a ba golola kwa Egepeto go ralala Lewatle je Lehibidu ka kgakgamatso, mme gone o ne a letela Baiseraele gore ba itirele boineelo go ene le go kobamelo ya gagwe ka go rata ga bone. Mo motheong o ba ne ba dirwa batho ba ga Jehofa ba kgolagano. Ka ga se, re bala jaana:

“E ne ea re ditaolō cotlhe di sena go bolèlèlwa batho ke Moshe kaha molaoñ, a tsee madi a dinamane le a dipodi, a na le metse, le bobōea yo bohibidu, le mosiama, me a kgatshe lōna lokwalō, le batho botlhe, A re, Ke aōna madi a kgōlaganō e Modimo o e laotseñ kaga lona.”—Bahebera 9:19, 20; Ekesodo 24:1-8.

7. (a) Seemo e ne e tla nna sefe mo Bajudeng mo dikokomaneng tseo di neng di tla latela? (b) Ba ne ba ka latlhegelwa ke maemo a bone a boineelo jang?

7 Dikokomana tseo di neng di tla latela tsa Bajuda di ne di tla tsalelwa mo morafeng o o ineetseng o mme, ka ntlha ya moo, mo kamanong ya boineelo le Modimo. Mme motho-ka-mongwe, fa ba golela mo dingwageng tsa boikarabelo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go etsa Bajuda bale kwa Thabeng ya Sinai ka go supa ka maikutlo a bone a pelo le ditiro gore ruri ba ne ba ineetse go Jehofa e le gore ba tle ba tswelele ba le mo morafeng o o boitshepo o ba amogelesega. Ruri, katlego ya bone jaaka morafe mmogo le matshelo a bone di ne di kopanyelediwa. Go ntse jalo ka gonne Modimo o ka tlosa go itshepa moo a go bayang godimo ga setlhopha sa batho, fa ba itshupa ba sa tshwanelege, mme a bo fudusetse go bao ba itshupang ba tshwanelega. Ke sone se moaposetoloi Petere a ileng a dirisa mafoko a pele a Modimo o nong o a bolelela Iseraele wa tlholego, e leng gore ba ne ba tla nna “boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō,” a a dirisetsa morafe o mosha wa Bokeresete oo o neng wa nna gone ka Pentekosete ya 33 C.E. Phuduso e ya go kaiwa boitshepo e ne ya tla jang?

8. (a) Fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlholeditsweng, ke kotsi efe eo e neng e tloga e wela Iseraele, mme ke kamano efe eo Bajuda jaanong ba neng ba sa tlhole ba na le yone le Jehofa Modimo? (b) Ke bafe he, jaanong, ba neng ba bopa “morahe o o itshepisitsweng”?

8 Fa moaposetoloi a ne a kwala mafoko a 1 Petere 2:9, batho ba Bajuda ba ne ba atametse kudumedi ya morafe. Motse wa bone wa tempele wa Jerusalema o ne o setse o le gaufi le go senngwa ke mephato ya Baroma mme ba ne ba tla gasagasamisiwa le merafe yotlhe, fela jaaka Jesu a ile a bolelela-pele. (Luke 21:20-24) Ka maswabi, ya re ka 33 C.E., ba ne ba setse ba ganne Jesu Keresete Motsereganyi wa kgolagano e ntšha ya Modimo, mme ebile kwantle ga pelaelo kgolagano e kgologolo ya Molao eo e neng e tseregantswe ke moperofeti Moshe e ne e sa tlhole e dira. “Iseraele kaha nameñ” jaanong o ne a latlhilwe. (1 Bakorintha 10:18; Mathaio 23:38) Morafe o mosha wa Iseraele wa semoya o ne o tlhagisitswe ke Jehofa Modimo. (Baroma 9:6; Bagalatia 6:15, 16) “Morahe o o itshepisitsweñ” o mosha o o ne o dirilwe ka barutwa ba ga Jesu Keresete bao Petere a neng a ba kwaletse, ebong, “ba ba itshenkecweñ kaha kitsecoñ pele ea Modimo Rara, ka go itshepisiwa ke Mōea.”—1 Petere 1:1, 2.

9. A Modimo o ne a itsetse-pele maloko a morafe o o boitshepo oo motho-ka-mongwe, mme ba ile ba nna “losika” lo lo itshenketsweng jang?

9 Se ga se reye gore Modimo o ne a itse maloko a morafe o motho ka mongwe mme a ba tlhopha ka maina go sa le pele. Go na le moo, o ne a itsetse pele gore o ne a tla tlhagisa morafe o mosha, “morahe o o boitshèpō,” le go itsetse pele dilo tseo di neng di tla tlhokwa mo lelokong lengwe le lengwe e le gore le tle le kgethiwe le go tsenngwa mo morafeng o o boitshepo. Gape morafe o wa semoya o ne o tla dirwa boitshepo ka mo go kgethegileng ka moya o o boitshepo wa Modimo, maloko a morafe ono a tsetswe ka moya o o boitshepo go nna barwa ba Modimo ba semoya. (Tito 3:4-7) Ereka ba ne ba itshepile jaana, ba ne ba ka direla jaaka “boperisito yoa segosi.” Jaaka ba ba tsetsweng ka moya, e ne e le “losika,” “losika lo lo itshenkecweñ.”

10. Ereka Modimo a dirisana le Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka “morahe” kana setlhopha, ke dipotso dife tse di tlhagang kaga boikarabelo jwa motho-ka-mongwe?

10 Me boineelo go Jehofa jwa leloko lengwe le lengwe ka bongwe la morafe o mosha o ba tsena jang mo kgannyeng? Lefa Modimo a ba “itshepisa” kana a ba “neela” jaaka setlhopha kana morafe, a mongwe le mongwe o tshwanetse a dira boineelo jo bo feletseng ka boene go Modimo e le gore a tle a amogelwe jaaka leloko la morafe o mosha o? A tota Dikwalo ga di re: ‘Dumela go Morena Jesu Keresete mme o tla bolokwa’? Kana, fela gore, ‘Ikwatlhae o bo o sokologe’? Ka gone, a go dumela fela, go ikwatlhaya fela le go sokologa fela ke tsotlhe tse di tlhamalatswang jaaka tse di tlhokwang gore o nne morutwa wa ga Jesu, o nne Mokeresete? A Jesu, Morwa Modimo, o ne a tsaya kgato ya boineelo fa a ne a le mo lefatsheng? A ko re bone.

“KE TSILE . . . GO DIHA GO RATA GA GAGO”

11. Jesu o ne a tsalelwa tlase ga thulaganyo efe ya kgolagano le Modimo, mme moo go ne ga nna jalo jang?

11 Malebana le go tsalwa ga botho ga ga Jesu, Bagalatia 4:4 e re bolelela jaana: “E rile motlha o o tletseñ o hitlha, Modimo oa roma Morwa ōna, a belegwe ke mosadi, a tsalecwe mo molaoñ [wa ga Moshe].” Morago ga fa a sena go tsalwa ka kgakgamatso ke kgarebane ya Mojuda, go rupisiwa ga gagwe mo letsatsing la bofera-bobedi go ne ga tlhomamisetsa tota gore ka botsalo o ne a le mongwe wa batho ba kgolagano ya Modimo, mme ka ntlha ya se Josefa le Maria “ba mo isa kwa Yerusalema go mo neèla Morèna.”—Luke 2:22-24.

12. Johane o ne a kolobetsa Bajuda bao ba ileng ba tla kwa go ene tshwantshetsong ya eng, mme ke ka ntlhayang fa lantlha a ile a gana go kolobetsa Jesu?

12 Moetapele wa ga Jesu Keresete, e leng Johane Mokolobetsi, o ne a romelwa kwa morafeng o o ineetseng ono, a o biletsa boikwatlhaong. Le e leng Jesu o ne a re: “Ga kea roñwa ha e se kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraele.” (Mathaio 15:24) Molaetsa wa batho ba ba ineetseng bano ba Modimo e ne e le o o kgethegileng, o sa amane le merafe eo e neng e se ya Baiseraele. Johane Mokolobetsi o ne a ikuela “dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraela” gore di ikwatlhaele dibe tsa bone kgatlhanong le kgolagano ya Molao. (Mathaio 3:1-6) “Yohane o kolobeditse ka kolobeco ea boikwatlhaō, a raea batho, a re, Ba dumèlè mo go èna eo o tla tlañ moragō ga gagwè, eboñ, mo go Jesu.” (Ditihō 19:4) Lefa go ntse jalo, erile Jesu a itlhagisa go Johane gore a kolobediwe metsing, se ka mo go phepafetseng e ne e se sesupo sa boikwatlhao, ka go bo Jesu o ne a sena boleo bope a bile a se motlodi wa kgolagano ya Molao eo a neng a tsaletswe tlase ga yone. Johane, ka go itse se, o ne a okaoka go kolobetsa Jesu, mme legale a dumelana le topo ya gagwe fa a mo raya a re: “Mma go nnè yalo gompiyeno: gonne go re chwanetse go dihatsa tshiamō eotlhe yalo.” (Mathaio 3:13-17) O ne a rayang?

13. (a) Jesu o ile a diragatsa Pesalema 40:7, 8 jang? (b) Kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa eng?

13 Fano Jesu o ne a tsamaisana le polelelo-pele eo e neng e le kaga gagwe go Pesalema 40:7, 8: “Hoñ, ka re, Bōna, ke tsile: mo momenaganoñ oa lokwalō go kwadilwe kaga me, ga twe: Ke itumèla thata go diha go rata ga gago, Modimo oa me.” Go Bahebera 10:5-10 polelelo-pele eno e dirisediwa Jesu Keresete, ereka, mo kgannyeng ya ga Jesu, Modimo o ne o sa batla ditlhabelo tseo di neng di ntshiwa go ya ka kgolagano ya Molao wa ga Moshe, mme a batlile mmele o o itekanetseng wa motho jaaka setlhabelo, oo Modimo a neng a o diretse Morwawe gore o ntshiwe setlhabelo jaaka motheo wa kgolagano e ntšha. Jalo fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a sa ineele go Modimo, ka jaana a ne a setse a le leloko la morafe o o ineetseng mme ebile, a sena boleo bope, o ne a sa tlhoke go sokologa. (Bahebera 7:26) Go na le moo, go kolobediwa ga gagwe e ne e le sesupo sa go itlhagisa ga gagwe go Rraagwe wa selegodimo go tsweledisa thato ya Gagwe. Mme mo ntlheng eno Jesu o ne a tlhoma motlhala wa go kolobediwa ga barutwa ba gagwe.

14. (a) Morago ga go golegwa ga ga Johane, ke molaetsa ofe oo Jesu a neng a simolola go o rera? (b) Boikwatlhao le kolobetso mo lobakeng lo di ne di baakanyetsa batho eng?

14 Morago ga fa Jesu a sena go utlwa gore Johane Mokolobetsi o ne a tsentswe mo kgolegelong, o ne a simolodisa tiro ya go rerela Baiseraele bao ba neng ba setse ba ineetse. “E sa le ka lobaka louō Yesu a simolola go rèra, le go re, Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Go kolobediwa mo go tshwantshetsang boikwatlhao go ne ga gatelelwa sesha. (Yohane 3:26; 4:1, 2) E ne ya re fa Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete, a tlhatlogela kwa legodimong le go neela Jehofa Modimo molemo wa selekanyo sa setlhabelo sa gagwe sa botho, kgolagano ya Molao wa ga Moshe e ne ya nna ya lefela mme motheo wa tlhomelwa “kgōlaganō e ncha” e e boleletsweng pele. (Yeremia 31:31-34) Jalo he, mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba Bajuda ba ne ba fudusiwa go tswa kgolaganong ya Molao ya ga Moshe go ya go “kgōlaganō e ncha” eo go yone Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete, e neng e le Motsereganyi.b

15. (a) Ke eng seo se ileng sa se ka sa fela ka bonako fela fa go phimolwa kgolagano ya Molao? (b) Thato ya Modimo jaanong e ne e le efe go Bajuda bao ba neng ba tlhokomela kamano ya bone ya boineelo le Modimo?

15 Lefa kgolagano ya Molao jaanong e ne e sa tlhole e na le mosola, lobaka lwa Modimo lwa kamogelo e e kgethegileng le tlhokomelo Bajudeng, mo motheong wa go bo ba ne ba le peo ya tlholego ya ga Aberahame, lo ne lo ise lo fele; lo ne lwa fela ka ngwaga wa 36 C.E. Jalo, le eleng morago ga go tshololwa ga ntlha ga moya o o boitshepo ka 33 C.E., moaposetoloi Petere yo o neng a tloditswe ka moya o ne a raya matshwititshwiti a Bajuda mo Jerusalema a re: “Me ke gōna, ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè, gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna; Le gore a romè èna Keresete eo o lo laolecweñ, eboñ Yesu.” Go baakanya kamano ya bone ya boineelo go Modimo jaanong go ne go se kitla go kopanyeletsa fela go ikwatlhaela dibe tsa bone kgatlhanong le kgolagano ya Molao eo ba neng ba santse ba itsaya gore ba mo go yone mme go ne go tla kopanyeletsa gape le go itlhagisa ga bone jaaka bao e neng e tla nna maloko a morafe o mosha o, seo ka nako eo e neng e le thato ya Modimo ka botlhe bao ba neng ba nna barutwa ba ga Jesu, e le Bakeresete. Seo se tiisediwa ke seo Petere a se buileng go sa le pelenyana mo letsatsing la Pentekosete go Bajuda bao ba ileng ba “tlhabèga mo peduñ” ka ntlha ya seabe sa bone mo go lereng loso lwa ga Jesu. Petere o ne a ba raya a re: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshèpō.” Ka gone, go ne go kopanyelediwa mo gontsi fela thata go na le go ikwatlhaya fela le go fetsa maikutlo fela a go dira botoka ka go ikaega ka tumelo mo go Jesu.—Ditihō 3:19, 20; 2:37-40.

16. (a) Ea molaetsa wa Bogosi o ne o fitlha go Basamaria ba ba rupileng, ke eng seo se ileng sa tshwantshediwa ke go kolobediwa ga bone metsing? Ka ntlhayang? (b) Ke eng seo se ileng sa tiisetsa gore ba ne ba tsentswe kamanong ya kgolagano le Modimo?

16 Pele ga fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore ba ne ba tla atolosa bosupi kaga gagwe go “Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Lefa Basamaria e ne e se Baiseraele, e le batho ba ‘seeng,’ ba ne ba rupisitswe ka jaana ba ne ba amogela dibuka tsa Bibela tseo di neng di kwadilwe ke Moshe ba bile ba mo tsaya jaaka motsereganyi fa gare ga bone le Modimo. (Luke 17:16-18) Mo bopelonoming jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, Jehofa o ne a go bona go le molemo gore a dire gore Petere a dirisetse sekopololo se se kgethegileng go Basamaria e ka ne e le pelenyana ga go dirisiwa sa Baditšhaba ba ba sa rupisiwang mo go buleng dibaka tseo di amanang le bogosi jwa magodimo. Mme ereka Basamaria bao totatota ba ise ba ko ba nne mo kgolaganong ya Molao, ba bile ba ‘obamela se ba se itseng,’ bone jaanong, mo go kolobediweng, selo santlha ba ne ba tshwanetse gore ka kutlwisiso ba ineele go Jehofa Modimo mo leineng ja Mesia, Jesu, jaaka Motsereganyi wa kgolagano e ntšha. Go kolobediwa ga bone moragonyana ka moya o o boitshepo go ne ga tiisetsa gore ba ne ba amogetswe mo kgolaganong e ntšha.—Mathaio 16:18, 19; Yohane 4:4-42; Ditihō 8:5-25.

17. (a) Ke leng ebile ke jang Modimo lantlha a ileng a etela bao e neng e se Bajuda ba bile ba sa rupa “gore a tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bone”? (b) Kolobetso ya bone metsing e ne e tshwantshetsa eng?

17 Mo ngwageng wa 36 C.E., fa lobaka lwa Modimo lwa kamogelo e e kgethegileng go Bajuda lo ne lo fela, Jehofa modimo o ne a sokololela tlhokomelo ya gagwe go bao e neng e se Baiseraele ba ba rupileng, e leng Baditšhaba, “gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.” (Ditihō 15:14-18) Ka go dirisa se sengwe sa “dikopololō,” Petere o ne a romelwa kwa ntlong ya molaodi wa lekgolo wa Roma yo o na a bidiwa Korenelio, yo o neng a utlwana le batho ba Bajuda. Baditšhaba bano ba ka ne ba ile ba bo ba amogetse bosupi kaga Jehofa Modimo le Mesia wa gagwe yo o galaleditsweng, ka jaana moya o o boitshepo o ile wa ba tshologela mme ba simolola go bua ka diteme. Modimo ka kutlwelo-botlhoko o ne a simolotse go neela ‘baditšhaba le bone boikwatlhao jwa go bona botshelo,’ ka Jesu Keresete, “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.” (Ditihō 11:18; Yohane 1:29) Jehofa o ne a ba amogetse le bone mo morafeng wa gagwe wa semoya mo motheong wa boineelo jo ba neng ba bo dirile go ene mo dipelong tsa bone. Moya o o Boitshepo o ne wa tiisetsa se. Jalo go ne go se na ope wa Bajuda ba ba fetogileng Bakeresete ba ba neng ba patile Petere yo o neng a ka ganetsana le taolo ya gagwe ya gore ba “kolobediwè mo ineñ ya ga Yesu Keresete.” Seo se ne sa simolola “tlhabologō ea Badichaba.” (Ditihō 10:1-48; 15:3) E sale go tloga koo botlhe bao ba ileng ba eletsa go direla Modimo, e ka ne e le Bajuda kana Baditšhaba, ba ne ba tshwanela ke go dira boineelo mo dipelong tsa bone go Jehofa. Mme, malebana le kolobetso ya bone ya metsing, ba itlhagisetsa go dira thato ya Modimo ka bone, e le go etsa Jesu.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bonala ga ntlha ga lefoko “Neetswe” mo Dikwalong tsa Sehebera go fitlhelwa go Genesise 5:18-24, mo leineng “Enoke,” leina leo le rayang “Yo o Neetsweng.” Mo mokwalong wa Sehebera leina le le bidiwa ka go re Hha nokhʹ, mme ebile le amana le lefoko la Sehebera Hanukah, leo le rayang “Boineelo.” Go Yohane 10:22 go umakiwa “modihō o boshahaco,” kana wa go neela tempele oo Jesu a ileng a nna teng go one. (Rotherham; Authorized Version) Go tla motlheng ono Bajuda ba bitsa modiro oo Hanukah, moo go rayang “Neelo,” jaaka fa go bonwa go tswa diphetolelong tsa Sehebera tsa Yohane 10:22.

b Ga go na pego epe kaga barutwa bano ba pele ba ga Jesu ya go kolobediwa ga bone gape ka tshwantshetso ya go itlhagisa ga bone nako nngwe pele ga go tshololwa ga moya o o boitshepo mo go bone ka Pentekosete. Ka mo go phepafetseng kolobetso ya bone ya pelenyana ya boikwatlhao ya fa ba ne ba santse ba le tlase ga Molao e ne e akareletsa ntlha eno, eo e neng e tla bo e le go etsa Jesu, ereka kolobetso ya ga Johane e ne e diragadiwa ka ntlha ya go bonala ga ga Mesia mo go lebeletsweng le go ba baakanyetsa thato ya Modimo ka bone malebana le go tla ga gagwe.

FA GO BOELEDIWA, A O KA ARABA DIPOTSO TSE?

◻ Ke bomang ba ba bopang morahe o o “boitshèpō” kana o o ‘ineetseng’ o o umakilweng go 1 Petere 2:9?

◻ Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ineela jang go Jehofa Modimo?

◻ Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a ineela jang go Jehofa Modimo?

◻ Ke eng seo se neng se tshwantshediwa ke go kolobediwa ga metsing ga Basamaria le Baditšhaba ba ba dumetseng?

◻ Gore ba tle ba nne balatedi ba dikgato tsa ga Jesu, ke eng seo bao e neng e se Bajuda ba bile ba sa rupisiwa ba neng ba tshwanetse go se dira?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ineela go Jehofa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela