“Ke Kgorelediwa Eñ Gore ke se Kolobediwe?”
1. Filipo o ne a romelwa go motho wa mofuta ofe?
POTSO e e fa godimo e ne ya bodiwa ke monna yo o ineetseng yo o neng a setse a na le lorato mo Modimong, mme a ne a sa tswa go tsenngwa lesedi ka go ‘rerelwa Jesu.’ E ne e le moopahadiwa wa Ethiopia, yo o neng a “ile Yerusalema go ōbamèla Modimo gōna” jaaka a ne a le mosokologela-Sejudeng. O ne a le mo tseleng a boela Ethiopia go ya go tswelela ka ditiro tsa gagwe tsa boemo jo bo kwa godimo mo tirelong ya mohumagadi wa Ethiopia fa Filipo wa moefangele a ne a kaelwa ke moya wa Modimo go mo atamela.
2. Filipo o ne a thusa moopahaidwa jang go utlwisisa polelelo-pele?
2 Fa a ntse a siane fa thoko ga kara, Filipo a utlwa monna a balela buka ya ga Isaia kwa godimo. Erile moopahadiwa wa Ethiopia a bodiwa fa e le gore o ne a tlhaloganya Lokwalo lo a neng a lo bala, e le kaga kwana e e neng e sa gane fa e ya go bolawa, tota o ile a ipolela gore o ne a sa utlwisise gore a moperofeti o ne a bua kaga gagwe kana kaga mongwe o sele. Abo Filipo o ne a bulegetswe ke sebaka se sentle jang ne! “A simolola ka lokwalō lo, me a mo rèrèla Yesu.” Ee, polelelo-pele ya ga Isaia e ne e le kaga “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe”!—Ditihō 8:26-35; Isaia 53:7, 8; Yohane 1:29.
3. Kutlwisiso eno e ntšha e ne ya mo ama jang?
3 Moopahadiwa o ne a angwa jang ke tiragalo eno e a neng a sa e lebelela gotlhelele mme e bile e tlhomologile mo botshelong jwa gagwe? “Me ea re ba sa cwèlèla pele mo tseleñ, ba hitlha ha metsiñ mañwe; me moopahadiwa a re, Bōna, metse ke a; ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Ekete Filipo gaa a ka a bona sepe mo mokgweng wa botshelo wa monna yo le kutlwisiso ya maikaelelo a Modimo, segolo ka tse di neng di amana le Jesu jaaka Mesia le Mmoloki, seo se neng se ka mo diegisa gore a seka a kolobediwa. Kara e ne ya emisiwa; ba tsena mo metsing mmogo mme Filipo a mo kolobetsa mo motheong wa go amogela ga gagwe setlhabelo sa ga Jesu sa boitshwarelo jwa dibe.—Ditihō 8:36-39.
WENA?
4. Ke ba le kae go bao ba kopanelang le basupi ba ga Jehofa ba ileng ba tsaya kgato ya kolobetso?
4 Ba ba kopanelang mmogo le Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe gompieno ke ba le bantsi bao ga jaanong ba iseng ba kolobediwe go bontsha boineelo jwa bone go Jehofa. Tlhora ya lefatshe ka bophara ya bao ba ileng ba arola mo go rereng “mahoko a a molemō” ka 1981 e ne ya nna 2 361 896 (eo go yone mo e ka nnang ba ba 25 lekgolong ba iseng ba kolobediwe). Mme kwa Selalelong sa Morena sa Maitsiboa sa 1981, palo e e kopaneng ya bao ba nnileng gone lefatshe ka bophara e ne ya nna 5 987 893. Se se raya gore ba ba fetang sephatlo sa bao ba nnang gone dipokanong tsa basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba kolobediwe. A se ke sengwe se se tsitsibanyang? Nnya, mme ke sa kamego e e lorato. Bangwe ba bano ba ile ba kopanela mo go fetang dikgwedi di sekae.
5. Moopahadiwa wa Ethiopia ke sekao se se molemo jang go bao ba iseng ba kolobediwe?
5 Gongwe mongwe wa bao ba iseng ba kolobediwe ke wena, mmadi yo o rategang. Lebaka la gago la go bo o ise o kolobediwe le ka nna la bo e le je le molemo, mme fa go sa nna jalo, re go laleletsa gore o akanyetse ka kelotlhoko le ka thapelo sekao se sentle sa moopahadiwa wa Ethiopia yo o neng a seka a diega go kolobediwa. O ne a tlhatlhoba mogopolo wa gagwe le pelo, mme a botsa Filipo fa e le gore a go ne go na le mabaka mangwe ao a neng a ka mo kganela go kolobediwa. Erile a sa bone lebaka lepe la tiego, ka bonako fela o ne a kolobediwa.
6. Ke dikgato dife tseo di tshwanetsweng go tsewa ke bao ba ikutlwang gore ba tlhoka nako e e oketsegileng?
6 O ka ne o ile wa seka wa kolobediwa e le go ya ka phetso ya gago, e e thailweng mo boitlhatlhobong jo bo ikanyegang, ya gore ga o ise o nne le kutlwisiso e e lekanetseng ya Lefoko la Modimo go dira boineelo jo bo tswang pelong go Jehofa. Go dira se kwantle ga go ikgogona gope, o batla go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe ga botoka. Seo ke selo se se akgolegang, mme ebile re go kgothaletsa go dira botswelelo-pele jo bontle mo dithutong tsa gago, fa o ntse o gakologelwa gore nako e ntse e felela pele ka malatsi otlhe. Dirisa dinako tsa gago sentle ka go ithuta Bibela kwa thoko le ka thuso ya Basupi ba ga Jehofa. (2 Timotheo 3:16, 17) Itlwaetse go tla ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, koo o tla amogelang tao e e tlhokegang segolo le bokopano jo bo tlhokafalang le Bakeresete ka wena le kgothatso go bone. (Bahebera 10:24, 25) Jaaka fa o tla bo o ntse o latela mokgwa o o siameng o ka tlhoafalo, go bonala gore e tla nna kgang fela ya dikgwedi di sekae pele ga o tla bo o siametse go tshwantshetsa boineelo jwa gago ka kolobetso ya metsing. Rraarona wa selegodimo o go laleletsa kamanong e e kgethegileng thata le ene!
7. (a) Bangwe ba bao ba ka neng ba diegela go ka kolobediwa ba ka ne ba akanya jang? (b) Jesu o bontsha jang gore se se diphatsa?
7 Gongwe o mongwe yo o ntseng a nna gone dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di le mmalwanyana mme gone o ise o fetse mogopolo gore o tseye dikgato tsa boineelo le kolobetso. Fa o tlhatlhoba megopolo ya sephiri ya pelo, a e ka ne gongwe e le gore o diega fela ka go bo o bona gore go tshela jaaka Mokeresete go tla go leretse dithibelo tse di rileng? A o akanya gore fa fela o ise o kolobediwe o tla bo o sa tlangwa ke dithibelo tseno mme o tla nna le “kgololesego” nngwe e e rileng go dira dilo dingwe tse di belaesegang fa tsamaiso e kgologolo e santse e le gone, o solofetse go letela nako ya bofelo gore o tle o emele kobamelo ya boammaaruri? Go akanya mo go ntseng jalo go ka nna kotsi, mo go diphatsa eleruri! Jesu o ne a re: “Lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru.”—Luke 21:34, 35; 1 Bakorintha 15:33, 34; Baroma 13:11-14.
8. Re tshwanetse go leba jang taletso e e lorato ya ga Jehofa ya gore re ineele go ene?
8 Fa o diega ka mo go sa tlhokafaleng mo go amogeleng taletso e e lorato ya ga Jehofa ya go tla kamogelong ya gagwe ka go neela botshelo jwa gago go ene, nako e e beilweng ya go neelana ka taletso e ka nna ya go felela ka wesi. (2 Bakorintha 6:1, 2; Bahebera 12:25) Jalo se okaoke go lekela mpho ya botshelo mme o e gogele fa gautshwane le wena ka tebogo. Se tswelele ka go leba kwa morago ka go eletsa dikgatlhiso tsa tsamaiso e ya dilo, e e tla tlogang e kotlomela. Arabela loratong lwa Modimo fa o santse o na le sebaka. Lemororo Jehofa a tlhopha bao ba ka tlang kamanong e e atamalaneng le ene a bile a lekanyetsa se se ka dirwang le se se sa tshwanelang go dirwa, fa o tla go mo itse segolo, ke gone mme o tla bonang tota gore se a se dirang kana se a se tlhokang ka metlha se a bo se solegela wena molemo. Ga a batle go go tima sengwe seo se leng molemo eleruri kana seo se tla go fang boitumelo jo bo nnelang ruri. (Pesalema 145:16, 19) Ngwana yo o nang le tlotlo a bile a utlwa o go tsaya e le selo fela sa tlholego go nna gone fa go rraagwe le gore a mo laye. Abo se se tshwanetse go nna boikutlo jwa gago ka mo go oketsegileng tebang le Rraetsho wa selegodimo jang ne!—Yohane 14:23.
9. Re tshwanetse ra lebana jang le mathata a botho?
9 Ee gone, fa o le mo ntweng ya mmannete ya go laola keletso nngwe ya senama, mme ebile o leka fela thata ka pelo yotlhe ya gago le nonofo go fenya seno, o ka tlhomamisediwa gore Modimo o tla go thusa go fenya—e seng ka go tlosa bothata ka kgakgamatso nngwe, mme e leng ka thuso ya moya wa gagwe go tlhagolela maungo a a tlhokafalang a moya mo botshelong jwa gago. Gape, mo phuthegong o tla bona kutlwisiso le thuso ka go ikopanya le bagolwane. Ba moo jaaka paakanyetso e e lorato ya Modimo go go thusa.—Bagalatia 5:22-24; Baefesia 4:11-15.
10, 11. (a) Ke sekao sefe se sentle seo se ileng sa tlhongwa ke modisa-kgolegelo wa Filipi le bantlo ya gagwe? (b) A go ne go kopanyelediwa mo gontsi go na le tumelo fela mo go Jesu, gore ba ‘bolokwe’?
10 Jalo he se diegele go dira seo o itseng gore o tshwanetse wa se dira go itumedisa Modimo. Latela sekao se sentle sa modisa-kgolegelo wa Mofilipi yo o neng a botsa Paulo le Silase a re: “Barèna, ke tla dihañ gore ke bolokwè?” Fa a bolelelwa ka go re “dumèla mo go Morèna Yesu, me u tla bolokwa, wèna le ba ntlo ea gago,” pego e re bolelela gore “a akoha a kolobediwa, èna le ba gagwè botlhe hèla.”
11 Lemororo thoromo ya lefatshe go tswa Modimong e ile ya direla jaaka ketapele mo go tsenyeng poifomodimo mo modiseng yo wa kgolegelo, ga re a tshwanela go lebelela tsitsiboso e e ntseng jalo e e sa tlwaelegang go tswa Modimong gompieno go re tsosa mogopolo le go nyeletsa go okaoka ga rona. Mo kgannyeng ya monna yo le ba ntlo ya gagwe, e ne ya seka ya nna fela kgang ya go bontsha tumelo e e tlwaelegileng mo go Jesu eo e neng ya ba baya mo boemong jwa go bolokwa. Ebile e ne e se go tshwarega fela ga malatsi otlhe mo tseleng ya botshelo jwa Bokeresete. Nnya, gonne pego e re Paulo le Silase “ba bua Lehoko ya Morèna naè le botlhe ba ba mo tluñ ea gagwè.” Se se ne se kopanyeletsa go itse Jehofa ka mo go lekanetseng go bona pele boitshwarelo jwa boleo jo bo fetileng mo motheong wa go amogela setlhabelo sa thekololo. Ka mo go dumelesegang, mo go bone seno se diragetse fela mo nakong e khutshwane, mo letsatsing le le lengwefela fela. Se se ne sa latelwa ke go ineela ga bone ka pelo yotlhe go Morena Molaodi wa lobopo, Jehofa Modimo, mme ba kolobediwa tshwantshetsong ya se. Ee, modisa-kgolegelo “a itumèla thata, le botlhe ba ntlo ea gagwè, ka ba dumetse mo Modimoñ.”—Ditihō 16:25-34.
12. A go tlhaela kutlwisiso e e feletseng ya dintlha dingwe go tshwanetse ga dia mongwe go kolobediwa?
12 Gongwe wena o yo o santseng a ikgogonela kwa morago ka ntlha ya pelaelo kana potso nngwe e e santseng e go tshwenya. Mme fa go santse go na le ntlha nngwe ya thuto ya motheo e e iseng e rarabololwe, leo ke lone lebaka le legolo la go batlisisa karabo mo Lefokong la Modimo, o rapela Modimo ka metlha yotlhe go go neela temogo. O tla go direla jalo, jaaka fa o tla bo o agela ikanyo e e feletseng mo go ene. Ga a na go tsenya “lencwè” kana “nōga” mo seatleng sa gago se se atlaretseng. (Mathaio 7:7-11) Ga o a tshwanela go itirela seipato sa go neela botshelo jwa gago go ene ka dilo di se kae tseo o ka neng o ise o di utlwisise ka botlalo. Mokeresete o ntse a tsweletse ka go gola mo kitsong ya Modimo le mo maikaelelong a Gagwe.—Bafilipi 1:9-11; Bahebera 6:1-3.
13. (a) Ke eng seo se lemogiwang kaga bana ba babotlana mo gare ga rona? (b) Motho wa dingwaga tse di potlana o tshwanetse go kolobediwa leng?
13 Mme sa bofelo, gongwe o ka nna wa ikutlwa gore o santse o le mmotlana fela thata go ka dira boineelo ka kutlwisiso. Go ba le bantsi, se se ka nna sa nna boammaaruri, ka go bo go na le diketekete tsa bana ba babotlana bao ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa—seo go rona e leng lebaka la boipelo. (Mathaio 19:13-15) Fa ba tla bo ba ntse ba golela mo go nneng bagodi ka mo go lekanetseng, mo tlhaloganyong le mo mmeleng, gore ba ka tsaya boikarabelo jo bo tletseng jwa boineelo le kolobetso, re ka nna le ikanyo ya gore Modimo o tla ‘tshwaya’ bana ba ba ntseng jalo gore ba “itshepile,” fa fela ba arabela le go utlwa batsadi ba bone ba ba dumetseng. (1 Bakorintha 7:14) Mme nako ga e eme. Fa o ile wa ikobela kgodiso ya batsadi ba gago “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna,” mme o ile wa dira gore o ithute, ka bobedi mo gae le mo phuthegong, a jaanong nako e tlile ya gore o dire boineelo go Jehofa? Fa go ntse jalo, fa o sena go bua ka se le batsadi ba gago le bagolwane mo phuthegong ya gaeno, re go kgothaletsa gore o latedisise phetso ya gago ya go neela botshelo jwa gago go Jehofa mme o kolobediwe.—Baefesia 6:1-4; 2 Timotheo 1:5-7.
GO DIRELA MOO JEHOFA A GO BAYANG TENG
14. Ke mabaka afe ao a tshwanetseng go tlhokomelwa ga jaanong kaga go ‘rojwa’ ga ba ba tloditsweng?
14 Mo go kolobediweng ga jaanong, a go na le tsholofelo ya gore Modimo o tla go biletsa go nna karolo ya monyadwi wa ga Keresete? Legale go atlhola Modimo, e seng batho. Motho gaa tshwanelwa ke go laolwa ke maikutlo le ditshekamelo tsa gagwe, gongwe jaaka tseo di ileng tsa tsenngwa ke lekoko lengwe la La-Bodumedi. (Baroma 8:28-30; 9:16) Go botlhokwa go gakologelwa gore go ‘rojwa’ ga ba ba tloditsweng go ntse go ya bofelong ka bofefo. (Bapisa Mathaio 13:36-43.) Mo makgolong a dingwaga a a 19 go ne go na le pitso e le nngwe fela, e leng ya selegodimo, e le gore Jehofa o ela tlhoko thata kaga gore ke mang yo o tla tlhopelwang go direla le Morwawe go dira puso ya Bogosi. Bantsi ba ne ba tla lalediwa mme go kgethiwe ba sekae fela ba ba tlhokegang bogolo. (Mathaio 22:2, 14) Fa nako e ntse e ya palo e e beilweng mme e lekanyeditswe ya ba ba 144 000 e ne e tla fitlhelelwa. Morago ga mo go ne go se bape ba ba oketsegileng bao ba neng ba tla tlodiwa ka moya o o boitshepo e le bosupi jwa gore ba na le tsholofelo ya selegodimo, fa e se fela, mme ebile e le ka sewelo, gore go sa ikanyegang ga mongwe wa ba ba santseng ba setse go ba ba ‘itshenkentsweng’ go dira gore kemisetso e tlhokafale.—Baroma 8:16; 11:19; Tshenolō 7:1-8; 14:1-5.
15, 16. (a) Ke eng seo se bonalang se phepafetse fa e le kaga go fela ga pitso ya selegodimo le go phuthiwa ga ba “boidiidi yo bogolo”? (b) Mo lobakeng lo lwa morago, ke eng seo se tla bonalang se utlwala fa e le kaga dikemisetso dipe? (c) Lefa go ntse jalo, iphako efe le efe ya botho ya piletso ya selegodimo e tshwanetswe ya lejwa jang?
15 Fa re akanyetsa kafa Jehofa a ntseng a dirisana le batho ba gagwe mo ‘motlheng wa thobo’ ka teng, go bonala go phepafala gore piletso-legodimong ka kakaretso e ne ya digelwa ka ngwaga wa 1935, fa tsholofelo ya “boidiidi yo bogolo” jwa Tshenolō 7:9-17 e ne ya utlwisisiwa ka mo go tshwanetseng gore ke ya selefatshe. Se se ne sa direga fela jaaka Jehofa a ne a ile a itsetse-pele gore go tla nna jalo. Fela jaaka Tshenolō 7:3, 4 e bontsha, go tla nna le go ‘tshwaiwa’ ga bofelo ga ba ba setseng ba Iseraele wa semoya. Mme, mo lobakeng lo lwa pele ga “sepitla se segolo,” “boidiidi yo bogolo” kwantle ga tekanyetso lefa e le efe ya mo palong bo tla iponatsa. Ba tla boloka tsholofelo ya bone ya tlholego ya go tshela mo lefatsheng, ba sa “tsalwa sesha” ka tebelelo ya botshelo jwa selegodimo.—Pesalema 115:16; Yohane 3:1-8.
16 Maloka le gore mongwe o ka nna yo o emisetsang mongwe wa ba ba ‘tsetsweng sesha’ mo lobakeng lono lwa morago, go a utlwala gore mo palonyaneng ya masalela a a tloditsweng ya jaanong ke ba sekae fela ba ba ka latlhang pitso ya bone ya selegodimo ka go tlhoka go ikanyega. Ba setse jaanong ba ngotlilwe ke loso go ya diketeng di sekaenyana fela. Fa go ka tlhokafala gore go emisediwe yo mongwe, ke mang yo Jehofa a tla mmitsang? Jesu o ne a bua jaana ka bao ba ileng ba lalediwa go nna baaposetoloi ba gagwe: “Ke lona ba ke nntseñ ke na le lona mo ditekoñ tsa me.” (Luke 22:28) Ka mo go utlwalang, Jehofa o tla tlhopha mongwe yo o ileng a kopanela ka dingwaga di le dintsi ebile a ile a supa bopelotelele le boikanyegi tlase ga teko, go na le mongwe yo o sa tswang go kolobediwa bosheng jaaka morutwa wa ga Jesu mme ebile gongwe a ise a lekwe mo dintlheng di le dintsi. Se ga se buiwe jaana e le thuto ya motheo ya go atlhola maiphako a ga ope a botho, mme e le go thusa ba ba sa tswang go kopanela bosha go tila go ikgogomosa le gore ba tlhomamisege ka mokgwa o Jehofa a dirisanang le bone ka one.
17. Ke kamano efe eo e simololwang ke boineelo le kolobetso, go gogela kwa tuelong efe?
17 E ka ne motho e le wa “lecomanyane” la baruaboswa ba Bogosi kana a na le tsholofelo ya go tshelela ruri ka boitekanelo le boitumelo mo lefatsheng, kamano e e ntseng jalo e simolola ka go tla ga rona kamogelong ya Rraarona, Jehofa. (Luke 12:32) Mme re bona jang boemo jo bo amogelegang fa pele ga Modimo? Ke ka go bapala kitso, go bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete, re ikotlhaela tsela ya rona ya pele mo lefatsheng, ka tlhamalalo re fetogela mo thatong ya Modimo, re neela matshelo a rona go Jehofa re bile re kolobediwa ka go tshwantshetsa seo. He, fa re boloka kamano ya rona e e tlhotlhwa-kgolo le Modimo, o ikanyega mo a tla re duelang ka botshelo jo bo sa khutleng, e leng thoto e e senang tlhwatlhwa e ka ne e le kwa magodimong kana mo sebakeng sa Bogosi mono mo lefatsheng.—Bahebera 11:6; Baroma 6:23.
18. Tiro ya go ‘tshwaya’ e tswelela jang ga jaanong, mme batho ka bongwe ba bontsha jang gore ba ‘tshwaetswe’ poloko?
18 Go konelwa ga kgaoganyo ya “dinku” le “dipodi” go fela fa pele. Ga go bape ba ba tla tlogelwang fela mo bogareng fa Modimo a tlisa “sepitla se segolo” go kgopha bao “ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (Mathaio 25:31-46; 2 Bathesalonika 1:6-9) Ke fela ba ba ‘tshwaetsweng’ poloko bao ba tla falolelang mo thulaganyong ya gagwe e ntšha. (Tshenolō 7:3, 4, 9, 14; Esekiele 9:2-6) Abo bao ba ineetseng gore ba ‘tshwaelwe’ phalolo ka ntlha ya go amogelwa mo kamanong ya boineelo le Jehofa Modimo, jaaka fa e tshwantshediwa ka kolobetso ya metsing, mme ba tswelela ka boikanyegi mo tseleng e tshesane e e isang botshelong ba tla itumela jang ne!—Mathaio 7:13, 14.
A O KA ARABA DIPOTSO TSE, FA GO BOELEDIWA?
◻ Moopahadiwa wa Ethiopia o ne a tlhoma sekao jang mo go kolobediweng?
◻ Ke ka ntlhayang fa motho a sa tshwanela go diega mo go seegeleng dikgatlhiso tsa tsamaiso eno kwa thoko gore a tle a amogele taletso e e lorato ya ga Jehofa?
◻ Go ikanya Jehofa go tla thusa motho jang fa go na le pelaelo kana potso nngwe e e mo tshwenyang?
◻ Basha ba tshwanetse go leba boineelo le kolobetso jang?
◻ Ka mo go utlwalang, ke mang yo Jehofa a ka mo tlhophang fa e le gore go tlhokega gore Moiseraele mongwe wa semoya a emisediwe?