Boikaelelo jwa Modimo mo go Direng Bangwe “Go Tsalwa Sesha”
“Amarure, amarure, kea gu raea, Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea, ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo. U se gakgamale ka go bo ke gu reile, ka re, Lo na le go tsalwa sesha.”—Yohane 3:5, 7.
1, 2. (a) Ke eng seo re tshwanetseng go se utlwisisa le go se lemoga pele ga fa boikaelelo jwa Modimo mo go direng bangwe “go tsalwa sesha” bo ka tlhalosiwa ka mo go kgotsofatsang? (b) Ke bosupi bofe jo bo neelwang ke Lefoko la Modimo kaga tshiamiso ya gagwe, mme gone tshiamiso ya gagwe ga e mo tlhoke gore a direng?
PELE ga re ka tlhalosa boikaelelo jwa Modimo mo go direng gore bangwe ba ‘tsalwe sesha’ ka mo go kgotsofatsang, go tlhokafala gore re utlwisise le go lemoga sengwe kaga dinonofo tsa motheo tsa ga Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe kaga lefatshe le motho.
2 Bosupi jwa Lefoko la Modimo bo re tlogela re sena pelaelo ya gore e nngwe ya dinonofo tsa Modimo tse di tlhomologileng ke tshiamiso. Gape, tshiamo ke one tota motheo wa setilo sa gagwe sa bogosi. (Duteronome 32:4; Pesalema 89:14) Lefa go ntse jalo, go nna ga gagwe tekatekano le tshiamo ga go mo patikelele gore a tshololele ditlhogonolofatso tse di tshwanang fela godimo ga dibopiwa tsa gagwe tsotlhe tse di botlhale. Ka sekai, o ile a tlhola dingwe jaaka dibopiwa tsa moya, e leng baengele, bao ba gaisang batho fela thata. Kana gore o duela dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tsa lefatshe ka tsela e e tshwanang. Ka gone Jesu o ne a bua jaana ka Johane Mokolobetsi a re “eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna.” (Mathaio 11:11) Tseno ke dintlha tseo re tla bong re dira sentle go di gopola fa re akanyetsa kgang e ya “go tsalwa sesha.”
BOIKAELELO JWA MODIMO KA LEFATSHE LE MOTHO
3. Ke tebelelo efe e e itumedisang eo e neng e letse fa pele ga ga Adame le Efa fa ba ne ba bopiwa?
3 Gore re lemoge boikaelelo jwa Modimo jwa go dira gore batho bangwe ba ‘tsalwe sesha,’ go tlhokafala gore re utlwisise mabaka ao a bakileng Modimo gore o bo o dire gore bangwe ba ‘tsalwe sesha.’ Fa re boela morago go ya go batsadi ba rona ba ntlha, re fitlhela gore Modimo o ne o ba neetse taolo e e reng: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè . . . señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” (Genesise 1:28) Ereka Adame le Efa ba ne ba itekanetse, e ne e le bana ba Modimo. Ereka Modimo o ne o ba beile mo tshingwaneng e ntle, e tletse ka methale yotlhe ya diphologolo le dithunya tse dintle le maungo a a monate, eleruri ga bone e ne e le boitumelo fela. Jaaka ba ne ba tla tswelela ka go rua lefatshe le go le tlatsa ka bana ba bone, labofelo lefatshe jotlhe le ne le tla nna paradaise eo e neng e tla bo e tletse ka batho ba ba itekanetseng, fela jaaka Adame le Efa ba ne ba itekanetse. Abo fa pele ga bone go ne go letse tebelelo e e itumedisang ruri!
4, 5. (a) Ke ka ntlhayang fa batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba palelwa ke go direla boikaelelo jwa Modimo mo go ba bopeng? (b) Jalo Jehofa o ne a rulaganyetsa gore boikaelelo jwa gagwe kaga lefatshe le motho bo diragadiwe ke mang?
4 Lefa go ntse jalo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tlhaela kanaanelo ya dipaakanyetso tsotlhe tse ba di neetsweng ke Modimo mme ba tlola molao wa gagwe. Jalo he Modimo wa ba ntsha mo lelapeng la gagwe la bomorwawe mme wa ba atlholela loso. Ka ntlha ya se, lotsalo lotlhe lwa bone lo ile lwa tsalwa e le baleofi bao ba lebanweng ke loso. (Genesise 3:19; Baroma 5:12) Ga go ope wa batsadi ba rona ba ntlha kana ope wa lotsalo lwa bone yo o kgonneng go tsweledisa taolo ele ya ntlha ya Modimo go lelapa la motho. A mme se se raya gore maikaelelo a Modimo kaga lefatshe le motho gaa kitla a nna gone? Gotlhelele nnya, gonne Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore maikaelelo a gagwe gaa ke a tlhaela.—Isaia 46:10, 11; 55:10, 11.
5 Jaanong he, boikaelelo jole jwa ntlha jwa Modimo ka lefatshe le motho bo tla diragadiwa jang? Ka Losika, fela jaaka Modimo o ile wa bolelela-pele mo tshimong ya Edena le jaaka o ile wa solofetsa Aberahame gape. Moaposetoloi Paulo o bontsha fa Losika loo e le Jesu Keresete segolo.—Genesise 3:15; 22:17, 18; Bagalatia 3:16, 29.
KAFA BOIKAELELO JWA MODIMO JWA NTLHA BO TLA DIRAFADIWANG KA TENG
6. Modimo o ne wa bulela lotsalo lwa ga Adame tsela jang gore lo tle lo busediwe mo lelapeng la Modimo?
6 Jesu Keresete o ne a ka dira jang gore boikaelelo jwa Modimo jwa ntlha bo dirafadiwe? Sa ntlha-ntlha, ka go tlosa katlholo eo e leng godimo ga lelapa la motho ka ntlha ya botsuolodi jwa ga Adame. Jesu o ne a ka kgona go dira se ka gore o ne a tsetswe e le motho yo o itekanetseng, Jehofa Modimo—eseng monna wa ga Maria Josefa—e le ene Rraagwe. Jesu totatota o ne a fitlhelela go tlosiwa mo ga katlholo ka go swela mo koteng ya polao jaaka setlhabelo. Tota, lengwe la mabaka a magolo a go tla ga Jesu mo lefatsheng e ne e le go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka thekololo. Ka go dira jalo o ne a bulela lotsalo lwa ga Adame tsela ya go busediwa mo lelapeng je le amogelegang la ga Jehofa.—Mathaio 28:20.
7. Jesu o tsositswe mo baswing a le sebopiwa sa moya ka motheo ofe?
7 Lefa go ntse jalo, morekolodi yo o suleng o ne a ka se ka a solegela lotso lwa motho ka sepe. Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a tsosa Jesu Keresete mo letsatsing ja boraro, a “rudisiwa mo moeeñ.” (1 Petere 3:18) Jehofa o ne a dira se mo motheong wa seo se neng se diragetse kwa Joredane fa Jesu a ne a kolobediwa. Koo, Modimo ka moya wa ona o o boitshepo, o ne o lerile Jesu jaaka Morwa yo o tsetsweng ka moya. Johane Mokolobetsi gaa bona fela moya wa Modimo o fologela mo go Jesu jaaka lephoi mme gape o ne a utlwa lentswe la Modimo le re: “Eo ke morwaake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.”—Mathaio 3:16, 17; Bahebera 10:5-10.
8. Gammogo le “go tsalwa sesha” kwa Joredane, Jesu o ne a tlolediwa le go laodisiwa eng gape?
8 Ka gone Jesu gaa ka a nna fela Morwa wa semoya wa Modimo mme gape o ne a nna Mesia, e leng Keresete kana Motlodiwa gore e nne kgosi ya bogosi jwa Modimo. Gape, ka nako e e tshwanang o ne a tlhongwa jaaka moperisiti yo mogolo wa setho se se swang, e le gore a tle a tlose bogole jwa sebe. (Bahebera 7:26) Gape, mafoko a ga Isaia 61:1, 2 jaanong a ne a dira go ene: “Mōea oa ga Yehofa Modimo o mo go nna; ka gonne Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō; o nthomile gore ke hapè ba ba pelo di phatlogileñ, go bolèlèla bachwarwa kgololō, le ba ba golegilweñ, go re, ntlo ea kgolegèlō e budilwe.” Jesu o ne a tsetswe ka moya, a ‘tsetswe sesha.’ Jaaka Morwa wa Modimo yo o tloditsweng ka moya o ne a nna a ikanyega go fitlha losong, go sa tlhokomelesege gotlhe mo Satane Diabolo a neng a lekile go go dira gore Jesu a tle a kgaotse boikanyegi jwa gagwe. Jalo he Modimo wa mo tsosa mo baswing.
9. Ka ntlha ya go ikanyega ga ga Jesu go ya losong, Modimo o ne a mo etleeletsa jang ka botlalo ebile ka boikaelelo bofe?
9 Ke ka moo “Modimo le ōna o mo godisitseñ thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe.” (Bafilipi 2:9-11) Ntlha ya go bo Jesu a ile a tsosiwa mo baswing e ne ya supelwa ke makgolokgolo a basupi. Erile fela a tloga a boela go Rraagwe kwa magodimong, o ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) Jaanong o ne a feletse sentle a na le tshwanelo ya go tsosolosa lotso lwa motho, ka ntlha ya loso lwa gagwe lwa setlhabelo, gape a na le nonofo ya go dira jalo, ka ntlha ya go tsoga ga gagwe le go tlhatlogela kwa letsogong je legolo ja Modimo kwa magodimong. (Luke 22:69) Ka gone Jesu Keresete jaanong o mo boemong jwa go dira gore boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo kaga lefatshe le motho bo diragadiwe. Ka jalo he, dipolelelo-pele tsotlhe tsa Bomesia di dira mo go ene.—Bona Pesalema 72; Isaia 9:6, 7; 11:1-10.
LEBAKA LA GO BO BA BANGWE BA “TSALWE SESHA”
10, 11. (a) Ke bosupi bofe jwa Dikwalo joo bo bontshang gore Jesu o tla nna le bankane mo bogosing jwa gagwe? (b) Ke ba le kae bao ba tla arolang mo tshiamelong e, mme ebile re itse jang gore palo e e neetsweng e tshwanetse ya tsewa jaaka ya sebele?
10 A Jesu Keresete o tla diragatsa dilo tse tsotlhe ka boene a le nosi? Nnya. A o tla busa le baengele mo pusong ya gagwe? Nnya. Bao ba tla arolang le ene mo tiragatsong ya dipolelelo-pele tseo tsa Bomesia e tla nna bao e nnileng batho mo lefatsheng, fela jaaka ene. Mme pele ga ba ka arola mo pusong ya Modimo ya Bogosi le bone, jaaka ene, ba na le “go tsalwa sesha” fa ba santse ba le mo lefatsheng. Moya wa ga Jehofa o o dirang mo go bone o ba tlhagisa jaaka barwa ba semoya ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng kwa magodimong. Ereka e le bone, ba na le kamano e e kgethegileng e e atamalaneng thata le Modimo, “mōea oa boñwana, o [ba] bitsañ ka ōna, [ba] re, Aba, ke go re, Rara.” (Baroma 8:15) Jesu gangwe le gape o ne a nna a solofetsa baaposetoloi ba gagwe tsholofelo eno. (Luke 22:28-30; Yohane 14:2, 3) Ka mo go tshwanang, baaposetoloi ba ne ba umaka tsholofelo e.—Baroma 8:17; 1 Bakorintha 15:52, 53; 1 Yohane 3:2.
11 Ke ba le kae bao ba tla bonang boemo jo jwa selegodimo? Go ya ka dikwalo tsotlhe tseo di tlotlang kgang eno, bao ba ‘tsetsweng sesha’ ba tla bo ba le ba palopotlana. Se ke sone seo re nang le go se lebelela, ka jaana se e le tlhotlhwa e e kgethegileng fela thata, boemo jwa semmuso jwa tshiamelo e kgolo thata. Ka gone Jesu o ne a bua jaana ka bone: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” (Luke 12:32) Tota gone ba tla bo ba le kae ka palo? Moaposetoloi Johane o bolela ka go bona ga gagwe Baiseraele ba semoya ba le 144 000 ba tshwailwe mo diphatleng tsa bone, gape ba le 144 000 ba eme mo Thabeng ya Siona le Kwana Jesu Keresete. Gore re na le go utlwisisa palo e gore ke ya sebele tota go lemosega sentle go tswa mo kgannyeng eo e buang gape ka “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ.”—Tshenolō 7:3, 4, 9; 14:1, 3; 20:4, 6.
BATHO BA LEINA JA ONE
12, 13. Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa jaanong ke bofe kaga bankane ba Bogosi bano ba lobaka lo lo tlang?
12 Lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo o rulaganyeditse dikgosi le baperisiti bano ba nako e e tlang tiro fa ba santse ba le mo nameng jaaka batho. Mme yone ke efe? Fela jaaka Jesu a ne a tloleditswe go “rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō,” jalo bano le bone ba tloleditswe go rera mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo. (Isaia 61:1, 2; Luke 4:16-21; Ditihō 8:4, 12) Ka gone Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe ba pele kgothatso ya fa a kgaogana nabo e e reng “lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19, 20) Mme ya re pele fela Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang a re ba ne ba tla nna ‘basupi ba gagwe go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.’—Ditihō 1:8.
13 Bongwe jwa maikaelelo a magolo a Modimo mo go direng gore “mahoko a a molemō” a rerelwe merafe yotlhe ke jwa ‘go tlhaola batho ba leina ja gagwe.’ (Ditihō 15:14) Ereka leina ja Modimo e le Jehofa, bano ba itsiwe jaaka basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Ga se gore ke fela balatedi ba ba tloditsweng bano ba ga Jesu Keresete ba le bosi ba nang le go bolela “mahoko a a molemō” go ba ba pelonolo, go dira barutwa le go supela Jehofa Modimo. Go na le moo, fela jaaka mo Iseraele wa bogologolo melao ya ga Jehofa e ne e dira gape go baagi ba baeng mo gare ga bone, jalo ditao tseo di neetsweng Baiseraele ba semoya di dira gape go balekane ba bone, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.”—Yohane 10:16; Tshenolō 7:9.
14. Ke patelesego efe e nngwe eo e pegilweng godimo ga balatedi bano ba dikgato tsa ga Jesu Keresete ba ba tloditsweng?
14 Patelesego e nngwe eo e pegilweng godimo ga balatedi ba ba tloditsweng ba dikgato tsa Jesu Keresete ke gore ba ntshe maungo a moya wa Modimo, e leng, “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bagalatia 5:22, 23) Jesu o ne a re bao e leng balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla kgethololwa ka lorato loo ba neng ba tla lo supetsana. (Yohane 13:34, 35) Ke sone se moaposetoloi Paulo a ba gakololang a re: “Kaga mokgwa oa botshelō yoa lona yoa galè, lo apolè motho oa bogologolo, eo o bōlañ kaha dithatoñ tsa tsieco . . . lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona, Me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.” Se se supang gore patelesego eno e botlhokwa jang go Bakeresete ke mafoko a a tswelelang a ga moaposetoloi: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rèrèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (Baefesia 4:22-24; 1 Bakorintha 9:27) Ke fela ka go itshupa ba ikanyega le e leng go ya losong ba ba tloditsweng ba ka solofelang go amogela “serwalō sa botshelō.”—Tshenolō 2:10.
BOIKAELELO JWA MODIMO JWA NTLHA GA BO A FETOGA
15. (a) Ke phoso efe eo bao ba reng ke Bakeresete ba e dirileng kaga boikaelelo jwa Modimo? (b) Se e nnile ka ntlha ya tlotlomatso ya tsholofelo efe e e neetsweng mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete?
15 Bontsi jwa ba ba reng ke Bakeresete ba dira phoso ka go tlhokomologa boikaelelo jwa ntlha jwa ga Jehofa ka lefatshe le motho. Lefoko la gagwe le phepafatsa gore jone e santse e le eng, o bile o re tlhomamisetsa gore ga o fetoge. (Genesise 1:28; Isaia 45:18; Malaki 3:6) Lefa go ntse jalo, Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di goletsa boikaelelo jo bo tswelang-pele jwa ga Jehofa, jo bo itsisitsweng morago ga go wela ga setho mo sebeng, e leng jwa go kgetha palo e e lekanyeditsweng ya batho, mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, go nna babusi-mmogo le Morwawe mo bogosing jwa selegodimo. (Genesise 3:15; 2 Timotheo 4:7, 8, 18) Botlhe bano ruri ba ne ba tla tshwanelwa ke gore lantlha ba ‘tsalwe sesha,’ fela jaaka Jesu Keresete. (Yohane 3:3) Lefa go ntse jalo, paakanyetso ya Modimo ya poloko mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete ga e a lekanyediwa fela go bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo. Se se phepafala sentle le e leng mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.
POLOKO E LE NNGWE—DITSHOLOFELO TSE PEDI
16, 17. Ke dikwalo dife tseo di bontshang gore melemo ya setlhabelo sa ga Keresete ga e a lekanyediwa fela go bao tsholofelo ya bone e leng ya selegodimo?
16 Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela ba re: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi jwa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong go raya gore go tshwanetse ga nna le batho ba ba siameng bao ba nnang mo lefatsheng, bao ka bone go bolelelwang-pele go twe: “Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Se ga se kake sa bo se raya legodimo, ka jaana go ise go ko go nne selelo, bohutsana, botlhoko kana loso koo.—Tshenolō 21:3, 4.
17 Se se supang gore go na le ditlhopha di le pedi tsa batho tseo di tla iponelang molemo go tswa dipaakanyetsong tse di pelontle tsa Modimo ke mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a fitlhelwang go Baroma 8:19-21: “Gonne tlhologèlèlō ea lobopō [setlhopha sa ntlha] e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo [setlhopha sa bobedi]. Gonne lobopō lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō, e señ ka go rata ga lōna, me e ne e le ka ntlha ea ōna o o lo beileñ mo taoloñ, Ka cholohèlō ea go re, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” Jalo he labofelo botlhe bao ba solegelwang molemo ka ntlha ya tumelo ya bone mo setlhabelong sa ga Keresete ba tla ipelela botshelo jaaka bana ba Modimo—e leng ba le 144 000 bao ba tswang go “rèkwa mo lehatshiñ” go nna kwa legodimong gape le diketekete tsa didikadike tsa bao ba tla ipelelang botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya selefatshe.—Tshenolō 7:4, 9; 14:3; Mathaio 25:31-34.
18, 19. (a) Ke eng seo se supang gore tiragatso ya boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le motho e gaufi? (b) Ke batho bafe bao ba bopang bogosi jwa Modimo le ‘losika lwa ga Aberahame’? (c) Ke dipotso dife tseo di santseng di saletse gore di akanyediwe?
18 Mo dintlheng tse di fa godimo go phepafetse sentle gore boikaelelo jwa Modimo jwa ntlha ka lefatshe le lotso lwa motho bo santse bo tla diragadiwa. Mme tiragatso ya dipolelelo-pele tsa Bibela, jaaka tseo di fitlhelwang go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13, Luke kgaolo 21, 2 Timotheo 3:1-5 le Tshenolō 6:1-8, di supa gore nako eo e gaufi! Ka ntlha ya botsuolodi jwa ga Satane le go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa, Jehofa o ne a rulaganyetsa gore go nne le tuelo ya selegodimo go setlhophanyana se se sego, seo a tla se dirisang mo go diragatseng maikaelelo a gagwe a ntlha. Ke bano fela ba ‘tsalwang sesha.’ Gammogo le Morena le Mung wa bone, Jesu Keresete, ba bopa bogosi joo Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe go bo rapelela. Ba bopa losika lwa ga Aberahame lo lo tla segofatsang “merahe eotlhe ea lehatshe.”—Genesise 22:18; Bagalatia 3:29.
19 Re akanyeditse gore ke ka ntlhayang fa Morwa Modimo le batlhakanedi-nae mo Bogosing ba na le “go tsalwa sesha,” le gore palo ya bone ke efe le dipatelesego tsa bone. Lefa go ntse jalo, go santse go setse dipotso tse: Tota e e leng karolo ya Modimo ke efe le ya motho ke efe fa e le kaga “go tsalwa sesha”? Motho o ka bona jang gore a Jehofa Modimo o mo kgethetse “go tsalwa sesha”?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Fa Jesu a ne a kolobediwa, e ne ya nna ene yo o tloleditsweng go nna kgosi ya bogosi jwa Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba ne ba tshwanetse go nna ‘basupi ba gagwe go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe’