“Go Tsalwa Sesha”—Karolo ya Motho le Karolo ya Modimo
“Eo o tsecweñ ke Modimo ga a dihe boleo bopè, ka peo ea ōna e nnèla rure mo go èna, me ga a kake a leoha, ka a tsecwe ke Modimo.”—1 Yohane 3:9.
1, 2. Re ithutile eng (a) kaga diphelelo tsa ba ba bolokiwang? (b) kaga boikaelelo jwa ga Jehofa mo go direng gore bangwe ba ‘tsalwe sesha’?
MO SETLHOGONG se se fetileng re ile ra tlhokomela gore didikadike di le dintsi tsa bao ba reng ke Bakeresete ba iphaka gore ba ile ba “tsalwa sesha.” Gape, re ile ra bona gore go tswa mo Dikwalong e re e tswa go na le poloko e le nngwe fela—e e thaetsweng mo go dumeleng mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete—go na le diphelelo di le pedi tse di farologaneng tseo di tla ipelelwang ke ditlhopha tse di bolokilweng tse, e leng phelelo ya selegodimo le ya selefatshe.
2 Re ile ra bona gape gore Jesu o ne a tsalwa sesha morago ga go kolobediwa ga gagwe mo Joredane. Ke fa Jehofa Modimo a dira gore moya o o boitshepo o fologele mo go Jesu o ntse jaaka lephoi, nako eo ka yone Modimo a ileng a tlhomamisa fa Jesu e le Morwa wa gagwe yo o tsetsweng ka moya. Re ile ra bona gape gore boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le bofe mo go direng gore Jesu a tsalwe sesha, e leng jwa gore e re go sweng ga gagwe le go tsogeng a tle a nne Kgosi ya bogosi jwa Modimo e e galalelang. Re ile ra ithuta gape gore ke thato ya ga Jehofa gore Jesu Keresete a nne le babusi-mmogo le ene le gore bano, le bone, ba ‘tsetswe sesha.’—Mathaio 3:13-17; Yohane 1:12; 3:3; Bahebera 10:5-10; Tshenolō 20:6.
3. Jesu o farologana jang le bankane ba gagwe ba Bogosi fa go tliwa mo ‘go tsalweng sesha’ ga bone?
3 Go tweng kaga balatedi bano ba dikgato tsa ga Jesu ba ba tloditsweng? Ba “tsalwa sesha” leng? Ke dikgato dife tseo ba nang le go di tsaya pele ga fa Jehofa a ka ba direla sengwe, a ba tlhagisa jaaka barwa ba semoya? Ereka Modimo e ne e le Rraagwe, Jesu o ne a tsalwa jaaka motho yo o itekanetseng. Dingwaga tse di masome a mararo moragonyana Rraagwe o ne a mo tlhagisa jaaka Morwa wa semoya, a mo dira gore a ‘tsalwe sesha.’ Mme ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame di tsetswe e le baleofi, ‘ba ikgogonne ba le baba mo dipelong tsa bone, mo ditirong tsa bone tse di bosula.’ Ereka ba le jalo ba siamela gore Jehofa o ka dirisana le bone mme a ba tlhagise jaaka barwa ba semoya.—Pesalema 51:5; Bakolosa 1:21.
KAROLO YA MOTHO: DIKGATO DI LE THATARO TSA KONOKONO
4, 5. (a) Pele ga fa Modimo a ka akanyetsa bao e tla nnang barutwa gore e nne barwa ba semoya. ke dikgato di le kae tseo ba ba tshwanetseng go di tsaya mme ebile tse di tlhokwa go bomang gape? (b) Kgato ya ntlha ke efe?
4 Ke dikgato dife tse di tlhokegang mo go bao e tla nnang barutwa pele ga fa Jehofa a ka ba akanyetsa go nna bomorwawe ba semoya? Go na le dikgato di le thataro tse di tlhomologileng tseo bano ba tshwanetseng go di tsaya. Mme a go tlhokomelwe gore Modimo o tlhoka dilo tsone tseno mo go botlhe ba e tla nnang Bakeresete ba boammaaruri le go bona poloko, e ka ne labofelo ba tla bona tuelo ya legodimo kana ya selefatshe.
5 Selo santlha, batho bao ba tshwanetse ba ithuta kitso ya boammaaruri kaga Jehofa Modimo, e leng Mmopi le Monei-Botshelo wa bone, le kaga Morwawe, Jesu Keresete, e leng Mmoloki le Mogolodi wa bone. (Pesalema 36:9; 100:3; Mathaio 20:28; Baroma 10:13-15) Mo thapelong ya ga Jesu go Modimo mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng jaaka motho, o ne a otlelela botlhokwa jwa kgato e, ka go re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
6. Kgato ya bobedi ke efe eo bano ba tshwanetseng go e tsaya?
6 Lefa go ntse jalo, kitso ka boyone fela ga e a lekana. Motho o tshwanetse a bontsha tumelo, fela jaaka re bala jaana: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ee, moaposetoloi Paulo o bontsha sentle ka phepafalo go re, “kwantlè ga tumèlō go reteletse rure go o [Modimo] kgatlha.” Tumelo eno e tsaya ditsholofetso tsa Modimo jaaka e le tsa mmannete, fela jaaka ekete di setse di diragaditswe. Yone e feta go dumela fela, ka go bo re gakololwa ke morutwa Jakobe gore le e leng badimona baa dumela ba bo ba rorome, le gore, “tumèlò ha e tlhalanye le ditihō e shule.”—Yohane 3:16; Bahebera 11:1, 6; Yakobe 2:19, 26.
7. Tiro ya ntlha e e tlhokwang e le tshupo ya go nna ga motho le tumelo ke efe?
7 Tiro ya ntlha-ntlha e e tlhokwang jaaka tshupo ya tumelo ya motho ke ya boikwatlhao. Ee, motho o tshwanetse a ikwatlhaela tsela ya gagwe e e phoso le gore a khutlele go tlhola a tshwarega mo sebeng ka boomo. Fa Jesu a ne a simolola go rera, o ne a re: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Gore motho a ikwatlhaele tsela ya gagwe e e phoso, o tla tshwanelwa ke gore a e emise. O tshwanetse a ikutlwa a swabile fela thata, a hutsahale, a phatloge pelo ka yone. Tota, ke mo go tlamang mongwe le mongwe yo o tla bonang botshelo mo lefatsheng la paradaise gore le ene a dire se, gonne “baikepi botlhe [Modimo] o tla ba senya.”—Pesalema 145:20.
8. Go ikwatlhaela ga motho dibe tsa gagwe go tshwanetswe ga latelwa ke kgato efe?
8 Lefa go ntse jalo, go emisa fela go dira se se leng boleo ga go a lekana. Motho o tshwanetse a tsaya kgato ya go sokologa. Ke gore, o tshwanetse a retologa le go dira botswelelo-pele go ya ntlheng e e fapaaneng. O tshwanetse a reetsa kgakololo eo Petere a e neetseng Bajuda ba motlha wa gagwe: “Me ke gōna, ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè.” Ee, motho o tshwanetse go “diha ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhaō.” (Ditihō 3:19; 26:20) Gore kgato e e a tlhokwa, le e leng ka botlhe ba ba solofetseng go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng go phepafadiwa ke mafoko a a fitlhelwang go Diane 2:20, 21.
9. (a) Ke dikgato dife tse dingwe tse pedi tseo di tlhokwang mo go bano, tota ebile, tseo di tlhokwang mo go botlhe bao e tla nnang balatedi ba ga Jesu Keresete? (b) Go kolobediwa ga ga Jesu go ne go tshwantshetsa eng?
9 Mme he, fela jaaka Jesu a ile a itlhagisa kwa Joredane gore a dire thato ya ga Rragwe, jalo kgato e e latelang e e tlhokwang go botlhe ba ba eletsang go nna balatedi ba ga Jesu Keresete, go sa tlhokomelesege gore tsholofelo ya bone ke efe, ke go itlhagisa go Modimo. Gompieno, se se akareletsa go ineela go Jehofa Modimo, morago ga moo ba bo ba latela dikgato tsa ga Morwawe, Jesu.a (Luke 9:23) Gape, jaaka kgato ya borataro ba tshwanetse ba tshwantshetsa boineelo jo le go bo bolela phatlalatsa ka go tsenelela kolobetso fela jaaka Jesu a dirile.—Mathaio 28:19; bapisa Ditihō 2:41.
KAROLO E E BOTLHOKWA-TLHOKWA YA GA JEHOFA MODIMO
10. Lebaka la go bo go tlhokega se se fetang karolo ya motho gore a ‘tsalwe sesha’ le ka bonwa ka setshwantsho sefe?
10 Go bona kitso kaga Jehofa Modimo le Jesu Keresete, go bontsha tumelo, go ikwatlhaya, go sokologa, go ineela le go kolobediwa—a dikgato tse ka botsone fela di felela ka gore motho a ‘tsalwe sesha’? Le e seng tota! O ne o ka seka wa kgona “go tsalwa sesha” semoyeng ka maiteko a gago ka nosi fela jaaka le go tsalwa o ile wa seka wa tsalwa ka maiteko a gago fela. Fela jaaka botsalo jwa motho bo tlhoka gore go nne le tiro e e tlhagafetseng ya batsadi ba motho, go ntse fela jalo ka botsalo jo jwa semoya, “go tsalwa sesha” mo go tlhoka go dira mo go tlhagafetseng mo letlhakoreng ja Motsadi wa bomodimo, Jehofa Modimo, le phuthego ya gagwe ya selegodimo, kana “mosadi.” (Isaia 54:1, 5) Motho yo o tsayang dikgato tse di fa godimo o kgona fela go itsenya mo boemong jwa “go tsalwa sesha,” fa seo e le thato ya Modimo.
11. Fa e le thato ya Modimo, ke kgato efe eo a e tsayang tebang le bao ba dirileng karolo ya bone?
11 Ka ntlha ya go sa itekanela mo go ruilweng ga setho, Modimo ka boene jaanong o dira malebana le batho bao a eletsang go ba biletsa bogosing jwa selegodimo. Ke sone se re balang jaana: “Re siamisicwe ka tumèlō.” Tumelo mo go eng? Tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete, ka go bile go tlhalositswe gore: “Re siamisicwe ka madi a gagwè.” (Baroma 5:1, 9) Tlhokomela gore ke Modimo mme e seng motho ka boene yo a ka kayang motho fa a siamisitswe semmuso. Se se mo neela boemo jo bo farologaneng le jwa “lobopō,” e leng setho ka kakaretso seo se nang le go letela “go senolwa ga bana [ba semoya] ba Modimo” pele ga ba ka “gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla [ba] isiwa mo kgololesegoñ ea kgalelèlō ea bana [ba selefatshe] ba Modimo.” (Baroma 8:19, 22) Bao Modimo a ba kayang ba siamisitswe ka gone ba na le tshwanelo ya botshelo jo bo itekanetseng jwa botho go ka tsenngwa mo go bone. Ka ntlha ya se, Jehofa Modimo jaanong o ka tsaya kgato ka tlhamalalo ka moya wa gagwe.—Baroma 8:33.
12. “Go tsalwa sesha” go ne ga patiwa ke tiragalo efe mo kgannyeng ya ga Jesu le barutwa ba pele, mme ke ka ntlhayang fa seo se ile sa khutla?
12 Bao Modimo o ba kayang ba siamisitswe jaanong o ba lere jaaka bana ba gagwe ba semoya. Jang? Ka moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang, ao o a dirang gore a dire mo letlhakoreng ja bone, go felela ka gore ba ‘tsalwe sesha.’ Mo kgannyeng ya ga Jesu le mo barutweng ba gagwe bao ba neng ba phuthegile mo letsatsing ja Pentekosete, Modimo o ne a supa fa a ba lerile jaaka barwa ba semoya ka tiragalo e e sa tlwaelegang. Lefa go ntse jalo, e ne e tla re fela fa dikao tsa Bokeresete jwa boammaaruri di setse di tlhomamisitswe, go ne go tla bo go sa tlhole go tlhokafala gore go nne le ditshupo tse di ntseng jalo, mme tseno di ne tsa “khutlisiwa.”—Mathaio 3:16; Ditihō 2:3; 10:44-48; 1 Bakorintha 13:8-10.
13. “Metsi” le “moya” di lebisa go eng? (Yohane 3:5)
13 Thulaganyo e ya go tsalwa gape ke yone e Jesu a neng a bua ka yone fa a ne a raya mmusi wa Mojuda Nikodemo a re: “Amarure, amarure, kea gu raea, Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea, ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo. Se se tsecweñ ke nama e nntse ke nama; me se se tsecweñ ke Mōea e nntse ke mōea. U se gakgamale ka go bo ke gu reile, ka re, Lo na le go tsalwa sesha.” (Yohane 3:1, 5-7) Kwantle ga pelaelo metsi a a umakiwang fano a raya metsi tota a sebele a kolobetso. Moya one? Ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa o o dirang mo mothong.
14. Go ‘bidiwa’ le go ‘itshenkelwa’ ke eng, mme ebile Bakeresete bano ba tlolediwa le go romelwa boikaelelo bofe?
14 Dikwalo di bua ka bao ba ‘tsetsweng sesha’ jaaka ba ba “bidicweñ.” Pitso e ba bidiwang ka yone eno ke taletso ka Modimo ka boene ya go nna bankane ba ga Jesu Keresete. Bao ba arabelang taletso eno ba “itshenkecwe.” (Tshenolō 17:14) Ba nna bontlhanngwe jwa phuthego e e “itshenkecweñ,” eo thomo ya yone e leng gore ba “bōnatsè go tlotlomala” ga ga Jehofa Modimo. (1 Petere 2:9) Bakeresete bano ba ba ‘tsetsweng sesha’ ba tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo gore ba rere fela jaaka Jesu. Jalo re bala jaana: “Eo o tlhōmamisañ rona le lona mo go Keresete, le eo o re tloditseñ ke Modimo.”—Isaia 61:1, 2; Luke 4:16-21; 2 Bakorintha 1:21.
15. Moya o supa jang fa motho a ‘tsetswe sesha,’ mme ebile tlhomamisego eo e tiisiwa ke eng?
15 Fa e le kaga ba ba “itshenkecweñ” ba, moaposetoloi Paulo o ne a supa ka go re: “Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo.” (Baroma 8:16) Moya o o boitshepo wa Modimo o dira se jang? Ka go tsenya tsholofelo ya selegodimo mo Bakereseteng bano. “[Modimo] O o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ, Go tla re bōna boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ, yo lo bo beecweñ kwa legodimoñ.” (1 Petere 1:3, 4) Jaaka fa bano ba ntse ba boloka kamano e e molemo le Rraabone wa selegodimo, ene, ka dipaakanyetso tsa gagwe, o ba nonotsha mo tlhomamisong ya gore ruri ke Bakeresete ba ba ‘tsetsweng sesha.’
MOTHO O KA ITLHOMAMISA JANG?
16. “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o gateletse tsholofelo ya selefatshe go tloga leng, mme seo se gogela pheletsong efe?
16 Bao ba arolang mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi mo metlheng ya segompieno ba solofela tota gore Jehofa Modimo o goga batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ka phuthego ya gagwe e e bonalang e e tsetsweng ka moya, e leng “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Tlase ga kaelo ya yone tsholofelo ya selegodimo e ne ya tlhagisiwa, ya sedimosiwa le go gatelelwa go fitlhela mo e ka nnang ka ngwaga wa 1935. Mme ya re fa ‘lesedi le phatsimela’ go senola sesupo sa “boidiidi yo bogolo” jwa Tshenolō 7:9 ka phepafalo, kotlelelo e ne ya simololwa go bewa mo tsholofelong ya selefatshe. (Pesalema 97:11) Ka jalo, ke mo go utlwalang go fetsa ka go re palo e e tletseng ya ba ba 144 000 e ne e tla bo e setse e le gaufi thata le go digelwa. Legale, motho lefa e le mang yo o neng a ka itshupa a sa ikanyege o ne a tla tlhoka go emisediwa. Mme, ka mo go utlwalang, bano ba ne ba tla nna ba palo-potlana. Mme bone ba ne ba tla emisediwa ka bomang? Go bonala go utlwala gape go fetsa ka gore ruri tsholofelo e ya selegodimo e ne e tla fetisediwa go bangwe bao ba ileng ba itshoka ka boikanyego, bao ba ileng ba kgomarela boineelo jwa bone go ya le dingwaga, go na le gore e tlhagisediwe bao ba sa lekwang ebile ba le bosha go ineela. (Bapisa Luke 22:28-30) Lefa go ntse jalo, go tswa dipegong tseo di tshotsweng go bonala gore le e leng bangwe ba Bakeresete bao ba sa tswang go ineela ba ile ba itsaya gore le bone ba ‘tsetswe sesha.’
17. Ke maikutlo a mofuta ofe a a dirang gore bangwe ba ikutlwe ka mo go phoso gore Modimo o tsentse mo go bone tsholofelo ya selegodimo?
17 Lefa e le bape bao mo dingwagenyaneng tse di fetileng ba ile ba ineela mme ba kolobediwa ebile ba itsaya gore ke ba ‘ba tsetsweng sesha’ ba tla bo ba dira sentle go akanyetsa ka masisi dipotso tse di latelang; O na le mabaka afe a go ikutlwa gore Jehofa Modimo o tsentse tsholofelo e mo go wena? A e ka ne e le gore maikutlo a gago a kafa gare ke tsweletso ya tumelo e e phoso e o neng o na le yone pele fa o santse o le mo go Babelona o Mogolo ya gore legodimo ke bofelelo jwa batho botlhe ba ba molemo? Kana a e ka ne e le gore o ikutlwa ka tsela eno ka ntlha ya go huduega thata kafa teng, gore lantlha o ne wa leka go tlhabantsha mogopolo oo mme ya re ka bonya ka bonya wa go fenya? A mme mogopolo oo o ne wa fenya ka gore o ne o batla go nna jalo, gongwe ebile o ne o sa itemoge? Dikgaratlho tse di ntseng jalo ga se tsone ka botsone di supang gore o ‘tsetswe sesha.’
18. Ke ka ntlhayang fa kanaanelo e e boteng ya dikgang tsa semoya ka boyone e sa supe gore motho o ‘tsetswe sesha’?
18 A kana gongwe o ikutlwa gore o ile wa kgethiwa ke Modimo go nna mongwe wa ba ba 144 000 ba ba tloditsweng ka ntlha ya kanaanelo ya gago e e tlhagafetseng ya dilo tsa semoya, ka ntlha ya lorato lwa gago lo logolo lo lo boteng lwa dinnete tsa semoya? Mme he o ele tlhoko gore go na le ba bantsi thata bao ba sa iphakeng gore ba ‘tsetswe sesha’ e tswa e le ‘batho ba semoya’ ka mo go tletseng sentle. (1 Bakorintha 2:14, 15) Mme ebile ga go na pelaelo epe kaga nonofo ya bomoya ya banna le basadi ba tumelo bao ba umakiwang go Bahebera 11. Ga go ope wa bone yo o neng a ‘tsetswe sesha.’ Botlhe ba ne ba solofetse ‘tsogo e e botoka [go ya botshelong tlase ga Bogosi jwa Modimo]’ gone mono mo lefatsheng le.—Bahebera 11:35.
19. (a) Ke ka ntlhayang fa tlhoafalo e kgolo thata-thata e sa supe gore motho o neilwe tsholofelo ya selegodimo? (b) Ke tiragalo efe eo e bonalang e kaya gore mo go bangwe boiphako e ka ne e ne e le ka ntlha ya tlhaelo ya tekatekano?
19 Kana a e ka ne e le gore o ikutlwa ka tsela eo o ikutlwang ka yone e le ka ntlha ya go bontsha tlhoafalo e e fetang ya bangwe ba Bakeresete-ka-wena? Mme moo ka bogone e ka se nne lebaka je le tlhomamisang, ka jaana moaposetoloi Paulo gangwe le gape o ne a go bona go tlhokafala gore a gakolole Bakeresete ba ba tloditsweng kaga go tsaya ditshwanelo tsa bone tsa Bokeresete ka masisi. (1 Bakorintha 11:20-22; Bagalatia 4:9-11) Kana a e ka ne e le gore boiphako jwa gago jwa gore o motlodiwa ke ka ntlha ya tlhaelo ya tekatekano? Go na le bangwe bao ga jaana bosheng ba ileng ba iphaka go nna bangwe ba batlodiwa mme e le bao, boemong jwa gore ba age kutlwano mo phuthegong, ba ileng ba ikutlwa gore ba tshwanetse ba nna le setlhopha se e leng sa bone sa thuto ya Bibela. Phapaanong le seo, Bakeresete ba ba godileng ba ba ‘tsetsweng sesha’ ba nna ba ntse ba atamalane le phuthego ya lefelo la bone le e leng fa bogolo jwa yone e le jwa “dinku di sele.” (Yohane 10:16) Lefa go ntse jalo, “go tsalwa sesha” ga mongwe ke kgang ya botho magareng a Modimo le Mokeresete mongwe le mongwe. Ope a se ka a atlhola yo mongwe mo lebakeng le.—Baroma 14:10.
20. Ponong ya gotlhe mo go kailweng, ke dipheletsong dife tseo re tlang go tsone kaga “go tsalwa sesha”?
20 Go tswa go sotlhe se se fa godimo re feletsa ka eng? Gore Jehofa Modimo o tekatekano o bile o tshiamo, o botlhale le lorato. O na le tshwanelo ya go abela ditshedi tse di botlhale ditiro tsa tsone tse di ba lebaneng—dingwe go direla boikaelelo jwa gagwe kwa magodimong, dingwe go dira jalo mo lefatsheng. Ga go a nna jaaka ekete tuelo ya selegodimo ke sengwe seo se ka bonwang ka go rata ga motho le boiteko, kana go eletswa ka bopelotshetlha. E tlhomologile mo go seng sebopiwa sepe sa motho se se ka ipagololelang mogodu mo go yone. Eleruri ke bopelonomi jo bo sa tshwanelang joo Jehofa Modimo a bo tshololelang dibopiwa tsa gagwe di se kae, mo tsweledisong-pele ya maikaelelo a gagwe a a botlhale, a a tshiamiso le lorato, mme e se ka ntlha ya molemo mongwe o o kgethegileng mo go tsone. “Go tsalwa sesha” go lekanyeditswe bano fela. (Baroma 3:23, 24; 11:33-36) Gape, botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ja paradaise ke mokgele o o nang le tshiamelo e e sa umakegeng eo batho bao ba sekametseng tshiamong ba ka lekelang go yone. (Tshenolō 21:1, 3, 4) Gotlhe ke bopelonomi jo bo sa tshwanelang. Ope motho a seka a ba a ikgogomosa mo a bileng a ka raya Jehofa a re, “O ntse o dirang?”—Daniele 4:35.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ereka Jesu a ne a setse a le leloko la morafe o o ineetseng; go tla ga gagwe go Jehofa le go kolobediwa e ne e se tshwantshetso ya go ineela ga gagwe, mme, go na le moo, e le go itlhagisa ga gagwe go Jehofa go simolola tiro e e kgethegileng eo Modimo a neng a na nayo gore a e dire.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fela jaaka botsalo jwa motho bo tlhoka gore go nne le tiro e e tlhagafetseng ya batsadi ba motho, jalo “go tsalwa sesha” go tlhoka go dira mo go tlhagafetseng mo letlhakoreng ja Motsadi wa bomodimo, Jehofa Modimo, le “mosadi” wa gagwe wa selegodimo
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Babilona o Mogolo o rutile batho ba bantsi gore batho botlhe ba ba molemo ba ya legodimong